Goreng Makoko A Masha A Le Kanakana?
DITUMELO tse dikgolo tsone di lesome, mme makoko a 10 000! Eo ke phopholetso ya moragong fela jaana ya palo ya ditlhopha tsa ditumelo tseo setho se ikgaogantseng ka tsona. Mo go tseno, tse di ka nnang 6 000 go boleIwa di le mo Afrika, tse di 1 200 mo United States, tse di 421 mo Japane le tse 247 mo Fora.
Mangwe a makoko ano ke ditlhopha tsa bodumedi tse di saleng di tlhomilwe bogologolo mme di itsaya jaaka dikereke tse di feletseng. Ditumelo dingwe tse dikgologolo di kgaogantswe ka makoko ao a ileng a kgaogangwa-kgaogangwa ka makokonyana. Mo Japane bodumedi jwa Shinto bo bopilwe ka makoko le makokonyana a le 153, mme Bo-Buddha bo kgaogantswe ka makoko le makokonyana a le 171. Mo go kgatlhisang, Majapane a le mantsi a tsena makoko a le mmaIwanyana.
Mo Afrika Borwa, Lephata la Dipalopalo le na le rekoto ya ditlhopha tsa bodumedi di feta 4 000, tse di ka nnang 500 gareng ga basweu mme tse di salang ke tsa bantsho. Mangwe a makoko ano a a kgaogantsweng a iphaka go nna a Bokeresete.
Kereke kana Lekoko?
Lefoko “kereke” ga le na bokao jo bo tshwanang mo mafatsheng otlhe. Mo mafatsheng ao go renang Katoliki “Kereke” e raya Kereke ya Roma Katoliki. Ka motlhala, mo Fora, lefoko Eglise (Kereke) ga se gantsi le patwa ke letlhalosi catholique le fa le eleng romaine. Mo Moforeng lefoko Eglise (ka tlhaka-kgolo E) le ka raya selo se le sengwe fela fela: Kereke ya Roma Katoliki. Ka mo go tshwanang, mo mafatsheng ao go renang nngwe ya Dikereke tsa Botlhaba tsa Orthodox, lefoko “kereke” le raya Kereke ya Orthodox.
Lefa go ntse jalo, mo mafatsheng ao go renang Boporosetanta, go a tlhokafala gantsi-ntsi go bolela kereke e mongwe a leng mo go yone. Le eleng mo dinageng tseno, gantsi motho o ka se bolele gore ke mongwe wa kereke fa fela e se leloko la nngwe ya ditumelo tse dikgolo tse di saleng di tlhomilwe tsa Boporosetanta. Go sa nneng jalo, o tsewa jaaka yo o leng wa lekoko lengwe. Go boammaaruri gore, mo United States le eleng matlhogela a mabotlana a ditumelo gantsi a tlotlwa ka leina kereke. Mme mo dinageng tse dingwe ka bontsi, a rata kana nnya, a tshwanelwa ke go dumela go bidiwa lekoko.
Lekoko Ke Eng?
Lekoko le ile la tlhalosiwa jaaka “setlhopha se se botlanyana sa bodumedi se se sa tswang go rulaganyediwa bosheng se se tlhaolegileng; segolo bogolo; seo se intshitseng mo bodumeding jo bo saleng bo tlhomilwe bogologolo.” Go ya ka tlhaloso e nngwe, lekoko ke “setlhopha sa bodumedi se se itomolotseng; segolo bogolo: sengwe seo se ikeotseng mo matlhong a maloko a mangwe a bodumedi jo bo tshwanang.”
Bangwe ba iphaka gore lefoko “lekoko” le tswa mo lediring la Selatini secare (go kgaola) mme ba tlhalose lekoko jaaka setlhopha seo se ikgaotseng mo kerekeng e e saleng e tlhomilwe. Bangwe ba latedisa lefoko “lekoko” morago kwa lediring la Selatini sequi (go latela) mme ka gone ba le dirisetsa go setlhopha seo se latelang motho mongwe yo o rileng kana moruti.
Go Sotla Makoko ga Kereke
E ka tswa lekoko ke setlhopha se se ikgaogantseng seo se ileng sa ithuhula mo bodumeding jo bogolo kana setlhopha sa barutwa ba ba latelang monna mongwe kana mosadi, selo se le sengwe se a tlhomamisega: dikereke tse di sa leng di tlhomilwe bogologolo di nyatsa makoko. Erile e tlhalosa tshotlo eno, Grande Encyclopédie ya Sefora e bolela gore lefoko “lekoko” le tiriso ya lone “di tletse ka maikutlo a a nonofileng le eleng kgalefo,” mme ya oketsa ka gore:ė “Gantsi-ntsi, bodumedi joo setlhopha se se botlanyana se ikgaogantseng le jone bo iphaka go nna le boammaaruri ebile bo itsaya e le jone fela bo nang le dithuto tsa motheo tse di tletseng le go bona kamogelo ya bomodimo, mme di leba makoko a a ikgaogantseng ka go ba nyonya eleruri. Boikutlo jono jwa go isa-tlase gantsi bo patiwa ke tšararego e kgolo fela thata, segolo bogolo ka ntlha ya gore lekoko ke kgakololo e e botlhoko ya sotlhe seo kereke e kileng ya bo e le sona, mme e sa tlhole e le sona—bokaulengwe jo bo bothito, jo bo tlhagafetseng, jo bo maatla le jo bo fenyang.”
Goreng Makoko A Masha A le Kanakana?
Makoko ao a anamisiwang thata mo dikgannyeng mo malatsing ano—gantsi ka ntlha ya ditiro tsa one mo go tsa madi le mefuta ya yone ya go ruta—otlhe a ile a tlhagoga mo dingwageng tse 20 kana 30 tse di fetileng. Seno se tsosa potso ya gore ke ka ntlha yang fa metlha ya rona e ile ya bona go kukunya ga ditlhopha tse di ntseng jalo tsa bodumedi. Go Supplément ya yone ya 1981, encyclopedia e e tsopotsweng fa godimo ya Sefora e re: “Ke ka ntlha yang fa makoko a a ntseng jalo a atlega thata jaana? Santlha, boemo jo bo maswe-maswe jaanong jo bo renang mo tlhabologong ya Bophirima (go gwetlhiwa ga metheo yotlhe, jaaka lelapa, dikolo. bosole, le dikereke, jalo le jalo) bo baakanyetsa ka boemo jo bo tshwanetseng jwa go runya. . . . Kwa pheletsong, makoko godimo ga tsotlhe ke sesupo sa metlha, seo se tshwayang go sa iketla ga batho ba ba botlana bao ba nyoretsweng sengwe se se farologaneng mo ‘mokgatlhong o o itobileng o le nosi’ o o tsietsang.”
Ka mokgwa o o tshwanang R. Quebedeaux, motlhalefedi wa tsa makoko, o kwala ka gore: “Mokgatlho o o boitaodi o ile wa tlhagisa keletso e e nonofileng ya go gagamala le tao le taolo. [Batho ba basha] ba lapisiwa pelo ke mokgatlho o o ratang dilo tse di bonalang mme mo go seno go ile ga tlhagoga tlabatlabelo ya bokao jo bosha mo botshelong.”
Ditlhaloso tsoo-pedi tseno, bo botlana di kaya gore, ditumelo tse di sa leng di tlhomilwe bogologolo di ile tsa palelwa ke go kgotsofatsa dimilione tsa batho, bannye le bagolo, bao ba ileng ba retologela mo makokong a a ntseng jalo a masha. Go runya ga makoko a masha mo masomeng a sekae a dingwaga a a fetileng ke bosupi jo bongwe gape jwa “pitlaganō ea merahe” e e boleletsweng pele ke Jesu Keresete jaaka karolo ya “seshupō” se se bontshang gore tsamaiso eno ya dilo e ya fela mme “bogosi yoa Modimo bo atametse.”—Mathaio 24:3; Luke 21:10, 11, 25-31.
Lefa go ntse jalo, makoko ano a masha ao a ntseng a gogobela maloko a mantsi a a kalo letlhakoreng la one ga a rute gore Bogosi jwa Modimo ke jone tsholofelo e le yosi ya setho. Go na le moo, ba ruta seo tota se supelwang ke botlhajana jwa botshelo gantsi se theilwe mo bodumeding jwa Botlhaba kana mo dithutong tsa moetapele yo o rileng wa sedumedi (mogogi wa semoya). Moetapele mongwe le mongwe yo o ntseng jalo wa sedumedi yo o nang le setlhopha se se lekanetseng go mo sala morago o ipopela lekoko le lesha. Seno ga se gakgamatse mo ditumelong tsa Botlhaba, koo molao-motheo wa moetapele wa sedumedi o tsweletseng ka go amogelesega.
Lefa go ntse jalo, go a gakgamatsa go bo mo dikerekeng tse di ka nnang 10 000 le makoko tse go bolelwang di le gone go kgabaganya lefatshe, makgolo a mantsi fa e se dikete, a iphaka go nna a Bokeresete. Ka ntlha yang seno se gakgamatsa jaana? Ka go bo maloko a mantsi a makoko ano a latela moetapele mongwe wa motho yo o rileng, lemororo Jesu Keresete a ile a re: “Muñ oa lona o moñwe hèla, eboñ Keresete.” (Mathaio 23:10) Se se gakgamatsang gape, ke lebaka la go bo bao go tweng ke Bakeresete ba bo ba kgaogane jaana ka dikereke tse dintsi tse di kana kana, makgotlanyana le makoko, lemororo Keresete a ile a rapela Rraagwe mabapi le balatedi ba gagwe gore “ba nnè bañwe hèla botlhe.”—Yohane 17:20, 21.
Ke ka ntlha yang he, go na le dikereke di le kanakana le makoko tseo di iphakang go nna tsa Bokeresete? Mme tlhakatlhakano eno ya bodumedi e ile ya tla jang?