Kgakolo e e sa Lebalesegeng
“NTSWA go sa anamisiwa mo go kalo-kalo, kago e ntsha ya ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa ba Australia, mme gongwe ebile e le kago e e kgatlhisang thata le e e siametseng tiro eo e kileng ya tlhamelwa setlhopha sa bodumedi sa Australia, e tla bulwa ka Matlhatso . . . Basupi ba ga Jehofa—barulaganya-kago, maenjenere, balomaganya-dipompo, baagi-ka-setena—ba ne ba dira tiro yotlhe-yotlhe ka bobone, ka boithaopo.” Ga akgela jalo The Sydney Morning Herald ya March 16, 1983.
E agilwe mo mokgokoloseng, kagokgolo ke eo e nang le meago e le meraro e e nang le difetlha-phefo di se kae eo e tshwaragantsweng mmogo ka diphasiki tse di nang le diofisi. Go bile gape go na le dikago tse go berekelwang tiro ya diatla le tsa polase. Kago eo e leng botseno jo bo matlhatlaganyane a le mangwe fela e na le diofisi tsa tsamaiso le Holo ya Bogosi e e ka nnang le manno a le 200.
Feketiri ya matlhatlaganyane a le mabedi e boalo jwa 5 400 square meters (58 000 sq ft) mo bodilong, jo bo siametseng katoloso ya mo isagweng. Bonno jwa matlhatlaganyane a le mabedi go ya go a le mane bo na le kamore ya botlhe ya batho ba le 135. Moteng ga yone gape go na le madulo a bojelo, kokelwana ya dikoa, matlhatswetso, ofisi ya meno, bologelo jwa moriri le didirisiwa tsa go somarela dijo. Gotlhe mono go ne ga agiwa ka sephatlo sa tlhwatlhwa e e tlwaelegileng ya papadi ka ntlha ya maiteko a go sa iponeng tsapa a diketekete tsa baithaopi ba ba ineetseng!
Kgolo e ne ya Tsala Tlhokafalo
E ne ya re fa ofisi ya lekala ya Australia e fuduga go tloga kwa Melbourne go ya kwa Sydney ka 1929, ga bo go na le maloko a le 11 fela mo lelapeng la lekala la Basupi ba ba tlhagafetseng ba ka nna 340 go ralala Australia yotlhe. Ka 1971 palo ya Basupi e ne e godile go feta 23 000, mme go ne ga dirwa phetso ya gore go simololwe go gatisiwa ga dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Awake! mono. Go kgonagatsa seno, magatisetso a magolo a matlhatlaganyane a le mararo le ofisi di ne tsa agiwa mo setsheng se se tshwanang mo Sydney.
Dingwaga di le tlhano go ise go ye kae fela, koketsego e nngwe ya baboledi ba Bogosi e ne ya raya gore go agiwe mo go oketsegileng. Lefa go ntse jalo, dipolane tsa kago ya matlhatlaganyane a le mane mo setsheng seno mo Sydney di ne tsa ganwa ke khansele ya lefelo leo. Ka gone, lefelo leo le neng le tshwanelega thata la go ka atolosa ya bonala e le setsha seo lekala le neng le setse le na naso ka dingwaga tse 40, polase ya 40-hectars (100-a.) dikilometara di le 48 fela (30 mi) go tswa mo bogareng jwa toropo-kgolo. A moago wa feketiri o ne o tla dumeleIwa mo kgaolong eno e e seng ya setoropo? Kopo e ne ya isiwa kwa khanseleng ya lefelo leo mme karabo ya tla e le e reng: “Ee!”
Kgang e ne ya tiisediwa ke Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa ka Morule wa 1978, mme tlhamo le tiro ya paakanyo-setsha ya tswelela ka bofefo jo bogolo. Ka nako eo ga tlhabiwa mokgosi wa gore baithaopi ba tle go nna mo setsheng sa kago ngwaga kana go feta go tla go thusa. Gore motho a tlhaloganye gore ke diphetso dife tseo di neng di lebane batho bano, motho o tlhokana le gore a bo a itse sengwe ka Australia.
Kgwetlho ya Dikgala
Australia ke ya borataro mo dinageng tse di tona mo lefatsheng. Bophara jwa gagwe bo lekana fela le jwa United States (fa go ntshiwa Alaska le Hawaii mo teng). Lefa go ntse jalo, e na le batho fela ba le 15 million, mme diphesente tse 90 tsa bao di nna mo dintshing tse di dikilometara di le 120(75 mi) go tloga kwa lewatleng. Bogare, jo bo atlhameng, jo bo sekaka go sekae le batho ba ba gasameng fale le fale, bo bidiwa “outback.” Bontsi jwa batho ba Australia bo nna mo ditoropong tse thataro tse dikgolo tsa naga eo, mme go na le dikgala tse ditona tseo di di kgaoganyang. Ka sekai, go tswa kwa Perth, Western Australia, go ya kwa Sydney ke loeto lwa dikilometara di ka feta 4 000 (2,485 mi).
Lefa go le jalo makgolo-kgolo a Basupi a ne a tsamaya mesepele e e kalo go tla go thusa. Mo lobakeng lotlhe Iwa kago batho ba ka nna 3 000 ba ne ba arabela pitsong, bontsi bo tsamaya bobotlana dikilometara di le 1 600. Ba ne ba ituelela dipalamo, go tla go dira dibeke, dikgwedi mme le e leng dingwaga. Bangwe ba ne ba rekisa magae a bone, ba tswala dikgwebo, ba tsaya malatsi a lefi le go intsha ditlhabelo tse dingwe ka go farologana. E ne e le sekao sa mmannete sa batho ba Modimo “ba italetsa ka pelo e e thamileñ.”—Pesalema 110:3.
Bangwe ba badiri e ne e le batlhalefedi ba ditiro tse di kgethegileng, fa ba bangwe bone ba ne ba tla gore ba dirisiwe koo go tlhokafalang teng. Mongwe wa bone, motshodi wa dijo yo o nang le maitemogelo, o ne a tla mo dipakeng di le pedi go tla go thusa mo ntlwaneng ya bojelo, ka gone a golola lekawana go ka dira mo kagong. Mo nakong nngwe go ne ga rekwa kata-kata e tona, mme ga bo go sena ope yo o neng a ka e kgweetsa. E ne e ise e fetse lobaka lope lo loleele mo setsheng fa mokgweetsi wa katakata a letsa mogala go tswa nageng ya setlhake sa Tasmania go bolela fa a ka kgona go bōnala mo dibekeng di le tharo—a o ne a ka dirisiwa?
Thuso e nngwe e ne ya tlhaga go tswa ditlhopheng tsa batlhalefela-ditiro ba ba nang le maitemogelo bao ba neng ba tsere maeto a maleele, gantsi ba ipoeletsa go feta gangwe, fa botlhalefi jwa bone bo ne bo tlhokwa. Ba ba katang ka konkereiti go tswa bokgakaleng jwa dikilometara di le 1 000 (620 mi) ba ne ba tlela go tla go tshela konkoreiti ka go tlhomaganyetsa; ba ba pegang siling ba tswa bokgakaleng jwa dikilometara tse 1 100 (680 mi) le ba terata go tswa dikilometareng tse 1 500 (930 mi). Ga mmogo le seo, Basupi ba gae go tswa ditikologong tsa dikilometara tse 200 (125-mi) ba ne ba tla go thusa ka bo Matlhatso, gantsi ba bile ba tlhatlosa ditlhopha tsa babereki ba ka metlha ba ba ka nnang 200 go ya go ba ba fetang 300.
Go tswa Basuping bangwe kwa Northern Queensland bao ba nang le madirelo a dikota bokgakaleng jwa dikilometara tse 3 200 (1 980 mi) ga nna ga thelesegela mekoa-koa ya dikota tse di siameng sentle ka dilori-lori, tseo e reng di sena go betliwa sentle le go rethefadiwa gone mo setsheng ka botswerere, e nne tsone dikgang fela mo kagong le go tsala dikakgelo di le dintsi tsa kanaanelo. Dingwe tsa dikgong tse di sa bonwebonweng fela di ne di akaretsa Rosewood, Calophullum, Red Tulip Oak le Feathertop.
Mme go ralala Australia otlhe ga tla tshegetso e e kgatlhisang thata ka sebopego sa meneelo ya go duela ditshenyegelo tsa kago. Mosetsanyana mongwe wa dingwaga tse thataro wa sekolo o ne a kwala ka monwana wa gagwe o o manontlhotlho a re, “Ke batla gore lo tseye madi a a tswang mo bankeng ya me ya sekolo. Ke ne ka a boloka ngwaga o le mongwe fela.” O ne a tsenya moteng $41.00! Tsheke nngwe go tswa kwa Queensland e ne ya tla e na le lekwalonyana le le reng e tswa kwa go “mongwe wa bokgaitsadi ba lona mo tumelong yo o eletsang gore a seka a itsiwe ka leina. Ke motlholagadi, mme fela jaaka motlholagadi wa Bibela, mo ke gotlhe mo a nang nago. Tsholofelo ya gagwe e mo go Jehofa.” Madi a a neng a le moo e ne e le $6,283.94! Ruri, Jehofa o ne a tlhotlheletsa go ntshiwa ga ‘dineo ka peelego ka pelo e e itekanetseng.’—1 Ditihalō 29:9.
Go Siamela Tiro ya Isagwe ya Bogosi
Moago o mosha wa lekala o baakanyetsa ka motheo o montle wa go direla ditiro tsa boreri jwa basupi ba ga Jehofa ba le 36,000 ba ba tlhagafetseng mo diphuthegong di le 571 go ralala sekidi se segolo sa lefatshe sa Australia. Karolo e kgolo ya batho ba Australia ke ya bao gongwe ba ileng ba tswa dinageng tse dingwe kana baneng ba bone. Gore ditlhopha tseno tsa batho di tlhokomelwe go bolokilwe dibuka tsa dipuo tse 52. Gapegape, go gatisiwa ka dipuo di le 14 tsa bontsi jwa ba ditlhake tsa Pacific tse di tshwanang le Papua New Guinea, Solomon Islands le Fiji.
Go tlhagisiwa ga makasine wa puo ya Sekgoa o o ka fetang 750,000 ka kgwedi go ile ga tsewa ke motshine o mosha wa rotary offset o o neng wa goroga ka April 1983, go tswa kwa ntlo-kgolong ya Brooklyn. Go kgonagatsa phetogelo eno go ya mogatisong wa offset, dikamore tse di lefifi tseo di tsentsweng dikhamera tsa computer le didirisiwa tse di godisang moruti, le maphata a graphics di ile tsa tlhongwa.
Mo dikgweding tsa bofelo tse 18 go ile ga nna le koketsego ya go feta 4 000, kana diphesente tse 13, mo palong ya Basupi ba ba tlhagafetseng. Ka dithuto tsa Bibela tsa magae tse di fetang 16 200 tseo ga jaanong di tsamaisiwang, mme le bao ba ileng ba nna gone Segopotsong sa loso Iwa ga Keresete ba ba 72 457, go tshepisa tota gore go tla nna le kgolo e e bofefo mo Australia.
Letsatsi la Kgakolo
Ka Matlhatso, Mopitlwe 19, 1983, beke e go neng go le dipula, e ne ya tsenwa-gare ke letsatsi je le sisibetseng fela, mme balalediwa ba ba fetang 2 000, bontsi jwa bone e le Basupi ba ba neng ba tlhagafetse ka 1945, ba ne ba kopana mmogo kwa didirisiweng tse di ntsha ka Letsatsi la Kgakolo. Jaaka modulasetilo a ne a supa, botlhe ba ne ba emela kakaretso ya dingwaga tse 65 000 tsa tirelo e e ikanyegang. Abo go ne ga itshupa e le poelano-mmogo e e molemo thata! Madume le maitemogelo a ne a anelwa ke baeng go tswa United States, Fiji, New Zealand le Papua New Guinea.
Lekala la Australia e ne ya nna la boraro go tlhomiwa ke Watch Tower Bible and Tract Society ka kwantle ga United States. Ka nako nngwe le ne le okametse mo e ka nnang kwatara ya bophara jwa lefatshe, go akaretsa le mo e ka nnang ditlhake tsotlhe tsa South Pacific, ga mmogo le seo ga jaanong e leng Thailand, Vietnam, Laos, Cambodia, Malaysia, Indonesia, Hong Kong, Singapore le China ka kakaretso. Jaanong go na le makala a a farologaneng a le 13 ao a lebeletseng tiro ya go rera ka Bogosi mo mafatsheng ano. Mme, thata-thata, tiro kwa tshimologong e ne ya simolodisiwa mo go one ka bo-1930 ke babulatsela go tswa Australia. Bontsi jwa bano ba ne ba le teng mo kgakolong mme maloko a a 88 a lelapa la Bethele a ne a itumelela go amogela ka bopelotshweu bagolo bano ba bone ba kafa semoyeng!
Mo tshokologong, Lloyd Barry, leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa ebile a ne a le bontlhanngwe jwa lelapa la Bethele la Australia ka bo 1940, o ne a neela kago eno semmuso, e seng go motho mongwe fela kana phuthego nngwe, mme e leng go Jehofa Modimo.
Mo letsatsing je le latelang, Sontaga, Mopitlwe 20, pula e ne ya simolola ya tshologa gape. Lefa go le jalo, ba ba 10 468 ba ne ba phuthaganela kwa mabaleng a lobelo a a gautshwane a Warwick Farm go utlwa thulaganyo eo e neng ya ntsha kgothatso ya gore go gateIwe pele le kgolo ya tiro ya ga Jehofa mo ‘metlheng eno ya bofelo.’ Mafelo a mangwe a le some a ne a gokaganngwa ka tlhamalalo le tiragalo eo ka mogala wa founu, seo se dira kakaretso yotlhe-yotlhe ya ba ba nnileng gone ka Sontaga ba le 36 757!
Go ne ga abalanwa maitemogelo a le mantsi a mantle mme thulaganyo ya tlogela mongwe le mongwe ka boikemisetso jo bo oketsegileng jwa go ‘iteka ka thata’ mo go rereng “Mahoko a a Molemō a, a bogosi” mo sekhutlong sengwe le sengwe sa sekidi sa Australia. Tiro eno ke yone e e tsetseng ebile e tlhomamiseditseng molemo o o tsweletseng wa kago e ntsha ya lekala la Australia.—Luke 13:24; Mathaio 24:14.
[Setshwantso mo go tsebe 14, 15]
Leka|a le lesha la Australia lèo le neng |á kgakolwa ka Mopitlwe 19, 1983
[Setshwantso mo go tsebe 17]
MMOTLANA O TSHEGETSA TIRO YA GO RERA