LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 7/1 ts. 23-28
  • “Yehofa Ke Modisa oa Me”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Yehofa Ke Modisa oa Me”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa, Modisa yo o Lorato.
  • Jehofa o Sireletsa Dinku tsa Gagwe
  • Mokete o Mogolo Gareng ga Baba
  • Jehofa ke Modisa wa Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • “Jehofa ke Modisa wa Me”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Kwa re ka Bonang Kgomotso Teng
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Go Disa le Mmopi wa Rona yo Mogolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 7/1 ts. 23-28

“Yehofa Ke Modisa oa Me”

“Yehofa ke modisa oa me; ga nketla ke tlhōka sepè.”—PESALEMA 23:1.

1, 2. Dingwe tsa dilo tseo Dafide a neng a di dira ke dife, mme o ne a tlhama dipesalema di le kae?

A O KO o akanye ka tiragalo eno: masole a Bafilisitia a lebagane le mophato wa Iseraele. Goliate, ebong seganka sa Mofilisitia, o a sotla. Lekawana, le le tshotseng fela motsekedi le mantswe, le siana go ya go mo kgatlhantsha. Lentswe le le lebagantsweng sentle le phunya legata la mokaloba yoo le ho le mmolaya. Lekawana leo e ne e le mang? E ne e le Dafide, modisa yo o neng a bona phenyo eno e e boitshegang ka thuso ya ga Jehofa Modimo.—1 Samuele, kgaolo 17.

2 Morago, lekawana leno le ne la nna kgosi ya Iseraele, la busa ka dingwaga di le 40. E ne e le motshameki yo o sethakga wa harepe mme ka tlhotlheletso ya Modimo a tlhama maboko a le mantsi. Dafide gape o ne a kwala dipesalema tse di kgatlhisang di le 70 tseo di leng kgothatso e kgolo le kaelo mo bathong ba ga Jehofa gompieno. E e itsegeng thata mo go tseno ke Pesalema 23. Ke eng fa o sa bule Bibela ya gago mme o nne o latele fa go tlotliwa Pesalema eno ka temana le temana?

Jehofa, Modisa yo o Lorato.

3. (a) Ke dipaka dife tseo mo go tsone Dafide a neng a baya botshelo jwa gagwe mo kotsing go sireletsa dinku tsa gagwe? (b) Jehofa ke Modisa wa rona ka tsela efe?

3 “Yehofa ke modisa oa me.” (Pesalema 23:1) Jaaka modisa yo o nang le maitemogelo, Dafide o ne a itse go etelela dinku pele, go di fudisa, le go di sireletsa. Ka motlhala, o ne a sireletsa dinku tsa gagwe ka bopelokgale mo taung ka nako nngwe mme gape le mo bereng ka nako e nngwe. (1 Samuele 17:34-36) Dinku tsa ga Dafide di ne di ikantse modisa wa tsone gotlhelele. Mme fa ene a bapisiwa le Jehofa, o ne a le nku. Ereka jaana Dafide a ne a ikutlwa a bolokesegile mo tlhokomelong e e lorato ya Modimo, o ne a ka bua a re: “Yehofa ke modisa oa me.” A o ipelela mofuta ono wa polokesego tlase ga Modisa yo Mogolo, Jehofa Modimo? Eleruri o etelelapele, o a fodisa, le go sireletsa baobamedi ba gagwe gompieno ba seka-dinku. Mme gape, jaaka bagolwane ba ba tlhophilweng mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa, badisa ba babotlana ba ba ikanyegang, ba ba lorato, ba tlhokomela dinku ka tlhoafalo.—1 Petere 5:1-4.

4. Boemo jwa rona gompieno bo tshwana jang le jwa Baiseraele fa ba le mo nageng?

4 “Ga nketla ke tlhōka sepè.” Akanya ka polelo eno ka kelotlhoko. Ka ntlha ya tlhokomelo e e lorato ya ga Jehofa, a ga o ikutlwe o na le boikutlo jo bo ritibetseng jwa tshisibalo le boikanyo? A o gakologelwa se se neng sa diragalela Baiseraele fa ba ne ba ntse ba kgarakgatshega mo nageng ka dingwaga di le 40? Ebu, Modimo o ne wa ba baakanyetsa ditlhokafalo tsotlhe tsa bone tsa konokono! Go ntse fela jalo le gompieno. Batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ga ba tlhoke sepe. Ba le bantsi ba ka boelela mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a ga Dafide: “Nkile ka ne ke le lekau, me yana ke cohetse; leha go nntse yalo, ga ke e se nke ke bone mosiami a latlhilwe, leha e le bana ba gagwè ba lègalègèla diyō.” (Pesalema 37:25) Gompieno, “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” o baakanyetsa ka letlotlo la dijo tsa semoya. (Mathaio 4:4; 24:45-47) Gammogo le dipokano di le mmalwa ka beke, re na le Bibela, dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Awake!, le dikgatiso tse dingwe di le dintsintsi. Le eleng mo dinageng tseo tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa e thibetsweng teng, dijo tsa semoya di amogelwa ka metlha yotlhe. Dinku tsa ga Jehofa ga di tlhoke sepe!

5. Ke ka ntlhayang fa dinku tsa ga Jehofa gompieno di le mo kagisong le mo boiketlong, mme seo se felela jang?

5 “O mpothisa mo mahuloñ a matalana.” (Pesalema 23:2) Go ne go na le mafulo a magolo a bojang mo metseng e mentsintsi mo Iseraele wa bogologolo. Fela jaaka modisa yo o lorato ka nako eo a ne a etelela pele dinku tsa gagwe go ya mafulong a a molemo a a babalesegileng, go ntse fela jalo Jehofa o tlhokomela dinku tsa gagwe ka tsela eo gompieno. Mopesalema o bolela jaana: “Re batho ba bohulō yoa ōna.” (Pesalema 79:13; 95:7) Dinku tsa sebele di tshela sentle fa di kgotshe ebile di kgona go ikhutsa mo mogoteng wa letsatsi. Dinku tsa ga Jehofa gompieno di mo kagisong ebile di iketlile ka go bo di ikanya badisa ba ba godileng—balebedi ba ba thapisitsweng sentle mo diphuthegong le mo dipotologong. Ka jalo, matsomane a semoya a ntse a oketsega. Batho ba le bantsi bao pele ba neng ba tshwarwa ka tsela e e bosula ke badisa ba maaka ba Babelona o Mogolo jaanong ba itumetse thata le go ritibala jaaka dinku tsa ga Jehofa.

6. Jehofa ‘o re isa jang kwa metsing a a didimetseng a boikhutso’?

6 “O nkgōgèla kaha metsiñ a a didimetseñ.” Mo Iseraele modisa o ne a tshwanetse go supegetsa dinku tsa gagwe kwa mogobeng kana kwa molatswaneng wa metsi. Mme gantsi met si a ne a le thata go bonwa fa e le paka ya komelelo. Gompieno, Jehofa ‘o re gogela kwa mafelong a a nang le metsi a a didimetseng’ ka go re fa metsi a boammaaruri ka selekanyo se segolo. (Bapisa Esekiele 34:13, 14.) Mme moperofeti Isaia o ntsha taletso eno e e nonofileng: “Hèèlañ! moñwe le moñwe eo o nañ le lenyōra, tlañ metsiñ a mantsi.” (Isaia 55:1) Ka go nwa metsi ano a semoya, dinku di sirelediwa mo dikatlholong tse di molelo tseo di tla tlelang “ba ba sa itseñ Modimo, le mo go ba ba sa ineeleñ go utlwa Mahoko a a Molemō.”—2 Bathesalonia 1:8; Tshenolō 7:16, 17.

7. Dijo tsa semoya tse di tswang kwa go Jehofa di thusa leng segolo-bogolo, mme ke mo maemong afe ao ditemana tsa Bibela tse di itsiweng ka tlhogo di ka itshupang di le mosola thata-thata?

7 “O rudisa mōea oa me.” (Pesalema 23:3) Fa re lapile, fa re le mo mathateng, re kgobegile marapo, kana re lebagane le kganetso e e masisi, Jehofa o re lapolosa ka Lefoko la gagwe. Ka jalo, go molemo gore Bakeresete ba itlwaetse go bala karolo nngwe ya Bibela malatsi otlhe. A o dira seno? Bangwe ba bona gore go a ba thusa go tshwara ditemana dingwe ka tlhogo, jaaka Ekesodo 34:6, 7 kana Diane 3:5, 6. Ke ka ntlhayang fa seno se le mosola? Mme kana, fa go ka diragala gore go tsoge mathata mangwe mme o bo o sena Bibela gautshwane, dintlha tse di gomotsang tsa Dikwalo di ka go nonotsha gone fela foo. Bakaulengwe ba bantsi bao ba ileng ba atlholelwa go tsena mo toronkong kana mo dikampeng tsa kgolegelo ka ntlha ya go emela melao-metheo ya tshiamo ba tiile ba ne ba lapolosiwa thata le go nonotshiwa ke go gakologelwa dikwalo tse ba di tshwereng ka tlhogo. Ee, Lefoko la Modimo le ka “itumedisa pelo” le go “tsenya matlhO lesedi”!—Pesalema 19:7-10.

8. A go motlhofo go tsamaya “mo ditseleñ tsa tshiamō,” me go dira jalo go gogela go eng?

8 “O ntsamaisa mo ditseleñ tsa tshiamō.” Ditsela tsa tshiamo di thatago ka latelwa, mme di isa kwa botshelong. Fela jaaka Jesu a rile: “Kgōrō e pitlaganye, tsela le eōna e e isañ botsheloñ e tshesane.” (Mathaio 7:14) Moaposetoloi Paulo o ne a ntsha mogopolo o o tshwanang le oo ka go raya barutwa kwa Lusetere, Ikonio, le Antioka a re: “Re na le go tsèna mo bogosiñ yoa Modimo ka dipitlaganō di le dintsi.” Mme ruri Paulo o ne a itse seo a neng a bua ka sone. Ka bokhutshwanyane fela pele ga foo, o ne a ile a kgobotlediwa ka maje kwa Lusetere mme ba mo tlogela gore a swe!—Ditihō 14:19-22.

9. (a) Modimo 10 re gogela jang mo ditseleng tsa tshiamo’? (b) Pesalema 19:14 e ka thusa ka tsela efe? (c) Ke Dikwalo dife tse di ka re thusang go tîla mamena a boitshwaro jo ho sa siamang jwa tlhakanelo-dikobo?

9 Jehofa ‘o re tsamaisa mo ditseleng tsa tshiamo’ ka go re kaela le go re laya ka Lefoko la gagwe le phuthego ya gagwe. Mme batho ba le bantsi ba tsamaya mo tseleng e kgolo le e e atlhameng ‘e e isang tatlhegong.’ (Mathaio 7:13) Tlhakanelo-dikobo e e seng phepa e e atileng le kanamo e e bofefo ya AIDS di otlelela kafa go tlhokafalang ka teng gore Bakeresete ba tile go ikopanya le ba ba bosula. (1 Bakorintha 15:33) Re tshwanetse gape go itlhokomela gore re kganele megopolo ya rona gore e seka ya fetela mo dilong tse di seng phepa. (Pesalema 19:14) Ka jalo, a ka metlha yotlhe re diriseng kgakololo e e molemo e re e fiwang ke Lefoko la Modimo kaga tlhakanelodikobo le kafa re ka tilang ka gone go wela mo mameneng a le mantsi a boitsholo jo bo sa siamang.—1 Bakorintha 7:2-5; Baefesia 5:5; 1 Bathesalonia 4:3-8.

10. (a) Ke boikarabelo bofe joo Basupi ba ga Jehofa ba nang le jone mabapi le leina la Modimo? (b) Ke ka ntlhayang fa batho ba lefatshe gantsi ba re nyatsa? (c) Jehofa o tla re thusa tlase ga maemo afe?

10 “Ka ntlha ea leina ya gagwè.” Basupi ba ga Jehofa ba na le boikarabelo jo bo boima jwa go galaletsa leina la Modimo le go sa tlise kgobo epe mo go lone. (Mathaio 6:9; Ekesodo 6:3; Esekiele 38:23) Batho ba le bantsi ba lefatshe ba itlhaganelela go bona batho ba ga Jehofa molato. Fa sena se dirwa ka go bo re emetse melao-metheo ya Bibela e e tshwanang le boitlhaodi kana go go nna boitshepo ga madi, segakolodi sa rona se nna phepa. Mme fa go ne go ka diragala jalo ka go bo re dirile phoso nngwe, re tla bo re tlontlolola Jehofa. (Isaia 2:4; Ditihō 15:28, 29; 1 Petere 4:15, 16) Jalo ekete re ka ila se se bosula. (Pesalema 97:10) Fa re ne re ka bogisiwa, Jehofa ka metlha yotlhe o tla re thusa le go re sireletsa ka ntlha ya leina la gagwe.

Jehofa o Sireletsa Dinku tsa Gagwe

11. Ke eng se se bolelwang fa go twe “mogōgōrō oa moruti oa losho,” mme sena se ka re gakololang malebana le Jesu?

11 “Leha ke ralala mogōgorō oa moruti oa losho, ga nketla ke boiha boshula bopè.” (Pesalema 23:4) Thanolelo ya ga Isaac Leeser e balega jaana: “Ee, lefa ke ka tsamaya mo mogogorong wa moruti wa loso, ga nkitla ke boifa bosula bope.” Seno se ka gakolola motho mafika a a boteng, kana mogogoro, tseo di fologang mo dithabeng tsa Judea kafa bophirimatsatsi jwa Lewatle je le Suleng. Mogogoro kana nokana, eo dibatana tse di bolayang di iphitlhang teng ke lefelo le le kotsi thata mo dinkung. Dafide o ne a ralala megogoro e le mentsi e e kotsi mo botshelong jwa gagwe, a lebagane le loso ka sebele. Mme ka jaana Modimo a ne a mo eteletse pele, o ne a na le tsholofelo ebile a sa iteseletse go boifa ka tsela e e feteletseng. Re tshwanetse go ikanya Jehofa ka tsela e e tshwanang. Polelo e e reng “moruti oa losho” e ka re gakolola gape ka polelelopele ya ga Isaia: “Ba ba kileñ ba aga mo lehatshiñ ya moruti oa losho, lesedi le phatsimile mo go bōné.” Mathaio o ne a lebisa polelelopeleng eno mme a e dirisa mo go Jesu Keresete, are: “Batho ba ba neñ ba dutse mo lehihiñ, ba bōna lesedi ye legolo, le ba ba neñ ba dutse mo lehatshiñ ye le mo morutiñ oa losho, lesedi ya ba tlhabèla.” Jang? Ka namane e tona ya tiro ya go rera eo Jesu a neng a e dira.—Isaia 9:2; Mathaio 4:13-16.

12. (a) Batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba itshokela pogiso mo dinageng di le dintsi jang, mme seo se feletse ka eng? (b) Petere o ne a kgothatsa Bakeresete ba ba neng ba bogisiwa jang?

12 Dafide 10 ne a sa boife bosula bope.’ Mme go ntse fela jalo le ka batlhanka ba ga Jehofa ba boammaaruri gompieno, lemororo ba sa rutege thata mo lefatsheng leno le le bosula le le busiwang ke Satane. (1 Yohane 5:19) Batho ba le bantsi tota-tota ba a ba ila, mme ebile ba bogisiwa mo go setlhogo mo dinageng dingwe. Mme mo mafatsheng ana ba ntse ba tsweletse go rera mafoko a a molemo a Bogosi, lemororo ba sa dire jalo phatlalatsa jaaka ba ka dira ka tlwaelo. Ba itse gore Jehofa o na nabo mme ebile o tla ba sireletsa. (Pesalema 27:1) Go na le botswelelopele jo bo molemo mo dinageng tse tiro ya Bogosi e nang le go dirwa ka sephiri mo go tsone. Mo dinageng tse di ntseng jalo, Basupi ba ga Jehofa ba boelela mafoko a pesalema eno: “Yehofa o ntlheñ ea me; ga nketla ke boiha: kana motho o ka ntihañ?” (Pesalema 118:6) Basupi bano ba mo boemong jo bo tshwanang le jwa Bakeresete ba pele bao moaposetoloi Petere a neng a ba kwalela mafoko ana a a kgothatsang: “E tla re ha lo ka boga botlhoko ka ntlha ea tshiamō, lo bo lo le segō: me lo se ka loa boiha poichō ea bōnè, le gōna lo se ka loa huduèga.”—1 Petere 3:14.

13. (a) Ke phetogo efe e e kgatlhisang e e diragalang go Pesalema 23:4, mme ka ntlhayang? {b) Bakeresete ba ka fenya dipoifo tsa bone jang?

13 “Gonne u na le nna.” Tswee-tswee tlhokomela lebaka le le kgatlhisang thata mo mafokong ano. Mopesalema yo o tlhotlheleditsweng o fetogile mo go nneng motho yoo go buiwang ka ene go ya go yo go buiwang nae. Mo boemong jwa go bitsa Jehofa are “ene,” Dafi-de jaanong o dirisa leemedi “wena.” Ka ntlhayang? Ka go bo go supa katamalano e e gaufi. Kotsi e re atametsa gaufi thata le Rraarona yo o lorato, Jehofa. Mme he re ipelela kamano e e kitlaneng le ene. Ka thapelo le kokotlelo, re ka ikuela mo go ene gore a re sireletse, mme ka gone re fedise dipoifo tsa rona.—Bapisa Sefania 3:12.

14. (a) Ke didirisiwa dife tse badisa ba neng ba na natso mo motlheng wa ga Dafide, mme ba ne ba di dirisa jang? (b) Badisa ba Bakeresete ba sireletsa letsomane jang gompieno?

14 “Kgoge ea gago, le thōbane ea gago, cōna di a nkgomotsa.” Lefoko la Sehebera sheʹvet, le le kwadilweng ka gore “kgoge,” le ka kaya sekgoge sa modisa. Tsamma le thobane tsoopedi di ka dirisediwa go iphemela le go emela kana go kaya taolo. Tota ruri, didirisiwa tseno di ka nna mosola thata mo go lelekeng diji tse di tshwanang le diphiri le dinoga. Sekgoge sa modisa se ne se ka dirisediwa gape go kgweeletsa nku kafa tseleng e e siameng kana go goga nku e e tsamaelang gaufi thata le foo e ka nnang ya wa gone kana ya gobala. Gompieno, Jehofa o baakanyeditse ka badisa ba ba ikanyegang, bagolwane mo diphuthegong, ba ba femelang letsomane mo diphiring tsa semoya tse di tshwanang le batenegi. Kana bagolwane ba ka nna ba tshwanelwa ke go gakolola ba ba repisang mo go nneng ga bone mo dipokanong kana ba ba fapogang mo boitshwarong jwa Bokeresete.

Mokete o Mogolo Gareng ga Baba

15. (a) Ke phetogo efe e e tshwaegang ya setshwantsho e e diragalang go Pesalema 23:5? (b) Ke mabaka afe a a bontshang gore batho ba ga Jehofa ba na le dijo tse di lekaneng sentle tsa semoya, mme sena se farologana le bomang?

15 “Ua tlo u baakanye boyèlō ha pele ga me, mo ponoñ ea baba ba me.” (Pesalema 23:5) Fano re na le setshwantsho se se fetogileng fela thata, go tswa mo go nneng modisa go ya mo molaletsing. Fela jaaka molaletsi yo o pelotshweu, Jehofa o baakanyetsa ka letlotlo la dijo tsa semoya ka setlhopha sa “motlhanka” yo o tloditsweng. (Mathaio 24:45) Lemororo re tshela mo lefatsheng la baba, re fiwa letlotlo la dijo. Tora ya Tebelo e gatisiwa ka dipuo tse di fetang lekgolo mo e leng gore batho ba ba nnang mo mafelong a a farologaneng jaaka Afrika Borwa, Greenland, Solomoñ Islands, le India ba ka fepiwa semoyeng. Gape, diphuthego tse di ka nnang 55 000 tse di mo lefatsheng lotlhe di na le dibui tse di thapisitsweng sentle tsa phatlalatsa le barutisi le mafelo a mantle a pokano, go akareletsa le makgolokgolo a Diholo tsa Bogosi tse disha. Go tsamaisiwa dithuto tsa Bibela tsa magae tse di fetang 3 000 000 go thusa batho ba seka-dinku. Phapaanong le seno, bao ba leng go Babelona o Mogolo, ebong mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, ba mo tlaleng.—Isaia 65:13.

16. (a) Ka go sa tshwane le mosadi mongwe wa moleofi Mofarasai mongwe o ne a palelwa jang ke go direla Jesu? (b) Ke mofuta ofe wa lookwane loo Jehofa a lo baakanyetsang batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang gompieno?

16 “U tloditse tlhōgō ea me ka loukwane.” Mo Iseraele wa bogologolo molaletsi yo o pelontle o ne a ntsha lookwane lo a tshasang ditlhogo tsa baeng ba gagwe ka lone. Ka mo go kgatlhisang, mo pakeng nngwe Jesu o ne a le moeng wa Mofarasai mongwe yo o neng a seka a tlotsa tlhogo ya ga Jesu ka lookwane kana go tlisa metsi go mo tlhapisa dinao. Ka nako eo, mosadi mongwe wa moleofi o ne a mo tlhapisa dinao ka dikeledi tsa gagwe mme a mo tshasa lookwane lo lo kgethegileng lo lo nkgang monate. (Luke 7:36-38, 44-46) Mme Jehofa ke molaletsi yo o pelontle! O baakanyetsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang gompieno “loukwane loa boitumèlō” la semoya. (Isaia 61:1-3) Ee, batho ba ga Jehofa ruri ba a itumela gompieno.

17. (a) ‘Senwelo se se penologang’ se kaya eng? (b) Jehofa o baakanyetsa jang batlhanka ba gagwe ‘senwelo se se penologang, gompieno?

17 “Senwèlō sa me sea penologa.” Thanolo e nngwe ke e e reng: “Senwelo sa me se a tshologa.” (Moffatt) Seno se raya letlotlo le legolo la semoya. Lemororo fano go sa tewe go nwa mo go feteletseng, mafoko ana a kaya senwelo sa beine e e monate. Seno se na le melemo e e fodisang jaaka go bontshitswe mo kgakololong ya ga Paulo go Timotheo: “U se tlhole u le monwi oa metse, me u nnè u nwè boyalwanyana yoa mofine ka ntlha ea mala a gago, le makōa a gago a mantsi.” (1 Timotheo 5:23) Ka tsela ya semoya, bojalwa jwa mofine gape bo dira gore dipelo tsa rona di itumele. (Pesalema 104:15) Rraarona yo o lorato, Jehofa, o baakanyeditse batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang letlotlo le legolo la mokete wa semoya wa dilo tse di molemo, go akareletsa le ‘senwelo se se penologang’ ka boitumelo.

18. (a) Bomolemo jwa ga Jehofa le boutlwelobotlhoko di ipelelwa ke bomang, mme Pesalema 103:17, 18 e bontsha sena jang? (b) Ke tebelelo efe e e galalelang e e emetseng botlhe ba ba ikanyegang go Jehofa?

18 “Rure molemō o tla ntshala moragō le boutlwèlō botlhoko, ka malatsi aotlhe a go tshela ga me.” (Pesalema 23:6) Bomolemo ke bontlhanngwe jwa loungo lwa moya o o boitshepo wa ga Jehofa. (Bagalatia 5:22, 23) Bomolemo jwa Modimo le boutlwelobotlhoko di ipelelwa ke bao ba tsamayang mo tseleng ya gagwe. (Pesalema 103:17, 18) Ka tumelo e e nonofileng mo go Jehofa, batho ba gagwe ba ka lebagana le teko nngwe le nngwe e ba kopanang le yone. Ka metlha yotlhe o a ba segofatsa le go ba tlhokomela ka lorato. Mme fa ba ka ikanyega go ya fela kwa bokhutlong ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le les ha. Abo seo e le tebelelo e e molemolemo jang ne!

19. (a) Go “aga mo tluñ ea ga Yehofa” go raya eng? (b) Ke eng se phuthego ya ga Jehofa e se dirileng go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri gompieno, mme ke ka ntlhayang fa diketekete tsa batho ba ba ineetseng ba tsaya fa go direla moo e le tshiamelo e e molemolemo? (c) Ke bomang gape ba ba ititeileng sehuba gore ba tla direla Modimo ka bosakhutleng?

19 “Me ke tla aga ma tluñ ea ga Yehofa ka bosakhutleñ.” Mo motlheng wa ga Dafide boago jwa Modimo e ne e le motlaagana, ka go bo nako eo tempele e ne e ise e agiwe. Ereka mopesalema a ne a akantse ka molaletsi yo o molemo, go “aga mo tluii ea ga Yehofa” go ne go raya gore o ne a tla nna le kamano e e molemo le Modimo jaaka moeng wa Gagwe. (Pesalema 15:1-5) Gompieno, ntlo eo e ka kaiwa e le tempele e e boitshepo ya ga Jehofa, thulaganyo yagagwe ya kobamelo e e itshekileng. Kgosi Solomone o ne a nna le tshiamelo ya go aga tempele ya ntlha e e bonalang, e e neng e kgabisitswe fela thata ka gouda le go agelwa go tlotla Jehofa. Abo e ne e le tshiamelo e kgolo jang ne go direla koo! Lemororo tempele eo e sa tlhole e le gone, Modimo o na le phuthego e e boitshepo eo e mo tlotlang le eo e tshegetsang kobamelo e e itshekileng. Jaaka tsela e nngwe ya go dira seno, phuthego ya ga Jehofa e tlhomile Magae a Bethele mo dinageng di le dintsi. “Bethele” e raya ‘Ntlo ya Modimo,’ mme diketekete tsa batho ba ba ineetseng ba dira mo mafelong ana a bolegodimo. Bangwe ba banna bano le basadi bano ba ile ba dira jalo ‘ka malatsi a le mantsi,’ ba dirisitse nako e telele mo matshelong a bone mo tirelong ya Bethele. Dimilione tsa ba bangwe, bao e seng maloko a lelapa la Bethele ba ntse ba ititeile sehuba ka tsela e e tshwanang gore ba tla direla Jehofa ka bosakhutleng.

20. (a) Ke ka ntlhayang fa Pesalema 23 e le karolo e e tlhomologileng thata ya Dikwalo, mme e re thusa go tlhagolela eng? (b) Ke ditshiamelo dife tseo di emetseng batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang?

20 Pesalema ya bo-23 e tshwana le lejana le le tlhokegang leo le tsabakelang mo dintlheng tsotlhe ka phatsimo ya lesedi. E tsholetsa leina Je le galalelang la Rraarona wa selegodimo yo o lorato, Jehofa, mme le senola kafa a gogang, a sireletsang, le go tlamela dinku tsa gagwe ka teng. Ka jalo, batho ba gagwe ba itumetse, ba otlegile sentle mo semoyeng, ebile dipalo tsa bone di ntse di oketsega ka bofefo, le eleng mo dinageng tse go nang le kganetso e e botlhoko. Pesalema 23 e re thusa gape go tlhagolela kamano e e bothitho, le katamalano le Mmopi wa rona. Mme fa re leba kwa magodimong a a tletseng dinaledi, jaaka Dafide gantsi a ne a tle a dire fa a ntse a disitse letsomane la gagwe, re itumelela go bo Mmopi wa lobopo lono lo lo boitshegang a re tlhokomela jaaka Modisa yo o lorato. Ka lorato, o re solofetsa gape botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha fa re tswelela pele re ntse re bontsha bothokgami mo go ene. Abo go tla nna molemo jang ne go kopana le batlhanka ba ba ntseng jalo ba Modimo ba ba ikanyegang ba ba tla bong ba tsositswe ba ba tshwanang le Datide! Mme abo e le tshiamelo e e molemo jang ne go dira le Jehofa, Modisa yo Mogolo, go ya ka bosakhutleng!

O ka Araba Jang?

◻ Jehofa o jtshupa jang gore ke Modisa wa rona yo o lorato?

◻ Modimo ‘o re gogela jang mo ditseleng tsa tshiamo’?

◻ Jehofa o sireletsa dinku tsa gagwe jang?

◻ Modimo o re baakanyeditse jang lomati lwa bojelo fa pele ga baba ba rona?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela