LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 8/15 ts. 21-27
  • Boemo jwa Rona Mabapi le Baganetsi ba Boammaaruri ke Bofe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boemo jwa Rona Mabapi le Baganetsi ba Boammaaruri ke Bofe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Ba Leseng Fela’
  • Kganetso ya mo Teng
  • Boikaelelo jwa Baganetsi
  • Baganetsi Ba Ka Se Atlege
  • “Ga ke Kgone go Nna ke Didimetse”
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
  • A O Tla Ngaparela Boammaaruri?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ba ba Tlhabanang le Modimo Ga ba Na go Fenya!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Jeremia—Moperofeti yo o sa Rategeng wa Dikatlholo tsa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 8/15 ts. 21-27

Boemo jwa Rona Mabapi le Baganetsi ba Boammaaruri ke Bofe?

“Le mo go lona ka losi go tla coga banna ba ba buañ dilō tse di shōkameñ, go tla ba itshadisa barutwa moragō.”—DITIHŌ 20:30.

1, 2. (a) Ditiragalo tsa nako e e fetileng mo ditsong tsa Bibela di na le mosola ofe gompieno? (b) Ke ditiragalo dife bogolo mo ditsong tsa Iseraele le mo phuthegong ya pele ya Bokeresete tse jaanong di re amang, mme ka ntlha yang?

FA A ne a kwalela phuthego ya Korintha moaposetoloi Paulo o ne a bolelela badumedi-ka-ene gore dilo tse di kwadileng mo nakong e e fetileng di ne di direla jaaka sekao sa tlhagiso go bone. Molao-motheo ono o na le matswela a a mosola thata, le eleng mo motlheng ono. Bontsi jwa ditiragalo tsa bogologolo mo ditsong tsa Bibela di ka nna le ditshwani mme ebile di na natso tsa motlha wa segompieno tseo di re thusang le go re neela kaelo e e siameng mo matshelong a rona.—1 Bakorintha 10:11; Baroma 15:4.

2 Go tla re solegela molemo he, go akanyetsa dingwe tsa ditiragalo tseno tse di fetileng mo ditsong tsa Iseraele mme gape le mo phuthegong ya pele ya Bokeresete. Re amegile bogolo ka ditiragalo kana seo se wetseng bao ba ganetsang tiro ya Modimo le gore dilo tse di ntseng jalo di ne tsa ama batlhanka ba ga Jehofa morago koo jang. Ditiragalo tseno di a re tsosa, jaaka batho ba ga Jehofa, go bapisa ditiragalo mo metlheng ya segompieno le seo maikarabelo a rona e leng sone mo ntlheng eno.—2 Timotheo 3:16, 17.

3. Jeremia o ne a tlhagisiwa le go gomodiwa jang?

3 Dingwaga tse di ka nnang 40 pele ga Jerusalema a senngwa ka 607 B.C.E., Jehofa o ne a laola motlhanka wa gagwe yo o ikanyegang Jeremia go bua phatlalatsa kaga ditshiamololo tse di neng di dirwa mo Juda. Tseno di ne di tla re kgabagare di gogele kwa go sa amogelweng ke Modimo mme banni ba Juda ba isiwe e le ditshwarwa kwa Babelona. Jehofa o ne a tlhagisa Jeremia gore bangwe ba ne ba tla mo ganetsa. O ne a re: “[Baganetsi] ba tla tlhabana nau; me ga ba ketla ba gu henya: gonne ke na nau, go bua Yehofa, go gu golola.” (Yeremia 1:19) Abo seno e ne e le kgomotso e kgolo jang ne go Jeremia, go mo nonotsha go tsweledisa thato ya Modimo e e feletseng kaga gagwe!

4. (a) Kganetso e nngwe e Jeremia a neng a tshwanela go e itshokela e ne e le efe? (b) Pego e e mo go Bahebera 11:32-38 e re bolelela eng kaga baganetsi ba batlhanka ba Modimo?

4 Mongwe wa baganetsi ba ga Jeremia e ne e le monna a bidiwa Pashure. E ne e le morwa wa moperisiti mo Juda ebile a le mogolwane yo o eteletseng pele mo ntlong ya ga Jehofa. Pego ya Bibela mo go Jeremia kgaolo 20 e bontsha kafa Pashure a neng a haphola Jeremia le go dira gore a tsenngwe mo disaneng. Jehofa o ne a golola Jeremia mo dithibeding tseo, mme kganetso ya tswelela. Hanania moperofeti wa Gibeona, o ne a bua kgatlhanong le Jeremia, a mmona molato wa go nna moperofeti wa maaka yo o perofesang bosula. Tota, Hanania o ne a re jokwe ya Babelona e ne e tla rojwa, mme Juda o ne a tla tsosolosiwa. (Yeremia, kgaolo 28) Le eleng mongwe wa dikgosi tsa Juda, Jehoiakime, o ne a ganetsa mafoko a ga Jeremia mme a le kgatlhanong le one, le eleng go ya bokgakaleng jwa go latlhela momeno wa boperofeti wa ga Jeremia mo molelong! (Yeremia, kgaolo 36) Ba bangwe ba ne ba batla gore Jeremia a bolawe mme ba bo ba mo latlhela mo lorageng lo lo diretse gore a swe. (Yeremia, kgaolo 38) Seno e ne e le bongwe jwa maitemogelo a baperofeti ba le bantsi ba ba ikanyegang ba Bahebera bao ba neng ba bua mo leineng la ga Jehofa bao ba neng ba buiwa leswe le go tlhaselwa ke baganetsi ba melaetsa ya katlholo go tswa go Modimo.—Bona Bahebera 11:32-38.

‘Ba Leseng Fela’

5. (a) Ke go ya bokgakaleng bofe Jesu a neng a thulana le kganetso? (b) Dingwe tsa dikganetsano tse dipotlanyana tse di neng tsa tsosiwa ke baganetsi ba ga Jesu e ne e le dife?

5 Kganetso ya boammaaruri e ne e le maswe thata gape mo lekgolong la ntlha la dingwaga fa Morena wa rona Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng. Baganetsi gareng ga batho ba gagabo ba ne ba rulaganyetsa go thibela dilo tse di molemo tse di neng di dirwa ke Jesu. Mme jaaka Jehofa a ne a supile gore o ne a na le Jeremia O ne gape a supa gore o ne a na le Jesu, a mo golola mo babeng ba gagwe. (Luke 4:14-30; 11:53, 54: Yohane 7:1) Basotli ba ga Jesu gantsi ba ne ba tsosa dikgang-kgang ka dilo fela tse dipotlanyana. Ba ne ba pega Jesu molato wa go nna motho yo o tshikiri yo o nwang bobe le go nna tsala ya bakgethisi le baleofi. (Mathaio 11:19) Ba ne ba bitsa barutwa ba gagwe barobi-ba-Sabata ka go bo ba ne ba sosorela ditlhogo tsa mabele go ja ka Sabata. (Mareko 2:23-28) Ba ne ba sotla barutwa ba ga Jesu ka “gonne ha ba ya diyō ga ba ke ba tlhapa diatla.”—Mathaio 15:1, 2.

6. Kganetso ya ga Jesu e ne ya nna masisi go le kana-kang?

6 Mme baganetsi ba ba ntseng jalo ba ne ba tswa mo dilong tse dipotlana go ya le eleng go latofatseng maatla a moya o o boitshepo wa Modimo a a neng a bontshiwa mo ditirong tsa dikgakgamatso tse di neng di dirwa ke Jesu. Morago ga go re Jesu a fodise monna yo o neng a tsenwe ke badimo, a le sefofu a bile a le semumu, baganetsi ba gagwe ba ne ba re: “Monna eo ga a kgoromeletse badimo ntlè, ha e se ka Belesebube kgōsana ea badimo.” (Mathaio 12:22-28) Ba ne ba pega Jesu molato gape wa gore o ne a faposa batho kgatlhanong le Kaesare. (Luke 23:1, 2) Kwa bofelong, ba ne ba re a bolawe.—Luke 23:13-25.

7. Jesu o ne a itshwara jang mabapi le baganetsi ba boammaaruri?

7 Jesu o ne a itshwara jang go bao ba neng ba mo ganetsa? Fa a ne a bua le baaposetoloi ba gagwe o ne a re: “Ba leseñ; ke bagogi ba ba hohuhetseñ. Me ha sehohu se gōga sehohu, di tla wèla mmōgō mo kgatampiñ.” (Mathaio 15:14) Kgakololo ya ga Jesu e e botlhale e ne e le: ‘Ba leseng fela.’ Ka nako e e leng yone go ne go tla supega gore ba ne ba le eng.

Kganetso ya mo Teng

8, 9. (a) Ke motlhala ofe wa kganetso e e tshwanang le e e neng ya itemogelwa ke Jeremia le Jesu e e neng ya bolelelwa pele go phuthego ya Bokeresete? (b) Tlalosa kaia seno se neng se le boammaaruri ka teng mabapi le kgang ya thupiso.

8 Morago ga loso lwa ga Jesu, balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang ka mo go tshwanang ba ne ba thulana le kganetso e ntsi. Mme tswee-tswee ela tlhoko: Fela jaaka baganetsi ba ga Jeremia le Jesu ba ne ba tsoga moteng ga morafe wa Bajuda, go ne ga nna jalo le ka go tlhomiwa ga phuthego ya Bokeresete go ne go tshwanetse ga nna le kganetso ya mo teng. (Ditihō 20:29, 30) Lefa seno se ne sa bolelelwa pele, se ne se sa ntse se tla tla jaaka teko e kgolo go bao ba tsamayang ka boikanyego. Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a tla itshupa a na le batho ba gagwe, go ba golola, fela jaaka a ne a na le Jeremia le Jesu.—Bona 1 Petere 5:8-11.

9 Kganetso eno e e neng e tswa mo teng mo lekgolong la ntlha la dingwaga e ne e na le ditshimologo tsa yone tse di potlana. Bangwe ba baganetsi ba ka ne ba ile ba ikutlwa gore ba ne ba na le boikutlo jo bo utlwalang, mme keletso ya bone go nna ba ntlha, gore pono ya bone e nne yone e e renang, e ne ya ba gogela mo boemong jwa go nna batlhabani kgatlhanong le boammaaruri le bao ba kopanelang le jone fa dipono tsa bone di ne di sa amogelwe jaaka tse di siameng. (1 Timotheo 1:19, 20) Ka mo go kgatlhisang, fa kgang ya thupiso e ne e nna kganetsano mme lekgotla le le kgethegileng le ne le kopana mo Jerusalema go buisana ka kgang eo, nngwe ya dintlha tse di neng tsa umakiwa mo molaetseng o o neng o rometswe mo phuthegong e ne e le: “Re utlwile ha bañwe ba ba duleñ mo go rona, ba lo chwentse ka mahoko, ba hudua meōea ea lona: me e le ba re sa ba naeañ taolō epè.” (Ditihō 15:24) Batho ba ba ntseng jalo mo teng ga phuthego ya Bokeresete ba ne ba le letshwenyo, ba ganetsa dithuto le dithuto tsa motheo tsa setlhopha sa bagolwane ba ba neng ba filwe boikarabelo jo bo bokete jwa go anamisa lesedi la boammaaruri go ya kgakala.

10. (a) Dingwe tsa dithuto tsa motheo tse di neng di sokame tse di neng di rutwa ke baganetsi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba boammaaruri e ne e le dife? (b) Ke tlhagiso efe e Paulo a neng a e neela Timotheo mabapi le baganetsi ba boammaaruri?

10 Ka sekai, go bonala fa bangwe mo phuthegong ba ne ba re letsatsi la ga Jehofa le ne le setse le simolotse. (2 Bathesalonia 2:1, 2) Bangwe ba ne ba tatalala ba re ga go na tsogo. (1 Bakorintha 15:12-14) Mme ba bangwe bone ba ne ba ganetsa ba re tsogo e setse e diragetse. (2 Timotheo 2:16-18) Paulo o ne a tlhagisa Timotheo ka tlhokafalo ya go nna a le podi-matseba gareng ga bao ba neng ba tla tlisa dikgaogano le go sokamisa mmele wa boammaaruri wa Bokeresete o o gone mo phuthegong. Elatlhoko mafoko ano a ga moaposetoloi: “U laeè batho bañwe, gore ba se ka ba ruta ka thutō e sele, Leha e le go tlhōkōmèla mainane le dipalō tse di senañ bokhutlō tsa ditshika, e le mo go tlhotlheletsañ dikgañ hèla, bogolo go go tlhotlheletsa tihèlō ea Modimo e e emeñ mo tumeloñ; ke sa nntse ke bua yalo le gompiyeno. Me bohèlèlō yoa taeō euō ke loratō lo lo cwañ mo peduñ e e itshekileñ, le segakolodi se se molemō, le tumèlō e e senañ boitimokanyō: E le dilō tse bañwe ba e rileñ ba sena go di hosa ba hapogèla kwa go bueñ boithamakō; Ba eletsa go nna baruti ba molaō, le morōrō ba sa tlhaloganye se ba se buañ, leha e le se ba tlhōmamisañ kaga shōna.”—1 Timotheo 1:3-7.

11. A re ka ithuta sengwe ka megopolo e e kgaoganyang e e neng e tumile thata mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga, mme ke ka ntlha yang fa seno se potlakile mo go kalo gompieno?

11 Seo sotlhe se re bolelela eng? Seno: gore go ne go na le mathata a megopolo e e kgaoganyang mo phuthegong ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga. Go ne go na le kganetso ya mo teng, go tswa go bao ba neng ba iphaka go nna karolo ya phuthego ya Modimo. Mme go ne go tsalwa ke eng? Paulo o ne a re go Bafilipi 1:15: “Bañwe boo ba rèra Keresete ka bopelotshètlha le kgañ; bañwe le bōnè ka pelo e ntlè.” Today’s English Version e umaka gore ba ba ntseng jalo ba ne ba na le boikutlo jo bo sa siamang, ba le “lefufa le go omana bobe.” Ee, dilo tse di kwadilweng mo dinakong tse di fetileng di direla jaaka sekao sa tlhagiso go rona, mme bogolo jang ka jaanong re tshela fela kwa bofelong jwa tsamaiso e e boikepo ya dilo e e kaelwang ke Diabolo.—2 Timotheo 3:1-7.

Boikaelelo jwa Baganetsi

12, 13. (a) A rona gompieno re bona setshwani sepe sa kganetso ya boammaaruri mo lekgolong la ntlha la dingwaga? (b) Boikaelelo jo bogolo thata jwa baganetsi ba segompieno ke bofe?

12 Fa re lebisa tlhokomelo ya rona go metlha ya segompieno, a re bona setshwani sa ditiragalo tseno tse re setseng re buisantse kaga tsone? Ee, go nnile le bangwe gareng ga rona bao ba ileng ba senka go senya tiro e e molemo e e dirilweng ke batho ba ga Jehofa lefatshe ka bophara. Bangwe ba ile ba huhega, ba omana bobe, ba tlala ka boikgodiso jwa bogagapa, gantsi ba batla go itirela leina ka bobone. Ba ka nna ba nna “bañōñōregi le bagaladi, ba ba tsamaeañ kaha dithatoñ tsa bōnè, . . . ba tlhaola batho ka go sholohèla thushō.” (Yude 16) Seno sotlhe se ka gogela mo dipelaelong, kgang le kgaogano gareng ga batho ba Modimo. Mo go boneng ga bone molato, ba ba ntseng jalo ba latlhegelwa ke pono ya tiro e e neilweng ke Modimo le e e botlhokwa-tlhokwa ya Bakeresete, e leng go sa nne “bautlwi hèla” mme go nna “badihi ba lehoko,” go fitlhelela se Jehofa a laetseng go re se dirwe ke balatedi ba ba ikanyegang ba Morwawe, Keresete Jesu.—Yakobe 1:22-25; Mathaio 28:18-20.

13 Boikaelelo jwa baganetsi ba ba ntseng jalo, mo go tlhaseleng phuthego ya Bokeresete, ke go nyatsa tumelo ya batho ba ga Jehofa, go itshadisa bangwe barutwa morago. Paulo o ne a tlhagisa bagolwane ba Efeso ka thaelo eno e e boikepo fa a ne a re: “Le mo go lona ka losi go tla coga banna ba ba buañ dilō tse di shōkameñ, go tla ba itshadisa barutwa moragō.” (Ditihō 20:30) Jude o ne a neela tlhagiso e e tshwanang, fa a ne a re: “Go na le batho bañwe ba ba kukunetseñ mo teñ, eboñ ba ba baakanyedicweñ tshekishō e, galè bogologolo; e le batho ba ba sa reñ Modimo sepè, ba hetola tshegōhaco ea Modimo oa rona bopèpè, ba itatola eo e leñ èna Muñ oa rona le Morèna oa rona eo o esi, eboñ Yesu Keresete.” (Yude 4) Maemo a a tshwanang a ile a tlhagoga mo lekgolong leno la dingwaga la bo-20 mo teng ga phuthego ya batho ba ga Jehofa!

14, 15. (a) Katamelo e e bokukuntshwane e e dirwang ke bangwe ba baganetsi ba boammaaruri ke efe gompieno? (b) Ke eng seo se tlodisiwang matlho ke baganetsi ba ba ntseng jalo?

14 Baganetsi ba ba ntseng jalo ga ba bone boipelo mo go aroleng mo tirong e kgolo ya go dira barutwa. Go na le moo, ka bokukuntshwane ba atamela ba bangwe bao e setseng e le Basupi, ba bua ka tsela ya go koafatsa boitlhomo jwa bano ba ba ikanyegang mo go tswelediseng ka botlalo boineelo jwa bone go Jehofa. Go ntshiwa mogopolo wa gore ereka Jehofa e le Modimo o o lorato, eleruri a ka se batle gore botlhe ba ba batlang go mo itumedisa ba tsenelele mo tirong e e bokete mo go kana-kana ya go rera ka ntlo le ntlo le go itshokela pogiso e e tswang mo baganetsing ba boammaaruri. Ba ka nna ba iphemela ka gore nnyaa, sotlhe se Modimo a batlang re se dira ke go nna batho ba ba molemo, go tlamela ba bangwe mo mmeleng le go rata baagelani ba rona.

15 Katamelo eno e e bokukuntshwane e ka nna bokete mo go ba bangwe go emelana le yone. Go boammaaruri gore Jehofa o lorato le gore o re batla gore re nne batho ba ba molemo. Eleruri o batla Bakeresete go bontsha lorato lwa bone go baagelani ka go tshwara ba bangwe ka tsela e e bonolo le go tlhokomela ditlhokafalo tsa bone tsa mmele fa seo se tlhokafala. (Luke 6:35, 36) Mme seo ga se sone sotlhe! Bao ba ganetsang gantsi ka dinako tse dingwe ba lebala gore Rraarona Jehofa o bile gape a re—bogolo-segolo ka Morwawe, Jesu Keresete—gore re tshwanetse go nna badiri ba barutwa, go ruta batho, go rera “mahoko a a molemō a, a bogosi” mo lefatsheng lotlhe go nna tshupo.—Mathaio 24:14; Yohane 15:17-27.

16. Baganetsi gompieno ba leka go dirisa dilo dingwe dife “tse di shōkameñ” go leka go timetsa batho ba ga Jehofa?

16 Akanyetsa dingwe tsa “dilō tse di shōkameñ” tse di dirisiwang go tsietsa batho ba Modimo gompieno. Mo makgetlong a mangwe baganetsi ba tle ba gwetlhe dithuto tse di farologaneng tse batho ba ga Jehofa ba dumalanang mo go tsone. Gantsi tseno di nna kganetsano ya mafoko felajaaka go ne ga nna mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (1 Timotheo 6:3, 4) Ba ka nna gape ba belaela tlhokego ya phuthego go kaela megopolo ya batho ba Modimo. Pono ya bone ke gore, moya wa Modimo o ka kaela motho-ka-bongwe kwantle ga setlhopha sa banna sa konokono se se rulagantsweng go neela kaelo. Ba nna le go bolela gore sotlhe fela se mongwe a se tlhokang ke go bala Bibela. Mme La-Bodumedi le sa le le badile Bibela makgolokgolo a dingwaga. Mme a ke o bone tlhakantsuke e e fitlhelwang mo go La-Bodumedi gompieno! Bona tobekano le tlhoka-kutlwisisano e e gone ya gore tota molaetsa wa boammaaruri mo Lefokong la Modimo ke eng! Abo seno e le pharologano e e kana-kang ka kagiso le kutlwano tse di boleleletsweng pele gareng ga Bakeresete ba boammaaruri bao ba sa baleng fela Bibela mme ba e tlhatlhobisa ebile ka tlhagafalo ba dirisa dithuto tsa yone!—Baefesia 4:3-6.

Baganetsi Ba Ka Se Atlege

17. Boemo jwa rona he, mabapi le baganetsi ba boammaaruri ke eng?

17 Boemo jwa rona he, mabapi le bao ba ganetsang le go batla go nyatsa tumelo eo re e amogetseng ka Basupi ba ga Jehofa le phuthego ya Bokeresete e Jehofa a e dirisang ke eng? Kgakololo ya ga Jesu mabapi le baganetsi ke eno: “Ba leseñ; ke bagogi ba ba hohuhetseñ.” (Mathaio 15:14) Go omana le ba ba ntseng jalo, go ngangisana le go tatalala le bone, ga go na mosola ebile eleruri ga se tsela ya Bokeresete. Ga go ope yo o patelediwang go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke tshiamelo le boikarabelo jo re ileng ra bo itshikarisa ka go rata mo eleng ga rona. (Pesalema 110:3) Fa e le gore bangwe ga ba batle go nna karolo ya thulaganyo e e amogelwang ke Jehofa, ebile e le eo a ileng a e segofatsa, eo ke phetso e ba ba ntseng jalo ba tshwanetseng go iitirela.

18. Kgakololo ya ga Paulo mo go Baroma 16:17, 18 e dira jang mo go rona gompieno?

18 Boikaelelo jwa rona e tshwanetse ya nna go dirisana le baganetsi ba boammaaruri ka tsela ya Bokeresete. Lefa go ntse jalo, go na le dilo tse dingwe tse re tshwanetseng go di gakologelwa. Paulo o ne a kwalela bao ba phuthego ya Roma le go ba gakolola jaana: “Me yana kea lo rapèla, ba ga echo, ka re, lepañ ba ba cosañ dikgaoganō le dikgopishō tse di hapaanyeñ le thutō e lo e ithutileñ: me lo kgaoganè nabō. Gonne ba ba nntseñ yalo ga ba dihele Morèna oa rona Keresete, ha e se dimpa tsa bōnè hèla; me ba tle ba tsietse dipelo tsa ba ba bopegileñ senyana, ka puō ea bōnè e e borethe, e e ntlè.” (Baroma 16:17, 18) E tla bo e le go bontsha tlhaelo ya katlholo e e molemo go ganetsanya phatlalatsa le bao ba lekang go tsosa dikgaogano. Se letle baganetsi bano go go tshwenya. Boitshwaro jwa bone ga bo ketla bo gobatsa boammaaruri lefa e le go emisa Jehofa go fitlhelela seo Lefoko la gagwe le reng o tla se dira.

19. Mo go Bahebera 6:4-8, ke tlhaloso efe e Paulo a e neelang ka bao ba tenegang mo boammaaruring?

19 Ka gone, abo mafoko a ga moperofeti Isaia a gomotsa jang ne a a reng: “Ga go na sebolaō sepè se se thudilweñ kaga gago se se tla segōhalañ; le loleme loñwe le loñwe lo lo tla gu cogèlañ mo tshekoñ, u tla lo sekisa”! (Isaia 54:17) Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Timotheo ka ga Janese le Jamberese, ba ba neng ba ganetsa Moshe, mme one a re bosilo jwa bone bo ne jwa bonalela batho botlhe. (2 Timotheo 3:8, 9) Bano he, bao ba tlisang kgaogano le go batla go tsosa khuduego mo bathong ba Modimo ba mo boemong jo bo mo dipharagobeng fa pele ga ga Jehofa. Ga go ope wa ba ba ntseng jalo yo o tshwanetseng le ka motlha a tlodisa matlho mafoko a ga Paulo a a tlhagisang mo go Bahebera 6:4-8, koo go bontshiwang gore bao ka bomo ba leofelang moya o o boitshepo wa Modimo le ka motlha ‘ga ba ketla ba boela boikwatlhaong.’

20. (a) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go tshoswa ke se baganetsi ba ka lekang go se dira? (b) Ke ka go dira eng re ka tlhomamisediwang ka go sa ‘kgaoganngwe le lorato lwa Modimo’?

20 Ka gone, boemo jwa rona mabapi le baganetsi, re bo tlhaloseditswe ka mo go phepafetseng le ka mo go tlhaloganyesegang mo Lefokong la Modimo. Ka metlha gakologelwa gore ga re nosi; re na le tshegetso ya ga Jehofa, Keresete Jesu le baengele botlhe ba ba boitshepo. (Mathaio 13:41, 42) Re na gape le tlhomamisetso ya ga Jesu ka boene ya gore o tla bo a na le balatedi ba gagwe “ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.” (Mathaio 28:20) Ka jalo, ga go tlhokafale gore re tshwenyege kwantle go lebaka le le utlwalang fa baganetsi ba tsogologela le go tlhabantsha boammaaruri. Seno ke bontlhanngwe jwa maiteko a ga Satane go emisa go anamisiwa ga mafoko a a molemo a Bogosi. Mme ka go nna re ikanyega le go tlhoma sekao se se molemo sa poifomodimo ka boitshwaro jwa rona le lefoko la rona, re tla bo re tlhomamisediwa ‘go nna bafenyi gotlhe-gotlhe mo dilong tsotlhe ka ene yo o re ratileng.’ Ekete ka gone re ka tswelela re tlhomame, re tlhomamisega “go re, go le losho, go le botshelō, go le baengele, go le magōsana, go le dilō tse di leeoñ, go le dilō tse di tla tlañ, go le dinonohō, Go le bogodimo, go le boteñ, leha e ka bo e le sebopiwa señwe se sele, ga go ketla go nonoha sepè go re kgaoganya le loratō loa Modimo, lo lo mo go Keresete Yesu Morèna oa rona.”—Baroma 8:37-39.

Dikwalo tse di latelang di re boletang mabapi le baganetsi ba boammaaruri?

◻ Ditihō 20:30; Yude 4

◻ Mathaio 15:14; Baroma 16:17, 18

◻ Yeremia 1:19; Isala 54:17

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

“Ba leseñ; ke bagogi ba ba hohuhetseñ”

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Le ka motlha o seka wa koafala mo boitlhomong jwa gago jwa go neela bosupi kaga boammaaruri

“Me ke gōna, lona baratwa, ka lo itsile dilō tse galè, lo itisè, e se re kgotsa loa katogana le tlhōmamō ea lona, ka go ucwiwa dipelo ke timèlō ea baikepi. Me golañ mo tshegohacoñ le mo kicoñ ea Morèna oa rona le Mmoloki Yesu Keresete. A kgalalèlo e nnè go èna, yanoñ le ka bosakhutleñ. Amen.”—2 Petere 3:17, 18.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela