Tlotla Lenyalo la Bomodimo!
PONO ya ga Jehofa ka lenyalo la motho e tlhalosiwa sentle mo dikwalong di le mmalwa, Jaaka e e reng, “A motho a se kgaoganye tse Modimo o di kopantseñ,” le “[Jehofa o] ila tlhalō.” (Mareko 10:9; Malaki 2:16) Mo letlhakoreng je lengwe, mmaba yo mogolo, Satane Diabolo, o ganetsa sengwe le sengwe se se phepa le se se siameng. Mo “metlheñ [eno] ea bohèlō,” fa “batho ba ba boshula . . . ba tla nna ba shulahalèla pele,” Satane o leka go latlhela kgobo mo dithulaganyong tse di lorato tsa ga Jehofa, go akareletsa le setheo sa lenyalo. (2 Timotheo 3:1-5, 13; Tshenolō 12:9, 12) Ponong ya metlha e, Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse ba ikemisetsa ka metlha yotlhe gore ka boikanyegi ba tshwarelele le go boloka thulaganyo ya lenyalo ya Modimo e itshekile.—Genesise 2:24; Diane 27:11; Bahebera 13:4.
Mathata mo Lenyalong
Go bua boammaaruri, fa fela batho ba sa nntse ba sa itekanela, mathata a tla tlhaga mo lenyalong. (1 Bakorintha 7:28-34) Lefa go ntse jalo, koo balekane boo-babedi ba leng badumedi, go na le motheo o o molemo wa gore sebofo sa lenyalo se nonofe ka go bo Jehofa o a gopolwa. Lenyalo la Mokeresete le nna jaaka “mogala o o dikala ditharo [o o ka sekeng wa| kgaoga ka bonako.” (Moreri 4:12) Fa go na le go sa tshwanelelane gongwe, kana bothata bofe fela, balekane ba Bakeresete ba ka bo isa ka thapelo go Jehofa, ba tlhomamisega gore o tla ba thusa. Gantsi, tharabololo e ka bonwa ka go buisana kgang ka thetibalo mo leseding la dikwalo tse di jaaka 1 Bakorintha 13:4-8, Baefesia 5:21-33 le Bakolosa 3:12-14, 18, 19. Ka gone, fa kgakololo ya Bibela go ‘nyala fela mo Moreneng’ e ile ya latelwa, go tla nna le motheo oo molemo wa go rarabolola mathata mo leseding la Dikwalo.—1 Bakorintha 7:39.
Fa e le gore kgang ga e rarabololwe ka mo go kgotsofatsang kwa bothokong, banyalani ba ka eletsa go bona kgakololo ya mogolwane mongwe mo phuthegong ya Bokeresete. Fa ba na le pono ya ga Jehofa, ba tla kgona go boloka lenyalo le sa gobala ebile gape ba tshwanetse go tlhagolela bongwefela le lorato lo Modimo kwa tshimologong a neng a di tlholetse balekane ba lenyalo.—Genesise 2:24; Diane 31:10-12, 28, 30; Mathaio 19:4-6.
Le Molekane yo o sa Dumeleng
Boemo bo ka farologana fa motho a nna modumedi mme le molekane a palelwa ke go arabela molaetseng wa Bogosi. Lefa go le jalo, go ka nna le lenyalo le le molemo thata, ka monna le mosadi ba bontshana lorato. Mme jaaka moaposetoloi Petere a boletse, “mokgwa o montlè oa [mosadi wa Mokeresete] le bori go pataganye le poihō” e ka nna ya re nako e ya tsa gapa monna yo o sa dumeleng. Ka mo go tshwanang, monna yo o bosha le go sokologa fa nako e ntse e tsamaya o ka gapa mosadi wa gagwe. (1 Petere 3:1-7) Koo go nang le mathata a a kwa teng, modumedi o ka tlhoka go dirisanya le ano ka botlhale le ka boitshoko jo bo pelotelele, a bontsha ka metlha “louñō loa Mōea.”—Bagalatia 5:22, 23.
Mo mabakeng mangwe go ka nna le go tikana ka mafoko le go gobololwa mo mmeleng, dipopo le dititeo. A mme seno se raya gore molekane wa Mokeresete wa lenyalo ke a tlogele yo o sa dumeleng? Moaposetoloi Paulo o gakolola ka gore: “A mosadi a se tlogele monna oa gagwè. Me ha a mo tlogèla, a a nnè hèla a sa nyalwe; me ha go sa nna yalo, a letlanè le monna oa gagwè; gapè a monna a se tlogele mosadi oa gagwè.” Jaaka Paulo a bontsha, go boloka lenyalo e tla nna molemong wa bomoya jwa bana bape. Ka tsela e e dirang gape, e ka nna molemong wa dilo tsa botshelo mo motsading le baneng. Gape, fa e le gore go gobololwa ke mo go ka se itshokelweng, kana gore botshelo ka bobone bo mo diphatseng, molekane yo o dumelang o ka ikgethela go “tlogèla.” Mme boiteko e tshwanetse ya nna jwa go “letlan[a]” ka nako e e leng yone. (1 Bakorintha 7:10-16) Lefa go ntse jalo, ‘go tlogelwa’ ka bo gone fela ga se motheo wa Dikwalo wa tlhalo le go nyala gape; gape, tlhalo ya semolao kana kgaogano ya semolao di ka baakanyetsa ka tshireletso e e rileng ya kgobololo e e ka tswelelang.
Tlhalo ya Dikwalo
A go na le maemo mangwe ao tlase ga one Mokeresete a ka tsayang kgato nngwe mme a bone tlhalo ka kgololesego ya go ka nyala gape? Gakologelwa, Jesu o ne a gakolola jaana, “Ke gōna se se kopancweñ ke Modimo, a se se kgaogañwe ke motho.” Mme o ne a tswelela pele go bontsha gore go ka nna le motheo o o siameng wa tlhalo, ka go bo o ne a re: “Le ha e le mañ eo o tla tlhalañ mosadi oa gagwè, ha e se ka ntlha ea boaka, me a nyala eo moñwe, o diha boaka: le eo o mo nyalañ a sena go tlhalwa, o diha boaka.”—Mathaio 19:6, 9; bona gape 5:32.
A seno se raya gore fa Mokeresete a kgotshe molekane wa lenyalo kana ‘a ratana’ le motho yo mongwe, o ka dirisa boemo bongwe jo bo kopanyeletsang boaka go fetola balekane? Re maswabi go bolela gore, mo mabakeng mangwe koo banyalani boo-babedi ba iphakang go nna badumedi, maano a go dira boaka (gantsi kgokahalo) a ne a dirisiwa ka tsela ya boferefere le ya ka bomo go roba ditlamo tsa Dikwalo tsa lenyalo. A ba ba ntseng jalo ba ka nna boeleele mo go kalo ka go akanya gore Jehofa ga a itse “megopolō le maikaèlèlō a pelo”? (Bahebera 4:12, 13) Ba ba ntseng jalo go lebega ba nnile le kgopolo ya gore ba ka dira boaka ka bomo, ba kgaolwa mo lobakeng lwa ngwaga kana go feta, mme he ka molekane yo mosha wa lenyalo ba bo ba “ikwatlhaya” le go busediwa mo phuthegong.
Lefa go ntse jalo, mo kgannyeng e e ntseng jalo, nako e e lekaneng e tshwanetse go feta pele ga bagolwane ba ka akanyetsa le eleng kopo epe fela ya pusetso. Bagolwane ba ba tlhaga ga ba ke ba potlaka. Ba tlhoka go bona bosupi jo bo phepafetseng jwa maungo a a tshwanelang boikwatlhao. Le eleng fa moleofi yo o ntseng jalo ka nako e e leng yone a ne a ka busediwa, go tla tsaya dingwaga tse dintsi, fa e le gore go ka nna jalo, pele bagolwane ba ka mo hakela ditshiamelo tse di kgethegileng mo phuthegong, mme mo tiragalong nngwe le nngwe eseng pele ga go nyalwa [kana go nyala] gape kana loso lwa molekane yo o senang molato. (1 Timotheo 3:2, 12) Re ka bona bomasisi jwa mofuta ono wa kgokahalo e e rulaganyeditsweng mo pele ga ga Jehofa Modimo ka go gopola gore tlase ga Molao wa gagwe o o siameng mo Iseraeleng wa bogologolo bagokahadi ba ne ba ka kgobotlediwa ka maje go ya losong. (Duteronome 22:22) Mme gompieno, go sa kgathalege gore diphuthego di ka feleletsa ka goreng, Jehofa ke Moatlhodi wa bofelo. “Modimo o tla sekisa bagokahadi le baboaka.”—Bahebera 13:4.a
Go Boloka Lenyalo
Gore go sirelediwe batho ba Modimo, le ka tsholofelo ya gore bape ba ba nang le bothata ka boitsholo ba tla lebelela go phuthego ya Bokeresete go bona kaelo mo go tlotleng thulaganyo ya lenyalo ya ga Jehofa, dintlha dingwe tsa lenyalo ka boaka di tla tlotliwa fano ka phuthologo. Seno se dirwa tumalanong le Dikwalo, tseo di tlhamaletseng le go bua phatlalatsa le eleng fa di bua ka dikgang tse di ntseng jalo tse di kwa teng le tsa sephiri.—Bapisa Lefitiko 20:10-23; Duteronome 31:12; Mathaio 5:27, 28; Baroma 1:26, 27; Yude 7.
Go na le go batla seipato sa tlhalo, batho ba ba nyalaneng ba tshwanetse ba batla ditsela tsa go bofaganya lenyalo le le mmogo. Fa molekane wa lenyalo a dira boitsholo jo bo sa siamang mme a ikwatlhaya, molekane yo o senang molato o ka nna a ikgethela go mo itshwarela, ka pono ya go tshegetsa thulaganyo e e laotsweng ke Modimo ya lenyalo. Ka gone he, kutlwelo botlhoko e ka bontshiwa, e le ketsong ya nngwe ya dinonofo tse di gaisang bogolo tsa ga Jehofa.—Ekesodo 34:6; bapisa Nehemia 9:17.
Lefa go ntse jalo, go tweng fa e le gore molekane ga a ikwatlhae, a kgaolwa mme ebile a tswelela mo tseleng e e supegang ya boitsholo jo bo sa siamang e e maswe? Kana gotweng fa e le gore botsogo jwa mmele le jwa bomoya jwa molekane yo o senang molato di mo diphatseng? Le fa a sa tlhokomologe kgakololo ya Dikwalo ya go boloka lenyalo fa go kgonega, mafoko a ga Jesu a a tsopotsweng fa godimo mo go Mathaio 19:9 a supa gore go na le lebaka la tlhalo—lebaka le le nosi fela la tlhalo kafa Dikwalong—boaka.
Go Tlhalosa “Boaka”
Re tlhaloganya eng fano ka lefoko “Boaka”? Lefoko la Segerika fano ke porneia. Fa e ne e tlotla kgang, The Watchtower ya December 15, 1972, ditsebe 766-768, e ne ya bontsha gore porneia “e tswa mo kutung ya lefoko e e rayang ‘go ithekisa.’” Ke ka gone e nyalanang le kakahalo, jaaka e ne e dirwa mo ditempeleng tse dintsi tsa boheitane mo lekgolong la ntlha la dingwaga le mo ‘matlong a a itsegeng ka boaka’ gompieno.
Go boammaaruri, porneia ka dinako tse dingwe e dirisiwa ka tsela e e lekanyeditsweng, jaaka fa e lebisitse go go tlhakanela dikobo ga batho ba ba sa nyalanang. Tiriso e e ntseng jalo e e lekanyeditsweng ke 1 Bakorintha 6:9, koo “baakahadi” ba umakiwang ba farologane mme e le tlaleletsong ya bao ba kopanelang mo boatleng jo bongwe jwa kafa dikobong jo bo tshwanang le kgokahalo le bosodoma. Mme pele fela ga seno, mo go 1 Bakorintha 5:9-11, Paulo o ne a dirisa lefoko le le tshwanang fa a ne a gakolola Bakeresete go sa kopane le “baakahadi.” A go a utlwala go akanya gore fano o ne a lebisitse fela mo bathong ba ba sa nyalanang ba boitsholo jo bo sa siamang? Seo se ka se nne jalo, ka go bo kgaolo 6 e tlhatlhamisa mekgwa e e farologaneng ya ditlwaelo tsa kafa dikobong e e botlhaswa e e tshwanetsweng go bihelwa, go akareletsa le kgokahalo le bosodoma. Ka mo go tshwanang, Yude 7 le Tshenolō 21:8, tseo di bontshang gore Modimo o atlhola “baakahadi” ba ba sa ikwatlhaeng jaaka ba ba tshwanelwang ke tshenyego e e sa feleng, e ka se lekanyediwe fela go batho ba ba sa nyalanang ba ba tlhakanelang dikobo. Mme taolo ya setlhopha se se laolang sa Jerusalema mo go Ditihō 15:29, “lo ithibè . . . le mo boakeñ,” e tshwanetse e tlhaloganngwe gore e na le tiriso e e atlabetseng.b
Ka jalo he, “boaka” ka tlhaloganyo e e atlabetseng, le jaaka le dirisitswe mo go Mathaio 5:32 le 19:9, ka phepafalo le supela go go tlhakanela dikobo mo go farologaneng mo go seng kafa molaong kana go tlhakanela dikobo mo go botlhaswa ga ka kwantle go lenyalo. Porneia e kopanyeletsa tiriso ya matlhabisa ditlhong ya boitsholo jo bo sa siamang ya mapele bobotlana a motho a le mongwe (ekane ka tsela ya tlholego kana ka tsela e e sokameng); gape, go tshwanetse ga nna le sengwe sa bobedi se se kopanyelediwang mo boitsholong jo bo sa siamang—motho wa bong jo bo sa tshwaneng, kana sebatana.c Ka gone, boikgobololo (mo go seng botlhale ebile jaaka fa go ntse go le diphatsa semoeng) ga se porneia. Mme le gompieno, lereo porneia le kopanyeletsa mefuta e e farologaneng ya tiro ya kafa dikobong eo e ka diragalang mo ntlong ya kakahalo, koo go rekwang le go rekisiwa menate ya morobalo. Motho yo o yang kwa monneng kana mosading wa seaka go reka menate epe e e farologaneng ya morobalo o tla bo a le molato wa porneia.—Bapisa 1 Bakorintha 6:18.
Bakeresete ba ba Nyetseng
Go tweng ka tlhakanelo-dikobo magareng a banyalani mo sebofong sa lenyalo? Ga se ga bagolwane go itshunya nko mo matshelong a sephiri a Bakeresete ba ba nyetseng. Lefa go ntse jalo, Bibela ruri e tsena mo matshelong a bone. Bao ba tla bong ba “[sepela] ka Mōea” ga ba a tshwanela go tlhokomologa ditshupo tsa Dikwalo ka go akanya ga Modimo. Mme ba tla bo ba dira sentle go tlhagolela letlhoo la sengwe le sengwe se se seng phepa mo pele ga ga Jehofa, go akareletsa le ditlwaelo tsa kafa dikobong tseo ka phepafalo di sokameng. Banyalani ba tshwanetse ba itshwara ka tsela e e tla ba tlogelang ba na le segakolodi se se phepa, jaaka ba neela tlhokomelo e e sa kgoreletsegeng ya go godisa “louñō loa Mōea.”—Bagalatia 5:16, 22, 23; Baefesia 5:3-5.
Go tweng he le fa go le jalo, fa molekane yo mongwe a batla kana le eleng go gwalalela go abalana le molekane wa gagwe mo tlwaelong ya kafa dikobong e ka phepafalo e sokameng? Mabaka a a fa godimo a a ntshitsweng a bontsha gore porneia e kopanyeletsa boitshwaro jwa kafa dikobong jo e seng jwa kafa molaong ka kwantle ga thulaganyo ya lenyalo. Ka gone, go robelela ga molekane mo ditirong tse di sokameng, jaaka thokotso-mapele kana go tsenya mo sebonong, mo teng ga lenyalo ga go ne go tlhomela motheo wa Dikwalo wa tlhalo e e ka gololang molekane yo mongwe go nyala (nyalwa) gape.d Le eleng fa molekane yo o dumelang a hutsafaditswe ke boemo, lefa go le jalo boiteko jwa yo o ntseng jalo go tshwarelela melao-metheong ya Dikwalo bo tla felela ka lesego la ga Jehofa. Mo mabakeng a a ntseng jalo go ka thusa banyalani go buisana ka bothata ka tsela e e tlhamaletseng, ba gakologetswe segolo bogolo gore go tlhakanela dikobo go tshwanetse ga tlotlega, go nne phepa, tshupo ya lorato lo lo pelonolo. Seno ele ruri se tshwanetse sa kgophela kwantle sengwe le sengwe se se ka hutsafatsang kana sa gobatsa molekane yo mongwe.—Baefesia 5:28-30; 1 Petere 3:1, 7.
Jaaka go setse go tlhalositswe, ga se ga bagolwane go “kata” dikgang tsa sephiri tsa lenyalo tsa banyalani mo phuthegong. Lefa go ntse jalo, fa go ka itsege gore leloko lengwe la phuthego le dira kana mo pontsheng le etleetsa go tlhakanela dikobo mo go sokameng mo sebofong sa lenyalo, yo o nntseng jalo ruri o tla bo a le mokgobo, mme ka gone a ka se amogelege mo ditshiamelong tse di kgethegileng, jaaka go direla jaaka mogolwane, motlhanka wa bodihedi kana mmulatsela. Tlwaelo e e ntseng jalo le ketleetso di ka gogela le eleng mo go lelekiweng mo phuthegong. Ka ntlha yang?
Bagalatia 5:19-21 e tlhatlhamaisa mekgwa e le mentsi e e boatla e e sa tseweng jaaka porneia, mme e ka gogela mongwe mo go sa tshwaneleng go tsena mo Bogosing jwa Modimo. Gareng ga tsone ke “bomashwè” (Segerika, akatharsia, le le bontshang makgamatha, bofafalele, bohawa) le “bopèpè” (Segerika, aselgeia, le le bontshang bohoahoega, go swa-pelo, boitshwaro jwa matlhabisa-ditlhong). Fela jaaka porneia, boatla jono, fa bo befa, bo ka nna lebaka la go kgaolwa mo phuthegong ya Bokeresete, mme eseng go bona tlhalo ya Dikwalo. Motho yo ka boikgantsho a etleetsang ditiro tsa kafa dikobong tse di tlhabisang ditlhong le go ferosa sebete o tla bo a le molato wa bopepe. Tota, motho yo o nang le boikutlo jo bo ntseng jalo o ka nwela le eleng mo go direng porneia; ka jalo he go tla nna le motheo wa Dikwalo wa tlhalo.e Abo Bakeresete botlhe ba ba ineetseng ba tshwanetse go tila le go tlhabantsha “ditihō tsa nama” tsotlhe tse di ntseng jalo!—Bagalatia 5:24, 25.
Batho botlhe ba ga Jehofa, ekane ba nyetse (nyetswe) kana ba sa nyala (nyalwa), ba tshwanetse go bihela mofuta mongwe le mongwe wa boitsholo jo bo sa siamang. Ba tshwanetse ba tshegetsa ka boikanyegi dithulaganyo tsotlhe tsa ga Jehofa, go akareletsa le setheo sa lenyalo. (Pesalema 18:21-25) Bao ba nyalaneng ba tshwanetse, jaaka “nama e le nwe hèla,” ba gakalele go tlotla Jehofa, ba tlhagolela lorato lwa boammaaruri le tlotlo mo lenyalong la bone. (Genesise 2:23, 24; Baefesia 5:33; Bakolosa 3:18, 19) Ka tsela e, fela jaaka ka ditsela tse dingwe ba ka bontsha gore “ga se ba lehatshe”—lefatshe leo Satane a le gogetseng mo nthagarageng ya boitsholo jo bo sa siamang le go bola ebile le le gaufi le ‘go fetela kong le dithato tsa lone.’ Re gakologelwa gore “eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ,” botlhe ba tshwanetse go gakalela go dira “go rata” ga Modimo tumalanong le thulaganyo ya ga Gagwe e e tlhokegang thata ya lenyalo.—Yohane 17:16; 1 Yohane 2:17.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona The Watchtower ya November 15, 1979, ditsebe 31 le 32; gape, September 15, 1980, tsebe 31.
b Go a tlhokomelesega gore Webster’s New Collegiate Dictionary e neela tlhaloso ya yone ya ntlha ka “boaka”: “Go robalana ga batho e seng fe- la magareng ga monna le mosadi wa gagwe.” Mme fa e tlhalosa “morobalo” (borata-dikobo, go tsenya mo sebonong, thokotso-mapele) e bolela gore seno se tla kopanyeletsa “bobotlana mapele a motho a le mongwe.” Ka jalo lefoko la Sekgoa “fornication” (ka Setswana: boaka) ke thanolelo e e tshwanetseng ya lefoko la Segerika porneia.
c Ka sekai, The New International Dictionary of New Testament Theology e re, porneia e raya “phasogo, bobelete, kakahalo, bonyatsi.” E bolela gape gore: “Tshobokanyo ya mafoko [e e kopanyeletsang porneia] e ka tlhalosa mekgwa e e farologaneng ya boitshwaro jwa go tlhakanela dikobo e seng mo lenyalong jaaka fa e le e e fapogileng mo mekgweng e e tlwaelegileng le e e amogelesegang mo loagong le bodumeding (ka sekai, bosodoma, bohephe, petelelo-bana [go gobololwa ga mapele a bana], mme bogolo kakahalo).” Ka gone porneia e tla akareletsa kgokahalo (Segerika, moikheia), mme e ka akareletsa sebaka se se atologileng sa ditlwaelo tse dingwe tsa boitsholo jo bo sa siamang ja kwa ntle ga lenyalo, jaaka thokotso-mapele kana go tsenya mo sebonong le go lala le dibatana.
Kgatiso ya 1979 ya Greek English Lexicon of the New Testament and Other Early Christian Literature (ka Bauer, Arndt le Gingrich) e e itsegeng thata e tlhalosa porneia jaaka “kakahalo, phasogo, bonyatsi, le mofuta mongwe le mongwe o o seng kafa molaong wa go robalana.”
Monna kana mosadi yo o thubediwang ka dikgoka ga a ne a nna molato wa porneia.
d Eno ke koketso le paakanyo mo kutlwisisong ya seo se bonalang mo go The Watchtower ya November 15, 1974, ditsebe 703-704, le ya February 15, 1978, ditsebe 30-32. Bao ba neng ba tsaya kgato mo motheong wa kitso e ba neng ba na le yone ka nako eo ga ba a tshwanela go nyadiwa. Lefa e le gore seno se tla ama boemo jwa motho yo mo nakong e e fetileng a neng a dumela gore boitshwaro jwa molekane wa lenyalo jwa kafa dikobong jo bo sokameng bo ne bo tshwanela porneia mme, ka jalo, a ileng a tlhala ebile jaanong a nyetse gape.
e The Watchtower ya September 15, 1973, ditsebe 574-576.
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Lenyalo le tshwanetse la bolokiwa le tlotlega le go kgaogana le boitsholo jo bo sa siamang jwa selefatshe