“Lo Dihè yaka Banna”
“Disañ, lo èmè ka tlhōmamō mo tumeloñ, lo dihè yaka banna, lo nnè thata.”—1 Bakorintha 16:13.
1. Ka mantswe a “Bonañ, monna ke eo!” Pilatwe o ne a lebisitse go Jesu jaaka eng?
“BONAÑ, MONNA KE EO!” Ka mantswe ao a ditiragalo molaodi wa Roma Ponto Pilatwe o ne a baya fa pele ga matshwititshwiti a Bajuda ba ba letlhoo ba ba neng ba phuthegile fa pele ga ntlo ya gagwe ya segosi mo Jerusalema monna yo o tumileng thata mo ditiragalong tsotlhe tsa setho. E ne e le Mojuda yo o neng a bidiwa Jesu Keresete, ka nako eo a apere seaparo sa segosi se se bohibidu jo bo mokgona a bile a rwele serwalo sa mmitlwa mo tlhogong, se sotlhe e le tshotlo ya go ipolela ga gagwe gore ke Kgosi ya Bomesia e e solofeditsweng. (Yohane 19:5-15) Lefa go ntse jalo, ka mafoko a a reng “Bonañ, monna ke eo!” Pilatwe o ne a lebisitse go Jesu jaaka motho yo o tlhomologileng thata gareng ga setho sotlhe, yo o neng a sa tshwanelwa ke go ganwa.
2. Ke ka monna ofe setho se se suleng se tla tsosiwang mo baswing, mme mo motheong wa tshupelo efe?
2 Moaposetoloi Paulo o ne a lebisa go monna yo, yo o neng a lekana le monna Adame yo o itekanetseng mo letsatsing la gagwe la popo, fa a ne a kwala mo go 1 Bakorintha 15:21 mafoko ano: “Gonne ereka losho lo tsile ka motho [Adame wa anʹthro·pos], go coga ga bashwi le gōna go tsile ka motho [Jesu Keresete wa anʹthro·pos].” Moaposetoloi Paulo o ne a gopotse ka monna yo o tshwanang fa a ne a bua le maloko a kgotla-tshekelo ya Athena mo Areopago, kana Mars Hill, mme a re: “Ke gōna, metlha ea botlhōka kicō, Modimo o no oa e tlhokomologa; me gompiyeno o laola gore batho [totatota, banna] botlhe ba ikwatlhaeè ka ntlha cotlhe; Ka o tlhomile letsatsi ye o tla atlholañ lehatshe ka yeōna ka tshiamō, ka monna eo o mo laotseñ; me mo, o go tlhōmamiseditse batho botlhe ka o mo cositse mo bashwiñ.” (Ditiho 17:30, 31) Ka go ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng setlhabelo mo boemong jwa setho sotlhe, Jesu yono yo o tsositsweng o ne a ka ntsha thekololo ya setho sotlhe gore le eleng batho ba ba suleng ba ka tsosiwa mo baswing le go nna le sebaka sa go bona botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise mo bogosing jwa gagwe jwa dingwaga tse di sekete.
3. Ke tshupelo ya ga mang e e ntshitsweng thekololo e e neng e tshwanelwa ke go supiwa mo motlheng wa yone, mme ke ka ntlha yang fa e le nako e e tshwanetseng tota ya tshupo eno?
3 Tumalanong le lebaka leo le le itumedisang, moaposetoloi Paulo o ne a kwalela modiri-ka-ene Timotheo mme a re: “Gonne go Modimo o le moñwe hèla, go bile go motsereganyi le èna a le moñwe hèla ha gare ga Modimo le batho, motho ka esi, Keresete Yesu, eo o intshitseñ go nna thèkololō ea botlhe; e le chupō e e tla shupiwañ mo metlheñ ea eōna.” (1 Timotheo 2:5, 6) Mme jaanong, gompieno, ka nako ya go nna gone ga gagwe jaaka Kgosi e e busang mo setulong sa gagwe sa bogosi sa selegodimo mo letsogong le legolo la Modimo, ke nako e e tshwanetseng sentle ya bosupi jo bo ntseng jalo go neelwa setho sotlhe.
4. Fa Pilatwe a baya Jesu fa pele ga matshwititshwiti a batho, ke jang ponalo ya gagwe e neng e farologane le eo ya letsatsi la fa a ne a palame esela a tsena mo Jerusalema, mme ke ka ntlha yang fa Pilatwe a ne a tshwanelwa ke go kgatlhega?
4 Lefa go ntse jalo, jaanong, go boela morago kwa Letsatsing ja Tlolaganyo le le sa lebalesegeng la 33 CE, fa molaodi wa Roma wa Judea, Ponto Pilatwe, a ne a baya Jesu yo o neng a beditswe le go nyenyehadiwa fa pele ga matshwititshwiti a a neng a ikaeletse bosula fa pele ga ntlo ya gagwe ya segosi mme a bolela ka gore: “Bonañ, monna ke eo!” Ka nako eo Jesu eleruri o ne a le sehakgamalelo tota! O ne a tla ka ponalo e e farologaneng go feta mo go se o neng a se supa mo bekeng yone eo e e tshwanang. E ne le fa a tla a pagame ka phenyo a tsena mo Jerusalema jaaka kgosi e e tlhophilweng e ya tlhomong ya yone ya segosi kwa motse mogolo. Seno e ne le tiragatsong e potlana ya polelelopele ya ga Sekaria 9:9, koo re balang ka gore: “Itumèla thata, wèna morwadia Siona; thèla loshalaba, wèna morwadia Yerusalema: bōna, kgosi ea gago ee tla kwa go wèna: o tshiamō, o na le poloka; o boikokobeco, o palame esela, eboñ eselana ñwana oa esela.” (Mathaio 21:1-9; Yohane 12:12-16) Moragonyana, ka letsatsi la Tlolaganyo, a tshupo ya bogolo jwa dinonofo tsa monna tse Jesu o neng a tshwanelwa ke go di bontsha, go emelana le go tshwarwa makgwakgwa le go gobololwa kwa ntle le ngongorego, ka boineelo jo bo feletseng mo thatong ya Mogodimodimo, Rraagwe wa selegodimo! A go ne go na le sengwe se Pilatwe a neng a ka se dira go na le go kgatlhwa ke go tia, bonna jo bo sa reketleng jwa Mojuda yono yo matlho a lobopo lotlhe a neng a lebile ene ka nako eo?
5, 6. (a) Ke ka ntlha yang fa barati ba botshelo mo paradaiseng ba na le Jesu Keresete jaaka sekao se se itekanetseng mo ditirong tsa bone? (b) Go ya ka tlhaloso ya ga Paulo, ke jang tsela ya ga Adame le ya ga Jesu Keresete di neng tsa ama setho ka ditsela tse di farologaneng?
5 Barati botlhe ba botshelo ka boitekanelo jwa setho mo lefatsheng la paradaise mo isagweng e e atamelang, mo monneng yoo wa mmaanete, ba na le sekao se se tshwanelwang ke go ediwa, yo ba tshwanetseng go tlhoma matlho a bone mo go ene. Fela jaaka monna wa ntlha, Adame, fa Mmopi wa gagwe a ne a mmaya mo tshimong ya Edena, Jesu yo o neng a godile sentle e ne ele motho yo o itekanetseng. Mme Jesu ga a ka a senya setshwano sa Modimo se a neng a se lereditswe mo lefatsheng; le ka motlha ga aa ka a maramara tshwano ya Modimo ya motho e o neng a tlisiwa mo go yone jaaka motho. (Genesise 1:26, 27) Ka jalo, abo tsela ya botlhokakutlo ya ga Adame le tsela e e ikanyegang, e e kutlo ya ga Jesu Keresete e amile batho botlhe ka go sa tshwane jang ne!
6 Fa ka bokhutshwane a ne a tlhalosa seno, moaposetoloi Paulo o ne a kwalela phuthego ya Bokeresete ya motse wa Korintha wa batlhalefi ba bantsi, kwa Gerika, ka mantswe a a latelang: “Gonne yaka botlhe ba shwa ka Adame, go nntse yalo botlhe ba tla tshedisiwa ka Keresete. Me e tla bo e le moñwe le moñwe kaha thulaganoñ ea gagwè: Keresete e le èna lebucwa pele; me hoñ go tle ba e leñ ba ga Keresete, mo go tleñ ga gagwè.” (1 Bakorintha 15:22, 23) Ka gone Modimo ga o a ka wa tlogela Morwawe yo o ikanyegang mo boemong jwa loso. Modimo o ne a mo tsosa mo baswing ka letsatsi ja boraro, go ya kafa tsholofetsong ya gagwe e e sa robegeng, ele wa ntlha go tsosediwa botshelong jo bosakhutleng. Ka tsogo Modimo o ne wa busetsa Morwawe yo o utlwang kwa lefelong le a neng a na le ene pele, kwa magodimong a a sa bonaleng. Se se ne sa kgonisa pusetso ya batho ba ba suleng botshelong mono lefatsheng, ka sebaka sa go tsholediwa go ya boitekanelong ka iketlo mono lefatsheng la paradaise, ka nako ya puso e e sa bonaleng ya ga Jesu Keresete a busa mono lefatsheng ka dingwaga tse di sekete.
7. Ke ka ntlha yang fa Jesu Keresete e sa tlhole e le motho yo o itekanetseng, mme gone ke eng seo a tla kgonang go se busetsa ditlogolwana tsa ga Adame le Efa?
7 ‘Go tla ga gagwe,’ mo go sa bonaleng, lefa go le jalo go lemogwa jaaka Kgosi godimo ga setho se se rekolotsweng eleruri go tla ikutlwatsa. Jesu Keresete gape ke sebopiwa sa moya, jaanong o palela loso, ga a swe. Moaposetoloi Paulo o supela go ntlha eno fa a tswelela ka gore go phuthego ya Korintha: “E re ha go na le mmele oa tlhōlègō, oa semōea lo ōna o gōna. Le gōna go kwadilwe yalo, ga twe, Motho oa pele, eboñ Adame, a dihwa motho eo o tshedileñ. Adame oa moragō a dihwa mōea o o tshedisañ.” (1 Bakorintha 15:44, 45; Genesise 1:26, 27; 2:7) A sa tlhole jaanong a le motho wa nama le madi, mme jaanong a le sebopiwa se se nonofileng sa moya mo legodimong, Jesu Keresete yo o galaleditsweng o tla kgona go busetsa botshelo jo bo itekanetseng jwa botho go ditlogolwana tsa ga Adame le Efa, go tshwana fela jaaka a ntsheditse batho botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jaaka motho.
Monna yo go Tshwanetsweng ga Dirwa jaaka Ene
8. Ke go babatli ba eng go bo Jesu Keresete e le sekao se se tshwanetseng go ka ediwa, ebile ke mo motheong wa eng go bo Paulo a ne a ka bolela phuthego ya kwa Korintha go nna baetsi ba gagwe?
8 Jaaka sekao se se itekanetseng ka nako ya go nna ga gagwe mo lefatsheng, Jesu Keresete o tshwanelwa ke go ediwa ke botlhe ba ba batlang go bona botshelo jo bosakhutleng gompieno, ekane jaaka balekane mmogo le ene mo bogosing kwa legodimong kana jaaka bomorwa le bomorwadie ba batho ba ba itekanetseng mo lefatsheng ja paradaise. Ka jalo, kafa go tshwanetseng sentle, moaposetoloi Paulo o ne a ka kwalela balatedi ba ga Keresete kwa Korintha wa bogologolo mme a re: “Se kgopiseñ bapè, leha e le Bayuda, leha e le Bagerika, leha e le phuthègō ea Modimo: Hèla yaka le nna ke kgatlha batho botlhe mo diloñ cotlhe, ke sa itihele, me ke dihèla ba ba leñ bantsi, gore ba tlè ba bolokwè. Nnañ baetsi ba me, yaka le nna ke le moetsi oa ga Keresete.”—1 Bakorintha 10:32–11:1.
9. Mo go 1 Bakorintha 16:13 lediri la Segerika le le ranoletsweng “lo dihè yaka banna” le tserwe go tswa mo leineng lefe, mme ke pharologano efe e e dirwang ke leina leno?
9 Mafoko ao a re thusa go nna le pono e e siameng ka kgothatso e e tswelelang ya ga Paulo e e fitlhelwang mo mafokong a gagwe a a tswalang a a kwaletsweng phuthego ya kwa Korintha, kwa Gerika: “Disañ, lo èmè ka tlhōmamō mo tumeloñ, lo dihè yaka banna, lo nnè thata.” (1 Bakorintha 16:13) Fano lefoko la Segerika le le ranotsweng jaaka “lo dihè yaka banna” ke lediri le le tserweng mo leineng an·erʹ ka tlhaloganyo ya lerui, eleng, an·drosʹ. Leina leno la Segerika le raya monna, motho wa senna, jaaka a farologana le mosadi, motho wa sesadi. Ka motlhala, Mathaio 14:21 e balega jaana: “Me ba ba yeleñ e ka ne e le banna ba makgolo a a mashomè matlhano, go sa balwe basadi le banyana.” (Bona gape Mathaio 15:38; Mareko 6:44; Yohane 6:10.) Go ne ga ntshiwa ngongorego kwa Jerusalema kgatlhanong le moaposetoloi Petere gore “u ile ua tsèna mo bannen ba ba sa rupañ, me ua ya nabō.” (Ditiho 11:3) Mo go 1 Bakorintha 11:3 re bala jaana: “Tlhōgō ea monna moñwe le moñwe e le Keresete; le tlhōgō ea mosadi ke monna; le tlhōgō ea ga Keresete ke Modimo.”
10. Mo go Ditiho 17:31, ke leina lefe la Segerika le Paulo a le dirisitseng go tshwaya ene yo Modimo o ikaeletseng go atlhola lefatshe je le agilweng ka ene?
10 Go maloko a Kgotla-tshekelo ya Areopago kwa Athena wa bogologolo, kwa Gerika, moaposetoloi Paulo o ne a bua mafoko a a latelang mabapi le Jesu Keresete: “O [Modimo] tlhomile letsatsi ye o tla atlholañ lehatshe ka yeōna ka tshiamō, ka monna [an·erʹ] eo o mo laotseñ; me mo, o go tlhōmamiseditse batho botlhe [Segerika, paʹsin] ka o mo cositse mo bashwiñ.”—Ditiho 17:31.
11. Mo go Ditiho 14:15, ke jang mokwalo wa Segerika o bontshang pharologano magareng a motho wa senna le motho fela?
11 Mo go Ditiho 14:15 re bala ka Paulo le Barenabase ba tlhaeletsa ba re: “Banna [Segerika: anʹdres], lo dihèlañ dilō tse? Le rona re batho [Segerika: anʹthro·poi] ba re nañ le maikutlō a a etsañ a lona.” Ka gone he re ka bona kafa mafoko a Segerika a dirang pharologano magareng a motho wa senna le motho fela.
12. (a) E ne e le ka tsela efe e ka yone bokgaitsadi kwa phuthegong ya Korintha ba neng ba ka dira “yaka banna,” mme dithanolo tse dingwe tsa Seesemane di balega jang fano? (b) Ke ga kae lediri la Segerika an·driʹzo le tlhagang mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete, mme ka makgetlo a makae go Greek Septuagint Version?
12 Mafoko a ga Paulo go 1 Bakorintha 16:13, “Lo dihè yaka banna” (an·driʹzo), a ne a kwaletswe maloko otlhe a phuthego, go bokgaitsadi ga mmogo le bakaulengwe. Ka jalo le eleng bokgaitsadi ba ne ba tshwanelwa ke go dira jaaka banna, go raya gore, ka bopelokgale jwa Bokeresete, mo go etseng Jesu Keresete, Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete. Mo mokwalong wa pele wa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete lediri an·driʹzo le tlhaga gangwefela fela, eleng mo go 1 Bakorintha 16:13, koo Bibela e e Boitshepo ya Setswana e balegang ka gore “lo dihè yaka banna.” Authorized Version ya King James e balega ka gore: “Lo itshware jaaka banna.” The Living Bible: “Itseeng jaaka banna.” New Testament in Modern English ya ga Phillip: “Tshelang jaaka banna.” Lefa go le jalo, mo mokwalong wa Segerika wa Greek Septuagint Version la an·driʹzo le tlhaga ga makgetlo a le masome mabedi le motso.
13. Lediri la Segerika le dirisiwa jang mo go Duteronome 31:6, 7, 23 go ya ka thanolo ya Septuagint ka Charles Thomson?
13 Ka motlhala, mo go Duteronome 31:6, 7, 23 jaaka e ranotswe ke Charles Thomson, re a bala: “Lo dire jaaka banna lo nne thata; . . . Me Moshe a bitsa Joshue, mme a mo raya mo ponong ya ba Iseraela botlhe, O nne thata le pelokgale; . . . Mme Morena a laya Joshue, a re, O nne thata le pelokgale, gonne o tla hitlhisa bana ba Iseraela mo lefatsheng je Morena o ba le solofeditseng, mme o tla nna nao.” (Bona go balega mo go tshwanang ga kgatiso ya ga S. Bagster and Sons of London, England.)
14. Thanolo ka Charles Thomson e dirisa jang lediri la Segerika mo go Nahume 2:1?
14 Mo go la bofelo la makgetlo a a masome mabedi le motso a go nna gone ga lediri leno mo go Greek Septuagint Version mo go Nahume 2:1, re a bala: “Yo o phatlakanyang o tsile fa pele ga sefatlhogo sa gago: Disa tsela; o ithatafatse lotheka, o thatafatse nonofo ya gago segolo jaaka monna.” (Bona gape kgatiso ya Bagster ya Septuagint.)a
15. Ka jalo, mo leseding la se sotlhe, dithanolo tse dingwe tsa segompieno di dirisa jang lediri la Segerika le le mo go 1 Bakorintha 16:13 ka tsela e ka papamalo e ka dirang go basadi le banna ka go tshwana?
15 Ponong ya tiriso ya Septuagint ya lediri la Segerika an·driʹzo, go a tlhaloganyesega gore ke ka ntlha yang fa mo dithanolong tse dingwe tsa segompieno tsa Bibela e e Botshepo di dirisa lediri leo la Segerika mo go 1 Bakorintha 16:13 ka tsela eo go dirileng dithanolo tsa Greek Septuagint Version (LXX). Ka motlhala, Revised Standard Version: “Nametsegang.” Today’s English Version: “Lo nne pelokgale.” New International Version: “Nnang banna ba ba pelokgale.” The New English Bible: “Lo nne sebete.” The Jerusalem Bible: “Lo nne pelokgale.” Ka tsela eo lediri la Segerika le tla dira go basadi ba ba ineetseng, ba Bakeresete ba ba kolobeditsweng ga mmogo le banna ba ba ineetseng, ba Bakeresete ba ba kolobeditsweng. Jalo he, ke ka moo Paulo ka mo go tshwanelang a dirisang lediri la Segerika mo go 1 Bakorintha 16:13. Seno se boammaaruri lefa mo mmeleng mosadi mongwe le mongwe e le “seyana se se señ thata.”—1 Petere 3:7.
16. Morago ga go bolelela Bakeresete go dira jaaka banna, ke mafoko afe a Paulo a oketsang ka one, mme ke jang kgakololo eno e ka dirisiwang?
16 Morago ga fa moaposetoloi Paulo a sena go bolelela Bakeresete ba ba ineetseng, le go kolobediwa gore “lo dihè yaka banna” o oketsa ka mafoko a a reng: “Lo nnè thata.” Tumalanong le seno, Paulo o ne a kwala, mo go Baefesia 6:10: “Sa bohèlō, lo nonohalè mo Moreneñ, le mo thateñ ea nonohō ea gagwe.” Jehofa Modimo Mothatayotlhe o ka re nonotsha gore re “nnè thata,” ee, go atlega mo tirelong ya gagwe e e boitshepo. (Daniele 11:32, Authorized Version; American Standard Version) O apesitse batho ba gagwe ba ba ineetseng, ba ba kolobeditsweng ka tlotlego ya tirelo e kgolo thata e motho a ka nnang nayo mo lefatsheng. Seno se tshwanetse ka maatla se tlhotlheletse masalela a a tloditsweng ka moya le balekane ba bone ba seka-dinku go dira jaaka Paulo a kgothatsa, “Lo dihè yaka banna.”
17. Ke ka tsela efe e masalela a a tloditsweng a segompieno a nang le tshiamelo e e tlotlegang ka mo go oketsegileng go na le eo ya ga Johane Mokolobetsi?
17 Tshiamelo ya rona gompieno e kgolo e bile e tlotlega bogolo go eo ya ga Johane Mokolobetsi wa lekgolo la ntlha la dingwaga. O ne a tlotlwa ka tshiamelo ya go nna moetapele wa ga Jesu Keresete, yo o neng a tla nna Kgosi, tiragatsong ya polelelo pele ya ga Malaki 3:1 ka tsela ya tshwantshetso kana ka tiragatso e potlana. (Mareko 1:1, 2) Fa a ne a bua ka ga “moroñwa,” yo o rometsweng go phepafatsa tsela fa pele ga ga Jehofa, Jesu o ne a re: “Amarure kea lo raea, ka re, Mo go ba ba tsecweñ ke basadi ga goa coga ope eo mogolo go heta Yohane Mokolobetsi; leha go nntse yalo, eo o leñ mmōtlana mo bogosiñ yoa legodimo o mogolo bogolo go èna.” (Mathaio 11:7-11) Gompieno, fa e sale bokhutlo jwa Ntwa ya Lefatshe I ka ngwaga wa 1918, masalela a baruaboswa ba ba tloditsweng ba bogosi jwa selegodimo ba dira jaaka barongwa, eseng ba goromente o o tlang wa botsalo jwa segosi, mme eleng ba bogosi jwa magodimo jo bo tlhomilweng kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914, fa Jesu Keresete yo o galaleditsweng a ne a tlhongwa mo setulong sa bogosi. Mo go bone go boammaaruri, mme ka tiragatso e kgolwane, fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a kwala ka gore: “Me ke gōna, re baroñwa mo boemoñ yoa ga Keresete, go chwana yaka ekete Modimo o rapèla ka rona: rea lo rapèla mo boemoñ yoa ga Keresete, ra re, lo letlanè le Modimo.”—2 Bakorintha 5:20.
18. (a) Fa e sale go tloga ka 1935, ke bomang ba ba arabetseng topo ya go letlanngwa le Modimo Jaaka e ntshitswe ke masalela a “baroñwa mo boemoñ yoa ga Keresete”? (b) Ke bomang bao ba kopanetseng le banna mo therong ya dikgang tsa bogosi, mme seno se bontshitswe jang mo go Pesalema 68:11?
18 Fa e sale ntwa ya ntlha ya lefatshe e fela ka 1918, ebile ka mo go tshwaegang fa e sale go tloga ngwaga o o sa lebalesegeng wa 1935, boidiidi jo bogolo jwa batho ba merafe yotlhe ba ne ba arabela topong eo ba neng ba e bewapele ke masalela a a tloditsweng a baruaboswa ba bogosi. Bano ba ba arabelang ba ile ba tsaya dikgato tse di tlhalositsweng tsa Dikwalo go letlana le Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete ebile jaanong ba mo kagisong le ene. Ka kanaanelo bano ba dira jaaka balekane ba masalela a “baroñwa mo boemoñ yoa ga Keresete,” ebile ba ka lejwa jaaka ‘baemedi mo boemong jwa ga Keresete’ mo go beeng pele boikuelo jwa go letlana le Modimo go ba bangwe ba seka-dinku. Ka tsela ya bonna, ya bopelokgale, bano gape, basadi le banna ka go tshwana, ba tswelela go rera ‘mafoko a a molemo a a bogosi mo lefatsheng jotlhe je le agilweng go nna tshupo.’ (Mathaio 24:14; Tshenolo 7:9-17) Go ntse fela jaaka Pesalema 68:11 e boleletse pele jaana: “Yehofa o tla a ntshe lehoko: Basadi ba ba itsiseñ batho mahoko ba nne bontsi yo bogolo.”
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Tiriso e nngwe ya lediri la Segerika an·driʹzo mo Segerikeng sa LXX, bona: Yoshue 1:6, 7, 9, 18; 10:25; 2 Samuele 10:12; 13:28; 1 Ditihalo 19:13; 22:13; 28:20; 2 Ditihalo 32:7; Pesalema 26:1427:14; 30:2531:24; Yeremia 2:25; 28:12; Daniele 10:19; Mika 4:10; bapisa tseno le go balega ga dithanolo tsa mokwalo wa pele wa Sehebera wa ditemana tseno tsotlhe, ka sekai, dithanolo tsa segompieno tsa Sekgoa tse di tsopotsweng fa godimo. Mo go Yeremia 2:25 re bala jaana: “Me o ne a re, ke tla itshwara jaaka mongwe yo o godileng [an·driʹzo]. Ka gonne o ratile baeng, mme ke bone ba a tla ba latelang.”—Charles Thomson.
A o ka araba dipotso tseno?
◻ Go kaya Jesu jaaka “monna eo” go matshwitishwiti a batho ke Pilatwe go ne go supang ka Jesu?
◻ Ponalo ya ga Jesu mo tiragalong e e ne e farologane jang le kafa e neng e ntse ka teng pelenyana mo bekeng yone eo?
◻ Ke sekao sa mofuta ofe se Jesu a neng a se tlhomela balatedi ba gagwe botlhe ka boitshwaro jwa gagwe mo letsatsing leo la bofelo mo botshelong jwa gagwe mo lefatsheng?
◻ Taolo ya boaposetoloi “lo dihè yaka banna” e ne e lebisitswe go bomang?
◻ Basadi ba Bakeresete ba ka dira jang jaaka banna?
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
“Bonañ, monna ke eo!”
Ke eng se se neng se supiwa ka mafoko a ketapele a ga Pilatwe ka Jesu?
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Basadi ba ka ‘dira jaaka banna’ jang?