Lebaka la go bo Re Sa Tshwanela Go Nna Karolo ya Lefatshe Leno
“Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.”—YOHANE 17:16
1. Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore ba ne ba ka solofela go tshwarwa ka tsela efe?
JESU KERESETE o ne a ganwa, a tlhoiwa le e leng go bogisiwa ke lefatshe leno. Ka jalo balatedi ba gagwe ba ka solofela eng? Tota, o ne a ba bolelela gore: “Ha lehatshe le lo ila, loa itse ha le nkidile pele, le e se le lo ile. Ha lo no lo le ba lehatshe le ne le tla rata ba e leñ ba yeōna: me ereka lo se ba lehatshe, me ke lo itshenketse mo lehatshiñ, ke gōna lehatshe le lo ilañ. Gakologèlwañ lehoko ye ke le buileñ le lona, ka re, Motlhanka ga a mogolo go heta morèna oa gagwè. Ha ba mpogisitse, le lona ba tla lo bogisa; ha ba tshegeditse lehoko ya me, le ya lona ba tla le tshegetsa.”—Yohane 15:18-20
2. (a) “Lehatshe” leo balatedi ba ga Jesu ba neng ba tla farologana le lone thata ke lefe? (b) Mo boemong jwa go ntsha barutwa ba ga Keresete mo lefatsheng, Jehofa o dirang mo boemong jwa bone?
2 Ee, balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu ba farologana thata le lefatshe leno—mokgatlho wa batho ba ba bosula ba ba kgaoganeng le Modimo. Ka jalo lebaka le legolo ke lone la go bo barutwa ba ga Keresete ba ilwa le go bogisiwa ke lefatshe leno. Mme ka go sa nne ba lefatshe, balatedi ba ga Jesu ba ngaparela mo sekaong se se kwa godimo-dimo sa gagwe, mme Jehofa Modimo o ba lebeletse go dumalana le thapelo ya ga Keresete: “Ga ke rapele gore u ba ntshè mo lehatshiñ, ha e se gore u ba dibèlè mo go eo o boshula. Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe. Ba itshepisè mo boamarureñ: lehoko ya gago ke boamarure.”—Yohane 17:15-17.
3. Malebana le lefatshe leno, ke dipotso dife tse di tlhokang dikarabo?
3 Go rayang go sa nne wa “lehatshe”? A seno se supa gore balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go tila dikamano tsotlhe le batho bao e seng Bakeresete?
Bakeresete Ba Ka Se Nne Baitomolodi
4. Jesu o ne a abela balatedi ba gagwe tiro efe e e dirang gore ba se kgone go nna baitomolodi?
4 Eleruri, Jesu o ne a sa solofela gore balatedi ba gagwe ba tla itomolola ka bobone mo mekgatlhong e e leng ya bodumedi fela. Go na le moo, o ne a ba neela tiro e e akaretsang kgolokwe yotlhe go e dira, ka gore: “Me e tla re Mōea o o Boitshèpō o sena go tla mo go lona, lo tla bōna nonohō: me lo tla nna bashupi ba me mo Yerusalema, le mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea le ya Samaria, le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” (Ditihō 1:8) O ne a ba laela gape a re: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō: Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ: me bōnañ, ke bo ke nntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.” (Mathaio 28:19, 20) Tota, lefa gone ‘batho ba merafe yotlhe’ ba ne ba tla nna barutwa, go ne go sa tshwanela go solofelwa gore merafe yotlhe ka boyone e ne e tla amogela dithuto tsa ga Jesu Keresete.
5. Batho ba sokololelwa Bokereseteng ka mekgwa efe e e laotsweng ya Dikwalo?
5 Mme bangwe ba ka nna ba akgela ka gore: ‘A merafe yotlhe ga ea sokololelwa mo Bokereseteng? A mme ga e dire seo se itsiweng e le La-Bodumedi?’ Tota, babusi bangwe ba ba rileng ba ile ba laola bodumedi jwa babusiwa ba bone mme ga baa ka ba etsaetsega mo go pateletseng boikemisetso joo ka mekgwa e e setlhogo le ya bobatana. Gape, go boifa go bogisiwa mo “molelong wa tlhamane ya dihele” e ile ya nna lone lebaka le legolo mo go seo go tweng ke ditshokologo tsa Bokeresete jwa leina fela. (Bapisa Moreri 9:5, 10.) Mme abo seno se le kgakala thata jang ne le tsela e le yosi fela e e laetsweng ya Dikwalo ya go anamisa tumelo ya Bokeresete jwa boammaaruri! Tiro eo e e tlotlegang e tshwanetse ya tsweledisiwa ka bosupi jo bo tlhaga, go ruta le go dira barutwa. Baitlami ba ba itlhaotseng ba banna le ba basadi ga ba kake le ka motlha ba kgona go fitlhelela tiro eo kana go latela taolo ya ga Keresete ya gore ‘ba nte lesedi la bone le phatsime fa pele ga batho botlhe.’ (Mathaio 5:14-16) Mme “ditshokologo” tse di pateleditsweng ga di amane ka gope le bosupi, go rera le go ruta tseo di thusang batho ba ba dipelo di ikanyegang ba merafe yotlhe go dira boineelo jo bo botlhale jo bo tswang mo pelong go Jehofa Modimo.
Lebaka la go bo E Se “Ba Lehatshe”
6. Jaaka go begilwe go Yohane 13:35, ke ka ntlhayang fa go ka bolelwa gore Basupi ba ga Jehofa ba tshwanela tlhaloso ya ga Jesu ya balatedi ba gagwe?
6 Leina “Mokeresete” gantsi le itshupile e le letshwao la tsietso. Abo go na le ditiro tsa bogagapa, tsa phenyo, tsa polao mo ntweng le kgatelelo ya batho ba bantsi tseo di pegwang mo bathong bao go tweng ke Bakeresete le mo merafeng jang ne! Mme abo go farologane jang ne ka balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete! Jesu o rile, “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yohane 13:35) Eleruri, go na le batho bao ba tshwanelang tlhaloso eo gompieno—Basupi ba ga Jehofa. Lorato mo go bone ga se phadisano e e borumolano, ga go na kgotlhang, ga ba jake dikhumo tsa ba bangwe ka bogagapa. Go na le moo, go raya go bua ka tumalano, go se dikgaogano, ba le ‘mogopolo o le mongwe fela le tshekatsheko e le nngwe fela.’ (1 Bakorintha 1:10; 13:4-8) Basupi ba ga Jehofa ba ithutile go akanya ga Modimo le ga ga Keresete mme ba kaeIwa ke gone. (Baroma 12:1, 2; 1 Bakorintha 2:16) Karolo e e botlhokwa thata ya go akanya goo ke gore Bakeresete ga baa tshwanela go nna “ba lehatshe.”—Bapisa Yakobe 1:27.
7. Mafoko a ga Paulo mo go Ditihō 17:30, 31 a supa jang gore ga go a tshwanela ka Bakeresete go nna karolo ya lefatshe leno?
7 Go na le mabaka a a molemo thata a balatedi ba ga Jesu a gore ba se nne ‘ba lefatshe leno.’ Ka dingwaga tse di ka nnang 4 000, bontsi jo bogolo jwa setho bo ne bo sena ‘tsholofelo mme ebile bo sena Modimo mo lefatsheng.’ (Baefesia 2:12) Mme lobaka lo loleele lwa go kgaogana le Jehofa ka ntlha ya boleo jwa setho ga lo kitla lo nnela ruri. Makgolo a a lesome le boroba bongwe a dingwaga a a fetileng moaposetoloi Paulo o ne a bolela gore Modimo o ne wa “laola gore batho botlhe ba ikwatlhaeè ka ntlha cotlhe,” ka go bo ‘o tlhomile letsatsi le o tla atlholang lefatshe lotlhe ka tshiamo ka monna yo o mo tlhomileng,’ ebong Jesu Keresete. Paulo o ne a oketsa ka gore Modimo “o go tlhōmamiseditse batho botlhe ka o mo cositse [Jesu] mo bashwiñ.” (Ditihō 17:30, 31) Eno ke tshupo e e tlhomamisegileng ya gore lefatshe leno le le sa siamang, go akareletsa le La-Bodumedi wa botenegi, le tla atlholwa, le go sekisiwa le bo le tlosediwa ruri. Abo go sa tshwanela jang ne ka bao ba ipitsang Bakeresete go nna karolo ya lefatshe leno!
8. Ke tiro efe e e supang gore “bokhutlō” bo gaufi, ka gone e neela lebaka lefe le lengwe la gore batho ba ga Jehofa ba se nne “ba lehatshe”?
8 Dingwaga tse di fetang 1 900 di setse di fetile fa e sale ka tsogo ya ga Jesu, mme kwantle ga pelaelo go ntshiwa ga katlholo ya bomodimo godimo ga La-Bodumedi wa botenegi le lefatshe lotlhe la ga Satane go gaufi thata. (2 Petere 3:10; 1 Yohane 5:19) Kgabagare, Basupi ba ga Jehofa ba bolela molaetsa wa Modimo lefatshe ka bophara mme “metlha ea thudishō” e ipelelwa ke batho ba ba ikwatlhaileng ba ba nang le kanaanelo. (Ditihō 3:19-21) Tumalanong le mafoko a boperofeti a ga Jesu a motlha wa rona, basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 2 650 000 jaanong ba rera “Mahoko a a Molemō a, a bogosi” mo mafatsheng a le 205. Fa tiro eo e feletse ka “chupō mo merahiñ eotlhe” go ya bokgakaleng joo Modimo a bo ratang, “hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14) Eleruri he, ka jaana bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo bo le gaufi thata jaana, batho ba ga Jehofa ba na le mabaka otlhe a go se nne “ba lehatshe.”
9. (a) Ereka lefatshe la ga Satane le tla tloga le nyelela, re tshwanetse ra leba dikgatlhego le dipatlafalo tsa Bogosi jang? (b) Ke dipotso dife tse jaanong di tlhokang kakanyetso ya rona?
9 Ereka lefatshe la ga Satane le le gaufi le go fela, abo go le botlhokwa-tlhokwa jang ne go tlhomamisa gore eleruri re batla pele Bogosi jwa Modimo! (Mathaio 6:33) Go sa kgathalesege gore dingwaga tsa rona di kae, thutego kana maemo mo botshelong, “rotlhe re tla èma ha pele ga sennō sa tshekèlō sa Modimo.” (Baroma 14:10) Ka jalo a re dirisitse dipatlafalo tsa Bogosi mo matshelong a rona? Kana, a re santse re lwela go nna tumalanong le lefatshe leno le le ilang Bakeresete ba boammaaruri? A re na le maitlhomo le ditsholofelo tsa lefatshe? A re etsa difeshene tsa lefatshe tseo e seng tsa dikwalo? A mme re kgatlhwa ke medingwana ya lone? Gakologelwang fa “botsalanō yoa lehatshe e le bobaba mo Modimoñ.” (Yakobe 4:4) Ka gone, go tila go nna baba ba Modimo, re ka tila jang go kgotlelwa ke lefatshe? Ke dilo dife tse dingwe tse di mo lefatsheng tseo re tshwanetseng go ikgogona go tsone?
Ikgogoneng mo go Rateng Lefatshe
10. Yohane wa Ntlha 2:15, 16 e umaka dilo dife tse tharo mo lefatsheng leno tse batho ba ga Jehofa ba sa tshwanelang go di rata?
10 Moaposetoloi Johane o kwadile jaana: “Se rateñ lehatshe, leha e le dilō tse di mo lehatshiñ. Ha motho a rata lehatshe, loratō loa Rara ga loeō mo go èna. Gonne cotlhe tse di mo lehatshiñ, eboñ thatō ea nama, le kgatlhègō ea matlhō, le mabela a botshelō, ga se ga Rara, me ke ga lehatshe.” (1 Yohane 2:15, 16) Fano Johane o umakile dilo tsa konokono di le tharo mo lefatsheng leno tseo batho ba ga Jehofa ba sa tshwanelang go di rata.
11. Ke ka ntlhayang fa Bakeresete ba sa tshwanela go ineela mo ‘keletsong ya nama’?
11 “Thatō ea nama” e ka re gogela mo mekgweng e le mentsi e e gobatsang le e e ka bolayang eo e tlwaelegileng thata mo lefatsheng leno le le boikepo le le laolwang ke Satane. Mo gare ga tsone go “ditihō” tsa nama e e leofileng—“boaka, le bomashwe, le bopèpè, Le tihèlō ea medimo ea disètwa, le boloi, le dikilanō, le kgañ, le mahuha, le dikgakalō, le ditomologanō, le dikgaoganō, le makōkō, Le dipelotshetlha, le matagō, le ditlhapèlō, le dilō tse di nntseñ yalo.” Ga re ka ke fela kwantle ga kotlhao ra tlhokomologa tlhagiso ya ga moaposetoloi Paulo ya gore “ba ba dihañ dilō tse di nntseñ yalo, ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.” (Bagalatia 5:19-21) Eleruri, bao ka go sa ikwatlhae ba dirang “ditihō tsa nama” ke karolo ya lefatshe leno mme ga ba kitla ba nna le seabe mo Bogosing jo bo solofeditsweng joo bo tla tlotlomatsang leina la ga Jehofa le go fetolela lefatshe leno go nna Paradaise. (Luke 23:43) Go phepafetse he, gore Bakeresete ga baa tshwanela go ineela mo ‘dikeletsong tsa nama.’
12. (a) “Kgatlhègō ea matlhō” ke eng, mme e ka ama boemo jwa mongwe semoyeng jang? (b) Malebana le “kgatlhègō ea matlhō,” re ka dira sentle go ipotsang?
12 “Kgatlhègō ea matlhō” ke letshwao le lengwe la bao ba leng karolo ya lefatshe leno. Jaaka ba ikokoanyetsa letlotlo le dikhumo, ga go lebege le ka motlha gore ba tle ba kgotsofale. Aitse, le e leng ba bantsi bao ba ileng ba reetsa ka kelotlhoko boammaaruri jwa Bibela jo bo anamisiwang ke Basupi ba ga Jehofa kwa bofelong ba ineela mo ‘kgatlhegong ya matlho’ mme, ka jalo ga ba dire botswelelo-pele bope jwa semoya. Keletso ya bone ya diaparo tse dintšha, dikoloi, matlo, manobonobo a mangwe le dilo tse dingwe tse dintsi tse di itumedisang leitlho di nna le maatla a magolo thata moo, jaaka Jesu a rile, go “bapaIwa ke lehatshe, le tsieco ea mahumō, le dithatō tsa dilō tse diñwe, di hupetsa lehoko, me ba uñwologe.” (Mareko 4:18, 19) Ka mo go kgatlhisang, Satane o ne a raela Efa ka go dira gore a eletse sengwe seo se neng se ileditswe seo a neng a ka se bona ka matlho a gagwe. Lefa go ntse jalo, o ne a seka a atlega gotlhelele mo maitekong a gagwe a go hepisa Jesu go leofa ka go fitlhelela dilo tseo di neng di bonwa ka matlho. (Genesise 3:1-6; Luke 4:5-8) Mme go tweng ka wena? A o latela sekao seo se di gaisang tsotlhe sa ga Jesu? Kana a go kgotsofatsa “kgatlhègō ea matlhō” go ile ga gapa nako, tlhokomelo le maikatlapelo tsotlhe tsa gago mo e leng gore dikgatlhego tsa Bogosi dia tlhokomologiwa? Fa dikamego tsa semoya di gogela kwa morago, dira ka bofefo go baakanya boemo joo!
13. Jaaka go supilwe ke Paulo le diane tse dingwe, “kgatlhègō ea matlhō” e e bogagapa e ka gogela go eng?
13 “Kgatlhègō ea matlhō” e e bogagapa e ka gogela kwa boikanyologing, bopelotshetlheng, bogagapeng le maleong a mangwe ao a sa tshwanelweng ke go amogelwa ke Modimo. Jaaka Paulo a boletse, “baikgagapeledi” ba mo gare ga bao ba se kitlang ba “rua bogosi yoa Modimo.” (1 Bakorintha 6:9, 10) Ka mo go tshwanelang, gape, diane tse di botlhale di tlhagisa ka gore: “Monna eo o boikanō o tla na le letlōtlō ya matshegō: me eo o potlakèlañ go huma ga a ketla a tlhōka go bediwa. Eo o leitlhō ye le boshula o itlhaganèlèla dikhumō, me a sa itse ha botlhōkwa bo tla mo wèla.” (Diane 28:20, 22) Le e leng fa lehuma le ka seke la tla godimo ga baikgagapeledi ba ba rileng ka tshoganyetso, batho ba ba pelotshetlha, ba ka nna baa swa ba sa amogelwa ke Modimo kana ba tla bofelong jwa bone jo bo hutsafatsang ka bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.—Mathaio 24:3; Luke 12:13-21.
14. (a) “Mabela a botshèlō” a ka itshupa jang? (b) Motswedi wa “mabela a botshelō” a a ntseng jalo, boikgantsho le go batla maemo ke eng? (c) Ke ka ntlhayang fa re ganana le thaelo ya go ipelafatsa ka dikhumo tsa rona le dithoto tse re di bapetseng?
14 “Mabela a botshelō” le one a tshwanetswe go tilwa ke batlhanka ba ga Jehofa. Abo go ka raela jang ne go belafala ka dikhumo tse di tlhotlhwa kgolo! Keletso e e ntseng jalo e e phoso gantsi e gogela e seng fela mo go lekeng go itepatepanya le ba bangwe mme gape mo go Iweleng go ba feta kgakala ka tse di bonalang. Se se nyalanang le seno ke go ikgantsha ka se motho a gopolang gore o ile a se fitlhelela. Ka tsholofelo ya go bona maemo, a ka nna a tlhagolela le e leng botsala le go tshegediwa ke batho ba maemo a a kwa godimo. Mme bao ba itetlelelang go dirisiwa ka tsela eno ke dieleele, mme motho yo o bogagaru jo bo feteletseng e ka nna ya re kwa bofelong a nna jaaka “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” ba motlha wa ga Jude bao ‘melomo ya bone e neng e bua mafoko a matona ka ba ne ba rata go ithatisa batho ba ba rileng gore ba tle ba hume ka bone.’ (Yude 4, 16) Motswedi wa go batla maemo otlhe ano le go belafala ke boleo jwa boikgodiso. (Diane 8:13; 16:18; 21:4) Eleruri he, re batla go ganana le thaelo ya go ipelafatsa ka dikhumo tsa rona le tse re di bapetseng. Se se tshwanelang fano ke seane se se reng: “Ga go molemō go ya dinotshe bobe: go nntse yalo ga se tlotlègō mo bathuñ go ipatlèla tlotlō.” (Diane 25:27) Mme ereka bontsi jwa batho ba le mo tseleng e e isang kwa tshenyegong e e atlhameng, abo mafoko a ga Jesu a le mo nakong jang ne, “Go latlhèga lona, mogañ batho botlhe ba buañ sentlè kaga lona!”—Luke 6:26.
“Lehatshe Lea Heta”
15. (a) Moaposetoloi Johane o neela lebaka lefe la konokono la go se nne “ba lehatshe”? (b) Bakeresete ba ba ikanyegang ba tshwanetse ba kaela maiteko a bone a magolo go eng?
15 Johane o re neela lebaka la konokono la go se nne “ba lehatshe” fa a oketsa ka gore: “Me lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.” (1 Yohane 2:17) “Lehatshe,” mokgatlho wa batho ba ba bosula, o gaufi le bofelo jwa lone mo ‘sepitleng se segolo’ se se atamelang ka bofefo jo bogolo. (Mathaio 24:21) Ka nako ya lobaka loo karolo nngwe le nngwe ya sepolotiki ya lefatshe leno, papadi le dikarolo tsa bodumedi jwa maaka di tla nyelediwa. Ka jalo basupi bape ba boammaaruri ba ga Jehofa ba ka senya jang nako yotlhe ya bone, maikatlapelo le matlotlo mo dikarolong tseno tseo di tla tlogang di nna lefela? Go na le moo, Bakeresete ba ba ikanyegang ba tla kaela maiteko a bone a magolo mo go tswelediseng dikgatlhego ka Bogosi le dilo tseo di tla nnelang ruri, ka bosakhutleng. Gape, ka boikanyegi le tumelo tse di ntseng jalo batho ba ga Jehofa ba tla ‘fenya lefatshe’ la mokgatlho wa batho ba ba bosula, le e leng jaaka Jesu Keresete a ne a dira. (Yohane 16:33) Ee, mme ba tla falola fa lefatshe leno le feta ka tshenyego ya bomodimo, fela jaaka Noa le lelapa la gagwe ba ne ba falola Morwalela.—2 Petere 2:5.
16. Ke dipotso dife tse di saletseng tshekatsheko ya rona?
16 Ereka lefatshe leno le feta, Bakeresete ba tshwanetse go leba jang go tsenelela mo dikgannyeng tsa lone tsa loago? Ke boikutlo bofe jo ba tshwanetseng go nna le jone malebana le thutego, ditirisano tsa kgwebo le boitloso-bodutu? Dipotso tse di jaaka tseno di saletse tshekatsheko ya rona e e kelotlhoko.
O Ne O Ka Reng?
◻ Lefatshe leo balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu e seng karolo ya lona ke lefe?
◻ Barutwa ba ga Keresete ba ka se nne baitomolodi ka ntlha ya tiro efe e ba e abetsweng?
◻ Mangwe a mabaka a go bo Basupi ba ga Jehofa e se “ba lehatshe” ke afe?
◻ Gore batho ba ga Jehofa ba tle ba latele kgakololo ya 1 Yohane 2:15-17, ke dilo dife tse tharo tse dikgolo mo lefatsheng tse ba sa tshwanelang go di rata?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Lemororo Basupi ba ga Jehofa e se “ba lehatshe,” ba tshwaregile mo go thuseng batho ba merafe yotlhe semoyeng
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Fa e le gore ga re “ba lehatshe,” ga re kitla re ineela mo dikeletsong tsa nama le tsa matlho kana go belafala ka dilo tsa rona tsa botshelo