LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 4/15 ts. 21-27
  • Ganana le Dikeletso tsa Lefatshe!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ganana le Dikeletso tsa Lefatshe!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ikuele go “Eo u Utlwañ Thapèlō”
  • Thuso ka Moya o o Boitshepo
  • Lefoko la Modimo ke Thuso
  • Tswelelapele go Ganana le Dikeletso tsa Lefatshe
  • ‘Se Ipapalele Ka Lehatshe Go Hetisa Selekanyo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Lo se Ka Lwa Rata Lefatshe le Dilo Tse Di mo Go Lone
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
  • Tila Tsela e Lefatshe le Akanyang ka Yone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Nnang Le ‘Sa Mathwa Gope Ke Lefatshe’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 4/15 ts. 21-27

Ganana le Dikeletso tsa Lefatshe!

1, 2. (a) Jehofa o tshwanetse a obamelwa jang? (b) Seno se tlhokang mo Basuping ba gagwe?

JEHOFA MODIMO o batla go obamelwa ka tsela e e phepa, e e thokgameng ke botlhe ba ba ineetseng mo go ene. Ka dinako tsotlhe le ka ditsela tsotlhe, ba tshwanetse go mo tlotla ka mafoko le ka ditiro. Ruri ba tshwanetse ba seka ba nna le ‘moya wa lefatshe leno’—boikutlo jo bo renang jwa lone jwa boleo le bogagapa kana tlhotlheletso, joo gantsi bo bodileng. (1 Bakorintha 2:12, Today’s English Version) Jaaka batho ba ba rulaganyeditseng go baka Modimo, Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go ema ba tlhomologile jaaka ba ba farologaneng le lefatshe jeno. Ba tshwanetse ka peloyotlhe ba dirisa taolo ya bomodimo ya go nna ba “ikgaogantse le boikèpō le dithatō tsa lehatshe, [le go] tshela ka go ikgapa, le ka tshiamō, le ka poihōmodimo, mo motlheñ oa gompiyeno.”—Tito 2:11-14.

2 Lefa go ntse jalo, ka maswabi, ga se botlhe ba ba ipoletseng fa ba rata Jehofa bao ba ileng ba mo tlotla le go neela bosupi jo bo phepafetseng jwa gore ba gananye le dikeletso tsa lefatshe kana ditsela. Go begwa gore banna bangwe ba Bakeresete ba ba ineetseng ba ile ba nna gone maitisong a boikgakantshi ba apere jaaka basadi. A boitshwaro jo bo ntseng jalo bo ka tsewa e se jwa lefatshe kana jaaka jo bo tlotlang Jehofa? Ruri, ditiro tsa mofuta oo ga se tse re ka di lebelelang mo go bao eseng “ba lehatshe.” (Yohane 15:19) Aitsane, mo maemong ka bontsi monna yo o rweleng seriri sa mosadi le diaparo ga a ketla a lebega sesadi fela mme gape o tla nna boemong jwa go ka fereelwa thobalano e eseng ya tlholego ke banna ba bangwe!—Duteronome 22:5.

3. Malebana le ditsela tsa lefatshe le dikeletso, ke dipotso dife tse di tshwanelang kakanyetso?

3 Jaaka basupi ba ga Jehofa, re ka nna ra bo re dumalana gore ga re a tshwanela go ‘tsenelela thata mo dikgannyeng tsa lefatshe,’ jaaka fa go bontshitswe mo setlhogong se se fetileng. (1 Bakorintha 7:31, The New Testament: A New Translation, ka Olaf M. Norlie) Re ka nna ra lemoga gore bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo “bo re ruta gore re re ‘Nyaa’ mo bosuleng le mo dikgotelong tsa lefatshe.” (Tito 2:11, 12, New International Version; NW) Mme go tweng fa e le gore pelo ya rona tota ga e itshware ka tsela eo? Kana a re re, re eletsa go nonotsha boikemisetso jwa rona go ganana le dikeletso tsa lefatshe. Ke eng seo se ka re thusang?

Ikuele go “Eo u Utlwañ Thapèlō”

4, 5. (a) Dithapelo tsa rona ka tshwanelo di ka nna le eng? (b) Mabapi le pelo ya rona, ke ka baka lang fa ka dinako tse dingwe re ka tlhoka go rapela?

4 Tsela e nngwe ya go atlega mo go gananeng le dikeletso tsa lefatshe ke go lopa thuso ka tlhoafalo le ka metlha go “eo u Utlwañ Thapelō.” (Pesalema 65:2) Mme re ka rapela jang fa pelo ya rona ka tsela nngwe e hohomela dilo tsa lefatshe?

5 Jaaka basupi ba ga Jehofa, re tshwanetse mo ‘dilong tsotlhe re itsise Modimo ditopo tsa rona.’ Fa re dira jalo ka tumelo, “kagishō ea Modimo” e tla dibela megopolo ya rona le dipelo. Legale, Jehofa ka boene o ne a re “go akanya ga pelo ea motho, go . . . boshula, go cwa bokauñ yoa gagwè.” (Bafilipi 4:6, 7; Genesise 8:21) Jalo ka dinako tse dingwe re tlhoka go rapelela boikutlo jo bo farologaneng, go fetoga ga pelo. Ka motlhala, fa diphepiso tsa lefatshe di ngaparetse mo dipelong tsa rona, re tlhoka go kopa Rrarona wa legodimo go re thusa go emisetsa tlhoafalelo eo ka dikeletso tsa semoya tse di phepa.

6. Fa ditsela tsa lefatshe le diphepiso di bonala ekete di ikuela go rona segolo bogolo, re ka rapela jang?

6 Makgolo a dingwaga a a fetileng, mopesalema Dafide o ne a lopa Modimo a re: “Nchupetsa metlhala ea gago, Yehofa . . . Ntsamaisa mo boamarureñ yoa gago, u bo u nthutè.” (Pesalema 25:4, 5) Jehofa o ne a direla Dafide seno, mme ruri o ka arabela batlhanka ba Gagwe ba motlha wa segompieno thapelo e e ntseng jalo. E re ka jaana “ditsela” tsa ga Jehofa le “boamarure” e se tsa lefatshe, maikutlo a a tshwanang le a ga Dafide a thapelo a ka thusa fa ditsela tsa lefatshe leno di lebega di ikuela go rona segolo bogolo.

7. Ke tsela efe e e botlhale go e latela fa re okelwa mo boitlosobodutung jo bo seng phepa jwa lefatshe?

7 Lefatshe le etleetsa dipono tsa boitsholo jo bo sa siamang ebile le phophoma ka boikepo. Seno gantsi se iponatsa mo dipineng tsa lefatshe, ditantsheng, dibukeng, metshamekong, dibaesekopong, dithulaganyong tsa thelebishene, le tse di tshwanang. Fa rona, jaaka Bakeresete ba ba ineetseng, re gogelwa mo boitlosobodutung jwa lefatshe jo bo seng phepa, go tweng he? Santlha, re tla bo re dira sentle go tlhatlhobisa seo e ka nnang boitlosobodutu go ya kafa leseding la Lefoko la Modimo. Le bontsha gore re tshwanetse ra ‘ila se se bosula, ra ngaparela se se molemo.’ (Baroma 12:9) Go tswa foo re tshwanetse ra rapelela thuso ya ga Jehofa gore pelo ya rona, lemororo e sa itekanela, e khutlele go eletsa dilo tsa boikepo. Ruri, Modimo wa rona o ka ‘bopa pelo e e itshekileng mo go rona’ fa ka bopeloephepa re mo kopa go dira jalo.—Pesalema 51:10.

Thuso ka Moya o o Boitshepo

8. Go ya ka Pesalema 51:11, ke eng seo se ka diragalang le e leng fa gone jaanong re na le moya o o boitshepo?

8 Morago ga ga Kgosi Dafide wa Iseraele a sena go tiisediwa ka mo go gakgamatsang bomasisi jwa boleo jwa gagwe le Bethesheba, o ne a ikopela mo go Jehofa a re: “U se ka ua ntatlha ua ntlosa ha pele ga gago; le mōea oa gago o o boitshèpō u se o tlose mo go nna.” (Pesalema 51:11) Modimo o ne a araba thapelo eo. Mme elatlhoko gore moya o o boitshepo o ka latlhega kana wa tsewa.

9. Ke eng seo se ka re gogelang mo go boleng ga lefatshe, mme ka matswela afe a a ka nnang gone?

9 Fa rona, jaaka Bakeresete ba ba ineetseng, re ka dumelela lefatshe go re gogela ‘mo tlhapelong e e feteletseng’ ya lone, re ka felelwa mo semoyeng. (1 Petere 4:4) Seno se ka simologa ka go tswa pelo, gongwe ka gore re simolole go otla ditlhaloganyo tsa rona le dipelo ka megopolo ya lefatshe ya boitsholo jo bo sa siamang, e e tladitsweng ke dibuka le mefuta ya boitlosobodutu tse di ganediwang ke Dikwalo. Lefoko la Modimo le re kgothaletsa go nna ‘banyana mo bosuleng’ re sa senke go itse kaga dilo tsa boitsholo jo bo sa siamang kana tse di boikepo. (1 Bakorintha 14:20) Mme go tswa pelo go ka re gogela mo go boleng, mme ka go tlhoka botlhale re ka fetsa ka gore re godile kana re nonofile mo go lekaneng mo semoyeng go ka emelana le go leswefadiwa. Go tswa foo boikgodiso bo ka gola mo jaanong re sa batleng le fa e le ope—mme kgabagare le ene Modimo—a re ‘bolelela seo re tshwanetseng go se dira.’ Matswela e ka nna a a gobatsang, ka jaana ga go ope yo o ka nyatsang Modimo ka go ganana le kgakololo ya gagwe ka bogoma mme a “tlhōgōnōlōhala.”—Yobe 9:1-4.

10. (a) Malebana le moya o o boitshepo, ke eng seo se ka re diragalelang fa dikeletso tsa lefatshe di tlogelwa fela di sa tlhokomelwe? (b) Jalo ke eng seo se tla re thusang go ganetsa lefatshe le dithaelo tsa lone?

10 Fa di sa tlhokomelwe, dikeletso tsa lefatshe di ka re dira gore re hutsafatse moya o o boitshepo wa Modimo ka go o tlhokomologa, re tsaya tsela eo e fapaanang le ketelelopele ya one re bo re baya dipelo tsa rona mo maitlhomong a a farologaneng le ao moya o ka re tlhotlheletsang mo go one. Go “hutsahatsa Mōea o o Boitshèpō oa Modimo” go raya gape go ganana le Lefoko la gagwe. (Baefesia 4:30; bapisa Ditihō 7:51-53.) Seno se ka gogela botsuoloding jwa ka bomo kgatlhanong le go iponatsa mo go phepafetseng ga moya wa ga Jehofa mme go ka raya tlhapatso kgatlhanong le moya oo, mo e leng boleo jo bo sa itshwarelweng. (Mathaio 12:31, 32; Mareko 3:29; bapisa Bahebera 6:4-6; 10:26-31.) Jalo a tlhe re seka ra boela morago gape tseleng ya boitaolo le boitlhapediso mo ditlwaelong tsa lefatshe tseo re neng ra falodiwa mo go tsone ka bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa ga Jehofa. Go na le moo, a re rapeleleng moya o o boitshepo mme re ineeleng mo tlhotlheletsong ya one, eo e tla re thusang go ganetsa lefatshe le dithaelo tsa lone.—Pesalema 143:10; Luke 11:13.

Lefoko la Modimo ke Thuso

11. Ke eng seo jaanong re tla se akanyetsang seo se tshwanetseng go re thusa go ganetsa thaelo ya go ‘dirisa lehatshe go hetisa selekanyo’?

11 Selwana se se gakgamatsang sa moya o o boitshepo wa Modimo ke Lefoko la gagwe je le tlhotlheleditsweng. (2 Samuele 23:2; 2 Timotheo 3:16; 2 Petere 1:20, 21) Moteng ga yone go na le “dilō cotlhe tse di kwadilweñ galè” le “tlhagishō mo go rona ba dikhutlō tsa metlha di wetseñ mo go rona.” (Baroma 15:4; 1 Bakorintha 10:11) Ke jang he batho bangwe ba ba kwadilweng mo Bibeleng ba neng ba leba lefatshe ka gone?

12. Demase e ne e le mang, mme re ka solegelwa molemo jang ke go akanyetsa tsela ya gagwe?

12 Le e leng sekai se se sa siamang se na le mosola, ka jaana se re bontsha seo re tshwanetseng go se tila. Go tshwantshetsa: Moaposetoloi Paulo o ne a latlhiwa ke modiri-ka-ene ebong Demase “ka a ratile lehatshe yeno.” Gore o ne a latlhile Paulo ka sebopego sefe tota tota le bokgakala jo bo kae ga go bolelwe, mme go rata menate ya lefatshe le dilo tse di bonalang di ka nna tsa bo di ile tsa feta dilo tsa semoya ka nonofo. Mme fela, Demase o ne a palalwa ke go dirisa paka ya gagwe e e molemo-lemo go nonotsha mokaulengwe wa gagwe Paulo. (2 Timotheo 4:10) Abo seno se tshwanetse go re tlhotlheletsa jang go dirisanya le badumedi-ka-rona, re sa ba latlhe ka kgetsi ka ntlha ya go dumelela lorato Iwa tsamaiso ya jaanong ya dilo go ntsifala mo dipelong tsa rona!

13. Ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa gore Aberahame le Sara ba ne ba sa ‘tsenelela thata mo dikgannyeng tsa lefatshe’?

13 Gompieno re na le Bibela ka kakaretso jaaka kaelo ya rona. Mme kwantle ga go nna le e leng yone buka e le nngwe ya Bibela e e tletseng—ditlhogo tsa lotso tse di molemo ebong Aberahame, Isake le Jakobe, le basadi ba bone ba ba ikanyegang, ‘ba ne ba seka ba dirisa lehatshe go hetisa selekanyo.’ Ka sekai, Aberahame (Aberame) o ne a dira jaaka Jehofa Modimo a ne a laetse ka go tloga mo Ura, motse wa Bakaladia wa magae a mantle le melemo e mentsi. Ee, diphatololo koo di ile tsa senola gore ene le mosadi wa gagwe yo o rategang Sara (Sarai) ba tshwanetse ba bo ba ile ba intsha ditlhabelo tse di bonalang kafa dilong tse di bonalang go ya kwa Modimo a neng a laotse teng, ba nna mo ditanteng jaaka baeng mo lefatsheng la tsholofetso. Isake le Jakobe le bone ba ne ba dira ka tumelo jaaka “barua boshwa ka èna [Aberahame] ba eōna polèlō euō ea choloheco.” Dikgatlhego tsa lefatshe di ne di le botlhokwa jo e seng jwa sepe mo go Aberahame, “gonne o na a lebèlèla motse o e leñ ōna o o nañ le mothèō tōta, o moagi le modihi oa ōna e leñ Modimo.”—Bahebera 11:8-10.

14. (a) Go ka bontshiwa jang gore Moshe ‘o ne a seka a dirisa lefatshe go hetisa selekanyo’? (b) Malebana le dipono tsa rona kaga dikgatlhego tsa semoya, re ka solegelwa molemo jang ke sekao sa ga Moshe?

14 Moperofeti Moshe o baakanyetsa ka sekao se sengwe gape se sentle sa yo o neng a ikanya Jehofa le go ganana le dikeletso tsa lefatshe. Ka tumelo, Moshe o ne a itlhophela go bogisiwa le batho ba Modimo mme “a kaea ha go kgōbèlwa Keresete [ke gore, go nna motlhanka yo o tloditsweng wa Modimo] e le khumō e e molemō go gaisa mahumō a Egepeto.” Ka gone, o ne a nna le ditshiamelo tse di gakgamatsang fa a ntse a direla ka tlhomamo “yaka moñwe eo o tlhomileñ matlhō mo go èna eo o sa bōnaleñ,” ebong Jehofa. (Bahebera 11:24-27) Ka phepafalo, ga go na phetso epe e e molemo-lemo eo Moshe a ka bong a e dirile go na le eo ya go baya dikgatlhego tsa semoya kwa pele mo botshelong go sa kgathalesege dithaelo tsa lefatshe. Mme le rona go ntse jalo.—Mathaio 6:33.

15. Ke go akanyetsa boitemogelo bofe jwa Baiseraele mo go tshwanetseng go re tlhotlheletsa go bihela diphepiso tsa lefatshe tsa boitsholo jo bo sa siamang?

15 Dilo tsa lefatshe tseo di tlogang di feta le lona di tla akaretsa “thatō ea nama,” eo e iponatsang ka ditsela tse di farologaneng, dingwe tsa tsone e le tse di boikepo. (1 Yohane 2:15-17) Diphepiso tsa lefatshe tsa boitsholo jo bo sa siamang di dintsi mme ka dinako tse dingwe di ile tsa nna le diphelelo tse di senyang le e leng mo bathong bao ba ineetseng go Jehofa. Ka motlhala, lemororo Baiseraele ba ne ba golotswe mo bokgobeng jwa Egepeto, diketekete tsa bone moragonyana di ne tsa bolawa ka ntlha ya go “diha boaka le bomorwadia Moaba.” (Dipalō 25; 1 Bakorintha 10:8) Abo seno se tshwanetse go re tlhotlheletsa jang go bihela diphepiso tsa lefatshe tsa boitsholo jo bo sa siamang!

16. (a) Fa a ne a raelwa go itshola kafa go sa siamang, ke eng seo Josefa a neng a se dira? (b) Re ka solegelwa molemo jang ke sekao sa ga Josefa?

16 Akanyetsa sekao se sentle-ntle sa ga Josefa, morwa Jakobe. Gangwe le gape, mosadi wa mong wa gagwe wa Moegepeto o ne a nna a mo tlhotlheletsa go tlhakanela le ene dikobo. Lefa go ntse-jalo, o ne a gana gotlhelele. Ga go bolelwe gore mosadi yoo o ne a le maswe mo a neng a ka se kgatlhegelwe ke monna. Go na le moo, Josefa o ne a tshaba fa pele ga gagwe ka jaana a ne a sa batle go leofela Modimo wa gagwe wa tshiamo, Jehofa. (Genesise 39:7-20) A go tlhokafala gore re dire dipaakanyo mo go seo re se balang, mo boitapolosong kana mo maemong a a rileng e le gore re tle re tile go leofela Modimo? Fa go ntse jalo, a re tseyeng kgato kwantle ga tiego epe, jaaka go dirile Josefa yo o tshiamo.—1 Petere 2:11, 12.

17. (a) Go akanya ga lefatshe gantsi go etleetsa boikutlo bofe? (b) Ke jang basadi bangwe ba ba boikgogomoso ba Juda ba neng ba ikgabisa ka gone, mme ke eng seo se neng sa ba diragalela le mekgabo ya bone?

17 Mogopolo wa lefatshe gantsi o kgothaletsa boitaolo le boitlotlomatso. Kgatelelo ya lefatshe kafa ntlheng ya dilo tse di bonalang tsa botshelo e fetela mo mokgabong, oo segolo bogolo o leng botlhokwa mo basading bao ba eletsang go nna le ponalo e ntle. Mo Juda wa bogologolo wa metlheng ya ga Isaia, basadi ba ba boikgodiso ba ne ba ikgabisa ka mekgabo e le mentsi. Go bonala e le gore ba tsamaisanye le seemo, basadi ba ba ntseng jalo ba ba boitlotlomatso ba ne ba ikgokelela “dikagale,” kana dibaga, ba di bofeletse mo magwejaneng a bone. Dikagale tseno di ne di “tlhasinyèga” fa mosadi a ntse a tsamaya, mme ebile di mo kgoreletsa motsamao mo a neng a tsamaya a “ñōbōta,” a dira seo go ka tweng ke motsamao o o manontlhotlho wa sesadi. Legale, phenyo ya Babelona mo Juda ka 607 B.C.E. e ne ya fedisa mekgabo eo le kgololesego.—Isaia 3:16-24.

18. Tekanyetso ya Dikwalo mabapi le mokgabo wa sesadi ke efe?

18 Mabapi le mokgabo wa sesadi, abo go ne go na le boikutlo jo bo farologaneng magareng a Jesebele yo o seng bori, wa selefatshe le Esethere yo o bothakga, yo o tshiamo mme gone a apere sentle! (2 Dikgosi 9:30; Esethere 2:7; 5:1) Ka phepafalo, basadi ba Bakeresete ba eletsa go tshwana le Esethere. Jalo he, ba ikapesa ka “diaparō tse di señ maphatsiphatsi, ba le bori le tekanō.” Ba dira gore mokgabo o mogolo wa bone o nne “motho eo o sa bōnaleñ oa pelo, le ka diaparō tse di sa boleñ tsa mōea oa boikokobeco le tidimalō, e le gōna mo go kaiwañ go tlhōkèga thata mo matlhoñ a Modimo.”—1 Timotheo 2:9; 1 Petere 3:3-5.

19. Jesu o ne a baakanyetsa jang ka sekao se sentlentle sa go sa nneng le bolefatshe?

19 Jesu Keresete o baakanyetsa ka sekai se se kwa godimo sa boseng wa lefatshe. Lemororo a ne a le motho yo o itekanetseng ka kgono e ntsi thata ya go ka atlega mo lefatsheng go na le motho lefa e le mang, kamego ya gagwe ya kwa pele e ne e le ya semoya—mo a bileng a ne a sena “ha o ka baeañ tlhōgō ea gagwè gōna.” (Mathaio 8:20) Kgakala le go ka bodisiwa boitsholo ke lefatshe leno, Jesu o tlhalosiwa jaaka “eo o boitshèpō, a sena boleo, a sena leshwè, a lomologanye le baleohi.” (Bahebera 7:26) Rona ba re sa itekanelang re ka se latele dikgato tsa ga Jesu ka mo go itekanetseng. Mme re tshwanetse ra dira kafa re ka kgonang ka teng, ka thuso ya ga Jehofa.—1 Petere 2:21, 22.

Tswelelapele go Ganana le Dikeletso tsa Lefatshe

20. Fa o le moobamedi wa ga Jehofa, o ka nna o gololesegile jang mo moyeng wa lefatshe jeno?

20 Fa o iphitlhela o le mo bontsintsing jo bo itumetseng jwa baobamedi ba ga Jehofa, ruri o segofaditswe. O bonye sengwe se se botoka thata go na le seo se ka ntshiwang ke lefatshe jeno je le bodileng le je le swang. He ngaparela kobamelong ya boammaaruri, mme o nne o ntse o gololesegile mo moyeng wa lefatshe jeno. Ka jalo, nna o ikuele go “eo u utlwañ thapèlō,” batla thuso ya moya wa gagwe o o boitshepo, ka metlha o ikobela kgakololo ya Lefoko la Modimo mme le ka motlha o sa kgaogane le bontsintsi—jo jaanong bo nang le makgolo a dingwaga—jwa basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa.—Bapisa Bahebera 12:1-3.

21. Malebana le lefatshe jeno, re tshwanetse ra nna le boikemisetso bofe?

21 Ekete e ka nna boikemisetso jwa gago go sa dirise lefatshe leno go fetisa selekanyo. Go na le moo, ekete o ka tlhoma mogopolo wa gago le pelo mo go direng thato ya Modimo. Fa o dira jalo, o tla nna le tshegetso e e nonofileng ya “diatla tse di sa khutleng” tsa ga Jehofa. (Duteronome 33:27, An American Translation) Ka go nna le ikanyo mo thusong e e ntseng jalo ya bomodimo, ekete o ka tswelelapele o na le mogopolo o o lekalekanyeng, tshiamo le poifomodimo fa o ntse o ganana le bosula le dikeletso tsa lefatshe.

O ka araba jang?

◻ Fa pelo ya rona ekete e eletsa dilo tsa lefatshe, thapelo e ka thusa jang?

◻ Moya o o boitshepo o ka re thusa jang go ganetsa lefatshe le dithaelo tsa lone?

◻ Ke dikai dife tsa Bibela tseo di ka re thusang go ganana le ditsela tsa lefatshe le dikeletso?

◻Re ka ikgolola jang mo moyeng wa lefatshe jeno?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Se letlelele go tswa pelo go go gogela mo go boleng ga lefatshe

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Josefa o ne a sia gore a se leofe. Le rona gape, re tshwanetse ra tsaya kgato ka bofefo go tila boitshwaro jo bo maswe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela