LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 4/15 ts. 14-19
  • Basha—Ke Eng Se Lo Se Latelelang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basha—Ke Eng Se Lo Se Latelelang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Itise mo Ditsaleng tse di Bosula
  • Go Tshaba Dikeletso tse di Phoso
  • Go Latelela Kamano E E Gaufiufi le Jehofa
  • Tshololela Batsadi ba Gago Pelo ya Gago
  • Nna O Ntse O Latelela Tshiamo!
  • Basha—Ipediseng Pelo ya ga Jehofa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Basha, a lo Ikagela Isagwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Basha, A Boitsholo jwa Bibela ke Tsela e e Molemo-lemo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Basha, Tsamayang Kafa go Tshwanetseng Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 4/15 ts. 14-19

Basha—Ke Eng Se Lo Se Latelelang?

“U tshabè dithatō tsa bokau, me u latèlè tshiamō, le tumèlō, le loratō, le kagishō, u na le ba ba bitsañ Morèna ka pelo e e itshekileñ.”—2 TIMOTHEO 2:22.

1. Re solofetse eng ka basha ba ba mo gare ga rona?

“BASUPI BA GA JEHOFA,” go ne ga bolela jalo pampiri ya dikgang ya kwa Sweden ya Pentekosete e go tweng Dagen (Letsatsi), “ke setlhopha se ngwaga le ngwaga se nnang le maloko a a tlileng bosheng a le mantsi go gaisa tsotlhe mme ke sone se nang le palo e kgolo go di gaisa tsotlhe ya basha.” Gongwe o karolo ya boidiidi jono jwa basha ba ba phepa, ba ba boifang Modimo. O ka tswa o ile wa godisiwa ka tsela ya Bokeresete go tswa fela kwa bonyenyaneng, kana o ka nna wa bo o ile wa utlwa molaetsa wa Bogosi mme wa tsaya kgato o le esi fela. Go sa kgathalesege gore o tsene ka mokgwa ofe, re itumelela go bo o le mo gare ga rona. Mme re solofela gore o tla latelela tsela ya tshiamo, jaaka basha ba ba ikanyegang ba Bakeresete ba ile ba dira mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Mafoko a ga moaposetoloi Johane a ka nna a bo a go tshwanela tota: “Lo . . . thata, me lehoko ya Modimo le nntse mo go lona, me lo hentse eo o boshula.”—1 Yohane 2:14.

2. Ke dilo dife tse di ka dirang gore go latelela tsela ya tshiamo go nne bokete mo ‘dingwageng tsa bosha’?

2 Basha ba le bantsi ba Bakeresete gompieno—ee bontsi jwa bone—ba emelelana le dikgatelelo tsa lefatshe. Lefa go ntse jalo, o ka nna wa fitlhela gore go tswelela mo tseleng e e ntseng jalo ga go motlhofo. Fa o le mo ‘dingwageng tsa bosha,’ o ka nna wa ikutlwa o fekeediwa ke maikutlo a masha a a maatla. (1 Bakorintha 7:36) Ka nako e e tshwanang, o ka nna wa bo o ikutlwa o na le boikarabelo jo bo ntseng bo gola kwa sekolong, mo gae, le mo phuthegong. Gape go na le kgatelelo e e tswang kwa go Satane Diabolo ka boene. Ereka a ikaeletse go faposa batho ba le bantsi ka mo a ka kgonang ka teng, o tlhasela bao ba lebegang ba ka raelesega—fela jaaka a ile a dira kwa tshimong ya Edena. Ka nako eo, ga a ka a lebisa thaelo ya gagwe mo go Adame yo mogolwane, yo o nang le kitso e kgolwane, mme o ne a e lebisa kwa go mosadi Efe yo o neng a le mmotlana ebile a sena boitemogelo go le kalo. (Genesise 3:1-5) Makgolo a sekae a dingwaga moragonyana, Satane o ne a dirisa maano a a tshwanang mo phuthegong e ntšha ya Bakeresete ya kwa Korintha. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Kea boiha, gore e se re kgotsa motlha moñwe, yaka nōga e tsieditse Efe ka boherehere yoa eōna, pelo tsa lona tsa senyèga yalo, tsa kgaogana le tshiamō le boitshèkō yo bo ntlheñ ea ga Keresete.”—2 Bakorintha 11:3.

3, 4. Satane Diabolo o dirisa dilo dife go faposa basha, mme seo se ka felela ka eng?

3 Gompieno, batsadi ba gago ba Bakeresete le bone ba ka nna ba go boifela fela jalo. E se gore ba akanya gore o sekametse mo boikepong, mme e le ka gonne ba itse ka seo ba se itemogetseng gore batho ba basha ke bone ba segolobogolo ba leng mo kotsing ya go ka raelwa ke “maanō a boherehere” a ga Satane. (Baefesia 6:11, ntlhanyana e e kwa tlase go NW) Go na le gore dithaelo tsa ga Satane di lebege di isa kwa bosuleng, di dirwa gore di lebege di gogela tota, di eletsega. Thelebishene ka bonokopela e tsaya go rata dilo tse di bonalang, go tlhakanela dikobo mo pontsheng, thubakanyo e e tsitsibanyang mmele, le tirisabadimo e di dira boitlosobodutu. Megopolo ya batho ba basha e ka simolola go tlala ka dilo tse tota ‘di seng boammaaruri, e se tsa botlhokwa, di sa itsheka, di sa ratege.’ (Bafilipi 4:8) Kgatelelo ya balekane ke sedirisiwa se sengwe se se maatla sa ga Satane. Balekane ba ka go gatelela thata gore o latele tsela ya bone ya go tshela, ya go apara, le ya go ikgabisa. (1 Petere 4:3, 4) Mokwadi wa pampiri nngwe ya dikgang ebong William Brown o ne a akgela jaana: “Fa e le gore go na le Modimo mongwe wa selefatshe wa mosha wa dingwaga tsa bolesome ke Modimo wa go tshwana le ba bangwe. . . . Mo basheng ba dingwaga tsa bolesome go sa tshwane le ba bangwe ke sengwe se se bosula go gaisa tsotlhe tse di ka ba diragalelang.” Mosetsana mongwe wa Mosupi kwa Italy o ne a ipolela jaana: “Ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong go itsise balekane ba me ba sekolo gore ke ne ke le Mosupi. Mme ka gonne ke ne ke itse gore Jehofa o ne a sa rate seo, ke ne ke hutsafetse ebile ke sulafaletswe.”

4 O se ka wa tsietsega—Satane o batla go go gogela kwa tshenyegong. Basha ba le bantsi ba ba mo lefatsheng ba tla latlhegelwa ke matshelo a bone ka sepitla se segolo ka gonne ba iteseleditse gore ba faposiwe. (Esekiele 9:6) Motho a ka falola fela fa a dira se se siameng.

Itise mo Ditsaleng tse di Bosula

5, 6. (a) Lekawana Timotheo le ne la lebana le dikgwetlho dife fa a santse a nna kwa Efeso? (b) Paulo o ne a gakolola Timotheo jang?

5 Seo e ne e le yone ntlha ya konokono mo kgakololong eo moaposetoloi Paulo a neng a e neela lekawana Timotheo. Timotheo o ne a ile a pata moaposetoloi Paulo mo mesepeleng ya gagwe ya borongwa dingwaga di feta lesome. Ka nako ya fa Timotheo a ne a direla mo motseng wa boheitane wa Efeso, Paulo o ne a le mo kgolegelong ya kwa Roma a letetse go bolawa. Kwantle ga pelaelo, fa nako ya loso lwa gagwe e ntse e atamela, Paulo o ne a amegile ka gore Timotheo o ne a tla tswelela jang. Efeso e ne e le motse o o neng o itsege thata ka khumo ya one, boitsholo jwa one jo bo maswe, le boitlosobodutu jo bo sa siamang, mme Timotheo o ne a se kitla a tlhola a tshegediwa ke mogakolodi wa gagwe yo a neng a mo rata ebile a mo tshepa.

6 Ka jalo Paulo o ne a kwalela ‘ngwana wa gagwe yo o rategang’ mafoko ano: “Me yana mo tluñ e kgolo go bo go se diyana tsa gouda le tsa selefera di le cosi; me le gōna go na le tsa logoñ le tsa lecopa; me diñwe ke tsa tlotlō, tse diñwe ke diyana hèla. Me ke gōna, ha motho a itlhapisa mo diloñ tsele, o tla bo a le seyana sa tlotlō, se se itshepisicweñ, se se chwanetseñ go yèla ka muñ, se se baakanyedicweñ tihō ñwe le ñwe e e molemō. Me u tshabè dithatō tsa bokau, me u latèlè tshiamō, le tumèlō, le loratō, le kagishō, u na le ba ba bitsañ Morèna ka pelo e e itshekileñ.”—2 Timotheo 1:2; 2:20-22.

7. (a) ‘Dijana fela’ tse Paulo a neng a tlhagisa ka tsone e ne e le eng? (b) Basha ba ka dirisa mafoko a ga Paulo jang gompieno?

7 Ka go rialo Paulo o ne a tlhagisa Timotheo gore le mo gare ga Bakeresete ka ene tota go ne go ka nna ga bo go na le ‘dijana tse e seng tsa tlotlo’—batho ba ba neng ba sa itshware ka tsela e e tshwanetseng. Jaanong fa e le gore go itsalanya le Bakeresete bangwe ba ba tloditsweng go ne go ka gobatsa Timotheo, abo go itsalanya le batho ba lefatshe go ka gobatsa mosha wa Mokeresete thata jang ne gompieno! (1 Bakorintha 15:33) Seno ga se reye gore o ngalele balekane ba gago ba sekolo. Mme lefa go ntse jalo o tshwanetse gore o ele tlhoko gore o seka wa dirisana thata le bone, lefa e le gore seno ka dinako tse dingwe se ka dira gore o lebege o rata go dira dilo o le esi. Seno se ka nna bokete tota. Mosetsana mongwe wa kwa Brazil o bolela jaana: “Go bokete. Ka metlha ke lalediwa ke balekane ba me ba sekolo gore ke tsamaye le bone kwa meletlong le kwa mafelong ao a sa tshwanelang basha ba Bakeresete. Ba re: ‘Wa reng! Ga o tsamaye? O a tsenwa!’”

8, 9. (a) Go itsalanya le eleng le batho ba lefatshe ba go lebegang ba siame, go ka tsenya Mokeresete mo kotsing jang? (b) O ka bona kae ditsala tse di siameng?

8 Basha bangwe ba lefatshe ba ka nna ba lebega ba siame fela ka gonne ba sa goge, ba sa tlhapatse, kana ba sa kopanele mo boitsholong jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. Lefa go ntse jalo fa ba sa latelele tshiamo, go akanya ga bone le maikutlo a bone di ka go tlhotlheletsa motlhofo fela. Mo godimo ga moo, tota o ka tsamaisana go le kana kang le batho ba ba sa dumeleng? (2 Bakorintha 6:14-16) Kana gone, dilo tsa semoya tse wena o di ratang thata ke “dinyana” fela mo go bone! (1 Bakorintha 2:14) A o ne o ka tswelela pele o le tsala ya bone mme wa se ka wa latlha melaometheo e o tshelang ka yone?

9 Ka jalo ikgape mo ditsaleng tse di bosula. Itsalanye fela le Bakeresete ba ba bayang dilo tsa semoya kwa pele mo megopolong ya bone bao eleruri ba ratang Jehofa. Le mo phuthegong o itlhokomele mo basheng ba ba sa lebeng dilo ka tsela e e tshwanetseng kana ba ba ratang go tshwayatshwaya diphoso. Fa o ntse o gola semoyeng, gongwe mofuta wa ditsala tse o di batlang o tla fetoga. Mosetsana mongwe wa Mosupi wa dingwaga tsa bolesome o bolela jaana: “Ke ntse ke dira ditsala tse disha mo diphuthegong tse di farologaneng. Seno se dirile gore ke lemoge kafa go sa tlhokegeng ka gone gore ke nne le ditsala tsa lefatshe.”

Go Tshaba Dikeletso tse di Phoso

10, 11. (a) Go ‘tshaba dithato tsa bokau’ go raya eng? (b) Motho a ka ‘tshaba boaka’ jang?

10 Paulo gape o ne a kgothatsa Timotheo gore a “tshabè dithatō tsa bokau.” Fa o le mosha o ka nna le keletso e e maatla ya gore o ratege, o ijese monate, kana gore o kgotsofatse dikeletso tsa tlhakanelodikobo. Fa o sa kganele dikeletso tse di ntseng jalo, di ka go gogela kwa boleong. Ka jalo Paulo o ne a re re tshabe dikeletso tse di borai—go sia jaaka ekete o lelekilwe ke sengwe se se ka go bolayang.a

11 Ka sekai, keletso ya tlhakanelodikobo e ile ya gogela basha ba le bantsi ba Bakeresete kwa goreng ba swe semoyeng. Jalo he, Bibela e re bolelela ka mabaka a a utlwalang gore re ‘tshabe boaka.’ (1 Bakorintha 6:18) Fa batho ba babedi ba ratana, ba intsha mmogo, ba ka dirisa molaomotheo ono ka go tila maemo a a raelang—jaaka go nna ba le babedi fela mo phaposing kana mo koloing e eme. Go nna le mongwe yo o tla lo bayang leitlho go ka lebega e le sengwe sa bogologolo, mme lefa go ntse jalo tota go ka sireletsa. Mme lefa mafoko kana ditiro dingwe tsa go bontsha lorato di ka tswa di siame, go tshwanetse ga bewa melelwane e e lekalekaneng gore go tilwe boitshwaro jo bo seng phepa. (1 Bathesalonia 4:7) Go tshaba boaka gape go ne go ka akaretsa go tila ditshwantsho kana metshameko ya thelebishene tseo di ka nnang tsa tsosa dikeletso tse di phoso. (Yakobe 1:14, 15) Fa go tla dikakanyo tse di malebana le boitsholo jo bo maswe mo mogopolong o sa batle, akanya ka sengwe se sele. Tsamayatsamaya; bala sengwe; dira tiro nngwe ya mo lapeng. Thapelo e ka nna thuso e e maatla go gaisa mo ntlheng eno.—Pesalema 62:8.b

12. O ka ithuta jang go ila se se bosula? Tshwantsha.

12 Sa botlhokwa le go gaisa, o tshwanetse wa ithuta go ila bosula, go bo tlhoa, le go sa bo beye sebete. (Pesalema 97:10) O ka ila jang sengwe se pele se neng se le monate kana o se itumelela? Ka go akanya ka diphelelo tsa sone! “Lo se tsietsege; Modimo ga o shotlwe: gonne se motho o se yalañ, ke shōna se o tla se rōbañ. Gonne eo o yalèlañ nama ea gagwè o tla rōba sebodu se se cwañ mo nameñ.” (Bagalatia 6:7, 8) Fa o raelesega gore o ineele mo keletsong ya tlhakanelodikobo, akanya ka matswela a magolo a seno—kafa seno se neng se ka utlwisa Jehofa Modimo botlhoko ka gone. (Bapisa Pesalema 78:41.) Akanya gape kafa go ka kgonegang ka gone gore o ime o ne o sa rulaganya kana gore o tsenwe ke bolwetsi, jo bo jaaka AIDS. Akanya kafa o neng o ka fuduega maikutlo ka gone le kafa o neng o ka latlhegelwa ke boitlotlo ka gone. Gape go ka nna le diphelelo tse di tla tsayang nako e telele. Mosadi mongwe wa Mokeresete o bolela jaana: “Nna le monna wa me re ne ra nna le dikamano tsa tlhakanelodikobo le batho ba bangwe re ise re kopane. Le mororo re le Bakeresete ka bobedi jwa rona gone jaanong, re nna le dikgogakgogano le lefufa mo lenyalong la rona ka ntlha ya tlhakanelodikobo ya rona pele mo botshelong.” Selo se sengwe gape se se sa tshwanelang go lebalwa ke go ka latlhegelwa ke ditshiamelo tsa gago tsa bolegodimo kana gone gore o ka nna wa kobiwa mo phuthegong ya Bokeresete! (1 Bakorintha 5:9-13) A go na le monate mongwe wa nakwana o o ka nnang botlhokwa le mororo go na le diphelelo tse dikgolo jaana?

Go Latelela Kamano E E Gaufiufi le Jehofa

13, 14. (a) Ke ka ntlha yang fa go sa lekana go tshaba se se bosula? (b) Motho a ka ‘latelela go itse Jehofa’ jang?

13 Lefa go ntse jalo, ga go a lekana go tshaba se se bosula fela. Timotheo gape o ne a kgothalediwa gore a “latèlè tshiamō, le tumèlō, le loratō, le kagishō.” Seno se tlhoka gore o tseye kgato ka matlhagatlhaga. Moperofeti Hosea le ene ka tsela e e tshwanang o ne a kopa morafe o o sa ikanyegeng wa Iseraele a re: “Ntloñ, re boeleñ kwa go Yehofa . . . Re lateleleñ go itse Yehofa.” (Hosea 6:1-3) A le wena o mo lateletse ka tsela e e ntseng jalo? Go ka akaretsa se se fetang go nna gone fela kwa dipokanong le go tsamaya le batsadi ba gago kwa tirelong ya tshimo. Mosadi mongwe wa Mokeresete o ne a ipolela jaana: “Batsadi ba me ba ne ba nkgodisetsa mo boammaaruring, le gone ke ne ka kolobediwa ke sa le mmotlana. . . . Ke ne ke ka se ye dipokanong ka sewelo fela mme kgwedi e ne e se ke e feta ke sa ya tirelong, mme lefa go ntse jalo ga ke a ka ka tlhagolela kamano e e gaufiufi le Jehofa.”

14 Mosha yo mongwe le ene o dumela gore ga a ka a itse Jehofa e le Tsala le Rre, o ne a mo leba thata jaaka Moya fela o o kgakala. O ne a wela mo boitsholong jo bo sa siamang jwa kafa dikobong mme a tshola ngwana a sa nyalwa a na le dingwaga di le 18. O se ka wa dira phoso e e ntseng jalo! ‘Latelela go itse Jehofa,’ jaaka Hosea a ne a kgothatsa. Ka go rapela le go sepela le Jehofa malatsi otlhe, o ka mo dira tsala ya gago e kgolo. (Bapisa Mika 6:8; Yeremia 3:4.) ‘Ga a kgakala le mongwe le mongwe wa rona’ fa re mmatla. (Ditihō 17:27) Ka jalo go tlhokega thulaganyo ya ka metlha ya go ithuta Bibela ka namana. Thulaganyo e e ntseng jalo ga go tlhokege gore e bo e raraane kana e le thata go tlhaloganngwa. “Letsatsi le letsatsi ke bala Bibela ka metsotso e ka nna 15,” go bolela jalo mosetsanyana mongwe yo go tweng Melody. Ipeele nako ya gore o bale tokololo nngwe le nngwe ya Tora ya Tebelo le Tsogang! Ipaakanyetse dipokano tsa phuthego gore o tle o ‘tlhotlheletse ba bangwe mo loratong le mo ditirong tse di molemo.’—Bahebera 10:24, 25.

Tshololela Batsadi ba Gago Pelo ya Gago

15. (a) Ke ka ntlha yang fa ka dinako tse dingwe go le thata go utlwa batsadi? (b) Ke ka ntlha yang fa go utlwa gantsi go solegela mosha molemo?

15 Batsadi ba ba boifang Modimo ba ka go thusa tota le go go tshegetsa. Mme lefa go ntse jalo ela tlhoko gore wena o tshwanetse wa dira eng: “Utlwañ batsadi ba lona mo Moreneñ: gonne mo, go siame. Tlotla rrago le mmago—e e leñ eōna taolō ea ntlha e e nañ le polèlō ea choloheco—Gore go tlè go nnè molemō mo go wèna, le gore u tshelè ka bolele mo lehatshiñ.” (Baefesia 6:1-3) Ke boammaaruri, o ntse o a gola mme gongwe o batla kgololesego e e oketsegileng. O ka nna wa bo o ntse o lemoga ka mo go oketsegileng kafa batsadi ba gago ba tlhaelang ka gone. Moaposetoloi Paulo o ne a dumela jaana: “Borraarona ba batho ba ne ba ka dira seo ba neng ba akanya gore se siame.” (Bahebera 12:10, The Jerusalem Bible) Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya ke wena o solegelwang molemo ke go ba utlwa. Batsadi ba gago ba a go rata ebile ba go itse go feta motho ope fela o sele. Lefa gone o ka nna wa se ke o dumalane le bone ka dinako tsotlhe, gantsi ba a bo ba batla gore wena o solegelwe molemo. Ke ka ntlha yang fa o ka emelana le maiteko a bone a go leka go go godisetsa “mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna”? (Baefesia 6:4) Totatota, seeleele ke sone fela se ‘nyatsang thuto ya ga rraasone.’ (Diane 15:5) Mosha yo o botlhale o tla tlotla taolo ya batsadi ba gagwe mme a bontshe tlotlo e e tshwanetseng.—Diane 1:8.

16. (a) Ke ka ntlha yang fa go se botlhale gore basha ba fitlhele batsadi ba bone mathata a bone? (b) Basha ba ka dira eng go tokafatsa puisano ya bone le batsadi ba bone?

16 Seo se ka akaretsa go bolelela batsadi ba gago boammaaruri, go ba itsise fa o na le bothata, jaaka dipelaelo tse di go tshwenyang malebana le boammaaruri kana go wela mo boitsholong jo bo sa lebegeng sentle. (Baefesia 4:25) Go fitlhela batsadi dilo tse di tshwenyang maikutlo jalo go baka mathata a a oketsegileng. (Pesalema 26:4) Gone ke boammaaruri, batsadi bangwe ga ba dire maiteko a a lekaneng a go buisana. “Mmè ga a ke a nna fa fatshe a buisana le nna,” go ne ga ngongorega jalo mosetsanyana mongwe. “Ga nke ke nna le sebete sa go mmolelela gore ke ikutlwa jang ka gonne ke tshaba gore o tla tshwaya diphoso.” Fa e le gore o mo boemong jo bo tshwanang le joo, tlhopha ka botlhale nako e e tshwanetseng gore o itsise batsadi ba gago gore o ikutlwa jang. “Morwaaka, nnaea pelo ea gago,” go kgothatsa jalo Diane 23:26. Leka go ba bolelela dilo tse di go tshwenyang ka metlha, pele go tlhaga mathata a a masisi.

Nna O Ntse O Latelela Tshiamo!

17, 18. Mosha o tla thusiwa ke eng gore a tswelele pele a latelela tshiamo?

17 Fa Paulo a ela kwa bokhutlong jwa lokwalo lwa gagwe lwa bobedi, o ne a kgothatsa Timotheo jaana: “U nnèlè rure mo diloñ tse u di ithutileñ le tse u di tlhomamisedicweñ.” (2 Timotheo 3:14) Le wena o tshwanetse go dira jalo. O seka wa letla ope kana sepe gore se go gogele kgakala le go latelela tshiamo ga gago. Lefatshe la ga Satane—lefa le gogela jaana—le apesitswe ke boikepo. Mo bogautshwaneng lone mmogo le ba e leng karolo ya lone ba tla senngwa. (Pesalema 92:7) Ititeye sehuba gore o se ka wa senngwa le boidiidi jwa ga Satane.

18 Go go thusa go fitlhelela seo, o tshwanetse gore ka metlha o tlhatlhobe mekgele ya gago, dikeletso tsa gago, le dilo tse o di kgatlhegelang. Ipotse jaana, ‘A ke tswelela ke dirisa puo le boitshwaro tsa maemo a a kwa godimo le fa ke sa bonwe ke batsadi ba me le maloko a phuthego? Ke tlhopha ditsala tsa mofuta mang? A balekane ba lefatshe ba laola tsela e ke aparang ka yone le e ke ikgabisang ka yone? Ke itlhometse mekgele efe? A ke tlhomile pelo ya me mo bodiheding jwa nako e e tletseng—kana mo tirong nngwe ya botshelo jotlhe mo tsamaisong eno e e felang ya ga Satane ya dilo?’

19, 20. (a) Ke ka ntlha yang fa mosha a sa tshwanela go ikutlwa a ka se ke a kgona go dira seo Jehofa a se batlang? (b) Basha ba ka dirisa dipaakanyetso dife?

19 Gongwe o bona go tlhokega gore o dire dipaakanyo dingwe mo mogopolong wa gago. (2 Bakorintha 13:11) O se ka wa ikutlwa gore o ka se ke o kgone. Gakologelwa, Jehofa ga a a lebelela gore o dire se se fetang se o ka se kgonang. Moperofeti Mika o ne a botsa jaana: “Yehofa o lōpañ mo go wèna, ha e se gore u dihè ka tshiamō, le go rata boutlwelō botlhoko, le go sepela ka boikokobetso le Modimo wa gago?” (Mika 6:8) Seno ga se kitla se nna bokete thata fa o ka dirisa dilo tse Jehofa a di go baakanyeditseng gore di go thuse. Nna o atamalane le batsadi ba gago. Kopanela ka metlha le phuthego ya Bokeresete. Selo sa konokono, dira boiteko jwa gore o itse bagolwane ba phuthego. Ba amegile kaga gore o atlege mme ba ka go tshegetsa le go go gomotsa. (Isaia 32:2) Mo godimo ga tsotlhe, tlhagolela kamano e e gaufi, e e lorato le Jehofa Modimo. O tla go neela maatla le keletso ya go latelela se se siameng!

20 Lefa go ntse jalo, basha bangwe ba koafatsa maiteko a bone a go gola semoyeng ka go reetsa mmino o o bosula. Setlhogo se se latelang se tla itebaganya le kgang eno.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Lefoko la Segerika le le rayang ‘go tshaba’ gape le dirisiwa mo go Mathaio 2:13, koo Marea le Josefa ba neng ba bolelelwa gore ba “tshabèlè kwa Egepeto” gore ba iphalotse segwenegwene sa ga Herode sa go bolaya losea.—Bapisa Mathaio 10:23.

b O tla fitlhela dintlha di le mmalwa tse di thusang go laola keletso ya tlhakanelodikobo mo go kgaolo 26 ya buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, eo e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

A O A Gakologelwa?

◻ Ke ka ntlha yang fa e le basha segolobogolo ba ba ka raelwang ke “maanō a boherehere” a ga Satane?

◻ Ke ka ntlha yang fa go itsalanya thata le basha ba lefatshe go le kotsi?

◻ O ka tshaba boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo jang?

◻ O ka latelela kamano e e gaufi le Jehofa jang?

◻ Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go buisana le batsadi ba gago?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Batho ba babedi ba ba ratanang ba tla bo ba dira ka botlhale fa ba itisa mmogo mo mafelong a a sa direng gore ba katoge batho ba bangwe jaaka “ice skating”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela