Basha, ‘Seo Lo se Jalang Loa se Roba’
ENE E LE boemo jo bo amang. Jesu Keresete o ne a itse gore bodihedi jwa gagwe jwa selefatshe bo ne bo atametse go fela. O ne a tla akofa a tsena mo Jerusalema, moo loso lo lo botlhoko lo neng lo mo emetse gone.
Jesu o ne a ntse a ruta “machutichuti a magolo,” a fodisa batho ka kgakgamatso le go gakolola barutwa ba gagwe fa a ne a santse a na le nako. (Mathaio 19:2-12) Abo e ne e le thulaganyo ya go tshwarega eleruri jang ne! Gongwe barutwa ba gagwe ba ile ba nna le boikutlo jwa gore o ne a tshwaregile thata go ka tshwenngwa ke bana “ba ba sa reng sepe,” bao ba neng ba tlisitswe go ene “gore a ba beè diatla, me a rapèlè.” (Mathaio 19:13) Ba ne ba leka ka bojotlhe go “kgalemèla” batsadi ba ba nang le maikaelelo a mantle ba bana ba bannyane bano.—Luke 18:15.
Mme Jesu o ile a arabela jang? “Me yare Yesu a go bōna, a gakatsèga thata, a ba raea, a re, Lesañ banyana ba tlè kwa go nna: lo seka loa ba itsa: gonne bogosi yoa Modimo ke yoa ba ba nntseñ yalo. Amarure kea lo raea, Leha e le mañ eo o se ketlañ a chola bogosi yoa Modimo yaka ñwanyana, ga a ketla a tsèna mo go yōna gopè. Me a ba tsaea mo mabogoñ a gagwè, a ba segōhatsa ka go ba baea diatla.” (Mareko 10:13-16) Abo batsadi le bana ba tshwanetse ba bo ba ile ba itumela jang ne!
Tiragalo eno e bontsha kamego e e pepetletsang eo Jesu Keresete a nang le yone mo basheng. Gape, kamego ya ga Jesu e bontsha boikutlo jwa ga Jehofa Modimo ka botlalo. Ke Jehofa yo ka lorato a neng a akareleditse tsholofetso ya botshelo jo boleele mo taolong ya gagwe ya gore basha ba tlotle batsadi ba bone. (Ekesodo 20:12; Baefesia 6:1-4) Go feta moo, mo Molaong wa ga Moshe Jehofa o ne a diretse bana paakanyetso e e kgethegileng ya tao ya semoya. (Duteronome 6:6, 7) A o motsadi? Jalo, maikutlo a a pepetletsang ao o nang le one mo baneng ba gago ke ditshwano fela tse di sa itekanelang tsa maikutlo a a bontshitsweng ke “Modimo Rra echo eo o re ratileñ.”—2 Bathesalonia 2:16; Genesise 1:26.
Ditlhagiso tse di Masisi
Mme kamego eo Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba nang le yone mo basheng ga se eo e tlhotlhelediwang ke maikutlo. Ga e itlhokomolose phoso. (Diane 15:3) Molao-motheo wa gore “se motho [kana mosha] o se yalañ, ke shōna se o tla se rōbañ” ga o kake wa ganediwa ka maikutlo a a pepetletsang. Basha le batsadi ba tshwanetse go lemoga seno.—Bagalatia 6:7, 8.
Ka ntlha ya kamego ya ga Jehofa ka basha, o akareleditse ditlhagiso tse di tlhamaletseng go bone mo Lefokong la gagwe. Ka sekai seane se se tlhotlheleditsweng se re: “Leitlhō ya motho eo o shotlañ rragwè, le ya eo o nyatsañ go utlwa mmagwè—mahukubu a molapō a tla le gonya, le manoñyana a tla le ya.” Ee, lonyatso le go tlhoka kutlo tse di feteletseng tsa basha di ka dira gore ba latlhegelwe ke botshelo!—Diane 30:17; bapisa le Ekesodo 21:15, 17.
Jehofa o itse sentle gore basha ba na le seo eketeng ke ‘tlhotlheletso ya bontsi.’ Fa o le mosha, kwantle ga pelaelo o ka supa ka kgatelelo e e boima e o e utlwang mo go bueng, go apareng le go dira jaaka balekane ba gago. Mme fa ditsala tsa gago di le molemo, jalo kgatelelo eno ya balekane e tla nna e e solegelang molemo. Mme fa o dikologilwe ke ditlhotlheletso tse di bosula, phelelo e ka nna e e senyang tota. (Diane 13:20) E ne e le go sireletsa basha—tota, batho botlhe ba Iseraele—mo go bodisiweng ke bosula, ditlhotlheletso tsa botsuolodi go bo Molao wa ga Moshe o ne o atlholela dikgetse tse di boima loso. Ee, ngwana wa mosimane yo o logwadi le yo o tsuololang o ne a bolawa gore go ke ‘go tlosiwe bosula mo gare ga bone.’ (Duteronome 21:18-21) Batsadi ba Baiseraele bao ba neng ba batla go sireletsa bana ba bone mo ditsaleng tse di bodileng kwantle ga pelaelo ba ne ba anaanela molao oo. Bibela e bontsha fela ka moo dilo di ka nnang bosula ka gone fa basha ba kgobokana mmogo kwantle ga tao. Moperofeti yo o ikanyegang wa ga Jehofa e leng Elisha o ile a rakana le setlhopha sa basha ba ba tlhokang tsebe fa a ne a tswa Jeriko a ya Bethele.
Ba ile ba mo sotla, ba mmontsha go tlhoka maitseo go gogolo le tiro ya gagwe ya boperofeti. “Tlhatloga logatadima! tlhatloga logatadima!” ba ile ba goa jalo. (2 Dikgosi 2:23) Ka seno, ba ka bo ba ne ba kaya gore a tloge mo lefatsheng ereka ba ne ba ithaa ba re yo o neng a le teng pele ga gagwe e leng Elia o ne a dirile jalo. Lefa go ntse jalo, ba ne ba sa batle moemedi wa Modimo.
Elisha o ile a itshokela ditshotlo le dikgobo tsa bone ka nakwana fela. Pego e re, “Me a gadima, a ba bōna, me a ba hutsa mo ineñ ya ga Yehofa. Me ga cwa dibera tse dinamagadi di le pedi mo sekgweñ, me tsa gagola bana ba le mashomè manè le bobedi mo go bonè.” Abo batsadi ba bana bao ba tshwanetse ba bo ba ile ba eletsa jang ne gore ba ka bo ba ile ba ba laya le go ba ruta go tlotla ba bagolo go bone! (2 Dikgosi 2:24; Lefitiko 19:32) Mme jaanong go ne go setse go le thari. Ba ile ba roba thobo ya go tlhokomologa ga bone.
Basha ba lefatshe gompieno ba tlwaetse go sotla baruta-bana, batsadi le ope fela yo o leng mo taolong. Gantsi, bakwadi ba metshameko ya thelebishene ba duelwa madi a mantsi ka go tshwantsha bana jaaka ba ba botlhale le batsadi jaaka ba ba dieleele. Basha ba Bakeresete ba dikologilwe ke batho ba ba senang tlotlo le ditsala tseo di leng bosula tota. Ka maswabi, bangwe ba ile ba amiwa ke seno sotlhe. Mme seno ga sea tshwanela go go diragalela. Tlhagolela go tlotla batho ba bagolo mme segolo batsadi ba gago ka bojotlhe.
Kakantsho go Batsadi
Fa o le motsadi, o tshwanetse go amega segolo ka boikutlo le boitshwaro tsa ngwana wa gago, gonne eleruri o batla gore ngwana wa gago a ‘jalele moya.’ Jalo batsadi, bana ba lona ba bannyane ba itshwara jang kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa? A ba bontsha ba bangwe tlotlo e e tshwanetseng? Ba arabela jang fa batho ba bagolo ba bua le bone? A baa ikgapa fa morago ga pokano, kana ba taboga go dikologa Holo ya Bogosi? O arabela jang fa go diragala gore molebedi a go itsise gore bana ba gago ba ne ba itaya tsebe kana le e leng go baka boemo jo bo kotsi? A o lemoga gore dipeo tsa go tlhoka maitseo le botlhoka-tsebe, fa di mpampetswa jaanong ka ntlha ya gore o akanya fa bana ba gago ‘ba le bannyane thata go itse botoka,’ go ka gogela kwa go robeng go go bogalaka ga tsuololo e e feletseng moragonyana?
Dipotso tse di ntseng jaana eleruri di tlhomelela batsadi ba Bakeresete ka dijo tsa mogopolo. Jalo, ba tshwanetse go thusa bana ba bone go ‘jalela moya’ ka lefoko le ka sekao.
Tlhokafalo ya Go Elatlhoko
Fa o le mosha, go tlhokega gore o dire boiteko jwa botho jwa go ‘jalela moya.’ Seno se tlhoka go dirisa kelotlhoko le katlholo e e molemo mo dilong tse di farologaneng, go akareletsa le boitloso-bodutu.
Ka sekai, basha bangwe ba ba godileng ba ile ba tlhotlhelediwa ke ditsala tse di bosula tseo di bonwang mo metshamekong e e tlhatlhamanang ya thelebishene. Mananeo ano a tshwana le thulaganyo ya go thapisa mo go akanyeng ga senama le go tlhagolela dikeletso tse di sa tshwanelang. Lefa metshameko eno e kile ya bo e direlwa mmalelapa yo o lapisegileng, ga jaanong e tswelelapele go sekamela mo basheng. Jalo, basha, ipotseng jaana: A goa kgonagala gore ke lebelele boemo jo bo ntseng jalo mme ke bo ke nna ke latela kgakololo ya Bibela e e reng, “se rateñ lehatshe, leha e le dilō tse di mo lehatshiñ”? GakologeIwang gore moaposetoloi Johane o tsweletsepele ka gore: “Ha motho a rata lehatshe, loratō loa Rara ga lo eo mo go ène. Gonne cotlhe tse di mo lehatshiñ,—eboñ thatō ea nama, le kgatlhegō ea matlhō, le mabela a botshelō,—ga se ga Rara, me ke ga lehatshe.” Mme lo se lebale gore “lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna.” Ka gone, fa o batla botshelo jo bo sa khutleng, gana dithato tsa lefatshe.—1 Yohane 2:15-17.
Fa o le morati wa metshameko e e tlhatlhamanang, a ke ka go bo o ila lefatshe mme o sa batle karolo epe ya lone? Kana a ke ka go bo o eletsa mofuta oo wa go tshela mo sephiring? Mokeresete mongwe yo mosha, yo eleng modihedi wa nako e e tletseng, o ile a iphitlhela a lebeletse dithulaganyo tse di ntseng jalo mme a akanya jaana, ‘Fa e le gore nka se dire dilo tseno tsa boitshwaro jo bo sa siamang, go botoka gore ke lebelele ba bangwe fa ba di dira.’ A seno se kile sa go diragalela? Fa go le jalo, ke mofuta ofe wa dipeo o o jadilweng mo pelong ya gago? O ka lebelela go robang ka nako ya bokoa kana ya teko?
‘Jalela Moya’
Basha, lefatshe le dira go ‘jalela nama’ bonolo thata. Go na le tlhabano e e tswelelang pele ya go laola pelo ya gago, mme go gana kwantle ga go dira sepe kafa letlhakoreng la gago ga goa lekana. Jaaka fa moaposetoloi Paulo a kaya: “Eo o yalèlañ nama ea gagwè o tla rōba sebodu se se cwañ mo nameñ; me eo o yalèlañ moea o tla rōba botshelō yo bo sa khutleñ yo bo cwañ mo Moeeñ.”—Bagalatia 6:8.
Go na le polelo ya bogologolo ya Sekgoa e e reng ‘go itshireletsa go go molemo-lemo ke tlhaselo e e molemo.’ Fa o eletsa go ganela “keleco ea nama” mo metlheng eno e e bosula, nna mo boemong jwa go tlhasela! Jala ka pono ya dilo tsa semoya. Tlatsa pelo ya gago ka dikgopolo, dithulaganyo, le mekgele tsa semoya gore dikeletso tsa senama di tle di ntshediwe kwa ntle.
A go na le pharologanyo mo mekgeleng ya gago le ya balekane ba gago ba lefatshe ba mo tlelaseng ya gago? E tshwanetse gore e nne gone, fa o tlhoafaletse “go yalèla Moea.” Kwantle ga pelaelo, bontsi jwa diithuti mmogo le wena bo rulaganyetsa go tswa mo sekolong, go bona tiro le go dira madi a mantsi. Mme go tweng ka wena? Ka pono ya dilo tsa semoya, ke eng o sa rulaganyetse go tsenela tirelo ya nako e e tletseng, gongwe ka tsholofelo ya go direla kwa legaeng la Bethele ka letsatsi lengwe kana jaaka molebedi yo o etang kana morongwa?
O seka wa kgotsofalela go ya le modumo, o latela pono ya lefatshe ya gore ‘o ka nna le bodumedi jwa gago, mme o bo boloke mo mannong a jone, gore le wena o tle o nne le thutego ya gago.’ Ka ‘mo mannong a jone,’ lefatshe le kaya mo mannong a bofelo mo botshelong jwa gago. Fa o nna le kgopolo e e ntseng jalo, o tla akofa o leka go direla beng ba babedi, mme Jesu o re bolelela gore ga go ope yo o ka atlegang mo tseleng e e ntseng jalo.—Mathaio 6:24.
Gongwe e tla nna dingwaga pele o fetsa kwa sekolong. Mme o ka simolola ka bonako jo bo ka kgonegang go jala dipeo tsa semoya mo botshelong jwa gago. Dithuto tseo o di dirang ga jaanong kwa sekolong di ka solegela tirelo ya gago ya nako e e tletseng ya mo isagweng molemo fa e le gore di ka go tlhomelela go bona tiro ya boitshediso ya nakwana moragonyana.
Gone jaanong, tlhoma mogopolo mo go tlatseletseng ka botlalo mo maitekong a lelapa la gaeno a go direla Jehofa mmogo. Bontsha gore o tlhoafaletse go baakanyeletsa dipokano tsa Bokeresete le go nna gone kwa go tsone. Tlhoma mogopolo mo go seo go buiwang ka sone kwa dipokanong mme o tlotle ka dintlha tseno le batsadi ba gago morago ga moo. Arola ka metlha mo bodiheding jo bo matlhagatlhaga jwa tshimo. Itlhomele mekgele ya botho mo bodiheding jwa gago, e e jaaka go tshwara thuto ya legae ya Bibela, kana go bulatsela jo bo thusang ka dikgwedi tsa selemo. Arabela maiteko a batsadi ba gago a go go thapisa ka bonako.
Basha, a lo ntse lo jalela nama kana moya? Nnang boikanyego. Itlhomeleng mekgele ya semoya mme lo ‘jaleleng moya’ gone jaanong. Dirang jalo fa go santse go na le nako ya go roba botshelo jo bo sa khutleng!