LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w82 10/1 ts. 28-31
  • “Nametsañ ba ba Lapañ Pelo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Nametsañ ba ba Lapañ Pelo”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ke tlhōla ke nntse ke hutsafetse”
  • “Nametsañ”
  • “Ke ne ka ithuta kutlwelo-botlhoko”
  • Pepetletsang ba ba Bokoa
  • Ka Moo o ka Thusang Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Boikutlong go Bona Boipelo Gape
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Go Gomotsa Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong
    Go Gomotsa Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong
  • Ba Batla Go Thusa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Loleme Lo Lo Rutegileng—“Go Kamatlèla ka Puō èna Eo o Lapilen”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
w82 10/1 ts. 28-31

“Nametsañ ba ba Lapañ Pelo”

“MO TSHIMOLOGONG ka ikutlwa ke ngodiegile, mme boikutlo jono jwa nnanna. Ke ne ke sa ikutlwe go ya gope kana go dira sepe, leha e le go tlhoma mogopolo. Ka itlhoboga, ka tlhakana tlhogo, mme ka simolola go akanya gore botshelo jwa me jotlhe le motlhala o montle wa tirelo ya me go Modimo o ne o sa thuse sepe. Ka tsenwa ke tsebetsebe le poifo.” Ga itlhalosa jalo mosupi wa dingwaga di le 48 yo o sentseng dingwaga di le dintsi mo tirelong ya borongwa. “Ke ne ke ntse ke itekanetse sentle mo mmeleng le mo moyeng ka metlha, mme ka bonako ka ikutlwa gore ga nkitla ke tlhola ke ikutlwa sentle gape.”

Mokaulengwe mongwe yo o godileng le ene o bega jaana: “Ke ne ka hutsafala thata ka ntlha ya tiro ya me. Ke ne ke ya gae fa ke tswa tirong ke kgobegile marapo moo ke neng ke sa kgone go ja. Ke ne ke tle ke tloge mo tafoleng mme ke ye kwa kamoreng ke le nosi mme ke fete ke lele—ke ne ke sa kgone go emisa dikeledi. Ke ne ke galefisiwa motlhofo fela ke ba bangwe. Ke ne ka nna ka akanya ka re, ‘Ke ya go felela kae tota? Ke ka ntlhayang fa seno se ntiragalela?’ Go ne ga tswelela ka dikgwedi di le thataro.”

Batho bano ba nnile le go lapa mo go golo ga pelo. Dipego tse dingwe di bolela gore go sa ntse go na le “ba ba lapañ pelo” mo bathong ba Modimo. (1 Bathesalonia 5:14) Dipalo tsa lefatshe di supa koketsego e e gakgamatsang ya batho ba ba lapang pelo. Lefa batho ba ba amanang le Modimo gantsi ba sa amiwe thata ke maemo a a lapisang pelo, ga baa gololesega ka gope mo bokoeng jono. Mme a go tshwanetse gore batlhanka bano ba ba ikanyegang ba tlhokofale jaana?

“Ke tlhōla ke nntse ke hutsafetse”

Kgosi Dafide yo o ikanyegang wa Jerusalema o ne a welwa ke bohutsana. Ka ntlha ya diphoso dingwe kana boeleele jwa gagwe, o ne a kwala jaana: “Ke bile ke hutaganye thata; ke tlhōla ke nntse ke hutsahetse motshegare otlhe.” (Pesalema 38:6) Lebokoso le le mo tsebeng e e latelang le bontsha ka moo batlhanka bangwe ba ba ikanyegang ba ikutlwileng ka teng ka dinako dingwe, le mabaka a bone. Lefa go ntse jalo, botlhe ba ba kwadilweng mo lebokosong leo ba ne ba fenya patikego ya bone. Go ya ka pego ya Bibela, botlhe ba ne ba tswelela go direla Modimo ka boikanyegi.

Go na le mabaka a le mantsi a a dirang gore batho ba lape pelo. Yo o bogang gaa kgone go laola mangwe a ona. Patlisiso ya bosheng ya bongaka e bontshitse gore mefuta mengwe ya khutsafalo e e botlhoko e bakiwa ke go se lekalekane ga dikhemikale mo bobokong moo go ka nnang gone ka mabaka a le mmalwa a mmele.a Ka nako e e tshwanang megopolo ya rona e le yosi e ka lapisa pelo. Sekai sengwe sa Bibela se senola seno.

Epaforodito, mothusi yo o tlhoafetseng wa moaposetoloi Paulo yo o neng a golegilwe, o ne a hutsafala. Paulo o ne a busetsa motlhanka yono kwa morago go tswa Roma go ya phuthegong ya gagwe ya pele mo Filipi, mme gongwe o ne a mo neeletsa lekwalo le bolela gammogo le dilo tse dingwe gore, “[Epaforodito] a hutsahetse thata, ka ntlha ea go bo lo no lo utlwile ha a lwala.” Ke boammaaruri, o ne a lwala, mme jaanong o ne a fodile—lefa go ntse jalo a hutsafetse. O ne a hutsafaditswe ke eng? O ne a lemogile fa phuthego e “utlwile ha a lwala.” Ke ka ntlhayang fa seno se ne sa mo hutsafatsa?—Bafilipi 2:25-30.

Motlhanka yo o ineetseng yono go bonala a ne a amega thata ka maikutlo a ba bangwe. O ne a tlaletswe thata ke go tshwenyega maikutlo ga bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba ba rategang mo phuthegong ya gaabo fa ba utlwalela ka bolwetsi jwa gagwe. Go banala gore tlhobaelo ya go rata go kokobetsa megopolo ya bone—mme ebile go sa thuse sepe ka ntlha ya bokgakala jwa makgolokgolo a dimaele—ga tlisa khutsafalo. Se se tshwanang se ka diragala gompieno, tota le mo go bao, ka go tshwana le Epaforodito, ba itekang ka mo go feletseng mo tirong ya Morena. Kutlo-botlhoko e e mahehe le go amega thata ka maikutlo a ba bangwe, kana gongwe boikutlo jwa go swabisa ba bangwe, di ka tlisa khutsafalo.

Mme ba bangwe ba ka thusa ba ba hutsafetseng jang?

“Nametsañ”

Mokeresete mongwe yo o neng a tlhola a lapile pelo o ile a botsa monna wa gagwe a itshekile dikeledi a re: “Ke tla dira eng? Nka se tshelele ruri jaana!” Monna wa gagwe yo e neng e se modumedi a araba ka bogale a re: “Sa gago ke go itshoka fela!” Mosadi yono o ne a kgopisega thata moo letsatsi le le latelang a batlileng go ipolaya! Abo go le botlhokwa jang ne gore botlhe ba tlhokomele taolo ya Bibela e e reng: “Nametsañ ba ba lapañ pelo.” Ka dinako dingwe go ka felela ka tshenyo e e sa baakanyegeng fa mongwe a sa dire jalo. Mme fa gongwe motho a ka rata go nametsa yo o lapileng pelo mme a sa itse gore a reng.—1 Bathesalonia 5:14.

Mo lokwalong lwa bobedi lwa ga Paulo lo lo yang go Bakeresete ba Korintha, o bontsha gore o ne a ‘ikokobetsa,’ ka go bo o ne a na le ‘poifo mo teng.’ O ne a gomodiwa ke dikgang tse di molemo. Tito o ne a tlisa dikgang kaga go tokafala ga boemo jwa semoya jwa phuthego ya Korintha le ‘tlhoafalo’ kana kamego ya bone ka Paulo, go mo ‘tlhoafalela’ ga bone. Fa Paulo a utlwa ka go mo rata ga bone, a tlala boitumelo. (2 Bakorintha 7:5-7) Go ntse jalo le gompieno. Mosadi mongwe wa Mokeresete yo o neng a hutsafala mo go botlhoko o ne a bua jaana: “Go feta tsotlhe o tlhoka go itse gore ba bangwe ba amega ka wena jaaka motho.O tlhoka go utlwa mongwe a re, ‘Kea tlhaloganya; o tla siama ka bonako. Ke lemoga boikutlo jwa gago mme ke rata go bua le wena.’”

“Ke ne ka ithuta kutlwelo-botlhoko”

Mosadi mongwe wa Mokeresete yo o neng a le mo khutsafalong o dumetse jaana: “Thuto e le nngwe eo ke se kitlang ke e lebala ke ya go utlwela botlhoko. Pele, ke ne ke akanya gore sotlhe se o ka se dirang ke go ipha maatla fela le go iteka, jalo ka seka ka nna le pelotlhomogi mo go bangwe ba ba lwalang. Jaanong ke a itse. Fa bangwe ba ditsala tsa me ba ne ba nthaya ba re ‘wena go ntshe mo mogopolong fela’ go ne go se sepe se sengwe se ke neng ke batla go se dira, mme mo ntlheng eo ke ne ke se na go ka itshwara. Ruri dikakgelo tsa bone di ne di utlwisa botlhoko.” Batho ba ba hutsafetseng ba tlhoka gore ba bangwe ba ba bontshe “pelotlhomogi.”—1 Petere 3:8.

Lelapa le ditsala di ka thusa jang? Mmè mongwe wa dingwaga di le 40 yo o kileng a hutsafala o ne a akanya jaana: “Ga o ikutlwe maswe fela mo mmeleng le boikutlong, mme o ipona molato gape ka go bo o sa direle lelapa la gago ka mokgwa o o tlwaetseng ka teng.” Jalo a gakolola jaana: “Letla motho yo o hutsafetseng go bona gore o lemoga gore o dira bojotlhe jwa gagwe. Mo kgothaletse go tswelapele.”

Lefa mafoko a a agang a tlhokega ebile a anaanelwa, bao ba eletsang go thusa ba ka kgona go neela thuso e e oketsegileng.

Pepetletsang ba ba Bokoa

Paulo o ne a tlhotlheletsa phuthego ya Thesalonika e seng fela go ‘nametsa ba ba lapang pelo,’ mme gape go ‘pepetletsa ba ba bokoa, go nna pelotelele mo go botlhe.’ Lefoko “pepetletsañ” le kopanyeletsa ditiro, ka go bo lefoko la ntlha la Segerikab le na le mogopolo wa go itebaganya le mongwe gore o mo tshegetsa.—1 Bathesalonia 5:14.

Pego ya thuto ka batho ba ba fetang 500 e digetse ka go re: “Batho ba ka tlhoka ditsala tse di gaufi, tse ba ka ikaegang ka tsone le malapa go tlosa khutsafalo bogolo go maitlhomo a a nonofileng a pelo le mokgwa wa go nametsa. Ngaka L. Cammer, moitseanape yo o itsegeng wa boboko, o dumetse ka go re: “Go botlhokwa thata gore motho yo o hutsafetseng a se nne le mongwe gaufi le ene yo o tla mo lapisang ka mafoko, fa e se fela yo o tla nnang pelotelele.” Ee, boiteko jo bo tlhamaletseng jwa go thusa, jaaka go mo leletsa mogala kana go mo etela ka lobaka lo lo khutshwane, go ka anaanelwa thata.

Mmè mongwe wa Mokeresete o ne a bodiwa gore ke kalafi ya mofuta ofe e e mo thusitseng thata-thata. O arabile ka go re: “E kgolo thata e nnile go nna gaufi le bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba semoya. E seng jalo, nkabo ke sa fola. Mo phuthegong ya rona ya Basupi go ne go na le lorato, kamego le kutlwisiso. Go ne go tshwana le lobota lwa tshireletso.”

Legale, ka dinako dingwe go na le tlhokafalo ya go nitama mo loratong mo go thuseng motho yo o hutsafetseng, ereka a ka kgoberega maikutlo. A ka tlhoka gore o mo kgothaletse ka bonolo go tsamaya le wena, go kopanela mo mofuteng mongwe wa boitshidilo, go nwa melemo ya gagwe, kana go tswelela ka ditiro tsa gagwe tsa semoya.

Fa motho a robaditswe kwa bookelong ka ntlha ya bolwetsi bongwe jwa mmele, gantsi o fiwa dijonyana di sekae ka dinako tse di farologaneng go na le dijo tse dintsi ka nako e le nngwe. Ka mo go tshwanang go tlhokega jalo fa o thusa mongwe yo o hutsafetseng ka dijo tsa semoya. Go ka tlhokega bopelotelele jwa sebele go molekane kana tsala e e amegang go bua ka ‘dilo tse di molemo’ tsa semoya ka bokhutshwane mo dipakeng tse di farologaneng, bogolo go go leka go nna le puisano e telele ya Bibela, eo e ka imelang yo o lapileng pelo. Tota lefa yo o lwalang a sa arabele mo taolong, lorato lo a lo bontshiwang lo a dira.

Bopelotelele jo bo sa kgaotseng le kutlwisiso di a tlhokega mo go ba bangwe go fitlhela bolwetsi bo fela kana bo fodisiwa ke melemo. Ka dinako dingwe go na le maemo ao go bonalang go sena thuso epe ya melemo e e dirang. Jalo bopelotelele gammogo le lorato lwa go intsha setlhabelo di a tlhokega go thusa ba ba lwalang bano go fitlhela Jehofa a fodisa malwetsi otlhe—a kakanyo le a mmele—mo tsamaisong e ntšha e e tlang.—Tshenolo 21:3, 4.

Bagolwane mo phuthegong ba na le boikarabelo jo bo kgethegileng. Setlhogo se se reng “Loleme lo lo Rutegileng—‘Go Kgothatsa ba ba Lapileng,’” se se diranang le ntlha eno, se tla gatisiwa mo tokololong e e tlang.

a [Dintlha tse di kwa tlase]

b Bona setlhogo “Is It All in the Mind?” mo makasineng o o tsamaisanang le ono wa Awake! wa September 8, 1981.

Antekhesthe—“nnang lo itshegeditse.”

[Lebokoso mo go tsebe 30]

KA MOO BA IKUTLWILENG KA GONE MABAKA

JOBE ‘Modimo o ntatlhile,’ ‘Ke tennwe ke botshelo jwa Bolwetsi le botlhoka-lesego

me.’—Yobe 29:2, 4, 5; 10:1. ga gagwe. Go ne go bonala

ekete Modimo o mo latlhile.

JAKOBE A gana go gomodiwa. ‘A lela.’ ‘Ke batla go A hutsafadiwa ke go gopola

fologela mo lebitleng.’—Genesise 37:35. gore morwawe o sule

HANA ‘O ne a lela a bo a seka a ja.’ ‘A le mo O ne a tlhokofaditswe ke go

bogalakeng jwa moya, a lela mo go botlhoko.’ tlhoka ngwana

—1 Samuele 1:7, 10.

YONA “Go molemō mo go nna go shwa bogolo go go Kgalefo e e tswaletsweng mo

tshela.” A le mo “pitlaganoñ”—Yona 4:6, 8. pelong

DAFIDE “Ke tlhōla ke nntse ke hutsahetse motshegare A ipona molato ka ntlha ya

otlhe.” “Kea idibala.” “Thata ea me ea phoso e e masisi

mphèlèla.”—Pesalema 38:6, 8, 10.

NEHEMIA “Ka lela, ka hutsahala ka malatsi mañwe,” a na A tshwenyegile ka boemo jwa

le “bohutsana yoa pelo.”—Nehemia 1:4; 2:2. batho bangwe ba Modimo

PAULO O ne a na le ‘poifo mo teng’ mme a ‘ikokobetsa.’ Kganetso le go tlhoka

—2 Bakorintha 7:5, 6. boikhutso

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela