Bodihedi jo bo Nang Le Matswela bo Gogela kwa Barutweng ba ba Oketsegileng
“Tseno e ne e le dineo tsa gagwe: bangwe go nna . . . bareri, bangwe badisa le baruti, go tlhomelela batho ba Modimo go dira mo tirelong ya gagwe.”—BAEFESIA 4:11, 12, The New English Bible.
1. Keresete o ne a ikutlwa jang ka batho?
KERESETE JESU o ne a sa ikarola. Bodihedi jwa gagwe bo ne bo lebisitswe gotlhelele go batho. Mo dipegong di le nne tsa Efangedi Jesu o ne a tshwaregile ka batho mo e batlang e ka nna ka metlha yotlhe. Mo nakong ya maeto a gagwe o ne a bona boemo jwa bone jwa sebele mme a ba utlwela botlhoko thata. Fa o le modihedi wa Mokeresete, a o utlwela batho bao o rakanang le bone botlhoko?—Mathaio 9:35, 36.
2. Basupi ba ga Jehofa ba etsa sekao sa ga Jesu jang?
2 Le gompieno bodihedi jwa Bokeresete bo tshwanetse gore bo akaretse batho. Ka go lemoga ntlha eo, Basupi ba ga Jehofa ba na le katamelo e e feto-fetogang mo tirelong ya bone go Modimo. Go dikologa lefatshe ba ka bonwa ba buisana le batho-mo mebileng, mo matlong, mo mafelong a a tshwaregileng a borekelo, gotlhe mo mafelong a go emela dibese, mo ditselaneng tse di kafa tlase ga marogo le mo diteisheneng tsa terena, mo dikgaolong tsa difeketori, tsa diofisi le tsa kgwebo. Gotlhe moo batho ba ka fitlhelwang teng, Basupi ba direla moo jaaka baefangedi. Goreng go ntse jalo? Gonne lefoko “efangedi” le tswa go lefoko la Segerika euaggelion, leo le kayang “mahoko a a molemō.” Jaaka Keresete, Mokeresete mongwe le mongwe wa Mosupi wa ga Jehofa le ene o tshwanetse go nna modihedi wa mafoko a a molemo, moefangedi. Ka jalo mosupi mongwe le mongwe le ene o tshwanetse go tshwarega ka batho.—2 Timotheo 4:5; Baefesia 4:11, 12.
3. Mokgwa o o nang le matswela segolo wa bodihedi jwa Bokeresete ke ofe?
3 Tiro eno ya boefangedi e tshwanetse go dirwa jang ka mo go nang le matswela? A mokgwa wa radio le TV o o dirisiwang ke dikereke tse dintsi ke karabo ya tota? He, a o ke o ipotse, a radio le TV di ka araba dipotso tsa gago ka bonako? Nnya—tseo ke metswedi ya dikgang ya puisano e e seng ya sebele. Bodihedi jo bo nang le matswela segolo e santse e le jo bo neng jwa dirisiwa ke Jesu le barutwa ba gagwe, ba lebane ka difatlhego le bao ba batlang boammaaruri Mme go tlhoka nako le boiteko, tseo Paulo a di supileng ka setshwantsho se se motlhofo fa a ne a re: “Nna ka yala, Apolose a nosa; me Modimo oa uñwisa. Yalo eo o yalañ e be e se sepè, leha e le eo o nosañ; ha e se Modimo hèla o o uñwisañ.”—1 Bakorintha 3:5-7.
4. Ke dikgato dife tse tharo tse di akarediwang mo bodiheding jo bo nang le matswela?
4 Mafoko ano a bontsha dikgato tse tharo mo bodiheding jwa Bokeresete—go jala, go tlhagolela le go roba. Jang jalo? Santlha go na le go jala, go kopana ga ntlha le mafoko a a molemo a Bogosi. Mme go latele go tlhagolelwa, go akareletsa le go nosetsa seo se jetsweng. Seo se dirwa jang? Ka dipuisano tse di oketsegileng go araba dipotso le go siamisa dipelaelo. Seno gantsi se gogela mo thutong ya ka metlha ya Bibela eo e nwetsang boammaaruri jwa Bibela mo mogopolong le mo pelong tsa motho ka botlalo; ka tshegofatso ya Modimo kgolo e ya diragala. Diphelelo e nna tsa morutwa yo mongwe yo o tlhagafetseng wa ga Jesu Keresete, modihedi yo mongwe. Mme rona rotlhe jaaka badihedi re ka nna jang le lesego le le itumedisang leo la go roba morutwa?
5. Re ka thusiwa ke eng gore re nne badihedi ba ba nang le matswela?
5 Jesu o rutile barutwa ba gagwe tsela e e dirang ya go dira bodihedi jwa bone. Mme Paulo o buile ka “mekgwa . . . e e mo go Keresete.” (1 Bakorintha 4:17) Bontsi jwa diphuthego tseo a thusitseng go di tlhoma go dikologa Asia Minor le Greece ke bosupi jo bo phepafetseng jwa go atlega ga gagwe. Re setse re akareleditse mekgwa mengwe ya gagwe (le ya ga Jesu), mme a go na le e e oketsegileng e e ka dirisiwang ka mo go nang le matswela gompieno?
Motheo ke Ofe? Molaetsa One?
6. Karolo ya botlhokwa-tlhokwa ya bodihedi jwa rona e tshwanetse go nna efe?
6 Molaetsa wa Bakeresete o tshwanetse go thewa go eng? A ke mo botlhaleng le mo boitseanapeng tsa batho? Lekwalo la ga Paulo go Timotheo le neela karabo e e phepafetseng jaana: “Me wèna u nnèlè rure mo diloñ tse u di ithutileñ le tse u di tlhomamisedicweñ, . . . yaka dikwalō tse di boitshèpō u sa le a di itse mo bonyaneñ yoa gago, e le tse di nonohileñ go ga tlhalehisetsa polokoñ ka tumèlō e e mo go Keresete Yesu. Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo lo bile lo molemō go ruta.” Ka phepafalo, Bibela, Lefoko la Modimo, le tshwanetse go nna karolo ya botlhokwa ya bodihedi jwa rona.—2 Timotheo 3:14-17.
7, 8. Jesu le Paulo ba tlhomile sekao jang mo go diriseng dikwalo?
7 Keresete Jesu o tlhomile sekao mo kgannyeng eno—o ne a tsopola Dikwalo kgapetsa; moaposetoloi Paulo o dirile ka mo go tshwanang. Ka sekai, a o ne a fitlha a ruta botlhale jwa Bagerika kwa Thesalonika? Nnya, gonne pego e re bolelela jaana: “Me Paulo a tsèna mo go bōnè, yaka tlwaèlō ea gagwè, me a nna a hetolana nabō ka dikwalō, ka bosabata ba le bararo. A ranola, a ba rulaganyetsa, go re, go no go chwanetse ha Keresete a tla shwa, le go ba a coga mo loshuñ.”—Ditihō 17:1-3.
8 Phelelo e nnile eng? “Bañwe ba bōnè ba utlwa.” Ka jalo, ka go latela mokgwa wa ga Paulo, gompieno go rera ga rona go tshwanetse ga thewa mo Lefokong la Modimo. Ke ka moo re akantsheditseng setlhogo sa Bibela sa puisano mo bodiheding jwa rona. Ka tsela eo boammaaruri jwa Lefoko la Modimo bo ka arabelwa ke bao ba humanegileng mo moyeng.—Ditihō 17:4.
9, 10. (a) Setlhogo sa thero ya rona e tshwanetse go nna sefe? (b) Neela dikai go tswa mo bodiheding jwa ga Paulo.
9 Mme potso e e latelang e re, Re tshwanetse go rera ka molaetsa ofe? Setlhogo sa bodihedi jwa ga Keresete e ne e le sefe? Jesu o ne a itse kabelo ya gagwe sentle gonne o rile: “Ke na le go rèrèla le metse e meñwe Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo: gonne ke romilwe go diha yalo.” Fa a ne a lebisa mo metlheng ya rona ya bofelo jwa tsamaiso eno o rile: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”—Luke 4:43; Mathaio 24:14.
10 Go bonwa go otlelela go go tshwanang mo go rereng ga ga Paulo. Ka sekai, “a bua ka pelokgale ka lobaka loa dikgwedi di le tharo, a hetolana nabō, a leka go ba kgōna kaga dilō tsa bogosi yoa Modimo go Bajuda mo sinagogeng.” Go bao ba leng kwa Roma, ‘a ba phuthololela kgang, a supa ka ga bogosi jwa Modimo.’ Ka jalo “Bogosi yoa Modimo” e tshwanetse go nna kgang-kgolo ya bodihedi jwa rona jwa Bokeresete gompieno.—Ditihō 19:8; 28:23, 31.
A o a Tlhasela kana o Botsalano?
11. Gantsi batho ba itshola jang fa ba lebane le Mosupi, mme re ka fenya seo jang? (Ditihō 17:17, 18
11 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batho ba ne ba kgaogane ka bodumedi, setso le bomorafe fela jaaka gompieno. (Ditihō 2:7-11) Seo se kaya gore batho ba bantsi ba na le megopolo ya bone e e rileng fa go tliwa mo dikgannyeng tsa bodumedi. Gantsi ba ikutlwa ba tshosediwa mme baa iphemela fa ba rakana le Mosupi. Re ka fetola seo jang? Ka go dirisa bopelonomi, botlhale le bokgoni jwa go dumalana le maemo.
12, 13. Paulo o ne a bua jang le baobamedi ba ditshwantsho mo Athena? Ba ne ba arabela jang?
12 Tlhokomela ka moo Paulo a neng a tshwara boemo jo bo ntseng jalo go baobamedi ba medimo ya disetwa ba Athena ka gone. Fa a ne a bona medimo ya disetwa e mentsi jalo santlha o ile a kgopisega. Fa a ne a ema le go bua mo Areopago, a o ne a simolola ka go kgala kobamelo ya bone ya medimo ya disetwa? O ne a bua jaana mo tsenyeletsong ya gagwe: “Lona banna ba Athena, ke a lemoga ha ekete lo na le tshisimogō mo diloñ cotlhe. Gonne e rile ke heta, ke leba dilō tse lo di ōbamelañ, ka hitlhela le shōna sebesho señwe, se na le sekwalō sa go re, Sa Modimo Moñwe o o sa Itsiweñ. Ke gōna, se lona lo se ōbamèlañ ka go tlhōka go itse, ke shōna se ke se lo ranolèlañ.”—Ditihō 17:16-23.
13 A Paulo o ne a ikgogona mo bareetsing ba gagwe ka mafoko ao a simolotseng ka one? Le eseng. Katamelo ya gagwe e ne e le matsetseleko, e sena boikutlo jwa go tlhaola. Ga a ka a ba nyatsa, lefa gone mo ponong ya Modimo kobamelo ya bone e ne e sena molemo ope. O ne a le foo gore a rere ka molaetsa wa Bogosi, e seng go ba tlhasela. O ne a lemoga maikutlo a bone a a popota ka bodumedi mme a a dirisa jaaka motheo wa go fetela go setlhogo sa gagwe sa Modimo wa boammaaruri le moemedi wa Gagwe, Jesu yo o tsositsweng Phelelo ya katamelo eno e e botlhale e nnile eng? Lemororo bangwe ba bone ba ile ba sotla, “bañwe ba re, Re tla ba re gu utlwa gapè kaga mouō.” Ee, o ne a lalediwa go dira leeto la go boela!—Ditihō 17:22-32.
14. Re ka dirisa sekao sa ga Paulo mo bodiheding jwa rona jang?
14 Re ka dirisa mokgwa ono mo bodiheding jwa rona jang gompieno? Santlha, re tshwanetse go tsibogela go ela ditshupo tse di lemosang ka moo motho a lebang bodumedi ka gone tlhoko—gongwe ka selo sengwe le sengwe sa bodumedi seo a se apereng kana seo se ka bonwang fa mojako kana mo ntlong ya go amogela baeng. Ka gone, fela jaaka Paulo a dirile, gantsi re ka nna le boikutlo jo bontle ka ga pono ya motho yo mongwe ya bodumedi. Seno se re neela tsela ya go nna le tsenyeletso e e botsalano, e e tsosang kgatlhego mme e se e e tsosang kganetsanyo. Gakologelwa gore re etela motho lebaka la botlhokwa-tlhokwa e le go bua ka Bogosi jwa Modimo—e seng go simolola fela ka go tlotla ka thuto ya tumelo. Re batla go gapa batho, e seng go dira dikganetsano fela.—Bapisa 2 Timotheo 2:23-26.
15. Ke dithuto dife tse dingwe tse di molemo tseo re ka di ithutang mo bodiheding jwa ga Jesu? (Luke 10:38-42)
15 Ke eng seo gape re ka se ithutang ka sekao sa ga Keresete? Fa re tlhatlhoba bodihedi jwa gagwe re patelesega go lemoga tumelo le bonolo tsa gagwe. O ne a sa boifisiwe ke boemo bope, mme o ne a buelela Bogosi jwa Modimo mo maemong otlhe a a farologaneng, go sa kgathalesege gore a siame kana a sa siama. O ne a rera mo ntlong kana a eme fa pele ga bontsi jwa batho mme a neele puo—kwantle ga dintlha tse di kwadilweng, Bibela kana sebuela-kgakala O ne a le botsalano le botlhe. Bakgobaladi ba ne ba ikutlwa ba ka mo atamela. O ne a bua puo ya bone ya masimo le thobo, matloa le go tshwara ditlhapi. Ditshwantsho tsa gagwe di ne di le motlhofo lefa bokao jwa tsone bo ne bo le boteng. A le rona re bontsha dinonofo tse di molemo tseo mo bodiheding jwa rona?—Mathaio 4:18-25; 13:1-33; Luke 5:1-3.
Ka moo Pelo e ka Fitlhelelwang ka Gone
16. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go nna barutisi ba ba tshwanelang?
16 Gantsi go tsaya nako le go ithuta ka kelotlhoko gore motho a tlhatswiwe pelo ke molaetsa wa Bibela, ka ga Bogosi jwa Modimo. Ke ka moo re nang le thulaganyo ya ka metlha ya dithuto tsa magae tsa Bibela, kwantle ga tuelo kana pateletso, le motho ope yo o eletsang go tlhatlhoba ditsholofetso tsa Modimo ka Keresete. Dithuto tse di ntseng jalo di tswelela lobaka lo loleele mme di akaretsa dintlha le dipotso tse dintsi. Seno ruri se kaya gore re tshwanetse go nna barutisi ba ba tshwanelang. Mme karolo ya botlhokwa-tlhokwa ya go ruta ke eng?—1 Timotheo 4:16.
17. Ke mokgwa ofe o mongwe o Jesu a o dirisitseng go fitlhelela pelo?
17 Re boela gape go Jesu go bona karabo. O ne a ruta jang? Ka tswee, a ko o tlhatlhobe ditemana tse di latelang mme o bone fa o ka lemoga tsela e e motlhofo ya ga Jesu ya go ruta ba bangwe: Luke 6:9, 32-34, 39-42. E ne e le efe? O ne a botsa dipotso tse di naganisang. Ke ka ntlhayang fa a ne a dira jalo? Go thusa bareetsi ba gagwe go akanya le go itlhatlhoba mo leseding la dithuto tsa gagwe. Ka dipotso tsa gagwe o ne a fitlhelela dipelo tsa bone ka botlhale. Ba ne ba tshwanetse go bontsha fa e le gore ba ne ba batla go nna balatedi ba gagwe ka mmatota kana gore a maikutlo a bone mo go reetseng e ne e le a boitimokanyo.—Mathaio 13:10-17; Mareko 8:34-38.
18. (a) Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba dirisa dipotso kgapetsa jaana mo dibukeng tsa bone? (b) Ke sekao sefe seo re sa tshwanelang go se dirisa thata fa re ruta ba bangwe?
18 Mo e batlang e le dithuso tsa go ithuta Bibela tsotlhe tseo Basupi ba ga Jehofa ba di dirisang mo bodiheding jwa bone di na le dipotso go serapa sengwe le sengwe sa tlhaloso ya temana. Seno ke thuso ya go ithuta eo e thusang bao ba ithutang Bibela gore ba itlhalose ka mafoko a bone. Ka jalo go a phepafala fa e le gore motho o tlhaloganya kgang kana nnya. Gone, lemororo Jesu a boditse dipotso ka makgetlo a mantsi, ga a ise a ke a di dire motshameko wa go fopholetsa ka go neela lefoko kana karolo ya polelo ya karabo. A o kile wa iphitlhela o dira mokgwa oo mmogo le baithuti bangwe ba Bibela? Ke ka ntlhayang fa e se mokgwa o montle go o dirisa ka metlha? Gonne kitso ya Modimo le Keresete eo e isang polokong e tshwanetse go thewa mo go diriseng kakanyo le botlhale, e seng mo go fopholetseng go go senang mosola.—Yohane 17:3; 1 Yohane 5:20.
Ke Barutwa ba ga Mang?
19, 20. Ke lefoko lefe la tlhagiso leo le tlhokafalang fano? Ka ntlhayang?
19 Tlhagiso e a tlhokafala mo ntlheng eno. Fa re rera le go ruta ka mo go nang le matswela mo tshimong e e ungwang, kwa bokhutlong re tlhagisa barutwa. Mme ke barutwa ba ga mang? A re tshwanetse go gopola gore ke “dinku tsa me”? Mme a re tshwanetse go letla gore rona jaaka badihedi re tlotlwe ka mo go feteletseng? Tlhokomela ka moo Paulo le Barenabase ba ileng ba arabela ka gone fa batho ba Lusetera ba batla go ba tsaya jaaka medimo. Ba ne ba goela godimo go bontsi joo ka go re: “Banna, lo dihèlañ dilō tse? Le rona re batho ba re nañ le maikutlō a a etsañ a lona, me re lo leretse Mahoko a a Molemō a go re, lo tlogèlè dilō tse tsa boithamako, lo shokologèlè mo Modimoñ o o tshedileñ.”—Ditihō 14:14, 15.
20 Paulo le Barenabase ga ba ise ba ke ba leke go gogela tlhokomelo go bone. Lemororo Paulo a laetse Bakeresete gore ba mo etse, jaaka a ne a etsa Keresete, o ne a sa batle gore e nne balatedi ba gagwe. Bodihedi jo re bo dirang bo tshwanetse ka dinako tsotlhe bo galaletse Modimo, e seng batho.—1 Bakorintha 3:6, 7; 11:1.
21. Ke ka ntlhayang fa barutwa le bone ba nna badihedi?
21 Fa nako e ntse e tsamaya, barutwa e nna badihedi. Ke ka ntlhayang fa go diragala jalo? Go diragalang fa re na le mafoko a a molemo tota go a bolela? A re ka a ipolokela? Go fapaana le moo, re tlhotlheletsega go bolelela yo mongwe. Jaaka Jesu a rile: “Motho eo o molemō o ntsha se se molemō mo lohumoñ lo lo molemō loapelo ea gagwè; . . . gonne go bua ga molomo oa gagwè go tlo go cwe mo go se se tletseñ mo peduñ.” Ke ka moo go leng ka teng ka mafoko a a molemo a Bogosi. Morutwa yo pelo ya gagwe e amegileng o batla go ruta ba bangwe le go kopanela mo bodiheding ka metlha le ka go ithaopa. Ka motheo wa ka metlha le wa go ithaopa. Go latele boineelo go Modimo le kolobetso. Ka gone tlhatlhamano ya badihedi e e ipoeletsang e a tswelela, tumalanong le molao-motheo wa kgakololo ya ga Paulo go Timotheo fa a ne a re: “Cōna tsenō u di neèlè batho ba ba ikanyègañ, ba ba tla nonohañ le go ruta ba bañwe.”—Luke 6:45; 2 Timotheo 2:2.
22. (a) Ke ka ntlhayang fa Jehofa a dirile gore go nne le phuthego ya barutisi le baefangedi? (b) Ke tiro efe ya isagwe e e santseng e tshwanetse go fitlhelelwa?
22 Gompieno, go dikologa le lefatshe, Jehofa Modimo o na le phuthego ya barutisi ba ba thapisitsweng ka botlalo, badihedi ba lekgolo la bo-20 la dingwaga. Ba ba fetang 2 600 000 ba bone ba nna le seabe mo bosuping jwa bofelo jo bo neelwang pele bofelo bo tla godimo ga tsamaiso eno e e bosula. Mme setlhopha se se golang seno se ipaakanyeleditse le eleng kgwetlho e kgolwane—go rutwa ga didikadike tseo di tla tlang ka tsogo. A o ipaakanyeleditse go nna le seabe mo tshiamelong e e gakgamatsang jalo? A bodihedi jwa gago ke jo bo ungwang gone jaanong? A re rapeleleng gore lesedi la rona le phatsime go galaletsa Modimo, jaaka re ntse re direla jaaka badihedi ba ba nang le matswela.—Mathaio 5:16; Yohane 5:28, 29.
◻ Ke tsela efe e e nang le matswela segolo mo go rereng mafoko a a molemo?
◻ Go ruta ga rona go tshwanetse ga thaiwa go eng? Molaetsa ke eng?
◻ Ke dinonofo dife tse di tlhokafalang go dira gore batho ba re reetse?
◻ Jesu o ne a fitlhelela pelo ya bareetsi ba gagwe jang?
◻ Ke kelotlhoko efe e e tlhokegang fa re ruta ba bangwe?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Basupi ba ga Jehofa ba rera gongwe le gongwe koo batho ba ka bonwang gone
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Fa re supa, re tshwanetse go ela ditshupo tsa bodumedi jwa motho tlhoko