LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 8/15 ts. 5-9
  • A Go Na Le Kgoro ya Botso mo Boitumologong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Go Na Le Kgoro ya Botso mo Boitumologong?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Itshekatsheka
  • Go Laola Megopolo ya Rona
  • Go Ipelela se Modimo O se re Fang
  • Ga Re Nosi
  • “Modimo, A U Ko U Mphukutsè”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Jehofa, ‘Kago ya Rona ya Phemelo mo Metlheng ya Matshwenyego’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Direla Jehofa ka Pelo e e Itumetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • A o Amogela Thuso e e Tswang Kwa go Jehofa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 8/15 ts. 5-9

A Go Na Le Kgoro ya Botso mo Boitumologong?

ABO batho ba ka itshwarisa bothata jang ne! Go ka diragala ka tshoganetso, fela ka ntlha ya se mongwe a se buileng kana a se dirileng kana ka ntlha ya boitemogelo jo bo sa itumediseng. Ka dinako tse di ntseng jalo re ka se akanye ka sepe se sele. Mme re bona gore kwantle ga go bona kgoro ya botso mo bothateng jwa rona, kamano ya rona le Modimo e ka boga. Re ka nna ra akanya le eleng ka go ineela mo ntweng ya tumelo. (Yude 3) Boipelo jwa rona bo a nyelela mme re hupediwa ke moya wa boitlhobogo. (Diane 18:14) Re eletsa eleruri go sala re ntse re le mo ‘tseleng ya botshelo,’ mme go bonala ekete tsela e simolola go re ketefalela.—Pesalema 16:11.

Go ka dirwa eng fa e le gore maemo a rona a hutsafatsa mo go kalo? A ke re tswelele pele fela re ntse re kgaratlha ka go sa itumela? Kana go na le kgoro nngwe ya go tswa mo boitumologong?

Go Itshekatsheka

Batho ba farologana thata mo karabelong ya bone ya mathata. Ka jalo fa re lebane le mathata, go molemo gore ka boikanyegi re itshekatsheke. Go ka nna ga nna le sengwe mo go rona se se tlhokang go baakanngwa.—Pesalema 139:23, 24.

Batho ba bangwe ba ka utlwa botlhoko ka tidimalo, mme ba bangwe go lebega ba feta mathata a bone ka bofefo go na le ba bangwe. Seno e ka nna ka ntlha ya go godisiwa ga bone, botho kana boemo jwa botsogo. Ka motlhala, fa e le gore motho o ile a tlhoka go ratiwa le go bona thutuntsho e e molemo mo bosheng jwa gagwe, dilo di ka mo ketefalela ka mo go oketsegileng mo botshelong jwa gagwe moragonyana.

Bao e neng ya re pele mo botshelong ba amogiwa lorato gantsi ba bofefo go akanya gore batho ga ba ba rate mme ka gone ba ba tshware bosula. Mo letlhakoreng je lengwe, bao ba neng ba senngwa ka go tlhokomelwa mo go feteletseng gantsi ba solofela go atlanegelwa ke sengwe le sengwe mo botshelong, mme ka lebaka leo botsala jwa bone bo ka se tsee lobaka lo loleele. Go bao ba nang le mathata a botsogo, tshiamololo epe le go ngotlafadiwa e ka nna teko e kgolo thata. Gantsi ba nna le boikutlo jwa gore ba ka se tlhole ba itshokela sepe se se fetang se. Ka jalo fa e le gore re sekametse mo go amegeng go sa twe sepe, go botlhokwa gore o akanye ka mabaka ano, bogolo fa e le gore re ikutlwa gore re wetse mo molapong wa mathata a a ka se fenngweng.

Fa e le gore re tshwenyegile ka sengwe, a re sekametse gape mo go ikgogoneng mo go bao ba re dikologileng? Jono ke boikutlo jwa tlholego, mme ga bo a tshwanela go letlelelwa lobaka lo loleele. Go se nneng jalo, go nna kotsi ya gore, jaaka re tseneletse mo mathateng a rona, re tla simolola go bona mongwe le mongwe yo o re dikologileng a le letshwenyo. Re ka nna ka go sa tlhalefe ra itomolola, mme jaaka go ka bolelwa, ntlo ya rona e tla tlala ka diipone tseo re tla tswelelang go iteba kafa re leng mo mathateng ka gone.—Diane 18:1.

Selekanyo seo re leng mo mahutsaneng ka sone se nna seo go bonalang re tla baya molato bao ba re dikologileng ka sone. Fa gape re dira phoso ya go lebisa maikutlo a a phoso kwa go bone, seno se ka tsosa tlalelo e kgolo. Abo go le botoka jang ne go sa nne le dipelaelo tse di sa tlhokafaleng!—Bapisa 1 Timotheo 6:4.

A ka gongwe re amega amega fela ka melato ya bao re kopanelang le bone? Botshelo bo ne bo tla itumedisa bogolo thata fa re ne re ka bontsha bopelotelele le kutlwisiso. Gakologelwa gore Jesu Keresete o ne a re: “Ha lo ichwarèla batho ditlolō tsa bōnè, Rra eno oa legodimo le èna o tla ichwarèla lona.” Mo boemong jwa go jewa ke moetlo kafa batho ba ileng ba re tshwara ka teng, re tshwanetse go rapela Jehofa, re mo kopa go thusa bao ba ileng ba re tlontlolola. Tota mme, a ga se bone ba ba ikgobatsang bogolo go na le rona? Ee, “gonne se motho o se yalañ, ke shōna se o tla se rōbañ.”—Mathaio 6:14; Bagalatia 6:7.

Fa re gateletswe thata, gongwe re rapela Jehofa ka tsela ya bongwana, re mo kopa gore a re itumedise gape. Gone, re ka nna ra dira jalo. A mme re ka lebelela gore ka ponyo ya leitlho fela a bo a tlosa mogopolo mongwe le mongwe o o sa itumediseng le kgakologelo e e hutsafatsang? Go diragetse dilo dingwe tse di rileng, mme ke eng seo se ka re leretseng go sa itumeleng mo golo? A ke go gakologelwa seo se diragetseng kana kafa re neng ra itshwara ka teng mo go phoso mo go sone? A ga se ka go kgopisega ga rona, kgakalo ya rona le go ikutlwela botlhoko mo gants go ileng ga re amoga boipelo jwa rona le tekatekano ya semoya?

Ka gone he, re tla bo re le botlhale, fa re ka tima maikutlo a a ntseng jalo a a lapisang ka bofefo fela fa a simolola go tuka mo go rona. Go sa nneng jalo, re ka nna ra kgotla maikutlo a rona mo go kalo mo eleng gore re ka nna ra itatlhela mo seemong se se sa thuseng sepe. Mme he fa re bitsa Jehofa, o tla re thusa. Mme re ka se lebelele dikgakgamatso, ka go bo fa gongwe re ka nna ra batlisisa tsela e e phoso e re ileng ra e tsaya. Ka jalo fa go tlhokafala, busetsa dilo mo tseleng fela gone foo. Go tsamaya tsamaya ka segakolodi se se bosula le ka moya o o itumologileng go hutsafatsa bogolo go na le go dumela diphoso. A ka boikanyegi re “lekeñ ditsela tsa rona,” mme ka nonofo e e ntšhafaditsweng, re ikemisetseng gore re tla dira ka nonofo ya Modimo go dira botoka.—Dikhutsahalō 3:40-42.

Go Laola Megopolo ya Rona

Tota, e kane re itumetse eleruri kana nnyaa go ikaegile bogolo ka rona. Ke ka gone re tlhokang gore re laole megopolo ya rona. Go sa nneng jalo, dikgakologelo tse di sa itumediseng, dikakanyo tsa ditoro kana le eleng ditlhotlheletso tse di boikepo di ka tloga tsa re gata godimo. Fa re ka iphitlhela re sa itumela, re ka nna ra botsa: Ke ne ke akantse eng pele ga e tla re ka tshoganetso fela ke bo ke le pelo e botlhoko? Gone, re ka nna ra tswala thulaganyo e e maswe ya thelebishene, mme megopolo e e maswe, fa e le foo, ga e motlhofo go tlosiwa. Lefa go le jalo, abo e le lesego jang ne go ka rapelela thuso ya Modimo! Ka moya wa gagwe o o boitshepo, kana maatla a a dirang, Jehofa ka boitumelo o tla re thusa go boloka megopolo ya rona e le kafa tlase ga taolo. Mopesalema Dafide o kile a re: “Mo bontsiñ yoa megopolō ea me e e mo teñ ga me, dikgomocō tsa gago [Jehofa] di tlè di yese mōea oa me monate.”—Pesalema 94:19.

Fa re kokotlelela Jehofa go re thusa, ekane mo go eng fela, re tshwanetse go mo reetsa fa a bua le rona. Botlhale jwa gagwe jo bo sa lekanngweng le lorato di bontshiwa mo Dikwalong, mme kgakololo mo boemong bongwe le bongwe joo re ka nnang ra kopana le jone e papamaditswe sentle mo Bibeleng. Ka jalo, boitumelo jwa rona bo ka tsosolosiwa kana jwa tlhomamisiwa fa re dirisa kgakololo ya ga Jehofa mo botshelong. Jesu o ne a re: “Go segō ba ba utlwañ lehoko ya Modimo, ba le boloka.”—Luke 11:28.

Re ka neela megopolo ya rona kaelo e e mosola ka go boloka temana e e rileng ya Bibela mo mogopolong dioura di sekae kana le eleng letsatsi lotlhe. Nako nngwe le nngwe fa re kopana le mafoko a a gomotsang bogolo kana a a nonotshang mo thutong ya rona ya Bibela, re tlhoma tseno mo mogopolong. He nako le nako fa re ikutlwa re tlhoka, re ka boaboeletsa dikarolo tseno tsa Lefoko la ga Jehofa. Ka tsela e “Modimo oa kgomoco eotlhe” o tla re thusa, “me kagishō ea Modimo” e tla ‘dibela dipelo tsa rona le megopolo ya rona.’ He, go sa kgathalege mathata a rona, re tla kgona go itshoka ka boipelo mo tirelong ya gagwe. Ee, ga re a tshwanela fela go ithuta ka se Modimo o se akanyang kaga dikgang tse di rileng mme re tshwanetse gape ra dira seo a se re bolelelang go se dira.—2 Bakorintha 1:3, 4; Bafilipi 4:6, 7.

Go Ipelela se Modimo O se re Fang

Eleruri re tshwanetse go reetsa Modimo, ka go bo a re bontsha lorato le gore fa “nèō ñwe le ñwe e e molemō.” (Yakobe 1:17) Ka dinako tsa bothata le kgobego-marapo, re ka nna ra lebala gore go sa ntse go na le mo gontsi go go ipelela. Gape, Rraarona wa selegodimo o eletsa gore re ipaakanyetse ka kgololesego dilo tsotlhe tse di molemo tse a re baakanyetsang tsone. Mme o batla re itumela, le eleng fela jaaka moreri a ne a supa ka gore: “Mo ke go bonyeñ ha go le molemō go bile go le gontlè, ke go re, motho a yè a nwè, a yè monate oa letsapa ya gagwè yeotlhe, . . . Gonne ga a ketla a gakologèlwa bobe metlha ea botshelō yoa gagwè; ka gonne Modimo o mo hetola mo boitumeloñ yoa pelo ea gagwè.” (Moreri 5:18-20; 9:7-10) Rotlhe re itemogela mahutsana mangwe, mme fa re boloka matlho a rona a bulegile, re tla nna re bona “bophatsimo jwa letsatsi,” le eleng mo “marung” a a thibileng.

Gareng ga dimpho tse di ntle-ntle tsa Modimo ke ditsala tsa rona tsa Bakeresete. Abo re ba tlhoafalela jang ne fa re le mo mathateng! Ke gone he re tlhokang mongwe yo o ikemiseditseng go re reetsa ka kutlwisiso. Gantsi re itse se re tshwanetseng go se dira, mme re ka se se tsee fela mo pelong ya rona e e botlhoko. Tota, ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhabelwa ke ditlhong go kopa mokaulengwe wa rona yo re mo ratang mo phuthegong ya Bokeresete gore a re fe tlhokomelo go le go ne ne fela ka lorato? Bagolwane ba ba nang le boitemogelo mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela gore thusa ka ditsela tse di dirang mme bogolo ka gore baakanyetsa ka thuso e e theilweng mo Lefokong la Modimo.—Yakobe 5:13-16.

Gongwe le gongwe kwa re nnang teng mo lefatsheng re na gape le ‘ditsala tse di potlana’ tse di re dikologileng. Re tlhoka fela gore di re ikanye, mme diphologolo le dinonyane tse di farologaneng di ka re batla fa e le gore re ka di fa dijo di le di nnye fela. Abo go ipedisa jang fa di ka kgwabofala go ka ja mo seatleng sa rona!

Go tweng ka bana ba ba mo tikologong ya rona? Ba tla itumelela go tla mo go rona fa re le bonolo kana re le pelotshweu kana re ba letla go re thusa tironyana nngwe. Nnyaa, ga go tlhokafale gore re bolawe ke bodutu kana re itumologe fa e le gore re akanyetsa masego a rona le go ipelela sengwe le sengwe se Jehofa a se re fang.

Go a lapolosa le go thusa go tsenya megopolo e e agelelang mo ditlhaloganyong tsa rona fa re ka tswela ka kwantle go ya go ikiteisa phefo. Maboko ao a bonang okosejene e nnye fela ga se gantsi a ka lere moya o o lapologileng. Bontsi jwa batho ba ile ba bona tekatekano ya semoya gape morago ga go tsamaya ka maoto lobaka lo loleele. Mme fa re tsamaya re feta ka ditshingwana kana ditlhatshana, re tshwanetse go leka go tlhaloganya seo re se bonang. Gantsinyana re a tsamaya kana re itlhabisa phefo re lebile kwa pele ga rona ebile re herweherwe ke megopolo ya mefuta yotlhe e e lotobo. Mme setlhare sengwe le sengwe, sejalo sengwe le sengwe, phologolo nngwe le nngwe le eleng loapi di ka re bolelela sengwe ka Mmopi, fa fela re letla bontle jwa tiro, go kgatlha ga mebala le sengwe le sengwe seo re se bonang se nna le phelelo mo go rona. Jaaka re lebelela mo loaping lo lo tletseng dinaledi mo maitseboeng a mantle, mafoko a a tshwanang le ano a mopesalema a ka tsena mo go rona: “Magodimo a bolèla kgalalèlō ea Modimo; phuthologō le eōna e shupa tihō ea diatla tsa ōna.” (Pesalema 19:1) Ka dinako tse di ntseng jalo matshwenyego otlhe a batho a a nyelela, mme re itemogela bogolo jwa Modimo. Ka jalo ga re na go nna le bothata jwa go kgarameletsa dikamego tsa rona ka kwa morago mme re romela mafoko a tebogo le pako go Mmopi yo Mogolo wa rona.

Boroko jwa rona ke e nngwe ya dimpho tsa Modimo. Kwa bowelong jwa ditiro tse re tlhotseng re di berekile thata motshegare re ka nna ra ikhutsa, re ikantse ka botlalo mo tshireletsong ya Modimo. Seno se re thusa go simolola letsatsi le le latelang ka nonofo e e ntšhafaditsweng. Mme fa re sa robale sentle, re ka dira eng? Re ka rapela Rraarona wa selegodimo, gape re gakologelwa badumedika-rona mo mekokotlelong e e ntseng jalo. Re ka akanya ka Lefoko la gagwe le ditsholofetso tsa gagwe tse di rategang. (Pesalema 77:6; Baefesia 6:17-20) Abo go le botoka bogolo jang ne go na le go akanya fela ka mathata a rona otlhe! Re tlhoka go tlatsa mogopolo wa rona ka dilo di le dintsi tse di molemo tsa mofuta wa semoya. Ka jalo re ka ithaya ga motlhofo ra re, ‘Robala sentle.’

Ga Re Nosi

Tota gone, ga se rona fela batho bao re nang le mathata re le nosi. Fa re ne re ka botsa ba bangwe ka mathata a bone, re ka ne re ka nna gongwe ra akanya: Antsaana, go botoka fela go itidimalela. Tota, re ka nna ra eletsa mathata a rona go na le ao a tlhasetseng bontsi jwa batho.

Jaaka Bakeresete ba ba ineetseng, re ka se gololesege gotlhelele mo mathateng otlhe a nako eno, ka go bo Jesu a boleletse balatedi ba gagwe gore ba tla bona pogiso. (Yohane 15:20) Ga re nosi mo go tlhaselweng ke se mmaba wa rona yo mogolo, Satane Diabolo, a ka se re tlisetsang, ka go bo “lo nntse lo itse ha cōna dipogishō tseuō di dihalèla bakauleñwe ba lona ba ba mo lehatshiñ.” Lefa go ntse jalo, se se botlhokwa bogolo, rona le Bakeresete-ka-rona ba ba bogang re na le thuso ya bomodimo. Ka jalo he a re ikanyegeng go “Modimo oa tshegōhaco eotlhe,” yo o nang le rona. Mme ekete re ka lebelela ka tsholofelo letsatsi le le gaufi thata fa dipitlagano tsa rona di ka se tlhole di nna gone.—1 Petere 5:6-11; 2 Bathesalonia 1:6-10.

Nako e e bokete e Bakeresete botlhe ba ba ikanyegang jaanong ba lebaneng le yone e gaufi le go fela, ka go bo ka potlako re atamela motlha o mosha, o o itumetseng. Re gaufi thata le “magodimo a masha le lehatshe ye lesha.” (Tshenolō 21:1-4) A tsela ya boitumelo ruri!

Jesu Keresete o ne a ruta balatedi ba gagwe go kopa Modimo ka thapelo: “Bogosi yoa gago a bo tlè.” (Mathaio 6:10) Ka jalo a ruri re solofeleng mo Bogosing joo mme re lebelele isagwe ka boipelo. Jesu o ne a kgona go itshokela ditlhong tse dintsi le matlhotlha-pelo mo thupeng ya tlhokofatso ka go bo, mo pogong yotlhe ya gagwe, o ne a gakologelwa “boitumèlō yo o bo beecweñ pele.” (Bahebera 12:1-3) O ne a tloga a bona Rraagwe wa selegodimo gape ba lebane difatlhogo mme ebile a dikanyeditswe ke balekane botlhe ba gagwe ba ba itumetseng ba selegodimo.

Go kgabaganya makgolo a dingwaga, balatedi ba ga Keresete ba itshoketse diteko tse dintsi, le eleng go thulana le dibatana tsa metshameko ya Roma le matlhoko a dikampa tsa kgolegelo. Ba ne ba kgona gore ba ralale seno sotlhe ka go bo ba ile ba batla go itumedisa Jehofa mme ba ile ba tlhoma matlho a bone mo mokgeleng wa botshèlo jo bo sa khutleng. Jehofa Modimo ga a ketla a ba lebala. Ga a na le gore o ka re lebala fa re ka ikanyega jaaka baobamedi ba gagwe le go nna mo ‘tseleng ya botshelo.’ Ka jalo, jaaka re lebane le tsholofelo ya rona e e gakgamatsang, re ka goeletsa ka boipelo ra re: “U [Jehofa Modimo wa rona] huporolola seatla sa gago, me u kgorise keleco ea ditshedi cotlhe hèla.”—Pesalema 145:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela