Ba Batla Go Thusa
REA lo laea, ba ga echo, . . . nametsañ ba ba lapañ pelo.” (1 Bathesalonia 5:14) Ka mafoko a a ntseng jalo go phuthego ya kwa Thesalonika, moaposetoloi Paulo o bontshitse gore phuthego ya Bokeresete ke seikokotlelo se se botlhokwa se se baakanyeditsweng ke Modimo go tshegetsa ba ba hutsafetseng. Mokeresete ope yo o ikutlwang a hekeediwa ke maikutlo a a maswe o ka bona kgomotso le thuso gareng ga bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete.
Morutwa Jakobe o ne a hakela gore go kopiwe thuso mo bagolwaneng ba ba tlhomilweng ba phuthego. O ne a re: “A moñwe mo go lona oa bobola? a a bitsè bagolwane ba phuthègō; me a ba rapèlè ha go èna, ba mo tlotsè loukwane mo ineñ ya [ga Jehofa]: Me thapèlō ea tumèlō e tla boloka èna eo o bobolañ, me [Jehofa] o tla mo kakatlolola.”—Yakobe 5:14, 15.
Go tweng fa e le gore mongwe o okaoka go kopa bagolwane go thusa? Mosadi mongwe yo o neng a na le bothata jo bo masisi o ne a ntse jalo, mme o tlhalosa gore ke ka ntlha yang: “Mo kgopolong ya me, ke ne ke ikutlwa gore bagolwane ga ba ne ba tlhaloganya. Ba ne ba tla go tsaya e le molato wa me.” Mme morago ga bothata jo bogolo jwa mo lapeng o ne a patelesega go ya go bone. O ne a bona eng? “Bagolwane ga baa itekanela. Mme ba ne ba tlhaloganya.”
Lefa go le jalo, gakologelwa gore, moaposetoloi Paulo o ne a kgotháletsa phuthego yotlhe go ‘nametsa ba ba lapang pelo.’ Bagolwane ba batla go thusa. Mme batho ba ba hutsafetseng ba ka ya go motho ope fela yo o godileng ka kitso yo ba ikutlwang ba nametsega fa ba na le ene. Basha go bonala fa gantsi ba tla ya kwa batsading ba bone. Basadi ba ka bona go tshwanela go buisana dilo le bokgaitsadi ba Bakeresete ba ba nang le maitemogelo “ba ba rutañ batho se se molemō.” (Tito 2:3) Selo sa botlhokwa ke gore: BUA LE MONGWE.
Mme go tweng fa e le gore motho yo o hutsafetseng o tla go wena go batla thuso? Kana go tweng fa e le gore ke wena o simololang o leka go thusa motho yo o ntseng jalo? Go na le dilo tse o tshwanetseng go di gakologelwa.
Nametso le Tlhomogelo Pelo
Tlhokomela go sa dire diphetso tse di bofefo kaga bomoya jwa batho ba ba hutsafetseng. Paulo o boletse gore ba tlhoka kgomotso. Ka jalo, re tla bo re dira sentle go ba bontsha dinonofo tse a neng a bua ka tsone fa a ne a kwalela Bafilipi: “Me ke gōna ha go na le kgomoco ñwe mo go Keresete, ha go na le nameco ñwe ea loratō, ha go na le bolekane boñwe yoa Mōea, ha go na le mautlwèlō botlhoko a manana le mapelotlhomogi, Dihahatsañ boitumèlō yoa me, yoa gore lo nnè kgopolō e le ñwe hèla, lo chwanè mo loratoñ.” (Bafilipi 2:1, 2) Kgomotso, lorato, nametso, bolekane jwa moya, mautlwelo botlhoko a manana le mabelotlhomogi di ka nna le matswela a a gakgamatsang mo go fodiseng motho yo o hutsafetseng.
Moaposetoloi Petere o ne a oketsa ka nonofo e nngwe e e molemo. O ne a re: “Nnañ maikutlō manwe hèla lotlhe, lo le pelotlhomogi lo ratana yaka bana ba monna, lo le pelonamagadi, le boikokobeco.” (1 Petere 3:8) Mongwe le mongwe yo o “pelotlhomogi,” yo o ka ipayang mo boemong jwa motho yo mongwe, o gapa ikanyo ya gagwe le go bua ka mo go nametsang pelo go ene, o na le neo e e molemo ya go thusa batho ba ba hutsafetseng.
Khutsafalo e Kgolo
Mme go tweng fa e le gore mongwe mo phuthegong o na le khutsafalo e kgolo? A re re gongwe o ikutlwa gotlhelele a sena mosola, a le molato, a itlhobogile kana a feletswe ke tshepho mme go se sepe se mongwe o se buang se go lebegang se thusa? Sa ntlha, o tshwanetse a kgothalediwa go bona kgakololo ya tsa kalafi, ereka khutsafalo e kgolo gantsi e bakwa ke sengwe mo mmeleng.a Mme e ka tswa ke thuso efe ya tsa botlhalefedi e a ka e batlang, go sa ntse go ntse go na le boikarabelo jo bo botlhokwa jo phuthego e bo tsayang.
Maloko a phuthego a tshwanetse a tila go nyatsa mongwe yo o hutsafetseng kana ba mmolelela bo gore ‘a itsose’ kana bo gore ‘a iteke.’ Monna yo mosadi wa gagwe a neng a nna le khutsafalo o ne a bolela gore nako le nako o ne a batla go ipolaya. Ka ntlha yang? Monna o dumela gore ka ntlha e nngwe e ne e le ka ntlha ya tlhaelo ya kutlwisiso eo ene le ba bangwe ba neng ba e mmontsha.
Bangwe ba ile ba bona go le molemo go bua le ba ba hutsafetseng ka dilo dingwe tse ba neng ba di itse mme gongwe jaanong ba di bona di le bokete go di dumela ka ntlha ya gore khutsafalo e ba tlhakatlhakantse mogopolo. Bua kaga Jehofa, “Rra mautlwèlō botlhoko, le Modimo oa kgomoco eotlhe.” (2 Bakorintha 1:3) Gakolola motho yoo gore Jehofa o ipaakanyeditse go itshwarela “ka botlalō.” (Isaia 55:7) Bua ka bontle jwa popo ya ga Jehofa, mme o mo gakolole ka maitemogelo mangwe a a monate a a ka tswang a ile a nna le one mabapi le seno. Bua ka bolekane jo bo itumedisang jo a bo ipeletseng mo phuthegong, gore o rata lelapa la gagwe go le kana kang le gore lelapa la gagwe le mo rata go le kana kang. Gatelela gore lemororo o ka se tlhaloganye ka botlalo gore o ikutlwela botlhoko go le kana kang, maitemogelo a ba bangwe a bontsha gore o tla tokafala. Iketleeletse go reetsa ka ‘lorato Iwa bokaulengwe le mautlwelo botlhoko’ mo go sengwe le sengwe se a ka tswang a se bua, lefa khutsafalo ya gagwe ya boikutlo e ka tswa e mo dira gore a se utlwale go le kana kang.
Fa e le gore o ka bua ka go ipolaya tsee-tsia thata. Mme fa e le gore ga a umake go ipolaya, mme o na le lebaka la go dumela gore go mo tlhaloganyong ya gagwe, se tshabe go ntshetsa kgang kwa ntle. O ka batla go bua sengwe se se tshwanang le se: “Ke itse fela sentle gore ga o ikutlwe sentle gotlhelele jaanong jaana, ebile gongwe go le maswe fela thata mo ke se ketlang ke tlhaloganya. Mme ela tlhoko se, fa batho ba ikutlwa ba le kwa tlase jaaka go ntse ka wena, ka dinako tse dingwe ba ikutlwa gore tsela e e molemo ke gore ba ipolae. A o kile wa ikutlwa ka tsela e e ntseng jalo?” Fa e le gore o kile, go tla ntshetsa kgang yotlhe kwa ntle mo mpaananeng mme go tla mo thusa go mo golola mo go iponeng molato mo go tlisiwang ke megopolo e e ntseng jalo.
‘Ga Di E Goge Sentle’
Ngaka yo a bileng gape a le mogolwane wa Mokeresete o bega ka gore: “Ka dinako tse dingwe ke dirisa setshwantsho sa setlhakanya dipalo. Fa e le gore dibetiri di a fela, go sa kgathalege gore ke dinomore dife tse o di tobetsang ga o ketla o bona karabo e e leng yone. Ka jalo ke bolelela mongwe yo o nang le khutsafalo e kgolo gore ‘dibetiri’ tsa gagwe di sa ntse di fedile ka lobakanyana. O tla nna le megopolo e e sa tlwaelegang mme o tla fitlha diphetsong dingwe tse di akabatsang. Mme seo e tla nna fela fa tlhakano tlhogo e sa ntse e le teng. Fa bothata bo timela, dilo di tla nna botoka.”
Ngaka e e tshwanang eo e oketsa ka gore: “Ka metlha yotlhe, se se kgathalesegang, ga se seo re se buang fa batho ba le mo boemong jo bo ntseng jaana. Rea leka, ka mo re ka kgonang ka teng jaaka Bakeresete ka bone, go ba tlhomogela pelo. Bagolwane ba ka nna ba bona mongwe yoo eleng gore o ile a nna le boitemogelo jo bontsi mo botshelong mme ba mpe ba nne le bone ba buisane le bone, kana go ba reetsa fela. Gantsi-ntsi ke bone gore batho ba ba hutsafetseng ba bona thuso e kgolo fela thata mo go kgaitsadi yo o godileng wa Mokeresete yo o kileng a tlhaselwa ke khutsafalo e kgolo ka boene. O ka nna a nna fela fa fatshe, a phaphathe yo o hutsafetseng mo legetleng mme a mo ree a re: ‘Ke itse sentle gore o ikutlwa jang.’”
E Ka Fenngwa
Go boammaaruri, go yoo a tlhasetsweng ke maikutlo a a maswe, go ka lebega e le namane e tona ya selo go a fenya. Mme selo sa bofelo se motho yo o hutsafetseng o ka se ikutlweng go se dira ke go dira boiteko lefa e ka nna bofe. Mme legale go ipolaya ga se gone karabo. Mosadi mongwe o ne a nna le khutsafalo ka lobaka lo loleele. O ne a sa batle go ja, a ka se robale, a feletswe ke maatla, a phadimoga, a tlaletswe ebile a batla go swa. O kwala jaana jaanong: “Nametsega. Go sa kgathalege gore o ntse o boga ka lobaka lo lo kae ebile gape go sa kgathalege gore bothata e ka tswa e le eng, Jehofa o ka thusa ebile o tla go thusa. Ke iponetse ka matlho.”—Bafilipi 4:13.
Go na le selo se sengwe se re ka se dirang go thusa batho ba ba hutsafetseng. Re ka ba rapelela, re latela dikakantsho tsa ga moaposetoloi Paulo: “Me yana a Morèna oa rona Yesu Keresete ka esi, le Modimo Rra echo eo o re ratileñ a ba a re naea kgomoco e e sa khutleñ, le cholohèlō e e molemō ka tshegōhaco, A gomotsè dipelo tsa lona, a lo tlhōmamisè mo tihoñ le mo puofi ñwe le ñwe e e molemō.”—2 Bathesalonia 2:16, 7.
[Nthla e e kwa tlase]
a Go bona puisano e e feletseng kaga se se bakang tlalelo le kalafo ya yone, bona ditlhogo “How You Can Fight Depresion” le “Attacking Major Depression-Professional Treatments,” mo makasineng wa mmata wa yono. Awake!, (ditokololo tsa September 8 le October 22, 1981). Go bona dikakantsho tse dingwe tse di oketsegileng kafa go ka thusiwang ba ba hutsafetseng ka gone, bona sethogo se se reng “Nametsañ Ba Ba Lapañ Pelo” (Toray a Tebelo, October 1, 1982) le “Loleme Lo Lo Rutegileng—‘Go Kamatlèla ka Puõ Èna Eo o Lapileñ,’” (Tora a TEBELO, June 1, 1983).
[Lebokoso mo go tsebe 11]
A Mongwe Yo O Mo Itseng O Akantse ka Go Ipolaya?
O ka nna, fa e le gore o hutsafetse fela thata ebile a na le dingwe tsa dikai tse di jaaka tse di latelang:
● O bua kana o akantse kaga go ipolaya.
● O latlhegelwa ke kgatlhego ya go tshela, mo lelapeng le mo ditsaleng.
● Ga a kgone go robala.
● Ga a na keletso ya dijo.
● Keletso ya kafa dikobong e kwa tlase.
● Ka tshoganyetso fela o ritibetse morago ga go gakala fela thata.
● O rarabolola dikgang tsa gagwe, o fetola tsela ya gagwe ya botshelo kana o a itlhokomologa ka boene.
● O hutsafala thata fa wa losika kana tsala a a swa kana a ipolaya.
● O nna le bolwetsi jo bo maswe thata jwa mmele.
● O tshologelwa ke morogo kana o kgaoganngwa le lelapa la gagwe.
E theílwe mo lenaneong le le neng la bonala mo makasineng wa “Medical Tribune.”