“Tiro e Ntle-Ntle Ya Botswerere”
Seo ke se makasine wa Dimanche, Journal de l’ile de la Rèunion e neng ya se bua ka Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela mo kgatisong ya yone ya beke le beke ya merafe-yotlhe ya July 23 go ya go 29, 1981. Setlhogo seo gareng ga dilo tse dingwe, se ne sa tlhalosa:
“Selo sa ntlha go botlhokwa go bolela gore: lefa Basupi ba ga Jehofa e le bone ba e rekisang, buka eno ga e dirisane le pono ya bodumedi ya phuthego eno. E ntse fela jaaka leina la yone le bontsha, tshobokanyo ya dipolelo tsa Bibela. Ga go se se fetang seo!
“E ile ya ikamogelelwa ke baruti ba le bantsi ba Katoliki ba ba eletsang go e dirisetsa dithuto tsa bone tsa ditiragalo tse di boitshepo. Seo se lekane go fedisa kgaruru nngwe e e ka tsogang.
“Boikaelelo jwa buka eno ke go ruta ditiragalo, jaaka di bonwa ka lesedi la Bibela, mme e itebagantse le basha. Mefuta e e tlhophiIweng ke e tsamaisanang sentle ka mo go kgatlhisang malebana le: mokwalo o mokhutshwane, ka dikgaolo tse di tlhalositsweng sentle, di tlhaloganngwa ga motlhofo ke bana ba dingwaga tse di tlogang mo go 8. Ditshwantsho tsa yone tse di motlhofo mme di le tsa boleng jo bo kwa godimo, ga mmogo le maranyane a yone a segompieno a go ruta, ke thuso go gakologelwa ka tlhogo le go utlwisisa mokwalo. Tshobokanyo e tshwaragantswe ka mo go itumedisang (mo e ka nnang ya boemo jo bo kwa godimo) ga e tona mo go kalo go kgoba basha marapo, e kgatlhisa tota. Ke ne ka e lekeletsa ka morwadiake. E a dira . . . mme morago o botsa dipotso. Le eleng go tlhaloganya ditiragalo tsa bogologolo go sa kgathalege boemo jwa gago jwa bodumedi, go molemo go nna le yone.
“Buka e lopa 15 francs fela, mme e setse e le kgakgamatso e e itumedisang. Ka jalo, fa o e neelwa, o ka e amogela ka tsholofelo. Tota, kgatiso ya botswerere jono ga e a lekanyediwa, mme dikaelo di tsewa ga motlhofo.”
Go ikamogelela sekaelo sa Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela, tlatsa fela o bo o romela foromonyana.
Tswee-tswee nthomeleleng, poso e duetswe, buka ya khabara e e thata ya ditsebe tse 256, ya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela. Ke romela le R3,00.