LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w80 8/1 ts. 8-15
  • Direla “Kgosi ea Merabe” mme Falole

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Direla “Kgosi ea Merabe” mme Falole
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • TSELA E E BOTLHALE, ESENG YA GO MENOLA MMUSO
  • SETSHWANI SA GOMPIENO SA GA EBEDE-MELEKE
  • Moduedi wa Botlhe Ba ba Mo Direlang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • O Tla Tlhopha Ditsala Tse di Ntseng Jang?
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
  • Go Direla mo “Bokhutlong Jwa Metlha”
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
  • Jehofa o Tla go Duela Go ya Ka Ditiro Tsa Gago
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
w80 8/1 ts. 8-15

Direla “Kgosi ea Merabe” mme Falole

1. Go ya ka sekao se se tlhomilweng ke Kgosi Jehoiakime le motlhatlhami wa gagwe, Sedekia monnawe, a babusi ba lefatshe gompieno ba tla fetola tsela ya bone ka ntlha ya seo setlhopha sa ga Jeremia se se buang?

GO TWENG fa babusi ba selefatshe, segolo-bogolo ba La-Bodumedi, ba ne ba ka lemoga gore go na le setlhopha sa ga Jeremia sa motlha wa segompieno? Go tweng fa ba ne ba ka romela gore se bidiwe gore ba tlhomamise gore lefoko la boperofeti la ga Jehofa e ne e le eng mabapi le tatlhego ya bone? A seno se ne se tla kaya gore ba ne ba tla fetola tsela ya bone mme ba tseye tsela e e isang go faloleng ga bone “sepitla se segolo” se se boleletsweng-pele se se tlelang lefatshe le? NNYA! Eseng fa re tsaya kgosi ya bofelo ya Juda ya Jerusalema jaaka sekai, eleng, monnawe Kgosi Jehoiakime, Sedekia. Kgosi Jehoiakime o ne a pateletsa Jeremia le mokwaledi wa gagwe Baruke go direla mo sephiring—gore ke ka lobaka lo lo kae ga go a kwalwa. Mme monnawe Kgosi Jehoiakime Sedekia o diretse mosupi yo o boikanyo wa ga Jehofa, eleng Jeremia, mo go bosula go feta. Babusi ba selefatshe ba gompieno, le bone, ga ba ne ba fetola tsela ya bone e e botlhaswa, fela jalo. Mo gontsi go a akarediwa faele kaga dikgatlhego tsa sepolotiki. Seno ga se bontshetse-pele molemo ope bathong bao ba ba busang.—Yer. 37:2.

2. Sedekia o ne a bitsa Jeremia go rapelela Baiseraele tlase ga maemo afe, mme Jeremia o ne a mmontsha eng?

2 Faele kaga nako, e ne e le mo ngwageng wa bofera-bongwe wa puso ya ga Sedekia. Tikanyetso ya boraro le ya bofelo ya Jerusalema ka Bababilona e ne e tsweletse! Masole a ne a tla a tswa kwa Egepeto go thusa motse o o dikanyeditsweng. Go re ba tle ba kgatlhantshe pōpō e, badikanyetsi ba Babilona ba ne ba bothologa. Go ne ga bonala jaaka nako ya go rapela Jehofa go segofatsa ditlhopha tsa masole a Baegepeto a kgololo. Ka jalo Kgosi Sedekia o ne a laetsa kwa go Jeremia gore a ba “rapèlèlè mo go Yehofa Modimo oa rona.” Mme Jehofa o ne a laetse Jeremia gore a seka a rapelela se. Jehofa o ne a se kitla a reetsa thapelo e e jalo. (Yer. 37:3; 11:14; 14:11, 12) Ka jalo Jeremia o ne a bontsha gore Bababilona ba ne ba tla fenya masole a kgololo a Baegepeto ka go bolelela Sedekia gore Bababilona ba ne ba tla boa mme eleruri ba fisa Jerusalema.—Yer. 37:4-10.

3. Ke ka ntlhayang dikgosana tsa motse wa Jerusalema di ne tsa latlhela Jeremia mo “tluñ ea kgolegèlo”?

3 Ka nako ya fa Bababilona ba bothologile, Jeremia o ne a ikutlwa a gololesegile go ka tswa mo Jerusalema mme a ye kwa motseng wa baperisiti wa Anathothe, mo kgaolong ya lotso lwa Benjamine. Fa a ne a tshwariwa kwa kgorong ya Jerusalema ya bokone, Kgoro ya Benjamine, o ne a ganela gore o ne a ngwegela go Bababilona ba baba. Ba mo tshwara jaaka motho yo o batlang go menola mmuso, mooki, dikgosana tsa motse di ne tsa mo tsenya “mo tluñ ea kgolegèlō,” moo a neng a tshwarwa ka “malatsi a le mantsi.” (Yer. 37:11-16) Abo go tshwana fela jang le go tshwariwa ga setlhopha sa ga Jeremia gompieno!

4. Jeremia o ne a gakolola Kgosi Sedekia gore a itirele gore dilo di nne motlhofo ka ene jang, mme ke ka ntlhayang Jeremia a ne a fudusetswa kwa Lwapeng lwa Balebedi?

4 A Jeremia, fa a lebane le Kgosi Sedekia ka boene, o ne a tla tlogela molaetsa wa gagwe o o thata? Fa Kgosi Sedekia a ne a laetse gore a tlisiwe kwa lefelong la sephiri go tswa kwa ntlong ya kgolegelo go mmotsa mo sephiring, ka bopelokgale o ne a bolelela kgosi gore e ne e tla nna motshwarwa wa Bababilona, bao Jehofa a neng a ba dirisa jaaka didirisiwa tsa gagwe. Ekane kgosi ka go rata e ne e tla ineela go bone kana go tshwariwa le go tseelwa botshwarwa kgatlhanong le thato ya yone, phelelo e ne e tla tshwana. Jeremia o ne a dumalana le gore kgosi e itirele gore dilo di nne motlhofo kaga yone. Jeremia ga a ka a neela kgosi ditlhomamiso dipe tsa maaka. Ka tlhomamo, Jeremia o ne a sa direle batho ba gagwe le kgosi ya bone phoso epe, mme ka jalo ke ka ntlhayang a ne a tshwanela go bewa mo lefelong la kgolegelo moo go neng go tla kayang loso lwa gagwe lwa pele ga nako? Mo tumalanong le kopo ya gagwe, Kgosi Sedekia o ne a mo fudusetsa kwa Lwapeng lwa Balebedi, mofuta wa kgolegelo ya bosole go Jeremia. Dijo tsa gagwe e ne e le senkgwe le metsi.—Yer. 37:17-21.

TSELA E E BOTLHALE, ESENG YA GO MENOLA MMUSO

5. Ke selo sefe se se neng se siame le go tshwanela kaga Kgosi Sedekia go se dira maloka le Bogosi jwa Babilona, mme ke ka ntlhayang go ne go tlogetswe mo bathong go tsaya kgato ya motho-ka-mongwe maloka le Jerusalema?

5 Sedekia o ne a dirilwe kgosi ya Jerusalema ke Molaodi Nebukadenesare. Lefa go le jalo, morago ga go nna kgosi ya motlhanka go Nebukadenesare ka dingwaga di le bofera-bobedi, Sedekia o ne a mo tsuololetse. Tsela e e siameng le e e tshwanetseng e ne e le go kgaotsa botsuolodi jwa gagwe le go ineela ka kagiso Bogosing jo Jehofa a bo letleletseng go nna Maatla a Boraro a Lefatshe a ditiragalo tsa Bibela. Fa ene jaaka kgosi a ne a gana go dira se, go ne go tla tswa mo bathong go itirela jalo. Ee, go dira fela jaaka Jeremia a ne a boleletse batho mo Jerusalema:

“Yehofa o bua yana, a re, Eo o nnañ mo motsiñ o, o tla shwa ka chaka, le ka popamō, le ka kgogodi: me eo o cwelañ kwa Bakaladeeñ o tla tshela, me botshelō yoa gagwè bo tla nna mo go èna kgapō ea gagwè, me o tla tshela. Yehofa o bua yana: a re, Rure motse o, o tla tseñwa mo seatleñ sa ntwa ea kgosi ea Babelona, me o tla o gapa.” (Yer. 38:2, 3)

Kgosi Sedekia a kabo a eteletse-pele mo go lateleng kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng. Mme ereka a sa ka a dira jalo, go ne ga ikaega mo babusiweng ba gagwe motho-ka-mongwe go tsaya kgato ka tumelo mo dikaelong tsa ga Jehofa.

6. Ke ka ntlhayang dikgosana di ne tsa dira gore Jeremia a latlhelwe mo moleteng o o mo lwapeng lwa morwa kgosi?

6 Dikgosana tsa Jerusalema di ne di tatalalela go bolawa ga ga Jeremia, ereka ba ne ba umaka gore o ne a dira gore masole a a sireleditseng motse a repise matsogo; o ne a koafatsa thato ya batho go ka tlhabana. Ka jalo, kwantle ga tumalano ya ga kgosi, ba ne ba dira gore Jeremia a latlhelwe mo moleteng o o mo Lwapeng lwa Balebedi, lono lo le mo legaeng la ga Malakia “morwa” Sedekia. Kwa tlase ga molete. Jeremia o ne a roromela mo lorageng. Jaanong o ne a sa kgone go ka latela kgakololo eo a neng a e bolelela ba bangwe.

7. Ke mang jaanong yo o ileng a thusa Jeremia, mme mo motheong ofe?

7 Fa, jaanong, dilo di ne di bonala di fifaletse Jeremia tota, megala e ne ya folosetswa mo moleteng, ka dikatana go direla jaaka mesamo ya magwafa a gagwe, go mo tsholetsa go tswa mo moleteng o o loraga. Moopahadiwa wa Moethiopia yo o neng a bidiwa Ebede-meleke, yo o neng a direla kgosi, o ne a utlwetse kaga selelo sa ga moperofeti. A boifa gore Jeremia o ne a tla swela mo moleteng o o loraga, o ne a nna pelokgale go bua le kgosi. Kgosi e ne ya mo laela gore a tsamaye le banna ba le 30 mme a ntshe Jeremia.—Yer. 38:10-12.

8, 9. (a) Mo potsolotsong ya sephiri, Kgosi Sedekia o ne a golola Jeremia mo kgatelelong epe ya go nna moperofeti wa maaka go ene jang? (b) Ke kgakololo efe e e sa fetolwang eo Jeremia a e neetseng Sedekia, a mo tlhomela ditsela dife tse dingwe tsa phalolo fe pele ga gagwe?

8 Kgosi Sedekia, yo Jeremia a neng a golotswe ka taelo ya gagwe, o ne a dira potsolotso e nngwe gape ya sephiri fa botsenong jwa tempele. Sedekia o ne a ikana ka Jehofa yo o neelang botshelo gore o ne a se kake a dira gore moperofeti a bolaelwe go mmolelela boammaaruri jwa Modimo, mme ga a ka a solofetsa gore o tla bo reetsa. A golotswe mo go bolaweng mo go kabong go mo dirile moperofeti wa maaka, Jeremia o ne a nna boammaaruri go molaetsa o o tshwanang oo pelenyana o neng o mo tsentse mo kotsing ya loso:

9 ‘Kgosi Sedekia, ekane wena ka bowena jaaka kgosi o neela Jerusalema go Bakaladea mme go seng jalo Jehofa o tla e neela ka boene go fisiwa ke Bakaladea. O seke wa boifa go dirwa bobe ke Bajuda ba ba setseng ba tsere kgakololo ya me tsia ba bo ba tshabela kwa badikanyetsing. Fa o sa ineele, go tla diragalang? Basadi ba ba falotseng ba tla isiwa botshwaro ba opela ka moo bao ba neng ba le mo dikamanong tsa kagiso le wena ba go timeditseng ka teng le go go tsietsa ba bo ba go tlogela ka boikanyologi gore o roromele mo lorageng, fa bone ka bobone ba ne ba tshaba. Gape, basadi ba eleng ba gago le bana ba gago ba tla isiwa botshwaro. Wena ka bowena ga o ne o falola mo diatleng tsa kgosi ya Babilona. Mmalo, o tla ikarabelela go fisiwa ga motse o!’—Yer. 38:17-23.

10. Jeremia o ne a dira gore go nne motlhofo ka Kgosi Sedekia jang ka seo a se boleletseng dikgosana tse di neng di botsa, mme ke go fitlha ka tiragalo efe a ileng a tswelapele go tshwariwa mo bonnong jwa gagwe jo bosha?

10 Dikgosana tsa Jerusalema ke tsone tse di neng di direla jaaka “ditsala” tsa ga Kgosi Sedekia. A boifa bano, o ne a bolelela Jeremia, ka a ne a tla bolawa, gore a seke a ba bolelela dintlha tse, fa ba ne ba ka botsa. O ne a tshwanetse fela go ba bolelela fela gore kgosi e ne e mo letleletse go bua le yone, ereka a ne a sa batle go busediwa kwa kgolegelong mo ntlong ya ga Jonathane, mokwaledi, go swela koo. Ka go sa bolelele babotsi kgang yotlhe kaga potsolotso ya sephiri, o ne a tla dira gore go nne motlhofo ka kgosi. Mo tumalanong le seo Jeremia a se boleletseng dikgosana tse di belaelang, o ne a golegelwa kwa lefelong le lengwe, Lwapa lwa Balebedi. Koo o ne a itshokela kgolegelo go fitlha ka letsatsi la bofera-bongwe la kgwedi ya bone (Tammuz) ya 607 B.C.E., fa Bababilona ba ne ba dira phatlha mo Jerusalema, ba e thopa, ba dira gore Kgosi Sedekia a tshabe mmogo le masole a gagwe.—2 Dikg. 25:2-5.

11. Ka letsatsi leo Jerusalema e weleng ka lone, phalolo ka tiriso ya Kgoro ya fa Gare e ne e thibeletswe Bajuda ba ba mo sekhutlong jang?

11 Ka jalo, jaaka Jeremia a tlhagisitse, Jehofa, yo Sedekia a neng a ntse mo setulong sa gagwe sa bogosi sa selefatshe mo Jerusalema, o ne a patelesega go neela motse go badikanyetsi ba one. Ka ntlha ya moo, mo letsatsing leo la selemo la Tammuz 9, 607 B.C.E., mo boemong jwa gore baatlhodi ba Bajuda ba bo ba ntse fa Kgorong ya fa Gare ya Jerusalema go dirisana le dikgetsi mo molaong, dikgosana tse tlhano tsa Bababilona, tseo maina a tsone a kwadilweng, e ne e le tsone tse di ntseng fa kgorong eo ya motse. Ka jalo ba ne ba thibela go falola ga Bajuda ba ba mo sekhutlong ka kgoro e. (Yer. 39:1-3; 1 Ditih. 29:23) Mmalo!

12. Kgosi Sedekia o ne a palelwa jang go fenya boperofeti jwa ga Jeremia kaga gagwe, mme ke ponalo efe eo a neng a pateletswa go e bogela fa pele ga Kgosi Nebukadenesare?

12 Jaaka Kgosi Sedekia le masole a gagwe ba ne ba tshaba mo motseng o o tseneletsweng mo lefifing la bosigo, a ka ne a ile a ipaka gore o dirile gore boperofeti jwa ga Jeremia jo bo boitshegang kaga gagwe bo palelwe. Mme o ne a palelwa ke go fitlha kwa go Farwe Hofere wa Egepeto, mothusi wa gagwe. (Yer. 44:30) Bakonateledi ba Bababilona ba ne ba mo tshwarela fa mabaleng a Jeriko, mo Molapong wa Lofato kana mo Araba, dikhilomethara di se kae kwa ntlheng ya bokone-botlhaba jwa Jerusalema. A le mo mefiring ya kgotlho o ne a tseelwa kwa bokone mo motseng wa Ribela mo lefatsheng la Hamatha, go rakana difatlhogo di lebane le Kgosi Nebukadenesare. Pele Sedekia a foufadiwa ka taolo ya ga Nebukadenesare, o ne a pateletswa go bogela ponalo e e boifisang ya go bolawa ga bana ba gagwe. Bontsi jwa basimegi ba gagwe ba kgotla le ba sesole le bone ba bolawa fela jalo. Seraia Moperisiti yo Mogolo le mothusi wa gagwe, Sefania, bao ba sa kang ba tshegetsa moperisiti-ka-bone, Jeremia, ba ne ba bolawa, gammogo le balebedi ba bararo ba kgoro ya tempela.—2 Dikg. 25:6, 7, 18-21.

13. (a) Ditiragalo tsotlhe tseo tsa bogologolo di amana jang le 1914 C.E.? (b) Ke ka ntlhayang go utlwala go botsa gore ekane Ebede-meleke o ne a tshwantshetsa setlhopha gompieno, mme ka karabo efe?

13 A ditiragalo tsotlhe tseo tsa bogologolo di na le kamano epe le lekgolo la rona la dingwaga la bo-20? Ee! Ekane dikgwedi di le pedi morago ga masetlapelo a ga Kgosi Sedekia, sebaka sa gagwe, eleng lefatshe la Juda, se ne sa nna lerope gotlhelele. Koo “metlha e shupa” ya merafe, “metlha ea Badichaba,” e ne ya simolola palo ya yone ya dingwaga di le 2 520, e e neng e tla khutla ka 1914 C.E. (Dan. 4; Luke 21:24) Gompieno seo se neng se tshwantshetswa-pele ke Jerusalema wa motlha wa ga Kgosi Sedekia se atamela tshenyo ya sone, go ya ka phetso ya boatlhodi ya ga Jehofa, “Kgosi ea merahe.” (Yer. 10:7) Abo go tshwanela jang, he, gore go tshwanetse go bo go le setlhopha sa baobamedi ba ga Jehofa Modimo mo lefatsheng ka nako e e tlhokofatsang e bao ba neng ba tshwantshetswa ke moperisiti wa moperofeti Jeremia! Mo tshedimosetsong ya se rea botsa ka tshwanelo, A gape mo lefatsheng go na le setlhopha se se neng se tshwantshetswa ke moopahadiwa wa Moethiopia yo o neng a direla Jeremia jaaka tsala, eleng, Ebede-meleke motlhanka wa ga Kgosi Sedekia? Dintlha tsa segompieno di bontsha gore se gone.

14. (a) Faele kaga mmala wa letlalo, Ebede-meleke e ne e le eng? (b) Ke ka ntlhayang a sa ka a leka go tshaba le mung wa gagwe wa segosi?

14 Ebede-meleke ga a ka a leka go falola mo Jerusalema mmogo le mung wa gagwe wa segosi, Sedekia. E ne e le Moethiopia, mofuta wa motho oo Jeremia a ileng a botsa kaga ene, “A Moethiopia [kana, Mokushe, NW] o ka iphetola letlalō, leha e le nkwè dichubaba tsa eōna?” (Yer. 13:23) Ebede-meleke e ne e le Mothomotsho,a mme mo phetolelong ya ga Byington ya Bibela o bidiwa “Ebedemeleke wa Mo-Afrika [Mo-Negro].” (Yer. 38:7, 12; 39:16, The Bible in Living English) O ne a sa tlhoke go tshaba mo Jerusalema ka boiteko jwa go bona polokesego. O ne a solofeditswe ke Modimo wa ga Jeremia maloka le poloko ya gagwe. Ke ka ntlha ya moo, morago ga fa re sena go bolelelwa se se dirilweng ke Nebukadenesare go Bajuda ba se bakae ba batlhoki le go Jeremia, kgang ya gagwe e nyalana le Yeremia 38:28. Tota-tota, A New Translation of the Bible ya ga Moffat e fudusetsa Yeremia 39:15-18 go ya go fela morago ga Yeremia 38:28, gore e balege jaaka kgang e le nngwe.

15. (a) Lefoko la ga Jehofa kaga Ebede-meleke le ne la tlela Jeremia leng? (b) Lefoko le le ile la reng kaga Moethiopia yo?

15 Ka jalo ditemana tse di tsopotsweng fa tlase di tshwanetse go tlhaloganngwa e le tse di dirisitsweng pele ga fa Jerusalema e wela mo diatleng tsa Bababilona ba ba dikanyeditseng ka Tammuz 9, 607 B.C.E., mo ngwageng wa bo-11 wa puso ya ga Kgosi Sedekia:

“Me yana lehoko ya ga Yehofa ya tla mo go Yeremia, yale ka a sa nntse a cwalecwe mo lwapeñ loa balebedi [le pele ga fa masole a Bajuda a tshaba koo fa Jerusalema e ne e wa], ya re, Ea u bue le Ebede-meleke oa Moethiopia, u re, Yehofa oa mashomōshomō, Modimo oa Iseraela o bua yana; a re, Bōna ke tla dihatsa mahoko a me mo motsiñ o ka boshula, e señ ka molemō; me a tla dihadiwa ha pele ga gago ka tsatsi yeuō. Me wèna ke tla gu golola ka tsatsi yeuō, go bua Yehofa: me ga u ketla u wa ka chaka [ya Bababilona], me botshelō yoa gago bo tla nna mo go wèna kgapō ea gago: ka u ikantse mo go nna, go bua Yehofa.”—Yer. 39:15-18.

16. Ka jalo Ebede-meleke o ne a itumelela eng jaaka bao ba itumelelang go tsewa ga kgapo, mme ke eng se se santseng se setse lefa lemororo re sena ditiragalo dipe tse di oketsegileng kaga gagwe?

16 Ka jalo, ka nako ya go wa ga Jerusalema tsala e ya moperofeti wa ga Jehofa e ne ya itlogelela tlhokomelong ya Modimo wa ga Jeremia. Ekane o ne a isiwa kwa Babilona mme a swa loso lwa tlholego koo kana gore o ne a tlogelwa mo lefatsheng la Juda jaaka mongwe wa bahumanegi ba lefatshe leo tlase ga Molaodi Gedalia, Bibela ga e thadise. Lefa go le jalo, botshelo jwa gagwe ga bo a ka jwa tsewa ke masole a Bababilona mme o ne a letlelelwa go ipolokela moya wa gagwe wa botho jaaka mongwe a itumelela kgapo. Ka gona o ne a ka tswelela ka go tshela mme a obamela Modimo oo a neng a o ikantse, Modimo oo a golotseng moperofeti wa ona mo moleteng wa loraga wa Jerusalema o o dikanyeditsweng. Ka go dira se ga go belaetse gore o ile a ilwa ke dikgosana tseo di neng di tsentse Jeremia mo mosimeng wa mo kgolegelong go swa. Mme Ebede-meleke o ne a se kitla a neelwa mo diatleng tsa bone gore ba ipusolosetse. Tlase ga tshireletso ya ga Jehofa e e solofeditsweng o ne a sena lebaka lepe la go boifa seo dikgosana tseo di neng di ka rata go se dira mo tefetsong. Mo ntlheng e o nyelela mo ditiragalong tsa Bibela, mme eseng jalo kaga leina la gagwe lefa e le tsholofetso ya Modimo go ene.

SETSHWANI SA GOMPIENO SA GA EBEDE-MELEKE

17. Leina la Moethiopia yo, eleng Ebede-meleke, le kayang, mme ke ka kutlwisiso efe leina la gagwe le ne le le boammaaruri kaga gagwe?

17 A eleruri gompieno go na le setshwani sa ga Ebede-meleke se se amanang le setlhopha sa ga Jeremia sa segompieno? Ee! Ke bomang, he, bao eleng ba setshwani sa segompieno sa ga Ebede-meleke? Faele gore o bone jang leina leo ga re itse. Jaaka leina, Ebede-meleke e kaya “Motlhanka wa ga kgosi.” Jaaka moopahadiwa a kabo a ne a thugilweb mme a amogilwe go nna le lelapa le eleng la gagwe. Mme, jaaka leina la gagwe le kaya, o ne a le mo tirelong ya kgotla ya kgosi ya Juda. Gape, ka ntlha ya go ikanya Jehofa, o ne a itshupa a le mo tirelong ya mo go fetang kgosi ya selefatshe. Sedekia o ne a ntse mo setulong sa bogosi kwa Jerusalema seo se neng se bidiwa ‘setulo sa bogosi sa ga Jehofa.’ (1 Ditih. 29:23) Ka mo go utlwalang, he, Ebede-meleke o ipontshitse tota-tota, a le mo tirelong ya “Kgosi ea merahe,” Jehofa. Ka ntlha ya go nna mo tirelong bogosi jwa ga Jehofa jwa tshwantshetso mo lefatsheng la Juda, o ne a duelwa ka mo go lekaneng ka go bolokiwa fa Jerusalema e e sa ikanyegang a ne a senngwa.

18. Go ya ka tlhaloso ya Tshenolo 7:14, 15, “boidiidi yo bogolo yoa batho” bo ne jwa tshwantshetswa-pele ke motho ofe wa motlha wa ga Jeremia?

18 Fa go tla mo go bolokiweng mo “pitlaganoñ e kgolo” ya La-Bodumedi, Tshenolo 7:14, 15 e re kaga “boidiidi yo bogolo yoa batho” jo bo tlhalosiwang moo: “Ba, ke ba ba cwañ mo pitlaganoñ e kgolo, me ba tlhacwitse dikobō tsa bōnè, ba di shweuhaditse mo madiñ a ga Kwana. Ke gōna kaha ba leñ ha pele ga setulo sa bogosi sa Modimo ka gōna; me ba o dihèla motshegare le bosigo mo tempeleñ ea ōna.” Jaaka setlhopha, bao eleng ba “boidiidi yo bogolo yoa batho” joo jwa bafalola-sepitla ba ne ba tshwantshetswa-pele ke Ebede-meleke, mofalodi yo o tlhomologileng wa phediso ya Jerusalema.

19. Keletso e e kwa godimo go gaisa ya setlhopha sa ga Ebede-meleke ke go nna mo tirelong ya ga mang, mme ba ikitlieleditse go dirwa eng mo boemong jwa setlhopha sa ga Jeremia?

19 Setlhopha se eleruri se ithuta go boifa Jehofa le go mo ikanya. Keletso ya bone e e kwa godimo go gaisa ke go nna mo tirelong ya Molaodi wa Lobopo, “Kgosi ea merahe,” go na le go nna ba direla babusi ba sepolotiki le dikgosi tsa mebuso e e dirilweng ke batho. Ba bona ka moo babusi ba ba iphetlhelang maatla, jaaka Adolf Hitler yo o boneng maatla mo Jeremane ka 1933 C.E., ba lekileng ebile ba ntseng ba leka go nyeletsa masalela a ga Jehofa a a tloditsweng ao a neng a tshwantshetswa-pele ke moperofeti wa gagwe Jeremia. Ka jalo setlhopha sa ga Ebede-meleke se a ganetsa le go dira boikuelo mo boitekong jo bo pelokgale jwa go thusa setlhopha sa ga Jeremia, lefa lemororo mo go kaya go ilwa le go bogisiwa ke baba ba bodumedi le ba sepolotiki ba setlhopha sa ga Jeremia.

20, 21. (a) Setlhopha sa ga Jeremia se ne sa simolola go bonala ka ngwaga ofe bogolo-segolo? (b) Setlhopha se se leka jang go etsa Ebede-meleke wa motlha wa ga Jeremia, mme ba kgothaletsa batho botlhe go tsaya kgato efe malebana le bogosi jwa lefatshe jwa bodumedi jwa maaka?

20 Batshegetsi ba ba masalela a ga Jehofa a a tloditsweng a basupi ba ne ba bonala segolo-bogolo ka ngwaga wa 1935, fa “boidiidi yo bogolo yoa batho” jwa bafalodi ba “sepitla” bo ne bo kgethololwa.

21 Go sa tlhokomelege gore ekane setlhopha sa ga Ebede-meleke se na le tlhotlheletso epe le mebuso ya La-Bodumedi kana nnya, ga se ise se dumalane le boiteko jwa bodumedi le sepolotiki jwa go bolaya setlhopha sa ga Jeremia kana gone go ba dira gore ba seka ba kgona sentle mo tirelong ya ga Jehofa ya puso jaaka ekete ba ba latlhela mo moleteng o o loraga mo ntlong ya balebedi. Go sa kgathalesege go gana mo go boifisang ga balaodi ba sepolotiki le bodumedi, ba dirile gotlhe mo ba neng ba ka go kgona go tsholetsa setlhopha sa ga Jeremia go se ntsha mo “moletiñ” o o loraga wa go sa kgone go dira. Go fitlha le mo letsatsing le la gompieno ba ntse ba dira ka bopelokgale lefatshe ka bophara fa letlhakoreng la setlhopha sa ga Jeremia, ba bolela tatlhego ya La-Bodumedi le ya bogosi jwa lefatshe jwa bodumedi jwa maaka, Babilona yo Mogolo. Ba kgothatsa batho ba mefuta yotlhe go tlogela tsamaiso e e hutsitsweng e ya dilo le go tsaya kgato e e nitameng mo letlhakoreng la masole a boatlhodi a ga Jehofa tlase ga taolo ya molaodi yo mogolo go na le Nebukadenesare, eleng, Jesu Keresete. Ka gone ba supa gore ba ikanya Jehofa ka mo go feletseng, “Kgosi ea merahe.”

22. Setlhopha seno ga se ne se wa ka “chaka” efe ya tshwantshetso?

22 Ka ntlha ya boineelo jo bo jalo jo bo sa reketleng go ene le go setlhopha sa gagwe sa ga Jeremia sa motlha wa segompieno, Jehofa o rata Ebede-meleke yo o kopaneng yo. O solofetsa gore setlhopha se ga se ne se wa ka “chaka” ya ‘ntwa ya letsatsi je legolo ja Modimo Mothatayotlhe’ e e atamelang ka Hara-Magedona.—Tshen. 16:13-16.

23. Kgapo eo ba e tsayang jaaka thoto ya bone e tla nna eng, mme ba dirile jang jaaka “dinku” tsa setshwantsho sa ga Jesu sa Mathaio 25:31-34?

23 Jaaka tuelo go tswa go Jehofa, ba tla nna le matshelo a bone a selefatshe ba a boloketswe jaaka kgapo ya ntwa, ka tshwanelo ba bona botshelo jo bo bolokilweng jaaka thoto ya bone. Jaaka ba seka-dinku mo setshwantshong sa ga Jesu sa “dinku” le “dipodi,” ba dirile molemo go masalela a bomonnawe Keresete ba semoya. Fa bano ba ne ba le mo “tluñ ea kgolegèlō,” mo “moletiñ” o o loraga kana ntlo ya loso, ba ba etetse mo sephiring kana mo ponalong mme ba ile ba direla go ba golola bakeng sa tiro e e oketsegileng mo bokhutlong jo bogolo jwa tiro ya ga Jehofa ya bosupi mo gare ga tsamaiso ya selefatshe e e hutsitsweng ya dilo.—Math. 25:31-36, 46.

24. Setlhopha sa ga Jeremia se lebogela Jehofa ditirelo tsa setlhopha sefe sa gompieno, mme ba tla tsweletsa tiro efe e e kopanetsweng morago ga go falola “sepitla se segolo”?

24 A go itsiwe gongwe le gongwe gore setlhopha sa ga Jeremia se leboga Jehofa ka ntata ya go tlhagisa “boidiidi yo bogolo yoa batho” jwa “dinku di sele,” jo bo neng bo tshwantshetswa-pele ke moopahadiwa wa Moethiopia Ebede-meleke wa malatsi a bofelo a Jerusalema o o boikanyologi. Boitumelo jwa setlhopha sa ga Jeremia ga bo ne bo kgonwa go bolelwa fa se falola “sepitla se segolo” mmogo le setlhopha sa ga Ebede-meleke fa letlhakoreng la sone. Ka tumalano e le nngwe fela ba tla simolola go dira mmogo mo Tsamaisong e Ntšha eo ba tla tsenngwang mo go yone tlase ga bogosi jwa ga Keresete jwa dingwaga tse di sekete. Go tsenngwa mo go jalo mo Thulaganong e Ntšha e e phatsimang e tla nna tuelo ya bone ka ntlha ya go direla ga bone Molaodi wa lobopo, Jehofa, “Kgosi ea merahe.”

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go ya ka A Greek-English Lexicon, e e rulagantsweng ke Liddell le Scott (1848), lefoko Moethiopia [Aithiops] ka Segerika le kaya “Mosha-sefatlhogo, ke go re, Moethiopia, mo-negro, jl., jl.”

b Go ne go sena moopahadiwa ope wa motho o sele yo o thugilweng yoo o neng a ka fetoga mosokologela-Sejudeng kana leloko la phuthego e e rupileng ya Iseraele.—Dute. 23:1; bapisa Isaia 56:3-5.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ebede-meleke, a na le banna bale 30, o golola Jeremia

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela