A Ruri-ruri Modimo O Amega Ka Wena?
A E KILE ya re mo bosigong, wa ema go se go ne ne wa lebelela lobopo? A o kile wa ipotsa gore ke bokgakala jo bo kae jo tota o bo lebileng lefaufaung, kana gore ke dinaledi tse kae tse o di bonang ka leitlho la gago? Ka jalo, o gakgamaditswe ke bogolo jo bo kalo jwa legodimo, a o kile wa ipotsa, A motho yo e seng wa sepe fela Modimo a ka amega ka ene? A Modimo tota o tshwenyega ka nna jaaka motho?
Dingwaga tse di dikete tse thataro tse di fetileng kgosi Dafide wa mmoki wa Mohebera wa Juda o ne a tlhalosa kgakgamalo ya gagwe ka mantswe a a latelang: “Ea re ha ke akanya magodimo a gago, tihō ea menwana ea gago, kgwedi le dinaledi tse u di baakantseñ; Kana motho e be e le eñ, ha e bo ne ne u mo gopola? le morwa motho, ha e bo ne ne u mo lekola?” (Pesalema 8:3, 4) Ee, le fa e le gore Dafide o ne a sa go lemoge, leitlho la gagwe le ne le lebile lobopo lo lo sekgala sa dingwaga tsa lesedi tse di ka nnang 600 000.a O ne a kgatlhiwa ke go itse gore Mmopi wa lobopo lo lo kalo o ne a bile a ka tshwenyega ka motho.
Dafide o ne a bontsha kgopolo e e tshwanang go Pesalema 144, koo re balang jaana: “Yehofa, kana motho e be e le eñ ha e bo ne ne u mo tlhokometse yana? le morwa motho ha e bo ne ne u mo kaea e le señwe yana? Motho o nntse yaka lehèla hèla: malatsi a gagwè a nntse yaka moruti o o hetèlañ koñ.” (Ditemana 3, 4) Lefa go le jalo, go sa kgathalege tekanyo ya go sa bonale ya motho le bomotlhofonyana, Dafide o itsile gore Modimo o amega ka motho. O ne a ka tlhomamisega jang ka seo? Ka go bo ka boene o ne a tlhagoletse kamano ya botho le Jehofa.
Ke Kamano ya Mofuta Ofe e e ka Kgonagalang?
Re itse jang gore Dafide o ne a na le kamano ya botho le Modimo? Go leba ka bofefo mo go e nngwe ya dipesalema tsa ga Dafide, kana dipina tsa poko, go tshwanetse go re tlhatswa pelo ka mo go lekaneng kaga seo. Ka sekai, a re tseyeng Pesalema 23, mme ka mafoko a yone a a tlhalositsweng ga motlhofo, re leke go lemoga tsholofelo e kgolo e Dafide a neng a na a le yone go Modisa wa gagwe, Jehofa Modimo.
“Yehofa ke modisa oa me;
ga nketla ke tlhōka sepè.
O mpothisa mo mahuloñ a matalana:
o nkgōgèla kaha metsiñ a a didimetseñ.
O rudisa mōea oa me;
O ntsamaisa mo ditseleñ tsa tshiamō
ka ntlha ea leina ya gagwè.
E, me leha ke ralala mogōgōrō oa moruti
oa losho, ga nketla ke boiha boshula bopè;
gonne u na le nna: kgoge ea gago, le thōbane ea gago, cōna dia nkgomotsa.”—Ps 23 Ditemana 1-4.
Fano, boteng jwa kamano ya ga Dafide le Modimo e tswelela e phatsima ka phepafalo. Pesalema eo e go ama jang? A o lemoga ikanyo e eleng gone ya “nku” Dafide e e ka sekeng e itwele le Modisa wa gagwe yo o tshireletso, Jehofa? Kwantle le pelaelo, Dafide o ne a lemoga lebaka la gore le fa motho a tshwana le “lehèla la lehèla,” ka boene Modimo le Modisa wa gagwe o ne a amega ka ene. Ka gone, Dafide o ne a ka bolela ka go tlhatswega pelo a re: “Yehofa ke modisa oa me; ga nketla ke tlhōka sepè.” Ke jang jaanong o ka bonang tsholofelo e e tshwanang le ikanyo e e tshwanang?
Selo sa ntlha, go na le ntlha ya botlhokwa jo bogolo e re ka se e tlhokomologeng. Ga se fela kgang ya modisa a kgatlhegela dinku tsa gagwe. Dinku le tsone di tshwanetse go latela modisa wa tsone mme di utlwe lentswe la gagwe. Ka mantswe a mangwe, fa re batla Modimo o amega ka rona re tshwantse go amega ka Modimo ka borona. Fa dinku di tshabela kana di gana modisa, tshireletso le yone he e a latlhega. Kamano e senngwa ke boganana jwa ka bomo jwa dinku. Go sa kgathalege ditiragalo tsa motho mo ntlheng eno, Modimo o bontshitse go tshwenyega ga gagwe ka batho, e seng fela jaaka setlhopha mme gape jaaka motho ka bongwe. Re na le bosupi bofe jwa go bolela seno?
Go Tloga Leng Modimo O Nntse O Tshwenyega ka Motho?
Go tloga fela kwa tshimologong ya ditiragalo tsa motho, Jehofa o bontshitse fa a tshwenyega ka motho le isagwe ya gagwe. Fa botsuolodi jwa bogagapa bo ne bo tlhaga kwa Edena, Modimo ga o a ka wa tlogela lelapa la setho le go le tlogela fela lo sena tsholofelo. O solofeditse ka “losika” lwa isagwe lo lo neng lo tla tsaya kgato kgatlhanong le mmaba yo mogolo mme le tlise kgololo ka go tapeta tlhogo ya ga Satane. (Genesise 3:15; Baroma 16:20) Fa e sale go tloga foo Jehofa o ne a tswelela go dirisana le batho, ka dinako tse dingwe jaaka motho ka bongwe mme ka dinako tse dingwe jaaka merafe.
Sekao se se phepafetseng sa go tshwenyega ga ga Jehofa ka motho ka bongwe kwa Iseraeleng wa bogologolo e ne e le molao o o neng o baakanyeditswe masiela le basadi ba batlholagadi, bahumanegi mo morafeng. Ka sekai, o ne o tlhamaladitse ka gore ba ne ba tshwanetse go nna le seabe mo thobong le fa ba ne ba sena lefatshe. Ba ne ba filwe ditshwanelo tsa go ronopa mo masimong a a robilweng. Abo seo se ne se tlotlometse jang mo dithulaganyong tsa loago tse di teng mo merafeng gompieno! Kwa Iseraeleng motho ka bongwe o ne a boloka boitlotlo go sa kgathalege lehuma la gagwe. Ka ntlha yang? Ka go bo o ne a sa tshwanela gore a kope kana a letele thuso ya madi a Puso go a newa. Ka diatla tse e leng tsa gagwe o ne a ronopela ditlhokafalo tsa gagwe. O ne a dira tiro e e mosola mme a ikutlwa a itumeletse Modimo wa gagwe o o letlotlo, Jehofa.—Lefitiko 19:9, 10; Ruthe, kgaolo 2.
A Keresete O Tlotlomaditse Tlhokomelo ya ga Rraagwe?
Dikwalo tse nne tsa Efangele di tlhalosa sentle gore Jesu Keresete o ne a tlhokomela batho. Mme ereka a ne a bontshitse tota dinonofo tsa ga Rragwe, go tshwenyega ga gagwe e ne e le tshupo e e phepafetseng ya gore Modimo o amega ka batho. (Yohane 14:9) Thuto ya ga Keresete e ne e tshotse dikaelo tse di lorato tse di dirang tsa go tshela kwa ntle go bogagapa. Abo seo se ile sa tshwantshiwa jang ne ke fa barutwa ba gagwe ba ne ba boa ba lapile ba bile ba feletswe ke natla fa ba ne ba tswa mo tlhabanong ya thero! O ne a itshwara jang? E ne ya nna ka tlhomogelo pelo le kakanyetso. Jesu o ne a tlhaloganya boikutlo jwa bone, tlhokafalo ya bone ya go ikhutsa. “Me a ba raea a re, Tlañ lona lo le losi, re cweleñ kwa thokō kwa heloñ ha go senañ batho, me lo itapolosè ka lobakanyana. Gonne go no go le batho ba le bantsi ba ba tlhōlañ ba boeaboea, ba bile ba sena lobaka leha e le loa go ya.” Ka jalo ba ne ba tswela botlhe ka mokoro kwa lefelong le le kwa thoko go ya go ikhutsa.
Mme matshwititshwiti a batho a ne a ba sala morago. Jesu o ne a itshwara jang ka seno? A o ne a fela pelo a ba a gakala? “Me a cwa, [mo mokorong] me a hitlhèla bontsi yo bogolo yoa batho, me a ba tlhomogèla pelo, ka ba nntse yaka dinku tse di senañ modisa: me a simolola go ba ruta dilō di le dintsi.”—Mareko 6:30-34.
Abo Keresete a bontshitse jang ka phepafalo go tshwenyega ga ga Rraagwe ka batho! O ne gape a tlotlomatsa seno fa a ne a re: “Dithaga di le tlhano a ga di rekwe ka madinyana a le mabedi? me go bo go se epè ea cōna e e lebalwañ ha pele ga Modimo. Me, le meriri ea ditlhōgō tsa lona e badilwe eotlhe; ke gōna, se boiheñ; gonne lo molemō bogolo go dithaga di le dintsi.”—Luke 12:6, 7.
Eleruri, mo ponong ya Modimo motho yo o batlang go latela Jesu Keresete ga se selonyana fela. Mme ntlha ya botlhokwa ke gore, A ka tlhagafalo o batla go latela Jesu Keresete? A o amegile ka tlhokafalo ya gago ya semoya mo ntlheng eo? (Mathaio 5:3) Gakologelwa, pele fela ga go tshwarwa ga gagwe le go swa Jesu Keresete o ne a rapela Rraagwe: “Le gōna ga ke rapelele bōne bosi, [baaposetoloi ba ba 11 ba ba neng ba a ja le ene selalelo sa gagwe sa bofelo], me ke rapèlèla le ba ba dumelañ [barutwa ba bangwe] mo go nna ka lehoko ya bōnè.” (Yohane 17:20) Jesu o ne a itse gore ga se baaposetoloi fela bao Modimo o neng o tla amega ka bone mme gape le ka bao ba tla nnang badumedi mo motheong wa thero ya bone. Seo se supa gore Modisa yo Mogolo, Jehofa Modimo, o atamelesega go botlhe bao ba bontshang moya wa boikokobetso wa dinku.—Pesalema 23:1.
A Modimo O Amega ka Batho Gompieno?
Mme jaanong o ka nna wa botsa, ‘Fa ruri Modimo o amega ka batho, seo se bonalang jang gompieno? Mme ke ka solegelwa molemo jang ke go tshwenyega ga Modimo ka batho?
Gompieno Jehofa, Modisa yo Mogolo, o diretse batho ba seka-dinku go kgabaganya lefatshe paakanyetso ya go utlwa lentswe la gagwe. O dirile seno jang? Jesu o a araba: “Ga go motho opè eo o ka tlañ mo go nna, ha Rara eo o nthomileñ a sa mo goge.” Ka gone, Jehofa o gogela batho ba ba pelo e e ikokobeditseng kwa go ene ka “modisa eo o molemō” yo o tlhophilweng wa gagwe, Jesu Keresete.—Yohane 6:44; 10:11, 14-16.
Ke jang tiro eo ya go gogela e diragadiwang? Ka tiro ya go rera ya balatedi ba ba ikanyegang ba ga Jesu Keresete bao e leng basupi ba Modimo wa boammaaruri, Jehofa, le eleng fela jaaka Jesu a ne a ntse. Ee, basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa ba rera gongwe le gongwe kwa batho ba bonwang teng. Ka kgololesego, ba neela tlhokomelo go motho-ka-esi yo o batlang go itse Modimo. Fa e le gore ga o ise o dire jalo, a o ikemiseditse go tsaya kgato ya ntlha mo go tlhagoleleng kamano ya botho le Modisa yo Mogolo, Jehofa? A o ikemiseditse go batla Modimo ka Jesu Keresete? Gakologelwa kgakololo ya ga Jesu: “Batlañ, me lo tla bōna: kgwanyakgwanyañ, me lo tla bulèlwa.” Ka go romela Morwawe mo lefatsheng mo boemong jwa rona, Modisa yo Mogolo o nnile ene wa pele go tsaya kgato e e tlhamaletseng tebang le wena. Fa o arabela, o tla itemogela ka bofefo gore Modimo o amega ka batho.—Mathaio 7:7; 1 Yohane 4:7-10.
A Modimo O Tshwenyega ka Isagwe ya Batho?
Lebaka la go bo go nna teng ga batho go tshwantshanngwa le lefela, mohemonyana fela, go supa gore botshelo jwa motho bo bokhutshwane go le kae. Lefa go le jalo, fa o ne o ka ipelela botsogo jo bo itekanetseng le boitumelo o ne o ka batla ruri go tshela lobaka lo lo kae? A o ne wa re, “Ka bosakhutleng”? Tota, Jehofa o solofeditse sone seo fela—botshelo jo bo sa khutleng mo paradaiseng ya lefatshe. Ke ka gone re balang jaana mo lokwalong lwa ga Paulo go Tito, “mo choloheloñ ea botshelō yo bo sa khutleñ, yo Modimo, o o sa kakeñ oa aka, o bo sholoheditseñ batho pele ga metlha e e senañ tshimologō.” (Tito 1:2) E ntse e theilwe mo tsholofelong e e tshwanang, Paulo o ne a neela kgakololo go bangwe “gore ba dihè molemō, ba humè ditihō tse di molemō, ba iketleeletsè go aba, ba itumèlèlè go abalana; Ba nntse ba ipeèlèla motlha o o tlañ mothèō o o molemō, gore ba tlè ba chwarè botshelō yo e leñ botshelō rure.” “Botshelō yo e leñ botshelō rure” joo bo gogela kwa botshelong jo bo sa khutleng.—1 Timotheo 6:17-19.
A Modimo O Amega ka Baswi?
O ka nna wa botsa, ‘mme go tweng ka baswi? A Modisa yo Mogolo o amega ka bone?’ Eleruri! Ke ka gone moaposetoloi Paulo a neng a “bolèla Yesu le go coga ga bashwi.” (Ditihō 17:18) Eleruri, tsogo ke sekai se se tlhomologileng sa go tshwenyega ga ga Jehofa ka motho. Ka ntlha yang? Ka go bo e bontsha gore O bolokile rekote le eleng ya karolonyana e potlanyana ya botho jwa bao ba tla busediwang botshelong. Molaodi yo Mogolo wa lobopo, ka didikadike tsa masomosomo a lone a dinaledi, ga a na ketsaetsego gore o ka gakologelwa boikitsiso jotlhe ka botho le go bo gatiseletsa gape mo bobokong le pelong tse di bopilweng gape. Ga go gakgamatse go bo Jesu a ile a tlhalosa ka go tlhatswega pelo jaana: “Se gakgamaleleñ mo: gonne lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè [la ga Jesu] ka lōna, me ba tla cwa.”—Yohane 5:28, 29.
Fa e le gore o eletsa gore Modisa yo Mogolo, Jehofa, a amege ka wena ka Morwawe Jesu Keresete, se okaoke go kopa Basupi ba ga Jehofa go go thusa. Kwa lelapeng la gago kwa bothokong o ka botsa dipotso dipe tsa Bibela tseo o eletsang go di botsa mme o tla bona dikarabo tse di kgotsofatsang. Kana o ka nna wa kwalela bagatisi ba makasine ono bao ba tla go thusang go itseela bosupi ka mo go feletseng gore eleruri Modimo o ka amega ka wena gone jaana le mo isagweng.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ngwaga wa lesedi ke sekgala se lesedi le tsamayang ka sone mo ngwageng ka lobelo lo logolo lwa 299 338 km mo motsotswaneng mongwe le mongwe. Seno e bo e nna 9 460 000 000 000 km, sekgala se lesedi le se tsamayang mo ngwageng. Eleruri, lobopo le atologile thata go feta jaaka leitlho la motho le ka leba.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
A Modimo o itshwenya ka rona?
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Modisa yo Mogolo ka lorato o tlhokomela “dinku” tsotlhe tsa gagwe
Yehofa o pelochweu, o tshiamō; E, Modimo oa rona o kutlwèlō botlhoko. Yehofa o boloka ba sa tlhalehañ: ke ne ke ñotlilwe, me a mpoloka. Boèla mo boikhucoñ yoa gago, wèna mōea oa me, gonne Yehofa o gu dihetse sentlè ka mo go heteletseñ.—Pes. 116:5-7