Boikobo—Mokgabo o Montle wa Bannye le Bagolo
BOIKOBO ke nonofo e e fenyang. E ka dira mong wa yone motho yo o rategang. Mme ke mang yo o sa anaaneleng go ratwa ke ba bangwe? Ka lebaka le le molemo he, go ka bolelwa gore boikobo ke mokgabo o montle wa bannye le bagolo.
Lefa go ntse Jalo, go lebega gore basha bogolo jang ba na le bothata jwa go tlhagolela tekatekano e e tshwanetseng mabapi le boikobo. Mo letlhakoreng le lengwe, go na le batho ba bannye bao ba lebegang ba ikgobaladitse mo go feteletseng. Ba boboi go ka amogela boikarabelo, ka kutlo-botlhoko ba itse gore ba na le kitso e e lekanyeditsweng le tlhaelo ya boitemogelo. Mo letlhakoreng le lengwe, bontsi jwa basha ba mahega, go bonala ba sa itse ditekanyetso tsa bone ka ntlha ya tlhaelo ya boitemogelo. Bibela e neela dikao tsa mefuta e ka bobedi ya batho ba babotlana.
Dikao tse di Fapaaneng
Gore tlhaelo ya boikobo e ka nna le matswela a a maswe go ile ga bonala mo ntlheng ya morwa Kgosi Solomone Rehoboame. O ne a sale lekawana fa a ne a tlhatlhama rraagwe mo setulong sa bogosi sa bogosi jwa Iseraele jwa ditso tse 12. Fa batho ba ne ba ikuela go Rehoboame go fokotsa mekgweleo ya bone, o ne a tsaya tsela efe? Lefa bagakolodi ba banna bagolo ba ne ba mo kgothaletsa go bontsha pelotlhomogi, o ne a gana kgakololo ya bone e botlhale. Mo boemong jwa moo, Rehoboame o ne a amogela kgakololo ya balekane ba gagwe, bao ba neng ba mo gakolola gore a dirisane ka bopeloethata le batho. Ka jalo o ne a ba raya a re: “Rrè o na a ketehatsa yokwe ea lona, me nna ke tla oketsa yokwe ea lona: rrè o na a lo simega ka dime, mme nna ke tla lo simega ka diphepheñ.” Fa Rehoboame a ka ne a ne a le lekawana le le boikobo, o ka bo a ile a reetsa kgakololo ya bagakolodi ba banna bagolo mme a fokotsa mekgweleo ya batho. Go palelwa ke go dira jalo, o ne a latlhegelwa ke ditso tse 10 mo go tse 12.—1 Dikgosi 12:3-24.
Yo o neng a fapaana le Rehoboame gotlhelele e ne e le Elihu. O ne a tlhomela makawana otlhe sekao se se molemo gompieno, a sa ikgogona mo go feteletseng le fa e le go nna mahega thata. Re ka re le fa Elihu a ne a tshotse dikarabo tsotlhe, ka malatsi o ne a nna a reetsa Jobe ka bopelotelele le ba go neng go ithewa gotwe ke bagomotsi ba gagwe ba ba boitimokanyo. E ne e le fela fa ‘mafoko a ga Jobe a setse a fedile’ fa Elihu, ka boikobo jo bo tshwanetseng, a neng a bua. O ne a re, “Nna ke lekau, me lona lo bagologolo; ke gōna ka mouō ka ikeha, me ka boiha go lo bontsha mogopolō oa me.”—Jobe 31:40; 32:4-7.
Abo mafoko a ga Elihu a nnile le tlhagafalo le maatla jang ne ka go bo a ne a letela go fitlhelela banna bagolo bao ba bua! Go bonala Elihu a ne a na le sekopololo sa bothata, lemororo ba ne ba dira gore go bonale ekete ba ne ba sa tlhaloganye go re go ne go kopanyelediwa eng. Mme go ne go kopanyelediwa eng? Kganetsano ya tshwanelo ya bolaodi jwa ga Jehofa Modimo le gore a O ka nna le batho mo lefatsheng bao ba ka itshupang ba ikanyega go Ene go sa kgathalege seo ba ileng ba ka se boga.—Yobe 1:7–2:10.
Akanyetsa gape le Jeremia. Fa Jehofa Modimo a ne a mo laela go nna moperofeti, o ne a ikuela ka go sa kgone ka ntlha ya go lebega a le monana. Lefa go ntse jalo, Modimo o ne wa araba jaana: “Se re, Ke ñwanyana hèla; gonne leha e le bomañ ba ke tla gu romañ kwa go bōnè u na le go ea hèla, me leha e le eñ se ke se gu laolèlañ u na le go se bua hèla. U se ka ua boiha ka ntlha ea bōnè: gonne ke na nau go gu golola.” (Yeremia 1:7, 8) Ka thuso ya moya wa Modimo, Jeremia o ne a kgona go fenya boboi jwa gagwe mme a bua melaetsa ya Modimo ka botlhoka-poiho. Lefa go ntse jalo, moperofeti le ka motlha ga a a ka a fetelela go ya bokgakaleng jwa go nna boikgodiso. Fa a ne a le pele ga dikgosi le bagolwane ba bangwe, ka metlha o ne a bua ka tlotlo e e boteng e e tshwanelang motho yo o boikobo.
Go tswa mo Pegong e e tlhotlheleditsweng re ka bolela gore Timotheo e ne e le mosha mongwe yo o boikobo yo ka tsela nngwe a neng a le ditlhong kana a ikgogona. Lefa Bibela e sa papamatse seno, re ka fitlhelela phetso e e ntseng jalo ka seo e se bolelang. Tswee-tswee elatlhoko gore Timotheo o ne a bolelelwa ke tsala ya gagwe e kgolwane moaposetoloi Paulo jaana: “[A motho] opè a se ka a nyatsa bokau yoa gago.” Fa e le gore Timotheo o ne a tletse ka bopelokgale jo bogolo, kwantle le pelaelo go ka bo go se ka ga tlhokafala ka Paulo gore a mmolelele jalo. Go lebega bogolo gape e ne e le ka ntlha ya boikobo jwa ga Timotheo le go ikgogona go bo Paulo a ile a go bona go tlhokafala go gakolola phuthego ya Korintha jaana: “Ha Timotheo a ka tla, lo bōnè koñ gore a nnè mo go lona a sena poihō; gonne o diha tihō ea Morèna [Jehofa], yaka le nna ke diha: Me ka re, a go se nne motho opè eo o mo nyatsañ.”—1 Timotheo 4:12; 1 Bakorintha 16:10, 11.
Ka mo go phepafetseng, Bakeresete ba babotlana le ba bagolo ba tla batla go tila tsela e e seng botlhale, e e seng boikobo ya ga Rehoboame. Mme ba tla bo ba le botlhale go etsa mokgwa o o tlotlegang, o o boikobo wa ga Elihu. Mme go tswa go Jeremia le Timotheo go ka kgonagala ka Bakeresete ba babotlana go ithuta gore ba tshwanetse ka boikobo lefa go le jalo ka bopelokgale ba gatele pele mo tirelong ya ga Jehofa, lefa e le gore ba ka nna ka tsela nngwe ba nna le ditlhong kana ba ikgogona. Fa ba itshoka, ka nako e e leng yone ba tla solegelwa molemo ke sengwe seo ka bogolo se tla godisang tirelo ya bone go Jehofa.
Bomosola jwa Boitemogelo
Batho ba babotlana ba na le mo gontsi go go lebogela. Mabapi le ditshiamelo tsa bone, Kgosi e e botlhale Solomone o ne a re: “Itumèle, wèna lekau, mo bokauñ yoa gago; me a pelo ea gago e gu yesè monate mo metlheñ ea bokau yoa gago, me u sepelè mo ditseleñ tsa pelo ea gago, le mo ponoñ ea matlhō a gago.”—Moreri 11:9.
Lefa go ntse jalo, ka botsogo jo boitekanetseng le nonofo ya mmele e e siameng, ebile gantsi ditlhogo tsa bone di tletse ka kitso ya dibuka, basha gantsi ba sekametse mo go nneng mahega mo dikgonong tsa bone. Ka gone ba ka dumela go re ba ka rarabolola mathata a a tlhasetseng banna bagolo ka dingwaga tse dintsi. Mme ka go ithuta gotlhe ga bone, tlhagafalo le nonofo ya mmele, ntlha e nna e nna gore basha ba tlhaela boitemogelo. Ka mo go tshwanang, ke ka gone mokwala dibuka-tsa-metshameko wa Roma Plautus a neng a ela tlhoko ka gore “boikobo e nna lekawana.” Boitemogelo ka metlha bo laola tlhagafalo ya motho, tlhoafalo le go nna mahega. Ke ka gone go ileng ga bolelwa gore ngaka e ntsha e simolola botshelo ka dikalafi tse di makgolo kgolo tsa bolwetsi bongwe le bongwe, mme ka dingwaga tsa boitemogelo o fitlhela gore go na le malwetsi a makgolo-kgolo mo kalafing nngwe le nngwe!
Ee, boitemogelo—ke sone seo se dirang pharologano! Bibela e tlhalosa le eleng gore Jesu Keresete o ne a dirwa boitekanelo mo boemong jwa gagwe jaaka Kgosi le Moperesiti yo Mogolo ka boitemogelo, ka ntlha ya dilo tse a di bogileng. (Bahebera 4:15; 5:8, 9) Go ile ga bolelwa gore boitemogelo ke titšhara e e turang, mme dieleele ga di ketla di ithuta gope. Gone, lefatshe le tletse ka batho bao ba tlhaelang boikobo jo bo tlhokafalang go ka ithuta le e leng mo boitemogelong. Lefa go le jalo boitemogelo eleruri bo ka thusa motho yo o boikobo go nna botlhale.
Dithuso tsa go nna Boikobo
Bakeresete ba bannye le ba bagolo ba ka bo ba itse gore boikobo ke mokgabo o montle. Mme ke jang nonofo eno e e eletsegang e ka tlhagolelwang? Mme kana, gareng ga dithuso tsa go tlhagolela boikobo ke go bala Bibela letsatsi le letsatsi, Lefoko la Modimo. Seno se re fa pono e e siameng le go re thusa go tswelela pele re sa itseele kwa godimo thata. Mmalo wa Bibela gape o re thusa go bona dilo go tswa ponong ya Modimo. Ka motlhale, Dikwalo di supa gore mo Modimong batho ba tshwana fela le ditsiakgope le eleng gore ditšhaba ka kakaretso di tshwana jaaka marothodi a metsi a a tswang mo kgamelong. (Isaia 40:15, 22) Bibela tota, e re gakolola go nna boikobo fa e botsa: “Gapè Yehofa o lōpañ mo go wèna, ha e se gore u dihè ka tshiamō, le go rata boutlwelō botlhoko, le go sepela ka boikokobeco le Modimo oa gago?” Gore fela go raya eng go nna boikobo moaposetoloi Paulo o bontsha, ka go re: “Ke raea moñwe le moñwe mo go lona, ka tshegōhaco e ke e neilweñ, ka re, A se ka a ikgopola bogolo go chwanèlō ea gagwè ea go ikgopola; me a a ikgopolè ka tekanō.” Go a tlhokafala gore re akanye sengwe ka rona, mme motho yo o boikobo o kelotlhoko go sa akanye ka molemo wa gagwe go feta.—Mika 6:8; Baroma 12:3.
Ela tlhoko gore kgakololo e e sa tswang go umakiwa e lebisitswe e seng fela go basha mme go botlhe, bagolo le bannye ka go tshwana. Lefa go ntse Jalo, Bibela e supa gore boikobo bo tshwanela bogolo mo bokaung. Gape, go tswa nakong ya ga Moshe go fitlha metlheng ya baaposetoloi ba ga Jesu, Dikwalo di bontsha gore boikarabelo jwa phuthego bo tshwanetswe go sikarwa ke “bagolwane,” banna bagolo. (Ekesodo 3:16; 1 Petere 5:1-3) Gape, Bibela e re: “Le lona, babōtlana, lo nnè kutlō mo go ba e leñ bagolwane.” Seno se raya gore makawana ga a tshwanela go ikgogomosa kana go ikgopola. A mme kgakololo e e ntseng jalo e dira fela mo makawaneng? Nnyaa, ka go bo moaposetoloi Petere o tswelela pele ka gore: “E, lotlhe lo itlamè ka boikokobeco, go tla lo dihèlana: gonne Modimo o tlhabana le ba ba ikgogomosañ, me ba ba ikokobetsañ o ba nèe tshegōhaco.” Re ka re, boikokobetso le boikobo ke motho le ntsalaagwe.—1 Petere 5:5.
Rotlhe re tla thusiwa go nna boikobo fa re tswelela go ikgakolola gore go dira ka boikobo ke tsela ya botlhale mo bannyeng le mo bagolong ka go tshwana. Boikobo bo tla re thibela mo mathateng, a le mantsi ka go bo bo tla re kganela mo go itseng bobe le go solofetsa se re ka sekeng re se kgone. Bo tla re kganela go tsosa mo go ba bangwe moya wa kgaisano, kana phikisano, mme bo tla re dira gore re ratwe bogolo ke batho ba bangwe. Boikobo gape bo godisa kagiso ya mogopolo le thethebalo, dinonofo tseo e leng motheo wa boitumelo. Ka jalo, e ne e se lefela fela fa Kgosi e e botlhale Solomone e ne e re: “Botlhale bo nna le eo o ikgobalatsañ.”—Diane 11:2.
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Elihu wa lekawana ka boikobo o ne a letela go bua boammaaruri