“ILAÑ SE SE BOSHULA”
BATHO ba Modimo ba tshela mo metlheng e e boikepo, e e tshwanang fela le ya go Noa, fa “Yehofa [a ne a] bōna ha boikèpō yoa motho bo le bogolo mo lehatshiñ, le go akanya ga megopolō ea pelo ea gagwè gotlhe, go no go le boshula ka metlha eotlhe.” (Genesise 6:5; Mathaio 24:37-39) Eno ke metlha e e boleletsweng pele mo go Tshenolō 12:12: “A bo go latlhèga lehatshe le lewatle! ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.” Diabolo o tla leka go tlhakatlhakanya sengwe le sengwe se Modiri Mogolo, Jehofa Modimo, a se rulagantseng mo lefatsheng leno. Seo se akareletsa thulaganyo ya lenyalo. Ka ntlha ya ditlhaselo tse di maswe tsa ga Satane mo boitsholong le mo lelapeng, go a tlhokafala ka dinako tse dingwe, ‘go ganelela ka thata mo tumelong,’ go tlhalosa dikgang ka puo e e tlhamaletseng, e e sa pote-poteng.—Yude 3.
Lefatshe la ga Satane le nwetse kwa teng thata mo go boleng mo go tsitsibanyang. Leno ke lefatshe le le leswe, le le boitaodi le bontsi jwa batho ba ga Jehofa ba tshwanetseng go tshela mo go lone letsatsi le letsatsi, fela jaaka Lote yo o boifang Modimo a ne a tshwanelwa ke go tlhabantshana ‘le go itlhapedisa ga baikepi bao mo bopepeng’ mo Sodoma wa bogologolo. (2 Petere 2:7) Mo metlheng eno e e tlhokofatsang, Tora Ya Tebelo e bona e le boikarabelo go tlhokomedisa maemong ao Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetseng go tshwarelela go one mo bathong ba ba boatla mo go feteletseng. Ka go dira jalo, go a tlhokafala gore re tlhokomedise ka ditiro dingwe tsa boitsholo jo bo sa siamang tseo go bangwe di fetogileng selo sa tlwaelo mo lefatsheng la segompieno. (Pesalema 92:7) Go bonala go tlhokafala gore dilo tseno go dirisanngwe le tsone puo-pha, le gore batsadi ka botlhale ba di buisane le bana ba bone. (Mo lefatsheng leno le le boikepo, go botoka thata gore batsadi ba neele kaelo e e godileng, e e lorato ka dikgang tsa dikobo, go na le gore ba leseletse bana ba bone go sela boikitsiso, mo legale e tla reng morago kana leng fela ba go dire, go tswa basheng ba ba lemaletseng dikobo ba sekolo.)
Mo go Baefeisa 5:3 re bolelelwa jaana: “Me boaka, le mashwè aotlhe, leha e le boiphètlhō, go se ka ga ba ga umakwa mo go lona, yaka go chwanetse baitshepi.” Ga re umake dilo tse di ntseng jalo ka puo e e botlhaswa, le ka mokgwa wa go tshameka wa batho ba lefatshe la ga Satane. Mme fa e le gore boitekanelo jwa semoya jwa batho ba Modimo bo bopelwa ke lefatshe le le sa reng Modimo sepe le le ba dikologileng, re ikutlwa re patelesega go “bua ka choshologō e kgolo” mo go buisaneng ka dikotsi tse di re dikologileng. (2 Bakorintha 3:12; 7:4; Baefesia 3:12) Seo ke se setlhogo se se latelang se tla se dirang.—Baroma 12:9.