Bosetlhogo—Bokhutlo jwa Jone Bo Gaufi!
“SELO se sentle ke boipelo jwa bosakhutleng,” go kwadile jalo mmoki Keats. Dilo tse dintsi tse dintle—metako, bobetli le matsetseleko a go kwala—di senola sengwe ka mmopi wa tsone. Lefatshe, “selo [seno] se sentle,” ka dikgakgamatso tsa lone tsa botshelo, kgolo, mmala, monkgo le menate e mengwe e e diketekete, e senola Mmopi yo o botlhale go feta, yo o maatla otlhe le yo o lorato tota.
Matsetseleko a magolo a go kwala a a di fetileng tsotlhe, Bibela, ka metlha e ile ya nna “selo se se ntle” le “boipelo” go didikadike makgolo a dingwaga. E re bolelela gore “Modimo o loratō,” le gore o “boutlwèlō botlhoko le boamarure” le gore motho o ne a dirilwe “mo chwanoñ ea ōna tōta.” (1 Yohane 4:8; Ekesodo 34:6; Genesise 1:27) Bontsi jwa setho ka phepafalo bo supa dinonofo tsa Modiri wa bone le go bontsha bopelotlhomogi le bopelonomi. Ba befela bobeloethata le boitshwaro jo bo setlhogo. Ka jalo—
“Bosetlhogo jwa Motho Mo Go yo Mongwe” Bo Simologile Jang?
Ele ruri ga se mo Modimong. Pele ga a bopa batho ba ntlha ba babedi, ka lorato o ne a ba baakanyetsa legae le le ntle. Karolo ya lefatshe eo e neng e kgabisitswe ka ditlhare, dithunya, maungo, mekgatšha le botshelo jwa diphologolo ka letlotlo—Paradaise! Go ipelela bontle jono ka bosakhutleng, ba ne ba tshwanetse go utlwa Modimo, go dira dilo ka tsela ya gagwe. Mme e ne e se bompopi, bao ba diretsweng fela go utlwa, ba ne ba na le kgololesego ya go ikgethela le go itlhophela. Modimo o ne a batla dibopiwa tsa gagwe tsa batho, sekgantshwane sa popo ya gagwe e e bonalang, go mo direla ka gobo ba ne ba mo rata ba bile ba ipelela go dira thato ya gagwe.
Go Modimo le popo ya gagwe ya baengele e e sa bonaleng, tshingwana ya Edena le boitumelo jwa yone, dibopiwa tsa yone tse di kutlwano di tshwanetse ya bo e ne e le lefelo le le gapang maikutlo. Boikaelelo jwa Modimo e ne e le gore, go tswa mo tshimologong eno e e galalelang, lefatshe lotlhe le tla nna Paradaise ya kgolokwe ka batho ba ba itumetseng, go tlisa tlotlo le kgalaletso go ene.
Mme baengele le bone gape e ne e le dibopiwa tse di ka ikgethelang. Mongwe wa bone o ne a letlelela bogagapa le bobelotshetlha go mo kakatlela. O ne a simolola go ipona ka boene jaaka modimo wa batho. (2 Bakorintha 4:4) Ka jalo o ne a logela go gapela batho ba ntlha ba babedi kafa letlhakoreng la gagwe. Go hepisa Efa go kopanela le ene mo botsuoloding, o ne a mo solofetsa, “Lo tla nna yaka Modimo,” mme, gape-gape, “Rure ga lo ketla lo shwa”—leaka la ntlha-ntlha go buiwa. (Genesise 3:4, 5) Efa o ne a gogelwa ke phepiso, mme Adame moragonyana a kopanela le ene ka go ineela mo tlhotlheletsong ya moengele wa mosimolodi wa botsuolodi jwa bone. Moengele wa pele ka gone o ne a nna mmaba wa Modimo, kana ka Sehebera “Satane.”
“Rure u tla shwa.” Modimo o ne wa tlhagisa Adame gore seno e ne e tla nna matswela a botsuolodi. (Genesise 2:17) Tsholofetso ya ga Satane ya go sa swe mo nameng ka e ne e le maaka mme tlhagiso ya Modimo e le boammaaruri Adame le Efa ba ne ba a swa, ka gone ba dira Satane “mmolai le mo tshimologoñ.” (Yohane 8:44) Ka ntlha ya tlhotlheletso eno ya bodiabolo, kagiso le kutlwano mo lelapeng la setho le tsone gape di ne tsa senngwa. Moragonyana, morwa wa ntlha wa ga Adame, Kaene, o ne a fufega ka go bo tshupelo ya ga monnawe Abele go Jehofa e ne ya amogelwa, mme ya gagwe e ne ya ganwa. Ka go “nna bogale thata,” Kaene ka bopelompe o ne a bolaya Abele. “Bosetlhogo jwa motho go yo mongwe” bo ne jwa simologa.—Genesise 4:2-8.
Polao eno gape e ne ya gogela tlhokomelo go kganetsano ya kobamelo e e itshekileng kgatlhanong le kobamelo ya maaka. Abele e ne e le wa ntlha mo basuping ba bantsi-ntsi ba ga Jehofa go bolawa ka ntlha ya tumelo ya bone.
Nako nngwe morago ga polao ya ga Abele, baengele ba bangwe ba ne ba hepisiwa ke Satane go apara mebele e le gore ba tle ba nyalane le basadi ba bantle-ntle ba ba mo lefatsheng, mme ka gone ba ne ba tla tlaseng ga tlhotlheletso ya ga Satane. Go tswa bokopanong joo jo bo botlhaswa go ne ga nna “Banefilimi,” kana “diganka”—bodimo-majabatho. Go ise go ye kgakala, “lehatshe le ne le tletse thubakanyō”—“bosetlhogo” jwa motho jwa ntsifadiwa. (Genesise 6:1-11) Jehofa, ka tshiamiso le boutlwelo botlhoko jotlhe, o ne a ka se ke a letlelele maemo a a tobekaneng ao go tswelela. O ne a phaila tsamaiso eo ya bogologolo ya dilo mo motlheng wa ga Noa ka Morwalela.—2 Petere 2:5.
Mme seno ga se a ka sa fedisa tlhotlheletso e e botlhole ya ga Satane. Morwalela o ne wa pateletsa baengele ba ba sa utlweng go ikapola mebele, mme, jaanong ka ba arogantswe le phuthego e e boitshepo ya Modimo, ba ne ba nna phuthego ya sedimona e e sa bonaleng tlaseng ga borena jwa ga Satane. (Baefesia 6:12) Ele gore ba tle ba kgone go ka laola batho, ba dirisa tirisa-badimo, maselamose, tepo-dinaledi le ditiro tse dingwe tsa bophekodi. Lemororo ba sa kgone go ka ikapesa ka nama gape, ka dinako tse dingwe ba a tle ba tshware batho, diphologolo le dilo tse di senang botshelo jaaka ditaola. Tlaseng go tlhotlheletso ya maatla a bodimona le bodumedi jwa maaka jo bo ileng batho ba ba foufetseng kwa tlhogong, bomorafe le bosetšhaba, batho ba dira dilo tse di setlhogo tseo fa ba siame sentle ba ka se keng ba di dire.
Ka gone, ga go gakgamatse, go bo pogiso ya bodumedi e tswelela pele nako kgolo ke eno. Mo serapeng sa rona se se simololang mo tsebeng 3 go ile ga umakiwa gore setlhopha sa Bakeresete ba ne ba teketwa go fitlhelela ba batla ba a swa. Bano ba ne ba boga ka go bo e ne e le Basupi ba ga Jehofa. Mo pakeng eno ba ne ba falola go betswa ga bone. Fa go ketekwa mo go befileng go ne go boaboelediwa mo mokgweetsing wa setlhopha, o ne a kokotlelela Jehofa “go tlhokomela matshelo a tseno, ‘dinku’ tsa Gagwe.” Kgakgamalong ya mapodisi, ga go le a le mongwe yo o neng a swa. Jehofa o ka sireletsa ba e leng ba gagwe fa e le gore o rata go dira jalo.—2 Ditihalō 16:9.
Mo United States, ditlhokofatso tsa bosetšhaba di ile tsa felela ka dikgato tse di setlhogo tsa dirukutlhi le eleng go bolawa kwa ntle go tsheko. Boikutlo jo bo makgwakgwa, jo bo maswe-maswe jwa basweu bangwe ba Afrika malebana le bantsho gape bo itsiwe sentle. Bodumedi gantsi bo ile jwa tshwaragana le dipolotiki mo go ageleleng rekoto ya lobaka lo loleele, e e tladikilweng ka madi a ditiro tsa bosetlhogo tseo di tletseng dibuka tsa ditso. Go ne ga kwala jaana E. Bolaji Idowu, motlhatlhelela dithuto tsa bodumedi mo Unibesithing ya Ibadan, mo Nigeria: “Maretshwa a boruti ka . . . dibopego tsotlhe tsa jone tse di ferosang sebete tsa bosetlhogo di ile tsa tswelela mo leineng la Modimo—tseno e ile ya nna tshwabo ya ka metlha mo bodumeding . . . Ditiragalo di ka lebala jang di-Crusades, Jihads, Inquisition, go tshujwa moo le dikgolafatso le ditshenyo?”
Bo Tla Fela Jang?
Ele ruri eseng ka maiteko a batho. Makgotla mangwe ao eleng a setho a leka go tokafaletsa batho botshelo, mme lefatshe le nwetse fela thata mo nthagarageng ya go bola le thubakanyo mo e leng gore maiteko a motho a ka se atlege.
Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a re: “Dilō tse di retetseñ mo bathuñ, di ka dihala mo Modimoñ.” (Luke 18:27) O ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Nametsègañ, ke hentse lehatshe.” (Yohane 16:33) Jaaka mmaba yo mogolo wa Modimo, Satane o ne a ila Jesu mme a dira gore baetapele ba bopolotiki le ba bodumedi ba mo tlhasele—go tloga ka Kgosi Herode yo a neng a leka go mmolaya fa a ne a santse a le losea go fitlha go baruti bao ba neng ba dirisa maatla a Roma go mmolaela mo koteng. Satane gape o ne a leka go hepisa Jesu ka phepiso e e tsabakelang—“magosi aotlhe a lehatshe, le kgalalèlō ea ōna”—fa fela Jesu a ka mo obamela. (Mathaio 4:8) Mme Jesu o ne a fenya maiteko a ga Satane a go leka go nna morena wa gagwe; o ne a boloka bothokgami go ralala pogo e e befileng ya go kgwathisiwa le ya kota.
Go bonala sentle gore, ka lobakanyana loo lo lo ntshonyana lwa se se neng se bonala e le phenyo, Jesu o ne a supela gore phenyo ya makgaola kgang godimo ga ga Satane tota e ne ya diragadiwa. Mongwe wa bapati ba gagwe yo a neng a boga, senokwane, o ne a kopa ka gore: “Yesu, a u ko u nkgopolè mogañ u tlañ mo bogosiñ yoa gago.” Ka Jesu, le eleng senokwane seno se se neng se padile se ne sa tla go lemoga Bogosi jwa Modimo jaaka tsholofelo e le yosi fela ya setho. Jesu o ne a fetola ka phenyo ka gore: “Amarure, kea gu raea, u tla nna le nna kwa Paradaisa gompiyeno.”—Luke 23:42, 43.
Fano Jesu ka phepafalo o ne a nyalanya Bogosi jwa gagwe le Paradaise le go supa gore bo ne bo tla nna le seabe se segolo mo go tswelediseng boikaelelo jwa kwa tshimologong jwa ga Jehofa ka lefatshe leno. Mme leng? Jang? Go bonala sentle gore lefatshe le le bosula la ga Satane le ne le tla tshwanelwa ke gore le tlosiwe pele. Ditshupo di bontsha gore seo se gaufi thata le go tloga se diragala.
E ne ya re fa a sena go botswa ke barutwa ba gagwe gore seno se ne se tla diragala leng, Jesu o ne a bua ka ntwa ya lefatshe, ditlhaelo tsa dijo, dithoromo tsa lefatshe, dikgogodi tsa bolwetsi, go oketsega ga boikepo, ditiragalo tse di sa itsagaleng le tse di boifisang go feta mo magodimong, tlhobaelo e kgolo kaga isagwe, le mabaka a mangwe, jaaka ao a dirang sesupo se se tlhakantseng sa gore “bokhutlō” bo gaufi. (Mathaio 24:3-14; Luke 21:10, 11, 25, 26) Dilo tseno di sa le di ntse di ile tsa diragala ka selekane se se senang bolekane fa esale 1914. Ka jalo, jaaka Jesu a ne a bolela: “Me e tla re dilō tse di simologa go dihala, hoñ lo lelalè, . . . ka gonne thekololō ea lona e tla bo e atamèla . . . itseñ ha bogosi yoa Modimo bo atametse.” (Luke 21:28, 31) Kwa bofelofelong he jaanong bokhutlo jwa “bosetlhogo jwa motho mo go yo mongwe” bo gaufi!
Ke ka gone Basupi ba ga Jehofa ba setseng ba dira diphetogo tse dikgolo mo matshelong a bone ka go ithuta Bibela ka matsetseleko le ka go dira se e se bolelang. Ga ba kopanyelediwe mo dikgarurung tsa sepolotiki ebile ga ba sa ‘tlhole ba ithuta tlhabano gope.’ Ba gakaletse go nna pelonomi le go rata ba ga bone. Jesu o ne a re: “Go segō ba ba letlanyañ” le gore “go segō ba ba pelonomi: gonne ba tla rua lehatshe.”—Isaia 2:4; Mathaio 5:5, 9.
Paradaise E Tsosolositswe
Ka nako e e laotsweng ya Modimo, Keresete Jesu o tla tlhabana le “dikgosi tsa lehatshe, le dintwa tsa cōna” mme o tla phepafatsa mo lefatsheng leno gotlhelele motlhala mongwe le mongwe wa lefatshe la ga Satane. Phenyo eno ya makgaolakgang e tla fitlha setlhoeng sa yona ka “sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe.” Satane le badimona ba gagwe morago ba tla ‘tshwarwa,’ kana ba tla thibelwa mo go diragatseng tlhotlheletso ya bone e e boikepo godimo ga setho, ka dingwaga tse di sekete.—Mathaio 24:21; Tshenolō 16:14-16; 19:11-20; 20:1-3.
Mme go tswa foo? “Magodimo a masha, le lehatshe ye lesha,” koo “go tla agañ tshiamō mo go aōna”—Bogosi jwa Modimo bo laola ka mo go feletseng ka ‘thato ya gagwe e dirwa mo lefatsheng, jaaka mo legodimong.’ (2 Petere 3:13; Mathaio 6:10) Tlaseng ga kaelo ya Bogosi, lefatshe ka iketlo ka iketlo le tla tsosolosediwa go nna Paradaise. Mme e tla nna gone mo Paradaiseng eno mo senokwane seo se neng sa swa le Jesu se tla tsosediwang go tswa baswing jaaka mongwe wa dimilione tse di “mo diphupuñ” bao ba tla utlwang lentswe la ga Jesu ‘ba bo ba tswa.’—Yohane 5:28, 29.
Senokwane seno sa pele se tla fitlhela eng? Go bola le bobeloethata jwa Roma le jwa mebuso megolo yotlhe e mengwe le dipuso tsotlhe di etse ruri! Mo boemong jwa bogagapa jwa moya wa bosatane, bohelepe, letlhoo le poifo tseo di tsalwang mo godimo ga lefatshe leno, go tla bo go na le seemo se se galalelang sa kagiso, boitumelo, kutlwano le lorato. Paradaise ya semoya eo e setseng e ipelelwa ke dimilione tsa batho ba ga Jehofa e tla atolosediwa lefatshe ka bophara. “Ditihō tsa nama,” tse di jaaka “boaka, le bomashwè, le bopèpè, le tihèlō ea medimo ea disètwa, le dikilanō, le kgañ, le mahuha, le dikgakalō, le ditomologanō, le dikgaoganō, le makōkō, le dipelotshetlha, le matagō, le ditlhapèlō, le dilō tse di ntseñ yalo,” di tla bo di tlositswe, ka go bo “ba ba dihañ dilō tse di ntseñ yalo, ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.”—Bagalatia 5:19-21.
Kwantle le pelaelo senokwane seo se ne sa dira sengwe sa dilo tseo, mme morago ga gore se tsosiwe se tla simolola ka rekoto e ntšha ka go bo “eo o kileñ a shwa o siamisicwe kaga boleo.” Senokwane se setse se amogetse “maduō a boleo [eleng] losho” mme o tla bo a le mo moleng wa go amogela “nèō ea mphō hèla ea Modimo,” ke gore “botshelō yo bo sa khutleñ mo go Keresete Yesu Morèna oa rona.”—Baroma 6:7, 23.
Abo e tla bo e le kgololo, mme abo e le tebelelo e e molemo jang go senokwane seo le dimilione tse dingwe tse di oketsegileng! Fa Bogosi jwa Modimo bo tla bo bo laola lefatshe lotlhe ka tshiamo le ka botlhale, le tla ntsha leungo lwa jone mme le tla ntlafadiwa. Dibopiwa tsotlhe tse di tshelang mo lefatsheng, ka go farologana ga tsone mo go kgatlhisang, di tla boela gape di utlwa motho jaaka kwa tshimologong. (Genesise 1:28; Isaia 11:6-9) Paradaise eno ya selefatshe, “selo se sentle,” e tla nna “boipelo jwa bosakhutleng.”
Se se botlhokwa segolo bogolo, ka moya o o boitshepo wa ga Jehofa o relela ka kgololesego, loungo loo Iwa moya lo tla tokafala—“loratō, le boitumèlō, le kagishō, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō le boikañō, le boiñōtlō, le boikgapō.” (Bagalatia 5:22, 23) Ditso le merafe yotlhe di tla nna bokaulengwe bo le bongwe fela jo bogolo. Jang? Ka go ‘ikapesa ka lorato—sebofo sa boitekanelo.’ “Bosetlhogo jwa motho mo go yo mongwe” bo tla bo bo nyeleletse ruri.—Bakolosa 3:14.