Direla Jehofa ka Pelo e e Itumetseng
“Dihèlañ Yehofa ka boipelō: tlañ ha pele ga sehatlhōgō sa gagwè ka go ōpèla.”—Pesalema 100:2.
1, 2. Ke dipono dife tse di farologaneng tsa botshelo tse di tsopotsweng fano?
“KE RAGARAGEDITSE botshelo jwa me, mme ebile lobaka lo ile gore ke ka tlhola ke bo fetola . . . Fa ke ntse ke tsamaya ke le nosi, ke ikgopotsa ka botshelo jwa me, mme ke bo ke sa itumelele tsela e ke dirileng ka yone.” Ga bua jalo mosadi mongwe yo mogolwane yo o neng a bapetse tumo jaaka motshameki mme ebile a ne a bonala a ka bo a na le lebaka je le molemo la go itumela. Mme mafoko ao ka phepafalo a ne a sa tswe mo pelong eo ruri e nang le boipelo.
2 Phapaanong le seo, akanya ka monna mongwe yo o neng a feditse dingwaga di ka feta masome a mararo le bosupa a ntse a tlhabantsha bolwetsi jwa go swa ditokololo. Kafa go lebegang ka teng, motho yo o ntseng jalo ga a na lebaka je le utlwalang go ka itumela. Mme gone o kaya fa a itumela e bile o bolela gore o bone sengwe seo se “dirang gore botshelo bo kgotsofatse le go nna le bokao ka mmannete.”
3. (a) Ke maitemogelo afe a botho a a ka re dirang gore re ipotse gore a jaana motho o teng yo o ka nnang le boitumelo jwa boammaaruri? (b) Boitumelo bo ka tlhalosiwa jang?
3 Bontsi jwa rona ga re a ka ra nna le go ka itshokela kgaratlho e telele, e e botlhoko kgatlhanong le bokoa bongwe. Kana gore re kile ra nna bagaka ba lefatshe mo go tloseng bodutu. Gantsi, re batho fela bao ba nang le go lebana le ditlhobaelo tsa malatsi otlhe le mathata a botshelo. Maitemogelo a rona a supela gore “motho eo o tsecweñ ke mosadi o malatsi mannye, o bile o tletse khuduegō,” mme e bile kwantle ga pelaelo re dumalana gore “lobopō lotlhe lo nntse lo le mo botlhokuñ mmōgō.” (Yobe 14:1; Baroma 8:22) Ka lebaka leo, re ka nna ra ipotsa sentle gore a tota go na le mongwe mo lefatsheng yo o ka nnang le boitumelo jwa boammaaruri—seo e leng “boikutlo jwa natefelelo e kgolo kana boitumelo jo bo dirwang ke sengwe se se molemo kana se se kgorisang.” Wena o akanyang? A ruriruri boipelo bo ka bonwa?
A O Ka Bo Bona?
4. Ke bomang bao ba leng gareng ga didikadike tse di itemogelang boitumelo jwa boammaaruri?
4 Go na le didikadike tse di itemogelang boipelo. Baengele ba selegodimo ba ba tshiamo ba ‘diragatsa lefoko la Modimo’ ka boipelo. (Pesalema 103:20) Ba nnile ba direla Jehofa Modimo ka boipelo jwa boammaaruri ka metlha. Ebu, fa lefatshe le thaiwa, bano, ebong ‘dinaledi tsa moso ba ne ba opela mmogo ka boitumelo’! (Yobe 38:4-7) E le ruri moengele yo o ikanyegang yo o neng a itsise ka ga botsalo jwa ga Jesu o ne a na le thomo e e itumedisang, ka jaana a ne a lerile “mahoko a a molemō, a boitumèlō yo bogolo.”—Luke 2:8-14.
5. Mabapi le boitumelo, ke eng seo se ileng sa itemogelwa ke Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi?
5 Mme go tweng ka “Morwa Modimo eo o tsecweñ a le esi”? (Yohane 3:18) Pele ga a ka nna motho ebong Jesu Keresete o ne a le “tlhōgō ea tihō” kwa legodimong. A tirelo eo e ne e itumedisa? Ee ruri, ka jaana re a bolelwa: “Ke ne ke le natehèlō ea gagwè [Jehofa] ka malatsi aotlhe, ke nntse ke itumèla ka metlha eotlhe ha pele ga gagwè.” (Diane 8:22-31) Erile a santse a le mo lefatsheng jaaka motho Jesu o ne a bona boitumelo mo go direng thato ya Modimo. (Pesalema 40:6-8; Bahebera 10:5-10) Mme gape, “ka boitumèlō yo o bo beecweñ pele a ichokèla mokgōrō, a nyatsa ditlhoñ, me a dula kaha ntlheñ ea lecōgō ye legolo ya setulō sa Modimo sa bogosi.” (Bahebera 12:2) Jaanong, jaaka ‘Mothata yo o bakwang yo o esi, yo o itumetseng’ yo o tla tlogang a ntsha dikatlholo tsa bomodimo mo lefatsheng, Jesu Keresete e le ruri o direla Jehofa ka pelo e e itumetseng.—1 Timotheo 6:13-16, NW; 2 Bathesalonia 1:6-10.
6. O ka bona boitumelo kae gompieno?
6 A mme he, o ka bona boitumelo gompieno? Ee, mme le ene monna yo o mo botlhokong yo o umakilweng kwa pelenyana o kaya gore jang ka go re: “Ke fitlhetse fa go le boammaaruri gore boitumelo jo bogolo bo mo go direleng Modimo. Seno se dira gore botshelo bo busetse ka mmannete le go nna le bokao. Go nna motho yo o suleng ditokololo ga go a nkamoga ditshiamelo le masego a go direla Mmopi.” Boitumelo jwa mmatota bo fitlhelwa gareng ga bao ba ineetseng ka pelo yotlhe go Jehofa Modimo. Mme e le eng go sa nne jalo? Ba bolela “mahoko a a molemō” a “Modimo o o itumetseng”—molaetsa o o omosang pelo ka ga botshelo jo bo sa eng kae mo masegong a magolo fa go busa “bogosi yoa legodimo.” (Mathaio 24:14; 1 Timotheo 1:11, NW; Mathaio 5:3) Jalo ba na le lebaka la go ‘direla Jehofa ka boipelo,’ go ‘tla ha pele ga sehatlhogo sa gagwe ka go opela.’—Pesalema 100:2.
7, 8. (a) Lefa ba na le boitumelo, ke ka ntlhayang fa batho ba ba ineetseng go Jehofa ba sa nne le pelo e e thamileng ka metlha yotlhe? (b) Ke ka ntlha yang fa mathata a botshelo a sa hekeetse batho ba ga Jehofa?
7 Seno ga se reye gore motho yo o ineetseng go Modimo o tla nna le pelo e e thamileng ka metlha yotlhe. Mo bathong ba ba sa itekanelang jaana, batho ba ga Jehofa gone ba itemogela khutsahalo ka dinako tse dingwe. (Baroma 5:12) Ka motlhala, e ne ya re fa Esawe a tsaya basadi ba Bahita, “ba bo ba le kutlwishō botlhoko mo peduñ ea ga [batsadi ba gagwe ba ba boifang Modimo] Isake le ea ga Rebeka.” (Genesise 26:34, 35) Mme gape, ka pogiso e e tlhamaletseng le “maanō a boherehere,” a go ipotetsa-potetsa, Satane Diabolo o leka go senya kamano ya Mokeresete le Jehofa e e eletsegang thata. (Baefesia 6:11, The Kingdom Interlinear Translation of the Greek Scriptures) Ka jalo, barati ba Modimo ba na le go lebelela go ka nna le mathata mangwe fa ba ntse ba le mo botshelong. Mme gone makete ano ga a hekeetse batho ba ga Jehofa. Ba bona “kgomoco ea dikwalō” mme ebile ba rapelela moya wa Modimo ka tsholofelo le thuso mo go tlhagoleleng leungo la one ebong boitumelo. (Baroma 15:4; Luke 11:13; Bagalatia 5:22, 23) Go sa tlhokomelege diteko tsa botshelo, Bakeresete ba ka nna le “boitumèlō yoa Mōea o o Boitshèpō.” (1 Bathesalonia 1:6) Masego a ga Jehofa ke one a segolo a tlatseletsang boitumelong joo.
8 Lesego la ga Jehofa e le ruri le a humisa. (Diane 10:22) Mme, fa o le Mokeresete, a o badile masego a gago? A tshwanetse go go dira gore o ‘itumele mo go Jehofa.’ (Pesalema 32:11) Ako o akanyetse a sekae fela a masego a gago mme o tla fitlhela o na le lebaka je le lekanetseng go ka direla Jehofa ka pelo e e itumetseng.
Ditshiamelo tse di Itumedisang tse di Senang Bolekane
9. Go itse Jehofa go raya eng, mme seno se ama boitumelo ka eng?
9 Go itse Jehofa le go mo direla ke masego a a sa bapisiweng le sepe. Modimo o ne a bua jaana ka moperofeti Jeremia: “Eo o ipelahatsañ a a ipelahatsè ka go re, oa ntlhaloganya, oa nkitse, ha ke le Yehofa eo ke dihañ bopelonomi yoa loratō, le katlholō, le tshiamō, mo lehatshiñ.” (Yeremia 9:24) Ka tlholego fela, go nna le kitso ya leina leo la bomodimo ga go a lekanela. Go itse Jehofa go raya go lemoga dinonofo tsa gagwe, ditirisano tsa gagwe, maikutlo le maikaelelo. Go raya go mo utlwa, go tsaya-tsiya le go ineela mo taolong ya gagwe. (1 Yohane 5:3) Thuto e e tlhoafetseng ya Dikwalo le go tlhatlhanya ka mafoko le ditiro tsa Morwa Modimo, yo o utlwanang ka mo go feletseng le Rraagwe, go kgonisa gore motho a nne le kamano e e atamalaneng ya botho le Modimo. (Yohane 1:18; 14:9-11) Bao ka gone ba itseng Jehofa ba itumetse e le ruri. Tota tota, “motho eo o o kgatlhañ, Modimo o tlo o mo nee botlhale, le kicō, le boitumèlō.”—Moreri 2:26.
10. Tsela e e botlhokwa thata le e e kgorisang eo botshelo jwa motho bo ka dirisiwang ka yone ke e fe?
10 Tshiamelo e e sa hopholediweng ya go ntshetsa Modimo wa boammaaruri ‘tirelo e e itshepileng’ ke lesego je lengwe le le ipelelwang ke Basupi ba ga Jehofa. Ga go motho ope yo o ka dirisang botshelo jwa gagwe ka tsela e e botlhokwa kana e e kgorisang ka mo go oketsegileng go feta. Ruri, Sekaria (rraagwe Johane Mokolobetsi) o ne a tlhalosa dilo sentle fa a ne a bakela Jehofa go bo a ile a ntshetsa batho ba Gagwe “tshiamelo ya go mo ntshetsa tirelo e e boitshepo ka boikanyegi le ka tshiamo” ka malatsi otlhe a bone.—Luke 1:67-79; bapisa Baroma 12:1; Tshenolo 7:9, 13-15.
11. Ke tshiamelo e fe e e lereng boitumelo eo e tsamaelanang le go ntshetsa Modimo ‘tirelo e e boitshepo’?
11 Tshiamelo ya go sikara leina la ga Jehofa jaaka basupi ba gagwe e kopanngwa le go ntshetsa Modimo ‘tirelo e e boitshepo.’ (Isaia 43:10-12) Seo eleruri se tshwanetse sa etleetsa boitumelo, e le fela jaaka Jeremia a ile a re: “Mahoko a gago a na a le boitumèlō mo go nna, le boipelō yoa pelo ea me: gonne ke bidiwa ka leina ya gago, Yehofa Modimo oa mashomōshomō.”—Yeremia 15:16.
12. Fa re kgobega marapo, ke go akanyetsa ka dilo dingwe dife tse di fapaaneng moo go ka re tlhagafatsang mo moyeng?
12 Fa e re o ntse o direla Modimo e be e re ka dipaka tse dingwe o kgobega marapo, go gopola ka bokhutshwane ka dilo dingwe tse di fapaaneng go ka go tlhagafatsa mo moyeng. Ka motlhala, fa re akanyetsa ka baengele ba ba boikepo ba ba “mō dikgolegoñ tse di sa hunololweñ ka bosakhutleñ, ba le kwa tlhatse ga lehihi” ba letetse katlholo e e botlhoko ya Modimo, baengele ba ba tshiamo ba ba mo tirelong ya ga Jehofa e nna ba ba itumetseng go feta. (Yude 6) Mme ebile abo e le phapaang e e gone jang ne magareng a boemo jo bo itumedisang jwa ga Jesu le jwa ga Satane Diabolo, yo o lebanweng ke tshenyego ya bosakhutleng! (Tshenolo 20:10, 14) Ebile gape, tlhokomelo e e kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa le masego e le ruri di tlhofofaletsa go “harologanya gare ga basiami le baikepi, gare ga eo o dihèlañ Modimo le eo o sa o diheleñ.” (Malaki 3:17, 18) Lefa go ntse jalo, akanyetsa masego a mangwe gape-gape ao a baakanyetsang mabaka a a utlwalang a go direla Jehofa ka pelo e e itumetseng.
Kgololesego ya Boammaaruri le Lesedi ja Semoya
13, 14. Ka tsela ya bodumedi, ke kgololesego efe ya boammaaruri le lesedi la semoya tseo di ipelelwang ke batlhanka ba ga Jehofa?
13 Lesego je lengwe je ruri le oketsang boitumelo ke go gololwa mo go “Babelona o Mogolo,” mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Bakeresete ba boammaaruri ba itumetse ka jaana ba se kitla ba ‘tlhakanela le ene dibe tsa gagwe le go bona dipetso tsa gagwe.’ (Tshenolo 18:2, 4) Gammogo le seo, batlhanka ba ga Jehofa ba ipelela go bo ba gololesegile mo dipoifong le ditlhamane tsa bodumedi jwa maaka. “Lo tla itse boamarure,” ga bolela Jesu, “me boamarure bo tla lo golola.” (Yohane 8:32) Kgololo eo ya boammaaruri e bonala e ntse e le e e tlhokegang thata fa re gopola ka bokgoba jwa bao ba leng mo lefifing ja semoya.
14 Ka motlhala, ka go sa tshwane le bantsi ba ba ineetseng mo bodumeding jwa maaka, baobamedi ba ga Jehofa ga ba obamele lefa e le go rapela fa pele ga ditshwantsho tseo di sa bueng, di sa boneng, di sa utlweng, go dupa, go ikutlwa lefa e le go tsamaya. (Pesalema 115:4-8) Ga go na le gore go ka twe Bakeresete ba ba gololesegileng mo moyeng le ba ba mo leseding ba boifa baswi, jaaka fa go ntse ka bontsi jwa baagi ba lefatshe. Thuto ya maaka ya bodumedi ya gore motho o na le moya o o sa sweng e otlelela therego eno ya gore baswi ba ka nna ba boa go tla go pokela kana go tlhasela batshedi. Mme lesedi ja semoya la Modimo le phatlaladitse dipoifo tseo, go bo jaana Bakeresete ba boammaaruri ba itse gore “bashwi ga ba itse sepè.” (Moreri 9:5, 10) Abo go bile go le phepa jang ne go lemoga gore baswi ba ba neng ba ratega ba ba mo kgakologelong ya Modimo ba tla bona tsogo! (Yohane 5:28, 29; Ditiho 24:15) E le ruri, basupi ba ba ineetseng ba ga Jehofa ba ka itumelela go bo Rara wa selegodimo yoo ba mo direlang ka bongwehela jwa pelo, ka moya wa gagwe o o boitshepo, o ba senoletse “dilō tse di boteñ tsa Modimo.” (1 Bakorintha 2:10) Ee, o neetse batho ba gagwe lesedi ja semoya je le lereng boitumelo le boammaaruri.—Pesalema 43:3.
Boitumelo jwa go Thusa ba Bangwe
15, 16. (a) Ke eng seo se neng sa diragala fa barutwa ba pele ba ga Jesu ba ne ba ‘phatsimisa lesedi ja bone’? (b) Ke eng seo Bakeresete gompieno ba se itemogelang fa ba ntse ba dira barutwa?
15 Go phatsimisa lesedi ja semoya le gone ke lesego. Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Ke lona lesedi ya lehatshe. . . . A lesedi ya lona le phatsimè ha pele ga batho, gore ba bōnè ditihō tsa lona tse di molemō, me ba galaletsè Rra eno eo o kwa legodimoñ.” (Mathaio 5:14-16) Go ne ga diragala eng jaaka fa barutwa bao ba pele ba ne ba ‘phatsimisa lesedi ja bone’ ka lefoko le ka ditiro? Ba bangwe ba ne ba solegelwa molemo, mme tiro eo e ne ya leretse balatedi ba ga Keresete boitumelo ka bobone. (Luke 10:1, 17-20; Ditiho 8:4-8) Ruri, badira-barutwa bao ba ne ba direla Jehofa ka pelo e e itumetseng.—Mathaio 28:19, 20.
16 Bakeresete ba itemogela boitumelo jo bo tshwanang gompieno mo tirong ya go bolela molaetsa wa bogosi. Seno se ntse jalo segolo ka ga batho ba ba ba thusang mo go boneng kitso ya boammaaruri jwa Modimo. Moaposetoloi Paulo o ne a na le boitumelo jo bo ntseng jalo, ka jaana a ile a re Bafilipi bao a neng a ba thusitse e ne e le ‘boitumelo jwa gagwe le serwalo.’ (Bafilipi 4:1) Mabapi le bao a neng a ba thusitse kwa Thesalonia, moaposetoloi o ne a kwala a re: “Cholohèlō ea rona e be e le eñ, kgotsa boitumèlō yoa rona, leha e le serwalō sa boipelahaco? A ga se lona hèla, ha pele ga Morèna oa rona Yesu, mo go tleñ ga gagwè? Gonne ke lona kgalalèlō ea rona, le boitumèlō yoa rona.” (1 Bathesalonia 2:19, 20) Ee, Paulo—fela jaaka Bakeresete mo gompienong—o ne a bona boitumelo mo go bao a neng a ba thusitse semoyeng. A o iteka ka thata mo tirelong ya ga Jehofa le go itemogela boitumelo jo bo ntseng jalo?
17. Ke ka ntlhayang, lefa ba ka nna le matswela a a lekanyeditsweng mo mafelong mangwe, Basupi ba ga Jehofa ba nnang ba bona boitumelo mo tirong ya bone ya go dira barutwa?
17 Go sa tlhokomelege matswela a a lekanyeditsweng fa ba ntse ba neela bosupi mo mafelong mangwe gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba bona boitumelo jwa go itse gore ba itumedisa le go baka Modimo wa bone. Seo se boammaaruri le eleng fa beng ba matlo bangwe ba sa itumelele go bona Basupi mo metseng ya bone. Batlhanka ba ga Jehofa ga ba kgobiwe marapo ke seno, ka jaana ba lemoga gore go direla Modimo ke tshiamelo e ntle thata-thata eo e ka ipelelwang ke motho lefa e ka nna mang mo lefatsheng.
Le Yone Pogiso e Lere Boitumelo
18. Ke ka ntlhayang fa Bakeresete ba ka itumela lefa gongwe ba ka bona pogiso?
18 Bakeresete ba direla Jehofa ka pelo e e itumetseng le eleng fa ha gongwe ba bona pogiso. Jesu o ne a re go itumela bone ba ba bogisediwang ene, mme le moapostoloi Petere o ne a tlhalosa a re: “Me ereka lo tlhakanetse le Keresete dipogishō tsa gagwè, lo itumèlè; gore e tle e re mo tshenoloñ ea kgalalèlō ea gagwè le gōna lo bo lo itumèlè ka boitumèlō yo bo heteletseñ. Ha lo kgōywa ka leina ya ga Keresete, lo segō.” Ka ntlha yang? “Ka Mōea oa kgalalèlō le Mōea oa Modimo o nntse mo go lona,” ga bolela Petere. (1 Petere 4:13, 14; Mathaio 5:11, 12) Go bona pogiso ka ntlha ya go nna Mokeresete go ka bonala ekete ga se lesego. Mme fa o itshoketse pogo e e ntseng jalo o kgona go iponela bosupi jwa moya wa Modimo le kamogelo—mme, ruri, seo se oketsa boitumelo.
19. Mongwe wa ba ba neng tlhasetswe ke pogiso ya Ma-Nazi o ne a itlhalosa jang?
19 Ka go bo ba na le moya o o boitshepo wa Modimo le nonofo e e tswang kwa go Jehofa, Bakeresete ba ba bogisiwang ba ka boloka boipelo jwa bone tlase ga maemo a a maswe-maswe. (Bafilipi 4:13) Dingwaga dingwe tse di fetileng, go tswa mo kampeng ya kgolegelo ya Ma-Nazi, Mosupi mongwe yo mmotlana yo o neng a atlholetswe lehela go bolawa o ne a kwalela batsadi ba gagwe a re: “E setse jaanong masigo a kgaogane. Ke santse ke na le sebaka sa go ka fetola maikutlo. Ao! a ke ka itumela ka gope gape mo lefatsheng jeno fa ke sena go itatola Morena wa rona? Ruriruri nnya! Mme jaanong lo na le tlhomamisetso ya gore ke tlogela lefatshe jeno ka boitumelo le kagiso.” Ee, Bakeresete ba ba bogisiwang ba direla Jehofa ka pelo e e itumetseng.
Mabaka a Mangwe a Boitumelo
20. Boitumelo bo amiwa jang ke go kopanela le badumedi-ka-wena?
20 Kwantle ga pogiso e e itshokelwang ke Basupi ba ga Jehofa, ba itemogela boitumelo jwa boammaaruri fa ba kopane mmogo le badumedi-ka-bone. Abo e le lesego jang ne! Mo lefatsheng leo le tletseng ka go sa ikanyegeng, maaka le go dira bosula, abo go le molemo jang ne go nna le bakopanedi-mmogo ba ba ikanyegang, ba ba boammaaruri, ba ba thokgameng, bao ba apereng “motho eo mosha”! (Bakolosa 3:8-11) Mme gape, go na le kgotsofalo e e boteng mo go itseng gore boitshwaro jwa motho bo ipedisa pelo ya ga Jehofa.—Diane 27:11.
21. Ditsela dingwe tsa go etleetsa dikgatlhego tsa kobamelo ya boaamaaruri ka boitumelo ke dife?
21 Ke lesego gape go etleetsa dikgatlhego tsa kobamelo ya boammaaruri ka boitumelo, gongwe ka go nna le seabe mo kagong ya lefelo la bokopanelo la Bokeresete, go le tlhokomeleng le go le tshegetseng. (Ekesodo 36:1-7; 2 Dikgosi 12:4-15) Eleruri, maiteko a a ntseng jalo a leretse motho boitumelo jwa pelo. Mme ebile motho o ka lekanya le eng masego le maipelo a go kopanela ka metlha le batho ba ga Jehofa, gammogo le go dirisana le bone mo tirong ya go neela bosupi e e ntshitsweng ke Modimo?—Pesalema 122:1; 1 Bakorintha 3:5-9.
22. Boikanyego mo go direng ditiro tsa poifo-modimo bo felela ka eng?
22 Go ikanyega mo go direng ditiro tsa bomodimo le gone go felela ka lesego je le humileng—tebelelo ya poloko le isagwe e e itumetseng mo tsamaisong e ntšha ya dilo e e solofeditsweng ke Modimo. (2 Petere 3:11-13) Abo go na le pharologano jang ne magareng a batlhanka ba ga Jehofa ba ba nang le tsholofelo le batho ‘ba ba senang tsholofelo le ba ba senang Modimo ba lefatshe’! (Baefesia 2:11, 12) Eleruri, batho ba ga Jehofa gompieno ba ka re go Modimo gammogo le Dafide: “Mme nna, ke ikantsè mo boutlweloñ botlhoko yoa gago; pelo ea me e tla itumèla mo polokeñ ea gago.” (Pesalema 13:5) Tota-tota, fa Bakeresete ba akanyetsa masego a bone, ba fitlhela go na le mabaka a le mantsi a go direla Jehofa ka pelo e e itumetseng.
Tswelapele o ‘Direla Jehofa ka Boipelo’
23. Go na le go letlelela dikgatelelo tse di ntseng di gola go laola kakanyo ya rona, re tshwanetse ra dirang?
23 Le mororo basupi ba ga Jehofa ba itumelela masego a le mantsi jaanong, gone ba ka se falole dikgatelelo tse di ntseng di gola tsa tsamaiso e kgologolo eno ya dilo. Ba na le go dirisana le tseno ka bopelokgale kwa tirong, kwa sekolong le gongwe le gongwe, mme mabaka a a ntseng jalo a ka kgoba marapo. Mme, go na le go letla dilo tseno tse di sa rategeng go laola kakanyo ya rona le go nna di ntse di re tshwenya, re tla bo re le botlhale fa re ka retololela megopolo ya rona dikgannyeng tse di tlhamaletseng, tse di agelelang. Ee ruri, mo boemong jwa go kgobega marapo kana go hutsahala, a re ‘tlhoafaleleng ditiro tse di molemo’ mme re akanyetseng masego a rojaaka batlhanka ba ga Jehofa. (Tito 2:14) Mme he re tla sesa dihatlhogo, jaaka ekete re mo modirong o o sa khutleng. Fela jaaka Diane 15:15 di tlhalosa: “Malatsi aotlhe a ba ba patikwañ a boshula: me eo pelo ea gagwè e yañ monate o na le modihō o o sa khutleñ.”
24. (a) Botshelo jwa gago bo ka nna le boikaelelo jo bo busetsang jang? (b) Ke potso e fe e ka tshwanelo e tsosiwang?
24 Gone go ntse jalo, batho ba le bantsi ga ba itumelele matshelo a bone. Mme fa o rata le go utlwa Modimo, o tlhagafaletse go itshoka mo tirelong ya gagwe, botshelo jwa gago bo nna le boikaelelo jo bo busetsang. Mme ebile, ka thuso ya ga Jehofa, mathata a botshelo le dikgatelelo di ka itshokelwa ka katlego. Jalo nna pelokgale mme o tswelele ka go ipelela masego ao Modimo a a go tshololelang jaaka fa o direla Jehofa ka pelo e e itumetseng. (Pesalema 100:2) Mme go tlhokegang gore o tswelele o itumela mo kobamelong ya ga Jehofa?
A o gakologelwa dintlha tseno?
◻ Ke ka ntlhayang fa batho ba ga Jehofa ba sa hekediwe ke mathata a botshelo?
◻ Go itse Jehofa go raya eng, mme seno se ama boitumelo ka eng?
◻ Go dira barutwa go amana le boitumelo ka eng?
◻ Re ka etleetsa kobamelo ya boammaaruri ka boitumelo jang?
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 13]
Bao ba ipelelang lesedi la semoya la ga Jehofa ga ba boife baswi. Go na le moo, ba lebile-pele kwa tsogong ya batho bao Modimo o ba gakologelwang