LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 12/15 ts. 4-7
  • Keresemose—Ke ka Ntlhayang fa E le Kotsi?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Keresemose—Ke ka Ntlhayang fa E le Kotsi?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshimologo ya Yone
  • A Bakeresete ba Pele ba ne ba Keteka Keresemose?
  • Bakeresete ba Batenegi le Mediro ya Mariga ya Boheitane
  • Lebaka la go bo Keresemose e le Kotsi Jaana
  • A O Tshwanetse go Keteka Keresemose?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ke ka Ntlha Yang fa Keresemose—E Ratiwa Jaana Kwa Japane?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tshimologo ya Keresemose ya Motlha wa Segompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Keresemose—Ke ka Ntlha Yang e le Teng le Kwa Botlhaba Tota?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 12/15 ts. 4-7

Keresemose—Ke ka Ntlhayang fa E le Kotsi?

“KERESEMOSE, e patelediwa morafe o o ikgogonang le o o sa rateng ke borakgwebo le ba kgatiso,” go kwadile jalo George Bernard Shaw ka 1897. A go ne go le jalo ka nako eo? Ka mo go botlhokwa-tlhokwa, a go ntse jalo gompieno?

Mo molaetseng wa The Star ya Johannesburg, Afrika Borwa, wa Keresemose ya 1983, e ne ya ngongorega jaana: “Batho ba bantsi ba latlhegetswe ke molaetsa wa lorato mo tlhotlheletsong ya go reka e e tlhotlhelediwang ke dikgoeletso tse di reng reka, reka, reka, tse di tswang mo di-radiong, mo thelebisheneng le mo mabenkeleng a magolo, mo makwalong-dikgang le mo dimakasineng.”

Ka ntlha ya dilo tseo, batho ba bodumedi ba tlhotlheletsa jaana: “Busetsang Keresete mo Keresemoseng.” Mme Bakeresete ba na le lebaka la go botsa jaana: A Keresete e kile ya nna karolo ya Keresemose? Seno se tshwanetse go re ama thata, ka go bo Bakeresete ba boammaaruri ba lemoga kotsi. Fa ba nna le seabe mo ditirong tsa bodumedi tseo Modimo a sa di amogeleng, ba ka se bone tshegofatso ya gagwe. Jalo, Keresemose e simologile kae?

Tshimologo ya Yone

Batho ba bogologolo ba kwa Bokone ba ne ba boifa gore lefifi la lobaka lo loleele Iwa December lo ne lo tla fenya letsatsi. Jaaka karolo ya tirelo ya boloi ba ne ba kgabisa matlo a bone ka ditlhatshana tsa mefuta-futa tse di tsabakelang le tse di talafaletseng ruri, ka go bo tseno di ne di bonala di na le kgono ya motlholo ya go tshela. Dikerese le molelo di ne di tshungwa ka boiteko jwa go tsosolosa letsatsi le le swang. Mo dikarolong tsa Yuropa mokgwa wa go tshuba sekomota o santse o dira. Ke eng se se tshotsweng ke mokgwa ono seo jaanong e leng ngwao ya Keresemose? “Go bonala e ne e le motswako wa dingwao tse pedi tsa bogologolo—dipone le ditlhare tse ditala—tseo di re neelang setlhare sa Keresemose sa segompieno,” go konela jalo Michael Harrison mo go The Story of Christmas.

Baroma ba bogologolo ba ne ba na le modiro wa mariga o o neng o bidiwa Saturnalia, o o neng o simolola ka December 17 mme o fitlha ka di 24. Dr. Conway o neela tlhaloso eno mo bukeng ya gagwe ya Ancient Italy and Modern Religion, ka modiro oo: “Botshelo jo bo tlwaelegileng ka tumalano ya botlhe bo ne bo tobekanngwa; batho ba ne ba tlogela ditiro tsa bone tsa botlhokwa, mme fa ba ne ba sa dire moletlo kwa matlong a bone, ba ne ba tsamaya mo mebileng ba bitsana ‘Io Saturnalia’ fela jaaka re re ‘Merry Christmas’. . . Mo modirong ono, o ne o lebeletswe go neela ditsala tsa gago tsotlhe dimpho; . . . go ne go akanngwa gore o motho yo o didimetseng le yo o senang botsalano fa o ne o ka ikgapha mo nakong yotlhe ya Saturnalia!”

Mo e ka nnang ka 85 C.E., mmoki Martial o ne a gatisa dibuka tse pedi Xenia le Apophoreta, tseo di neng di dirilwe ka ditemana tse di khutshwane di le 350. Maboko ano a ne a diretswe gore a kwalwe le go romelwa le dimpho tsa Saturnalia, jaaka fa Dr. Conway a tlhalosa, “mokwalo o o nang le mafoko a a monate.” A seno ga se utlwale jaaka se se diragalang gompieno ka dikarata tsa nako ya Keresemose? Mme jaaka dikarata tsa Keresemose tsa segompieno, ditemana di le mmalwa tsa Martial di ne di na le boitsholo jo bo maswe thata.

Saturnalia e ne e ise e fele fa Baroma ba ne ba keteka modiro wa Ngwaga o Mosha wa Letsatsi la ntlha la kgwedi. “Mo gare ga lobaka lono lwa boitumelo jwa botlhe, go ne go na le letsatsi le le neng le beetswe kwa thoko go lebisa ka mo go kgethegileng go letsatsi leo go bonalang ekete go tsalwa sesha ga lone ka Maboa-tsatsi a Mariga go simologile go neela seipato mo maipelong a a anamisitsweng gotlhe a boheitane. Letsatsi leno le ne le itsiwe jaaka Dies Solis Invicti Nati, Letsatsi la Botsalo jwa Letsatsi le le sa Fenngweng, mme le ne la wela go di 25 tsa December mo khalendareng ya rona,” ga tlhalosa jalo The Story of Christmas. Mokete ono morago o ne wa tshwaiwa Keresemose gore batho ba Roma ba tle ba gogelwe mo “Bokereseteng” jo bo bodileng.

Ee, Keresemose e na le tshimologo ya yone mo kobamelong eo e seng ya Bokeresete ya letsatsi. Mokete ono o ka salwa morago go ya kwa Babilona wa bogologolo koo batho ba neng ba obamela modimo wa letsatsi Shamash gone. “Go tshwana go go tlhomologileng ga dingwao tsa Keresemose go diragala mo meketeng ya Ngwaga o Mosha ya Babilona,” ga dumela jalo ra-ditiragalo Pimlott mo go The Englishman’s Christmas.

A o ka bona he gore ke ka ntlhayang fa lefoko “kotsi” le tshwanetse go lomaganngwa le Keresemose. Bibela e neela tlhagiso e e phepafetseng go Bakeresete mabapi le Babilona o Mogolo (e e amanang le bodumedi jo bo theilweng mo dithutong tsa Babilona wa bogologolo). Lefoko la Modimo le gakolola jaana: “Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè.” (Tshenolō 18:4) Bangwe ba ka nna le boikutlo jwa gore ke pheteletso fela go leba Keresemose jaaka kotsi ya semoya. Mme a re tlhokomeleng dintlha tsa hisetori kaga ka moo Bakeresete ba pele ba neng ba leba go boloka letsatsi la boikhutso leo le neng le akanngwa fa e le botsalo jwa ga Jesu mme tota le ne le lomagantswe le mokete wa boheitane.

A Bakeresete ba Pele ba ne ba Keteka Keresemose?

“Bakeresete ba pele ba ne ba sa keteke letsatsi la botsalo jwa ga Jesu; ga goa kwaIwa,” ga bua jalo Moporofesa Ferguson mo bukeng ya gagwe ya The Religions of the Roman Empire. Bibela ga e neele letsatsi la tota la botsalo jwa ga Jesu. Go feta moo, e bontsha gore Jesu o ne a tsalwa, e seng mo dikgweding tse di tsididi, tsa pula tsa December kana January mme mo setlheng se se bothitho. Seno se ka bolelwa jang?

Mo e ka nnang ka nako ya botsalo jwa ga Jesu, molaodi wa Roma Kaesare Aguseto o ne a laola gore batho baye kwa motseng oo ba tsaletsweng kwa go one mme ba kwadisiwe gone. Bibela e bega jaana: “Botlhe ba ea go kwalwa, moñwe le moñwe a ea kwa motsiñ oa ga gabō.” (Luke 2:1-7) Josefa le Maria ba ne ba tsamaya dikilometara tse di fetang 110 go tloga Nasaretha go ya Bethelehema. A seno se ne se ka kgonega mo lobakeng lo lo tsididi le lwa pula lwa December?

Mme ga go felele foo. Mabapi le nako ya botsalo jwa ga Jesu, Bibela e oketsa ka gore: “Ga bo go le badisa mo nageñ, mo lehatshiñ yeuō, ba disitse lecomane ya bōnè bosigo.” (Luke 2:8) Tlhaloso eno ga e tshwanele kgwedi ya pula ya Iseraele eo e tsamaisanang le kgwedi ya rona ya December—nako ya fa maemo a loapi mo lefelong la Bethelehema a ka nnang tsididi thata.—Esere 10:9, 13; Yeremia 36:22.

Go na le ntlha e nngwe ya botlhokwa. Fa Jesu a ne a batla gore balatedi ba gagwe ba keteke botsalo jwa gagwe, ke ka ntlhayang fa a ne a sa ba laela go dira jalo? Mabapi le letsatsi la gagwe la loso, o ne a dira moketenyana mme a laela jaana: “Dihañ mo, lo nkgopolè ka gōna.” (Luke 22:19) Jesu gaa ka a neela taelo epe mabapi le botsalo jwa gagwe.

Lefoko “Keresemose” ga le tlhage gope mo Bibeleng ka go bo go ne go se mokete ope o o jalo mo barutweng ba pele ba ga Jesu. Dr. R. S. Conway o tlhalosa jaana: “Moruti yo mogolo Origen, gale mo lekgolong la boraro la dingwaga o boeleditse ka makgetlo a le mmalwa lefoko leo a reng o le tsere go mongwe wa ba ba neng ba tla fa pele ga gagwe, gore go ne go se monna ope fela kana moitshepi wa Mokeresete yo o kileng a boloka letsatsi la botsalo, la gagwe kana la mongwe o sele. E ne e le batho ba ba bosula fela ba ba jaaka Faro kana Herode bao mekete ya bone ya letsatsi la botsalo e neng e umakiwa mo Dikwalong. Seno se bontsha sentle gore fa a ne a ka utlwela ka modiro oo wa Keresemose o ne a tla o gana ka mo go feletseng.”

Bakeresete ba Batenegi le Mediro ya Mariga ya Boheitane

Bakeresete ba pele ba ne ba gana teko ya go kopanela mo medirong ya boheitane ya baagelani ba bone. Mme Bibela e boleletsepele gore fa nako e ya, botenegi jo bogolo bo ne bo tla tlhaga mo Bakereseteng. (Ditihō 20:29, 30; 2 Bathesalonia 2:3; 1 Timotheo 4:1-3; 2 Petere 2:1, 2) Go ya kwa bokhutlong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga, mokwadi Tertullian o ne a tshwanelwa ke go kgoba “Bakeresete” ka go tsaya karolo mo “meketeng ya Saturn le ya January, le ya maboa-tsatsi a Mariga.” O umaka go “abiwa ga dimpho” mme o gakgamadiwa ke gore ba bantsi ba ne ba kgabisa matlo a bone ka “mabone le ditlhatsana.”

Go sa kgathalesege tlhagiso eo phuthego ya pele ya Bokeresete e e itshekileng e ne ya bodisiwa. Erile fa e etegela pele, Bakeresete ba batenegi ba tokafatsa tsela ya bone ka go neela mekete ya boheitane leina la “Bokeresete.” Jaaka fa buka ya Christmas e bolela: “Kereke ya Bokeresete . . . mo lekgolo la bo-4 la dingwaga e ne ya go bona go tshwanela go tsaya letsatsi le le boitshepo la boheitane la di 25 tsa December, maboa-tsatsi a mariga . . . Letsatsi la botsalo la letsatsi le ne la nna letsatsi la botsalo la Morwa Modimo.”

Lebaka la go bo Keresemose e le Kotsi Jaana

Bangwe ba ka nna le boikutlo jwa gore go keteka Keresemose go kotsi ka go bo go godisa moya wa bogagapa. Ka sekai, motlosa-bodutu Danie Martins o boletse mo kgasong ya radio ya Afrika Borwa gore o ne a gakgamadiwa ke go bona kafa bana ba lebang Keresemose ka gone. Kwa diphathing tsa bana o ne a ba botsa gore ke ka ntlhayang fa “re keteka Keresemose.” Karabo e e tlwaelegileng ke gore: “Go bona dimpho.” Batsadi le bakwadi Martin le Deidre Bobgan, ba supa kotsi e nngwe: “Bagodi ba bantsi ba tshegetsa go se ikanyege le go etsaetsega ga bana go go felelang ka go se dumele. Mo ponong ya ngwana, fa Santa e e boletsweng e le boammaaruri e le maaka, ka gone gongwe le Modimo o o boletsweng a le boammaaruri le ene ke maaka.”

Mme kotsi e e masisi ya go keteka Keresemose ke gore e ka isa mo go latlhegelweng ke go amogelwa ke Modimo. Ka ntlhayang? Go na le mabaka a mantsinyana. Ka sekai, Keresemose e godisa kobamelo ya medimo ya disetwa, sengwe se se ganwang ke Bibela. (1 Yohane 5:21) E dirwa pepeneneng fa pele ga dipontsho tsa botsalo jwa ga Jesu, jaaka mo kerekeng ya Aracoeli mo Roma. Go tweng ka tshimologo ya setlhare sa Keresemose sa boheitane mo dikerekeng tse dintsi tsa Maprotestanta? A seno ga se go obamela medimo ya disetwa?

Go feta moo, go keteka Keresemose go godisitse go obamela Jesu mo boemong jwa ga Rraagwe, Jehofa Modimo. Seno ke sebopego se sengwe sa go obamela medimo ya disetwa ereka Morena Jesu Keresete yo o galaleditsweng e le “tshimologō ea lobopō loa Modimo.” (Tshenolō 3:14; bona gape le Baroma 1:25.) Go opelwa ga dipina tsa Keresemose go diretse mo go nwetseng mogopolo ono o o phoso mo dipelong tse di dibilione tsa bana. Pina e nngwe ya Keresemose e e tumileng e akareletsa mafoko ano: “Mo gare ga mariga a a sa itumediseng mo lefelong la setala go na le Morena Modimo Mothatayotlhe Jesu Keresete.”

Ntlha ke gore Jesu gaa ka a ipolela e le Modimo Mothatayotlhe. Go na le moo Jesu o rile: “Rara o mogolo bogolo go nna.” (Yohane 14:28) O kaetse kobamelo yotlhe go Rraagwe ka gore: “U ōbamèlè Yehofa Modimo oa gago, ke èna esi eo u tla mo dihèlañ.” (Mathaio 4:10) Tota le morago ga tsogo ya gagwe, Jesu o ne a tswelela go lebisa kobamelo go Rraagwe wa selegodimo.—Yohane 20:17.

Keresemose e neela bodumedi seipato sa seo tota e leng nako ya boitlhapediso le ya go tlhoboga. Boitshwaro jo bo repileng kwa diphathing tsa Keresemose bo bakiwa ke mathata a a tlwaelegileng a lenyalo. Go ya ka British National Marriage Guidance Council palo e e tlwaelegileng e e gabedi ya beke le beke ya banyalani ba ne ba tla go senya lenyalo la bone morago ga setlha sa Keresemose sa 1983. Diphathi tsa Keresemose di ne tsa tlhaolwa jaaka lebaka le lengwe la “go tlhaela madi a dijo, a dimpho le a dilo tsa go tshameka.” Dilo tseo di amana le bothata jo bongwe jo bo masisi. “Palo ya ba ba ipolayang le ba ba lekang go ipolaya e gola ka mo go tsitsibanyang ka nako eno,” go ya ka moitseanape wa tsa tlhaloganyo wa Johannesburg.

Lefa e le gore re ka tlhokomologa gore bao ba tswelelang mo tlhotlheletsong ya bodumedi ya “Babilona o Mogolo” ba lebane le kotsi e kgolo. Boperofeti jwa Bibela bo bontsha gore nako ya katlholo ya gagwe e gaufi thata.—2 Timotheo 3:1-5.

Go tlhomamisega, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, ka ditiro tsa one tsa boheitane le malatsi a boikhutso, gaufinyana di tla bo di sa tlhole di le gone. Jaanong, fa go santse go na le nako, tswang mo ditirong ya gagwe tse di raelang. Go na le moo kopanelang le Bakeresete ba boammaaruri bao ba tla falolang go ipelela kagiso e e sa khutleng le go amogelwa ke batho.—Pesalema 37:29.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

A dipontsho tseno tsa botsalo jwa ga Jesu, jaaka eno mo kerekeng ya Roma, di amaganngwa le kobamelo ya Bokeresete?

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Ka nako ya Keresemose, bana ba Roma ba tlisiwa go obamela setshwantsho seno mo kerekeng ya Aracoeli

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela