LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 10/1 ts. 14-20
  • Nnang Le ‘Sa Mathwa Gope Ke Lefatshe’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nnang Le ‘Sa Mathwa Gope Ke Lefatshe’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Go Ikilela Gore O Se Kgotlelwe Ke Lefatshe’
  • Nako ya Mokgwa wa Lefatshe Leno E Khutshwafetse
  • A Ga Rea Tshwanela go Dirisa Lefatshe Leno Gotlhelele?
  • ‘Dipapadi tsa Botshelo jwa Kgwebo’
  • Go Se Nne wa Lefatshe ka Tsela Epe Fela
  • ‘Se Ipapalele Ka Lehatshe Go Hetisa Selekanyo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Bafalodi Ba se Nne ‘Karolo ya Lefatshe’
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • O Farologane Go Le Kana Kang le Lefatshe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ganana le Dikeletso tsa Lefatshe!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 10/1 ts. 14-20

Nnang Le ‘Sa Mathwa Gope Ke Lefatshe’

“Tumèlo e e itshekileñ, e e sa leshwèhalañ ha pele ga Modimo le Rra echo, ke e, go lekola masièla le basadi ba ba batlhōlagadi mo pitlaganoñ ea bōnè, le motho go ikilèla gore a se mathwe gopè ke lehatshe.”—YAKOBE 1:27.

1, 2. Dipatlafalo dingwe tsa kobamelo e e phepa ke dife?

JEHOFA o batla kobamelo e e phepa. (Yohane 4:23, 24) Mo gare ga dilo tse dingwe, bodumedi jo bo sa leswafalang bo tlhotlheletsa kamego e e tlhaga, e e lorato go ba ba tlhokang. (Bagalatia 2:10) Gape e biletsa go rona go ipoloka re sa mathwa gope ke lefatshe, ke gore, mokgatlho wa batho ba ba bosula ba ba ikgaogantseng le Modimo mme ba “namaletse ha tlhatse ga eo o boshula,” ebong Satane Diabolo.—1 Yohane 5:19.

2 “Tumèlō e e itshekileñ, e e sa leshwèhalañ ha pele ga Modimo le Rra echo, ke e, go lekola masièla le basadi ba ba batlhōlagadi mo pitlaganoñ ea bōnè, le motho go ikilèla gore a se mathwe gopè ke lehatshe,” go kwadile jalo morutwa Jakobe. Thanolelo e nngwe e re: “Bodumedi jo bo phepa, jo bo sa leswafalang, mo matlhong a Modimo Rraarona ke jo: go tswa masiela le batlholagadi thuso fa ba e tlhoka, le go ikilela gore motho a se kgotlelwe gope ke lefatshe.”—Yakobe 1:27, The Jerusalem Bible.

3. Ke dipotso dife tseo jaanong re tla di akanyetsang?

3 Mme rona jaaka batlhanka ba ga Jehofa re ka ipoloka ‘re sa kgotlelwa gope ke lefatshe’ jang? Pono ya Dikwalo ke efe ya dilo tse di ntseng jalo tse di jaaka dikgang tsa loago, dithulaganyetso tsa thuto, ditirisano tsa kgwebo le ditiro tsa boitloso-bodutu tsa lefatshe?

‘Go Ikilela Gore O Se Kgotlelwe Ke Lefatshe’

4. Yohane 17:14 le Isaia 2:2-4 di supang malebana le kamano ya rona le lefatshe leno?

4 Ereka rona jaaka basupi ba ga Jehofa re se “ba lehatshe,” re tshwanetse ra farologana le mokgatlho wa batho ba ba bosula. (Yohane 17:14) Ka ntlha e nngwe, seno se tlhoka gore re nne re sa tsaya letlhakore malebana le dikgang tsa sepolotiki tsa lefatshe. Re tshwanetse gape ra ikeha mo go tseneleleng mo thubakanyong ya lone mme re tshwanetse go lelekisa kagiso jaaka bao ba ‘thutseng ditšhaka tsa bone megoma.’—Isaia 2:2-4.

5. Go nna re sa kgotlelwa ke lefatshe leno, ke kgato efe eo re tshwanetseng go e tsaya jaaka e sutšwa ke (a) 1 Bakorintha 6:9-11? (b) Baefesia 5:3-5?

5 Jaaka batho bao ba eletsang go nna ba sa kgotlelwa ke lefatshe leno, re tshwanetse go tila puo, boitshwaro le maikutlo tseo di tlwaelegileng mo bathong ba lefatshe, mme e le tseo di sa dumalaneng le Lefoko la Modimo. Ka sekai, letlhoo, bogagapa, boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong le puo ya matlhapa ga dia siamela matshelo a rona. (1 Bakorintha 6:9-11; Baefesia 5:3-5) Ga go gakgamatse gore ditiro le maikutlo tsa rona di farologana le tsa batho ba lefatshe, ka go bo ga ba na kabalano le rona mo tsholofelong ya Bokeresete.

Nako ya Mokgwa wa Lefatshe Leno E Khutshwafetse

6. Mo ponong ya 1 Bakorintha 7:29-31, Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go leba lenyalo, dithoto le dilo tse dingwe tsa lefatshe jang?

6 Moaposetoloi Paulo o kwadile Jaana: “Nako e a khutshwafala. A jaanong ba ba nang le basadi ba nne jaaka ekete ga ba na bone, mme ba ba lelang jaaka ekete ga ba lele, mme ba ba itumetseng jaaka ekete ga baa itumela; bao ba rekang jaaka ekete ga ba na sepe, mme bao ba neng ba dirisa lefatshe jaaka ekete ga ba bapale sepe ka lone, ka go bo mokgwa wa lefatshe leno oa feta.” (1 Bakorintha 7:29-31, Modern Language Bible) Seno se supa gore lemororo banna ba Bakeresete ba tshwanetse go diragatsa ditlamego tsa lenyalo, ga baa tshwanela go dira lenyalo botshelo jotlhe jwa bone. Mo losong, Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya ba tla tlogela gotlhelele dikamano tsotlhe tsa selefatshe, maipelo, mahutsana le dithoto. Aitsane, le e leng jaanong, Bakeresete go sa kgathalesege gore ba na le tsholofelo ya selegodimo kana ya selefatshe ba ka nna ba latlhegeIwa ke mosadi kana dilo tse di bonalang! Mo godimo ga moo, ka nako ya “sepitla se segolo” botshelo, e seng dikhumo, bo tla bolokwa. (Mathaio 24:21; Moreri 9:11) Ka jalo ga go ope wa Basupi ba ga Jehofa gompieno yo o tshwanetseng go baya lenyalo, dithoto kana dilo tse dingwe tsa lefatshe kwa pele mo botshelong. Go na le moo, Bakeresete botlhe ba tshwanetse go dira kamano e e molemo le Jehofa Modimo kgang ya botlhokwa jo bogolo thata. Seno se ntse jalo segolo ereka rotlhe re tshela mo “metlheñ ea bohèlō” mme “mokgwa wa lefatshe leno oa feta.”—2 Timotheo 3:1.

7. Go ya ka moitseanape wa tsa itsholelo mongwe, ke eng seo se ileng sa golela gongwe le thuto, itsholelo le tse dingwe?

7 Batho ba bantsi ba amegile ka isagwe ya “mokgwa oa lehatshe leno.” Ka sekai, mokwadi wa dikoranta Nancy Brown o ne a tsopola moitseanape wa tsa itsholelo Ezra Misham fa a ne a bolela jaana malebana le kgolo ya thuto le madi: “[Ga ea] tokafatsa botshelo jwa batho. Batho ba bone go gola ga thubakanyo, boganana, bokebekwa jwa matlhabisa ditlhong, tshenyo ya dithoto, polaano le go ipolaya, thogano le tlhapatso, di gola mmogo le boitseanape, thuto le dikhumo.” Se se tshwaegang segolo e ne e le setlhogo seno sa koranta sa kgang e e neng e simolola ka gore: “Ke go tsenelela fela ga Bomodimo moo go ka bolokang lefatshe mo go itshenyeng.”—Times-Colonist, Victoria, British Columbia, March 25, 1982.

8. Ke ka ntlhayang fa re sa tshwanela go bapala gotlhe mo re ka go kgonang mo lefatsheng leno?

8 Tota, Jehofa o ne a bopa lefatshe gore go nniwe mo go lone, e seng ke mokgatlho wa batho ba ba bosula, mme ke batho ba ba siameng, ba ba itekanetseng. (Isaia 45:18; Pesalema 37:29, 38) Ka jalo Modimo ga o kitla o letlelela batho go itshenya. Mme ga go na pelaelo epe ya gore lefatshe leno le legologolo le tla tloga le nyelelela ruri. Ka gone, batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa ga baa tshwanela go dirisa lefatshe “ka botlalo.” Kana jaaka thanolelo e nngwe e e baya ka gore: “Lefa le dirisa lefatshe, se lekeng go bapala gotlhe mo le ka go bonang mo go lone, ereka lefatshe leno ka sebopego sa lone le tla tloga le feta.”—1 Bakorintha 7:31, The New Testament in the Language of Today, ka William F. Beck.

A Ga Rea Tshwanela go Dirisa Lefatshe Leno Gotlhelele?

9. (a) Batho ba ga Jehofa ba tla dirisa lefatshe leno go ya bokgakaleng bofe ka tshwanelo? (b) Malebana le Mathaio 6:31-33 le 1 Timotheo 6:7, 8, ke boikutlo bofe jo re tshwanetseng go nna le jone malebana le dikhumo?

9 Jaaka basupi ba ba ineetseng ba ga Jehofa, a go tshwanetse ka rona go bona sengwe mo lefatsheng leno? Ee, Paulo o ne a supa gore re ka dirisa lefatshe, mme e seng ka botlalo. Ka jalo, re ka dirisa dipaakanyetso tsa semolao tsa lefatshe mo go diragatseng dipateletsego tsa rona tsa Dikwalo le go dira gore molaetsa wa Bogosi o rerwe. (1 Timotheo 5:8; 6:17-19) Lefa go ntse jalo, ereka re eletsa gore re se ‘mathwe gope ke lefatshe,’ re ka se tsenelele ka tshwanelo mo dikgarurung tsa lone, mo dipopelelong tsa lone tsa go gwanta, dintwa tsa molomo le tse di matlho mahibidu kana dikgang tse di tshwanang. Le e leng ka bokhukhuntshwane ga rea tshwanela go rata letlhakore le lengwe go na le le lengwe. Lefa e le gore re tshwanetse go amega ka mo go sa tlhokafaleng ka botshelo jwa rona le katlego ya dikhumo, ka go bo Jesu o rile: “Ke gōna se itlhobaeleleñ, loa re, Re tla ya eñ? kgotsa, Re tla nwa eñ? kgotsa, Re tla apara eñ? Gonne Badichaba ba batla cōna dilō cotlhe tseuō: gonne Rra eno oa legodimo oa itse ha lo tlhōka dilō tse cotlhe. Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè: me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa.” Mme Jesu o ne a dirisa seo a neng a se rera, ka go bo lemororo bophokoje ba ne ba na le mesima le dinonyane di na le dintlhaga, go ne go se gope fa a neng a ka latsa tlhogo ya gagwe gone. Ka gone, ekete re ka ritibala ka dijo le diaparo fa re ‘batla bogosi pele.’—Mathaio 6:31-33; Luke 9:58; 1 Timotheo 6:7, 8.

10. Malebana le thutego, ke dipotso dife tse di tlhokang go akanyediwa ka thapelo, mme o ka di araba jang?

10 Go tweng he, ka go ipatlela tsela ya botshelo ya selefatshe? Tota, ereka lefatshe leno le tla feta mo motlheng wa rona, a go tla bo go utlwala go rulaganyetsa botshelo jo bo itsetsepetseng mo kgatelo-peleng ya boitshediso? (Mathaio 24:34) Le e seng! Mme pono eno eleruri e tla ama boikutlo jwa rona malebana le thutego ya lefatshe, a ga go jalo? Lemororo thuto e e tshwanetseng e tlhokafala, mo dikolong tsa thuto e e kwa godingwana motho o ka falola fela ka letshoba la mogodu mo go gogolweng gammogo le lekhubu le le anameng la go akanya ga lefatshe. Tota, go tshwanetswe ga itirelwa diphetso tsa botho malebana le thuto. (Bagalatia 6:5) Mme dipotso tse di jaaka tse di latelang di tlhoka go akanyediwa ka thapelo: Mo dingwageng tse di senngwang mo di-unibesithing, a baithuti ba kgonne le go ‘batla Bogosi pele le tshiamo ya ga Jehofa’? A ga ba amiwe gotlhelele ke megopolo le matlhale tseo di nyatsang tumelo ya boammaaruri? (Bakolosa 2:8) A ditsala tsa lefatshe di nnile le tlhotlheletso e e molemo mo go bone, kana di ile tsa senya bomoya jwa bone? (1 Bakorintha 15:33) Mme a tota batho ba bantsi ba ba rutegileng thata ba ile ba kgona go boloka boikokobetso?—Bafilipi 2:2, 3.

11. Go sa kgathalesege mofuta wa thuto ya motho, ke thuso efe e e baakanyediwang fano mo go tlhatlhobeng maitlhomo?

11 Mo kgannyeng eo, bangwe bao ba yang kwa dikolong tsa tiro ya diatla ba ka nwela mo tirong nngwe mo e leng gore ga ba sa tlhole ba dirisa nako e ntsi mo tirelong ya ga Jehofa. Ka jalo, e ka tswa ke thuto ya mofuta ofe, go ikaegile segolo ka maitlhomo a motho. A keletso ya go ikgona le ya dikhumo ke tsone lebaka le legolo? A thuto e tla felela ka go fokotsa thata tirelo ya gago go Jehofa? Kana e tla go thusa go go tsweledisa mo tirelong ya ga Jehofa, kana e tla thusa go go tlamela mo tirelong e e boitshepo? Jaaka Mokeresete yo o tshwanetseng go nna a sa mathwa gope ke lefatshe, a go na le moo o leka go ipatlela bonno mo tsamaisong eno ya dilo kana a ka boammaaruri o nwetse mo go bolokeng dikgatlhego tsa Bogosi kwa pele mo botshelong?

12. Ke eng se se ileng sa tlhotlheletsa batho bangwe ba ba rutegileng thata go ngaparela boammaaruri jwa Bogosi?

12 Re itumelela gore batho bangwe ba ba rutegileng thata ba ile ba ngaparela boammaaruri jwa Bogosi. Mme ga ba a ka ba dira jalo ka ntlha ya thutego ya bone e kgolo. Go na le moo, ba ne ba lemoga gore, go sa kgathalesege thutego ya bone e e kwa godimo, botshelo bo ne bo sa reye sepe ka go bo ba ne ba sena Modimo le tsholofelo e e tlhomameng. Jaanong ba itse gore ga se ‘bantsi ba ba botlhale, le ba ba maatla le ba ba tlotlegang’ ba ba bonang kamogelo ya bomodimo. (1 Bakorintha 1:26-31) Lefa go le jalo, bone ka bobone ba kgatlhegela gore kwa bofelong, ba bone boikaelelo jwa mmatota mo botshelong jaaka basupi ba ga Jehofa.

‘Dipapadi tsa Botshelo jwa Kgwebo’

13. Timotheo wa Bobedi 2:3, 4 e akantshang malebana le ditelekiso tsa kgwebo le Mokeresete yo o ineetseng?

13 Ereka re batla gore re se kgotlelwe ke lefatshe leno, ke boikutlo bofe jo re tshwanetseng go nna le jone malebana le ditelekiso tsa kgwebo? Mme kana, moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Timotheo gore: “U tlhakanèlè bothata le nna, yaka motlhabani eo o molemō oa ga Keresete Yesu. Ga go motlhabani opè eo o ren a le mo ntweñ a be a itlhakatlhakantse le dilō tsa botshelō yono; e be e le gore a kgatlhè èna eo o mo kwadileñ motlhabani.” (2 Timotheo 2:3, 4) Bakeresete ba tshwanetse go dira le go itlamela le malapa a bone ka boikanyegi. A mme go ka se gakgamatse fa Mokeresete yo o ineetseng a ne a ka buega segolo jaaka ra-kgwebo wa kwete go na le go nna modihedi? A selo sa ntlha-ntlha gaa tshwanela, go itsiwe jaaka mmoledi wa Bogosi le jaaka “motlhabani eo o molemō oa ga Keresete Yesu”?

14. Bahebera 13:18 e ka dirisiwa jang mo ditirisanong tsa rona tsa kgwebo?

14 Mo maemong a kgwebo, he, boitlhatlhobo jwa sebele bo a tlhokafala ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, ntlha ya gore re ka bo re dirisana le batho ba lefatshe ba ba bogagapa ga e fe seipato sepe sa go batla mekgwa ya bone e e bogalaka ya boikanyologi le puo ya bone e e bosula. Go na le moo, re tshwanetse “go tshela ka go tlhōka macoketsane mo diloñ cotlhe.” (Bahebera 13:18) Ke boammaaruri, gore re ka nna ra se amogele tshwaro e ntle mo bathong ba ba thamo e thata ba kgwebo ba lefatshe leno. Mme re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re segofaletsa tsela ya rona ya boikanyego, mme eno ke tsela e nngwe eo re ka ‘kgabisang thuto ya Modimo Moreboloki’ ka yone.—Tito 2:9, 10.

15. Ke kgakololo efe ya Dikwalo e e neelwang malebana le mefuta ya kgwebo ya botho?

15 Jaaka bao ba eletsang go sa kgotleIwe ke lefatshe, re tshwanetse ra dira se se “molemō mo bathuñ botlhe, me bogolo mo go ba e leñ ba ntlo ea tumèlō.” (Bagalatia 6:10) Mme re ka se kgone go dira jalo fa e le gore ka bogagapa re tlotlomatsa mokgwa mongwe wa kgwebo ya botho ka go dirisa go tlwaelana ga rona le batho ba Modimo ka go itirela poelo ka bone. Tota, Bakeresete ba tshwanetse go ‘sepela jaaka batho ba ba botlhale.’ (Baefesia 5:15) Lebaka la go bo mongwe a bitswa mokaulengwe a tla mo go rona ka thulaganyo nngwe ya go batla go huma ka bonako ga ea tshwanela go nna lebaka la gore re tlhotlheletsege ga motlhofo go kgaogana le madi a rona. Ka lebaka le le molemo phuthego ya Modimo gangwe le gape e re tlhagisitse kgatlhanong le bao ba ipitsang bakaulengwe ba rona ba semoya, mme e le bao ba batlang go jaka ka mo go sa tshwanelang mo ‘dinkung’ tsa ga Jehofa.

Go Se Nne wa Lefatshe ka Tsela Epe Fela

16. Ke ditsela dife tse dingwe tsa go supa gore ga rea ‘mathwa gope ke lefatshe’?

16 Ka mo go phepafetseng, re ka se umake tsela nngwe le nngwe eo ka yone Basupi ba ga Jehofa ba bontshang gore ba nna ba sa ‘mathwa gope ke lefatshe.’ Lefa go ntse jalo, eleruri go itlhapedisa ka dino tse di tagang ka mo go feteletseng, go mekamekana mo metshamekong eo go gaisanwang thata mo go yone kana mo ditirong tsa metshameko tse di thubakanyang, go senya dioura tse dintsi re lebeletse dibaesekopo kana re lebeletse mananeo a thelebishene ao a supang dinokwane, babolai le batho ba bangwe ba boitsholo jo bo sa siamang, re bala dibuka tse di nwetseng mo go tsa kafa dikobong le go tshameka metshameko e e thubakanyang ya video ga se ditsela tseo re ka nnang re sa mathwa gope ke lefatshe leno ka tsone. (1 Bakorintha 6:9, 10; 15:33; Bagalatia 5:19-26; 1 Petere 4:3) Jehofa o lebeletse gore basupi ba gagwe ba tile dipheteletso, boitsholo jo bo sa siamang le thubakanyo tsa lefatshe leno. Ka jalo ga rea tshwanela go batla kitso kana boitemogelo mo boikepong jwa lefatshe mme re tshwanetse ra bo re le ‘banyana ba ba seng molato mo bosuleng.’—1 Bakorintha 14:20; bapisa 1 Yohane 3:2, 3.

17. Go sa mathwe gope ke lefatshe ga rona go tshwanetse ga ama dikamano tsa rona le ba bangwe jang?

17 Go sa mathwe gope ke lefatshe leno go ya bokgakaleng jwa go akareletsa karolonyana nngwe le nngwe ya botshelo jwa rona mme ka mo go tlhomamisegileng go akareletsa le ditirisano tsa rona le ba bangwe. Lemororo mekgwa e e jaaka lefufa le le bogalaka, go betabetana, go ikgantsha le go aka di tumile mo lefatsheng leno, ga dia tshwanela go nna gone mo go rona, ka go bo Jakobe o kwadile jaana: “E mañ eo o botlhale le tlhaloganyō mo go lona? a a kè a shupè ditihō tsa gagwè ka bonōlō yoa botlhale, ka go tshela ga gagwè mo go molemō. Me ha lo na le lehuha ye le galakañ, le kgañ mo peduñ tsa lona, lo se ka loa ipelahatsa, lo se ka loa aketsa boamarure. Botlhale yo, ga se yo bo hologañ kwa godimo, ke yoa selehatshe, yoa senama, yoa sebadimo. Gonne kwa go leñ lehuha le kgañ, go bile go na le tobekanō, le tihō ñwe le ñwe e e mashwè gōna.” (Yakobe 3:13-16) Abo go le botlhokwa jang ne go bontsha “bonōlō yoa botlhale” mme re ‘latele kagiso le batho botlhe’! (Bahebera 12:14) Eleruri, jaaka basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, re ka se dumelele dipharologanyonyana fela tse e seng tsa sepe tsa botho go senya kamano ya rona le bakaulengwe le bokgeiltsadi ba rona mo tumelong. Go na le moo, re tshwanetse ‘go iphapaanyana mongwe go yo mongwe, le go itshwarelana, fela jaaka Jehofa a re itshweiretse fela.’ (Bakolosa 3:13, NW.) Eo ga se tsela e e tlwaelegileng ya go dirisana le ba bangwe mo lefatsheng, mme ke tsela ya bomodimo.

18. Go ikgaoganya ga rona le lefatshe go supega segolo fa re dirang?

18 Go lateledisa kagiso le batho mo teng le ka kwantle ga phuthego ya Bokeresete ke tsela e e supegang ya go bontsha gore ga rea mathwa ke lefatshe leno. Mme go ikgaoganya ga rona le lone go supega segolo fa re boloka boemo jwa rona jaaka masole a a tlhaga a ga Jesu Keresete, a a apereng seaparo sa semoya se se tswang go Modimo mme “mo dinaoñ [tsa rona re] rwele iketleeco ea Mahoko a a Molemō a kagishō.” (Baefesia 6:11-18) Matshwititshwiti a santse a bolaetswe tlala le lenyora ke molaetsa o o nayang botshelo wa Bogosi. Ka gone, ekete, re ka dirisa dithoto tsa rona ka go tlhoka bogagapa, dikakanyo le nonofo tsa rona mo tirong eno e kgolo ya go bolela “Mahoko a a Molemō” ka nako eno e khutshwane e e santseng e setse go fitlhela tsamaiso eno e fela.—Mathalo 24:14.

19. Ke eng seo re ka solofelang gore Satane a se dire mo metlheng eno ya bofelo e e fetang, mme re tla atlega mo go direng eng ka thuso ya bomodimo?

19 Mo metlheng eno ya bofelo e e fetang, Satane, modimo wa lefatshe leno, o tla dira ditlhaselo tse dingwe gape godimo ga rona jaaka basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. Diabolo o tla phaphasetsa mahumo a dilo tse di bonalang tsa lefatshe, dikgogedi tsa lone tse di tsabakelang, thutego ya lone e e kwa godimo le tse dingwe tse dintsi-ntsi mo boitekong jwa bofelo jwa go leka go re faposa mo tirelong e e boitshepo ya Modimo wa rona. Mme ka thuso e e sa gaisegeng ya bomodimo re tla atlega mo go ipolokeng ‘re sa mathwa gope ke lefatshe’ go galaletsa Modimo wa rona o o boitshepo, ebong Jehofa.

O Ne O Ka Araba Jang?

◻ Go ya ka Yakobe 1:27, ke dipatlafalo dife tse dingwe tsa kobamelo ya boammaaruri?

◻ Ke ditsela dife tse dingwe tsa go ipoloka re sa kgotlelwa ke lefatshe leno?

◻ Lebaka la gore lefatshe leno lea feta le ka nna le phelelo efe mo ponong ya rona ka thutego e e kwa godimo?

◻ Malebana le ditirisano tsa kgwebo, boitlhatlhobo jwa sebele bo tlhokega ka ditsela dife?

◻ Basupi ba ga Jehofa ba ka supa jang gore ga ba ’mathwa gope ke lefatshe’ malebana le boitshwaro le ditirisano tsa bone le ba bangwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Jaaka Bakeresete ba ba sa tseyeng letlhakore, Basupi ba ga Jehofa ba ikgogona mo thubakanyong ya lefstshe

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Ga se kgatelo-pele ya lefatshe eo e tlisang go amogelwa ke Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Jehofa o lebeletse gore basupi ba gagwe ba se mathwe gope ke dipheteletso tsa lefatshe leno, ka boitsholo jo bo sa siamang le thubakanyo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela