LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 1/1 ts. 30
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Tsela e e Siameng e Tshwanetse go Tlhophiwa Jaanong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Seabe sa Babusi Ba Bagolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Buka ya Bibela ya bo 24—Yeremia
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 1/1 ts. 30

Dipotso tse di Tswang go Babadi

■ Ereka mokaulengwe yo o tswelelang mo tirong e e dirisanang le dibetsa a se ketla a tsewa e le yo o tlhomang sekao, a go tla bo go le phoso ka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa go batla tshireletso mo batlhokomeding ba ba bonang gore molao o a diragadiwa bao ba tsholang dibetsa?

Jesu o ne a tlhalosa ka gore: “Botlhe ba ba tsaeañ chaka ba tla nyèlèla ka chaka.” (Mathaio 26:52) Tumalanong le molao-motheo ono, Bakeresete ba ba godileng ka kitso ba tlhagisiwa go tila tiro e e tla ba batlang go tshola sethunya (se se tshwanang le “chaka” ya segompieno). Lefa go ntse jalo, seno ga se reye gore ga ba ne ba batla le go amogela tshireletso ya mapodisi ao a tsholang dibetsa. Ke ka ntlha yang fa re bua jalo?

E re e lebisitse go “mmushō” wa goromente wa batho o o gone ka tetlelelo ya Modimo mo tsamaisong ya jaanong, Baroma 13:1-4, e re: “Mmushō ke modihedi oa Modimo mo go wèna, gore u tlo u bōnè molemō. Me ha u diha se se boshula, u boihè: gonne ga aa cholèla chaka lehèla: gonne ke modihedi oa Modimo, le mmusholosi mo go eo o dihañ boshula, go mmontsha bogale.” Ka jalo Modimo o amogela go tshola dibetsa ga “babusi ba bagolo” bao, e le gore selekanyo se se rileng sa molao le tidimalo di ka bolokiwa gareng ga setho. Lefa go ntse jalo, fa Keresete jaaka “Kgōsana ea Kagishō” a tla bo a tlisa ‘ga letlotlo le le sa feleng la kagiso,’ tiriso ya dibetsa tsotlhe tsa thubakanyo e tla bo e le dilo tsa nako e e fetileng. Ka go dumalana le Dikwalo he, Bakeresete gompieno ba ka amogela tshireletso go tswa ‘mmusong,’ lefa bone ka bobone ba ‘thutse ditšhaka tsa bone megoma’ ka tebelelo ya kgorogo ya Bogosi jwa Modimo.​—Isaia 2:4; 9:6, 7.

Re ka nna ra tshwantsha seemosa gompieno le seo sa motlha wa ga Jeremia. E ne e le ka nako eo fa Jehofa a ne a dirisa sesole sa ga “Nebukaderesare kgosi ea Babelona, motlhanka oa me” go ntshetsa bogosi jwa Juda jwa botenegi katlholo. A Jeremia le Baruke ba ne ba tshola dibetsa go itshireletsa mo seemong se se bokete seo? Nnyaa, ka go bo Jehofa ka boene o ne a dirile Jeremia “motse o o thekeledicweñ, le tshipe lore, le dithakō tsa kgōtlhō, kèmalanō le lehatshe yeotlhe.” Mme lefa ba ne ba seka ba kopanela le sesole sa “motlhanka” wa ga Jehofa yo o neng a diragatsa katlholo, ba ne ba amogela kgololo ka “motlhanka” yoo fa Jerusalema a ne a senngwa.​—Yeremia 1:17-19; 25:9; 39:11-14.

Ka mo go tshwanang gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba latelela kagiso jaaka ba bolela molaetsa wa Bogosi mo lefatsheng le le thubakanyo. Lefa go ntse jalo, fa fela Jehofa a sa ntse a letlelela babusi ba goromente go tshola “chaka” kana setshwani sa yone sa segompieno go boloka tidimalo, ka mo go tshwanetseng ba ka amogela tshireletso ya “chaka” eo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela