LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 3/15 ts. 3-4
  • Gaufi-ufi le Aramagedona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Gaufi-ufi le Aramagedona
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Goreng Ntwa E Tshwanetse Go Tla
  • Hara–Magedona—E Tla Tla Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Hara-Magedona—Seo E Sa Se Reyeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Haramagedona—Tshimologo ya Sengwe se se Itumedisang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 3/15 ts. 3-4

Gaufi-ufi le Aramagedona

MO E ka nnang dingwaga tse di dikete tse nne le halofo, diphuthego tse dikgolo tse pedi di sa le di ntse di le mo motlhaleng wa go ya go thulana. E tla re fa kgabagare di opana, di latlhele lefatshe mo ntweng e e befileng thata go di feta tsotlhe mo ditiragalong. Bibela e e bitsa ‘ntwa ya letsatsi je legolo ja Modimo Mothatayotlhe.’ Mme gongwe, e itsiwe botoka ka leina le le kgaolang pelo fela thata ebong​—Aramagedona.a​—Tshenolō 16:14, 16.

Ntwa eno ka metlha yotlhe e ne e ntse e sa itsiwe ka leina leo. Mme ntwa eo e tla akareletsa masika a mabedi a a umakiwang mo go Genesise 3:15, koo re balang ka gore: “Me ke tla tsenya bobaba ha gare ga gago le mosadi, le ha gare ga losika loa gago le losika loa gagwè: lōna lo tla tapeta tlhōgō ea gago, me wèna u tla kgōba serèthè sa gagwè.”

Ka iketlo ka iketlo, Jehofa Modimo o ne a senola gore tota maatla a a neng a le morago ga noga, eo go bonalang ekete go ne go buiwa le yone ka mantswe a a fa godimo, e ne e le sebopiwa se se sa bonaleng sa moya se se neng sa tla go itsiwe e le “Diabolo le Satane.” (Tshenolō 12:9) “Losika” Iwa gagwe​—ka bobedi Iwa selegodimo le lwa selefatshe—​ke phuthego e e maatla e e tshwereng lefatshe lotlhe ka loso. (Yohane 8:44; Baefesia 6:12; Bahebera 2:14) “Mosadi” wa sebele yo o neng a lebisitswe ke Jehofa Modimo ke phuthego ya gagwe e e ikanyegang ya seka-mosadi ya selegodimo. (Bagalatia 4:26) Le ene gape, o na le “losika” lwa gagwe, kana lotsalo, mme lono lo lebana le letlhoo la phuthego ya ga Satane Diabolo.

Goreng Ntwa E Tshwanetse Go Tla

Ka go tsieletsa batsadi ba rona ba ntlha mo go akanyeng gore ba ka ipusa ka bobone, Satane o ne a tshwenyana le Paradaise ya kagiso eo motho a neng a tshela mo go yone. (Genesise 3:1-6) O ne a kaya gore Modimo o ne a le pelotshetlha ebile e le mmusi yo o senang tshwanelo ka go bo melao le melao-metheo tsa gagwe di ne di sa tlhokafale ebile di na le dithibelo tse di setlhogo. Molaodi wa lobopo lotlhe o ne a ka se itshokele ka metlha tshebo eno ya go senngwa leina le tlotlo. Go dira ga gagwe jalo go ne go ka bo go ile ga mo supa a sena maatla, mme e ne e tla re kgabagare tshenyo e anamele le lefatshe lotlhe.

Ka ntlha ya gona moo, ka ntlha ya leina la gagwe Modimo o ne o tla tshwaneIwa ke go tsaya kgato, gore a se letlelele leina la gagwe go tlhapadiwa ka bosenang bokhutlo kana gore bolaodi jwa gagwe jwa lobopo lotlhe bo se tlotlomadiwe. (Bapisa Isaia 48:11, 12.) Go fenya phuthego ya ga Satane ka Aramagedona go direla go tlhatswa leina la Modimo le le sa gaisegeng Jehofa. (Pesalema 83:18) Mme ereka ntwa le Satane gape e tla felela ka dikgobalo tse di boitshegang mo bathong, ntwa ya Modimo e tla senya phuthego ya selefatshe ya ga Satane, kana tsamaiso ya dilo. Seno e tla bo e le “sepitla se segolo” seo Jesu a se boleleletseng pele mo go Mathaio 24:21, 22 mme e tla re ka sone “motho” ope o tla bolokwa. Tekeletso ya motho mo boipusong e setse e feletse ka ‘tshenyo’ ya lefatshe ka dintwa, kgotlelo, le tse di tshwanang. Mme Aramagedona e tla “senya ba ba senyañ lehatshe.” (Tshenolō 11:18) Ka go tlosa basenyi. Modimo o tla baakanyetsa Paradaise sebaka.

Lefa go le jalo, ke leng le jang ntwa ya Modimo e tla diragalang? Bantsi ba dumela gore e tla tlhagoga kwa Botlhaba Gare, segolo bogolo ka ntlha ya se se neng sa diragala koo ka Motsheganong 14, 1948. Ka letsatsi leo Iseraele e neng ya ipolela e le morafe​—se se neng se bonala ekete ke phenyo ya batho bao ka makgolo a dingwaga ba neng ba faladiwa, ba bogisiwa le eleng go ganyaolwa. Mme lefa tlhomo ya one Iwantlha go ne go bonala e sa itsetsepela, moratshwana oo ka dingwaga tse di masome mararo o ne wa ingangatlela kwa Botlhaba Gareng jo bo mo mathateng. Bantsi ba bona fa botsalo jwa Iseraele wa segompieno e le go tsenya letsogo ga bomodimo le tshupo e e papametseng ya gore Aramagedona e gaufi.

Go boammaaruri gore, ga se baruti botlhe ba ba nang le tlhatswego pelo e e tshwanang. “Ke bona fa e le go senya nako fela,” ga bolela jalo moruti mongwe wa Presbyterian, “go leka go bopela ditshwantsho le ditiragalo tsa gompieno mo dipolelelo peleng tsa [Bibela] mme o bo o leka go di lebisa go batho bangwe ba ba rileng.” Lefa go le jalo, dibuka tse dintsi, difilimi le baefangele ba TV ba godisa pono e e tlwaelegileng gore Botlhaba Gare ke lefelo la nako e e tlang ya Aramagedona.

A mme tota Aramagedona e tla diragalela kwa Botlhaba Gare? Tota, ke jang ‘ntwa eno ya letsatsi je legolo ja Modimo Mothatayotlhe’ e tla lowang? Ke eng se se tla gogelang kwa go yone? Motho o ka falola jang Aramagedona? Mme ke eng seo se tla salang ntwa eo morago?

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Lereo la Sehebera “Hara-Magedona” tota le lebisitse go seemo sa tshwantshetso sa lefatshe koo masole a phuthelwang ntweng gone. Mme mo tirisong e e tlwaelegileng, le setse jaanong le lebisa go ntwa ka boyone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela