Ithaopeng!
“Batho ba gago ba italetsa ka pelo e e thamileñ . . . Ua ba u na le monyō oa bokau yoa gago.”—PESALEMA 110:3.
1, 2. Tumalanong le Pesalema 110:3, ke eng se Basupi ba ga Jehoa ba se dirang jaanong?
KGOSI ya ga Jehofa, Jesu Keresete, jaanong ea busa! Fa e sale ka 1914 o ne a ntse a ikemiseditse tiro mme o setse a simolotse ‘go busa mo gare ga baba ba gagwe.’ (Pesalema 110:2) Mo metlheng e e tlhokofatsang eno ya bofelo ya tsamaiso eno e e nyelelang ya dilo, a baithaopi botlhe ba dipelo tse di thamileng ba ineelele tirelo ya Kgosi, mme a ba dire jalo kwantle ga go etsaetsega.
2 Se ke sone seo se dirwang ke Basupi ba ga Jehofa. Dipalo tsa bone di tletse ka badiri ba ba dirang ka natla, ba phatsima jaaka monyo. Gone jaanong mafoko ano, a a tlhotlheleditsweng a ga mopesalema a a diragala: “Batho ba gago ba italetsa ka pelo e e thamileñ mo letsatsiñ ya thata ea gago: u re u le mo mekgaboñ ea boitshèpō, ua bo u na le monyō oa bokau yoa gago, o cwa sebopeloñ sa moshō.” (Pesalema 110:3) Abo e le letsatsi le le itumedisang jang ne go tshela mo go lone!
3. Mabapi le tirelo, ke moya ofe o o nnileng wa bonala ka metlha mo batlhankeng ba ga Jehofa? Tshegetsa seno a dikwalo.
3 Moya wa go intsha setlhabelo wa tirelo ya pelo e e thamileng o nnile wa bonala ka metlha mo batlhankeng ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. Ka jalo fa moperofeti Isaia a ne a neetswe sebaka sa go direla jaaka mmoledi wa molaetsa wa Modimo, o ne a arabela ka bonako a re: “Ke hano, roma nna.” (Isaia 6:8) Pelenyana mo bodiheding jwa ga Jesu jwa kwa Galilea, o ne a ya go Bajuda bangwe bao ba neng ba boifa Modimo mme a ba laletsa: “Ntshalañ moragō.” Ba ne ba arabela kwa ntle ga go etsaetsega, ba tlogela tiro ya bokgethisi gammogo le ya go tshwara ditlhapi. (Mathaio 4:18-22; Luke 5:27, 28) Basadi ba ba dipelo tse di ratang ba ne ba neela nako, boiteko gammogo le dilwana tsa botlhokwa go tlatseletsa ditlhokafalo tsa ga Jesu le barutwa ba gagwe. (Mareko 15:40, 41; Luke 8:1-3) Ee, fa dipaka tsa tirelo e e boitshepo di ne di tlhaga, batho bano botlhe ba ne ba di ithaopela.
Ba Italeditse ka Pelo e e Thamileng
4. Paulo le bankane ba gagwe ba ile ba leba jang ‘pitso ya Makedonia’?
4 Moaposetoloi wa Mokeresete Paulo le ene o ne a ithaopela tirelo ya go baka Jehofa. Mo tiragalong e nngwe o nnile le ponatshegelo ya monna mongwe yo o neng a mo rapela a re: “kgabaganyetsa kwano Makedonia, u tlè go re thusa.” A moaposetoloi le bankane ba gagwe ba ne ba arabela? Eleruri ba arabetse, gonne re bala jaana: “Me ea re a sena go bōna pōnatshègèlō e, ra akoha ra senka go cwèla kwa Makedonia, re ithaea, re re, Modimo o re biditse, gore re eè go ba rèrèla Mahoko a a Molemō.” Ba ne ba ithaopa, mme Jehofa o ne a segofatsa tirelo ya bone ya pelo e e thamileng ka katlego.—Ditihō 16:8-40.
5. Ke eng seo ba bangwe ba se buileng kaga tirelo ya Bakeresete ba pele?
5 Tirelo ya pelo e e thamileng e ne e le lotshwao lwa Bokeresete jwa pele. Go boletswe gore: “Kereke ya Pele ga ya ka ya ema barongwa nokeng fela; e ne e le borongwa. Ga [ya ka ya nna le boikutlo] jwa gore karolo ya yone e ne e diragaditswe fa e duetse melato le go reetsa ka go se kgatlhegele dipolelo tseo barongwa ba neng ba ba tlotlela tsone kaga dikatlego tsa bone. Dikereke tseno tse dinnye e ne e le mafelo a barongwa ka botsone. Mongwe le mongwe o ne a ikutlwa e le yo o bileditsweng go rera Mafoko a a Molemo.” (The Preaching Value of Missions, e e nang le dithuto tsa ga Helen Barrett Montgomery) Balatedi ba ga Jesu e ne e le baefangele ba ba matlhagatlhaga. “Pego ya kereke ya pele mo go Ditihō ke bosupi jwa gore ba ne ba tsaya boefangele ka masisi jaaka fa ba ne ba dira. Boefangele bo ne bo tla pele.” (The Idea of the Laity, ka David Haney) Mme tiro eno ya go intsha setlhabelo ya balatedi ba ga Jesu e feletse ka eng? “Ka bonako ba ne ba tsamaya mo ditseleng tsa Roma go ya kwa metseng le kwa dinageng tse di kgakala. Fa nako e ntse e tsamaya, Mmuso otlhe o ne wa fetoga lefelo leo bodumedi jo bosha bo simologileng mo go lone.” (Imperial Rome, ka Moses Hadas) Ee, mafoko a a molemo ‘a ne a rerelwa lobopo lotlhe tlase ga legodimo,’ gonne basupi bao ba Bakeresete ba pele ba ne ba ithaopa!—Bakolosa 1:23; Mathaio 28:19, 20; Ditihō 1:6-8.
6. Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno ba ile ba ikutlwa jang ka tiro ya go rera ka Bogosi ka metlha?
6 Moya o o tshwanang o teng mo gare ga basupi ba ga Jehofa ba gompieno. Tokololo ya 1881 ya Tora ya Tebelo ya July le August e ne ya re ka tshwanelo: “A loa rera? Re dumela gore ga go ope yo o tla nnang wa letsomanyane kwa ntle ga bareri . . . Ga rea bilediwa kana ga rea tlolediwa gore re tlotlege kana re nne le dikhumo-khumo, mme go dirisa le go dirisiwa, le go rera mafoko a a molemo.” Maikutlo a a tshwanang a ne a bonala dingwaga moragonyana. Mo kopanong e e kgatlhisang thata eo e neng e le kwa Cedar Point, Ohio, ka 1922, baemedi ba Bogosi bao ba neng ba phuthegile ba ile ba tlhotlhelediwa ka gore: “Boelang kwa tshimong, lona barwa ba Mogodimodimo! Aparang diaparo tsa lona tsa tlhabano! Nnang boikgapo, nnang lo thantse, nnang matlhagatlhaga, nnang pelokgale. Nnang basupi ba boammaaruri le ba ba ikanyegang ba Morena. Tswelang pele mo ntweng go fitlhela masaledi otlhe a maaka a Babelona a nyelela. Bolelang molaetsa gaufi le kgakala. Lefatshe le tshwanetse go itse gore Jehofa ke Modimo le gore Jesu Keresete ke Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena. Leno ke letsatsi gare ga malatsi. Bonang, Kgosi ea busa! Lo baemedi ba gagwe ba mo pepeneneng. Ka gone itsiseng, itsiseng, itsiseng, Kgosi le bogosi jwa gagwe.” Ka ntlha ya boboledi joo jwa Bogosi, Basupi ba ga Jehofa ka boitumelo le ka tlhoafalo, ba tswelapele go ithaopa.
Go Fitlheletswe Tlhokafalo e Kgolo
7. Maitemogelo a bareri ba nako e e tletseng ba metlha ya pele e nnile afe, mme ba ikutlwile jang ka tirelo ya bone go Jehofa?
7 Batlhanka ba bantsi ba ga Jehofa ba ithaopetse tiro ya go rera ya nako e e tletseng. Mo dingwageng tse di fetileng, bangwe ba ne ba direla jaaka barekisi ba dibuka (bao jaanong ba bidiwang babulatsela), mme botshelo jwa bone bo ne bo se motlhofo. Mosupi mongwe yo o godileng o rile, “Ee, re ne ra dira gore babulatsela ba akaretse ditoropo gammogo le metse selegae mo malatsing ao a pele. Ka dinako tse dingwe ba ne ba rekisa [dibuka tsa Bibela] ka dikokwana, sesepa gammogo le dilo tse dingwe tsa mo polaseng, tseo ba neng ba ka di dirisa kana ba di rekisetsa ba bangwe. Ka dinako tse dingwe, mo lefelong leo matlo a lone a gasaganeng ba ne ba robala mo go bora-dipolase, mme ka dinako tse dingwe ba ne ba robala le e leng mo difurung . . . Ba ba ikanyegang bano ba ne ba tswelela jalo dingwaga-ngwaga go fitlhela ba tsofala.” Bangwe ba ne ba sa le basha fa ba simolola tirelo eo ya nako e e tletseng. Eleruri, tiro ya bone e ne e le boima, mme ba ne ba e ithaopela le go itumelela go direla. Jaaka fa mongwe wa bone a kaya: “Re ne re le basha mme re itumetse mo tirelong, re natefelwa ke go dirisetsa nonofo ya rona mo go direleng Jah.”
8. Ke tirelo efe eo batho ba bantsi ba ga Jehofa ba e ithaopetseng?
8 Go kgabaganya dingwaga le mo dintweng, mo ditlaleng, mo dithoromong tsa lefatshe gammogo le ditiragalo tse dingwe tse di ka se lekanngweng le dipe tseo di dirang “seshupō” sa “go tla” ga ga Keresete ka maatla a Bogosi go tloga ka 1914, batho ba ga Jehofa ba nnile pelokgale mo go boleleng mafoko a a molemo. (Mathaio 24:3-14) Ka boitumelo, ba bantsi ba ithaopetse tirelo ya nako e e tletseng, mme abo go itumedisa jang ne gore ba bo ba dirile jalo!
9. (a) Ke kgato efe e e tlhomologileng mo hisetoring ya Basupi ba ga Jehofa eo e tserweng ka February 1, 1943? (b) Go ne ga kgonega jang gore go simololwe Sekolo sa Gilead le go fitlhelela tlhokafalo ya koketsego ya merafe-rafe ya tiro ya go rera ka Bogosi?
9 Ntwa ya Lefatshe II e ne e tsweletsepele ka tshakgalo ya yone yotlhe ka February 1, 1943. Mme mo letsatsing leo le le tsididi la mariga mo Polaseng ya Bogosi gaufi le South Lansing, New York, kgato e e tlhomologileng mo hisetoring ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya tsewa. Banna ba le 49 le basadi ba le 51—botlhe e le babulatsela—ba ne ba simolola thuto ya dikgwedi di le tlhano kwa Sekolong sa Bibela sa Gilead sa Watchtower. Thapiso eno e ne e tla ba siamisetsa tiro ya borongwa mo mafatsheng a mangwe. Ereka maemo a ntwa ka nako eo a ne a go dira boima gotlhelele go romela barongwa kwa Europa le Asia, baalogi ba setlhopha sa pelepele ba Sekolo sa Gilead ba ne ba abelwa go ya kwa Cuba, Mexico, Costa Rica, Puerto Rico, Canada le Alaska. Go fitlhelela tlhokafalo ya koketsego ya merafe-rafe ya tiro ya go rera ka Bogosi go ne go kgonega ka gonne babulatsela ba ba dirang ka natla ba ne ba ithaopile.
Diphitlhelelo tsa Sekolo sa Gilead
10. Ke dikai dife tsa koketsego ya Bogosi tseo di umakilweng fa e sale barongwa ba ba thapisitsweng ke Sekolo sa Gilead ba fitlha lantlha mo mafatsheng a mangwe?
10 Baithuti ba ba fetang 6 000 ba alogile mo ditlhopheng di le 76 tsa Sekolo sa Gilead, seo ga jaanong se leng kwa ntlong-kgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa mo Brooklyn, New York. Mosola wa sekolo seno ke o o ka se nyadiweng. Ka sekai, fa barongwa ba ntlha ba ba thapisitsweng mo Gilead ba ne ba fitlha mo Brazil ka 1945, go ne go na le batho ba le 394 fela bao ba nnang le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi mo nageng eo. Gompieno palo e feta 148 000. Morago ka 1949 fa baalogi ba ntlha ba Gilead ba ne ba fitlha mo Japane, go ne go na le baboledi ba Bogosi ba le bararo fela mo lefelong leo ba ba neng ba bega tirelo mo lefatsheng leno la Botlhaba jo bo kgakala. Ga jaanong go na le ba ba fetang 86 000!
11. Fa e sale Sekolo sa Gilead se bulwa ka 1943, go diragetseng mabapi le koketsego ya Bogosi mo lefatsheng lotlhe?
11 Mme go tweng kaga koketsego ya Bogosi mo lefatsheng lotlhe? Fa setlhopha sa ntlha sa Sekolo sa Gilead se ne se amogela thapiso ka 1943, go ne go na le baboledi ba Bogosi ba le 126 329 fela bao ba neng ba dira mo mafatsheng a le 54 lefatshe ka bophara. Gompieno, tlhora ya baboledi ba le 2 652 323 ba mafoko a a molemo ba rera mo mafatsheng a le 205. Go ya bokgakaleng jo bo rileng, koketsego e kgolo eno e nnile gone ka ntlha ya tiro e e molemo ya baalogi ba Gilead.
12. Sekaria 8:23 e ntse e diragadiwa jang?
12 Mo mafatsheng a mantsi ao baalogi bano ba neng ba romelwa kwa go one jaaka barongwa gammogo le baemedi mo boemong jwa ga Keresete, ba ne ba fitlhela masimo a siametse thobo. (Mathaio 9:37, 38; 2 Bakorintha 5:20) Go tswa bonnyaneng jo bo ka tlalang seatla fela mo mafatsheng a mangwe, gompieno makgolo, dikete, le e leng masome a dikete, a ile a kopanela le balatedi ba ga Jesu ba ba tloditsweng, mme ba rile: “Re tla ea le lona, gonne re utlwile ha Modimo o nntse le lona.” (Sekaria 8:23) Ee, mme go tsweledisa boboledi jwa Bogosi jwa lefatshe ka bophara pele, “boidiidi yo bogolo” jo bo oketsegang jono boa ithaopa.—Tshenolō 7:9.
Ba Itumetse ka go bo Ba Ithaopile
13. (a) Ke kakgelo efe eo e dirilweng ke morongwa mongwe yo o neng a ithaopela tirelo e e oketsegileng go Jehofa? (b) Ke potso efe eo e tlhokang go sekasekwa?
13 Ruri Jehofa o segofatsa bao ba bontshang pelo e e thamileng le moya wa go intsha setlhabelo, mme ba itumetse tota gore ba ithaopetse tiro e e oketsegileng ya go baka Modimo. Ka sekai, kgaitsadi mongwe wa morongwa o kwadile jaana: “Ke ile ka tlogela tiro eo ke neng ke e dira ya maemo, ka swetsa, mme ka September, 1930, mo nakong ya go ya tlase go gogolo ga tsa itsholelo, ruri ke simolotse telekiso ya botshelo [jaaka mmulatsela]. Ke ile ka nna ka itumela ka metlha gore ke dirile jalo . . . Go ne go kaya go latswa molemo wa ga Jehofa le go opela dipako tsa gagwe letsatsi lengwe le lengwe, ka jalo ga felela ka kagiso ya mogopolo go ka emelana le sengwe le sengwe seo se ka tlhagang.” (Pesalema 34:8) A o ka ithaopela tshiamelo ya tirelo ya bobulatsela kana ya borongwa?
14. Leloko lengwe la Setlhopha se se Laolang le ne la itlhalosa jang mabapi le tirelo ya nako e e tletseng?
14 Morago ga dingwaga tsa gagwe tsa ntlha tse 21 mo tirelong ya nako e e tletseng, mongwe wa barongwa ba pele ba Gilead mo Japane o kwadile jaana ka 1960: “Ke dingwaga tseo di tletseng ka boipelo le maitemogelo a dingwaga di le lekgolo tseo botshelo jo bo tlwaelegileng bo neng bo ka se kgone go di tshola!” Gompieno, dingwaga di le 24 moragonyana, boipelo jwa mokaulengwe yono bo sala bo ntse bo le bogolo ereka e le leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa.
15. (a) Ke eng seo bangwe ba se boletseng, morago ga go direla dingwaga di le dintsi kwa Bethele? (b) Seno se tlhagisa potso efe e e naganisang?
15 Morago ga dingwaga di le dintsi tsa tirelo jaaka monna yo o sa nyalang kwa ntlong-kgolo ya Mokgatlho wa Watchtower, mokaulengwe mongwe o rile: “Ga ke ikwatlhaele tsela eo ke e tlhophileng morago kwa mo tshimologong ya me ya bogodi. . . . Boipelo jwa go bona dimilione tsa dimakasine gammogo le dikgatiso tse dingwe tseo di tshotseng molaetsa wa Lefoko la Modimo o o anamang go ya dikhutlong tsotlhe tsa lefatshe e nnile tuelo e e gakgamatsang ka bogone.” Kgaitsadi mongwe yo o diretseng kwa Bethele ya Brooklyn fa e sale ka bo-1920 o ne ka nako nngwe a akgela jaana: “Mafoko gaa lekana go tlhalosa kgotsofalo le boipelo tseo ke di itemogetseng.” Mme morago ga go nna dingwaga tse dintsi mo tirelong ya Bethele, mokaulengwe mongwe o rile: “Ruri ke ipeletse tsela e e itumedisang, e e duelang le e e segofatsang ya botshelo.” A le wena o ka ithaopela tirelo e e ipedisang ya Bethele?
Arabela ka go Dumela mo go Jehofa
16. Ke eng seo bakaulengwe ba babedi ba ba godileng ba se buileng kaga go amogela dikabelo go tswa mo phuthegong ya ga Jehofa?
16 Mokaulengwe mongwe yo o godileng yo ga jaanong a direlang mo Papua New Guinea nako nngwe o kwadile jaana: “[Dingwaga tseno tsa tirelo ya nako e e tletseng] e nnile dingwaga tse di molemo-lemo, tsa boitumelo jo bogolo. . . . Abo e ne e le botlhale jang ne go tsaya tsholofetso ya Morena e e mo go Mathaio 6:33 tsia! Abo go utlwala jang ne go latela ketelelo-pele ya Morena jaaka fa e bontshiwa ka phuthego ya gagwe!” Mokaulengwe mongwe go tswa Britain, yo o nnileng motlhanka wa nako e e tletseng mo India go tloga ka bo-1920, o boletse sentle jaana: “Lefatshe lotlhe ga jaanong ke lefelo le lennyane thata. Go na le [batlhanka ba ga Jehofa] mo lefatsheng lengwe le lengwe mme ba ratega mo nageng nngwe le nngwe. Motho o tlwaelana ka bonako le maemo a mo mafatsheng a seeng. Ke kgang fela ya gore motho a fetse fela mogopolo go e dira, mme abo a senka moya wa ga Jehofa go mo kgonisa go fenya dikgoreletsi. Kgakololo ya me ke gore, Ka metlha amogela kabelo e e tswang go phuthego ya ga Jehofa mme ka boipelo o fetse mogopolo go e tsweledisa pele.”
17. (a) Go baboledi ba phuthego, ke dipaka dife tse di leng gone tsa tirelo e e tokafaditsweng kana e e okeditsweng go Jehofa? (b) Paulo o ne a arabela jang fa a lemoga ‘kgoro e kgolo . . . e go nang le tiro mo go yona’?
17 Jaaka mmoledi wa phuthego yo o nang le lelapa le maikarabelo a a farologaneng a Dikwalo, o ka nna wa ipotsa gore, ‘Nka dira go le kana-kang? Ga go ope yo o ka go bolelelang. Mme o ka rapela Jehofa, o mo kopa gore a go dirise go ya bokgakaleng jo bo ka kgonegang mo tirelong ya gagwe e e boitshepo. Gongwe o ka oketsa bontsi jwa nako eo ka metlha o e neelang mo bodiheding jwa tshimo. Fa o ise o ke o tsamaisi thuto ya legae ya Bibela le motho yo o kgatlhegang, o ka rulaganyetsa go nna le yone. Mme rotlhe re ka tokafatsa boleng jwa tirelo ya rona go Jehofa fa re dirisa kgakololo ya Lefoko gammogo le phuthego tsa gagwe. Mme gape, fa o tlhophilwe jaaka mogolwane, thuso ya gago ya semoya e ka ne e tlhokiwa thata-thata mo phuthegong e nngwe. Fa lelapa la gago le fudugela koo tlhokafalo e leng kgolo thata gone, wena, mosadi wa gago gammogo le bana ba gago le ka nna le boipelo jo bo oketsegileng mo go boneng le mo go thuseng ba seka-dinku. Fa nako e ntse e tsamaya, le ka nna le boipelo jwa go thusa go tlhoma phuthego e ntšha, kana go ka nna le masego a mangwe a mantsi go feta ditebelelo tsa gago. Fa moaposetoloi Paulo a ne a lemoga ‘kgoro e kgolo . . . e go nang le tiro mo go yone,’ o ne a tlhoafalela go oketsa tirelo ya gagwe mo go bakeng Jehofa. (1 Bakorintha 16:9; 2 Bakorintha 2:12; Bakolosa 4:2-4) A o ikutlwa ka mo go tshwanang?
18. (a) Ke eng seo se kgothalediwang fa kgoro ya tirelo ya Bokeresete e e oketsegileng e go bulegela? (b) Phelelo e tla nna efe fa o ithaopa?
18 He, ke eng seo o tla se dirang fa tshiamelo ya go direla Jehofa e bewa fa pele ga gago? A o tla ikgogona, kana a o tla bontsha moya wa go intsha setlhabelo? Ke boammaaruri, o tshwanetse go bala ditshenyegelo. (Luke 14:27-30) Mme fa kgoro ya tirelo e e oketsegileng ya Bokeresete e go bulegela, rapela Jehofa. Tlhagisa seo o se batlang mo dithapelong tsa go nna jalo, mme o lebelele kaelo ya gagwe. (Pesalema 37:5; Bafilipi 4:6, 7) Ka gone, fa moya wa gagwe o o boitshepo o go tlhotlheletsa go amogela tshiamelo e e rileng, ineele mo ketelelong pele eo mme o dire jalo o na le tumelo go Rraago wa selegodimo. Fa o tsaya tsela ya go intsha setlhabelo mo go tswelediseng dikgatlhego tsa Bogosi pele, eleruri o tla segofadiwa. Mme gakologelwa, “tshegōhacō ea ga Yehofa ea humisa, me ga a ke a e oketsa ka bohutsana.” (Diane 10:22; Malaki 3:10) Ee, masego a a molemo le a a sa lebelelwang e tla nna a gago fa o ithaopa!
O Tla Araba Jang?
◻ Ke eng seo Basupi ba ga Jehofa ba se dirang ga jaanong tumalanong le Pesalema 110:3?
◻ Batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno ba ne ba sekaseka tiro ya go rera ka Bogosi jang?
◻ Ke eng seo se diragetseng ka koketsego ya Bogosi ya lefatshe ka bophara, fa e sale Sekolo sa Gilead se bulwa ka 1943?
◻ Ke dipaka dife tse di gone tsa tirelo e e tokafaditswena kana e e okeditsweng go Jehofa?
◻ Fa kgoro ya tirelo e e oketsegileng ya Bogosi e go bulegela, o tsnwanetse go arabela
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Fa Paulo a amogela ‘pitso ya Makedonia,’ ene le balekane ba gagwe ba ne ba ithaopela tirelo ya go baka Jehofa
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Baalogi ba setlhopha sa ntlha sa Sekolo sa Gilead ka July 1943. Babulatsela ba ba dirang ka natla bano ba ne ba ithaopela tirelo e e oketsegileng ya Bogosi