Loleme Lo Lo Rutegileng—“Go Kamatlèla ka Puō èna Eo o Lapilen”
JEHOFA MODIMO o ne a solofetsa, “Me ke tla lo naea badisa kaha peduñ ea me, ba ba tla lo yesañ ka kicō le tlhaloganyō.” A ga go lapolose go tlhokomelwa ke badisa ba semoya ba ba nang le kitso le tlhaloganyo?—Yeremia 3:15.
Tlhaloganyo e kopanyeletsa go feta fela ponalo ya selo. E tlhoka go hukutsa boteng jwa sone. Mo go Isaia 44:18, tlhaloganyo e tsamaelana le pelo jaaka e farologana le leitlho. Tlhaloganyo eno e e nametsang pelo e tlhokafala bogolo jaaka bagolwane ba dirisana le “ba ba lapañ pelo.” Isaia o ne a tlhalosa gape seo se tlhokafalang: “Morèna Modimo o nneile loleme loa ba ba rutegileñ, gore ke tlè ke itse go kamatlèla ka puō èna eo o lapileñ.”—Isaia 50:4.
Motho o tshwanetswe go rutwa, a rutuntshwe ke Jehofa, gore a tle a kgone “go kamatlèla ka puō èna eo o lapileñ.” Ka go tlwaelana sentle le Bibela, go e dirisa le go bontsha tlhaloganyo e e nametsang, bagolwane ba ka atlega go thusa batho ba ba hutsafetseng ba le bantsi. Bagolwane ba bantsi ba anaanela dikakantsho tse di thusang kaga bodisa jwa bone. Ba ka nna ba lemoga, gongwe ka boitemogelo jo bo swabisang, gore lefa a ne a eleletsa molemo, maiteko mangwe a ka itshupa a swabisa. Se se latelang se supa kafa go ka thusiwang batho ba ba hutsafetseng. Ka mo go phepafetseng; bagolwane ba tla dirisana ka mo go farologaneng le mongwe yoo “ganañ taolō” kana le ‘mmalabadi yo o ithamakang hela’ mo phuthegong.—1 Bathesalonia 5:14; Tito 1:10-13.
Ga ntsi, dikai tse di farologaneng di ka thusa mongwe go bona ditsela tse di siameng le tse di sa siamang.
‘Bagomotsi ba ba Lapisang’
Fa Jobe a ne a le mo khutsafalong, ditsala tsa gagwe tse tharo di ne tsa utlwalela ka bothata jwa gagwe mme ba tla go mo “hutsahalèla le go mo gomotsa.” (Jobe 2:11) Ka ntlha ya go bo ba ne ba na le pono e e fosagetseng ka ga dilo, ba ne ba tlhomeletswe ga bokoa. Ba ne ba tla ka phopholetso e e tlhomilweng go le pele ya mogopolo—fa motho a boga ke ka go bo a dirile sengwe se se bosula. Ka ntlha ya gona moo, ba ile ba palelwa ke go utlwisisa gotlhe ka ga mathata a ga Jobe. The Interpreter’s Bible e tlotlomatsa “kgomotso” ya bone jaana:
“Go a tena. . . . Ke kakgelo e e latlhelwang ka go ikgolola, fale le fale go latlhelwa kgakololo e e molemonyana. . . . fela jaaka mongwe yo o mo lotshitshing lwa lewatle a bolokesegile a latlhela lefoko kana a mabedi go batho ba mogolo ba ba mo teng ga bodiba jwa metsi, ba ntaakwa ke makhubu a lewatle a senka go ba bolaya. Seo Jobe a neng a se tlhoka e ne e le tlhomogelo pelo ya setho. Seo a se bonang ke dikgang tse tota e leng maithamako a a feteletseng a sedumedi a diphoro le maherotsoko.”
Dingwe tsa ditlhaloso tse di neng di tena e ne e le dife? Ka go fedisa pelo Elifase o ne a akanya jaana: ‘Bona o ne wa thatafatsa ba bangwe. Mme jaanong go tsile mo go wena, mme oa huduega. A ga o a tshwanela go ikanya bothokgami jwa gago?’ Bilidade o ne a oketsa ka gore: ‘Fa o ne o ka batla Modimo ka mo go oketsegileng o ne o tla go thusa.’ A bopeloethata! Bogolo jang ereka Jobe a ne a ntse a ikantse Modimo. O ka bo o ikutlwile jang? Go na le kgomotso, mafoko ao a neng a lebega a eleletsa molemo a ne a ‘thubaganya’ Jobe. Ga go hakgamatse go bo a ile a goa ka gore: ‘Fa le ka bo le le mo boemong jwa me?’—Jobe 4:3-6; 8:5, 6; 16:2, 4, 5; 19:2.
Gone ee, ga go na mogolwane ope wa phuthego ya Bokeresete yo o ka batlang go bontsha boikutlo jo bo tshwanang kana botlhale jo bo tlhotlheleditsweng ke badimo jwa “ditsala” tseo. (Jobe 4:15, 16) Lefa go le jalo, ka dinako tse dingwe, badisa ba ba gomotsang ba tshwanetse go ikgakolola go sa dire diphoso tse di tshwanang. Fa ba leka go thusa “eo o lapileñ,” bagolwane ba tshwanetse go botsisisa gore ke ka ntlha yang fa motho a ikutlwa a le kwa tlase. Gongwe motho yo o hutsafetseng o akanya gore ga a na moya wa Modimo. Bagolwane ba itse go tswa dikaong tsa Dikwalo, jaaka ka Dafide, gore boitshwaro jwa teofo bo ka tsala khutsafalo. (Pesalema 38:1-6) Ba ka nna ba bala le motho dikarolo tsa Bibela tse di buang ka boitshwaro jwa Bokeresete mme ka gongwe ba botse, ‘Mabapi le seo Bibela e se buang, a eleruri o na le lebaka la go ikutlwa gore Modimo o tsere moya wa gagwe mo go wena?’ Go na le go bolelela motho gore ga aa dira sepe se se phoso kana gongwe o akantsha gore o se dirile, go ka nna mosola go letlelela motho go fitlhelela phetso ya gagwe. O ka nna a lemoga gore ga go na sepe se se dirang gore a ikutlwe a le molato. Kana, fa e le gore o ile a kopanyelediwa mo boitshwarong jo bo maswe, bagolwane ba ka mo thusa go “[direla] dinao tsa [gagwe] ditsela tse di siameñ” mme a boe gape a ipelele kamogelo e e itumedisang ya ga Jehofa.—Bahebera 12:12, 13.
Batho ba ba hutsafetseng ga ntsi ba ikutlwa ba tlaletswe go feta mme tota go sena lebaka le le utlwalang. Tlhaloganyo e tla thusa bagolwane go lemoga maemo a a ntseng jalo. Mokeresete mongwe yo o hutsafetseng yo o neng a anaanela ka botlalo maeto a badisa ba ba lorato go ene go mo thusa o ne a tlhatswegile pelo gore o ne a latlhegetswe ke moya wa Modimo. “Ka tlhoafalo, leka go akanya ka thata o bone fa go se sepe se se maswe se o se dirileng,” mogolwane mongwe o ne a bua jalo ka nako nngwe. Mosadi o ne a nna foo mme a lela. “Mme ga go sepe se ke ka se akanyang. A o batla ke bope kgomo ya mmopa? A seo se tla thusa?” a bua jalo a hupetse. Bagolwane ba ne ba tlhaloganya mme ba leka ditsela tse dingwe go thusa.
Bagakolodi ba ga Jobe ba ne ba tla ba feditse megopolo ya bone gore Jobe o dirile sengwe se se phoso. Bagolwane bao ba itseng “go kamatlèla ka puō èna eo o lapileñ” ba tla tshwara boemo bongwe le bongwe “ka mo go senañ tlhaolō, [ba] sa dihe sepè ka mokgwa oa go rata moñwe.” (1 Timotheo 5:21) Fa ba dirisa dipotso tse di gwetlhang maikutlo ga ba pege molato, mme ba dira jalo ka tsela ya kutlwelo-botlhoko, eleruri ba ipaya mo boemong jwa yo mongwe.
Bagakolodi ba ba Nang le Tlhaloganyo
Elihu lefa ka dinako tse dingwe a ne a tsepame mo kgakololong ya gagwe, o ne a bontsha tlhaloganyo. E ne e le moreetsi yo o molemo. O ne a sa ‘arabe pele ga a ka reetsa,’ mo Bibela e go bitsang “boeleele le ditlhoñ.” (Diane 18:13) O ne a akgola Jobe ka ntlha ya boikanyego jwa gagwe mme a mo kgothaletsa go ntsha maikutlo a gagwe. Tlhaloganyo e e ntseng jalo e ne e okeletsa mafoko a ga Elihu “kicō.”—Jobe 32:4, 11; 33:5-7, 32; Diane 16:23.
Jehofa ke sekao se se kwa godimo sa mogakolodi yo o nang le tlhaloganyo. Kafa a dirisaneng ka teng le moperofeti Jona go bontsha kutlwelo-botlhoko le pelotlhomogi tse di tlhaloganyang. Jona o ne a kgopega fa Jehofa a ne a fetsa ka gore ga a ne a senya Baninife mme ka jalo a diragatsa molaetsa wa katlholo wa moperofeti. Jona o ne a hutsafala mo go botlhoko mo a neng a batla go swa. Mme jaanong Jehofa o ne a dirisana jang le ene? A o ne a re: ‘A bo o ikgopola Jona. A ga o na lorato mo pelong ya gago? Sotlhe se o se akanyang ke gore o lebega jang mo matlhong a ba bangwe!’ Mafoko a a ntseng jalo a ka ne a ne a le boammaaruri. Mme gongwe a ne a tla mo dira fela gore a ikutlwe a le molato ka mo go oketsegileng a bile a hutsafetse. Jehofa o ne a dira eng?
Jehofa o ne a botsa, “A u diha sentlè ha u nna bogale?” Ee, potso e e motlhofo e ikaeletse go mo tlhotlheletsa go akanya. Ga a pegwe molato. Ga a nyadiwe. Lefa Jona a seka a arabela ka potlako, Jehofa ga a ka a mo tlhoboga, mme o ne a mmaakanyetsa setlhare sa moruti go mo thusa mo letsatsing le le fisang. Go tswa foo Jehofa a dirisa setshwantsho se go lebegang se ne sa ama pelo ya ga Jona. O ne a dira gore setlhare se segolo seo se swe. Fa Jona a ne a gakalela go swa ga setlhare, Jehofa o ne a mo thusa go re a bone gore matshelo a batho ba Ninefe a botlhokwa bogolo go na le botshelo jwa setlhare. A ga a tshwanela go ikutlwa a le pelotlhomogi thata mo go bone go na le loso la setlharenyana fela? Se ne se le motlhofo, mme se na le botswelelo!—Yona 4:1-11.
Fa bagolwane ba gakaletse go kgothatsa ba ba lapileng pelo ba tshwanetse go etsa Jehofa le Elihu. Ba nne pelotshweu mo kakgolong ya mmannete. Ba dirise mafoko le dipotso tse di motlhofo tse di tlhamaletseng. Ba dirise puo e e motlhofo go tlhaloganngwa. Ba ope kgomo lonaka, lefa go le jalo ba tile dipotso tse di tla tshosang. Ditshwantsho tse di ka dirang motho go re a akanye kana go kopanyediwa ka maikutlo mo go sengwe se se mo kgannyeng e e farologaneng (ka sekai, go galefa ga ga Jona ka ga loso lwa setlhare) di ka nna tsa dirisiwa go thusa motho ka esi go bona phoso ya go akanya ga gagwe. Mme gakologelwa: “Lehoko ye le buiwañ ka tebañ ea yeōna, le chwana yaka boapole ba gouda mo dirotuñ tsa selefera.” (Diane 25:11) Fa motho mo go akanyeng ga gagwe a le phoso, mo thuseng go go fenya ka iketlo. Mo thuseng go sa itseele kwa tlase. “Boimèlesègō mo peduñ ea motho bo tlo bo e inamise: me lehoko ye le molemō le e ipedise!”—Diane 12:25.
Mme ke dikakantsho tsa mofuta ofe tse mogolwane a ka lekang go di fetisetsa go mongwe yoo hutsafetseng?
Thuso ya Dithapelo tse di Utlwalang
Mongwe yo o hutsafetseng o ne a bega ka go re, “Lefa gotlhelele ke ne ke ikutlwa go re Jehofa o ne a tlhaloganya, ka dinako tse dingwe fa khutsafalo kana tsietsego e ne e le maswe thata ke ne ke ikutlwa go sa thuse go ka rapela.” Lefa go ntse jalo, bagolwane, le fa ba lemoga go re maikutlo a a ntseng jalo a tlwaelegile mo bathong ba ba hutsahetseng, ba ka kgothatsa bano go nnela ruri mo thapelong. Mme ba rapele ka ga eng?
“Ke ne ka rapela Jehofa gore a nthuse go go itshokela kana go nkaela ko ke ka bonang thuso gone,” go boletse jalo mmè mongwe yo mmotlana yo o hutsahetseng. Mmè wa dingwaga tse 33 yo monna wa gagwe a neng a sa dumele a bile a gobolola, o ne a hutsahala. O ne a re: “Fa ke ne ke tlalelwa go feta, ke khekhiane le go nna le dipoifo, ke ne kea go Jehofa fela gone foo, ke itshopara le go khubama ka mangole ka dinako tse dingwe, ke lela, ke mo kopa go re a nthuse go fenya seno. Go ne go le botlhokwa go re mo thapelong ke tlhamalale. Makgetlo a mantsi ke ne ke bona kgololo ka bofefo.” Mmè mongwe wa dingwaga tse 41 o ne a re: “Fa ke ne ke hutsahetse ke ne ke go fitlhela go le bokete go ka rulaganya thapelo. Mme Baroma 8:26 e ne e le motswedi o mogolo wa kgomotso. Ka jalo ke ne ke ka kgona go kopa Jehofa fela, ‘Tswee-tswee nthusa!’”
Bagolwane ba ka rapela le go rapelela motho. Le gale, ba tshwanetse go tila mafoko a a tla dirang gore motho a ikutlwe a le molato go feta. Go kopa Jehofa, motho yo o hutsahetseng a reeditse, go thusa yo ntseng jalo go tlhaloganya gore ke go go kae a ratiwang ke ba bangwe le eleng ke Jehofa eleruri go tla bo go agelela. Gape, motho yo o tlhokofetseng o ka bontshiwa kgololo e e ka tlisiwang ke thapelo e e tlhoafetseng, e e nang le boikanyo mo go Jehofa.—1 Samuele 1:9-18.
Thusa yo Lapileng go Bona Tlhaloganyo
Dr. Nathan Kline mookamedi wa Lephata la tsa Botsogo la Tlhaloganyo la Rockland Research Institute mo kgaolong ya New York o ne a tlhalosa ka go re, “Ka dinako tse dingwe batho ba ikutlwa ba latlhegetswe ke tumelo e bile gantsi-ntsi ba ikutlwa ba le molato ka ntlha ya gone. Lefa go na le mabaka a tlhaelo ya semoya, ke akanya go re mo makgetlong a mantsi e a bo e se tlhaelo ya tumelo ya bodumedi, mme ke tshupo ya pele ya khutsafalo.” O ne a ntsha tlhaloso eno morago ga go ela tlhoko dikai tseno mo palong e e rileng ya balwetsi ba gagwe bao e neng e le ba bodumedi tota. Ka Jalo, gantsi go thusa motho yo o tlaletsweng thata go lemoga seno e ka nna kgololo ya go ikutlwa a se molato.
Mosupi mongwe yo o neng a thusa palo e e rileng ya “ba ba lapañ pelo” go boela mo botsogong o ne a re: “Go ipona molato mo go sa tlhokafaleng mo bangwe ba iphitlhelang ba le gone ga go dumelesege. Ke ikutlwa ke le molato ka diphoso tse ke di dirileng, mme gape ke dumela go re fa Jehofa a baakanyeditse ka thekololo go dilo tseno, ka jalo ke ka se itlhorontshetse ruri ka ntlha ya gone. Eno ke e nngwe ya dintlha tse ke lekang ka thata go di tsenya mo mogopolong wa bao ke ba thusang.” Motho o tlhoka go lemoga go re fa eleruri a ikotlhaile ka ga phoso nngwe e e rileng, a ikemiseditse go sa e boelele gape a bile eleruri a leka go ‘siamisa phoso,’ ka jalo o ka nna le tsholofelo ya go re thekololo e tla tlhatswa segakolodi sa gagwe. Go thusa batho bao ba nang le “bohutsana yo bo tshwanetseñ poihōmodimo” go bona boutlwelobotlhoko le boitshwarelo jwa ga Jehofa ga ntsi go ba golola mo khutsafalong ya bone.—Pesalema 32:1-5, 11; 103:8-14; 2 Bakorintha 7:9-11.
Lefa le ele go re megopolo e e phoso e tlhasetse tlhaloganyo ya motho yo o hutsafetseng, ga go na lebaka la go ikutlwa o sena mosola ebile “o atlhotswe ke Modimo.” Ke go tlhagolela le ‘go tsweledisa’ megopolo e e ntseng jalo mo Bibela e tlhagisang kgatlhanong le gone. (Yakobe 1:14, 15; Bagalatia 5:16) Jalo fa fela mongwe a leka ka natla go tlosa megopolo e e ntseng jalo ga a tshwanela go ikutlwa a imetswe ke molato.
Ka motlhala, go gakala kana tenego di ka thelesegela mo mogopolong wa motho yo o hutsafetseng. Ga go sepe se se fitlhelelwang fa mogolwane a ka bolelela motho, ‘Ga wa tshwanela go ikutlwa ka tsela e e ntseng jalo,’ kana ‘Ga wa tshwanela go re o ikutlwe ka mo go ntseng jalo.’ Ntlha ke go re, motho o ikutlwa jalo! Lefa ka tlhamalalo e bolelela go re motho o tla ikutlwa ka dinako tse dingwe a kgopegile, Bibela e tlhagisa kgatlhanong le go tsweledisa bogale jo bo ntseng jalo. (Pesalema 4:4; 37:8) E re kgothaletsa go sa ipoloke re le mo seemong sa kgakalo. (Baefesia 4:26, 27) Ka jalo mogolwane yo o tlhaloganyang o ka nna, ka dipotso tse di motlhofo di sekae, a bona go re ke ka ntlha yang fa yo o tlhokofetseng a ikutlwa a gaketse. Morago ga motho a sena go thusiwa go tlhatlhobisa boemo (jaaka Yona a ne a thusiwa), o ka nna a ikutlwa go sena lebaka la motheo la kgakalo ya gagwe. Gape, fa mongwe a mo kgopisitse, o ka nna a thusiwa go latela dikgato tse di rileng tsa Dikwalo mme ka jalo a kgone go fenya tenego ya gagwe.—Bakolosa 3:13; Mathaio 5:23, 24; Luke 17:3, 4.
Fa Mogolwane a ka nna podi-matseba ka maikutlo a a sa tlhamalalang a bangwe ba ba lapileng, fa khutsafalo e santse e le mo tshimologong ya yone, he ga ntsi motho o ka thusiwa mme a bolokiwa mo go tlhaselweng ke khutsafalo e kgolo—pheretlhego e e ka tlhokang thuso ya tsa kalafi. Fano gape, mogolwane o ka nna a thusa motho yo o hutsafetseng kana lelapa la gagwe go lemoga go re ke leng pheretlhego e fitlhileng sebakeng sa tlhokafalo ya thuso ya tsa kalafi. Seno ga se reye go re bagolwane e tla nna ‘dingaka,’ kana go bolela go re ke kalafi ya mofuta ofe e e tla latelwang. Ba ka nna ba eletsa go re ba lebise bao ba kopanyelediwang mo setlhogong se se reng “Attacking Major Depression—Professional Treatments” mo tokololong ya October 22, 1981, ya Awake!, e e supang dikalafi tse di farologaneng di le mmalwa mme lefa go le jalo e sa tsholetse epe.
Thuso go Bona Tekatekano
Mmè mongwe wa Mokeresete wa dingwaga tse 40 o ne a tlhalosa tlhaselo ya gagwe le khutsafalo e kgolo jaana, “Ke ne ke beile kobo fela mo motsotsong mongwe le mongwe wa letsatsi lengwe le lengwe.” Morago ga go tokafala ga gagwe o ne a tlhalosa lengwe la mabaka a gagwe: “Ka go leka go sa swabise ope kana karolo epe ya botshelo jwa lelapa la me kana le eleng tirelo go boela morago go le go nnyennye, ke ne ka ngaparela thulaganyo eo e ileng ya ntlogela ke ikutlwetse. Ke ne ka dira seno dingwaga tse di robang bobedi; mme, kwa bofelong, ngaka e ne ya nthaya ya re ke ‘sekatana fela.’ Fa ke leba ko morago, ke ikutlwa go re le eleng fa mabaka a me a go boloka thulaganyo e e ntseng jalo e ne e se gore ga a botlhokwa thata, ke tshwanetse ka bo ke ne ka dirisa kelelelo ka mo go oketsegileng.”
Ka ntlha ya bodiphatsa jwa motho go sa dirise kelelelo, bagolwane ba tshwanetse ka dinako tse dingwe ba thuse motho yo o hutsafetseng go nna tekatekano mo ditirong tsa gagwe. Eleruri ba tla kgothaletsa tirelo ya moya otlhe go Modimo. Tota, ka dinako tse dingwe e ne e re fa bangwe bao ba bogang ka ntlha ya khutsafalo e kgolo thata ba ne ba sa kgone go tshwarega mo therong ya ntlo le ntlo, dithulaganyo di bo di dirwa koo mongwe yo o bobolang, boemo jwa gagwe fa bo letla, a nnelang puisano ya Bibela e e tsamaisiwang ke Mosupi yo mongwe. Motho yo o hutsafetseng o ne a tlatseletsa ka mo a neng a kgona ka teng.
Gakologelwa go re moaposetoloi Paulo o ne a laela Bakeresete go re ba “ntshè mebele ea [bone] setlhabèlō se se tshedileñ, se se itshepileñ, le se se lebosègañ mo Modimoñ, mo e leñ tihèlō e e lo lebanyeñ.” (Baroma 12:1) Ee, maatla a go akanya a motho a ne a tshwanetse go kopanyelediwa. Lefoko la Segerika le le ranotsweng “tihèlō e e lo lebanyeñ” (logikos) tota-tota le raya “go tlhalefa.” Ka jalo Modimo o solofela gore re dire se se nang le kelelelo, se se botlhale. Dikgono tsa motho mongwe le mongwe, maatla a gagwe a mmele le maemo a gagwe di farologane. Tirelo ya moya otlhe e raya go dira sotlhe se moya wa gago le nonofo ya gago di nonofetseng go se dira, eseng sa mongwe o sele.—Mareko 12:30; Bakolosa 3:23.
Fa motho a lwala nonofo ya gagwe ea ngotlega, lefa pelo ya gagwe le tlhaloganyo ya gagwe di ka ne di eletsa go dira mo go golo mo tirelong ya Modimo jaaka pele. Go boammaaruri, bao botlhe ba tla bonang botshelo jo bo sa khutleng ba tshwanetse ‘go iteka ka natla’ mme boiteko jo bo ntseng jalo ga se ka metlha bo lekanyediwang thata-thata ka selekanyo sa tiro e mongwe o e dirang. Bogolo jwa selekanyo sa tiro e e neng ya kgonwa ke Epaforodito mo ‘tirong ya ga Keresete’ fa a ne a lwala bo ne bo ka se ke bo bapisiwe le seo a neng a se dira fa a ne a sa ntse a ikutlwa sentle. Lefa go le jalo, ka gotlhe o ne a ka akgolwa ke Paulo ka ntlha ya boiteko jwa gagwe.—Luke 13:24; Bafilipi 2:25-30.
Maemo a a fetogileng, jaaka bolwetse, a ka re kgoreletsa go diragatsa ka botlalo dikeletso tsa pelo ya rona. Ka motlhala, mosadi wa molebedi yo o etang o ne a welwa ke khutsafalo e kgolo. O ne a bolela jaana: “Mo botshelong jotlhe jwa me ke ne ke le motho yo o matlhagatlhaga ruri ebile ke ne ke ipelela tirelo ya me ka bojotlhe go Modimo. Mme mo dikgweding tse di ka robang bongwe, kwantle go kgololo, ke ne ka nna le boikutlo jo bomaswe jwa go nna mo ‘mpeng’ tsa lefatshe.” Ene le monna wa gagwe ba ne ba tsaya malatsi a boitapoloso mo tirong ya go etela diphuthego mme o ne a alafelwa bolwetse jwa gagwe ke ngaka. Morago ga go feta ngwaga o ne a boela mo botsogong jwa gagwe go ya bokgakaleng jwa gore ba ne ba ka tsaya kabelo eno ya tirelo ka bonatla jo bogolo gape. Ga jaanong jaaka a le wa moya otlhe jaaka pele, o kwala ka gore: “Ke itumetse gape mo tirelong ya me. Mme jaanong fa ke ikutlwa ke lapile go feta ebile ke tlhaetse, ke nna kwa gae go ikhutsa le go leka go reetsa ditlhabi tsa mmele wa me. Jaanong ke lemoga ditshupo mme ka jalo ke itumelela Jehofa go bo ke le mo tseleng ya go tokafala.”
Ee, abo rotlhe re ka itumela jang go bo re na le Modimo wa rona o o amogelang dimpho tsa rona le ditlhabelo tsa rona, ‘go ya kafa seo re nang le sone, eseng go ya kafa go seo re se nang sone.’ Seno se boammaaruri ekane ditlhabelo tse di ntseng jalo ke tsa semoya, tse di bonalang kana nonofo ya mmele wa rona.—2 Bakorintha 8:12.
Lefa go le jalo ka dinako tse dingwe motho yo o hutsafetseng o ka nna a thusiwa gore a bontshe temogo e e oketsegileng kafa a dirisang nonofo ya gagwe ka teng. Kgaitsadi mongwe yo o neng a boga khutsafalo e kgolo o ne a akgela ka gore: “Ke ne ke sa lekalekana. Ke ne ke sa itse gore, ‘Nnyaa.’ Nako nngwe le nngwe fa mongwe a ne a re o nkopa go mo direla sengwe, ka metlha yotlhe e ne e le ‘Ee, go siame.’ Ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta gore, ‘Nnyaa, ga ke kgone. Eleruri ga ke ka ke ka kgona. Gongwe ke ka go thusa nako e nngwe.’ Ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta seno go sa nneng jalo ke ne ke tla di gama ke sa di tlhapela.” Motho yo ka metlha a lekang go pota ka kwa nonofo ya gagwe o ka felelela a tshwerwe ke khutsafalo e kgolo. Monna yo o botlhale o ne a gakolola ka gore: “U se ka ua nna tshiamō ea mo go heteletseñ; le gōna u se ka ua itiha botlhale yoa mo go heteletseñ: ana u ka bo u itshenyetsañ? U se ka ua nna boikèpō yoa mo go heteletseñ, le gōna u se nne boeleele: ana u ka bo u shwèlañ e e se e nne motlha oa gago.”—Moreri 7:16, 17.
Go bua ka mo go gomotsang le batho ba ba hutsafetseng go tlhoka boiteko jwa mmaanete. Mongwe o tshwanetse go ithuta ka go tsaya-tsia kgakololo ya Lefoko la Modimo. Tlhaloganyo e tshwanetse gape ya ithutiwa. Mme matswela a molemo bogolo.
Akanya boipelo jwa go bona mongwe yo o phatlogileng pelo—dikeledi di rotha mme a ntsha maikutlo a gagwe—a simolola go fetoga. Ka iketlo boitumelo bo simolola go emela dikeledi. Go rumaruma jaanong go sesa sefatlhego. Abo motho yo o ntseng jalo a ka itumelela jang modisa yo o lorato yo o tlhaloganyang! Mme godimo ga tsotlhe, abo Rraa rona wa selegodimo yo o pelotlhomogi a itumela go le kae, yo o ‘gomotsang ba ba lapileng.’—2 Bakorintha 7:6.
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Re tshwanetse ra tila go nna jaaka ditsala tsa ga Jobe—bagomotsi ba ba lapisang
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
A o oketsa mathata a ba ba hutsahetseng, kana o ba gomotsa eleruri?
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Bagolwane ba ka rapela le motho kana ba mo rapelela, ba tila ditlhaloso tseo di ka mo dirang gore a ikutlwe a le molato go feta