LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 12/15 ts. 4-7
  • A O Tshwanetse go Keteka Keresemose?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Tshwanetse go Keteka Keresemose?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke ka Ntlha Yang fa Keresemose—E Ratiwa Jaana Kwa Japane?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Keresemose e Kaya Eng mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Keresemose—Ke ka Ntlha Yang e le Teng le Kwa Botlhaba Tota?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Keresemose—Ke ka Ntlhayang fa E le Kotsi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 12/15 ts. 4-7

A O Tshwanetse go Keteka Keresemose?

GO TSHWANTSHA go tshwana le go farologana magareng ga mokgwa wa Botlhaba le wa Bophirima wa go keteka Keresemose, boikitsiso jo bo filweng fano ke jwa makwalo a mabedi a a neng a amoganwa magareng ga mokwadi wa Mojapane le tsala ya gagwe ya kwa Ennyelane. Boikitsiso jono bo tla go thusa go araba potso e: A ke tshwanetse go keteka Keresemose?

David yo o Rategang,

Ba mo go yone gape. Babapatsi ba eteletse batho pele jaaka baperisiti ba bagolo. Santa Claus ke modula-setilo. Ditlhare tsa Keresemose di direla jaaka sesupo sa mokete. Le go abiwa ga dikuku tsa Keresemose le ditshamekisiwa go teng. Babapatsi ba rotloetsa bodumedi jwa Keresemose mo Japane. Boitlhomo jwa bone bo ile jwa atlega thata mo dingwageng tse di masome a mararo kana a mane tse di fetileng. Palo e kgolo ya Majapane ba sokologela mo “bodumeding” jono​—bogolo fela mo malatsing a se kae ka ngwaga!

Se se ile sa nkgakgamatsa. Ga ke bolo go ipotsa gore ke eng fa bontsi jo bo kana jwa Majapane, bontsi jwa bone e se Bakeresete. ba ka keteka letsatsi la boikhutso la “Bokeresete.” Majapane ba simolotse leng go keteka Keresemose go ya bokgakaleng jono? Gotlhe mo go simologile jang?

Fa ke ne ke batla tshimologo ya Keresemose ya Majapane, ke ne ka bona polelo e e kgatlhisang eno. Go tswa kwa Ennyelane Sōseki Natsume, ebong mokwadi yo mogolo wa metlha ya Meiji (1868-1912), o ne a romelela Shiki Masaoka, mmoki yo o itsegeng, poso-karata ya Keresemose, a tlhalosa dikgakgamatso tsa ponalo ya Keresemose mo Lontone kwa bofelong jwa ngwaga wa 1900. Shiki o ne a ba a tlhama haiku, mofuta o mokhutshwanyane wa poko ya Sejapane, kaga lefelo le lennye la kobamelo mo Letsatsing la Keresemose. Go a bonala, Keresemose e ne e santse e le selo se sesha kwa bokhutlong jwa lekgolo leo la dingwaga mo Japane. Jalo, tota Majapane ba simolotse leng go keteka Keresemose ya bone ya ntlha?

O ka nna wa kgatlhega go itse gore megopolo mengwe e paka gore Keresemose e ne e ketekwa mo sekolong sa basetsana mo Ginza fela kwa tshimologong ya ngwaga ya boroba-bobedi ya Meiji (1875). Lefa go le jalo “mokgwa o wa go keteka Keresemose ga wa ka wa itshetlela mo Japane go fitlhelela ka 1945,” go ne ga bolela jalo The Christian Century. E ne e le fa Majapane ba ne ba bona malapa a masole a Amerika le barongwa ba keteka Keresemose. Morago ga go fenngwa mo Ntweng ya Lefatshe II me ba bo ba felelwa ke tshepo, Majapane ka kakaretso ba ne ba tlhoka sengwe go ba gomotsa.

Keresemose e ne ya kgotsofatsa tlhokafalo eo. Jaaka o ka akanya, babapatsi ga ba a ka ba senya nako go dirisa mekgabisa ya Keresemose go godisa thekiso ya bone ya bofelo jwa ngwaga. Mekgabisa ya Keresemose “e ne e dira jaaka masalamose mo go gogeng bareki,” go ne ga rialo Kimpei Shiba, moakgedi mo koranteng nngwe. “Seno,” o ne a oketsa, “se ne se dirwa ke gore mekgabiso e e ne e kgatlha thata ebile e itumedisa.”

Mme, David, ereka o nna mo Ennyelane, o ka nna wa bo o sa itse gore Majapane ba sale ba nna le mokgwa wa go amogana dimpho tsa bofelo jwa ngwaga bogologolo pele ga dimpho tsa Keresemose di nna gone. Kgwedi ya December ga e bolo go nna e e molemo mo barekising. Batho ba ba nang le madi a mantsi a a tswang mo dibonaseng tsa bone tsa bofelo jwa ngwaga ba ya go reka mo go feteletseng. Lefa go ntse jalo, “seemo seno [sa Keresemose] se ne sa tsenya batho mo boitumelong jo bogolo, jwa go batla go dirisa madi mme sa ba kgonisa gore ba reke dimpho tsa osei-bo[dimpho tsa bofelo jwa ngwaga] go feta ka dinako tsotlhe, ka jalo mokgwa wa go dirisa mekgabisa ya Keresemose e tsweletse,” go tlhalosa Rre Shiba.

Gompieno, mabenkele a magolo le a mabotlana a sola paka eno molemo thata ka go dirisa “moya wa Keresemose” oo go bonalang ba atlega ka one thata. Badiri ba ditshamekisiwa le barekisi ba marotho ba itebaganya le seemo seo go sola paka eno molemo. Ka December, thekiso kwa Kiddy Land, motlhomaganyane wa mabenkele a magolo a ditshamekisiwa mo Japane, e ile ya gola go menagane gane go feta mo dikgweding tse dingwe. Go fopholediwa gore 5 go ya go 10 mo lekgolong ya dikuku tse di dirwang mo Japane ngwaga le ngwaga ke tse di ka bidiwang “dikuku tsa Keresemose.”

Ke ne ka lemoga gore batho bangwe ba a tenega ka gore papadi ke yone e e laolang ponalo ya Keresemose mo Japane. Ka motlhala, The Daily Yomiuri e tsopola Moamerika mongwe yo o sa bolong go nna mo Japane a re: “Majapane ba amogetse mo e ka nnang matlhale otlhe a Keresemose mme ka tsela nngwe moya wa paka eno ga o yo fano.” O ne a bua ka karolo ya bodumedi ya Keresemose.

Seno se ne sa ntlhotlheletsa go tlhokomela karolo ya bodumedi ya Keresemose. Batsena-kereke ba re Keresemose (December 25) ke letsatsi la botsalo jwa ga Keresete. Abo ke ile ka gakgamala jang ne go lemoga gore go ya ka Encyclopedia of Japanese Religions ga go ka ke ga tlhomamisiwa gore Jesu o tsetswe ka December 25! Encyclopedia eno e ne ya re: “Lefa letsatsi le le tlhomameng la botsalo jwa ga Jesu le sa itsege, Keresemose e ne e ntse e ketekiwa ka December 25 go simologa ka moo e ka nnang lekgolo la boraro la dingwaga . . . Letsatsi leno le fopholediwa go lebagana le letsatsi la bokhutlatsatsi la mariga, mme le ne la tseela sebaka mokete wa pele ga Keresemose wa go tsalwa gape ga Letsatsi.” Go Tsalwa gape ga Letsatsi? Ke ne ke ithaya ke re gongwe le beetswe letsatsi la botsalo jwa ga Jesu. Jaanong, Bakeresete ba ba ikanyegang ba ka keteka jang moletlo o kwa tshimologong e ne e le keteko ya boheitane ya bokhutlo-tsatsi jwa mariga? E ne e se letsatsi la botsalo jwa ga Jesu mme e ne e le moletlo wa go tsalwa gape ga letsatsi. Batsena-kereke ba Bophirima ba ka kgala jang Majapane gore ke batho ba ba sa direng sentle go keteka letsatsi la boikhutso la “Bokeresete” fa bone ka bobone ba tlotla se se tshwanang?

Ka jalo, David, ke ka anaanela fa o ka nkarabela dipotso tseno, ereka e le tse di tshwenyang thata.

Tsala ya gago,

Ichiro

Ichiro yo o Rategang,

Ke itumeletse lekwalo lwa gago thata jaaka o ne o tlhalosa ka mekete ya Keresemose mo lefatsheng la gaeno. Ke se se kgatlhisang thata mo go rona ba Bophirima go lemoga ka moo batho ba Botlhaba ba ketekang ka teng letsatsi la boikhutso la Bophirima.

Fa ke go utlwa sentle, o bua boammaaruri fa o re Keresemose ke letsatsi la boitapoloso la boheitane. Mo e ka nnang buka nngwe le nngwe e e tlhalosang e tla go bolelela gore moletlo wa Keresemose o simologile mo moketeng wa boheitane wa Saturnalia, ebong mokete wa Roma wa ga Saturn modimo wa temo-thuo.

Ee, fela jaaka lona batho ba Japane lo tsentse Keresemose mo dingwaong tsa lona tsa Bobuda le Boshinto, dikereke tsa La-Bodumedi di tsentse mekete ya boheitane mo ngwaong ya bone ya “Bokeresete.” Ka tsela nngwe go ka bo go le molato thata ka go bo fa Majapane ao ba keteka Keresemose jaaka moletlo wa seeng, batsena-kereke ba tsaya go keteka ga boheitane ga Saturnalia jaaka Keresemose ya “Sekeresete.”

Tota, mono Ennyelane nako nngwe go ne go sa letlelelwe kafa molaong mekete ya lefatshe le ya bodumedi ya Keresemose ereka e ne e lejwa e le ya boheitane. E ne e le ka nako ya fa Ennyelane a busiwa ke Ba-Puritan. Ba-Puritan bao ba neng ba tlogela Ennyelane kantlha ya ditumelo tsa bone ba ne ba thibela Keresemose mo Massachusetts Bay Colony mo North America, mme ba ne ba duedisa mongwe le mongwe yo o dirang meletlo mo pakeng eno.

Mme ke akanya gore o tshwanetse wa bo o itse pono ya Bibela kaga go kopanya Bokeresete le ditumelo tsa boheitane. “Se pataganeleñ yokwe le ba ba sa dumeleñ.” Seo ke se moaposetoloi Paulo a neng a se tlhagisa mo go 2 Bakorintha 6:14-16. Mme mo 2Bk 6 temaneng ya 17 o ne a tswelela go tsopola mo bukeng ya ga Isaia (52:11, kaelong ya gago): “Me ke gōna, Cwañ mo gare ga bōnè, lo lomologanè, go bua Yehofa, me lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ.”

Re ka itomolola jang mo go ba ba sa dumeleng fa gone re santse re keteka meletlo e e simologileng mo bodumeding jwa boheitane? Potso eno e ile ya tlhotlheletsa Bakeresete ba le bantsi ba ba ikanyegang go tlogela ngwao ya bone ya go keteka Keresemose. (O tshwanetse go kgatlhegela go bula Bibela ya gago go Mathaio 15:3-6 mme o bale mafoko a ga Jesu a a kwadilweng moo.) Lefa go le jalo go na le mabaka a le mantsi a gore o ikgaoganye le go keteka mo go ntseng jalo.

Fa December 25 e se letsatsi la botsalo jwa ga Jesu, go keteka letsatsi leo jaaka botsalo jwa gagwe go tshwana fela le go aka. Fela jaaka o ile wa umaka mo lekwalong lwa gago, Mokeresete yo o ratang boammaaruri ebile a laolwa gore a nne boikanyego o ka tshegetsa jang maaka? (Baefesia 4:25) Go tswa mo letsatsing leo ka bolone go ya kwa polelong ya Santa Claus, Keresemose e ne ya tlala ka maaka. Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba bolelelwa mo go Tshenolō 22:15 gore “moñwe le moñwe eo o ratañ a ba a diha maaka” ga a kitla a bona tshegofatso ya Modimo ya botshelo jo bosakhutleng.

Mme jaanong, ke eng fa batho ba ba bidiwang Bakeresete mo Bophirima ba keteka Keresemose? Lengwe la mabaka ke papadi, fela jaaka go ntse mo lefatsheng la gaeno. Ke ne ka bala kaga moruti mongwe wa Baptist mo United States yo o neng a supa selelo sa gagwe jaana: “Fa karolo ya papadi e ne e ka ntshiwa gotlhelele, batho ba le bantsi ba ne ba tla ikutlwa gore ba ne ba se mo Keresemoseng. Mme fa karolo ya bodumedi e ne e ka ntshiwa gotlhelele palo e ntsi ya batho ba ne ba ka seke ba lemoge pharologanyo epe.” Mafoko a a boammaaruri le mo Ennyelane.

Se se kgatlhisang, Bibela e senola kgolagano e e maatla gareng ga papadi le se e se bitsang “Babelona o Mogolo.” Morago ga go supa go wa ga “Babelona o Mogolo,” yono Bibela (mo go Tshenolō 18:2, 11-19) ya riana: “Me babapatsi ba ba mo lehatshiñ ba lela ba mo hutsahalèla, gonne go sa tlhole go le motho opè eo o rèkañ dithoto tsa bōnè; . . . Babapatsi ba dilō tseuō, ba ba kileñ ba humisiwa ke èna, ba tla èmèla kgakala ka go boiha tlhokahaco ea gagwè, ba lela, ba hutsahala.”

A o ka supa “Babelona o Mogolo”? Mme kana, ke mang yo o neetseng “babapatsi ba ba mo lehatshiñ” mono mo Ennyelane le mo Japane dipoelo tse dikgolo ka go anamisa dithuto tsa maaka kaga Keresemose? A ga se ditumelo tsa La-Bodumedi? Ee, ke ile ka lemoga mo dithutong tsa me gore “BABELONA O MOGOLO” o emela mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, go akareletsa La-Bodumedi.

O akanya gore re tshwanetse go dirang? Pego ya Bibela ya “Babelona o Mogolo” e nthusitse ka phetso e ke ne ke tshwanetse go e dira. Tshenolō 18:4 e tlhagisa jaana: “Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè.”

‘Go tswa mo go ene,’ ke gore, go tlogela bodumedi jo bo godisang maaka, go ne ga raya phetso e e nang le kgato mo go nna. Go ne go se motlhofo go ikgaoganya le mekgwa yotlhe e e neng e le bontlhanngwe jwa Keresemose. Keresemose ke letsatsi la boikhutso la batho botlhe gammogo le bodumedi mono. Ke ne ka tshwanelwa ke go nna le bopelokgale jo bontsi gore ke tle ke farologane le ba bangwe. Mafoko a ke ileng ka a bona mo go Diane 29:25 a ne a itshupa a le mosola: “Poihō ea motho e tle e lere seru: me eo o ikanyañ Yehofa o tla bolokèga.”

Ke ne ka bona dintlha tseno ka thuso ya Basupi ba ga Jehofa. Diketekete tsa batho mo Ennyelane ba tsere kgato e e tshwanang mme ‘ba tswa mo go Babelona o Mogolo’ le ditiro tsa gagwe tsa bodumedi jwa maaka, go akaretsa meletlo ya Keresemose. Mme ga go reye gore ga re tlotle Jesu Keresete. Re a mo tlotla, eseng ka go bontsha “moya wa Keresemose” gangwe fela ka ngwaga, mme eleng go bontsha moya wa ga Keresete mo ngwageng otlhe.

Tsala ya gago e e rategang thata,

David

(Go bona moya wa Bokeresete o ba lekang go o tlhagolela bona Baefesia 4:20-24; Bafilipi 2:1-6; Bakolosa 3:1-14.​—Morulaganyi.)

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

Babapatsi ba tshwana le baperesiti ba bagolo. Santa Claus ke modula-setilo wa meletlo

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Babapatsi ba ne ba dirisa Keresemose go rotloetsa theko ya bofelo jwa ngwaga

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Seno se ile sa ntlhotlheletsa go tlhatlhoba letlhakore la bodumedi la Keresemose

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Me ke gōna, Cwañ mo gare ga bōnè . . . me lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ”

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Me babapatsi ba ba mo lehatshiñ ba lela ba mo hutsahalèla”

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

“Poihō ea motho e tle e lere seru: me eo o ikanyañ Yehofa o tla bolokèga”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela