Lefoko La Ga Jehofa Le Tlhomame!
‘Nna Jehofa ke siamisa Lefoko la motlhanka wa me.’—ISAIA 44:24-26, “Byington.”
1. Ke isagwe efe e e ileng ya bonelwa-pele morago ka 1864?
KE ENG seo isagwe e tla se lereng? Batho ba rata go itse. Mme abo dipolelelo-pele tsa bone di sa kgotsofatse jang ne! Ka sekai: Morago-rago ka 1864 moitseanape wa tsa tlholego Alfred R. Wallace o ile a bolelela-pele ‘isagwe ya losika lwa setho’ e e itiretsweng ke motho: “Mongwe le mongwe o tla . . . itirela boitumelo jo eleng jwa gagwe tumalanong le jwa ba-nka-ene; . . . dinonofo tsa boitsholo tse di lekalekantsweng ga di kitla di dumelela ope go leofela kgololesego e e lekanang ya ba bangwe; . . . motho mongwe le mongwe o tla bo a kaelwa ke melao e e molemo-lemo: kanaanelo e e botlalo ya ditshiamelo le kutlwelo botlhoko e e itekanetseng mmogo le maikutlo tsa botlhe kaga gagwe.” Aitse, Wallace o boleletse-pele gore motho o ne a tla fetolela lefatshe la rona mo go nneng “paradaise e e phatsimang go feta eo e kileng ya nna gone mo ditorong tsa ka metlha tsa molebi kana mmoki”!
2. Go palelwa ga dipolelelo-pele tsa batho tse di sa reng sepe go isa kwa dipotsong dife?
2 Mokwadi wa mafoko ao o ne a swa dikgwedi di le robongwe fela pele ga fa setho se thabuediwa mo bosigong jo bo lefifi jwa Ntwa ya Lefatshe I. ‘Paradaise e e phatsimang’ e e tletseng ka batho ba ba kutlwelo-botlhoko e ne e le kae he, ka nako eo? Mme go tweng ka gompieno? Kwantle ga pelaelo, ‘lorato lwa bontsi lo tsidifetse’—mme go ntse jalo go sa kgathalesege dipolelelo-pele tse di kgatlhanong le seo. (Mathaio 24:12) A mme seno se tshwanetse go re dira gore re belaele dipolelelo-pele tsotlhe? Jehofa Modimo o itlhalosa jaaka Mongwe yo o ‘busetsang batho ba ba botlhale kwa morago le go dira kitso ya bone boeleele fela, fa a siamisa lefoko la motlhanka wa gagwe.’ (Isaia 44:24-26, By) Lefa go ntse jalo, bangwe ba ka botsa jaana: ‘A re ka ikaega ka boperofeti jwa Bibela? A ruri Lefoko la Modimo le tlhomame?
Go Senngwa le go Tsosoloswa
3. Go dumalana le Lefitiko 26:27-35, ke eng se se neng sa diragalela Juda le Jerusalema mo lekgolong la bosupa la dingwaga B.C.E.?
3 Go na le bosupi jo bontsi jwa go tlhomamisa gore eleruri, re ka kgona go ikaega ka boperofeti jwa Bibela. Ka sekai, boperofeti kaga go senngwa le go tsosoloswa bo nnile boammaaruri mo bathong ba Modimo ba bogologolo, ebong Baiseraele. Fa ba ne ba obamela Jehofa ka boikanyegi, ba ne ba atlega mo ‘lefatsheng la mashi le dinotshe’ leo ba neng ba le neilwe ke Modimo. (Lefitiko 20:24; 1 Dikgosi 4:1, 20) Mme ba ne ba tlhagisitswe go sa le pele gore paradaise e e molemo eno e ne e tla nna naga fela e e sentsweng fa ba ne ba gana go utlwa. (Lefitiko 26:27-35) Mo ngwageng wa 607 B.C.E., e leng dingwaga di le 900 morago ga gore Moshe a kwale Lefitiko, Bababelona ba ile ba fenya Juda le Jerusalema. Nakwana morago ga moo, Bajuda bao ba neng ba setse mo lefatsheng leo ba ne ba tshabela kwa Egepeto, mme tshenyego eo e neng e boleletswe-pele e ne e feletse.—Jeremia 39:8-10; 40:5; 41:2; 43:1-7.
4. (a) Bogologolo pele ga go senngwa ga Jerusalema ka 607 B.C.E., Jehofa o ne a solofeditse batho ba gagwe eng? (b) Tsholofetso eno e ile ya diragadiwa jang?
4 Lefa go ntse jalo, go feta lekgolo la dingwaga pele ga go senngwa ga Jerusalema, Jehofa o ne a solofeditse go busetsa batho ba gagwe ba ba ikwatlhayang kwa lefatsheng la bone le le ropefaditsweng le go le busetsa gape mo boemong jwa lone jwa paradaise. (Isaia 35:1-4) Modimo gape o ne o rile: “Ke nna Yehofa . . . eo ke tlhōmamisañ lehoko ya motlhanka oa me, ke dihahatsa kgakololō ea baroñwa ba me; eo ke buañ kaga Yerusalema, ke re, O tla nnwa; le kaga metse ea Juda, ke re, E tla agiwa, me e tla cosholosa mahelō a gōna a a kgakgabetseñ.” (Isaia 44:24-26) Ka 539 B.C.E., Babelona e ne ya fenngwa ke Bameda le Baperesia ba eteletswe-pele ke Kurose, fela jaaka Isaia a ne a boleletse-pele. (Isaia 44:27–45:6) Molao wa ga Kurose o o neng o letlelela Bajuda go boela kwa lefatsheng la bone le go aga tempele sesha o ile wa dira ka 537 B.C.E., mme fa nako e ntse e tswelela lefatshe la Juda le ne la bona phetogo eo e neng e boleletswe-pele. (Esere 1:1-4; Isaia 35:5-10; Esekiele 36:35) Abo Lefoko la ga Jehofa le tlhomame jang ne!
Ture Gaa Kgona go Nyatsa Boperofeti
5. Ke eng seo Jehofa a neng a se boleletse-pele ka Esekiele mabapi le Tura?
5 Boperofeti jwa bomodimo jo bo tlhotlheleditsweng bo ne jwa diragala gape mo motseng wa bogologolo wa Ture, oo ka tshwanelo o neng o bitswa “Kgosigadi ya Lewatle.” Mabapi le boemela-kepe jono jwa Mafoneshia, Jehofa o ne a rile: “Bōna, ke tlhabana nau, wèna Tura, ke tla gu cosetsa merafe e le mentsi e tlè go gu tlhasela, . . . “Bōnañ, ke tla lere mo Ture Nebukadenesare kgosi ea Babelona . . . me o tla rutla dikagō tse di godileñ tsa gago . . . me mayè a gago, le dikgoñ tsa gago, le lorole loa gago, ba tla baea gotlhe hèla mo gare ga metse. . . . Me ke tla gu ntsha lehika ye le borethe hèla: u tla nna helo ga go anèga ditloa.”—Esekiele 26:3-14.
6. Ke eng seo se diragaletseng Ture wa bogologolo mo tiragatsong ya boperofeti?
6 Go wa goo go ne go lebega ekete go ka se kgonege. Go ya ka ra-ditiragalo wa Mojuda Josephus, modiko wa Babelona kwa Ture o nntse dingwaga di le 13. (Josephus, Against Apion, Book 1, kgaolo 21) Hisetori ga e bege gore maiteko a ga Nebukadenesare a ne a dira go le go kana-kang, lefa tota go latlhegelwa ke dithoto le matshelo ga Ture gone go ne go tshwanetse ga bo go le gogolo. Kitsiso ya moragonyana ya boperofeti ka Sekaria e bontshitse gore Modimo o ne o tla senya motse oo gotlhelele. (Sekaria 9:3, 4) Boperofeti jono bo ne jwa diragadiwa mo e ka nnang dingwaga di le 200 morago ga gore bo neelwe. Ka nako eo bao ba neng ba nna mo setlhakatlhakeng se se gaufi le motse wa Ture ba ne ba ikutlwa ba bolokesegile moteng ga dithako tsa ona tse di boitshegang. Lefa go ntse jalo, ka 332 B.C.E., makgotla a ntwa a ga Alexander yo Mogolo a ile a fenya motse oo wa setlhaketlhake, ka go dirisa masalela a marope a motsemogolo wa Ture go aga bokgabaganyo jo bo isang kwa setlhaketlhakeng. Fa e sale go tloga moo, sekasetlhake seno sa maitirelo se ile sa okediwa ke moshawa o o gogoletsweng moo ke metsi. Go feta moo, mo motseng ono wa boemela-kepe wa gompieno, batshwari ba ditlhapi ba ka bonwa ba omisa matloa a bone—tiragatso e nngwe gape ya boperofeti. Eleruri Lefoko la ga Jehofa le tlhomame!
“Motse o o Madi Madi” oa Ineela
7, 8. (a) Ke eng seo Jehofa a se boleletseng-pele ka baperofeti ba gagwe kaga Ninefe? (b) Ke ka ntlhayang fa go ne go ka lebega go se kake ga kgonega gore Ninefe o ‘swafadiwe’?
7 Lefoko la Modimo la boperofeti le itshupile go nna boammaaruri le mo lebakeng la Ninefe wa bogologolo, motsemogolo wa Mmuso wa Asiria o o neng o gatelela batho ba ga Jehofa. (2 Dikgosi 17:1-6; 1 Ditihalō 5:6, 26) Mabapi le maatla a magolo a Ninefe, Jehofa o buile jaana ka baperofeti ba gagwe: “Tsaeañ thopō ea selefera, tsaeañ thopō ea gouda! gonne ga go na bokhutlō yoa thopō e e beiIweñ. . . . O lolea hèla, o lohorotlhō, o kgakgabetse. . . . A bo go latlhèga motse o o madi madi!” (Nahume 2:9, 10; 3:1) “O tla shwahatsa Ninefe . . . Me matlhape a tla botha mo gare ga ōna.”—Sefania 2:13,14.
8 Seno tota se ne se ka diragala jang? Ninefe e ne e le “motse o mogolo.” (Yona 1:2) Go ya ka ra-ditiragalo wa bogologolo Diodorus, Ninefe e ne e na le lorako Iwa dikgato di le 100 (30-m), lo le bophara jo bo lekaneng dikoloi tsa ntwa di le tharo go ka tsamaya di bapile mo godimo ga lone. Mo motlheng wa moperofeti Jona (lekgolo la bo robongwe B.C.E.), batho ba fetang 120 000 ba ne ba agile mo motseng ono. (Yona 4:11) A tsotlhe tseno di ne di tshwanetse go nna ‘tshwahalo’?
9. Ninefe e neetse bosupi jo bo oketsegileng jwa gore Lefoko la ga Jehofa le tlhomame jang?
9 Ka 632 B.C.E., dingwaga di le 16 kana go feta morago ga boperofeti jwa ga Sefania, Bababelona le Bameda ba ne ba dika Ninefe. Go ya ka Diodorus (Book 11, Kgaolo 27), “dipula tse di boima ebile di sa kgaotse” di ne tsa baka gore Noka ya Euferatese e penologe go fitlha kwa dintshing tsa yone. E “ile ya tsaya karolo ya motse gammogo le go diga dithako go ya bokgakaleng jwa di-stades di le masome a mabedi.” Ninefe o ne wa gapiwa. “Ba gapile dilwana di le dintsi mo motseng oo le lefelo le le gaufi le tempele mme ba fetola motse oo go nna thota ya matlotla gammogo le thotobolo ya matlakala,” go bega jalo Babylonian Chronicle ya bogologolo. Ninefe e ile ya nna motse o o latlhegileng ka makgolo a dingwaga. Go fenngwa ga one eleruri e ne e le “mahoko a a molemō” go batho ba Modimo, bao ba neng ba tlhomamisediwa gape gore “Yehofa o molemō” le gore “o itse ba ba mo ikanyañ.” (Nahume 1:7, 15) Gompieno, mojanala go ya kwa maropeng a Ninefe mo Iraq a ka bona dinku di fula gaufi le dithotana tsa one, fela jaaka go ne go boleletswe-pele. Re na le bosupi jo bo oketsegileng go tswa mo go seno gore Lefoko la ga Jehofa le tlhomame.
‘Lonaka lo lo Bonalesegang’ Lo Robegile
10. (a) Ke ponatshegelo efe ya boperofeti eo e kwadilweng mo go Daniele 8:1-8? (b) Gabariele o tlhalositse dibopego tsa boperofeti jono jang?
10 Mo ponatshegelong ya boperofeti, Daniele o ne a bona phelehu e e dinaka di pedi e bolailwe ke phoko e e nang le ‘lonaka lo lo bonalesegang.’ Lonaka lono lo ne lwa robega mme lwa emisediwa ka dinaka di le nne. (Daniele 8:1-8) Seno se ka bo se bolelang? Moengele Gabariele o ne a tlhalosa jaana: “Phelehu e u e bonyeñ e e dinaka tse pedi, ke dikgosi tsa Media le Peresia. Me phōkō e e maodi, ke kgosi ea Gerika: me lonaka lo logolo lo lo ha gare ga matlhō a eona ke kgosi ea ntlha. Me ka ga lo lo rōbegileñ, lo dinaka di le nnè di emeñ mo boemoñ yoa lōna, magosi a le manè a tla èma a cwa mo morahiñ o le moñwe hèla, me eseñ ka thata ea eōna kgosi euō.”—Daniele 8:16, 20-22.
11, 12. Daniele 8:20-22 e ile ya diragadiwa jang?
11 Babelona o o maatla o ne wa fenngwa ke Media le Peresia, phelehu ya dinaka di le pedi ya ponatshegelo. Mme moengele wa Modimo o ne a boleletsepele gore “phōkō e e maodi,” ebong Gerika, e ne e tla bolaya phelehu. Seno ke se tota se diragetseng mo lekgolong la bone la dingwaga B.C.E., fa batlhabani ba ba buang Segerika ba ga Alexander yo Mogolo ba ne ba menola Mmuso wa Media le Peresia. Lefa go ntse jalo, Alexander o ne a swa ka tshoganyetso a na le dingwaga di le 32 ka 323 B.C.E., a sa sadise motlhatlhami ope yo o nonofileng go etelela pele. Ka loso lwa ga Alexander, ‘lonaka lo lo bonalesegang’ lo ne lo robegile. Mme go tweng ka ‘dinaka di le nne’ tse di boleletsweng-pele ‘tseo kwa bofelong di neng di tla ema mo boemong jwa lona’?
12 Alexander o ne a na le balaodi ba le mmalwa, mme kwa bofelong ba le bane ba bone ba ne ba itlhoma go nna babusi. Ka jalo e ne e le gore ‘lonaka lo lo bonalesegang’ lo ne lo robegile mme kwa bokhutlong lwa emisediwa ka ‘dinaka di le nne,’ kana “magosi a le mane.” Ka 301 B.C.E, balaodi bano, ba ne ba setse ba itlhomile go nna babusi: Ptolemy Lagus (Egepeto le Palesetina); Seleucus Nicator (Mesopotamia le Siria); Cassander (Makedonia le Gerika); le Lysimachus (Thrace le Asia Minor).a Gape re bona gore Lefoko la ga Jehofa le tlhomame.
“Kgosana Mesia” ea Bonala!
13. Daniele 9:24, 25 e reng kaga go bonala ga ga Mesia?
13 Buka ya ga Daniele le yone e neela segolo-bogolo ka bosupi jo bo tlhomologileng jwa gore Lefoko la ga Jehofa le tlhomame. Daniele o ne a tlhotlhelediwa makgolo a dingwaga pele, go supa nako eo Mesia a neng a tla bonala mo lefatsheng ka yone. Karolo ya boperofeti jo bo kgatlhisang jono e rile: “Batho ba ga eno le motse oa ga eno o o boitshèpō, go laolecwe diweke di le mashomè a shupa, tsa go wetsa tlolō, le go khutlisa maleo, le go dihèla boikèpo tetlanyō; le go tsenya tshiamō e e sa khutleñ, le go kanèla pōnatshègèlō le perofesho, le go tlotsa helō ga boitshèpō mo go itshepileñ. Me ke gōna itse, u lemogè, go re, go thaèga ga go cwa ga taolō ea go shahatsa le go aga Yerusalema go ea go hitlha mo go eo o tlodicweñ, eboñ kgōsana, e tla nna diweke di shupa: le diweke di mashomè marataro le bobedi, me o tla ba o agiwa gapè, ka mmila le mosèlè, eboñ mo metlheñ ea diphuduègō.”—Daniele 9:24, 25.
14. (a) Ke ka mabaka afe a Dikwalo re ka reng mo “diwekeñ” tsa Daniele 9:24, 25, letsatsi lengwe le lengwe le lekana le ngwaga o le mongwe? (b) “Taolō ea go shahatsa le go aga Yerusalema” e neetswe ka ngwaga ofe? (c) “Diweke” di le 69 di ne di le boleele jo bo kana-kang, mme di ne tsa simologa le go fela leng?
14 A “diweke” tseno e ne e le tsa mmatota? Nnyaa, gonne dilo tsotlhe tse di boleletsweng-pele fano mabapi le Mesia ga di a ka tsa diragala mo dibekeng di le 70, kana tse di nnye go ngwaga le sephatlo. Tseno di itshupile go nna “diweke” tseo letsatsi lengwe le lengwe la tsona le lekanang le ngwaga o le mongwe. (Bapisa le Dipalō 14:33, 34.) “Taolō ea go shahatsa le go aga Yerusalema” e diragetse mo ngwageng wa bo-20 wa Kgosi ya Peresia, Aretaserese (Longimanus). (Nehemia 2:1-18) Ereka a simolotse go busa ka 474 B.C.E., ngwaga wa gagwe wa bo-20 e ne e le 455 B.C.E. Ka gone, dibeke tse 69 tsa dingwaga go tloga ka ‘taolo ya go shafatsa le go aga Jerusalema go ya go fitlha go Mesia wa Moeteledipele’ e ne e le dingwaga di le 483 (7 x 69) mme di ne di felela ka 29 C.E.
15. Ke tebelelo efe eo Bajuda ba neng ba na le yone ka 29 C.E.?
15 Mo ngwageng oo Johane Mokolobetsi o ne a tshwaregile “a rèra kolobeco ea boikwatlhaō yo bo bōnañ boichwarèlō yoa dibe.” Mme go tweng ka Bajuda? “Batho ba le mo tebeleloñ, me batho botlhe ba akanya mo dipeduñ tsa bōnè kaga Yohane, go re, a yana ga e ka ne e le èna Keresete?” (Luke 3:3-6, 15) Mabapi le tebelelo eo, moithuti wa Mojuda Abba Hillel Silver o rile: “Lefa go ntse jalo, lekgolo la ntlha la dingwaga, segolo-bogolo losika lwa pele ga tshenyego [ya Jerusalema], lo bone kubugo e e tlhomologileng ya moya wa boikutlo jwa Bomesia. Seno se ka lebisiwa . . . eseng go kgagamalo ya pogiso ya Roma mme e ka lebisiwa go tumelo eo e neng e aname eo e neng e bakiwa ke tatelano ya metlha e e neng e itsege ya nako eo . . . Mesia o ne a lebeletswe mo e ka nnang mo kwatareng ya bobedi ya lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.” “Tatelano eo ya metlha e e neng e itsege” e ne e thailwe mo bukeng ya ga Daniele.
16. (a) Ke ka ntlhayang fa ngwaga wa bo-15 wa puso ya ga Tuberio Kaesare e ne e le wa botlhokwa? (b) Go diragetseng fa Jesu a ne a kolobediwa?
16 Boperofeti jwa ga Daniele bo ne bo bontshitse gore dibeke tse 69 tsa dingwaga di ne di tla felela ka 29 C.E. Jalo, a Mesia o ile a bonala ka nako mo ngwageng oo? Eleruri o ne a bonala! Johane Mokolobetsi o ne a setse a simolotse thero gammogo le kolobetso tsa gagwe “ka ñwaga oa leshome le botlhano oa pusho ea ga Kaisare Tiberio.” (Luke 3:1-3) Ereka Tiberio a nnile mmusi wa Roma ka August 17, 14 C.E. (khalendara ya Se-Gregorian), tiro ya ga Johane e simolotse ka ngwaga wa bo-15 morago ga moo, kana ka dikgakologo tsa 29 C.E. Kwa bofelong jwa ngwaga oo Jesu wa Nasaretha o ne a kolobediwa ke Johane, mme moya o o boitshepo o ne wa fologa o tswa kwa legodimong go tlotsa Jesu jaaka Keresete, kana Mesia. (Luke 3:21, 22) Boperofeti jwa Bomesia bo ne jwa diragadiwa.b Gape-gape go ne ga supa gore Lefoko la ga Jehofa le tlhomame.
17. Ke boperofeti bofe jo bongwe jwa Bomesia jo bo ileng jwa diragadiwa mabapi le Jesu Keresete?
17 Boperofeti jo bongwe gape jo bontsi jwa Dikwalo tsa Sehebera bo ne jwa diragadiwa malebana le Jesu Keresete. Ka sekai, Jesu o ne a tsalwa ke lekgarebana mo Bethe-lehema. (Isaia 7:14; Mika 5:2; Mathaio 1:18-23; 2:3-6) Bana ba bannyane ba ne ba bolawa morago ga botsalo jwa gagwe. (Yeremia 31:15; Mathaio 2:16-18) O nnile le yo o ileng a tla pele ga gagwe. (Isaia 40:3; Mathaio 3:1-3) Jesu o ne a rwala makoa a rona. (Isaia 53:4; Mathaio 8:16, 17) O ne a tsena mo Jerusalema a pagame eselana. (Sekaria 9:9; Yohane 12:12-15) Mongwe wa baaposetoloi o ne a mo rekisa ka dipapetlana di le 30 tsa selefera. (Pesalema 41:9; Sekaria 11:12; Mathaio 26:14-16, 46-56; Yohane 13:18) Morago ga go bapolwa ga ga Jesu, batlhabani ba ile ba kgaogana diaparo tsa gagwe mme ba laola kobo ya gagwe ka bola. (Pesalema 22:18; Yohane 19:23, 24) Marapo a gagwe ga a ka a robiwa, mme o ne a tlhabilwe. (Pesalema 34:20; Sekaria 12:10; Yohane 19:33-37) Morago ga malatsi a a batlileng a nna mararo a le mo lebitleng, o ne a tsosiwa. (Yona 1:17; 2:10; Mathaio 12:39, 40; Mareko 9:31; Ditihō 10:40) Tseno ke dikai fela tsa ka moo Jesu a diragaditseng boperofeti jwa Bomesia ka gone. Mme le tsone, di supa gore Lefoko la ga Jehofa le tlhomame.
Isagwe e Ka Itsiwe
18, 19. (a) Ke ka ntlhayang fa go tlhokafala go botsa gore isagwe e tla lereng? (b) Ke dipotso dife tse dingwe tse di bodiwang?
18 Jesu, ebong Mesia, o boletse boperofeti jo bo tlhotlheletsang tsholofelo ka boene. Ka sekai, o boleletse-pele “go tla” ga gagwe ga isagwe. (Mathaio 24:3-14) Tota-tota, boperofeti jo bo kgothatsang jwa botlhokwa jwa lekgolo la bo-20 la dingwaga bo ile jwa kwalwa ke bakwadi ba ba farologaneng ba Bibela. Jalo go botlhokwa go botsa gore, ‘Isagwe e tla lereng?’ Re ka kgona go batlisisa!
19 Go fitlha fano, re sekasekile boperofeti bongwe jwa Dikwalo jo bo diragaditsweng mo metlheng e e fetileng. Mme go tweng ka motlha wa rona? A re na le bosupi jo bongwe gape jo bo itumedisang jwa gore Lefoko la ga Jehofa le tlhomame?
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona boikitsiso jo bo oketsegileng, ka tswee bona ditsebe 188-195 tsa buka ya “Your Will Be Done on Earth,” e e gatisitsweng ka 1958 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Go bona boikitsiso jo bo oketsegileng, ka tswee bona ditsebe 188-195 tsa buka ya “Your Will Be Done on Earth,” e e gatisitsweng ka 1958 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
A O Ka Gakologelwa?
◻ Jaaka go boleletswe-pele, ke eng se se diragaletseng Ture wa bogologolo?
◻ Ninefe o neetse bosupi jwa gore Lefoko la ga Jehofa le tlhomame jang?
◻ Mo tiragatsong ya Daniele 8:20-22 ke eng seo se neng sa diragala?
◻ “Diweke” di le 69 di ne di le boleele jo bo kana-kang, mme di simologile tsa bo tsa fela leng?
◻ Ke boperofeti bofe jo bongwe jwa Bomesia jo bo ileng jwa diragadiwa mabapi le Jesu?