“Modimo, A U Ko U Mphukutsè”
“Modimo, a u ko u mphukutsè, u bo u itse pelo ea me . . . u nkgōgè mo tseleñ e e sa khutleñ.”—PESALEMA 139:23, 24.
1. Jehofa o dirisana jang le batlhanka ba gagwe?
ROTLHE re rata go dirisana le motho yo o re tlhaloganyang, motho yo o akanyetsang maemo a rona, motho yo o re thusang fa re dira phoso, motho yo o sa re batleng dilo tse re sa kgoneng go di dira. Jehofa Modimo o dirisana le batho ba gagwe ka tsela eo. Pesalema 103:14 e bolela jaana: “O itse popègō ea rona, o gakologecwe ha re le lorole hèla.” Jesu Keresete, yoo a dirang dilo fela jaaka Rraagwe, o re laletsa jaana ka lorato: “Tlañ kwano go nna lotlhe ba lo lapileñ, ba lo imèlwañ, me ke tla lo lapolosa. Ipeleseñ yokwe oa me [kana, “Tsenang mo jokweng ya me,” ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW] lo ithutè ga me; gonne ke bonōlō le boiñotlō mo peduñ: me lo tla bōnèla meōea ea lona tapologō. Gonne yokwe oa me o monate, le morwalō oa me o motlhoho.”—Mathaio 11:28-30.
2. Bapisa kafa Jehofa a lebang ka teng le kafa batho ba lebang ka teng (a) Jesu Keresete, le (b) balatedi ba ga Keresete.
2 Gantsi tsela e Jehofa a lebang batlhanka ba gagwe ka yone e farologane thata le e batho ba ba lebang ka yone. O leba dilo ka tsela e e farologaneng e bile o ela tlhoko le dilo tse ba bangwe ba ka tswang ba sa di itse. Ka nako ya fa Jesu Keresete a ne a tsamaya mo lefatsheng, o ne a “nyadiwa, a ba a ganwa ke batho.” Ba ba neng ba sa dumele mo go ene jaaka Mesia ba ne ba sa “mo tseye e le motho wa sepe.” (Isaia 53:3, NW; Luke 23:18-21) Lefa go ntse jalo, mo matlhong a Modimo, e ne e le ‘morwa [Modimo] yo o rategang,’ yo Rraagwe a neng a bolela jaana ka ene: “Ke itumetse thata mo go wèna.” (Luke 3:22; 1 Petere 2:4) Bangwe ba balatedi ba ga Jesu Keresete ke batho ba ba lebelwang kwa tlase gonne ba humanegile e bile ba sotlega. Lefa go ntse jalo, Jehofa le Morwawe ba ka nna ba bo ba ba leba ba humile. (Baroma 8:35-39; Tshenolō 2:9) Ke eng fa ba lebiwa jalo ka ditsela tse di sa tshwaneng?
3. (a) Ke eng fa tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone gantsi e farologane thata le e batho ba lebang dilo ka yone? (b) Ke eng fa go le botlhokwa thata jaana gore re itlhatlhobe gore re batho ba ba ntseng jang mo teng?
3 Yeremia 11:20 e araba jaana: “Yehofa . . . eo u lekañ diphilō le pelo.” O bona se re leng sone mo teng, le dikarolo tsa botho jwa rona tse ba bangwe ba sa di boneng. Fa a ntse a tlhatlhoba jaana o leba thata dinonofo le maemo a a botlhokwa a a dirang gore re nne le kamano e e molemo le ene, a a re solegelang molemo eleruri. Go re gomotsa tota go itse seo; gape go a re ritibatsa. E re ka Jehofa a ela tlhoko se re leng sone mo teng, go botlhokwa thata gore re itshekatsheke rona gore botennye jwa rona bo ntse jang fa re batla go nna mofuta wa batho ba a ba batlang mo lefatsheng la gagwe le lesha. Lefoko la gagwe le re thusa gore re kgone go itshekatsheka ka tsela eo.—Bahebera 4:12, 13.
A Bo Megopolo ya Modimo E Le Botlhokwa Thata Jang Ne!
4. (a) Ke eng se se neng sa rotloetsa mopesalema gore a bolele gore megopolo ya Modimo e ne e le botlhokwa thata mo go ene? (b) Ke eng fa e tshwanetse go nna botlhokwa mo go rona?
4 Fa mopesalema Dafide a sena go nna a tlhatlhanya ka bogolo le boteng jo Modimo o itseng batlhanka ba one ka jone, mmogo le nonofo e e sa lekanngweng le sepe ya Modimo ya go ba thusa ka se ba se tlhokang, o ne a kwala jaana: “Megopolō ea gago e ratèga yañ mo go nna!” (Pesalema 139:17a) Megopolo eo, e e senotsweng mo Lefokong la gagwe le le kwadilweng, e kwa godimo go feta sepe fela se batho ba se tsayang se le kwa godimo, lefa megopolo ya bone e ka tswa e le molemo jang. (Isaia 55:8, 9) Megopolo ya Modimo e re thusa go ela tlhoko thata dilo tse di botlhokwa mo botshelong le go mo direla re le tlhaga. (Bafilipi 1:9-11) E re thusa go leba dilo ka tsela e Modimo o di lebang ka yone. E re thusa gore re itebe sentle, re dumele gore ruri re batho ba mofuta ofe. A o iketleeditse go dira seo?
5. (a) Ke eng se Lefoko la Modimo le re kgothaletsang gore re se dibele “ka tlhōahalō eotlhe”? (b) Rekoto ya Bibela kaga Kaine e ka re solegela molemo jang? (c) Le mororo re sa laolwe ke Molao wa ga Moshe, o re thusa jang go tlhaloganya se se itumedisang Jehofa?
5 Batho ba rata go ela tlhoko thata tebego ya kafa ntle, mme Dikwalo di re gakolola jaana: “Dibèla pelo ea gago ka tlhōahalō eotlhe.” (Diane 4:23) Bibela e re thusa go dira jalo ka melaometheo ya yone le ka dikai tsa yone. E re bolelela gore fa Kaine a ne a ntshetsa Modimo setlhabelo o ne a setse a direla fela go ikgolola, pelo ya gagwe yone e shakgetse, morago o ne a ila morwarraagwe ebong Abele. Mme e bile e re kgothaletsa gore re se ka ra tshwana le ene. (Genesise 4:3-5; 1 Yohane 3:11, 12) E re bolelela ka taolo nngwe ya Molao wa ga Moshe ya boikobo. Gape e gatelela gore selo se segolo se se neng se batliwa ke Molao e ne e le gore ba ba obamelang Jehofa ba tshwanetse go mo rata ka dipelo, tlhaloganyo, moya, le maatla otlhe a bone; e bile e bolela gore selo se sengwe gape se se botlhokwa e ne e le gore ba rate baagisani ba bone jaaka ba ithata.—Duteronome 5:32, 33; Mareko 12:28-31.
6. Ke dipotso dife tse re tshwanetseng go di ipotsa fa re dirisa Diane 3:1?
6 Diane 3:1 e re kgothaletsa gore re se ka ra boloka melao ya Modimo fela mme re tlhomamise gore re supa se se leng mo teng ga dipelo tsa rona tota ka go ikoba. Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse a ipotsa jaana, ‘A ke dira dilo tse Modimo o di batlang mo go nna ka tsela eo?’ Fa re lemoga gore dilo tse dingwe re di dira re tlhotlhelediwa ke maikutlo kana dikakanyo tse di sa siamang—e bile ga go na ope wa rona yo a ka reng ga a ke a dira phoso mo go seno—he re tlhoka go ipotsa jaana, ‘Ke eng se ke se dirang go baakanya boemo jono?’—Diane 20:9; 1 Yohane 1:8.
7. (a) Tsela e Jesu a neng a kgala Bafarasai ka yone mo go Mathaio 15:3-9 e ka re thusa jang go dibela dipelo tsa rona? (b) Ke maemo afe a a ka nnang a batla gore re tseye dikgato tse di gagametseng go laya dikakanyo tsa rona le dipelo tsa rona?
7 Fa Bafarasai ba Bajuda ba ne ba itira e kete ba tlotla Modimo fa ka maano ba ne ba dira dilo tse di kgatlhang bone ka bobone, Jesu o ne a ba kgala a re ke baitimokanyi a bo a supa gore kobamelo ya bone ke ya lefela. (Mathaio 15:3-9) Jesu o ne a re tlhagisa gape gore Modimo yo o bonang se se mo pelong, ga a itumedisiwe ke fa kafa ntle re bonala e kete re tshela ka melaometheo fa re nnela go akanya ka dilo tsa boitsholo jo bo maswe ka ntlha ya go rata menate. Re ka nna ra tlhoka go tsaya dikgato tse di gagametseng go laya dikakanyo tsa rona le dipelo tsa rona. (Diane 23:12; Mathaio 5:27-29) Re tshwanetse go itaya ka tsela e e tshwanang fa re etsa lefatshe e bile re le letla go re patelela go dira dilo jaaka lone fa go tla mo tirong e re e dirang ya go itshedisa, thutego e re e batlang, kana boitlosobodutu jo re bo tlhophang. A le ka motlha re se ka ra lebala gore morutwa Jakobe o bitsa ba ba ipolelang gore ke ba Modimo mme ba batla go nna ditsala tsa lefatshe leno a re ke “basadi ba ba diaka.” Ka ntlha yang? Gonne “lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.”—Yakobe 4:4; 1 Yohane 2:15-17; 5:19.
8. Re tlhoka go dira eng gore re solegelwe molemo ka botlalo ke megopolo e e botlhokwa ya Modimo?
8 Re tshwanetse go ipha nako ya go bala megopolo ya Modimo mo dikgannyeng tseno mmogo le tse dingwe gore e tle e re solegele molemo. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go e ithuta, re bue ka yone, re bo re tlhatlhanye ka yone. Babadi ba bantsi ba Tora ya Tebelo ba ya kwa dipokanong tsa diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa, koo go tlotliwang teng ka Bibela. Ba tsaya nako e ba neng ba ka e dirisetsa dilo tse dingwe gore ba kgone go dira seno. (Baefesia 5:15-17) Mme se ba se bonang se feta khumo ya madi le dithoto kgakala. A ga o ikutlwe ka tsela eo?
9. Ke eng fa batho bangwe ba ba yang kwa dipokanong tsa Bokeresete ba gatela pele ka bonako go na le ba bangwe?
9 Lefa go ntse jalo, bangwe ba batho ba ba tlang kwa dipokanong tseno ba gatela pele semoyeng ka bonako go gaisa ba bangwe. Ba dirisa boammaaruri ka botlalo mo matshelong a bone. Ke eng se se dirang gore ba kgone seno? Gantsi, selo se segolo ke go bo ba ithuta thata ka namana. Ba lemoga gore ga re tshedisiwe ke senkgwe fela; go ja dijo tsa semoya letsatsi le letsatsi go botlhokwa fela jaaka go ja dijo tsa senama ka metlha. (Mathaio 4:4; Bahebera 5:14) Ka jalo ba leka go senya nako nngwe letsatsi le letsatsi ba bala Bibela kana dikgatiso dingwe tse di e tlhalosang. Ba baakanyetsa dipokano tsa phuthego, ba balela kwa pele le go bala dikwalo tse di mo go tsone. Ga ba bale tshedimosetso fela; ba tlhatlhanya ka yone. Mokgwa o ba ithutang ka one o akaretsa go akanya ka tlhoafalo kafa se ba se ithutang se tshwanetseng go ama matshelo a bone ka teng. Ba ikutlwa jaana jaaka mopesalema fa ba ntse ba gola semoyeng: “Ana ke rata molaō oa gago yañ! . . . Dichupō tsa gago di a gakgamatsa.”—Pesalema 1:1-3; 119:97, 129.
10. (a) Motho a ka solegelwa molemo ke go tswelela a ithuta Lefoko la Modimo ka lobaka lo lo kana kang? (b) Dikwalo di bontsha seno jang?
10 Lefa re ka tswa re ithutile Lefoko la Modimo ka lobaka lwa ngwaga, tse 5, kana tse 50, ga le ke le utlwala fela e kete le a boaboelediwa—segolo jang fa re tsaya megopolo ya Modimo e le botlhokwa. Lefa re ka tswa re ithutile go le kana kang mo Dikwalong, go santse go na le go le gontsi goo re sa go itseng. “Modimo, megopolō ea gago e ratèga yañ mo go nna!” Dafide o ne a kwala jalo. “Ha nkabo ke e bala, eabo e le mentsi thata, go heta palō ea moshawa.” Ga re kake ra kgona go bolela palo ya megopolo ya Modimo. Fa re ne re ka re re bala megopolo ya Modimo letsatsi lotlhe re bo re robala re ntse re dira jalo, e ne e tla re mo mosong, re bo re ise re e fetse. Ke gone ka moo, Dafide a neng a bolela jaana: “Ea re ke kubuga ke be ke nntse ke na nau hèla.” (Pesalema 139:17, 18) Go na le dilo tse dintsi tse re tlileng go di ithuta ka Jehofa le ditsela tsa gagwe mo nakong e e tlang e e sa khutleng. Ga re kitla re bo re itse sengwe le sengwe.—Baroma 11:33.
Go Ila Se Jehofa A Se Ilang
11. Ke eng fa go le botlhokwa gore motho a se ka a itse fela megopolo ya Modimo mme a ikutlwe jaaka ene?
11 Ga re ithute Lefoko la Modimo ka boikaelelo jwa go tlatsa ditlhogo tsa rona ka dintlha fela. Re simolola go ikutlwa jaaka Modimo fa re ntse re e letla gore e tsene mo dipelong tsa rona. A bo seo se le botlhokwa jang ne! Go ka felela jang fa re sa ithute go nna le maikutlo a a ntseng jalo? Lefa go ntse jalo, le mororo re ka nna ra kgona go bolela se Bibela e se bolelang, re ka nna ra leba dilo tse re di ilediwang ra bo re di eletsa kana re ka ikutlwa gore dilo tse di batliwang mo go rona di a re palela. Ke boammaaruri gore lefa re ila dilo tse di phoso, re ka nna ra bo re santse re kgaratlha fa go tla mo go tsone ka ntlha ya go bo re sa itekanela. (Baroma 7:15) Mme fa re sa iteke ka tlhoafalo gore se re leng sone mo teng se dumalane le se se siameng, a re ka lebelela gore re tla kgona go itumedisa Jehofa, ‘yo o lekang dipelo’?—Diane 17:3.
12. Lorato lwa bomodimo le kilo ya bomodimo di botlhokwa go le kana kang?
12 Kilo ya bomodimo ke selo se se nonofileng se se sireletsang motho gore a se ka a dira bosula, fela jaaka lorato lwa bomodimo lo dira gore go dira se se siameng go itumedise. (1 Yohane 5:3) Dikwalo di re kgothatsa kgapetsakgapetsa gore re tlhagolele lorato le kilo. “Lona ba lo ratañ Yehofa, a lo ko lo ileñ boshula.” (Pesalema 97:10) “Ilañ se se boshula; ñaparèlañ se se molemō.” (Baroma 12:9) A re dira jalo?
13. (a) Ke thapelo efe ya ga Dafide e e buang ka go senngwa ga baikepi e re dumelanang le yone tota? (b) Jaaka go bontshitswe mo thapelong ya ga Dafide, baikepi ba a neng a rapelela gore Modimo o ba nyeletse e ne e le bomang?
13 Jehofa o boletse ka phepafalo gore o ikaeletse go tlosa baikepi mo lefatsheng le go lere lefatshe le lesha le le nang le tshiamo. (Pesalema 37:10, 11; 2 Petere 3:13) Barati ba tshiamo ba eletsa go bona nako eo e tsile. Ba dumelana sentle le mopesalema Dafide, yo o neng a rapela jaana: “Rure, ua bo u tla bolaea baikepi, Modimo, ke gōna ntlogèlañ, lona batho ba lo nyorèlwañ madi a batho. Gonne ba bua mashwè kaga gago, le baba ba gago ba umakèla leina ya gago lehèla.” (Pesalema 139:19, 20) Dafide ka boene o ne a sa eletse go bolaya baikepi bao. O ne a rapelela gore Jehofa a mo golole ka seatla sa gagwe. (Duteronome 32:35; Bahebera 10:30) Batho bano ba ne ba sa kgopisa Dafide fela ka namana ka tsela nngwe. Ba ne ba buile Modimo leswe ka go nyatsa leina la gagwe. (Ekesodo 20:7) Ba ne ba bua ba aka ba re ba a mo direla, mme ba ne ba dirisa leina la gagwe go dira maano a bone fela. Dafide o ne a sa rate ba ba neng ba itlhophela go nna baba ba Modimo.
14. A go na le batho ba ba boikepo ba ba ka thusiwang? Fa go ntse jalo, ba ka thusiwa jang?
14 Go na le diketekete di le makgolokgolo tsa batho ba ba sa itseng Jehofa. Ba le bantsi mo go bone ka go tlhoka go itse ba dira dilo tse Lefoko la Modimo le bolelang gore di boikepo. Fa ba tswelela ka tsela eno, ba tla nna gareng ga bao ba tla swang ka sepitla se segolo. Lefa go ntse jalo, Jehofa ga a itumelele loso lwa moikepi, le rona ga re a tshwanela go le itumelela. (Esekiele 33:11) Fa fela nako e santse e letla, re leka go thusa batho ba ba ntseng jalo gore ba ithute ditsela tsa ga Jehofa mme ba di dirise. Mme go tweng fa batho bangwe ba itshupa gore ba ila Jehofa tota?
15. (a) Ke bomang ba mopesalema a neng a ba leba “e le baba”? (b) Re ka supa jang gompieno gore re “ila” ba ba tsuologelang Jehofa?
15 Mopesalema o ne a bolela jaana ka bone: “Yehofa, a ga ke ile bōnè ba ba gu ilañ? a ga kea tlhokohadiwa ke ba ba gu cogologèlañ? Kea ba ila ka kilō e tona thata: ke ba kaea e le baba ba me.” (Pesalema 139:21, 22) Dafide o ne a ba ila gonne ba ne ba ila Jehofa tota. Batenegi ke bangwe ba batho ba ba itshupang gore ba ila Jehofa ka go sa batle go mo reetsa. Totatota, botenegi ke go tsuologela Jehofa. Batenegi ba bangwe ba bolela gore ba itse Modimo e bile ba a mo direla, lefa go ntse jalo ba gana dithuto tsa gagwe kana melao e a e kwadileng mo Lefokong la gagwe. Ba bangwe ba ipolela gore ba dumela Bibela, mme ga ba dumelane le phuthego ya ga Jehofa e bile ba leka go kgoreletsa tiro ya yone. Fa ba itlhophela go dira bosula ka tsela eo ka bomo fela ba setse ba itse se se siameng, fa boikepo bo nwela thata mo go bone mo e nnang nngwe ya dinonofo tsa bone, he totatota Mokeresete o tshwanetse gore a ile (ka tsela e Bibela e dirisang lefoko leno ka yone) ba ba kgomaretseng boikepo. Bakeresete ba boammaaruri ba ikutlwa fela jaaka Jehofa a ikutlwa ka batenegi ba ba ntseng jalo; ga ba eletse go itse megopolo ya batenegi. Go na le moo, ba “ila ka kilō e tona thata” bao ba itirang baba ba Modimo, mme lefa go ntse jalo, ba tlogela gore Jehofa e nne ene a ipusolosetsang.—Yobe 13:16; Baroma 12:19; 2 Yohane 9, 10.
Fa Modimo O Re Hukutsa
16. (a) Ke eng fa Dafide a ne a batla gore Jehofa a mo hukutse? (b) Dipelo tsa rona di ntse jang mo re tshwanetseng go kopa Modimo gore o re thuse gore re di lemoge?
16 Dafide o ne a sa batle go tshwana le baikepi ka tsela epe. Batho ba bantsi ba leka go fitlha se ba leng sone mo teng, mme Dafide o ne a rapela jaana ka boikokobetso: “Modimo, a u ko u mphukutsè, u bo u itse pelo ea me: nteka, me u itse megopolō ea me: Me u bōnè ha go na le mokgwa moñwe oa boikèpō mo go nna; me u nkgōgè mo tseleñ e e sa khutleñ.” (Pesalema 139:23, 24) Dafide o ne a sa bue ka pelo ya mmatota fa a ne a bua ka pelo ya gagwe. Go dumelana le se se kaiwang ke puo eo ya tshwantshetso, o ne a bua ka se a neng a le sone mo teng, motho yo o kafa teng. Le rona re tshwanetse go eletsa gore Modimo o hukutse dipelo tsa rona mme o bone fa re sa eletse, re sa rate, re sa ikutlwe, re sena maikaelelo, megopolo, tse di phoso kana re sa rate go dira dilo ka tsela e e phoso. (Pesalema 26:2) Jehofa o re laletsa jaana: “Morwaaka, nnaea pelo ea gago, me a matlhō a gago a natehèlwè ke ditsela tsa me.”—Diane 23:26.
17. (a) Re tshwanetse go dira eng go na le go fitlha dikgopolo tse di re tshwenyang? (b) A re tshwanetse go gakgamadiwa ke go bo dipelo tsa rona di rata dilo tse di phoso, mme re tshwanetse go dira eng ka seo?
17 Fa mo teng ga rona go itshubile maikutlo mangwe a a botlhoko, a a re tshwenyang, ka ntlha ya go eletsa dilo tse di phoso kana go batla go dira dilo tse di phoso kana ka gonne re dira sengwe se se phoso, eleruri re tla eletsa gore Jehofa a re thuse go baakanya kgang eno. Go na le go bolela gore ke “ka tsela e e botlhoko,” thanolo ya ga Moffatt e dirisa polelwana “tsela e e phoso”; The New English Bible yone ya re: “Tsela nngwe le nngwe e e go utlwisang botlhoko [ke gore, Modimo].” Rona ka borona re ka tswa re sa tlhaloganye dilo tse di re tshwenyang sentle mme ka jalo re sa itse gore re ka di bolelela Modimo jang, mme ene o tlhaloganya boemo jwa rona. (Baroma 8:26, 27) Ga re a tshwanela go gakgamala fa dipelo tsa rona di rata go dira dilo tse di bosula; lefa go ntse jalo, ga re a tshwanela go di senkela seipato. (Genesise 8:21) Re tshwanetse go kopa Modimo gore o re thuse gore re di ntshe mo go rona. Ruri fa re rata Jehofa le ditsela tsa gagwe, re ka mo kopa gore a re thuse re tshepa tota gore ‘Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona e bile o itse dilo tsotlhe.’—1 Yohane 3:19-21.
18. (a) Jehofa o re goga jang mo tseleng ya bosakhutleng? (b) Fa re tswelela re latela kaelo ya ga Jehofa, re ka lebelela go akgolwa ka tsela efe e e lorato?
18 Eleruri Jehofa o kaela batlhanka ba gagwe ba ba ikokobetsang, ba ba utlwang, go dumelana le thapelo ya mopesalema ya gore Jehofa a mo kaele mo tseleng ya bosakhutleng. Ga a ba tsamaise fela mo tseleng e e ka dirang gore ba tshele ka nako e telele gonne ba sa dire bosula jo bo ka dirang gore ba swe ka pele mme o ba tsamaisa le mo go e e isang botshelong jo bo sa khutleng. O gatelela mo go rona gore re tlhoka setlhabelo sa ga Jesu se se letlanyang maleo. O re naya dikaelo tse di thusang tota ka Lefoko la gagwe le ka phuthego ya gagwe gore re kgone go dira thato ya gagwe. O gatelela mo go rona gore re tlhoka go tsaya kgato fa a re thusa gore re se ka ra nna batho ba ba farologaneng le se re lebegang re le sone kafa ntle. (Pesalema 86:11) E bile o dirisa go itekanela sentle mo mmeleng, re le mo lefatsheng le lesha, mmogo le botshelo jo bo sa khutleng tse re di lebeletseng go re kgothatsa gore re mo direle jaaka Modimo o o osi wa boammaaruri. Fa re tswelela re tsaya kgato ka boikanyegi fa a re kaela, totatota, o tla bua le rona fela jaaka a ne a bua le Morwawe jaana: “Ke itumetse thata mo go wèna.”—Luke 3:22; Yohane 6:27; Yakobe 1:12.
O Akgela Jang?
◻ Ke eng fa gantsi tsela e Jehofa a lebang batlhanka ba gagwe ka yone e farologane le e batho ba ba lebang ka yone?
◻ Ke eng se se ka re thusang go lemoga se Modimo o se bonang fa a tlhatlhoba dipelo tsa rona?
◻ Re ka ithuta ka tsela efe e e ka re thusang go ithuta dintlha tsa boammaaruri le go dibela dipelo tsa rona?
◻ Ke eng fa go le botlhokwa gore re se ka ra itse se Modimo o se bolelang fela mme re ikutlwe jaaka ene?
◻ Ke eng fa mongwe le mongwe wa rona a tshwanetse go rapela jaana: “Modimo a u ko u mphukutsè, u bo u itse pelo ea me”?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Fa o ithuta, leka go dira gore o akanye le go ikutlwa jaaka Modimo
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Megopolo ya ga Jehofa e “mentsi thata, go heta palō ea moshawa”
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.