LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 5/15 ts. 3-4
  • A O Selonyana Fela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Selonyana Fela?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Ruri-ruri Modimo O Amega Ka Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Kafa Baengele Ba ka Go Thusang ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • A Ruri Modimo o Amega ka Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Go Na Le Molaetsa O Dinaledi Di O Go Tshwaretseng!
    Tsogang!—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 5/15 ts. 3-4

A O Selonyana Fela?

A KA DINAKO tse dingwe o ikutlwile go se ope yo o go kgatlhegelang? A o kile wa ikutlwa o bolawa ke bodutu mme le fa go le jalo o dikaganyeditswe ke batho? Ke ka ntlha yang o herweherwe ke dikakanyo tse di ntseng jalo? Ka go bo mo makgetlong a mantsi gompieno motho o ile a fetoga selonyana fela.

Mo dinageng tse dintsi tobekano ya maphata a mmuso e dirile batho go nna ditsiakgopenyana fela jaaka boikitsiso jwa dikhomputara. E nnile ditshoswane fela, dintsinyana, mo maphateng a ga goromente a a sa ba boneng ka sepe. A ka dinako tse dingwe o tle o ikutlwe jalo?

Kana gongwe o dira mo khamphaneng e kgolo ya makgolo kana dikete tsa babereki. Ka ntlha ya gona moo, o ka nna wa ikutlwa o se botlhokwa ebile o tshwana le sepeke sa baesekele kana tlhale mo morutsheng. Le eleng bao ba nnang mo ditoropong tse dikgolo ba ka ikutlwa gotlhelele ba bolawa ke bodutu. Ka ntlha yang go le jalo? Ka go bo baagelani ba bone gantsi e nnile baeng fela, fela jaaka ekete ke tshoswanenyana e e mo jarateng e e bapileng le eo.

Ee, go motlhofo go dumela gore o selonyana fela, tsiakgopenyana fela e e sa bonaleng mo botshelong jono jwa segompieno jwa go tlabaka le jwa go tlabatlaba. Seno se boammaaruri bogolo mo mokgatlhong ono wa segompieno, mo kgaisano e dirileng gore batho ba bantsi ba felelele e le ba ba senang pelotlhomogi go ba bangwe. Boitlotlo jwa motho bo ile jwa katakwa godimo mme karabo e go boleIwang e tshwanela bogolo ke “Mpagologe tlhe!”

A Modimo o itshwara jalo le one? A ene, jaaka Morena Modimo wa lobopo lotlhe, o kwa godimo thata go motho mo e leng gore rotlhe re ka nna dilonyana fela go ene? Bibela e supa gore mo lekgetlong lengwe Jehofa Modimo o ne a na le “ba ba makgolo kgolo [100 million]” baengele ba eme fa pele ga gagwe. (Daniele 7:10) Gape ke Mmopi wa dinaledi tse di senang palo mo lobopong. A ka gongwe o timeletswe ke popo yotlhe ya gagwe ya semoya le e e bonalang? Bibela e araba jaana: “O bolèla palō ea dinaledi; o di raea maina cotlhe hèla.” (Pesalema 147:4) Eleruri, dipopo tsa selegodimo ga di itaole fela. Kwantle le pelaelo baengele ba ba tshiamo, Jehofa o ba bitsa ka maina le bone, lefa motho a ile a senoleIwa maina a ba le babedi fela ba bone, Mikaele le Gabariele.—Daniele 12:1; Luke 1:26.

Jaanong he gotweng ka motho? A Modimo o a amega? Mopesalema Dafide o kwadile ka gore: “Yehofa, nkitsisè bohèlèlō yoa me, le selekanyō sa malatsi a me, go re, ke eñ; a nke ke itse, go re, bomotlhōshwana yoa me bo kana ka yoa eñ. Bōna, u lekantsè malatsi a me yaka dikatlhamō tsa seatla; me go tshela ga me go nntse yaka ga se sepè ha pele ga gago: rure motho moñwe le moñwe . . . ke lehèla gotlhe hèla.” (Pesalema 39:4, 5) Fa e le gore motho o motlhofonyana fela jaaka lefela, he ke jang re ka tlhomamisegang gore ga se selonyana fela le tsiakgopenyana gore Modimo a mo tlhokomele? Go tswa ponong ya Modimo, a batho botlhe ba botlhokwa? A ruri-ruri WENA o botlhokwa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela