LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 12/15 ts. 8-9
  • Ruthe O Ne A Anaanela Batho ba Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ruthe O Ne A Anaanela Batho ba Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Kwa o Yang Gone ke Tla ya Gone”
    Etsa Tumelo ya Bone
  • “Kwa o Yang Gone ke Tla ya Gone”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Ruthe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Ruthe le Naomi
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 12/15 ts. 8-9

Lefoko la Modimo Le Tshedile

Ruthe O Ne A Anaanela Batho ba Modimo

MOSADI yono yo mosha wa maratwa go lejwa ke Ruthe, yo o neng a nna mo Moaba, mo botlhaba jwa Lewatle le le Suleng. Lemororo a ile a godisiwa mo gare ga ba Moaba ba ba neng ba obamela medimo ya maaka, o tlhagafaletse go direla Modimo wa boammaaruri, eleng Jehofa, gammogo le batho ba gaabo ba Iseraele. (Dipalō 25:1-5) Fa paka eno e tla, o e ngangatlela ka tlhagafalo e e dirang gore a ratwe ke baobamedi ba bangwe ba ga Jehofa bao ba mo itseng e le “mosadi eo o siameñ.”—Ruthe 3:11.

Leuba mo Iseraele le ne la neela Ruthe paka eno go direla Jehofa. Ka ntlha ya leuba, lelapa la batho ba bane go tswa motseng wa Bethelehema le ne la fudugela kwa lefatsheng la Moaba. Ke lelapa le le bonwang fano—Elimeleke, mosadi wa gagwe Naomi le barwa ba bone Mahelone le Kilione. Mme ka bofefonyana fela morago ga foo Elimeleke a swa. Moragonyana Mahelone a nyala Ruthe, mme Kilione a nyala mosetsana yo mongwe wa Moaba yo o bidiwang Orepa. Jalo ka go nna le monna le mmatsale bao ba obamelang Jehofa, Ruthe o itse Modimo wa boammaaruri.

Lefa go ntse jalo, go ise go e kae fela, Mahelone le Kilione ba a swa, ba tlogela basadi ba bararo ba sena banna kana bana. O ka akanya fela ka bohutsana jwa bone. Ba ne ba tla dira eng? Naomi a utlwalela fa leuba mo Iseraela le khutlile. Jalo o fetsa ka gore a boele kwa bathong ba gaabo kwa Bethelehema. Ruthe le Orepa ba rata matsalaabone fela thata mme ba tsamaya le ene. Mme morago ga go tsamaya lobakanyana mo tseleng, Naomi, jaaka o ka bona fano, o raya basetsana a re: ‘Boelang kwa gae le ye go nna le bommaalona.’

Naomi o atla basetsana le go ba tsamaisa sentle, mme ba simolola go lela. “Nya, me re tla boea nau re ea kwa bathuñ ba ga eno,” ba ngongola jalo. Naomi o a ba etleetsa: ‘Le tshwanetse go boa, bomorwadiaka.’ Jalo Orepa o simolola loeto go boela gaabo. Lefa go ntse jalo, Ruthe gaa tsamaye.

Naomi o retologela kwa go Ruthe mme o re: “Boea le wèna u latèlè mogwakao.” Mme Ruthe o fetola ka tlhagafalo e e tlhatswang pelo: “U seka ua nthapèla gore ke gu tlogèlè, ke boeè ke kgaoganè le go gu sala moragō: gonne kwa u eañ gōna, ke tla ea gōna: kwa u lalañ gōna, ke tla lala gōna: batho ba ga eno e tla nna batho ba ga echo, le Modimo oa gago e tla nna Modimo oa me.” (Ruthe 1:1-17) Jalo Ruthe o boela le Naomi mme ba nna karolo ya batho ba Modimo ba Iseraele.

A wena, jaaka Ruthe, o itse Modimo wa boammaaruri, e leng Jehofa, le batho bao ba mo obamelang? Fa go ntse jalo, ekete o ka nna le boikaelelo jo bo tshwanang go tshegetsa ka boikanyegi batlhanka ba ga Jehofa gompieno jaaka Ruthe a ne a dira bogologolo!

[Mmapa mo go tsebe 8]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

LEWATLE LE LE SULENG

MOABA

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela