E Ne Ya Dira “Kgakgamatso”
Mosadi mongwe wa dingwaga tse 29 o ne a kwala jaana: “Ga ke na bana mme nkgonne o na le basimane ba le babedi ba babotlana. Ereka a ne a le molatolamodimo, ke ne ke sa akanye gore o ne a tla tsaya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela, mme o ne a e tsaya ka go itsemeletsa. Ke ne ke kile ka leka go akantshana le ene ka ga go nna gone ga Modimo mme ga se ka ga thusa sepe. Dibeke di se e kae morago ga go mo neela buka ya Dipolelo tsa Bibela o ne a nteletsa mogala mme a mpolelela gore o ne a bala buka eo a ba a e fetsa.”
Matswela e ne ya nna eng? “Jaanong o tsaya dibuka tsa rona tsa Bibela,” monnawe o ne a bolela. “Buka eno e ntle e dirile kgakgamatso eno mo jaanong ke nang le tsholofelo e kgolwane ya gore letsatsi lengwe o tla rata Rraarona wa selegodimo le nna.”
Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela e nntse e thusa dimilione tsa batho go tlhaloganya Lefoko la Modimo ga botoka. E tshotse ditiragalo tsa Bibela di le 116 tseo di neelang mmadi mogopolo wa sotlhe se Bibela e leng ka ga sone. Buka eno e na le mokwalo o mogolo le ditshwantsho tse di fetang 125, bontsi jwa tsone di le ka mmala o montle.O ka ikamogelela kgatiso eno e e mosola thata ya ditsebe tse 256 ka go tlatsa le go romela foromonyana e e fa tlase.
Twee-tswee nthomeleleng, poso e duetswe, buka ya khabara e e thata ya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela, eo ke romela le R3.