O Eme Kae mo Kganetsanong ya Bogosi?
LEFOKO “kganetsano” fano le raya eng? Le raya kgang e go ganetsanwang ka yone gareng ga batho ba babedi kana ba bararo kana ditlhopha mme e le e e tlhokang go rarabololwa ka phetso ya taolo e e rileng kana ka pontsho e nngwe e e tlhatswang pelo. Kganetsano jaanong ke ya lefatshe ka bophara. E amana le Bogosi jwa Modimo ka mmusi yo o tlhophilweng, Jesu Keresete. Fa e sale morago ga ngwaga wa ntwa wa 1919, dingwaga tse 63 tse di fetileng, polelelo-pele e e neng ya bolelwa ke mmusi yo o tlhophilweng e tsweledisitswe pele ke Basupi ba ga Jehofa mo mafatsheng a le 205, kana dinaga, eleng: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”—Mathaio 24:14.
Go feletse ka eng? Seno: Mebuso yotlhe ya lefatshe e ile ya tlamega go lebagana le kganetsano eno e kane e rata le e sa rate. Go tlo go fitlha jaanong go phepafetse sentle gore ga ba e rate. Re ka bolela gore jaanong mebuso ya lefatshe e lebile mabitla. Ka ntlha ya matswela a dintwa tse pedi tsa lefatshe, mebuso e mentsi ya lefatshe e ile ya thankgolwa mme ya emisediwa ka dipuso tse dingwe, ya di-repaboloki kana ya babusa-esi ba bojammogo kana mefuta e mengwe ya bogoromente ba bokgokgontshi. Gompieno go na le magosi a le 15 a a sa ntseng a le teng, jaaka jwa United Kingdom jwa Great Britain le jwa Northern Ireland, bogosi jwa Joredane, bogosi jwa Nepal kwa Asia, le bogosi jwa Tonga kwa Borwa jwa lewatle la Pacific le bogosi jwa Swaziland mo Afrika.
Go Tlosiwa ga Magosi a Batho
Go nyelediwa gotlhelele go lebane magosi otlhe a batho eseng ka go bo magosi jaaka mofuta wa bogoromente ke a palopotlana mme ka go bo mefuta yotlhe ya bogoromente ba batho e lebane le go tlosiwa go thibogela goromente wa lefatshe lotlhe eseng yo o bopilweng ke motho. Polelelo pele ya ga Daniele 2:44 ya dingwaga tse di 2 580 tse di fetileng e re: “E tla re mo metlheñ ea dikgosi tseuō, Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi yo bo se ketlañ bo señwa gopè, me le mmushō oa yōna ga o ketla o tlogèlèlwa chaba e sele, me bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.” Ntwa ya Lefatshe I e e simolotseng ka 1914 ga e a ka ya diragatsa polelelo pele eno e e kgothatsang ya ga Daniele, mme legale e ile ya bontsha gore Modimo wa legodimo o tlhomile Kgosi ya gagwe e a e tlhophileng mo setilong sa bogosi sa selegodimo ka maatla a go diragatsa polelelo pele eno kwa tshimologong.
Gompieno bogoromente botlhe ba lefatshe ba lebanwe ke go iteretse tshenyego ka bobone ka dibetsa tsa ntwa tse di tlhabolotsweng tsa boitseanape. Baela-dilo-tlhoko ba lefatshe ka bobone ba re ntshetsa tlhagiso rotlhe ka phelelo e e maswe e e tla nnang gone. Ba lemoga gore re tshela mo go seo Bibela e se bitsang “kwa motlheñ oa bokhutlō,” kana “mo metlheñ ea bohèlō.” (Daniele 12:4; 2 Timotheo 3:1) Merafe e ntse e okaoka kaga go simolola ntwa ya boraro ya lefatshe, ka ntlha ya seo e tla se rayang go bone botlhe—go inyeletsa ka sebele. Ba batla go tlisa maemo go ya mo boemong jwa gore ka tsholofelo ya bone ba goeletse ka gore: “Kagishō le thagamō.” (1 Bathesalonia 5:3) Fa mo bogaufing ba tla bo ba dira kgoeletso e e ntseng jalo ya phatlalatsa, go tla bo go sa reye kagisano le Modimo wa legodimo. Nnyaa, ka go bo fa e sale 1914 merafe e ntse e Iwa le ene. Ba dira kgatlhanong le boikaelelo jwa gagwe jo bo molemo ka setho. Ka tetlelelo ya Modimo ba ile ba bontsha go kgabaganya ditiragalo tsa motho gore ga ba kgone go busa lefatshe ka molemo wa goyagoile go setho, re sa umake sepe ka go galaletsa ga bone Modimo.
Modimo Mothatayotlhe ka nako e e leng ya gagwe o tla tlisa bokhutlo jo bo feletseng jwa tsamaiso eno ya dilo e e sa kgotsofatseng. Ka nako e e leng ya gagwe ka tsepamo o tla tlosa tsamaiso eno ya dilo. Ka Basupi ba ga Jehofa merafe e ile ya itsisiwe ka seno. Ga ba na seipato.
Puso ya Motho kana Puso ya Modimo?
Re ka re merafe, ka bogoromente ba bone ba ba busang ba ile ba feleletsa ka go itshupa, gore ba eme kae mo kganetsanong ya Bogosi jwa Modimo ka Keresete. Ba itshupile ba amogela go sa kgaotseng ga puso ya motho go na le puso ya Modimo. Boemo jo ba ileng ba ganelela go nna mo go jone jo bo kgatlhanong le goromente wa ga Jehofa Modimo le Keresete wa gagwe. Ke jwa go ema Satane Diabolo nokeng, “kgosana ea lehatshe” e e sa bonaleng go ya ka mafoko a ga Jesu go baaposetoloi ba gagwe: “Kgōsana ea lehatshe ee tla: me ga e na sepè mo go nna.”—Yohane 14:30; bona gape le Mathaio 4:8-11; 2 Bakorintha 4:4.
Fela jaaka merafe e itiretse phetso ya yone le go e ngaparela, motho-ka-esi o tshwanetse go ikarabela ka boene potso e e botlhokwa bogolo, Ke ema kae mo kganetsanong ya Bogosi? Ga re ka ke ra falola ka gope go dira phetso mabapi le kganetsano eno ya lefatshe e e tlhomologileng. Go sa e tsee-tsia ga go ne go re fa seipato sa go sa boge ka ntlha ya phelelo ya teng. Ga go na sebaka sa go nna taola ya sejaro. Re tlamega go nna mo letlhakoreng la Bogosi jwa Modimo kana kgatlhanong le jone.
Bontsi-ntsi jwa batho ba ba tshelang gompieno ba kane ba ne ba sa tshele ka nako ya ngwaga o o kgautlhantsweng ke ntwa wa 1914; ka jalo ga ba gakologelwe ditiragalo tsotlhe tse di botlhokwa tse di diragatseng fa e sale, e kane ka boitemogelo kana ka go di bona. Ka nako e e tshwanang, “seshupō” se se tshwayang “bokhutlō yoa lehatshe” jaaka bo boleleletswe pele ke Jesu Keresete se a bonala mme se tswelela go bonala mo merafeng yotlhe le batho. Botlhe ba bona matswela a “seshupō” seno. Re tshwanetse fela ra ipalela seo Jesu Keresete a se boleletseng pele go ya ka pego e e kwadilweng mo go Mathaio dikgaolo 24 le 25, Mareko kgaolo 13 le Luke kgaolo 21, go lemoga gore o boleletse pele kaga dintwa, ditlala, leroborobo le bolwetse, dithoromo tsa lefatshe, pogiso ya balatedi ba gagwe, le tlalelo e e tswelelang pele ya merafe ka tharaano le kgothalo e kgolo ya go rerwa ga “mahoko a a molemō” a Bogosi “mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe” go tle go fitlheleleng bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo e e utlwisang botlhoko.
Tota, ka nako ya lekgolo la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona o o Tlwaelegileng Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba dira thero e bonalang sentle, mo Asia, Afrika le kwa Yuropa, ya mafoko a a molemo a Bogosi jo bo tlang. Seno e ne e le pele ga Ma-Yuropa a bona dikgaolo tsa Borwa le Bokone jwa Amerika le Australia le ditlhaketlhake tse dintsi tsa mawatle a Atlantic le Pacific, go tloga ka lekgolo la dingwaga la bo-15 go ya pele. Dimishenare tsa bodumedi di ne tsa romelwa mo dikgaolong tseno tse dintšha tse di bonweng. Moragong jaana mekgatlho ya Bibela e ile ya tlhongwa le go anamisa Bibela kgakala ka dipuo tse dintsi. Mme molaetsa wa Bogosi ga o a ka wa rerwa ke dimishenare le baruti ba La-Bodumedi, nnyaa, eseng ka tsela e Bogosi jwa ga Jehofa Modimo ka Jesu Keresete bo neng bo tla dirwa kganetsano ya lefatshe ka bophara ka teng. E ne e se thero ya mofuta wa go ka dira go phatlaladiwa ga Bogosi karolo ya “seshupō” se se neng se tla tshwaya “bokhutlō yoa lehatshe.”