LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 2/15 ts. 18-24
  • “Baratwa, . . . Lo Nnè Lo Ipolokè mo Loratoñ Loa Modimo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Baratwa, . . . Lo Nnè Lo Ipolokè mo Loratoñ Loa Modimo”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Basotli ba Boleleletswe-Pele
  • Kafa go Ka Nniwang mo Loratong lwa Modimo
  • Tlhokafalo ya go Bontsha ba Bangwe Kutlwelo-Botlhoko
  • Neelang Kgalalelo, Borena, Puso le Thata go Modimo
  • Tsenyang Molaetsa wa ga Jude mo Dipelong!
  • Buka ya Bibela ya bo 65—Yude
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • “Lo Nnè Tlhōahalō go Ganèlèla Tumèlō”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • ‘Tlhabanang Tlhabano ka Thata lo Tlhabanela Tumelo’!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Re Tshwanetse go Lwela go Nna mo Boammaaruring
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 2/15 ts. 18-24

“Baratwa, . . . Lo Nnè Lo Ipolokè mo Loratoñ Loa Modimo”

“Baratwa, lo re lo nntse lo ikaga mo tumeloñ ea lona e e itshepileñ segolo, le lo nntse lo rapèla mo Moeeñ o o Boitshèpō, Lo nnè lo ipolokè mo loratoñ loa Modimo.”—Yude 20, 21.

1, 2. Kwa ntle go ditlhagiso, ke tao efe e e fitlhelwang mo lokwalong lwa ga Jude?

BOPELONOMI jo bo sa tshwanelang jwa ga Jehofa bo bonala mo ditirisanong tsa gagwe le bao ba mo ratang. Ka Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng o bontsha gore o batlang mo go bone. Mme abo re itumela jang ka go bo karolo ya Lefoko la Modimo, lokwalo lwa ga Jude, le neelana ka ditlhagiso tse di ka re thusang go boloka kamano e e tshwanetseng le Jehofa Modimo!

2 Lefa go le jalo, kwa ntle ga go neela fela ditlhagiso tse di tlhokafalang, Jude o bontsha se re tshwanetseng go se dira go ikaga semoeng le go ‘ipoloka mo loratong lwa Modimo.’ Ka jalo, re tla solegelwa molemo thata ke go akanyetsa karolo e e feleletsang ya lokwalo lwa ga Jude.

Basotli ba Boleleletswe-Pele

3, 4. Ke go “mahoko” afe a baaposetoloi ba ga Jesu ao Jude o neng a lebisa go one?

3 Ka go baakanyetsa ka kgakololo e e botlhokwa, Jude o ne a kwala ka gore:

“Me lona, baratwa, gakologèlwañ mahoko a a builweñ galè ke baaposetoloi ba Morèna oa rona Yesu Keresete: A kaha ba lo reileñ ka gōna, ba re, E tla re mo motlheñ oa bohèlō go tla tla bashotli, ba ba tla tsamaeañ kaha dithatoñ tsa bōnè tsa boikèpō. Ba ke bōnè ba ba dihañ dikgaoganō, ba maikutlō a senama, ba sena Mōea.” (Yude 17-19)

Jude o buile mo gontsi ka go baya mpepeneneng “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” ba ba kukunetseng mo phuthegong ka bonokwane. Go tswa foo, a lopela badumedi-ka-ene bao a neng a na le kamego e kgolo ka bone, Jude o ne a ba laletsa go gakologelwa mafoko a a neng a buiwa le bone pele ke baaposetoloi ba ga Jesu. Go gakologelwa mafoko ao go ne go tshwanetse go tlhotlheletsa Bakeresete botlhe ba mmaanete go re ba “nnè tlhōahalo go ganèlèla tumèlō.”

4 Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa balebedi-ka-ene gore gareng ga bone go ne go tla “coga banna ba ba buañ dilō tse di shōkameñ, go tla ba itshadisa barutwa moragō.” (Ditiho 20:29, 30) O ne a bolelela Timotheo gore “mo metlheñ ea moragō, bañwe ba tla tenèga mo tumeloñ.” (1 Timotheo 4:1, 2) Mme moaposetoloi Petere ka tlhamalalo o ne a tlhagisa ka gore “mo metlheñ ea bohèlō bashotli ba tla tla, . . . Ba re, Polèlō ea choloheco ea go tla ga gagwè e kae?”—2 Petere 3:1-4.

5. Bakeresete ba ba ikanyegang ba ka ne ba ne ba tshwarwa jang ke “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” ba ba neng ba kukunetse mo phuthegong, mme ke jang batho ba Modimo ba tshwanetseng ba bo ba ne ba itshwara ka teng go seno?

5 Ka jalo, baamogedi ba lokwalo lwa ga Jude ba ne ba na le lebaka le le molemo go lebelela “bashotli” go bonala mo lobakeng ka bofefo fela lo lo neng lo tla tla pele ga bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo ya Sejuda. Go ne go sa gakgamatse ope gore “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” ba ba kukunetseng mo phuthegong ba ne ba sotla badumedi ba ba ikanyegang ba ba neng ba ngaparetse maemo a tshiamo a ga Jehofa ba bile ba se ketla ba kopanela le “bakauleñwe ba e señ bōnè” mo bopepeng. Mme go ne go tlhokafala gore batho ba ba nang le bomodimo ba “nnè tlhōahalō go ganèlèla tumèlō,” lefa e le gore ba kane ba ne ba sotlwa ke baruti ba maaka ba ‘ba neng ba tsamaya’ ba bile ba kgwekgweediwa ke ‘dithato tsa bone tsa boikepo.’—Bapisa 2 Bakorintha 11:26; Bagalatia 2:4, 5.

6. Lefa Modimo o tlhomamiseditse kutlwano go bao ba mo ratang, ke eng seo basotli ba ba boikepo ba neng ba leka go se dira?

6 Lemororo Modimo, ka moya wa gagwe, a tlhomamisitse kutlwano go bao ba mo ratang, basotli bao ba ba boikepo ba ne ba leka go ‘dira dikgaogano,’ kana “makoko,” ba gakaletse go tsweledisa pele tiro ya go kgaoganya gareng ga batho ba ga Jehofa. (Yude 19, New World Translation, kgatiso ya 1950, footnote; Pesalema 133:1-3; 1 Bakorintha 1:10) Lefa basotli ba ne ba bua kgatlhanong le banna ba ba ikanyegang ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong, baikepi bao ba ne ba kgatlhegela batho bangwe ba ba rileng bao ba neng ba ka ba solegela molemo. (Yude 8, 16) Fela jaaka Bafarasai, ba ne ba nyatsa ba ba ikokobeditseng, maloko a phuthego a a nang le bomodimo. Go na le go phutha le Morena, ba ne ba leka go falatsa. Le eleng gompieno bangwe ba leka go goga ba ba akgaakgegang go ba dira ditlhopha tsa kwa bothokong, gongwe go twe go ya go dirwa “thuto ya Bibela.” Seno le ka motlha ga se se se ka godisang lorato lwa Modimo, Keresete le phuthego ya Bokeresete.—Luke 11:23.

7. Ke ka ntlha yang “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” ka mo go tshwanetseng ba ne ba bidiwa “ba maikutlō a senama”?

7 Banna bao ka mo go tshwanetseng ba ne ba bidiwa “ba maikutlō a senama,” kana “ba ba laolwang ke maikutlō,” ka go bo e ne e le dibopiwa tsa maikutlo tse di ineelang mo dithatong tsa nama, dikeletso le ditshekamelo. (Bapisa Kingdom Interlinear Translation, temana 19.) Lefa ba ne ba itsaya gore ba na le lesedi la semoya ka bobone, Jude o ne a ba tlhalosa jaaka “ba ba senang bomoya,” (NW) kana, tota-tota, ba sena “Moea.” Tota, banna bao “ba maikutlō a senama” ba ne ba tlhaela moya wa ga Jehofa, ba ne ba ka seke ba tlhaloganye dilo tsa semoya mme ba feta go le gonnye fela selekano sa diphologolo tse di senang tlhaloganyo. Fa re na le moya wa ga Jehofa re bile re tlhaloganya “dilō tse di boteñ tsa Modimo,” re tshwanetse ra leboga thata-thata Rraarona wa selegodimo.—1 Bakorintha 2:6-16.

Kafa go Ka Nniwang mo Loratong lwa Modimo

8. Mafoko ‘tumelo ya lona e e itshepileng segolo’ a ka ne a ne a lebisitse go eng?

8 Jude go tswa foo o ne a fetogela mo topong e e tlhoafetseng, ka gore:

“Me lona, baratwa, lo re lo nntse lo ikaga mo tumeloñ ea lona e e itshepileñ segolo, le lo nntse lo rapèla mo Moeeñ o o Boitshèpō, Lo nnè lo ipolokè mo loratoñ loa Modimo, lo nntse lo lebeletse kutlwèlo botlhoko ea Morèna oa rona Yesu Keresete, e e isañ botsheloñ yo bo sa khutleñ.” (Yude 20, 21)

Ka lorato Jude o ne a bontsha kafa badumedi-ka-ene ba a ba ratang thata ba neng ba ka nna mo loratong lwa ga Jehofa. Go latela kgakololo eno ele ruri go ne go tla akaretsa go tlhagolela tumelo, loungo lwa moya wa Modimo. (Bagalatia 5:22, 23) Mme ponong ya mafoko a pele a ga Jude a go tlhabanela “tumèlō e e sa leñ e neèlèlwa baitshepi” (temana 3), tlhaloso ‘tumelo e e itshepileng segolo’ e ka ne e ne e lebisitse go dithuto tsotlhe tsa Bokeresete, go akaretsa le mafoko a a molemo a poloko. Motheo wa tumelo eo ya boammaaruri ke Keresete, mme e ne e bidiwa ‘e e itshepileng segolo’ ka go bo e ne e lebile go Modimo wa boitshepo ebile e ikaegile ka mo go feletseng ka Lefoko la gagwe le le boitshepo.—Ditiho 20:32; 1 Bakorintha 3:10-15.

9. Re tshwanetse go dira eng ‘go ikaga mo tumelong ya rona e e itshepileng segolo’?

9 Gore Bakeresete ba ‘ikage mo tumelong ya bone e e itshepileng segolo,’ kana go e nonotsha, ba tshwanetse gore ba ithute Lefoko la Modimo ka tlhoafalo ka bobone le jaaka phuthego. Kgafetsa-kgafetsa ba buisana ka Dikwalo le basupika-bone ba Bakeresete ba ga Jehofa, gammogo le go bolela mafoko a a molemo go ba bangwe, go tla gatiseletsa botlhokwa jo Bibela e bo dirang mo dipelong tsa rona. Mme ga go sepe sa tseno se se ka fitlhelelwang kwa ntle ga thapelo e e tlhoafetseng. Motho-ka-esi o ‘rapela ka moya o o boitshepo’ fa a rapela kafa tlase ga tlhotlheletso ya one a bile a le tumalanong le dilo tse di mo Lefokong la ga Jehofa. Gape, Dikwalo, tse di kwadilweng ka tlhotlheletso ya moya wa Modimo, di re bontsha gore re ka rapela jang le gore re ka lopa eng mo thapelong. Ka motlhala, re ka rapela ka tsholofelo ya go tladiwa ka moya o o boitshepo wa Modimo. Fa re ‘rapela ka moya o o boitshepo,’ dithapelo tsa rona di tla senola boemo jo bo tshwanetseng jwa pelo, jo bo ratiwang ke Modimo. Ka gone re tla sirelediwa mo ditlhotlhetsong tse di sa tshwanelang, go akaretsa le dipono dipe tsa “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” ba ba ka nnang ba kukunela mo phuthegong.—Luke 11:13; Baroma 8:9, 26, 27.

10. Go ‘ipoloka mo loratong lwa Modimo,’ ke eng seo se neng se tlhokafala mo badumeding-mmogo le Jude?

10 Go ‘ipoloka mo loratong lwa Modimo,’ badumedi-mmogo le Jude ba ne ba tshwanetse gore ba eletlhoko ditaolo tsa ga Jehofa le tsa Morwawe. (Yohane 15:10; 1 Yohane 5:3) Go ipoloka mo loratong lwa Modimo go biletsa puo le boitshwaro tse di amogelwang ke Jehofa. Ka go bo ba sa itekanela ba bile ba le baleofi, ba ba ikanyegang, gore ba tle ba ipoloke mo loratong lwa Modimo, ba tla tlhoka go bontshiwa ka metlha boutlwelo-botlhoko jwa ga Jehofa ka Jesu Keresete mme bo kgonagadiwa ka setlhabelo sa thekololo sa Morena wa bone. (Baroma 5:8; 9:14-18; 1 Yohane 4:9, 10) Go tswelela pele ga boutlwelo-botlhoko jwa bomodimo tebang le balatedi ba ba ikanyegang ba ga Jesu pheletsong bo felelela ka botshelo jo bosakhutleng.—Yohane 3:16.

Tlhokafalo ya go Bontsha ba Bangwe Kutlwelo-Botlhoko

11. Jude o ne a reng ka ga kutlwelo-botlhoko, mme ke go e bontsha gareng ga bomang go neng go tlhokafala gore e farologanngwe?

11 Ka tlhokafalo ya go bontsha kutlwelo-botlhoko, Jude o ne a re:

“Me bañwe lo ba utlwèlè botlhoko, eboñ ba ba akabalañ; Me bañwe lo ba bolokè, ka go ba shwatola mo moleloñ; me bañwe lo ba utlwèlè botlhoko ka poihō, lo nntse lo ila le se e leñ seaparō se se mathegecweñ ke leshwè ya senama.” (Yude 22, 23)

Fa e le gore badumedi-mmogo le Jude ba ne ba tshwanetse go tswelela ba amogela boutlwelo-botlhoko jwa bomodimo, ba ne ba tshwanetse go nna kutlwelo-botlhoko go ba bangwe bao botshelo jwa bone jo bo sa khutleng bo neng bo le kotsing. (Yakobe 2:13) Mme gore ba ba ikanyegang ba ‘utlwele ba ba nang le dipelaelo botlhoko,’ go ne go tlhokafala gore ba farologanye gareng ga bao tota ba tlhokang kutlwelo-botlhoko le ‘balori.’

12. (a) Ka ntlha ya go bo ba tlhotlheleditswe ke “batho ba ba sa reñ Modimo sepè,” bangwe ba ka ne ba ile ba nna le dipelaelo ka ga eng? (b) Go ne go ka kgonagala jang ‘go shwatola bangwe mo molelong’?

12 Ka dithuto tsa bone tsa maaka, go ngongorega, go galala, jalo le jalo, “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” ba ne ba dira gore batho ba ba akgaakgegang semoeng ba tlale ka dipelaelo. Ba tshikhintswe ke mafoko a matona a a budologileng a baruti ba maaka, ba ba nang le dipelaelo ba ka ne ba ile ba ipotsa gore a ele ruri Bakeresete ba ba ineetseng e ne e le batho ba ga Jehofa mme gongwe ba ile ba ema go abalana le bone mo kobamelong le mo go rereng mafoko a a molemo. Ba ba akgaakgegang bao ba ne ba le mo kotsing ya “molelō,” kana tshenyego e e sa khutleng. (Bapisa Mathaio 18:8, 9; 25:31-33, 41-46.) Mme ka go ba tswa thuso ka bofefo ka kgothatso ya semoya le thapelo, Bakeresete ba ba tlhomameng, bogolojang balebedi ba phuthego, ba ne ba tla kgona go ba boloka, “ka go ba shwatola mo moleloñ.”—Bagalatia 6:1; Yakobe 5:13-20.

13. (a) Ke ka tsela efe bangwe ba neng ‘ba mathegetswe ke leswe mo seaparong’? (b) Ke jang baapari ba diaparo tse di mathegetsweng ke leswe ba neng ba ka ‘bolokwa’?

13 Bangwe ba ka ne ba ile ba ineela go baleswefatsi ba nama mme ba wela le bone mo boitsholong jo bo sa siamang, kana gongwe mo kgokahalong ya semoya. (Yakobe 4:4) Jaaka go ka bolelwa, ka go ineela mo ditlwaelong tsa bobatana, ba ne ba, ‘mathegetswe ke leswe la mo seaparong.’ Ba ne ba marile botho jwa bone jwa ka kwa teng jaaka Bakeresete ba mmaanete, fela jaaka seaparo se se aparwang gaufi le letlalo. (Bapisa Tshenolo 3:4, 5.) Basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ne ba tila go mara seaparo sa bone sa botho jwa Bokeresete ka tsela eno ka go bo seno se ne se itumolola Jehofa Modimo mme se ka nna sa gogela tshenyegong. Lefa gole jalo, batho ba Modimo, bogolojang bagolwane ba ba tlhophilweng, ka kutlwelo-botlhoko ba ne ba leka go thusa baapari ba ba akgaakgegang ba ‘diaparo tse di mathegetsweng ke leswe’ go boela mo tseleng ya poloko. Fa boikwatlhao jwa boammaaruri bo ne bo supiwa ke ba ba bosula, go ne go tla kgonagala go ‘ba boloka’ mo losong lwa go sa amogelwe ke Modimo moo tsela e e maswe e neng e ba gogela teng.—Diane 28:13.

Neelang Kgalalelo, Borena, Puso le Thata go Modimo

14, 15. (a) Ke mang yo o neng a ka kgona go disa baobamedi-mmogo le Jude ba ba tloditsweng mo go kgopiweng, mme motho o ne a ka kgopegela mo go eng? (b) Ke jang basupi ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ba ga Jehofa ba neng ba ka bewa ba “sena bogōlè” fa pele ga Modimo? (c) “Boidiidi go bogolo” bo lebeletse pele go eng?

14 Kwa bofelong, Jude o ne a isa babadi ba gagwe go Modimo, ka gore:

“Me yana eo o nonohileñ go lo babalèla, gore lo se kgopege, le go lo baea ha pele ga kgalalèlō ea ōna lo sena bogōlè, lo le mo boitumeloñ jo bogolo thata, Modimo o o osi, Mmoloki oa rona, a kgalalèlō e nnè kwa go ōna, le borèna, le pushō, le thata, pele ga metlha eotlhe, le yana, le ka metlha ea bosaeeñkae, ka Yesu Keresete Morèna oa rona. Amen.” (Yude 24, 25)

A sena go neela tlhagiso e e tlhotlheleditsweng le kgakololo e e utlwalang, Jude o ne a tshwanelwa ke go baya badumedi-ka-ene ba ba mo kotsing ya semoya mo tlhokomelong ya Modimo. Jehofa a le esi fela o ne a ka dira gore ba atlege mo go tlhabantsheng “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” ba ba mo gare ga bone. Ka jalo ka mo go tshwanetseng Jude o ne a feleletsa lokwalo lwa gagwe ka gore pako e neelwe Mogodimodimo.

15 Baobamedi-mmogo le Jude ba ba tloditsweng ba ne ba ka nna le tsholofelo mo go Jehofa jaaka e le ‘ene yo o ka ba disang gore ba se kgopiwe.’ Modimo o ne a ka ba sireletsa gore ba se wele mo tlolong le go sa ineele mo thaelong go tshwarega mo boitsholong jo bo sa siamang jo bo kgothalediwang ke baleswefatsi ba nama ba baikepi. Ruri, Jehofa o ne a ka disa batho ba boihang Modimo gore ba se ‘kgopegele’ mo sebeng se se masisi le mo tshenyegong e e letetseng Bakeresete ba maaka ba ba sa ikotlhaeng ba bobatana. Gape, Jehofa o ne a kgona go “baea ha pele [basupi ba gagwe ba ba ikanyegang] kgalalèlō ea ōna le sena bogōlè,” kana, “fa pele ga sebele sa gagwe sa kgalalelo.” (NW, kgatiso ya 1950) Ba ne ba tla kgona go ema ba sa mathegelwa ke sepe semoyeng ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo. (Baefesia 2:1-7; Bakolosa 1:21-23) Basupi ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba batla Jesu Keresete a ba tsosa le go ba isa ba itekanetse semoyeng fa pele ga “sebele se se galalelang” sa Modimo. (Yohane 5:25; 11:24, 25) Ele ruri, se se tla felela ka ‘boitumelo jo bogolo’ go bone. Ka mo go tshwanang, “boidiidi yo bogolo” bo lebeletse pele go disiwa go kgabaganya ‘pitlagano e kgolo’ le go ipelela ditshiamelo tse di oketsegileng tsa ‘tirelo e e boitshepo’ jaaka ba gatela-pele go ya boitekanelong jwa botho mono lefatsheng.—Tshenolo 7:9, 10, 14-17.

16. (a) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ka bidiwa ‘Modimo o o osi le Mmoloki wa rona ka Jesu Keresete Morena wa rona’? (b) Jude o ne a neela eng go Modimo, mme e le ka ntlha yang go tshwanela jalo?

16 Jaaka Jude a boletse, Jehofa ke ‘Modimo o o osi le Mmoloki wa rona ka Jesu Keresete Morena wa rona.’ Kgafetsa-kgafetsa mo Dikwalong Jehofa o supelwa jaaka Mmoloki. (Pesalema 106:21; Isaia 43:3; Yeremia 14:8; Luke 1:46, 47) Ke Ene yo o baakanyetsang poloko ka Morena Jesu Keresete. (Mathaio 20:28; Yohane 3:16; Baroma 5:8; 1 Yohane 4:9, 14) Ka mo go tshwanetseng, Jude o ne a neela Jehofa “kgalalèlo” (Segerika, doxa), mo go rayang tlotlomalo. (Bapisa Pesalema 29:1, 2.) Gape go Modimo o ne a neela “borèna” (Segerika, megalōsynē), mo go supang “bogolo” jwa mofuta wa segosi. (Int) Seno ke temogo e e tshwanetseng ya taolo ya segosi ya bogodimo ya ga Jehofa jaaka “Kgosi e e nntseñ hèla e sena tshimologō leha e le bokhutlō.” (1 Timotheo 1:17) Kratos, kana “pushō” gape, e ne ya neelwa Jehofa, go bonala e le go supa borena jwa gagwe, kana puso, ekane kwa legodimong kana mo godimo ga lefatshe. (Bapisa Daniele 4:25; Tshenolo 11:16-18.) Jude o ne a tswelela pele go neela Modimo “thata” (Segerika, exousia), ka go bo Jehofa o na le taolo le kgono ya go dira jaaka A batla.—Daniele 4:34, 35.

17. Ke ka ntlha yang neelo ya ga Jude go Modimo e ne e ka tshwanela (a) “pele ga metlha eotlhe”? (b) “yana”? (c) “ka metlha ea bosaeeñkae”?

17 Ka mo go tshwanetseng Jude o ne a neela kgalalelo, borena, puso le thata go Jehofa “pele ga metlha eotlhe,” kana jaaka batho ba ka go itse, “pele ga metlha yotlhe” ka go bo Jehofa “go cwa kwa bosasimologeñ le go ea kwa bosakhutleñ.” (Yude 25, NW, kgatiso ya 1950, footnote; Pesalema 90:2) Baobamedi ba ga Jehofa ka tshwanelo ba neela dilo tseno go Ene “yana,” go raya gore, fa Jude a ne a kwala le eleng gompieno. Gape, Jehofa o tshwanelwa ke neelo eno “ka metlha ea bosaeeñkae,” ka go bo a se ketla a swa mme ka metlha o tla nna a nne le bagalaletsi ba ba ikanyegang. (Habakuke 1:12; Pesalema 148) Mo molemong wa thapelo ya ga Jude e e tswalelang, o ne a oketsa ka “Amen,” kana “A go nne jalo.” Mme ka mafoko a gagwe a pako basupi botlhe ba ba ikanyegang ba Bakeresete ba ga Jehofa ba dumela ka dipelo tsa bone.

Tsenyang Molaetsa wa ga Jude mo Dipelong!

18. Go tswa lokwalong lwa ga Jude, re ithutile eng ka ga (a) baruti ba maaka? (b) ”‏bopèpè”? (c) tlhaelo ya tumelo? (d) tlotlo ya taolo? (e) go ngongorega le go galala? (f) go tlhaola bangwe ka go solofela thuso?

18 Lokwalo lwa ga Jude lo na le bokao jo bogolo go Basupi ba ga Jehofa gompieno. Re tshwanetse go ngaparela Lefoko la Modimo mme ka botlalo re gane baruti ba maaka. (Yobe 13:16; 27:8, 9; Yeremia 17:13; Yude 4, 19) Ba ba ikanyegang ba tshwanetse go ganela thaelo epe ya go tsenelela mo ‘bopepeng.’ (Yude 3, 4; Genesise 39:7-12) Lefa e le go ineela mo tlhaelong ya tumelo, ka go bo se se ka re amoga botshelo jo bo sa khutleng. (Bahebera 3:12; Yude 5) Molaetsa wa ga Jude o tshwanetse gape wa re tlhotlheletsa go tlotla taolo e e tlhomilweng ya bomodimo le go ganela thaelo epe go bua kgatlhanong le bao ka boikanyegi ba sikereng maikarabelo mo phuthegong. (Bahebera 13:17; Yude 8, 9) Go na le go ngongorega le go galala, re tshwanetse ra tlhotlhelediwa ke lokwalo lwa ga Jude go bontsha lorato lwa ga Jehofa le la badumedi-ka-rona. (Mathaio 22:37-40; Yohane 13:34, 35; Baroma 13:8-10; Yude 16) Mafoko a ga Jude gape a re thusa go tila go tlhaola bangwe ka go solofela thuso, seno se le gareng ga ditsela tsa phapogo tse di tla re dirang gore re nne makgapha mo go Jehofa.—Diane 3:32; Yude 16.

19. Ke ka ntlha yang re tshwanetse go tsenya mo pelong molaetsa o o tlhotlheleditsweng wa bomodimo wa ga Jude?

19 Ka gone, jaaka basupi ba ba ineetseng ba Bakeresete ba ga Jehofa le ba Morwawe yo o rategang, ekete rotlhe re ke tsenya mo pelong molaetsa o o bokete le o o lorato wa morutwa Jude. (Bapisa Isaia 43:10-12; Ditiho 1:8.) Mafoko a gagwe a tla re dira gore re tlhomamisege bogolo mo motsamaong wa rona jaaka re tsamaya mo ‘tseleng ya botshelo.’ (Pesalema 16:11) Ekete rotlhe re ka ‘itlhokomela go ya kafa lefokong la ga Jehofa,’ go akareletsa le lokwalo lwa ga Jude. (Pesalema 119:9-16) Ka tsela e e ntseng jalo, re tla atlega mo go ‘nneng tlhoafalo go ganelela tumelo’ mme, ka thuso ya bomodimo, re tla ‘ipoloka mo loratong lwa Modimo.’

A o gakologelwa dintlha tseno?

◻ Ke mang yo o neng a tlhagisa ka gore “mo motlheñ oa bohèlō go tla tla bashotli,” mme ke ka ntlha yang fa Jude a ne kaela tlhokomelo go seno?

◻ ‘Tumelo ee itshepileng segolo,’ e ne e le eng mme re ka ikaga jang mo go yone?

◻ Ke jang badumedi-mmogo le Jude ba neng ba ka ‘ipoloka mo loratong lwa Modimo’?

◻ Ke ka lebaka lefe leo bangwe ba ba ba neng ba ipolela e le Bakeresete ba neng ba tlhoka kutlwelo-botlhoko, mme ke eng seo se neng se tewa ke go “ba shwatola mo moleloñ”?

◻ Ke ka ntlha yang fa go ne tshwanela ka Jude gore a neele kgalalelo, borena, puso le thata go Jehofa Modimo?

◻ Re tshwanetse go tsenya molaetsa wa ga Jude mo pelong ka ntlha ya gore o re thusa go dirisana ka katlego le mathata afe?

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba nna “tlhōahalō go ganèlèla tumèlō,” lefa gongwe ba ka ne ba ne ba sotlwa ke baruti ba maaka

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

‘Rapela mo moyeng o o boitshepo’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela