LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 8/15 ts. 9-12
  • Go Gana ‘Go Tsaya Tšhaka’—Ke Tshireletso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Gana ‘Go Tsaya Tšhaka’—Ke Tshireletso
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Lebana le Matshosetsi a Kgolegelo
  • Go Sireletsa Lelapa la Gago—Kwantle go Dibetsa!
  • Motswedi wa Mmatota wa Tshireletso
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Go Sepela Le Modimo Mo Lefatsheng La Thubakanyo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • ‘Batla Kagiso mme O E Latelele’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Goreng Basupi ba ga Jehofa Ba sa Ye Ntweng?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 8/15 ts. 9-12

Go Gana ‘Go Tsaya Tšhaka’—Ke Tshireletso

“BA U shomèlè chaka ea gago mo bonnoñ yoa eōna”! Taolo eno e e tlhomameng ya ga Jesu e ne ya tla ka nako ya fa tiriso ya dikgoka e ne e bonala e le kgetho e tshwanetseng. Ba ba neng ba eme mo pele ga ga Jesu e ne e le “bontsi yo bogolo yoa batho ba chotse dichaka le melamu,” ba batla go tshwara Jesu le go mo isa tshekong ya tsietso. Mongwe wa barutwa ba ga Jesu o ne a ntsha tšhaka, a itlhomana wa mo sireletsa ka dikgoka. A o ne o tla mo tshwaya phoso ka seo?

Lefa go ntse jalo, Jesu, o ne a se ketla a nna le seabe mo thubakanyong e e ntseng jalo. Ka go laela Petere go baya sebetsa sa gagwe, o ne a tlhalosa: “Kgotsa a ua itlhoma, go re, ke sa kake ka rapèla Rrè, me e re hèla yana a rome bogolo go mephatō e le shomè le bobedi ea baengele go nthusa?”—Mathaio 26:47, 52, 53.

Bakeresete gompieno le bone ka go tshwana ba ikeha mo go ikanyeng mo dibetseng tse di jaaka ditlhobolo le dithipa—le eleng mo ‘dipakeng tseno tse di tlhokofatsang,’ tse di kotsi. (2 Timotheo 3:1) Ba tsaya tsia taelo ya Bibela go ‘thula ditšhaka tsa bone megoma,’ mme ga ba batle go gobatsa bangwe ka bone. (Isala 2:4) Ka go bo ba sa tsee dibetsa ka boikaelelo jwa go iphemela, mo boemong jwa gore ba dirise thubakanyo ba sekametse mo goreng ba leke go akantshana le batho bao ba batlang go ba gobatsa. “Ha go ka nna yalo, lo nnè kagishō le batho botlhe, kaha nonohoñ ea lona,” ke kgakololo e ba e latelang. (Baroma 12:18) Lefa go le jalo, ga go motlhofo ka metlha yotlhe go gana go ‘tsaya tšhaka.’ Maemo a ka tlhagoga ao a lekang ka mabetwa e pelo keletso ya Mokeresete go nna “kagishō le batho botlhe.”

Seno ke se se neng sa diragala mo morafeng mongwe wa Afrika mo dingwageng di sekae tse di fetileng. Go lwela bobusi go ne ga tlhagoga mo teng ga morafe oo. Ntwa ya selegae e ne ya tlhagoga, ka ditlhaselo tsa borukutlhi di anama. Beng gae ka gone ba ne ba patelesega go tsena mo bosoleng jwa itshireletso. Mo letlhakoreng le lengwe, namane e tona ya kgatelelo ya go kopenela le dirukutlhi e ne ya bewa mo go bangwe ka bone ba naga eo. Tota, beng gae ka dinako tse dingwe ba ne ba iphitlhela ba tshwaragane le bothata jwa go hirelwa borukutlhi le go nna masole a puso ao a neng a gobatsa mo go botlhoko ope fela yo o neng a thusa dirukutlhi.

Thubakanyo e ne ya simolola go ralala naga eo. Banyalani ba babulatsela ba gakologelwa gore kotsi ya go tlhaselwa e ne e ka se tilwe, mo eleng gore fa ba ne ba kgweetsa ba tsena mo tirelong ya tshimo, ba ne ba baya dikgetsi tsa bone tsa dibuka mo dihubeng tsa bone magareng ga bone le lebati la koloi jaaka tsela ya go kganela marumo. Mme lefa ba ile ba kgona go falola ba sa gobadiwa, banyalani ba batsofe ba ba neng ba tla mo go bone ba ne ba seka ba siamelwa ke sepe. Monna o ne a hulwa a bo a swa. Lelapa le lengwe leo ba neng ba le etela legae ja bone le dithoto tsa bone di ne tsa tshujwa ke dirukutlhi mo bosigong bongwe. (Lelapa leno moragonyana le ne la kwala mme la kopa buka ya Watch Tower Society, e ka tshwanelo e reng, Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—Di Tswa Motsweding Ofe?)

Mo boemong jo bo ntseng jalo jo bo feretlhang maikutlo, ga go gakgamatse go bo bantsi ba ne ba eletsa go tsaya dikgato tse di diphatsa go itshireletsa. ‘A motho o tshwanetse a itshopare fela mme a itlogele a bolawe kana lelapa la gagwe le bolawe fela?’ ba ba ntseng jalo ba ne ba e tle ba ipotse. Bantsi ba ne ba simolola go tsaya dibetsa. Mme basupi ba ga Jehofa mo morafeng o o kgautlhantsweng ke ntwa ba ne ba akabetse fela gore ba tshwanetse ba direng.

Go Lebana le Matshosetsi a Kgolegelo

Ka bontsi, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tla mo phetsong e e kutlwano; gore ba itlhaole gotlhelele mo ntweng ya selegae le go gana go tshola dibetsa dipe fela tse di kotsi. A mme phetso eno e ne e se ya boramatla—e e kotsi? Maitemogelo a bone a supela phetso ya bone e e siameng.

Lekawana lengwe le le bitswang Tony go le pele le ne la direla mo bosoleng. Lefa go ntse jalo, morago ga go nna Mokeresete, o ne a fetsa ka gore go ya ka segakolodi sa gagwe o ne a ka se ‘tseye tšhaka’ mme a gobatsa bangwe ka ene. Ka jalo fa a ne a bilediwa go tla go direla gape mo lobakeng lo longwe o ne a gana, mme o ne a atlholwa. Ka bofefo fela moragonyana ga foo o ne a bitswa, mme mo lobakeng lono o ne a atlholelwa dikgwedi tse thataro tsa kgolegelo. Lefa go le jalo, mo lekgetlong la boraro o ne a bitswa mme a atlholelwa dikgwedi tse di lesome mo kgolegelong. Lefa go ntse jalo, o ne a isa boikuelo jwa katlholelo eno go kgotla kgolo ya ditsheko. Mo dingwageng tse pedi tse di latelang o ne a tsena mo kgotleng ya ditsheko a bo a nna a tswa, nako le nako a ipaakanyeditse ene le mosadi wa gagwe gore ba kgaogane dikgwedi tse di lesome. “Mosadi wa me le nna re ne ra nna ra re ‘tsamaya sentle’ makgetlo a ka nna 13 mo dingwageng tse pedi, mme nako nngwe le nngwe go ne ga diragala sengwe go diegisa go ya kgolegelong moo,” o ne a akgela jalo.

Mo gare ga lobaka loo, ene le mosadi wa gagwe ba ne ba nna babulatsela ba ba kgethegileng, mme o ne a tsewa jaaka moruti. Mme molao o ne o ntse o batla gore a dire kgolegelo ya dikgwedi tse di lesome. Kwa bofelong o ne a amogela lokwalo lo lo supang fa go beetswe kwa thoko katlholo ya gagwe fa e le gore o tla ipona molato. “Ke ne ka ba bolelela gore ke ne ke ka se ke ka dira sepe sa go nna jalo, e re ka jaana ke ne ke se molato,” ga tlhalosa Tony. O ne a ipeta pelo gore a ye kgolegelong. Kgakgamalong ya gagwe go ne ga tla lokwalo lo lo neng lo bolela gore dikatlholo tsa Kgotla Kgolo ya Ditsheko di ne tsa tlhatlhobisa kgetsi ya gagwe mme di ne tsa e tshela mmu mo kgotleng ya ditsheko ka ntlhanyana e e rileng! Tony o ne a ikutlwa a segofaditswe ka go gana go ‘tsaya tšhaka.’

Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba bantsi, ba ne ba bogisiwa ka mo go tshwanang ka tlhomagano ya dikatlholelo tsa kgolegelo tse di sa feleng. E ne e e tle e re ba dule e be e tloge e re gape e ntse e le bone ba bidiwe gape, ya nna tshwarang-tshwarang kwa kgotleng ya ditsheko mme go bo go tloga go simologa gore ba ye kgolegelong gape. Akanya fela gore bothata jono bo ne bo le bogolo go kae mo go boramalapa ba ba neng ba na le bana! Lefa go le jalo, bao ba neng ba boloka bothokgami jwa bone ga se fela gore ba ne ba sirelediwa mo thubakanyong ya ntwa ya selegae e e bosetlhogo mme gape ba ne ba kgona go nna le “segakolodi se se siameñ” fa pele ga ga Jehofa.—1 Petere 3:16.

Go Sireletsa Lelapa la Gago—Kwantle go Dibetsa!

Go gana go nna le seabe mo thubakanyong e ne ya itshupa e le lesego go rre mongwe wa lelapa yo o bidiwang Will. Ene, mosadi wa gagwe le bana ba gagwe ba batlhano ba ne ba na le polasi dimmaele tse di ka nnang 40 (64 km) go tswa mo toropong. Go ya dipokanong le ditirong tse dingwe go ne go beile lelapa leno mo kotsing e kgolo. Go ne go lebega go raela go ikaega mo dibetseng jaaka tshireletso. Lefa go le jalo, Will o ne a setse a ile a itemogela masego a go ikaega mo go Jehofa. Dingwaga tse di fetileng o ne a le molemi yo o atlegileng wa motsoko. Fa a ne a ithuta ka go bala Tora ya Tebelo gore kgwebo ya mofuta o o ntseng jalo e ne e sa tshwanela go Mokeresete, o ne a tsaya dikgato tsa bopelokgale tsa go tswa mo go yone go ya mo dijalong tse dingwe. Batho ba lefelo leo ba ne ba akabadiwa ke phetso eno e go lebegang e ne e le ya boramatla. Lefa go le jalo, boemo jo bontle jwa loapi—le eleng ka dipaka tse di maswe—bo ne jwa mo thusa gore a atlege mo kgwebong e ntsha e. Batho ba naga eo ba akabala! Mme Will le lelapa la gagwe ba ne ba itemogela pele pele tsholofetso ya ga Jehofa Modimo gore ga a ketla a ‘tlogela kana a phuaganya’ batlhanka ba gagwe.—Bahebera 13:5.

Jaaka tlhabano e ne e simolola, Will o ne a lebagana gape le teko e nngwe ya bothokgami jwa Bokeresete. Mme ereka a ne a nonotshitswe ke boitemogelo jwa gagwe jwa pele, o ne a fetsa ka gore o ne a se ketla a tshola dibetsa. Mo boemong jwa moo, o ne a itlhophela go renta ntlo mo toropong bakeng sa mosadi le bana ba gagwe e le gore sekolo le dipokano tsa Bokeresete mo gare ga beke di tle di nne gaufi, mme ba seka ba tsamaya dimmaele tse 110 (177 km) letsatsi le letsatsi ba raletse kgaolo e e kotsi.

Fa ba ne ba seo bosigo bongwe setlhopha sa dirukutlhi se ne sa tlhagelela mo ntlong ya bone ya polase mme sa utswa dilo dingwe tsa bone. Lefa go le jalo, se se gakgamatsang, ga ba a ka ba tshuba ntlo kana ba senya dithoto mo go masisi. Ka ntlha yang go le jalo? Dirukutlhi di ne tsa bolelela babereki ba polase ba ga Will gore ba ne ba itse “Boss Will” e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ebile e ne e le monna yo o molemo yo a neng a tshwara babereki ba gagwe sentle! Abo botho jwa gagwe jwa Bokeresete jo bontle bo ile jwa nna le maatla jang go na le go ikaega mo dibetseng tse di kotsi!

Motswedi wa Mmatota wa Tshireletso

Maitemogelo a a tshwanang le ano a tlotlomatsa lebaka la gore Jehofa o segofatsa bao ba bolokang boitlhaodi jwa Bokeresete le go gana go ‘tsaya tšhaka.’ Go boammaaruri, ka dinako tse dingwe Jehofa o ka dumelela mongwe wa batlhanka ba gagwe gore a swe le eleng jaaka molebedi wa potologo mo nageng eo a ne a bolawa. Lefa go le jalo, go botoka go swa o ikaegile ka Jehofa go na le go letlelela poifo ya batho go laola tsela ya rona ya botshelo. (Mathaio 10:28) Metlha eno e e thubakanyo ga e a tshwanela go re dira gore re ‘tseye tšhaka’ kana go ikaega mo tseleng epe fela ya dibetsa tse di kotsi go ikgolola. Bibela e ya re tlhomamisetsa: “Poihō ea motho e tle e lere seru: me eo ikanyañ Yehofa o tla bolokèga.”—Diane 29:25.

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 10]

Bakeresete ba tsaya ga masisi taolo ya Bibela ya go ‘thula ditšhaka tsa bone megoma’

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 11]

“Ha go ka nna yalo, lo nnè kagishō le batho botlhe, kaha nonohoñ ea lona”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela