LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 5/15 ts. 4-7
  • Tlhalo—Tota Bibela ya Reng ka Yone?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlhalo—Tota Bibela ya Reng ka Yone?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Go ne go sa Nna Jalo go Tswa Kwa Tshimologong’
  • “A Nyalō e Tlotlwè”
  • A Tlhalo ke Yone Karabo?
  • Tharabololo ya Bofelo
  • Tlotla “se Modimo a se Kopantseng Mmogo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2018
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Leba Lenyalo le le Boitshepo?
    Tsogang!—2004
  • Dithuto Kaga Tlhalo le Kaga go Rata Bana
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tlhalo—Thobo ya Yone E E Botlhoko
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 5/15 ts. 4-7

Tlhalo—Tota Bibela ya Reng ka Yone?

“SE SE kopancweñ ke Modimo, a se se kgaogañwe ke motho.” (Mathaio 19:6) Gantsi re utlwa mafoko a a itsegeng ao a ga Jesu Keresete a tsopolwa kwa bofelong mo go a a buiwang mo moletlong wa lenyalo.

Lefa go le jalo, a ka mafoko ao Jesu o ne a raya gore manyalo otlhe a ne a tshwanetse go nnela ruri le gore go ne go sa tshwanelwa go nna le tlhalo epe lefa ebile go rileng? Fa re tsaya mafoko ao jaaka a ntse, go ka lebega go ntse jalo. Lefa go ntse jalo, ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Jesu go bua mafoko ao? A o ne a simolola sengwe se sesha?

‘Go ne go sa Nna Jalo go Tswa Kwa Tshimologong’

Mafoko a ga Jesu a a tsopotsweng fa godimo e ne e le karolo ya karabo ya gagwe go potso ya Bafarasai e e neng e re: “A go letlelecwe monna go tlhala mosadi wa gagwè ka ntlha ya señwe le señwe?” (Mathaio 19:3-6) Ka gobo ba ne ba sa kgotsofadiwe ke karabo eo, Bafarasai ba ne ba mmotsa gape ba re: “Me e le hoñ Moshe a ba a reñ ha a laola, gore go ntshiwè lokwalō loa tlhalō, me go tlhalwè mosadi?” Mo ntlheng eo, Jesu o ne a re: “Moshe a lo leseletsa go tlhala basadi ba lona ka ntlha ea bothata yoa dipelo tsa lona: me go cwa kwa tshimologoñ ga goa nna yalo.” Go tswa foo a oketsa ka go re: “Le nna ke lo raea, ke re, Leha e le mañ eo o tla tlhalañ mosadi oa gagwè, ha e se ka ntlha ea boaka, me a nyala eo moñwe, o diha boaka.”—Mathaio 19:7-9.

Re tshwanetse go lemoga gore mafoko a ga Jesu a a reng, “go cwa kwa tshimologoñ ga goa nna yalo,” a ne a lebisitswe go tlhala ka ‘go ntsha lokwalo la tlhalo.’ Ka mafoko a mangwe, fa Modimo o ne o simolola lenyalo la ntlha gareng ga Adame le Efa, o ne a seka a ba letlelela gore ba ka khutlisa lenyalo la bone “ka ntlha ea señwe le señwe.” Jaaka banyalani ba ba neng ba itekanetse, ba ne ba na le mabaka a le mantsi a go atlegisa lenyalo la bone. Le ne le tla atlega fa ba ne ba ile ba tswelela ba tshela tumalanong le molao wa Modimo le kaelo.

Fa setho se ne se tsenwa ke boleo le bosaitekanelang, lenyalo le lone le ne la diragalelwa ke se se tshwanang. (Baroma 5:12) Ereka batho ba ne ba sa tlhole ba itekanetse, dikamano tsa batho di ne tsa sulafadiwa le go kgotlelwa ke bogagapa, bopelotshetlha, le go ithata. Ke tsone dilo tseo Jesu a neng a lebisa go tsone jaaka “bothata yoa dipelo tsa lona,” joo ka baka la jone Molao wa ga Moshe o neng wa letlelela tlhalo. Lefa go le jalo, Jesu o ne a gakolola Bafarasai a re: “Go cwa kwa tshimologoñ ga goa nna yalo.” Jaanong, mo maemong ano a go sa itekanela, banyalani ba tshwanetse go dira boiteko jo bo nonofileng jwa go rarabolola makete ape fela le mathata go na le go di dirisa jaaka mabaka kana diipato tsa go senya lenyalo la bone. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a lemotsha gore go ne go na le pharologanyo e le nngwe fela, eleng fa go dirilwe, kgokafalo. Go sa ikanyegeng mo lenyalong e ka nna lebaka le le ka khutlisang lenyalo.

Go a kgatlhisa go lemoga kafa go tlhalositsweng ka ditsela tse di farologaneng tshetla e e reng “ha e se ka ntlha ea boaka” go tshegetsa dipono dingwe kaga tlhalo. Bakwadi ba Katoliki ka kakaretso ga ba dumalane le tshetla eno ka lebaka la gore ga e yo mo dipolelong tse di tshwanang tsa Mareko le Luke. Lefa go ntse jalo, Cyclopedia ya McClintock and Strong e tlhalosa jaana: “Go dumalana ka botlalo ga ditshetla tseno go tshwanetse ga lemogiwa mo molao-motheong wa gore seo se kwadilweng mo lokwalong lo lo kwadilweng ka botlalo se tshwanetse sa tlhalosa lo lo kwadilweng ka boripana, fa e le gore seno se ka dirwa kwantle ga go se pateletse. Jaanong, ereka jaana go tlhala ka ntlha ya lebaka le lengwe fela leo go ne go amogelwa ke batho botlhe, Mareko le Luke ka tshwanelo ba ka tswa ba ne ba tsaya gore seno se ka se senye sepe lefa ba sa se tlhalose.”

Bangwe ba ganetsa ka gore ereka Jesu a ile a dirisa lefoko “kgokahalo,” (NW) (Segerika, por·neiʹa) mme eseng “boaka” (Segerika, moi·kheiʹa), o tshwanetse a bo a ne a raya sengwe se se sa tshwanelang se se dirilweng pele ga lenyalo seo se neng se ka thuba lenyalo. Seno se fokotsa nonofo ya se se kaiwang ke lefoko leno ka mo go sa tlhokafaleng. Bakwadi ba ba farologaneng ba dumela gore por·neiʹa e raya “go sa itsheka, boakafadi, bopepe, kgokahalo,” le gore mo go Mathaio 19:9 “e emela, ebile e akareletsa, boaka.” Ba bangwe ba ganetsa ka gore Jesu o ne a umaka kgokahalo fela jaaka sekai gareng ga mabaka a mantsi a go tlhala. Ka phepafalo, seno ke go susumetsa mogopolo o sele mo temaneng eno.

Go ya ka se se fa godimo, go phepafetse gore Bibela ga e re manyalo otlhe a tshwanetse go nna a goyagoile le gore ga go letlelelwe tlhalo epe ka lebaka lepe gotlhelele. Mo letlhakoreng je lengwe, Bibela e neela motheo o le mongwe fela o o amogelesegang wa tlhalo, eleng “ka ntlha ya boaka.”

“A Nyalō e Tlotlwè”

A fa Bibela e ntsha mabaka a a dirang gore tlhalo e tshwanele, a e a e kgothaletsa? A tetlelelo eno e nyenyefatsa lenyalo kana e a le tlontlolola? A fa Bibela e ntsha lebaka le le lengwe fela la tlhalo, e rwesa bao ba nyalanang morwalo kwantle ga go ba akanyetsa?

Se se fapaaneng le seo gotlhelele, Bibela e bua ka lenyalo jaaka nngwe ya dibofo tse di kitlaneng le tse di atamalaneng thata tseo batho ba babedi ba di ipelelang. “Monna o tla [tlogela] rragwè le mmagwè, me o tla ñaparèla mosadi oa gagwè: me ba tla nna nama e le ñwe hèla,” go bolela jalo polelo ya Genesise kaga lenyalo la ntlha. (Genesise 2:24) Mme banyalani ba tshwanetse go tlhokomela kamano eno ya “nama e le ñwe hèla” jaaka sengwe se se tlhokegang thata. “A nyalō e tlotlwè mo go botlhe, me a bolaō bo se leshwèhadiwe,” go gakolola jalo Bibela.—Bahebera 13:4.

Go boletswe gangwe le gape, ka ditsela tse di farologaneng, gore motheo wa lenyalo le le tla nnelang ruri le le le itumedisang ga se lorato lwa dikobo mme ke go sa nneng bogagapa. Seo ke sone se Bibela e se lemotshang. Ya re: “Banna le bōnè ba chwanetse go rata basadi ba bōnè hèla yalo, yaka e ka bo e le mebele ea bōnè. Eo o ratañ mosadi oa gagwè oa ithata: Gonne ga go e se go ko go nne motho opè eo o kileñ a ila nama ea gagwè, me oa e otla, a e ñomaele, hèla yaka Keresete le èna o dihèla phuthègo; . . . le mosadi a ipōnè, gore a boihè monna oa gagwè.” (Baefesia 5:28-33) Mme kwantle ga go loba, Bibela e gakolola jaana: “A monna a neèlè mosadi chwanèlō ea gagwè; mosadi le èna a a dihèlè monna yalo. Mosadi ga a na taolō mo mmediñ oa gagwè, ha e se monna hèla: go nntse yalo monna ga a na taolō mo mmediñ oa gagwè, ha e se mosadi hèla. Lo se ka loa ikgogonèlana.”—1 Bakorintha 7:3-5.

Fa banyalani boobabedi ba ikeetleleditse go tshela tumalanong le kgakololo eno e e botlhale, go kgakala gore lenyalo la bona le ka senyega go ya ntlheng ya gore mongwe wa bona a retologele kwa go rataneng le motho o sele, ka gone, ka go dira jalo, a senya kamano ya “nama e le ñwe hèla.” Le eleng fa mongwe wa banyalani a sa amogele melao-metheo eno ya Bibela, molekane yo o dumelang o tshepa gore tsela ya Modimo e santse e le e e molemo bogolo, le gore mathata a mantsi a lenyalo a ka rarabololwa kana a tilwa ka tsela eo.

He, go na le go akantshisa tlhalo jaaka tsela ya go fedisa lenyalo le le sa itumediseng, Bibela e kgothaletsa Bakeresete go dira ka natla go kitlanya lenyalo la bone le go le dira le le itumedisang. “Itumèlè mo mosadiñ oa bokau yoa gago,” go rialo seane sa Bibela. “Me u nnè u tlhapèlwè ke loratō loa gagwè ka metlha eotlhe.”—Diane 5:18, 19.

A Tlhalo ke Yone Karabo?

Go tweng fa molekane wa motho wa lenyalo a ka se ikanyege? Ka boammaaruri, go sa ikanyegeng mo lenyalong go dira mathata a a masisi. Molekane yo o akafetseng o a bo a lereditse yo o senang molato, yo o nang le tshwanelo ya Dikwalo ya go tlhala molekane yo o molato a bo a nyala gape, botlhoko le pogo. A mme o tshwanetse go tlhala? A ke yone tsela fela e nngwe?

Re tshwanetse go gakologelwa gore lemororo Jehofa Modimo a file lebaka le le siameng la go tlhala, Bibela gape e bua jaana ka ene: ‘O ila tlhalo.’ (Malaki 2:16) Go na le go fetsa ka bofefo fela gore go tlhala ke yone fela tharabololo, motho a ka nna a akanyetsa gore go ka nna jang fa a ka nna kutlwelobotlhoko a bo a itshwarela. Ka ntlhayang?

Ga go reye gore tlhalo e tla fedisa kutlobotlhoko le kgalefo, mme kutlwelobotlhoko le boitshwarelo di tla dira jalo, segolo-bogolo fa modira-molao a ikotlhaela phoso eo ka boammaaruri. Lorato lo lo bontshiwang mo nakong eno e e tlhokofatsang le ka nonotsha lenyalo tota. Go leba kgang eno ka tsela eno go tla thusa molekane yo o senang molato go akanyetsa seo e ka nnang tsela e e botoka go e tsaya, a gakologelwa mafoko a ga Jesu a a reng: “Go segō ba ba kutlwèlō botlhoko: gonne ba tla utlwèlwa botlhoko.”—Mathaio 5:7; bapisa Hosea 3:1-5.

Seo gape se se tshwanetseng go akanyediwa ka tlhoafalo ke mathata ao a ka nnang teng malebana le bana mo lelapeng la motsadi yo mongwe fela. Bodutu jwa motho yo o tlhadilweng le jone, bo tshwanetse jwa akanyediwa. Mo mosading, mathata a okediwa ke lebaka la go bo mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe gompieno, basadi ba santse ba sa nolofalelwe ke dilo mo go tsa itsholelo. Morago ga a sena go nna mmalelapa ka dingwaga di le mmalwa, motsadi yo mongwe fela o ketefalelwa ke go boela gape kwa tirong le go lepalepana le ba bangwe.

Basadi bangwe ba akanya gore go ka nna botoka gore e re fa ba santse ba nyetswe ba nne ba ipaakanyeditse seemo sa fa ba tlhadilwe. Ba ka nna ba ikwadisa mo dikolong tse di kgethegileng kana ba dira ditiro tse ba di rutetsweng e le gore ba tle ba nne ba se morwalo wa ga ope mo go tsa madi. Gore a motho o tshwanetse go tsaya tsela eno kana nnyaa ke seo a tshwanetseng go dira phetso mo go sone ka boene. Lefa go ntse jalo, go na le go senya nako le maatla o ipaakanyetsa seo se ka nnang sa diragala, a e tla bo e se botlhale go dirisa nako le maatla mo go ipaakanyetseng lenyalo je le itumedisang le le tla tsayang nako e telele? Fa mosadi wa Mokeresete a dira ka natla mo go nneng le maungo a moya wa Modimo ebile a boloka pono e ntle ya semoya, go solofetsa gore o tla ipelela lorato le go bakiwa ke monna wa gagwe. Gape o ka tshepa tsholofetso ya Modimo ya gore o tlhokomela ditlhokafalo tsa bao ba batlang Bogosi pele.—Mathaio 6:33; Diane 31:28-30; Bagalatia 5:22, 23.

Tharabololo ya Bofelo

Fa fela re santse re tshela mo tsamaisong e e sa itekanelang eno ya dilo re ka lebelela gore go tla nna le mathata mo lenyalong. Lefa go ntse jalo, ka go latela kgakololo e e botlhale ya Bibela ano a ka fokodiwa kana ga dirisanngwa le one ka mo go nang le matswela. Mo godimo ga seo, banna le basadi bao ba iketleeleditseng go tshela ka ditekanyetso tsa ga Jehofa mo lenyalong le mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo ba segofadiwa ka tebelelo ya go tsena mo tsamaisong e ntšha eo “go tla agañ tshiamō” mo go yone.—2 Petere 3:13.

Mo tsamaisong eo, setho se tla gololesega mo dilong tse di senyang le mo diphelelong tsotlhe tse di hutsafatsang tsa sebe le go sa itekanela. Fa fela thulaganyo ya lenyalo e santse e le teng mono lefatsheng, ditekanyetso e tla nna ‘kafa go neng go ntse ka teng kwa tshimologong.’ Eleruri, seo se kopantsweng ke Modimo, se tla bo se sa kake sa kgaoganngwa ke motho.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Jesu o ne a reng ka ga tlhalo?

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Mo lefatsheng je lesha, go tla bo go sena mathata a lenyalo ao a ka gogelang kwa tlhalong

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela