LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 3/1 ts. 20-26
  • ‘Go Lere Makoko A A Senyang ka go Kukunela MoTeng’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Go Lere Makoko A A Senyang ka go Kukunela MoTeng’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditshekamelo tsa Pele tsa go Bopa Makoko
  • Makoko Mangwe A Pele
  • “Monna oa Boleo” O Simolola go Ipopa
  • ‘Makoko A A Senyang’ mo Motlheng wa Bofelo
  • Tlhagiso go Bakeresete ba Boammaaruri
  • “Go Morèna A le Moñwe Hèla, Tumèlō E le Ñwe Hèla, Kolobeco E le Ñwe Hèla”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Goreng Makoko A Masha A Le Kanakana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Goreng Ditumelo Di Le Kanakana Mme Tsotlhe Di Re Ke Tsa Bokeresete?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Tsela ya go Bona Gore “Monna oa Boleo” ke Mang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 3/1 ts. 20-26

‘Go Lere Makoko A A Senyang ka go Kukunela MoTeng’

“Yaká le mo go lona go tla nná baruti ba e señ bōnè, ba ba tla tsenyañ dithutō [makoko, “NW”] tse di senyañ.”​—2 PETERE 2:1.

1, 2. (a) Dikereke tsotlhe tsa La-Bodumedi kwa tshimologong e ne e le eng? (b) Ka jalo ke dipotso dife tse di tlhokang kakanyetso ya rona?

DIKEREKE tsotlhe tsa La-Bodumedi kwa tshimologong e ne e le makoko. Mangwe a ano​—segolo bogolo Kereke ya Roma le Dikereke tsa bosetšhaba tsa Orthodox le tsa Boporosetanta—​di iphaka fa e le tsone tsa konokono godimo ga bokereke jo go tweng ke jwa Bokeresete, tseo ka lonyatso di bo bitsang makoko. Mabaka ano a ditiragalo a ile a neelwa mo ditlhogong tse pedi tse di fetileng.

2 Lefa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba botsa: ‘A go wa mo Bokereseteng jwa boammaaruri tota go ne ga bolelelwa pele ke Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang? A ba ile ba tlhagisa kgatlhanong le go latela banna ba ba neng ba tla bopa makoko? Dingwaga tse di makgolo a 19 a a fetileng, a tota go ne go tlhokafala ka barutwa ba boammaaruri ba ga Jesu go nna podimatseba kgatlhanong le ditshekamelo tse di ntseng jalo tse di kgaoganyang? A mme botlhaga jo bo tshwanang gompièno boa tlhokafala?

Ditshekamelo tsa Pele tsa go Bopa Makoko

3, 4. (a) Ke tlhagiso efe eo Jesu a neng a e neela, mme seo se raya eng mabapi le Bokeresete jwa boammaaruri? (b) Ke tlhagiso efe e e tshwanang e Petere a neng a e neela?

3 Mo Therong ya gagwe mo Thabeng, Jesu o ne a re: “Tsènañ ka kgōrō e e pitlaganyeñ: gonne kgōrō e atlhame, tsela le eōna e kgolo e e isañ tshenyegoñ, le ba ba tsènañ ka eōna ba bantsi. Gonne kgōrō e pitlaganye, tsela le eōna e e isañ botsheloñ e tshesane, me ba ba e bōnañ ga ba bantsi. Lo itisè mo baperofetiñ ba e señ bōnè, ba ba tlañ mo go lona ba apere yaka dinku, me mo teñ e be e le diphiri tse di garolakañ. Lo tla ba itse ka mauñō a bōnè.” (Mathaio 7:13-16) Nnyaa, Jesu Keresete ga a ka a re Bokeresete jwa boammaaruri bo tla nna bodumedi jo bo atlhameng, jo bo motlhofo, jwa botlhe, kana “katoliki,” jo bo tshwanelang “ba bantsi.” E tla nna jo bo thata, tsela e e pitlaganyeng, e e bonwang ke ‘ba ba seng bantsi.’ ‘Ba ba seng bantsi’ bano ba ne ba tlhagisiwa gore “baperofeti ba e señ bōnè” ba ba neng ba tla bonala ba se setlhogo ba ne ba tla leka go ba faposetsa mo tseleng “e kgolo e e isañ tshenyegoñ.”

4 Go feta dingwaga tse 30 moragonyana moaposetoloi Petere o ne a kwala ka gore: “Me go kile ga nna ga coga le baperofeti ba e señ bōnè mo bathuñ [Baiseraela], yaka le mo go lona [Bakeresete] go tla nna baruti ba e señ bōnè, ba ba tla tsenyañ dithutō [makoko, NW] tse di senyañ, ka go kukunèla mo teñ, ba ba ba itatola le eo e leñ èna Morèna eo o ba rekileñ, me ba iteretse tshenyègō e e hehogañ. Me batho ba le bantsi ba tla sala ditihō tsa bōnè tsa bopèpè moragō; me tsela ea boamarure e tla kaiwa ka boshula ka ntlha ea bōnè. Me mo boiphetlhoñ yoa bōnè ba tla lo ntsha tlhwatlhwa, ka mahoko a boitimokanyō.​—2 Petere 2:1-3.

5. Ke leng “diphiri” tsa botenegi di neng tsa simolola go iponatsa, mme di ne tsa ‘lere makoko a a senyang ka go kukunela mo teng jang?

5 “Tsela ea boamarure,” tsela “e e isañ botsheloñ,” ke tsela ya Bokeresete jwa boammaaruri. “Baperofeti ba e señ bōnè” kana “baruti ba e señ bōnè” ke ‘diphiri tse di apereng jaaka dinku’ tsa botenegi bao ba neng ba simolola gore go bonala ga bone go utlwale gareng ga Bakeresete ba pele le eleng pele ga loso lwa baaposetoloi ba ga Jesu. (1 Yohane 2:18, 19; 4:1-3) Moaposetoloi Paulo gape o ne a tlhagisa ka “diphiri tse di setlhogo” tseo. O ne a ba kgetholola jaaka banna bao ba neng ba tla ‘tsoga ebile ba bua le dilo tse di sokameng go tla ba itshadisa barutwa morago.’ (Ditihō 20:29, 30) Go tloga halofong ya bobedi ya lekgolo la ntlha la dingwaga go ya pele, baruti bano ba maaka ‘ka bokukuntshwane ba ne ba tlisa dithuto tse di senyang,’ ba iphetlhela Bakeresete ba pele “ka mahoko a boitimokanyō.” Ka ntlha ya batenegi bano, “tsela ea boamarure,” Bokeresete jwa boammaaruri, e ne ya “kaiwa ka boshula ka ntlha ea bōnè.”

Makoko Mangwe A Pele

6. Ke jang buka ya ga Tshenolō e bontshang gore makoko a botenegi a ne a setse a iponaditse kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, mme ke ka ntlha yang fa Keresete a ne a a tlhoile?

6 Mo Tshenolong e e neng ya amogeIwa ke moaposetoloi Johane mo e ka nnang ka 96 C.E., o bega melaetsa e e tlhotlheleditsweng ya bomodimo e e tlhomaganang e e bontshang maemo a semoya a a neng a le gone mo teng ga diphuthego tsa Bokeresete ebile e le a o a neng a ka ipoeletsa go kgabaganya ditiragalo. E le mebedi ya melaetsa eno e senola go nna gone ga makoko a botenegi a a neng a tlhoilwe ke Keresete, tlhogo ya phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete. Go bonala, bo botlana lengwe la makoko ano le ne le mpampetsa kobamelo ya medimo ya disetwa le boaka.​—Tshenolō 2:6, 14, 15.

7. Dikwalo tsa ga Paulo di bontsha jang gore ntwa kgatlhanong le bolekoko e ne e setse e tsweletse mo motlheng wa gagwe?

7 Dikwalo tsa ga moaposetoloi Paulo ka bontsinyana tse di kwadilweng go le pelenyana, di supa gore o ne a setse a tshwanelwa ke go tlhabana ntwa e e matlho mahibidu kgatlhanong le tshekamelo ya go bopa makoko. Mo lokwalong lwa gagwe lwantlha go Bakeresete ba Korintha, Paulo o ne a hutsafalela kganelelo ya bone ya go latela batho, ka go bo seno se ne sa felela ka “dikgañ” le “dikgaoganō.” (1 Bakorintha 1:10-13; 3:1-4) O ne a bontsha kamego e e tshwanang mo dikwalong tsa gagwe go Bagalatia (1:6-9; 5:19-21), go Tito (3:9, 10) le go Timotheo.​—1 Timotheo 1:3-7; 4:1-3; 6:20, 21; 2 Timotheo 4:3, 4.

8. Ke eng se se neng se dumelwa ke ba Gnostics, mme ke ka ntlha yang fa ba ile ba dira gore “tsela ea boamarure” e kaiwe “ka boshula”?

8 Bangwe ba baithuti ba Bibela ba na le mogopolo wa gore lokwalo Iwa ntlha Iwa ga Paulo go Bakorintha mme, segolo bogolo, mo lokwalong Iwa gagwe go Baefesia le go Bakolosa o ne a dirisa ka bomo fela mafoko mangwe a a rileng a Segerika (a a jaaka gnoʹsis, kitso, le pleʹro.ma, botlalo) ele gore atle a ganetse mogopolo wa gore sengwe le sengwe se bosula le kgololo mo bokgobeng. Lefa go ka tswa go ntse jalo, Paulo eleruri o ne a tlhabantsha megopolo ya botenegi eo e neng ya re moragonyana ya tlhagoga mo makokong a ba Gnostics, bao ba neng ba ketemetsega ka nako ya lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., e ne e le bafophodi, ba dumela gore sengwe le sengwe se bosula mme moya o molemo. Ba ne ba dumela gore poloko e ne e tla ka “kitso” [gnoʹsis] ya metlholo. Tumelo ya bone ya gore mmele wa nama o bosula e ne ya ba gogela mo matlhakoreng a a feteletseng a mabedi: go ikutla kana boitlhapediso jwa nama. Bao go tweng ke Bakeresete ba madumela-gotlhe ba ne ba dira mo go golo gore “tsela ea boamarure” e kaiwe “ka boshula ka ntlha ea bōnè.”

9. Bolela o bo o tlhalose makoko a mangwe a pele a Bokeresete jwa botenegi.

9 Gareng ga makoko a mangwe a pele e ne e le ba Marcionites, balatedi ba ga Marcion, morwa wa “bishopo” wa Mokeresete wa motenegi mo Asla Minor. Marcion o ne a dumela mo medimong e le mebedi, Modimo o o sa itekanelang wa “Testamente e Kgologolo” le Modimo wa lorato o o senolwang mo “Testamenteng e Ntšha,” kana go na le moo, mo dikarolong tsa yone tseo a neng a di amogela (mengwe ya mekwalo ya ga Paulo le Luke). Lekoko le lengwe la lekgolo la bobedi la dingwaga e ne e le la Montanism. Montanus e ne e le “moperofeti” go tswa Asia Minor yo o neng a rera ka kgorogo e e tlang ya ga Keresete le go tlhongwa ga Jerusalema o Mosha mo Pepuza, gaufi le motse wa segompieno wa Ankara, wa Turkey. O ne gape a kgala go oketsega ga maatla le go repa ga boitsholo ga setlhopha sa baruti sa Bokeresete jwa botenegi. Tertullian o ne a nna wa ga Montanus. Mekgatlho e mengwe e mebedi e e neng ya tsuologa kgatlhanong le go repa ga boitsholo gareng ga bao go tweng ke Bakeresete le go nna kgatlhanong le go tlhomogela pelo batenegi e ne e le ba lekgolo la boraro la dingwaga ba Novatians le ba lekgolo la dingwaga la bone ba Donatists. Lefa go ntse jalo, ditlhopha tsoo-pedi tseno tse di itomolotseng di ne di amogela diphapogo tsa dithuto tsa motheo tsa dikereke tse di sa leng di tlhomilwe bogologolo.

“Monna oa Boleo” O Simolola go Ipopa

10. Ke bafe bao ba tshwanetseng go akarelediwa gareng ga “baruti ba e señ bōnè’’ bao ba neng ba ‘lere makoko a a senyang ka go kukunela mo teng’?

10 Makoko ano otlhe, le a mangwe a a sa umakiwang, e ne e le mefuta e e farologaneng ya Bokeresete jwa botenegi. Mme banna bao ba neng ba a bopa e ne e se bone fela “baruti ba e señ bōnè” bao ba neng ba ‘lere makoko a a senyang ka go kukunela mo teng.’ (2 Petere 2:1-3) Petere gape o ne a bolelela pele gore “batho ba le bantsi ba tla sala ditihō tsa bōnè tsa bopèpè moragō.” Re sa tswa go bona gore mangwe a makoko ano a pele a ne a bopelwa fela go nna kgatlhanong le boitshwaro jo bo repileng jwa setlhopha sa baruti se se neng se itlotlomaditse. Ka jalo baruti bano ba tshwanetse gape ba balelwa gareng ga “baruti ba e señ bōnè” mme dikereke tsa bone tsa tsewa jaaka ‘makoko a a senyang.’

11. Ke setlhopha sefe se sesha se se neng sa simolola go itshupa, mme Paulo o ne a boleletse pele seno Jang?

11 Jaaka go setse go lemogilwe, makoko ano otlhe a botenegi a ne a iteisanyetsa bogolo borathana. Lengwe le lengwe le ne le batla gore le tsewe e le lone kereke fela e e yosi ya “motheo,” ya “seaposetoloi” le ya “katoliki (ya botlhe)” mme ka gone le tseye a mangwe jaaka makoko fela a a ikeotseng. Ka nako e e tshwanang, mo dikerekeng tse dikgolo, tse di maatla go gaisa, setlhopha sa baruti se ne se gakaletse gore se ikgoleletse go feta letsomane lotlhe. Erile a bua kaga botenegi jono le tlhagogo ya setlhopha sa boruti se se tla itlotlomatsang, moaposetoloi Paulo a kwala ka gore: “Opè motho a se ka a lo hora ka mokgwa opè; gonne [letsatsi la ga Jehofa ga le ketla le dihala], ha tenègō e sa tle pele, le ha monna oa boleo a sa senolwe, eo e leñ morwa tatlhègō, Eboñ èna eo o ikgantshañ, a ikgodisa, a tlhabana le gotlhe mo go bidiwañ Modimo, kgotsa mo go ōbamèlwañ; a ba a tle a dule mo tempeleñ ea Modimo, a ikaee go re, ke èna Modimo.”​—2 Bathesalonia 2:2-4.a

12. (a) “Monna oa boleo” ke eng, mme ke leng “monna” yono o neng a senolwa ka botlalo? (b) Ke dikgato dife tse di neng tsa gogela kwa go goleng mo go feletseng ga setlhopha sa boruti? (c) Tlhalosa tsamaiso ya bogogi.

12 Botenegi jono bo ne “bo setse bo diha” mo motlheng wa ga Paulo. Lefa go ntse jalo, bo ne jwa senoga ka botlalo fela morago ga loso lwa baaposetoloi ba boammaaruri ba ga Jesu, fa ‘go kganeIwa’ ga go nna gone ga bone go ne go setse go tlositswe. (2 Bathesalonia 2:6, 7) Ka bonya ka bonya, setlhopha sa boruti se ne sa simolola go bonala. Kwa tshimologong ya lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., Ignatius, “bishopo” wa Antioka, o ne a kwala ka setlhopha se se mefuta meraro sa bagogi sa bo-bishopo, baokami (baperesiti) le batiakone. “Monna oa boleo o ne a setse a simolotse go iponatsa. Mme “rara wa kereke” yo tota a neng a dira gore setlhopha sa boruti se rulaganyediwe mo tsamaisong ya bogogi e ne e le Cyprian, “bishopo” wa Carthage. mo Afrika Bokone, yo o neng a swa ka 258 C.E. Motswedi wa taolo wa Dictionnaire de Théologie Catholique o tlhalosa gore Cyprian o ne a tlhoma bogogi Jwa mefuta e supa jwa bobusi, boemo jo bo kwa godimo e le jo bo tshegeditsweng ke bishopo. Kafa tlase ga gagwe go le baperesiti, batiakone, le bathusa batiakone, barutwana (basebeletsi), baphutholodi (babadi) le bantlafatsi. Mofuta wa boroba bobedi​—molebedi wa kgoro, kana motlhokomedi wa kgoro—​o ne wa tsenngwa moragonyana mo Bophirima, Selatini, kana Roma, mo Kerekeng, fa Kereke ya Botlhaba, kana Gerika, e ne ya ema fela mo bogoging jwa mefuta e metlhano. Ka gone, ka lekgolo la boraro la dingwaga C.E. “monna oa boleo” yo o kopaneng, setlhopha sa boruti sa Bokeresete jwa botenegi, se ne sa ‘senolwa’ ka botlalo. Se ile sa tswelela pele go kgabaganya makgolo a dingwaga mo dikerekeng le makokong otlhe a La-Bodumedi ao a nang le bodihedi jo bo kgethegileng kana setlhopha sa boruti.

‘Makoko A A Senyang’ mo Motlheng wa Bofelo

13. Ke ka ditsela dife tse pedi tseo makoko a La-Bodumedi a itshupang a ‘senya’?

13 Mo Segerikeng sa tlholego, tlhaloso ya ga Petere “dithutō [makoko, NW] tse di senyañ” tota tota a raya “makoko a go senya.” Tlhaloso eno e na le bokao jo bo gabedi. Makoko le dikereke tsa La-bodumedi di ile tsa itshupa di senya Bokeresete jo bo itshekileng, “tsela ea boamarure.” Gape ke “makoko a go senya” ka go bo baruti ba one ba maaka ba “iteretse tshenyègō e e hehogañ” le godimo ga bao ba salang “ditihō tsa bōnè tsa bopèpè moragō.” Petere o oketsa ka gore: “Ke [baruti ba maaka] ba tshekishō e e nntseñ e ba sekisitse galè e sa diegeñ, le tshènyègō ea bōnè e sa robaleñ.” (2 Petere 2:1-3) “Tshenyègō e e hehogañ” e e ntseng jalo e tla tla godimo ga bone ka “sepitla se segolo” se se atamelang ka bofefo jo bogolo.​—Mathaio 24:21.

14. Ke leng “monna oa boleo’’ a tla senngwang, mme tshenyego e e ntseng jalo e tla supa eng?

14 Erile a bontsha gore “monna oa boleo” yo o kopaneng o ne a se ketla a senngwa go fltlhelela “go tla” ga ga Keresete, moaposetoloi Paulo o ne a kwala ka gore: “Hoñ oa boiphèhèrō mo molaoñ o tla senolwa, eo Morèna Yesu o tla mmolaeañ ka mōea oa molomo oa gagwè, a mo nyeletsa ka pōnatshègō ea go tla [pa.rou.sías] ga gagwè.” (2 Bathesalonia 2:8) Ee, tshenyego ya “monna oa boleo” wa setlhopha sa boruti, gammogo le mmuso otlhe wa bodumedi wa Sebabilona wa ga Satane, e tla tla jaaka “pōnatshègō” e e gakgamatsang ya “go tla” ga ga Keresete, kana Parousia, e supa mo tsaleng le mo mmabeng ka go tshwana gore Morena Jesu o gone lefa a sa bonale le gore “sepitla se segolo” se se boleletsweng pele se setse se simologile.

Tlhagiso go Bakeresete ba Boammaaruri

15. Ke tlhagiso efe e e tsholetsweng Bakeresete mo setshwantshong sa ga Jesu sa mabele le mohoka?

15 Setshwantsho sa ga Jesu sa mabele le mohoka se ne sa bontsha gore dikereke le makoko a “mohoka,” kana Bakeresete ba batenegi, ba ne ba tla letlelelwa go gola go kgabaganya makgolo a dingwaga. E ne e tla nna fela kwa “bokhutloñ yoa lehatshe” go neng go tla dirwa pharologanyo e e phepafetseng magareng ga Bakeresete bano ba ba iketsisang le “bana ba bogosi” ba boammaaruri, “mabele.” (Mathaio 13:24-30, 37-40) Lefa go ntse jalo, setshwantsho sa ga Jesu se tshotse gape tlhaglso go Bakeresete ba boammaaruri, e ka tswa e le “bana ba bogosi” ba ba tloditsweng kana balekane ba bone. Jesu o ne a re: “Morwa Motho o tla roma baengele ba gagwè, me ba tla tlhōpha mo bogosiñ yoa gagwè dilō cotlhe tse di kgopisañ, le ba ba ikèpañ; Me ba tla ba latlhèla mo bokepishoñ yoa molelō: go tla nna selelō le phuranyō ea mènō gōna.”​—Mathaio 13:41, 42.

16. (a) Ke tiro efe e e kgaoganyang e e neng ya tswelela fa esale 1919? (b) Ke tlhagiso efe gape e baaposetoloi ba neng ba e neela, mme Jude o ne a oketsa ka kakgelo efe?

16 “Mabele” a ile a farologanngwa le “mohoka” mo tshimong ya bodumedi fa esale 1919. Lefa go ntse jalo, seno ga se reye gore fa esale baengele ba Morwa motho ga ba a ka ba tswelela ba “tlhōpha mo bogosiñ yoa gagwè dilō tsotlhe tse di kgopisañ, le ba ba ikèpañ.” Jude o re gakolola gore “baaposetoloi ba Morèna oa rona Jesu Keresete” ba ne ba neela tlhagiso e e latelang: “E tla re mo motlheñ oa bohèlō go tla tla bashotli, ba ba tla tsamaeañ kaha dithatoñ tsa bōnè tsa boikèpō.” Mme Jude a oketsa ka gore: “Ba ke bōnè ba ba dihañ dikgaoganō.”​—Yude 17-19.

17. Jesu o ne a reng mabapl le ‘motlhanka yo o bosula’?

17 Seo Jesu a se boletseng gore se tla diragalela ba ba ikepang bao ba ‘kgopisang’ se re gakolola ka seo e neng ya re moragonyana a se bolela ka ga bao ba tla ganang go lemoga “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” setlhopha sa “mabele” se se tloditsweng sa Bakeresete bao Keresete a ‘ba tlhomileng go lebelela dilo tsotlhe tsa gagwe.’ Jesu o ne a tlhagisa ka gore: “Me e tla re ha motlhanka eouō, eo o boshula, a ka ithaea mo peduñ ea gagwè, a re, Morèna oa me o diegile; Me a simolola go betsa batlhanka ka èna, me a ya, a nwa le matagwa; Morèna oa motlhanka eouō o tla tla ka letsatsi ye o sa mo lebeleleñ ka yeōna, le ka nakō e o sa e itseñ, Me o tla mo seola mo gogolo, a ba a mo laolèla bonnō le baitimokanyi; go tla nna selelō le khuranyō ea mènō gōna.”​—Mathaio 24:45-51.

18. (a) Ke jang bangwe gompieno ba bontshang maikutlo a ‘motlhanka yo o bosula’? (b) Ba tla felela jang fa ele gore ba tla tswelela ba ‘dira dikgaogano’?

18 Gompieno bangwe ba ba sa ikanyegeng ba bontsha maikutlo a “motlhanka eouō, eo o boshula” ka go ithaya mo pelong ba re, “Morèna oa me o diegile.” Ba ikgetholola jaaka “bashotli” bao ba reng: “Polèlō ea choloheco ea go tla ga gagwè e kae?” (2 Petere 3:1-7) Jaaka Jude a ne a tlhagisa, ba leka go ‘dira dikgaoganō.’ (Yude 19) Ka go nyatsa setlhopha sa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” seo ba simolotseng go bona kitso ya “tsela ya boammarure” ka sone, ba “simolola go betsa batlhanka ka (bone].” Mme fa e le gore ba ka ganelela mo boikutlong jwa bone jo bo kgaoganyang, ka nako e e leng yone ba tla ‘tlhophiwa’ ke baengele mme ba tla ba “laolèla bonnō le baitimokanyi” ba La-Bodumedi. ‘Koo ke gone ba tla lelang le go phuranya meno a bone gona,’ ka di nako tse dingwe ba gasa se ba reng ke dilelo tsa bone ka dikanamiso tsa setšhaba.

19. (a) Paulo o ne a reng ka ga “makōkō” gareng ga batho ba Modimo? (b) Re ka tlhomamisa jang ka borona go nna “ba ba lebosègañ”?

19 Seno se re gakolola ka seo Paulo a se kwaletseng Bakorintha: “Gonne le gōna go chwanetse ha go ka nna le makōkō mo go lona, gore ba ba lebosègañ ba bōnatshègè mo go lona.” (1 Bakorintha 11:19) Ee, fa e le gore bape gompleno ba ka leka go ‘lere makoko a a senyang ka go kukunela mo teng’ gareng ga Basupi ba ga Jehofa, seno se baakanyetsa ka sebaka se se molemo go Bakeresete ba ba ikanyegang go itshupa e le “ba ba lebosègañ” go Modimo le Keresete. Ba ka bontsha gore ba anaanela kutlwano ya boammaaruri ya Bokeresete ebile ba tshwanetse. Kutlwano eno e tla tlotliwa mo setlhogong se se latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go bona puisano e e tletseng ka “monna wa boleo,” tswee-tswee bona kgaolo 18 ya buka God’s Kingdom of a Thousand Years Has Approached, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

A O A Gakologelwa?

□ Ke leng ebile ke jang botenegi jwa La-Bodumedi bo neng jwa simolola?

□ “Monna oa boleo” ke mang kana ke eng?

□ Ke ka ditsela dife dlkereke tsa La-Bodumedi di “senyañ”?

□ Ke tlhagiso efe e Jesu a e neelang kaga “motlhanka. . . . eo o boshula”?

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Jesu o ne a tlhagisa gore baporofeti ba maaka ba tshwana le diphiri tse di apereng jaaka dinku

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Bakeresete ba maaka ba tshwana le “mohoka” o o tshwanelwang fela ke tshenyego

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela