LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 8/15 ts. 12-18
  • Kutlwano ya Bogosi ke ya Mmatota Gompieno

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kutlwano ya Bogosi ke ya Mmatota Gompieno
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tlalelo ya Sepolotiki
  • Papadi E Kgolo E A Thekeela
  • Tlhoka-Kutlwano ya Bodumedi E Ferosa Sebete
  • Koo Kutlwano E Totafalang Gone
  • Goreng Kutlwano ya “Bogosi”
  • “Marapō a a Omeletseñ” a Tsentswe Botshelo
  • Bosupi jo bo Atologang
  • A Lefatshe le Tla Nna Seoposengwe?
    Tsogang!—2000
  • Go Utlwana mo Kobamelong Tlaseng ga Modisa le Kgosi Ya Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • “Morahe o o Thata” wa Modimo o o Kopaneng go Tlatsa Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Lelapa la ga Jehofa Le na Le Kutlwano e e Tlhokegang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 8/15 ts. 12-18

Kutlwano ya Bogosi ke ya Mmatota Gompieno

“Hèla yalo le lona, ha lo bōna dilō tse di dihala, itseñ ha bogosi yoa Modimo bo atametse.”—LUKE 21:31.

1. Jesu o ne a bolelela pele eng mo go Luke 21?

MAFOKO a a fa godimo a ne a buiwa ke moperofeti yo mogolo go botlhe, Jesu Keresete. Mme ke dilo dife tseo Jesu a neng a lebisitse go tsone fano? Kana ebu, ke tsone dilo tseo di re dikologileng mo lefatsheng le le sa utlwaneng la gompieno! Lefatshe le a tletleregana. Seno ke se Jesu a neng a se bolelela pele jaaka karolo ya sesupo sa “bokhutlō” jwa tsamaiso ya lefatshe, fa a ne a bua ka, “dintwa le dikudumedi tsa batho, . . . le mo lehatshiñ pitlaganō ea merahe e rarañwa.” (Mathaio 24:3, 7, 8; Luke 21:9, 25) Tlhoka-kutlwano e gongwe le gongwe! A mme Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse ba tshwenyega ka ntlha ya tlhoka-kutlwano ya lefatshe?

2. Re tshwanetse ra itshwara jang malebana le maemo a lefatshe, mme ka ntlha yang?

2 Morena wa rona o a re arabela. Jesu o ne a re: “Me e tla re dilō tse di simologa go dihala, hoñ lo lelalè, lo choletsè-ditlhōgō tsa lona; ka gonne thekololō ea lona e tla bo e atamèla.” (Luke 21:28) Thekololo go tswa go eng? Go tswa lefatsheng le le sa utlwaneng leo le lwalang go feta selekane.—1 Yohane 5:19.

Tlalelo ya Sepolotiki

3. Batho ba ba nang le kitso ba hutsafalela jang ditshekamelo tsa sepolotiki?

3 Le eleng Merafe e e Kopaneng e ganetsa leina la yone ka boyone. Ga go na kutlwano ya sepe mo go lone. Mokwaledi-mogolo wa lone, fa a ne a kgala ka go sa kgone ga Khansele ya Itshireletso mo go batleng kagiso le polokesego, o ne a bolela ka gore: “Ka bomadimabe re gaufi le bokgokgontshi jo bosha jwa meraferafe.” Tlhoka-kutlwano e ferosa sebete. Mokwadi wa Washington Post o akgela ka gore: “Ditiragalo ga di sa laolesega.” “Fa e sale ka bo-1960 mebuso gongwe le gongwe, kwa Bophirima le kwa Botlhaba, e ne ya simolola go sa dire,” ga kwala jalo mosimegi wa pele wa White House le mogakolodi wa tsa bopolotiki. Mme moemedi wa pele wa U.S. kwa Merafeng e e Kopaneng o etsetlhoko ka gore Phuthego ya Kakaretso (General Assembly) “e simolotse go nna Patlelo ya Mantlwane.”

4. Luke 21:26 e diragadiwa jang jaanong ka ditsela tse di gakgamatsang?

4 Lefa go ntse jalo, go ka nna ga nna maswe le eleng go feta, ka go bo ntwa kgolo ya molomo e ntse e befela pele, mme ebile mafatshe a nuclear a ntse a kokoanya diphamphamolodi tse di lekanetseng go senya bo-Hiroshima ba le 1 600 000. Moemedi wa pele wa U.S. kwa Moscow o bona fa mafatshe a mabedi a magolo jaaka ao a leng “mo tseleng ya go opana,” mme a bolela gore “go tlamegile gore golo gongwe go nne le go phantshega mo tseleng.” Ano ke matswela a tlhoka-kutlwano mo lefatsheng la rona gompieno. Popo ke ya mmatota. Go ntse fela jaaka Jesu a ne a bolela gore go tla bo go ntse jalo mo nakong ya “bofelo jwa tsamaiso ya dilo”: “Le batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ: gonne dinonohō tsa legodimo di tla reketlisiwa.” (Luke 21:26) Ee, le eleng magodimo jaaka merafe e ipaakanyetsa go romela mo lefaufaung ditlhodumedi tse di nang le diphamphamolodi tsa nuclear!

Papadi E Kgolo E A Thekeela

5. Ke dipoifo le therego efe tseo di apesitseng lefatshe la kgwebo?

5 Tlhoka-kutlwano le poifo di a totafala gape mo lefatsheng la kgwebo. Mookamedi wa Banka ya Mafatshe o akgela ka gore, “ga ke bone fa go na le sepe se se bolokesegileng mo dingwageng tse di fetang lesome tse di tlang.” Kwa phuthegong ya dinaga tsa madirelo tse dikgolo tse di 24 ka 1982, ponelo-pele e e lotobo e ne. ya bolelwa gore go ne go tla re ka 1983 go bo go na le dimilione tse 30 tse di senang mmereko. Polelelo-pele eno le yone tota e ne ya nna boammaaruri!

6. Lefoko la Modimo le reng kaga bothata jwa itsholelo ya bodumedi le matswela a jone?

6 Mogapa sekgele sa Nobel mo go tsa itsholelo o sobokanya boemo jwa lefatshe ka gore, “sengwe le sengwe se bodile.” Mo go seno, bodumedi jwa lefatshe bo totometse eleruri. ‘Metsi a mantsi’ a ga Tshenolō 17:1, 15—“dichaba, le boidiidi yoa batho, le merahe, le dipuō” tsa lefatshe leno le le senang Modimo—di ntse di boela ka morago tshegetso ya tsone mo bodumeding, mo eleng gore tshegetso ya madi gape ya bodumedi e ntse e kgala le yone. (Bapisa Tshenolō 16:12.) Mme bothata jwa bosheng jaana jwa itsholelo jwa dikereke ga se sepe fa bo bapisiwa le tlalelo e e mahehe eo di tla e ikutlwelang fa Morena Modimo Jehofa a tla bo a ntsha katlholo tiragatsong ya mafoko a gagwe: “Boshula, boshula bo le yosi hèla; bōnañ, boè tla. Ba tla latlhèla selefera sa bōnè mo mebileñ, gouda ea bōnè e tla nna yaka selō se se itshekologileñ; selefera sa bōnè le gouda ea bōnè ga di ketla di lekana go ba golola mo letsatsiñ ya kgalehō ea ga Yehofa.” (Esekiele 7:5, 19) Mme matsipa a a bogagapa a papadi e kgolo a tla abalana mo tlalelong eno e e mahehe ya bodumedi jwa lefatshe!—Tshenolō 18:2, 3, 16.

Tlhoka-Kutlwano ya Bodumedi E Ferosa Sebete

7. Bokatoliki bo ile jwa palelwa jang ke go tlisa kutlwano?

7 A jaanong re tlhatlhobeng ka kelotlhoko bodumedi jwa lefatshe. Fano tlhoka-kutlwano eleruri ke e e tenang tota. Bokatoliki bo tshegeditse mo go bonwang ke mang le mang baruti ba baIwela-kgololesego go ya go bo-bishopo bao ba lwelang iphokoletso dibetsa tsa nuclear. Mopapa o ne a re 1983 ke Ngwaga e e Boitshepo. A mme seno se ne sa thusa? Ntwa kgolo ya molomo e ne ya befela pele. Gakologelwa gore ngwaga ya 1933 le yone gape e ne e le Ngwaga e e Boitshepo ya ga mopapa, mme go ne ga fitlhelelwa eng? Hitler o ne a tsena mo pusong, a simolola tlhomagano ya ditiragalo tseo di neng tsa gogela go Ntwa ya Lefatshe II.

8. Ke maemo afe a a kgaoganeng a a etsweng tlhoko mo Boporosetanteng?

8 Lekgotla la Lefatshe la Dikereke, leo le tshegeditsweng ke dikereke di le 301 tsa Maporosetanta le Orthodox ka maloko a a hopholediwang go dimilione tse 400, le ile la abela makgolo a a dikete-kete a didolara go mekgatlho ya sepolotiki e e batlang diphetogo ka matlho a mahibidu. Mo United States fela go na le ditumelo tse di fetang 1 200. Abo tseno di utlwatsa megolokwane ya leratla jang ne ya go sa dumalane! Tlhoka-kutlwano ya bone e ile ya tlatseletsa mo ‘dikudumeding’ le “boikèpō” tseo Jesu a neng a bolela gore di ne di tla nna tsa mmatota ka nako ya “bofelo jwa tsamaiso ya dilo.”—Luke 21:9; Mathaio 24:3, 12.

9. Phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete e kgethololwa jang?

9 Tlhoka-kutlwano e e ferosang sebete e e bonalang gompieno go ditumelo tsa La-Bodumedi e fapaana gotlhelele le go supa ga ga moaposetoloi Paulo phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete jaaka e “tlhōahalèla go tshegetsa boñwe hèla yoa Mōea mo tumalanoñ ea kagishō.” Paulo o ne a re: “Go mmele o le moñwe hèla, le Mōea o le moñwe hèla, . . . Go Morèna a le moñwe hèla, tumèlō e le ñwe hèla, kolobeco e le ñwe hèla, Modimo o le moñwe hèla, le Rara oa botlhe, eo o godimo ga botlhe, le eo o dihañ ka botlhe, le eo o mo go botlhe.”—Baefesia 4:3-6.

Koo Kutlwano E Totafalang Gone

10. Go ka bonwa kae ‘tumalano e e kitlanyang ya kagiso,’ mme ke ka ntlha yang e le koo fela?

10 Ke kae koo re tla bonang ‘tumalano eno ya kagiso’? Eseng mo lefatsheng, ka go bo kgololo ya rona ga e ne e tswa mo lefatsheng la ga Satane le dipolotiki tsa lone, itsholelo le tlhoka-kutlwano ya bodumedi. Jaaka Bakeresete ba ba theiIweng mo Bibeleng, ga re karolo ya lefatshe leno le le sa utlwaneng. Ke ka gone Jesu a neng a re, fa a ne a rapelela balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng: “Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.” Mme o ne a oketsa ka gore: “Le gōna ga ke rapelele bōnè bosi, me ke rapèlèla le ba ba dumèlañ mo go nna ka lehoko ya bōnè; Gore ba nnè bañwe hèla botlhe; hèla yaka wèna Rara u le mo go nna, le nna mo go wèna, gore le bōnè ba nnè mo go rona: gore lehatshe le dumèlè ha u nthomile.”—Yohane 17:16-21.

11. Bakeresete ba boammaaruri ba ile ba nna “lecomane le le leñwe hèla” jang?

11 Kutlwano e e gakgamatsang e e ntseng jalo re e bona gompieno mo mokgatlhong wa merafe-rafe wa Basupi ba ga Jehofa. Ka boitumelo, dimilione go tswa lefatsheng di ile tsa elatlhoko kutlwano eno, mme bontsi jwa bone jwa bao ba ithutang Lefoko la Modimo ba phuthega jaanong jaaka “dinku di sele” tsa Morena. Jaaka tseno di kopanela le “lecomanyane” la Bakeresete ba ba tloditsweng, botlhe ba nna “lecomane le le leñwe hèla” tlaseng ga Modisa yo o Molemo. (Yohane 10:16; Luke 12:32) Botlhe ba ipelela go bidiwa Basupi ba ga Jehofa, bao ba phutheIwang mo kutlwanong ya Bogosi e e leng yone ya mmatota!

Goreng Kutlwano ya “Bogosi”

12. (a) Ke ka ntlha yang fa Bogosi jwa Modimo bo tshwanetse jwa nna setlhogo se se kitlanyang mo matshelong a rona? (b) Ke ka ntlha yang re tshwanetse ra ipela go sa kgathalesege go oketsega ga tlhoka-kutlwano ya lefatshe?

12 Ke ka ntlha yang fa re re, kutlwano ya Bogosi? Antsaana, golo mo Bogosi jwa Modimo ga se jone setlhogo sa Bibela yotlhe? Ka jalo he, a Bogosi ga bo a tshwanela go nna setlhogo se se kitlanyang mo matshelong a rona? Go ile ga kgatlhisa go bona tiragatso ya sesupo sa ga Jesu se bontsha gore Bogosi bo ne jwa tlhomiwa kwa magodimong mo ngwageng eo e e sa lebalesegeng ya 1914. Mme Jesu o ne a re boleletse gore re ipele jaaka fa re bona maru a mantsho a matsubutsubu a Aramagedona a ne a phuthega fa e sale nako eo. O ne a re bolelela gore “losika” lwa 1914—ngwaga eo sesupo se neng sa simolola go diragadiwa ka one—“ga lo ketla lo heta go tlo go tsamaeè dilō cotlhe tse di dihale pele.” (Mathaio 24:34) Bangwe ba losika loo ba ka falola go fitlhelela bofelo jwa lekgolo la dingwaga. Mme go na le ditshupo tse dintsi tsa gore “bofelo” bo gaufi-ufi fela thata-thata!

13. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go abalana mo poifong ya tlhoka-kutlwano ya lefatshe?

13 Moperofeti wa ga Jehofa o bua ka bosula jo bo atamelang ka gore: “Lo e letè; . . . ga e ketla e dièga.” (Habakuke 2:3) Gone jaana ga re na seabe mo poifong ya lefatshe le le sa utlwaneng, ka go bo re ile ra kitlanngwa lefatshe ka bophara tlaseng ga Bogosi. Bogosi jwa Modimo, joo re bo rapelelang, bo ile jwa nna jwa mmatota. (Mathaio 6:9, 10) Mme kutlwano ya rona e e galalelang ke ya mmatota. Seno se ne sa nna fela jalo jaaka go ne ga bolelelwa pele ke baperofeti ba bogologolo ba ga Jehofa.—Isaia 9:6, 7; Daniele 2:44; 7:13, 14, 27.

“Marapō a a Omeletseñ” a Tsentswe Botshelo

14. Ke pono efe e e gakgamatsang e e tlhalosiwang mo go Esekiele 37:1-4?

14 Malebana le seno, a re tlhatlhobeng Esekiele kgaolo 37. Moperofeti o reng?

“Seatla sa ga Yehofa se ne se le mo go nna, me a nkisa kwa ntlè ke le mo moeeñ oa ga Yehofa, me a mpaea mo gare ga mogōgōrō; me oa bo o tletse marapō; Me a a mpotonosa: me bōnañ, a bo a le mantsi thata mo mogogoroñ mo paeñ hèla; me bōnañ, a bo a omeletse thata. Me a nthaea, a re, Morwa motho, a marapō a, a ka tshela? Me ka mo hetola, ka re, Go itse wèna, Morèna Modimo. Gapè a nthaea, a re, Perofesetsa mo godimo ga marapō a, me u a reè, u re, Lona marapō a a omeletseñ, utlwañ lehoko ya ga Yehofa.”—Esekiele 37:1-4.

15. Ke boemo bofe jwa motlha wa segompieno jo bo tshwantshiwang fano?

15 A o ka akanya ka seo? Mogogoro otlhe o tletse marapo a a omeletseng! Lefa go ntse jalo, seno ga se pono ya sengwe sa morago ga Aramagedona. E tshwantshetsa ditiragalo tsa go le pele mo lekgolong leno la dingwaga la rona. Ka go bo marapo ao a ne a emela boemo jo bo senang botshelo, jo bo sa direng jwa batlhanka ba ba tloditsweng ba Modimo mo lefatsheng ka nako eo.

16, 17. Jehofa o ne a solofetsa go dirang, mme seno se ne se tla nna dikgakgamatso jang?

16 Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a dira sengwe kaga one. Utlwa mantswe a gagwe:

“Morèna Modimo o raea marapō yana; a re, Bōnañ, ke tla tsenya mōea mo go lona, me lo tla tshela. Ke tla baea mesiha mo go lona, ke tla medisa nama mo go lona, ke lo khurumetsa ka letlalō, ke tsenya mōea mo go lona, me lo tla tshela; me lo tla itse ha ke le Yehofa.”

Ka jalo a ne a tshela, “e le ntwa e kgolo thata.”—Esekiele 37:5-10.

17 Jehofa fano o ne a fitlhelela sengwe seo go seng moitseanape o ka se boeletsang. Baitseanape ga ba na bothata mo go momaganyeng dikalethone tsa batho jaaka re di bona mo dimusiamong gompieno. Mme ke moitseanape ofe yo o leka motlha a kileng a oketsa mo sekalethoneng seo mosifa, nama le moya wa botshelo?

18. (a) Ke ka ntlha yang fa ponalo ya batho ba Modimo e ne ya lebega e tlhobosegile ka 1918 le bosimogolong jwa 1919? (b) Tumalanong le polelelopele, Jehofa o ne a gakologelwa jang bano ba ba ikanyegang?

18 Lefa go le jalo kgakgamatso yone eno tota e ne ya diragadiwa ke Jehofa Modimo mo ditsong tsa motlha wa segompieno wa Basupi ba ga Jehofa. Fela jaaka marapo ao a a omeletseng, batho ba Modimo ba ne ba gasame ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I, ntlo-kgolo ya bone mo Brooklyn e ne ya tswalwa, bagolwane ba mokgatlho o o gatisang ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong ka dingwaga tse 20 mme tiro ya bone ya tshimo e ne ya ema golo go le gongwe. Morago koo ka 1918 le bosimologong jwa 1919, boemo jwa bone bo ne bo tlhobosegile. Mme Jehofa a gakologelwa baemedi bao ba ba ikanyegang ba Bogosi. Ka 1919 o ne a ba shafatsa fela jaaka a ne a bolelela pele mo go Esekiele 37:14:

“Me ke tla tsenya mōea oa me mo go lona, me lo tla tshela; me ke tla lo baea mo lehatshiñ ya ga lona: me lo tla itse ha nna Yehofa ke go buile, ka ba ka go diha, go bua Yehofa.”

19. (a) Jehofa o ne a tsosolosa batho ba gagwe jang mme ka boikaelelo bofe? (b) Ke ka ntlha yang fa go ile ga tlhokafala gore didirisiwa tsa Mokgatlho lefatshe ka bophara di atolosiwe?

19 Ka gone Jehofa o ne a tsosolosa batho ba gagwe ba ba bogisitsweng go ya lefatsheng la tlhogonolofalo ya semoya mme a ba tlhomela go dira mo go neeleng bosupi jwa Bogosi joo bo neng jwa anama go ralala lefatshe. Letsatsi lengwe le lengwe, jaanong, dioura tse di fetang sedikadike di senngwa mo go boleleng mafoko a a molemo. Bosupi jono jo bo gakgamatsang bo ile jwa dira gore go tlhokafale go atolosa fela thata didirisiwa tsa Watch Tower Society mo Brooklyn le kwa Wallkill, mo New York. Tseno di dira ka go tshwaragana le masome-some a difeketiri le diofisi tsa lekala go kgabaganya lefatshe mo go baakanyetseng ka Dibibela, dibuka le dimakasine, ga mmogo le kgothatso, go re “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, . . . [a rerwe] mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”—Mathaio 24:14.

20. Ke eng seo jaanong se ileng sa nna sa mmatota, mme ke mang yo o lebogiwang ka ntlha ya seno?

20 Ke mang yo o lebogiwang ka ntlha ya go tsosolosa basupi bano jaaka batho ba ba rulagantsweng, ka gone a kgonisa tiro eno ya kutlwano e e gakgamatsang? “Ka ba ka go diha, go bua Yehofa.” Mme ka jalo e ile ya nna ya Bogosi jwa mmatota!

Bosupi jo bo Atologang

21. (a) Basupi ba ga Jehofa ba ile ba supa jang gore ba tshwana le Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga? (b) Ke taletso efe e e ntshiwang, mme ka matswela afe?

21 Bosupi jo bogolo bo tswelela go atologa go ralala lefatshe, ka didikadike tsa barongwa ba ba ikanyegang, babulatsela le badiri ba phuthego ba abalana mo go jone. Fela jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, basupi ba motlha wa segompieno ba ga Jehofa ba ntse ba rera tsholofelo ya mafoko a a molemo go “lobopō lotlhe tlhatse ga legodimo.” (Bakolosa 1:23) Go anaanela gore “Yehofa ke Modimo o Mogolo le Kgosi e kgolo godimo ga medimo eotlhe,” re atolosetsa taletso go batho botlhe ba dipelo tse di ikanyegang ka gore: “A lo ko lo tleeñ, re ōbamè, re inamè: a re khubameñ ha pele ga Yehofa, Mmopi oa rona.” Abo e le boipelo jang he go itse gore beke nngwe le nngwe mo palo-gareng, batho ba basha ba ba fetang 3 000 ba ntse ba kolobediwa le go tlisiwa mo kutlwanong ya letsomane la Modisa yo o Molemo! Bano jaanong ‘ba obamela Rara ka moya le ka boammaaruri.’—Pesalema 95:3-6; Yohane 4:23, 24.

22, 23. (a) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa ka batho ba seka-dinku go kitlana? (b) Dikwalo di tlhalosa kutlwano ya rona le lebaka la yone jang?

22 Mo motlheng ono wa katlholo ya ga Jehofa godimo ga lefatshe la ga Satane le le kgaoganeng, go botlhokwa fela thata gore botlhe ba ba ntseng jalo ba sekadinku go tswa merafeng yotlhe ba kitlane mo go tseeng-tsia molaetsa wa moengele yo o nang le “mahoko a a Molemō a a sa khutleñ go a [bolela],” a goa ka lentswe le legolo: “Boihañ Modimo, lo o neè kgalalèlō; gonne nakō ya katlholō ea ōna e tsile: me lo ōbamèlè ōna o o dihileñ legodimo, le lehatshe, le lewatlè, le mecwedi ea metse.” A o mongwe wa bao ba ileng ba tlisiwa mo kutlwanong eo ya Bogosi?—Tshenolō 14:6, 7.

23 Abo e le setlhopha se se utlwanang jang ne sa baboledi ba Bogosi ba ba 2 500 000 bao jaanong ba direlang mo mafatsheng a le 205! Moya o o boitshepo wa Modimo o dira mo godimo ga bone, mme ba ntsha loungo lwa one. (1 Bakorintha 2:12; Bagalatia 5:22, 23) Lemororo ba tswa dikarolong tse di farologaneng tsa merafe, ba bua puo e le nngwe e e itshekileng ya boammaaruri. (Sefania 3:9) Ba direla ka bongwefela jwa pelo—ka kutlwano ya Bogosi!

24. Ditemana 17 le 22 tsa ga Isaia kgaolo 60 di ile tsa diragadiwa jang?

24 Boo ke tlhoka-kutlwano efe e e kileng ya nna gona pele mo nakong e e fetileng, e ile ya rethefadiwa, mme segolo bogolo fa e sale Jehofa a tlisa batho ba gagwe tlaseng ga thulaganyo ya bolegodimo go tlogeng ngwaga ya 1938. Seno e ne e le tiragatsong ya tsholofetso ya gagwe ya boperofeti mo go Isaia 60:17: “Ke tla diha maōtlana a gago kagishō, le badihisi ba gago tshiamō.” Go sa kgathalesege le eleng ditlhaselo tsa Ntwa ya Lefatshe II, ka dipogiso tsa yone tse di neng di e patile tsa Basupi ba ga Jehofa, tiro ya Bogosi ya batho ba ba utlwanang ya batho ba Modimo e ile ya tswelela go gola le go atologa, mo eleng gore naga nngwe le nngwe go dikologa lefatshe go ile ga nna boammaaruri jaaka go tlhalositswe mo go Isaia 60:22: “Eo monnye o tla tla a nna makgolo a le shomè, le eo mmōtlana a nna morahe o o thata: Nna Yehofa ke tla go akohisa mo motlheñ oa gōna.”

25. Ke eng seo se supelang ka mo gakgamatsang kutlwano ya Bogosi?

25 Ke mang yo o neng a ka gopola gore mo malatsing a a boima thata kwa tshimologong fela ya ntwa ya bobedi ya lefatshe, fa go ne go na le Basupi lefatshe ka bophara ba ba fetang go se kae 100 000, gore kwa bosimologong jwa bo-1980 o ne a tla fitlhela Basupi ba ba fetang 70 000 ba direla ka kutlwano mo Canada mme palo e e tshwanang le mo Fora, 80 000 mo Japane, 90 000 mo Britani, ba ba fetang 100 000 mo Italy, le mo Federal Republic ya Jeremane le Nigeria, go feta 130 000 mo Mexico le go feta 140 000 mo Brazil, ga mmogo le Basupi ba ba boikanyego ba ba 250 000 mo mafatsheng ao tiro ya rona e leng tlase ga thibelo e e feletseng kana e e sa felelang? Mme United States bosheng jaana e sa tswa go bega basupi ba ba tlhaga ba le 643 170. Kwantle le pelaelo, Jehofa o ile a nna boammaaruri mo tsholofetsong ya gagwe gore o tla dira batho ba Leina la gagwe “morahe o o thata.” Ammaaruri, bosupi jo bo gakgamatsang jwa bommatota jwa kutlwano ya Bogosi!

O ne o tla araba Jang?

◻ Ke tlhoka-kutlwano efe e e bonwang mo dikarolong tse tharo tse di kgolo tse di farologaneng tsa phuthego ya lefatshe la ga Satane?

◻ Kutlwano ya boammaaruri e totafala kae, mme ka ntlha yang?

◻ Esekiele 37:1-14 e ntse e diragadiwa jang?

◻ Kutlwano ya Bogosi e ne ya gogela bosuping bofe?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Tlhoka-kutlwano e e ferosang sebete ya bopolotiki ya lekgolo la dingwaga la bo-20, ya papadi e kgolo le ya bodumedi di etelela pele go ntshiwa ga katlholo ya bomodimo

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ponatshegelo ya ga Esekiele ya “marapō a a omeletseñ” a a shafaditsweng e tshwantshetsa batho ba Modimo ba ba tsosoloseditsweng tlhogonolofalong ya semoya

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela