“Go Morèna A le Moñwe Hèla, Tumèlō E le Ñwe Hèla, Kolobeco E le Ñwe Hèla”
“Go Morèna a le moñwe hèla, tumèlõ e le ñwe hèla, kolobeco e ele ñwe hèla, Modimo o le moñwe hèla, le Rara oa botlhe, eo o godimo ga botlhe, le eo o dihañ ka botthe, le eo o mo go botlhe.”—BAEFESIA 4:4-6.
1, 2. (a) A lebisitse go Ene ka sebele, ke eng seo Jehofa a neng a se papamatsa thata ka Moshe? (b) Ka jalo a go ne go na le sebaka sa megopolo e e farologaneng ya bodumedi mo Iseraela?
“YEHOFA MODIMO oa rona ke Yehofa eo moñwe hèla: Lo se ka loa lata medimo e sele, ea medimo ea dichaba tse di mo tikologoñ ea lona; Gonne Yehofa Modimo oa gago ke Modimo o o lehuha mo gare ga gago.” Moshe ga a ka a tlogela pelaelo epe mo megopolong ya Baiseraele ba ba neng ba phuthegetse mo dithoteng tsa Moaba, pele fela ba tloga ba tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso. O ne a tlhalosa ka papamalo gore Modimo wa bone, Jehofa, ke Modimo o le mongwe fela, le gore Jehofa o ne a batla kobamelo e e feletseng. Mo polelong ya go le pele, Moshe o ne a bolela gore: “Yehofa ke èna Modimo kwa legodimoñ kwa godimo, le mo lehatshiñ ha tlhatse: ga go na opè o sele. Me u tshegetsè ditaeō tsa gagwè, le ditaolō tsa gagwè, tse ke di gu laolèlañ gompiyeno, gore go nnè sentlè nau.”—Duteronome 6:4, 14, 15; 4:39, 40.
2 Ga gona megopolo e e farologaneng ya bodumedi mo mafokong ao! Iseraele o ne a na le Modimo o le mongwe. Mme Jehofa o ne a tsonkolola ka phepafalo tsela e le yosi fela e e amogelesegang eo a ka obamelwang ka yone.
Makoko a Sejuda a a Tlhagoga
3. Ka go bo bontsi jwa Bajuda bo seka jwa tswelela ka go ikanyega go Jehofa, e ne ya re kgabagare ga diragala eng?
3 Lefa go ntse jalo, mo boemong jwa gore ba dirisane le kobamelo e e itshekileng ya Modimo o le mongwe wa boammaaruri, Jehofa, bontsi jwa Baiseraele e ne ya nna batenegi, baobamedi ba medimo ya disetwa. (Yeremia 17:13; 19:5) Mme ka ntlha ya seno, go ne ga se ka ga nna ‘sentle nabo.’ Ka 607 B.C.E. Jerusalema o ne a senngwa ke Bababilona, mme Bajuda ba le bantsi ba ne ba isiwa botshwarweng kwa Babilona. Masalela a a ikanyegang a ne a boela kwa Jerusalema dingwaga tse 70 moragonyana mme ba simolola go aga tempele ya bobedi go obamela Jehofa. Mme fa nako e ntse e ya, bontsi jwa Bajuda ba ne ba tenega mme kgabagare ba kgaogana ka makoko a a farologaneng.
4, 5. (a) Tlhalosa mangwe a makoko a Sejuda a a neng a tlhagoga morago ga botshwarwa jwa Babelona. (b) A makoko a a ntseng jalo a a kgaoganyang a ne a tswela Bajuda molemo? Tlhalosa.
4 Mo lekgolong la bone kana la boraro la dingwaga B.C.E. lekoko la ba Hasidim (“ba ba sisimogang medimo”) le ne la tlhagoga. Ba ne ba le matlhagatlhaga a a feteletseng mo go bolokeng Molao wa Sejuda mme ba nyalanngwa le makoko a mangwe a mabedi ao a neng a simologa mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E.—Baasene le Bafarisai. Ka bobedi Baasene le Bafarisai ba ne ba tsaya mogopolo wa thuto ya motheo ya Segerika ya bosasweng jwa moya. Ba ba neng ba farologana le bona ka go sa dumele mo botshelong jwa morago ga loso e ne e le Basadukai. Bibela e bua ka dikgang tse di neng tsa nna gone gareng ga Basadukai le Bafarisai ka nako ya baaposetoloi. (Ditihō 23:7-10) The Concise Jewish Encyclopedia e re: “Kgaruru magareng ga ditlhopha tse pedi e ne ya gogela le eleng kwa dikgatlampolanong le dintweng tsa selegae.”
5 Ba Zealots e ne e le lekoko le lengwe la Sejuda le le neng la nna gone mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. E ne e le barata-naga ba bosole bao ba neng ba dira mo gontsi go bopa tsogologelo e e neng ya atlega ya Sejuda kgatlhanong le Baroma ka 66 C.E. Morago ga seno ba ne ba batla gore ba rene godimo ga makoko a mangwe a a tlhomeletsweng ka dibetsa mo Jerusalema, se se dira ntwa ya selegae le pogo e ntsi thata. Tshukatshukano ya dibetsa e e ntseng jalo magareng ga makoko a a gadikanang a Sejuda e ne ya tswelela go fitlha le eleng ka nako ya seduledi sa bofelo sa Baroma le tshenyego ya Jerusalema ka 70 C.E. Go phepafetse he gore dikgaogano tsa bolekoko le boikanyologi, mo kobamelong e e kutlwano, e e phepa ya Modimo o le mongwe, Jehofa, di ne tsa seka tsa direla Bajuda molemo ope.
Bakeresete Ba Pele E Ne E Se Lekoko
6. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba pele ba ne ba ikgaphela kgakala le makoko a Sejuda?
6 Lefa go le jalo, Bakeresete ba pele ba ne ba ipoloka ba kgaogane le tshukatshukano ya bolekoko ya Sejuda. Ba ne ba itse gore Bafarisai le Basadukai ba ne ba le gareng ga baba ba bagolo ba ga Jesu. Balatedi ba ga Keresete ba ne ba sa dumalane ka gope le tumelo ya Baasene ya go sa sweng ga moya kana go gwalalela ga bone botshelo jwa boikekolo, jwa go ikutla. Mme jaaka baitlhaodi eleruri go ne go sena sepe se ba neng ba ka se utlwanela le ba Zealots ba ba neng ba rata bomorafe. (Yohane 17:16; 18:36) Gona le moo, Bakeresete ba ne ba dirisa kobamelo e e kutlwano, e e itshekileng ya Modimo o o osi wa boammaaruri, go ya ka mafoko a ga Jesu go mosadi yo e seng Mojuda: “Lobaka loè tla, le gompiyeno lo hitlhile, lo baōbamedi ba amarure ba tla ōbamèlañ Rara ka lōna, ka Mōea le ka boamarure.”—Yohane 4:23.
7. Ke eng seo Jesu le Paulo ba neng ba se bolela, mme ke eng seo mafoko a bone a se akantshang mabapi le kobamelo ya Bokeresete ya boammaaruri?
7 Erile a buelela Bakeresete ba boammaaruri, moaposetoloi Paulo a re: “Leha go nntse yalo mo go rona, go Modimo o le moñwe hèla, eboñ Rara, eo dilō cotlhe di cwañ mo go èna, le rona re nnetse èna; e bile go Morèna a le moñwe hèla, eboñ Yesu Keresete, eo dilō cotlhe di emeñ ka èna, le rona ka èna.” (1 Bakorintha 8:6) Bokeresete jwa boammaaruri bo raya kobamelo e e kutlwano ya Modimo o le mongwe, Rara, Jehofa, ka Morena a le mongwe, Jesu Keresete. Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore: “Muñ oa lona o moñwe hèla, eboñ Keresete.”—Mathaio 23:10.
8. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba pele go ne go sa tshwanela go ka ba bitsa lekoko?
8 Go boammaaruri, maloko a makoko a a saleng a tlhomilwe bogologolo a Sejuda ka lonyatso a ne a bitsa Bakeresete ba pele lekoko (Segerika: haiʹresis, mo go rayang “setlhopha sa banna ba ba ikgaogantseng mo go ba bangwe mme ba latetse dithuto tsa bone tsa metheo”). (Ditihō 24:5; 28:22) Mme mo boiphemelong jwa gagwe fa pele ga Molaodi Felisa, moaposetoloi Paulo o ne a gana tlhaloso eno e e fapogileng, ka gore: “Me se, kea se gu ipolèlèla, go re, Modimo oa borra echo, ke o dihèla kaha Tseleñ e bōnè [baba ba gagwe ba bodumedi] ba e bitsañ lekōkō.” (Ditihō 24:14) Go ne go se ka tsela epe eo ka yone Bakeresete ba neng ba ka bidiwa lekoko, ka go bo ba ne ba latela Jesu Keresete, eseng motho ope. Gape, eleruri bo ne bo se letlhogela lepe la makoko a Sejuda ao a neng a le gone mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.
Go Ne Go Se Dikgaogano ka Makoko
9, 10. (a) Ke ka ntlha yang fa Bokeresete bo ne bo sa direlwa gore bo kgaogane ka dikereke le makoko a a farologaneng? (b) Ke diphopholetso dife ka ditshimologo tsa Bokeresete e leng maaka gotlhelele?
9 Bokeresete jwa pele e ne e se lekoko. Lefa e le gone gore bo ne bo diretswe gore bo kgaogane ka makoko. E ne ya re fa a rapela Rraagwe, Keresete a kopa gore ekete balatedi ba gagwe ba ka nna “bañwe hèla botlhe.” (Yohane 17:21) Barutwa ba gagwe ba ne ba tshwanetse go ‘ratana.’ (Yohane 13:35) Seno se ne se ntshetsa kwa kgakala dikgaogano lefa e ka nna dife tsa go bopa makoko.
10 Lebaka leo le akisa diphopholetso tse di atisitsweng ke boraditiragalo le baruti ba bantsi mabapi le mefuta e e farologaneng ya Bokeresete. Ba ile ba bua ka “Bokeresete jwa Sejuda” (jo go tweng bo ne jwa emelwa ke Jakobe, Petere le Johane) fa go na le jo go tweng “Bokeresete jwa Boditšhaba” (jo go tweng bo ne bo emelwa ke Paulo). Ba lebisa go “thuto bomodimo ya Se-Johane [ya ga Johane]” le “thuto bomodimo ya Se-Paulo [ya ga Paulo],” ba iphaka gore Bokeresete bo ka bo bo seka jwa anama lefatshe ka bophara fa Paulo a ne a ile a seka a bo fetola gotlhelele. Diphopholetso tse di ntseng jalo di tlhomilwe ke banna bao ba ka tswang ba sena tumelo mo Bokereseteng kana ba tsayang go siame fela go bo La-Bodumedi le kgaogane ka makgolokgolo a dikereke le makoko.
11. (a) Ke dikwalo dife tse di supang gore Paulo o ne a seka a itshimololela mogopolo wa go anamisetsa Bokeresete go ba e seng Bajuda? (b) A Paulo o ne a amogela makoko a a kgaoganyang? (c) Ke tiragalo efe e e bontshang kutlwano ya ga Paulo le badiri ka ene?
11 Mabaka a farologane gotlhelele. Pele fa Paulo a ka nna Mokeresete, Jesu Keresete o ne a laela barutwa ba Gagwe go nna basupi ba Gagwe mo merafeng yotlhe. (Mathaio 28:19, 20; Ditihō 1:8) Paulo ka boene o ne a lwa kgatlhanong le tshekamelo epe ya go latela batho, mme o ne a re: “Go se nne dikgaoganō mo go lona.” (1 Bakorintha 1:10-15; 3:3-5) Ka jalo ke go iphora fela tota go iphaka gore Paulo o ne a na le kutlwisiso e e farologaneng ya Bokeresete go na le Jakobe, Petere le Johane. Botlhe ba ne ba utlwana mo tirong ya go anamisa mafoko a a molemo. Mo pakeng nngwe, ka gongwe ka nako ya pokano eo e neng e tshwaretswe mo Jerusalema ka 49 C.E. ka ga thupiso, ka bone jwa bonè ba ne ba tshwaragana ka botlalo mabapi le go kgaoganngwa ga tshimo e e tla rereIwang.—Bagalatia 2:7-9.
Ditlhagíso Kgatlhanong le Tlhoka-kutlwano
12. A go ne go na le tlhoka-kutlwano ka metlha magareng ga ga Paulo le Petere?
12 Ka tlholego, jaaka batho ba ba sa itekanelang, Bakeresete ba pele—le eleng bao ba neng ba sikara maikarabelo a a bokete a phuthego—ba ne ba na le diphapaang tsa bone. Mo Antioka ya Siria, Paulo o ne a tshwanelwa ke go tlhamalatsa Petere mo ntlheng e e rileng. (Bagalatia 2:11-14) A mme Petere o ne a ngala mme a tsamaya a ya go itlhomela lekoko la gagwe le le farologaneng, jaaka ekete o ne a sa dumalane le Bokeresete jo go tweng ke jwa Se-Paulo? Gotlhelele nnyaa, ka go bo dingwaga moragonyana, mo e ka nnang ka 64 C.E., o ne a bua mafoko a a lorato ka Paulo.—2 Petere 3:15, 16.
13, 14. (a) Paulo o ne a tlhalosa jang “dikgaoganō” le “makōkō”? (b) Go ya ka Paulo, go tshwanetswe ga dirwang ka batlhotlheletsi ba makoko?
13 A le tlaseng ga tlhotlheletso ya bomodimo Paulo o ne a tlhatlhamisa “dikgaoganō” le “makōkō” gareng ga “ditihō tsa nama.” O ne a re: “Me yana ditihō tsa nama dia bōnala, tse e leñ boaka, le bomashwè, le bopèpè, Le tihèlō ea medimo ea disètwa, le boloi, le dikilanō, le kgañ, le mahuha, le dikgakalō, le ditomologanō, le dikgaoganō, le makōkō. . . . Ba ba dihañ dilō tse di nntseñ yalo, ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.”—Bagalatia 5:19-21.
14 Ereka bao ba dirang “dikgaoganō” le “makōkō” ba se “ketla ba rua bogosi yoa Modimo,” ga ba ka ke ba itshokelwa moteng ga phuthego ya Bokeresete ya boammaaruri. Ka gone, Paulo o ne a kwalela Tito gore: “Me u tshabè dipocō tsa bonyana, le dipalō tsa ditshika, le dikgañ, le go lwa kaga molaō; gonne ga di na thushō, di bile di boithamakō. Motho eo o itomololañ mo go ba bañwe, e re a sena go tlhagisiwa gañwe hèla leha e le gabedi, u mo ganè; U nntse u itse ha eo o nntseñ yalo a hapogile, me oa leoha, go bile go itshekisitse èna.”—Tito 3:9-11.
Kutlwano ya Bodumedi
15, 16. (a) Ke ka ntlha yang go sena phatlha ya megopolo e e farologaneng moteng ga phuthego ya Bokeresete, mme Paulo o reng kaga seno? (b) A seno se raya gore Mokeresete ga a tshwanela go dirisa dikgono tsa gagwe tsa go akanya? (c) Ke eng seo Petere, Jude le Paulo ba se bolelang kaga kotsi ya go akabala le go faposiwa mo boammaaruring?
15 Go tswa go seo se tlhalositsweng fa godimo go phepafetse gore Bokeresete jwa boammaaruri ga bo ka ke jwa kgaoganngwa ka bokereki le makoko. Go ka se ke go nne le ditshekamelo tsa go tshela mmogo kana megopolo e e farologaneng moteng ga phuthego ya Bokeresete. Paulo o kwaletse Bakorintha gore: “Me yana, ba ga echo, kea lo rapèla, ka leina ya Morèna oa rona Yesu Keresete, gore lo nnè puō ñwe hèla lotlhe, le gore go se nne dikgaoganō mo go lona; me lo ko lo itekanèlè mmōgō, le mo mogopoloñ o le moñwe hèla, le mo tshekatshekoñ e le ñwe hèla.”—1 Bakorintha 1:10.
16 Seno ga se reye gore mosupi wa Mokeresete wa boammaaruri wa ga Jehofa a ka se dirise dikgono tsa gagwe tsa go akanya. Moaposetoloi Petere o ne a kgothaletsa go dirisa ‘dikgono tsa go akanya tse di phepafetseng’ go ganetsa “bashotli” bao ba neng ba tla bonala “mo metlheñ ea bohèlō” mme ba ganetsa “go tla” ga ga Keresete. (2 Petere 3:1-4) Mo lokwalong lwa gagwe, Jude o bua ka “ba ba akabalañ.” (Yude 22) Mme ka bobedi Petere kana Jude ga go ope yo o reng Mokeresete o ka sala a ntse a le mosotli kana moakabadi. Petere o re bolelela gore ‘re nne tiso’ kgatlhanong “le ba ba akgakgègañ” ba ba ‘sokamisang Dikwalo.’ (2 Petere 3:16, 17) Mme Jude o tlhalosa gore baakabadi ba mo kotsing mme ba tlhoka gore ba ‘swatolwe mo molelong.’ (Yude 23) Bao ba ileng ba timediwa mo boammaaruring ba tlhoka gore ba thusiwe ka “bonōlō,” ka tsholofelo ya gore “ba itse go ichomola mo seruñ sa diabolo.”—2 Timotheo 2:23-26.
17. Ke ka tsela efe eo ka yone Mokeresete wa boammaaruri a tla dirisang dikgono tsa gagwe tsa go akanya, mme ke eng seo a tla tlhagafalelang go se dira?
17 Mokeresete wa boammaaruri o dirisa ‘dikgono tsa go akanya tse di phepa’ tsa gagwe ka tsela ya boikokobetso. Paulo o ne a kwala ka gore: “Ke gōna. . . . ke lo rapèla thata, gore lo sepelè mo go chwanetseñ picō e lo bidicweñ ka eōna, Ka boikokobeco yotlhe le bonōlō, le ka bopelotelele, ka go iphapaanyana mo loratoñ; Le ka go tlhōahalèla go tshegetsa boñwe hèla yoa Mōea mo tumalanoñ ea kagishō. Go mmele o le moñwe hèla, le Mōea o le moñwe hèla, hèla yaka le lona lo biledicwe cholohèlō e le ñwe hèla ea go bidiwa ga lona; Go Morèna a le moñwe hèla, tumèlō e le ñwe hèla, kolobeco e le ñwe hèla, Modimo o le moñwe hèla, le Rara oa botlhe, eo o godimo ga botlhe, le eo o dihañ ka botlhe, le eo o mo go botlhe.—Baefesia 4:1-6.
Kafa Kutlwano e Fitlhelelwang le go Bolokwa Ka Teng
18. Ke eng seo se bolelwang ke ditlhaloso (a) “Modimo o le moñwe hèla”? (b) “Morèna a le moñwe hèla”? (c) “Mōea o le moñwe hèla”? (d) Kaelo e le yosi fela e e kwadilweng ya Bokeresete ke efe?
18 Paulo o ne a bua ka “Modimo o le moñwe hèla, . . . eo o godimo ga botlhe.” Kana, jaaka Moshe a ne a re: “Yehofa Modimo oa rona ke Yehofa eo moñwe hèla.” (Duteronome 6:4) Boammaaruri joo jwa konokono ga bo ise bo ke bo fetoge. Ke lebaka la popota la kutlwano ya Bokeresete. Go na le Modimo o le mongwe le tsela e le nngwe e e amogelesegang ya go mo obamela, “ka mōea le ka boamarure.” (Yohane 4:23, 24) “Morèna a le moñwe hèla” ke Jesu Keresete, “tlhōgō ea mmele, eboñ phuthègō.” (Bakolosa 1:18) “Mōea o le moñwe hèla” o kaya maatla a a dirang a a kitlanyang a ga Jehofa. Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe a re: “Mogomotsi, eboñ Mōea o Boitshèpō, eo Rara o tla mo romañ ka leina ya me, èna o tla lo ruta dilō cotlhe, me o tla lo gakolola cotlhe tse ke di buileñ le lona. Kagishō ke e tlogèla le lona; kagishō ea me kea e lo naea”. (Yohane 14:26, 27) ‘Dilo tse ba neng ba tla di gakololwa’ di ne tsa kwalwa mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika. Tseno, gammogo le Dikwalo tsa Sehebera, di dira Bibela, kaelo e le nngwe fela e e kwadiIweng ya Bokeresete jwa boammaaruri.
19. “Mmele o le moñwe hèla” ke eng, mme ke bomang ba ba ileng ba tlhomelwa go baakanyetsa ka dijo tse di tshwanang tsa semoya go maloko otlhe a one?
19 “Mmele o le moñwe hèla” ke phuthego ya Bokeresete, eo Jesu e leng “tlhōgō” ya yone. (Baefesia 1:22, 23) Leloko lengwe le lengwe la maloko ano a a tloditsweng a phuthego eno e e kutlwano botlhe ba tla amogela dijo tsa semoya tse di tshwanang. Ka ntlha ya gone moo, “morèna” wa bone o ne a tlhoma setlhopha se se bopaganeng sa “molebalebi eo o ikanyègañ,” setlhopha sa Bakeresete ba ba tloditsweng mo lefatsheng fa esale ka Pentekosete 33 C.E. Ereka “morèna” a ile a fitlhela masalela a setlhopha seno a ntse a aba “diyō” ka boikanyego le ka botlhale fa a ne a goroga go tla go tlhatlhobisa ka 1919, o ne a ba tlhoma “molaodi oa dilō cotlhe tse o nañ nacō.” (Luke 12:42-44) Mabaka a bontsha gore fa esale 1919 “molebalebi” yono ka boikanyegi o ile a tlhokomela “dilō” tseno.
20. (a) Mo go Isaia 65:11, 13, ke phapaang efe e e dirwang magareng ga batho ba Modimo le batenegi ba bodumedi? (b) Ke eng seo se ileng sa tlatseletsa segolo bogolo kutlwanong ya batho ba ga Jehofa?
20 Baruti ba bontsintsi jwa dikereke le makoko a La-Bodumedi ga ba a ka ba fitlhelwa ba abela “ba ntlo” ya ga Keresete “diyō” tse di tshwanetseng tsa semoya. Ka gone, baruti bano le matsomane a bone ba “bolawa ke tlala” ya semoya. (Isaia 65:11, 13) Mo letlhakoreng le lengwe, “molebalebi eo o ikanyègañ” o ile a bolokela Bakeresete ka bongwe ba ba tloditsweng letlotlo la “diyō mo lobakeñ lo e leñ lōna,” mme, fa esale 1935 go “boidiidi yo bogolo” jo bo golang jwa “dinku di sele.” (Tshenolō 7:9, 10; Yohane 10:16) Go sa kgathalege puo kana lefelo le ba nnang go lone, basupi botlhe ba ga Jehofa bano ba latela thulaganyo ya go ithuta e e tshwanang lefatshe ka bophara e e theilweng mo Lefokong la Modimo. Seno se ile sa dira mo go golo go godisa kutlwano gareng ga bone le go e tshegetsa.
Kutlwano E E Gakgamatsang ya Batho ba ga Jehofa
21. Kutlwano e tshegediwa jang gareng ga Basupi ba ga Jehofa gompieno, mme seno se bapisega jang le thulaganyo ya phuthego mo metlheng ya baaposetoloi?
21 Kutlwano ya diphuthego tse di batlileng di nna 45 000 tsa Basupi ba ga Jehofa mo mafatsheng a a fetang 200 le yone e tshegediwa gape ka methale ya thulaganyo e e kafa Dikwalong. ‘Baaposetoloi le banna bagolo [bagolwane] mo Jerusalema’ ba ne ba bopa setlhopha se se laolang sa phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga. (Ditihō 15:2) Bone le baemedi ba bone ba ne ba tlhoma “balebedi” le “batlhanka ba bodihedi” mo diphuthegong le go dira diphetso tse dingwe tsa go okamela. (Bafilipi 1:11; Tito 1:5; Ditlhō 14:23; 16:4) Ka mo go tshwanang gompieno, setlhopha sa bagolwane ba Bokeresete ba ba tloditsweng ba dlra Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Mme fela Jaaka diphetso tsa setlhopha se se laolang mo lekgolong la ntlha la dingwaga di ne di fetisediwa go diphuthego, ka jalo gompieno diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di amogela ditaelo go tswa go Setlhopha se se Laolang le maeto go tswa balebeding ba ba etang. (Ditihō 15:22, 23, 30) Jaanong, jaaka go ne go ntse ka nako eo ‘diphuthego di tswelela go tiisiwa mo tumelong le go oketsega mo palong letsatsi le letsatsi.’—Ditihō 16:5.
22. Ke eng seo Basupi ba ga Jehofa ba se anaanelang segolo bogolo, mme ke eng seo ba ba tla tswelelang pele ba se dira ka kutlwano?
22 Basupi ba ga Jehofa ba ile ba goloIwa mo dikgaoganong tsa bolekoko tsa La-bodumedi. Tlaseng ga kaelo ya “Morèna a le moñwe hèla” wa bone, Jesu Keresete, le “molebalebi” wa gagwe, ba gatela pele ka kutlwano mo go boleleng “Mahoko a a Molemō a, a bogosi.” (Mathaio 24:14) Ba tla tswelela “ka go tlhōahalèla go tshegetsa boñwe hèla yoa Mōea mo tumalanoñ ea kagishō.” Eleruri, ba “eme ka tlhōmamō mo moeeñ o le moñwe hèla, [ba] nntse [ba] ganèlèla tumèlo ea Mahoko a a Molemō ka mōea o le moñwe hèla.”—Baefesia 4:3; Bafilipi 1:27.
A O Gakologelwa Dintlha Tseno?
□ Ke kobamelo ya mofuta ofe e Iwantlha e neng e le gone mo Iseraeleng wa bogologolo?
□ Go tloga ka lekgolo la bone la dingwaga B.C.E go ya pele, go ne ga diragalang gareng ga Bajuda ba batenegi?
□ Ke dikwalo dife tse di bontshang gore Bokeresete bo ne bo sa direlwa go nna ka makoko?
□ Bibela e bontsha jang gore ga go na sebaka sa megopolo e e farologaneng mo teng ga phuthego ya Bokeresete?
□ Ke mabaka afe a a tlatseletsang kutlwanong ya mogopolo le tiro gareng ga Basupi ba ga Jehofa?
[Setshwantsho mo Tsebe 29]
Basupi baga Jehofa ba utlwana mo kobamelong ya bone lefatshe ka bophara