LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 4/15 ts. 22-24
  • Dingwao tsa Khutsafalelo—O Di Leba Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dingwao tsa Khutsafalelo—O Di Leba Jang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Khutsafalelo E Tshwanetse
  • Ke Dingwao Dife tsa Khutsafalelo?
  • Masego a Boikanyego
  • Pono ya Mokeresete ka Dingwao Tsa Phitlho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ikele Tlhoko mo Dingwaong Tse di sa Itumediseng Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Boammaaruri ka Baswi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Gana Dingwao Tse di Bosula!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 4/15 ts. 22-24

Dingwao tsa Khutsafalelo​—O Di Leba Jang?

GO RALALA ditiragalo tsotlhe, loso lo ile lwa nna boitemogelo jo bo tlwaelegileng jwa setho. Mme go tlwaelana le lone ka lobaka lo lo leele ga go a fokotsa phelelo e e kgobang marapo eo loso lo e lereng mo go ba ba setseng. Go itse gore mongwe yo o neng o atamalanye le ene thata o ile ga se gantsi go tlhoka go lere kutlo botlhoko e kgolo le e e tsayang lobaka, le botlhoko jwa go latlhegelwa.

Bodumedi bo tshwanetse jwa nolofatsa botlhoko joo loso lo bo dirang, mme gantsi bo dira se se farologaneng Mo mafatsheng mangwe botlhoko jo bo tlisiwang ke loso go ba ba hutsafetseng bo okediwa ke fa ba bolelelwa gore batsadi ba bone le ba losika ba ba suleng jaanong ke meya e e ipusolosetsang e e tshwanetseng ya itumedisiwa ka ditirelo tse di tshwanetseng tsa khutsafalelo. Fa go sa nna jalo e tla tlhorontsha batshedi Gammogo le moo, fa lelapa la Mokeresete le le mo bohutsaneng, go ka nna ga nna le diphetso tseo go nang le go lebanwa le tsone mabapi le dingwao tsa lefelo, jaaka go apara diaparo tse di kgethegileng le go tshwarega mo mekgweng eo ba bangwe ba ka neng ba e lebeletse.

Jehofa Modimo o solofeditse gore letsatsi lengwe o tla tlosa boitemogelo jo bo botlhoko jwa loso mo bathong. (Tshenolō 21:4) Mme gone jaanong, o re file Lefoko la gagwe, ebong Bibela, jaaka ‘lesedi la tsela ya rona.’ (Pesalema 119:105) Nako le nako fa re belaela gore ke selo sefe se se tshwanetseng se re ka se dirang, Bibela e re bontsha tsela eo Modimo a batlang re itshwara ka yone. (Isaia 30:21) A re akanyetseng kaelo eo le e neelang ka dinako tseo tse di botlhoko-tlhoko, fa mongwe yo o gautshwane le rona a swa.

Khutsafalelo E Tshwanetse

Jaaka fa go setse go bontshitswe, ke selo sa tlholego go utlwa botlhoko thata fa mongwe yo re mo ratang a swa. Mme Bakeresete ba itse gore go tla nna le tsogo. Jalo he, ga ba na bohutsana jwa boitlhobogo le jo bo feteletseng j.o gantsi bo bontshiwang ke ba ba senang tsholofelo. (1 Bathesalonia 4:13) Loso tota tota ga lo reye gore motho o etse ruri, lefa gone go raya seo ka lobakanyana.

Ka gone, Aberahame o ne a “hutsahalèla Sara, le go mo lelèla” fa a sena go swa. (Genesise 23:2) Isake, morwawe, o ne a tlhoka go “gomotsèga moragō ga losho loa ga mmagwè.” (Genesise 24:67) Kutlobotlhoko ya ditsala le ba losika lwa ga Lasaro yo o neng a sule e ne ya nna kgolo mo Jesu ka boene a neng a “lela.” (Yohane 11:35) Ke go bontsha lorato fa ditsala tsa ba losika ba ba hutsahetseng di ba etela e le go ba gomotsa mo nakong e e botlhoko eo.​—Yohane 11:31.

Lefa go ntse jalo, o tla elatlhoko gore mo dipolelong tsa Dikwalo ka ga khutsafalelo, le ka go gomotsa ba ba mo bohutsaneng, ga go ke go umakiwa sepe ka go itumedisa baswi. Batlhanka ba Modimo ba ne ba itse gore baswi ba ne ba robetse, ba sa itse sepe. (Yohane 11:11-14; Moreri 9:5, 10) Baswi ga ba boge morago ga botshelo, lefa le ele gone go fetoga meya e e ipusolosetsang e e kotsi. (Pesalema 146:3, 4) Ka jalo, batho ba ga Jehofa ba ne ba sa tshwanelwa go etsa merafe e e mo tikologong ka ditiro tseo di neng di bontsha boikutlo jo bo phoso tebang le baswi.​—Duteronome 14:1; 18:10-12.

Gompieno, gape, fa re akanyetsa dilo tseo ka tlwaelo di dirwang go ‘tlotla baswi,’ re tshwanetse ra tlhomamisa gore tlwaelo eo e raya goreng gone jaanong. A jaanong e golaganngwa le thuto e e phoso kana tumela-botlhodi? Fa go ntse jalo, a Mokeresete o tshwanetse go e latela?​—Baroma 13:12-14.

Ke Dingwao Dife tsa Khutsafalelo?

Gareng ga batho bangwe mo lefatsheng, batlholagadi le baswagadi ba tshwanetse ba apara diaparo tse di kgethegileng le go nna jaaka bahutsahadi, ba na le dithibelo tse dintsi mo kgololesegong ya bone, ngwaga yotlhe. A ngwao eno e tsamaelana le ditumelo tsa Bokeresete?

Ka mo go utlwalang, Mokeresete yo o latlhegetsweng ke moratiwa o ka nna a apara a ba a itshwara jaaka yo o kgwabohetseng ka lobakanyana. (Bapisa 2 Samuele 13:19; 2 Dikgosi 6:30.) Mme seno se farologane thata le go apara, ka lobaka lo lo leele, diaparo tseo mo megopolong ya ba ba mo motseng di amanang le ditumelo tse e seng tsa Bibela ka ga baswi. Fa batlholagadi ba Bakeresete ba sena go gana go latela dingwao tse di ntseng jalo, ka dinako tse dingwe ba ile ba tshosediwa ke ba-losika le baagelani ba ba bolelang gore “ba tla tlelwa ke “bomadimabe” kana gore “moya” wa monna yo o suleng o tla gakadiwa le go lere kotsi mo go bone. Batho bano ba ba dumelang mo botlhoding ba ka nna ba boifa gape gore pula ga e na go na, kana gore ga go na go nna le thobo.

Motlholagadi mongwe o ne a se ka a latela dingwao, mme jalo morwawe a mo raya a re: “Moya wa ga rre ga o na go robala ka kagiso.” Mo lefelong le lengwe, kgosana ya morafe mongwe e ne ya tshosetsa gore e tla leleka batlhanka botlhe ba ga Jehofa mo lefelong leo! Batho bangwe ba lefelo leo ba ne ba gakala thata mo baneng ba ya go senya lefelo la bokopanelo la Bokeresete la koo ka ditshipi le ka dilepe. Mo lefelong le lengwe, motlholagadi mongwe wa Mokeresete o ne a apolwa diaparo mme a kgwathisiwa mo go botlhoko ka shamboko (seme) ke mapodise a morafe.

Ke ka baka lang fa batlholagadi bano ba Bakeresete ba ile ba gana go dira seo baagelani ba bone ba neng ba lebeletse gore ba se dire? Gongwe ka bowena o bona go sena kgobalo epe mo go dirisaneng le dingwao tsa lefelo gore fela go nne “tidimalo.” Mme mo dingwaong tse dingwe, seo ruri se ka nna jalo. Mme Mokeresete o ne a tla lejwa jang fa a ne a ka tlhakanela mo mekgweng eo e rulaganyeditsweng go itumedisa “mewa ya bagolwagolwane”? Gakologela, bao ba ileng ba tshwarega mo ditlwaelong tse di ntseng jalo mo metlheng ya pele ba ne ba seka ba dumelelwa go nna karolo ya morafe wa Iseraela kana phuthego ya Bakeresete ya pele.​—Duteronome 13:12-15; 18:9-13; 2 Bakorintha 6:14-18; 2 Yohane 9, 10.

Akanyetsa mangwe a mabaka a seno. Go boammaaruri, ka go nna le seabe mo mekgweng e e ntseng jalo, tota motho o tla bo a tshegetsa le go etleetsa bodumedi jo e seng jwa Bokeresete. O tla bo a bontsha gore mo pelong ya gagwe o santse a le karolo ya bodumedi jwa maaka.​—Tshenolō 18:4.

Go dikologa lefatshe, Basupi ba ga Jehofa ba itsewe sentle ka go ruta Bibela. Nngwe ya dinnete tsa Bibela tseo ba di sedihatsang ke gore baswi ga ba itse sepe, ga ba boge mo diheleng kana go kaila kaila mo lefatsheng mme ba kgona go gobatsa ditlogolwana tsa bone. Bibela e re: “Me bashwi ga ba itse sepè, le gōna ga ba tlhole ba na le tuèlō.” (Moreri 9:5) Thuto eno e ile ya gomotsa makgolo a a diketekete. Ka gone, mo metseng e le mentsi batho ga se gantsi ba lebeletseng gore Bakeresete ba tlhakanele mo mekgweng eo e rulaganyeditsweng go itumedisa baswi.

Go tla diragalang he, fa Bakeresete ba boammaaruri, ka ntlha ya kgatelelo ya ba-losika kana ya baagelani, ba ile ba dumalana le dingwao tsa khutsafalelo tse eseng tsa Bokeresete? A baagelani ba ka seke ba feleletse ka gore gongwe Bakeresete tota ga ba dumele seo ba se rerang? Gore gongwe ba ka dirwa gore ba itatole dilo tse dingwe? Ruri go ntse jalo. Ka gone, ditiro tse di molemo ka bontsi di tla bo di sentswe, mme batho ba ka kgopiwa.​—Mathaio 18:6; 2 Bakorintha 6:3.

Ka jalo, bagolwane le ba bangwe mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa ba neela tshegetso eo ba ka e kgonang go bao ba ileng ba tsena mo kutlobotlhokong mo bogautshwaneng. Ba neela tshegetso nngwe le nngwe eo e tlhokafalang eo ba ka e kgonang go ba thusa go ema ba nitame mo boammaaruring fa ba lebane le kgatelelo efe le efe ya go latela ditlwaelo tse eseng tsa Bokeresete.​—Bapisa 2 Bakorintha 1:3, 4.

Gotweng he, fa e ka re morago ga thuso e e ntseng jalo, Mokeresete a bo a simolola go latelela dingwao tse e seng tsa Bokeresete tsa khutsafalelo? Bagolwane ba tla itshwara ka bopelonomi. Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola a re: “Ba ga echo, leha motho a chwerwe mo tloloñ ñwe, lona ba lo leñ ba semōea, shokololañ eo o nntseñ yalo ka mōea oa bonōlō.” (Bagalatia 6:1) Morutwa Jakobe o a oketsa: “Ba ga echo, ha moñwe mo go lona a timecwe ke boamarure, me moñwe a mo shokolola; A a itse ha eo o shokololañ moleohi mo timeloñ ea tsela ea gagwè, a tla golola mōea mo loshuñ, me a ba a bipa bontsi yoa dibe.”​—Yakobe 5:19, 20.

Go molemo go gakologelwa gore Modimo ka bo ene ga a “rate gore opè a shwè, ha e se gore botlhe ba tlè mo boikwatlhaoñ.” (2 Petere 3:9) Bagolwane ba tla leka pele ka natla go tsosolosa yo o fositseng. Kwantle ga pelaelo, mo mabakeng a le mantsi go tla fitlhelwa gore khutsafalelo e e botlhoko e kopanye le go boifa baagelani e ne e ile ya gatelela mohutsafadi go tsaya kgato e e phoso. Legale, ka thuso e e pelonomi, le e e pelotlhomogi, go tloga foo o tla ‘direla dinao tsa gagwe tsela e e siameng, gore se se tlhotsang se se ka sa lokologa, mme bogolo se tle se sidilege.’​—Bahebera 12:13.

Lefa go ntse jalo, fa Mokeresete a latela dingwao tsa khutsafalelo tse e seng tsa Bokeresete, a gana thuso ya Bakeresete-ka-ene, le go ganelela mo go tsweleleng mo tseleng ya gagwe e e seng ya Bokeresete, he kgabagare bagolwane ba ka nna ba tshwanelwa ke go tsaya kgato ya go tlhomamisa gore ditlwaelo tse di ntseng jalo di se tlhakanye ba ba lebeletseng tlhogo kana go lere ditlwaelo tse di phoso mo phuthegong ya Bokeresete. Mongwe le mongwe yo o obamelang bagologolwane ba gagwe ga a sa tlhole e le Mokeresete wa boammaaruri, mme dikgato di tshwanetswe go tsewa go tlhomamisa gore mongwe le mongwe o lemoga lebaka le.​—1 Bakorintha 5:13.

Masego a Boikanyego

Bakeresete ba le bantsi ba ile ba fitlhela gore boikanyego mo kgannyeng eno e e botlhokwa bo lere matswela a a molemo. Edwina Apason, mosadi wa Mokeresete mo Suriname, o anela boitemogelo jwa gagwe: “Ka nako nngwe, fa ke ntse ke tshwere thuto ya Bibela, ke ne ka amogela molaetsa o o kgaolang pelo. Fa morwaake yo motona, yo e neng e se Mosupi, a ntse a tlhakanetse mo popelelong ya mokubukubu, o ne a hulwa mme a swa. Tatlhegelo eno e e botlhoko e ne ya lere tlalelo e e oketsegileng, ka go bo batho ba losika lwa gaetsho ba ne ba re: ‘Fa o sa latele dingwao tsa khutsafalelo, ga o na kamego epe ya bommè mo go morwao.’ Kafa ngwaong ke ne ke tshwanetse go ipeola moriri, ke rwale tuku e tshweu, ke apare diaparo tsa khutsahalo ka dikgwedi tse dintsi, ke tsamaye ke iketlile fela ka bomo, mme ke buele kwa tlase ka lentswe le le sa utlwaleng​—gotlhe e le go bontsha batho le se go tweng ‘ke meya ya baswi’ gore ruri ke hutsahetse. Mme gone, fa ke ne ke ka dira dilo tse, ruri go rera ga me e ne e tla nna ga lefela mme ke ne ke tla latlhegelwa ke segakolodi sa me se se phepa fa pele ga Modimo. ” Ka jalo, Edwina o ne a seka a itatola.

Monna yo mongwe gape o ne a bolela gore mmangwane-a-gwe yo o neng a tlhokofetse o ne a ntse a mo etela ka metlha bosigo. O ne a gopola gore o ne a batlang? O a araba: “Gore a direlwe setlhabelo fa lotshitshing lwa noka.” Go ne go ka tweng fa go ne go sa dirwa setlhabelo? O ne a tshosediwa ka loso. A sa tshedile mmangwane-a-gwe yono e ne e le motho yo o lorato thata. Mme fa a sena go swa, go bolelwa fa ile a itshwara jaaka seganka se se letshwenyo le se se tshosetsang A yono ruri e ka ne e le motho yo o tshwanang? Ka go akanyetsa le go dirisa Dikwalo, monna yono le ba bangwe ba ba tshwanang le ene ba ile ba gololwa mo go boifeng baswi. Batho bano ba ile ba ithuta gore dipono, mantswe, le dipoko ke ditiro tsa baengele ba ba leofileng, badimona.​—Bapisa 2 Bakorintha 11:3, 14; Baefesia 6:12.

Batlhanka ba ga Jehofa ba lemoga gore fa ba nna mo tseleng eo a e ba tlhomelang, seno e tla re kgabagare se ba gogele mo go segofadiweng ka botshelo jo bo sa khutleng. (Isaia 30:21) Satane o nna gangwe le gape a dirisa boferefere le ditsela tsa tsietso go leka go ba diga le gore ba tloge mo tseleng eo. (1 Petere 5:8, 9) O lemoga gore ba ka tshwarwa motlhofo fela fa ba hutsafaletse loso lwa moratiwa mongwe wa bone. Lefa go le jalo, Bakeresete ba ikemiseditse gore ba tla ikanyega go Jehofa mo dilong tsotlhe, go sa kgathalesege kgatelelo lefa e ka nna efe. Mo go seno, jaaka go ntse mo dikgannyeng tse dingwe, ba na le go “utlwa Modimo bogolo go batho.” (Ditihō 5:29) Ka gone ba supa boteng jwa boineelo jwa bone go Jehofa Modimo, mme ba ka lebelela pele tuelong ya gagwe ka botshelo mo tsamaisong e ntšha ya gagwe koo loso le bohutsana ‘di tla bong di sa tlhole di le gone.’​—Tshenolō 21:4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela