Nnang jaaka Banna Ba Ba Lebaneng le Hara-Magedona Ba sa Boife
1. Mo go lebiseng go Hara-Magedona, ke jang Theodore Roosevelt a neng a le phoso mo go beeng dilo ga gagwe?
GO BOLELWA gore Theodore Roosevelt, fa a ne a ipapaletsa ditlhopho tsa botautona jwa United States of America, o ne a tlhalosa ka gore: “Re eme mo Hara-Magedona, re bile re lwela Morena!” Roosevelt o ne a itse go tswa mo Bibeleng gore go ne go tla nna le ntwa ya makgaolakgang kwa “heloñ ha go bidiwañ Hara-Magedona, mo puoñ ea Sehebera.” (Tshenolo 16:16) O ne a bua dilo pele ga nako, ka go bo a ile a swa ka January 6, 1919, kana go ise go fete dikgwedi tse pedi, morago ga Ntwa ya Lefatshe I e sena go fela. Thulano eo e ne ya se ka ya nna ‘ntwa ya letsatsi je legolo ja Modimo Mothatayotlhe’ kwa Hara-Magedona.
2. Go falola ga rona ntwa eo e e di fetang tsotlhe go tla tlhomamisiwa ke eng ka nako eo?
2 Lefa go ntse jalo, mo ngwageng ono o o tobekaneng wa 1983 re na le tshupo yotlhe ya gore re lebane le ntwa eo e di fetang tsotlhe. Gore e tla re fitlhela re ntse jang mo kamanong ya rona le Modimo Mothatayotlhe go tla tlhomamisa mo go golo gore a re tla falola ntwa eo, tlhabano eo, kana nnyaa.
3, 4. Ponong ya boemo jo Bakeresete bano ba tla bo tsayang kwa ntweng eo, ba tla tlhoka go bontshang e le gore ba tle ba “dihè yaka banna”?
3 Eleruri ke “meōea ea badimo,” e e sa bonaleng e e tlhotlheletsang babusi ba lefatshe go phuthegela kgatlhanong le Jehofa Modimo Mothatayotlhe kwa ntweng ya Hara-Magedona.—Tshenolo 16:14-16.
4 Leina la Sehebera Hara-Magedona le raya “bophuthegelo jwa masole.” Seo se raya ntwa! “Masole” ke a ‘dikgosi tsa lefatshe jotlhe,’ go akareletsa le babusi ba bopolotiki ba La-Bodumedi. Basupi ba ga Jehofa ba ba ineetseng, le go kolobediwa ga ba gareng ga masole ao. Ga ba ne ba tlhoka go tlhabana ka ditlhabano tse di bonalang, mme e tla bo e le balebeledi fela ba ntwa. Ereka basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa go tla bo go ikaeletswe bone ka tlhaselo e e bonalang ka ntlha ya go tshwarelela ga bone ka thata mo bogosing jwa ga Jehofa ka Keresete, go tla ba tlhoka bopelokgale jo bo tshwanang le jwa ga Keresete gore ba “dihè yaka banna.”—1 Bakorintha 16:13; bapisa 2 Ditihalo 20:17.
5, 6. Kwa bowelong jwa Ntwa ya Lefatshe I, tebaganong le tiro ya morago ga ntwa e e neng e le fa pele ga bone, masalela a a falotseng a batho ba ga Jehofa a ne a ikutlwa a tshwana le moperofeti ofe yo o neng a lebagana le tshenyego ya Jerusalema a santse a tshedile?
5 Morago ga Ntwa ya Lefatshe I e sena go fela ka 1918, maemo a masalela a Baiseraele ba semoya le tiro e e neng e le pele ga bone di ne tsa tshwana le tsa lekawana la kwa Botlhaba Gare kwa go neng go le tobekano. E ne le moperesiti wa Mojuda a bidiwa Jeremia morwa Hilekia. Motse wa Jerusalema, mo tempeleng eo o neng a direla mo go yone jaaka moperesiti, e ne e atlholetswe go senngwa a santse a tshedile. Go tla nna jalo le ka La-Bodumedi, le le iphakang go nna setshwani sa semoya le go tsaya boemo jwa Iseraele wa bogologolo mo kamogelong ya Modimo, o tla nna wa ntlha go lebana le tshenyego, ka bofefo fela pele ga ‘ntwa ya letsatsi je legolo ja Modimo Mothatayotlhe’ ka Hara-Magedona. Jaaka mofalodi wa tshenyego ya Jerusalema wa lekgolo la bosupa la dingwaga pele ga Motlha wa rona o o Tlwaelegileng, Jeremia o ne a kgona, tlase ga tlhotlheletso, go kwala buka ya Dikhutsahalo ka ditshwahatso tsa one.
6 Fa tiro ya boperofeti e ne e bewa fa pele ga lekawana Jeremia, o ne a re: “Ao, Yehofa Modimo! bōna, ga ke itse go bua: gonne ke ñwayana hèla.” Mme Jeremia o ne a bolelelwa ka gore: “Se re, Ke ñwanyana hèla; gonne leha e le bomañ ba ke tla gu romañ kwa go bōnè u na le go ea hèla, me leha e le eñ se ke se gu laolelañ u na le go se bua hèla. U se ka ua boiha ka ntlha ea bōnè: gonne ke na nau go gu golola, go bua Yehofa.”—Yeremia 1:4-8.
7. (a) Jeremia o nē a tshwanelwa ke go direla jaaka moperofeti go ba le kae, mme gompieno “moperofeti” o tlhoka go direla ba le kae? (b) A go direla ga gagwe go ya bokgakaleng jono go raya gore o tla atlega mabapi le merafe, kana ke mo boemong jwa bomang kakanyetso e sa ntseng e ntse e bontshiwa?
7 Jeremia o ne a tshwanelwa ke go dira karolo ya monna yo o godileng, ka go bo se Modimo wa gagwe a neng a mo tlhotlheletsa go se kwala se ne se tshwanelwa ke go nna sa botlhokwa go setho sotlhe, le eleng gompieno. Jehofa o ne a mo dirile “moperofeti mo merahiñ.” (Yeremia 1:5) Jaanong gompieno, lefa go ka nna jang, go tlhokega go nna le “moperofeti mo merahiñ,” jaaka merafe ya borata-naga ka go rata ga yone e phuthelwa kwa tshupong ya makgaolakgang kwa Hara-Magedona. Ga se gore molaetsa wa Modimo wa “moperofeti mo merahiñ” wa segompieno o tla atlega go ba sokolola mo tseleng e e isang kwa tshenyegong ya bone e e tlhomamisegang, mme go na le batho ka bongwe ba ba kopanyelediwang. Batho ba ba ntseng jalo bao ba senang palo, mo go tlhagisiweng ga bone, ga ba ne ba batla go nyelela le merafe eo ba leng banni ba yone. Fa go na le seo ba ka se dirang, bano, ga ba batle gore ba fitlhelwe ba tlhabantsha Modimo Mothatayotlhe e le fela go direla dikgatlhego tsa goromente yo o itiretsweng ke batho. Mo boemong jwa batho ba ba ntseng jalo ba ba dipelo di siameng Jehofa ka kakanyetso o nnile a tsosa “moperofeti mo merahiñ” wa gagwe. Jehofa o dirile seno mo ‘motlheng ono wa bokhutlo,’ fa e sale Ntwa ya Lefatshe I e fela ka November 11, 1918.—Daniele 12:4.
8. “Moperofeti” yo Jehofa a mo tsositseng le yo tiro ya gagwe e tshwanetsweng go wediwa pele ga Hara-Magedona o kgethololwa jaaka mang kana eng?
8 Mo boemong jwa batho ba ba ntseng jalo ba mo pelong ba batlang puso ya Modimo go na le puso ya batho, “moperofeti” yo Jehofa a ileng a mo tsosa e ntse e ele, eseng motho a le mongwe jaaka ka Jeremia, mme e leng setlhopha. Maloko a setlhopha seno, fela jaaka moperofeti le moperesiti Jeremia, ba ineetse ka botlalo go Jehofa Modimo ka Keresete mme ebile, ka go itshenkelwa ka moya o o boitshepo wa ga Jehofa, ba dirilwe karolo ya “losika lo lo itshenkecweñ, lo boperisito yoa segosi, morahe o o boitshèpō, lo chaba e e ruilweñ ke Modimo sebele.” (1 Petere 2:9) Mo nakong eno ya morago go setse fela mo lefatsheng palonyana ya masalela a setlhopha seno sa “moperofeti.” ‘Ntwa ya letsatsi je legolo ja Modimo Mothatayotlhe’ ka Hara-Magedona ga e ka ke ya simolola pele setlhopha seno sa “moperofeti” se fetsa tiro ya sone.
9. (a) Jeremia o ne a iponela ka matlho fa maatla afe a lefatshe a fenya motse-mogolo wa batho ba bogologolo ba ga Jehofa? (b) Ke motse ofe wa bogologolo o o tshwantshetsang La-Bodumedi? (c) La-Bodumedi le nnile karolo ya eng? (d) Fa Babilona o Mogolo a senngwa, go tla diragalang ka La-Bodumedi, mme ka ntlha yang?
9 Selo se le sengwe jaanong se a tlhomamisega: fa setlhopha sa “moperofeti,” setlhopha sa ga Jeremia, se lebane le Hara-Magedona, se bile gape se lebane le go wa ga Babelona o Mogolo. Go boammaaruri gore Jeremia wa bogologolo o ne a seka a iponela go wa ga Babilona wa bogologolo, mme o ne a bolelela-pele ka selekanyo se segolo ka go thankgolwa ga maatla a boraro a lefatshe a ditiragalo tsa Bibela. A na le metswe ya one go Babela wa pele, kana Babilona yo o neng a tlhomilwe ke Nimerode “seganka mo lehatshiñ,” mmuso oo wa lefatshe o ne wa jwela lefatshe la bogologolo la setho ka bodumedi jwa one jwa maaka. (Genesise 10:8-12) Jeremia o ne a bona ka matlho fa Babilona wa bogologolo a ne a fenya Jerusalema ka 607 BCE. Ka gone o ne a iponela go fenngwa ga motse-mogolo o o neng o na le tempele ya ga Jehofa mo go one mme o ne o boduhaditse bodumedi jo bo itshekileng jo o neng A bo tlhomile mo go yone ke motse-mogolo wa bogologolo wa bodumedi jwa maaka. Ka lone lebaka le Jerusalema wa bogologolo o tshwantshetsa La-Bodumedi wa segompieno. Phapaanong le go iphaka ga gagwe go nna le sebaka sa Bokeresete jwa boammaaruri, La-Bodumedi le wetswe ke tlhaselo ya bodumedi jwa Sebabilona ebile o fetogile karolo e e tlotlometseng ya Babilona yo Mogolo wa segompieno, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Fa Babilona yo Mogolo a senngwa ke ditlhopha tsa bopolotiki tse di ferogang sebete tsa lefatshe leno, jaaka go boleletswe-pele mo go Tshenolo, dikgaolo 17 le 18, La-Bodumedi o tla senngwa le ene.
10. Go falola ga ga Jeremia go wa ga Jerusalema go ne go tshwantshetsa eng, mme morago fela ga foo, ke maiteko afe a merafe a a tla palelwang?
10 Jeremia o ne a falola go wa ga Jerusalema le puso ya gagwe ka 607 BCE, seno se mo tlhomamisa jaaka mmueledi wa boammaaruri wa ga Jehofa; ebile, tiragatsong ya polelelo-pele ya setshwantsho seo, setlhopha sa ga Jeremia gompieno se tla falola go wa mo go kotsi ga La-Bodumedi. Moragonyana ga moo fela ditlhopha tse eseng tsa bodumedi tsa tsamaiso eno ya dilo di tla gakala ka poitshego e kgolo go nyeletsa setlhopha sa ga Jeremia gore se se tlhole se nna teng, mme legale maiteko a bone go dira jalo a tla phatlakanngwa—kwa Hara-Magedona.—Tshenolo 16:16; 19:19-21.
11. Mo-ditšhaba yo o neng a nna tsala ya ga Jeremia ka go mo thusa ka nako ya fa a tlhoka thuso thata-thata mo Jerusalema o ne a tshwantshetsa bomang, mme bano ba tshwanakana le bomang mo setshwantshong sa ga Jesu mo go Mathaio 25:31-46?
11 Moditšhaba yo o neng a falola tshenyo ya Jerusalema ka 607 BCE e ne e le Ebede-meleke wa Moethiopia. Pego ka ga gagwe e neelwa mo go Jeremia dikgaolo 38 le 39. One a tswa Jeremia thuso yo o neng a tlhoka thuso eleruri, mme ka jalo a na le lebaka la go boifa Bajuda bao ba ba tlhotlheletso ba ba neng ba batla bo bolaya Jeremia e le go mo didimatsa. Mme, ka polelelo-pele e e kgethegileng ka moperofeti yoo a neng a tsaya kgato ya bopelokgale ka ntlha ya botshelo jwa gagwe, Jehofa o ne a tlhomamisetsa Ebede-meleke gore o ne a tla bona botshelo jwa gagwe jaaka kgapo mme ka gone o ne a tla falola tshenyego e e tlang mo lefatsheng ja Juda le motse mogolo wa lone Jerusalema. Mo dintlheng tseno Ebede-meleke wa Moethiopia o ne a tshwantshetsa dinku tsa tshwantshetso tsa setshwantsho sa ga Jesu sa dinku le dipodi jaaka se tlhaga mo go Mathaio 25:31-46. Ka go itsalanya le masalela a semoya a “bonnake” ba ga Jesu Keresete le go ba direla molemo ka tlhamalalo ka nako eno ya ‘motlha wa bokhutlo,’ dinku tseno tsa tshwantshetso ga di ne di kgaolwa le setlhopha sa “dipodi” ka Hara-Magedona. Kafa tlase ga tshireletso ya ga Jehofa ka Kgosi e e busang, Jesu Keresete, ba tla tsena mo tsamaisong e ntšha ya dilo kwantle go go swa mo lefatsheng, ka sebaka sa botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng ja paradaise le ba le beilweng pele.
Seo Banna ba Modimo ba se Tlhokang Jaanong
12. Go boifisa ga metlha ya rona go tsamaelana le polelelo-pele efe ya ga Jesu Keresete mabapi le ‘motlha wa bokhutlo’?
12 Metlha e re tshelang mo go yone jaanong e ntse e boifisetsa kwa pele. Seno ke tirafatso e e papametseng ya seo Jesu Keresete ka boene a se boleletseng pele go nna sone tshupo ya gore re tshela mo “motlheñ oa bokhutlō,” nako ya fa setshwani sa segompieno sa tshenyego ya Jerusalema ka 70 CE e tla bong e diragala. (Luke 21:5-7) Go solegela rona thata-thata molemo gompieno go na le baaposetoloi le barutwa ba lekgolo la ntlha la dingwaga Jesu o ne a tswelela ka go re: “Me go tla nna dichupō mo letsatsiñ, le mo kgwediñ, le mo dinalediñ; le mo lehatshiñ pitlaganō ea merahe, e rarañwa ke lewatlè le dintèlō go shuma ka kgwashō e kgolo; Le batho [Segerika, anʹthro·poi] kana “banna” (NW) ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ: gonne dinonohō tsa legodimo di tla reketlisiwa. Ediha gōna ba tla bōnañ Morwa Motho a tla ka leru, ka nonohō, le ka kgalalèlō e kgolo.”—Luke 21:25-27.
13. Jesu o ne a bontsha jang gore go tshwanetse ga nna le pharologano magareng a boikutlo jwa pelo le mogopolo tsa batho ba lefatshe le barutwa ba gagwe ba ba nang le lesedi?
13 Fano Jesu o dira pharologano magareng a “banna” (NW) (anʹthro·poi), kana batho fela kakaretso, ba lefatshe leno kana tsamaiso ya dilo le balatedi ba gagwe ba ba nang le lesedi, bao polelelopele ya gagwe e e neng e neetswe ka tlhaloso e ntle jaana e neng e tla nna le mosola o o kgethegileng go bone. Balatedi ba gagwe ba ba nang le kitso, ba ba utlwisisang ba ne ba se kitla ba tlhaselwa ke “pitlaganō ea merahe,” le eleng gore dipelo tsa bone di ne di tla “idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ.” Ba ne ba sa tshwanela go lepeletsa ditlhogo tsa bone ka boitlhobogo, ba sena tsholofelo. Boikutlo jwa bone he, e ne e tshwanetse go nna eng, boemo jwa megopolo ya bone le dipelo? Go ya ka se Jesu o neng a tswelela a se bua, ke seno: “Me e tla re dilō tse di simologa go dihala, hoñ lo lelalè, lo choletsè ditlhōgō tsa lona; ka gonne thekololō ea lona e tla bo e atamèla.”—Luke 21:28.
14. A “thekololō” e e atamelang e lebisa go go galalediwa ga masalela go ya legodimong, mme ke bomang mo lefatsheng ba ba tla lebaganang le tebelelo e e hakgamatsang e e potileng “thekololō” ka kwa?
14 Ka gone go batho ba eleng ba lefatshe leno mathata a a ntseng a gola a a tla felelang ka ntwa ya Hara-Magedona ke tshupo ya tshenyego e e akohang. (Bafilipi 1:28) Seno se tlhoka Mokeresete wa boammaaruri gompieno go nna motho wa tumelo e e nonofileng go Modimo Mothatayotlhe le mo ditsholofetsong tsa gagwe mo go ba ba ikanyegang. “Thekololō” e jaanong e atametseng mo bathong ba tumelo e e ntseng jalo kwa tshimologong ga se fela kgalaletso ya selegodimo ya masalela a barutwa ba ga Keresete a a itshenketsweng ka moya le go tlosiwa ga bone mo seemong sa lefatshe sa pitlagano, lefa seo e tla nna sa bone kwa bofelong. Bogolo “thekololō’ ke go emisa dintwa, ditlala, dikgogodi tsa bolwetsi, dithoromo tsa mafatshe le pogiso ya botseno ya balatedi ba boammaaruri ba Kgosi e e busang, Jesu Keresete, seno se tla ka go senngwa ga baba botlhe ba bogosi jwa ga Jehofa ka Keresete mo “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” go seo se bidiwang Hara-Magedona. Abo ka nako eo go tla nna le tebelelo e e hakgamatsang kwa pele ya masalela a baruaboswa ba bogosi jwa selegodimo le go balekane ba bone bao ba neng ba tshwantshetswa ke Ebede-meleke, mothusi yo o pelokgale wa ga Jeremia wa moperofeti!
15. Go re ba kgone gore ba “dihè yaka banna,” ba tlhoka go dirang go ya kafa Dikwalong e le gore ba tle ba tlhomelelelwe tiro?
15 Gore bao jaanong ba “dihè yaka banna” kana ba itshware jaaka banna, ba tshwanetse go tla mo bogoding jwa Bokeresete mme ba tlhomelele mo tirong ya go neela bosupi jwa bofelo jwa lefatshe ka bophara ka bogosi jwa Bomesia. (1 Bakorintha 16:13, Authorized Version, Revised Standard Version; Mathaio 24:14) Ka ntlha ya lone lebaka le re ne ra fiwa Bibela e tshotse Dikwalo tse di boitshepo. Ke fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a kwalela lekawana Timotheo ka gore: “Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō: Gore motho oa Modimo a tlè a nnè boitèkanèlō, a iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.” (2 Timotheo 3:16, 17) Go ya ka The New English Bible, 2Ti 3 temana 17 e balega jaana: “Gore motho yo eleng wa Modimo a tle a siamele le go iketleeleletsa tiro ya mofuta mongwe le mongwe.” The Jerusalem Bible e re: “Fano ke kafa monna yo o ineetseng mo Modimong a iketleeleletsang le go ipaakanyetsa tiro nngwe le nngwe e e molemo.” Se se supa gore “motho oa Modimo” o tlhoka go ithuta ka metlha dikwalo tse di tlhotlheleditsweng le go tshela tumalanong le tsone, a tswelela ka tiro e a e etleeleleditsweng ke thuto e e ntseng jalo go e dira kafa go siameng.
16. Ke ka ntlha yang, fa go le botlhale go tshaba dithato tsa bokau segolo thata go feta malatsi a pele ga morwalela wa ga Noa go bao ba golelang mo bonneng?
16 Re tshela mo nakong e e masisi-sisi thata ya ditiragalo tsotlhe tsa motho! Re lebane le go feta ga lefatshe, lefatshe le le fetang lele la motlha wa ga Noa kgakala. Ka jalo re tshwaregile mo tirong e e botlhokwa jo bogolo ebile e le mosola go setho go tla go fitlha gompieno. Eleruri ga se nako ya ope wa basupi ba ga Jehofa Modimo yo o ineetseng le go kolobediwa go tlhokomela dilo tse di ikuelang mo maikutlong a senama, dikeletso tsa bosha tsa menate. Jaaka Paulo a kwaletse Timotheo wa lekawana: “U tshabè dithatō tsa bokau.” “Me wèna monna [Segerika, anʹthro·pos] oa Modimo, tshaba dilō tse.” (2 Timotheo 2:22; 1 Timotheo 6:11) Gompieno, bogolo jang jalo fa moaposetoloi Johane yo o tlhotlheleditsweng a ne a kwala mafoko, “lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.”—1 Yohane 2:17.
17. Ke bafe bao re sa tshwanelang go ba nyatsa jaaka banna ba Modimo ba pelenyana, mme re tshwanetse go leba go mang jaaka sekao se se itekanetseng sa bao?
17 Mo malatsing ano a a tlhokang tshupo ya bonna jwa Bokeresete, re tlhoka go leba kwa sekaong se se itekanetseng sa Yoo Molaodi Ponto Pilatwe a neng a lebisa go ene pele ga matshwititshwiti a Bajuda ba ba neng ba galefile, ka gore: “Bonañ, monna ke eo!” “Bonañ Kgosi ea lona!” (Yohane 19:5, 14) Bogologolo pele ga ga Keresete go ne go na le banna ba Modimo, jaaka “Moshe monna oa Modimo [wa boammaaruri],” le Elija le molekane wa gagwe Elisha, le ba bangwe. (Duteronome 33:1; 1 Dikgosi 17:18, 24; 20:28; 2 Dikgosi 1:9-12; 4:7, 9, 16) Mme, lefa re sa tlhokomologe kana go nyatsa banna bao ba Modimo ba pele ga Bokeresete, re tshwanetse go leba go Ene yo o salang a ntse a le “Monna oa Modimo” yo o tlhomologileng thata yo o kileng a nna mo lefatsheng, Jesu Keresete, yo jaanong a busang jaaka Kgosi kwa magodimong fa e sale bowelo jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914. (Bahebera 11:1 go ya go 12:3; Luke 21:24) Ka go itshwara jaaka banna ba ba tshwanang le ene, re ka lebana le tshenyego ya tsamaiso eno ya dilo ka Hara-Magedona re sa boife.
18. Re ka diragatsa jang boikarabelo jwa rona jo bogolo jwa go tlotlomatsa bolaodi jwa lobopo lotlhe jwa ga Jehofa Modimo?
18 Re itirela rekoto e e sa phimogeng, e e sa nyeleleng mo nakong eno ya katlholo jaaka lefatshe ja bogologolo le ntse le ikela. A rekoto e tla nna ya tlotlo le kgalaletso ya rona, kana, ka maswabi, e tla nna katlholo ya rona ya bosakhutleng le lefatshe? Ka go dira jaaka banna re etsa sekao sa rona se se seng bogole Jesu Keresete, re tla supa “modimo oa lehatshe yeno,” Satane Diabolo, go sa nne mmusi wa rona wa semoya. (2 Bakorintha 4:4) Ka mo go fapaaneng, re tla bo re tshwarelela bolaoding jwa lobopo lotlhe jwa ga Jehofa Modimo mme ka gone re tla nna le seabe mo go le tlotlomatseng pele ga popo yotlhe. Abo boikarabelo jwa rona bo le bogolo jang mo karolong eno, ebile sebaka sa rona e le se se galalelang jang ne!
19. Kwa ntle go go nna re tsogile le go tia mo tumelong, ke go lebaka lefe leo re tshwanetseng go gola jaaka “banna,” mme motswedi wa seno ke mang?
19 Go ikaegile ka rona go nna re tsogile mo tshiamelong ya rona le sebaka le go ‘ema ka tlhomamo mo tumelong.’ Ke moila mo go Jehofa gore re nne bokoa jaaka banna ba eleng ba Modimo, ba ba ineetseng go Modimo! Go tla go fitlha seemong seno se se molemo re tlhoka go tsaya-tsia kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e e mo nakong, “Lo nnè thata.” (1 Bakorintha 16:13) Fa re lebile kwa go Ene kwantle ga go shebasheba le go mo rapela ka Kgosi ya rona, Jesu Keresete, re ka ebile re tla dira jalo. Mo go Isaia 40:29 re bolelelwa jaana: “O naea baidibadi thata; le èna eo o senañ thata o mo totisetse nonohō.” Morago ga go bona phenyo ya bomodimo ka Hara-Magedona, ekete e ka nna tshiamelo ya rona go opela mafoko a ga Moshe morago ga go fenngwa ga masole a ga Farwe kwa Lewatleng je Lehibidu: “Yehofa ke monna [Sehebera, ish] oa ntwa: . . . Yehofa ke thata ea me le sehela, o bile o dihegile poloka ea me.”—Ekesodo 15:3, 2.
A o ka araba dipotso tseno?
◻ Ke eng se se tla tlhomamisang fa ele gore a re tla falola ntwa ya Hara-Magedona?
◻ Ke maemo afe a batlhanka ba ga Jehofa ba ba tloditsweng ao a tshwanang le ao a motlhanka wa gagwe wa bogologolo Jeremia?
◻ Ke ka ditsela dife tirelo e e neng ya dirwa ke Ebede-meleke e neng e tshwantshetsa tiro ya “dinku” tsa setshwantsho sa ga Keresete mo go Mathaio 25:31-46?
◻ Go ya ka polelelo-pele ya ga Jesu mo go Luke kgaolo 21, boikutlo jwa balatedi ba ga Keresete bo farologana jang le jwa batho ba ditšhaba?
◻ Ke “thekololō” efe e go buiwang ka yone mo go Luke 21:28?
◻ Fa rotlhe re etsa sekao sa Yo o supiwang jaaka “Monna ke eo!”, matswela a mantle e tla nna afe?
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Ke tiro ya bomang e e neng ya tshwantshediwa ke go thusa ga ga Ebede-meleke moperofeti wa Modimo Jeremia?