“Bōnañ, Yehofa O na a tla, A na le Baitshepi ba Gagwè ba le Makgolo Kgolo”
“Bōnañ, Yehofa o na a tla, a na le baitshepi ba gagwè ba le makgolo kgolo, A tla go dihaletsa botlhe katlholō, le go chwarisa baikepi botlhe ditihō cotlhe tsa boikèpō tse ba di dihileñ ka go ikèpa, le dilō tse di thata cotlhe tse baleohi ba ba ikèpañ ba di buileñ kaga gagwè.”—Yude 14, 15.
1. Jaaka Moatlhodi Mogolo, Jehofa o tshwanetse go lejwa jang?
JEHOFA, Moatlhodi Mogolo, o tshwanelwa ke tlotlo. (Isaia 33:22) Lefa go le jalo ba bantsi ba mo nyatsa thata. Gareng ga baikgodisi ba ba dirang bosula bao e ne e le “batho ba ba sa reñ Modimo sepè,” bao morutwa Jude o neng a kwala ka bone mo lokwalong lwa gagwe lo lo tlhotlheleditsweng la bomodimo. Lefa go ntse jalo, ga go ope yo o ka nyatsang Modimo kwa ntle ga kotlhao, ka go bo go sena pelaelo ya ‘go tla ga ga Jehofa go dihaletsa katlholo kgatlhanong le baikepi.’—Yude 14, 15; Yobe 9:1-4.
2. (a) Go fitlheng fano kakanyetso ya lokwalo lwa ga Jude e tlisitse dintlha dife tlhokomelong ya rona? (b) Kgakololo e e oketsegileng ya ga Jude e tshwanetse go re direla eng?
2 Puisano ya rona ya pele ya lokwalo lwa ga Jude e ne e gatelela tlhokafalo ya go ganela baruti ba maaka le ba ba tla nnang ba leswefatsi ba nama, mme go tsaya-tsia ditlhagiso tsa Dikwalo le go tlotla taolo e e tlhomilweng ya bomodimo. (Yude 1-10) Jaanong ekete kgakololo ya ga Jude e e tswelelang e ka lweetsa tlotlo ya rona ya Moatlhodi Mogolo gore re tle re eme re tiile gareng ga basupi ba gagwe re lebeletse botshelo jo bosakhutleng.
“A Bo Go Latlhèga Bōnè!”
3. Kaine o ne a le molato wa eng?
3 Ka ga “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” ba ba nyatsang Jehofa, Yude o ne a kwala ka gore:
“A bo go latlhèga bōnè! gonne ba tsamaile ka tsela ea ga Kaine, ba siana ka go phomègèla mo timeloñ ea ga Balaame ka go itaola, gore ba tlè ba bōnè tuèlō: me ba shwèla mo cuololoñ ea ga Kora.” (Yude 11)
Ka go re “a bo go latlhèga bōnè,” Jude o ne a bontsha gore tatlhego e tla wela “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” ba ba kukunetseng mo phuthegong ya batho ba ga Jehofa. (Bapisa Luke 11:42-47, 52.) Banna bao ba “tsamaile ka tsela ea ga Kaine.” Lefa Modimo o ne wa amogela Abele le setlhabelo sa gagwe sa nama le madi a diphologolo, tshupelo ya ga Kaine e e neng e sena madi, e e neng e dirwa ka moya o o sa tshwanelang, e ne e ya ganwa. Kaine o ne a tlhaela tumelo e bile a sa sisimoge kgalalelo kana tlotlo e Modimo a neng a e beile mo go Abele. Ka khuhego le letlhoo, Kaine o ne a nyatsa le eleng tlhagiso ya bomodimo mme a bolaya monnawe.—Genesise 4:2-8; Bahebera 11:4; 1 Yohane 3:12.
4. (a) “Tsela ea ga Kaine” e ne e le efe? (b) Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go tila “tsela ea ga Kaine”?
4 Bogolo-segolo, Kaine o ne a supa lonyatso go Jehofa, mme tsela ya gagwe e e lonyatso e ne ya bidiwa “tsela ea ga Kaine.” Fela jaaka kgato ya gagwe ya tlontlololo le maikutlo a gagwe a a boikepo tsotlhe di ne di le phoso, go ntse fela jalo gompieno ka motho ope yo o ka neng a ipolela gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme a batla go fetola bopelo-nomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo go nna seipato sa go dira bopepe. Motho ope yo o ntseng jalo o latela “tsela” ya ga Kaine. Fela jaaka Kaine, yo o neng a tlhoa le go bolaya monnawe, batho ba ba ntseng jalo ke ‘babolai,’ ka go bo ba tlhoile Bakeresete ba ba ikanyegang bao Jehofa a ba galaleditseng ka tirelo ya Gagwe. (1 Yohane 3:15) Modimo o ne wa hutsa Kaine, ebile ka nako ya Morwalela losika lwa gagwe lo no lwa nyelediwa lotlhe. Ka mo go tshwanang, go tla bo go “latlhèga” bao ba latelang “tsela ea ga Kaine,” ka go bo e itumolola Jehofa ebile e gogela tshenyegong.
5. (a) Balaame o ne a latela tsela efe? (b) Mo motlheng wa ga Jude ke bafe ba ba neng ba “siana ka go phomègèla mo timeloñ ea ga Balaame”? (c) Go tla diragala eng ka bape ba ba batlang go boduhatsa batho ba ga Jehofa ka thuto ya maaka le go itlhapedisa mo dikgotelong tsa bobatana?
5 Baleswefatsi ba nama ba ba sa reng Modimo sepe gape ba ne ba “siana ka go phomègèla mo timeloñ ea ga Balaame ka go itaola, gore ba tlè ba bonè tuèlō.” Ka go ineela mo ditsholofetsong tsa tuelo tsa gangwe le gape tsa Kgosi Balake wa Moaba, Balaame o ne a leka go hutsa Baiseraele ga raro, mme nako nngwe le nngwe Jehofa a fetola phutso tshegofatso. Ka gone, Balaame wa segagaru o ne a akantsha Balake gore fa Baiseraele ba ka hepisediwa mo bodumeding jwa maaka le go itlhapedisa mo dikgotelong tsa bobatana, Modimo o ka hutsa le eleng batho ba Gagwe. Kgakololo eno e e bosula e ne ya latelwa, mme ka ntlha ya bopepe jwa Baiseraele, 24 000 ya bone e ne ya bolawa ka petso ya Modimo e e rometsweng le polao e e tlhamaletseng. (Dipalo 22:1–25:9; Tshenolo 2:14) Moragonyana, Balaame ka sebele o ne a swela mo diatleng tsa bao a neng a leka go ba hutsa. (Dipalo 31:8) Ka mo go tshwanang, kotsi e tla wela bape ba ba iphakang go nna Basupi ba ga Jehofa mme ba le bogagaru ba bile ba batla go boduhatsa batho ba ga Jehofa ka thuto ya maaka le go itlhapedisa mo dikgotelong tsa bobatana. Go ile ga nna le ditiragalo tsa mofuta oo mo metlheng ya segompieno, mme basupi ba ga Jehofa ba ba ikanyegang le ba ba ineetseng ba tshwanetse go itlhokomela!
6, 7. (a) Kora wa Molefi o ne a le molato wa eng? (b) Kora le ba ba neng ba mo sala morago ba ne ba diragalelwa ke eng? (c) Re tshwanetse go leba jang ‘puo e e tsuololang’?
6 Sekao se sengwe sa tlhagiso se se tsopotsweng ke Jude e ne e le seo sa ga Kora wa Molefi, yo o neng a ineela mo ‘puong e e tsuololang.’ Ka go nna magala-masuke, a akela Moshe gore ka bopelotshetlha o ne a rulaganyeditse mogolowe, Arone, go nna moperesiti yo mogolo, mme a pega Arone molato wa go bo a itseetse tlotlo ya boperesiti le lelapa la gagwe. Kora o ne a seka a tlotla kgalalelo kana tlotlo e Modimo o e neileng Arone le bomorwawe, mme a tsuololela ba ba tlhophilweng ke Modimo.
7 Lefa Kora le bangwe ba Ba-Rubene ba ba neng ba ya le letlhakore la gagwe ba ne ba gololwa kwa Egepeto, ga ba a ka ba tsena kwa Lefatsheng la Tsholofetso. Go na le moo, lefatshe le ne la atlhamologa mme la fitlha bangwe ba bone ba tshela, fa ba bangwe ba ne ba tshujwa ka molelo o o tswang kwa go Jehofa. Go tswa foo, Baiseraele ba le 14 700 ba ba neng ba ngongoregela katlholo ya Modimo ba ne ba swa ka sebetso se se tswang go Jehofa. (Dipalo, kgaolo 16) Tiragatso ya katlholo ya Modimo kgatlhanong le “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” ba ba tsuololang e ne e tlhomamisega tota mo Jude o neng a re ba ne ba ‘sule.’ Go ne go tshwana fela jaaka ekete e setse e diragetse! Abo seno sotlhe se tshwanetse go re tlhotlheletsa go tila ‘puo e e tsuololang’!
8. Dikao tsa tlhagiso tsa ga Kaine, Balaame le Kora di na le botlhokwa bofe gompieno?
8 Ee, tatlhego e tlhomamisega go wela bape ba ba latelang tsela ya botsuolodi kgatlhanong le Jehofa le dithulaganyo tsa gagwe tsa phuthego. Jude o bontshitse gore go tla bo go “latlhèga” bao ba ileng ba tlhaela lorato le tumelo (jaaka Kaine a dirile), bao (jaaka Balaame) ba neng ba le mahega go duelelwa dithuto tse di godisang bopepe, ebile bao (jaaka Kora) ba neng ba tlontlolola taolo e e tlhomilweng ya bomodimo. Mme ele ruri mafoko a ga Jude a baakanyetsa tlhagiso e e nonofileng ka bape ba ba ipolelang go nna Basupi ba ga Jehofa mme ba sa ntse ba nyatsa kana ba tlhoka tlotlo tebang le thulaganyo ya bolegodimo ya Modimo ya motlha wa rona.
Ditlhagiso tse di Tshwanang
9. Mosola wa go tshwantsha baruti ba maaka ba baikepi le “mahika a a ikepetseñ” e ne e le eng?
9 A tswelela pele go neela tlhagiso, Jude o ne a bolela ka se se tshwanang:
“Ba ke bōnè mahika a a ikepetseñ mo medihoñ ea lona ea dithatō, mogañ ba yañ modihō le lona, ke badisa ba ba ikotlañ ba sena poihō; ke maru a a senañ metse, a a tsamaisiwañ ke diphehō; ke ditlhare tsa Goetla tse di senañ louñō, tse di shuleñ tsa ba tsa shwa, me tsa khumolwa ka mecwe; Ke makhubu a lewatlè a a tlolakañ, ba phoka mahulō a ditlhoñ tsa bōnè; ke dinaledi tse di kailañ hèla, ba boncho yoa lehihi ba bo beecweñ ka bosakhutleñ.” (Yude 12, 13)
Gareng ga dilo tse dingwe, baruti ba maaka ba ne ba tshwana le “mahika a a ikepetseñ.” Banna bao ba ne ba itira ekete ba na le lorato mo badumeding mme ka jalo ba tshwana le mahika a a ikepetseng ka fa tlase ga metsi a a neng a ka kgopa le go bolaya bathumi kana a phatlakanya dikepe. Fa Basupi ba ga Jehofa ba ka se tswelele pele gore ba “nnè tlhōahalō go ganèlèla tumèlo,” baruti ba ba boherehere ba ka gogela batho ba ba akgaakgegang go “sala ba senyèga kaga tumèlō.”—1 Timotheo 1:19.
10. (a) ‘Mediho ya dithato’ ya Bakeresete ba pele e ka ne e ne e le eng, mme “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” ba ne ba ya go yone ka maikutlo afe? (b) Ke eng se se tshwanetsweng go tilwa kwa meletlong ya boitloso-bodutu gareng ga Basupi ba ga Jehofa?
10 “Batho ba ba sa reñ Modimo sepè” bao ba ne ba tlala-tlala kwa ‘medihong ya dithato’ ya Bakeresete. Mediro e e ntseng jalo ekane e ne e le meletlo eo Bakeresete ba ba nang le letlotlo la dilo tse di bonalang ba laleditseng badumedika-bone ba ba humanegileng. Mme baleswefatsi ba nama ba ne ba ya kwa go yone ka maikutlo a a leswe. (Bapisa 2 Petere 2:13.) Ka mo go tshwanang, go na le bangwe gompieno ba ba lekang go fetola mediro gareng ga Basupi ba ga Jehofa go nna dipaka tsa phetelelo mo go jeng, go nweng le dipineng tsa lefatshe le tantshe. A basupi ba ba ikanyegang ba Bakeresete ba seka ba letlelela seno go diragala kwa meletlong ya bone ya boitloso-bodutu.
11. (a) Baruti ba maaka ba baikepi ba ne ba le badisa ba mofuta ofe? (b) Ke boikutlo bofe jo Bakeresete ba ba ikanyegang ba tshwanetseng go nna le jone tebang le baruti ba maaka ba ba ntseng jalo gompieno?
11 Baruti ba maaka ba ba sa reng Modimo sepe gape e ne e le badisa ba ba beolang le go ntsha letsomane setlhabelo go ikapesa le go ikotla ka lone. Ba ne ba leka go gogela ba ba akgaakgegang mo tseleng e e timetsang mme ba seka ba ba otla ka dijo tsa semoya tse di tshwanetseng. (Bapisa Esekiele 34:7-10.) Abo go le botlhokwa jang nne ka Bakeresete ba ba ikanyegang go gana dipono tse di ntseng jalo tsa baruti ba maaka gompieno!
12. Baruti ba maaka ba motlha wa ga Jude ba ne ba tshwana jang le maru a a senang metsi, a a kgweediwang ke diphefo?
12 Baruti ba maaka ba motlha wa ga Jude gape ba ne ba tshwana le maru a a forang a a solofetsang pula e e tlhokwang thata thata, mme ele ruri e ne e le maru a a senang metsi a bile a kgweediwa ke diphefo. Banna bao ba ne ba kgweelediwa kwa le kwa ke diphefo tsa phoso, mme ka go bo ba ne ba tshwana le “maru a a senañ metse” ba ne ba le legapa semoeng ba bile ba sena mosola. A Basupi ba ga Jehofa ba itlhokomele kgatlhanong le baruti ba maaka botlhe ba ba ntseng jalo ba ba magala-masuke.
13. Ke ka ntlha yang fa baruti ba maaka ba ne ba tshwana le ditlhare tse di senang maungo tse “di shuleñ tsa ba tsa shwa” mme tsa “khumolwa”?
13 Ba tlhaela loungo lwa moya o o boitshepo wa Modimo, banna ba ba bosula bao gape ba ne ba tshwana le ditlhare tse di senang loungo ka letlhabula, kwa bokhutlong jwa paka ya maungo. Ba ne ba tshwana le ditlhare tseo “di shuleñ tsa ba tsa shwa,” kana tse di neng “di sule gotlhelele.” (Today’s English Version) Banna bao ba ne ba ‘kukunetse’ mo phuthegong ka go itira ekete ba a tshela semoeng morago ga go kolobediwa kafa mokgweng mo metsing. Mme ereka ba ne ba sa ungwe loungo kgalaletsong ya Modimo, go ne go tshwanetswe go dirisanngwa le bone jaaka ditlhare tsa maungo tse di sa ungweng mo Palasetineng wa bogologolo. Tseo di ne di khumolwa le go senngwa e le go di tshabisa lekgetho la ditlhare tsa maungo. Go “khumolwa” ga tsone go ne go supa ka phepafalo gore baruti bao ba maaka ba ba sa ikwatlhaeng ba botenegi ba ne ba lebanwe ke tshenyego.
14. Ke jang baruti ba maaka ba neng ba tshwana le “makhubu a lewatlè a a tlolakañ”?
14 Ka go bo baruti bao ba maaka ba ne ba sena moya wa Modimo o o boitshepo, ba ne ba tshwana gape le “makhubu a lewatlè a a tlolakañ.” Ba ne ba kgaphasela fela jaaka makhubu a lewatle a a bilolang seretse le matlakala. Ka mo go tshwanang, banna ba ba kgaphaselang bao, ba bobatana go lebega ba ne ba gogoma mo go ipoleleng ka tumelo ya bone, mme ditiro tsa bone tsa boikepo le dithuto tsa bone di ne di ba supa jaaka baikepi ba ba leswe ba ba neng ba tshwanelwa ke ditlhong.—Isaia 57:20, 21.
15. Baruti ba maaka ba ne ba tshwana le dinaledi tsa mofuta ofe, mme ba ne ba boloketswe eng?
15 Ereka baruti bao ba maaka ba ne ba ka seke ba tsepame mo tseleng e e tlhamaletseng ya tshiamo, ba ne ba tshwana le “dinaledi tse di kailañ hèla.” Tota, mosepele wa lewatle ka dinaledi o ne o ka se kgonagale fa di ne di kaila fela jalo. Ka mo go tshwanetseng, fela jaaka dinaledi “tse di kailañ hèla,” batenegi bao go ne go ka se ikaegiwe ka bone kaelong e e utlwalang ya semoya. Go masedi ao a maaka Modimo o ne a sa a ‘beela’ sepe fa e se “boncho yoa lehihi” ka bosakhutleng, mme seno se bontsha tshenyego ya bone ya bosakhutleng. Ka mabaka a mantsi, tota, Bakeresete ba ba ikanyegang ba basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse gotlhelele ba gane baruti ba maaka le dithuto tsa bone tsa motheo.
Jehofa o Tsaya Kgato go Ntsha Katlholo
16. Enoke e ne e le mang, mme o ne a bolelela-pele ka ga eng?
16 Mo tshupong ya gore Jehofa o tla tsaya kgato kgatlhanong le baikepi, Jude o ne a re:
“E bile ke bonè ba ba bolelecweñ pele ke Enoke oa boshupa go tloga mo go Adame, a re, Bōnañ, Yehofa o ne a tla, a na le baitshepi ba gagwè ba le makgolo kgolo, A tla go dihaletsa botlhe katlholō, le go chwarisa baikepi botlhe ditihō cotlhe tsa boikèpō tse ba di dihileñ ka go ikèpa, le dilō tse di thata cotlhe tse baleohi ba ba ikèpañ ba di buileñ kaga gagwè.” (Yude 14, 15)
Go bala go tswa go Adame, motho wa ntlha, Enoke e ne e le “oa boshupa.” Bao ba neng ba le mo gare e ne e le Sethe, Enoshe, Kenane, Mahalalele le Jarede. (Genesise 5:3-18) “Enōke a sepela le Modimo,” a latelela tsela e e dumalanang le boammaaruri jo bo senotsweng jwa ga Jehofa. (Genesise 5:24; Bahebera 11:5) Poduhalo ya semoya e ne e dikaganyeditse Enoke, mme ka bopelo-kgale o ne a direla jaaka moperofeti wa Modimo.
17. Jude o ka ne a itsile ka boperofeti jwa ga Enoke jang?
17 Gore ke jang Jude a ithutileng ka boperofeti jwa ga Enoke ga go a senolwa. Ga bo bonale mo Dikwalong tsa bomodimo tse di tlhotlheleditsweng tsa pele. Gongwe Jesu o ne a tsopola boperofeti jwa ga Enoke mo therong mme bo ne jwa neelwa ka puo ya molomo. Mme ga gona bosupi jwa gore Jude o ne a tsopola mafoko a a tshwanang a a fitlhelwang mo Bukeng e re senang nayo ya ga Enoke. E re ka Jude a ne a kwala kafa tlase ga tlhotlheletso ya bomodimo, go tsenngwa ga boperofeti jwa ga Enoke mo lokwalong lwa gagwe go tlhomamisa gore mafoko ao e ne e le a mmaanete.
18. (a) Ke ka ntlha yang go ka twe Enoke o ne a bolelela-pele gape ka baruti ba maaka ba motlha wa ga Jude? (b) Go ya ka boperofeti jwa ga Enoke, ke jang Moatlhodi Mogolo a tla dirisanang le ba ba Mo tlontlololang?
18 Enoke ‘o boleletse pele ka ga [baruti ba maaka ba motlha wa ga Jude]’ go bonala ele gore seo a se boleletseng pele kaga baikepi ba pele se ne se dira mo go bone gape. Jehofa, Moatlhodi Mogolo, yoo baikepi kana banna ba ba senang tlotlo ba mo nyaditseng, o tla ba ntshetsa katlholo e e botlhoko. Ka go dira jalo, Jehofa o tla a tla ka “baitshepi ba gagwe ba le makgolo kgolo,” kana “makgolo mantsi a baitshepi,” go raya gore, baengele ba ba siameng ka dipalo tse dikgolo. (Bapisa Duteronome 33:2; Daniele 7:9, 10.) Yo Mogolo wa “makgolo mantsi a baitshepi” bao ke Mesia, yo Jehofa a tla ntshang le go neela katlholo ka ene.—Luke 1:35; Yohane 5:27; Ditiho 17:30, 31.
19. (a) Fela jaaka baikepi ba motlha wa ga Enoke, ke jang “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” ba neng ba bua “dilō tse di thata” kgatlhanong le Jehofa? (b) Ke eng se se neng se tlhomamisega go tlela baikepi ba ba leswefatsang nama? (c) Ka jalo Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go itshwara jang?
19 Jehofa o ne a letlelela batho ba ba sa reng Modimo sepe bao kana tlotlo sebaka se se lekaneng go bontsha molato wa bone, fela jaaka ka “bopèpè” jwa bone. Ka ditiro tsa bone tse di bosula le mafoko boikepo jwa bone bo ne jwa senoga mme mo motheong oo ba ne ba supiwa ba le molato, ba ne ba ‘tshwarisiwa’ ke Modimo. Fela jaaka baikepi ba motlha wa ga Enoke ba ne ba bua “dilō tse di thata” kgatlhanong le Modimo, ka jalo “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” bao ba ne ba nyatsa puso ba bile ba bua leswe bao Jehofa a ba fileng kgalalelo e e rileng. (Yude 8-10) Ka gone ba ne ba bua “dilō tse di thata” kgatlhanong le Jehofa mme ba ne ba atlhotswe. Ka go boloka boperofeti jwa ga Enoke, Modimo o ne wa ntsha katlholo ya one kgatlhanong le baikepi ka nako ya morwalela wa motlha wa ga Noa. Ka jalo, katlholo ya bomodimo kgatlhanong le baleswefatsi ba ba boikepo ba nama e ne e tlhomamisega, ebile Basupi ba ga Jehofa ba ka solofela go bona katlholo e e tshwanang mo motlheng ono. Ele ruri, he, re tshwanetse go elatlhoko ditiro le puo ya rona gore re tle re itumedise Modimo mme re falole tshenyego.
Bihela Ngongorego le Mafoko a a Budologileng
20. Batlanka ba ga Jehofa ba tshwanetse go leba jang go ngongorega le go galala ga ‘‘batho ba ba sa reñ Modimo sepè”?
20 E rile a lebisa mekgweng e mengwe e e seng ya bomodimo, Jude o ne a kwala ka gore:
“Ba, ke bañōñōregi le bagaladi, ba ba tsamaeañ kaha dithatoñ tsa bōnè,—me melomo ea bōnè e bua mahoko a matona a a budologileñ—ba tlhaola batho ba ka go sholohèla thushō.” (Yude 16)
Basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa ba gakololwa ka gore “dihañ dilō cotlhe ka mo go senañ diñōñōrègō.” (Bafilipi 2:14, 15) Mme “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” bao e ne e le “bañōñōregi” jaaka Baiseraele ba ba neng ba ngongoregela Moshe le Arone mme ka ntlha ya gona ba tshwanelwa ke go swela mo nageng ka go bo tota ba ne ba ngongorega kgatlhanong le Modimo. (Dipalo 14:1-38; 1 Bakorintha 10:10) Banna ba ba sehologolo gape e ne e le “bagaladi,” fela jaaka bahumanegi ba selefatshe ba ka ngongorega ka go bo ba humanegile, jalo le jalo. Mme kana, jaaka Bakeresete ba boammaaruri ba motlha wa ga Jude, Basupi ba ga Jehofa gompieno ba ikaega mo botlhaleng jwa selegodimo le thuso ya moya wa Modimo mo go emelaneng le maemo a a bokete. Ekete le ka motlha re ka se tshwane le bangongoregi ba ba boikepo ba motlha wa ga Jude!
21. (a) Ke ka tsela efe ”batho ba ba sa reñ Modimo sepè” ‘ba neng ba tsamaya kafa dithatong tsa bone’? (b) Ke jang batho ba ba timetseng bao ‘ba neng ba tlhaola batho ka go soofela thuso,’ mme ke ka ntlha yang fa seo se ne se le phoso?
21 Banna bao ba ba boikepo ‘ba ne ba tsamaya ka fa dithatong tsa bone,’ ba laolwa ke dikeletso tsa bone tsa boitsholo jo bo sa siamang jwa nama mme eseng ke ditaolo tsa Modimo kana tsa Morwawe. (Bapisa Yakobe 4:1-3.) Mme lefa ‘melomo ya bone e ne e bua mafoko a matona a a budologileng,’ kana ba ne ba “tletse puo ya boikgantsho” (Jerusalem Bible), ba ne ba tlhopha bangwe bao ba neng ba bontsha kgatlhego e e seng yone mo go bone. (Bapisa Pesalema 140:11; Tito 1:10, 11; 2 Petere 2:18, 19.) Banna bao ba boitsholo jo bo maswe ‘ba ne ba tlhaola batho ka go solofela thuso.’ Ba ne ba tlhagolela thekegelo le kemonokeng ya bahumi, batlotlegi, kana ba bangwe, ba solofela dilo tse di bonalang kana go amogelwa ke batho. Mme seno ele ruri e ne e le bogagaru jo bo feteletseng mme jwa foufaletsa baikepi bao maikaelelo a bomodimo a go tlhagolela kamogelo ya ga Jehofa. Ka jalo, ba ne ba palelwa ke go tlotla Moatlhodi Mogolo mme ka jalo ba tla kafa tlase ga katlholo ya gagwe ya go ba senya.
22. Jaaka go sa tswa go akanyediwa go tla go fitlha fa, Jude o ne a neelana ka eng sa mosola wa rona, mme mafoko a gagwe a a feleletsang a akaretsa eng?
22 Jude o ne a bua a sa kgwe mathe go kgothaletsa badumedi-ka-ene gore ba “nnè tlhōahalō go ganèlèla tumèlō.” O ne a supela ditlhagisong tsa Dikwalo kgatlhanong le boitsholo jo bo maswe, botsuolodi le go ngongorega, ebile a sa tlogele pelaelo epe ka ga go ntshiwa ga katlholo ya bomodimo. A bo e le nako jang nne gore Basupi ba ga Jehofa ba akanyetse dikgang tseno! Fela jaaka re tla bona, mafoko a ga Jude a a tswalelang, a a akaretsang topo e e tswang mo pelong, gape a na le bokao jo bogolo go baobamedi ba ga Jehofa.
A o ka araba dipotso tseno?
◻ “Tsela ea ga Kaine” e ne e le eng, mme ke ka ntlha yang fa batho ba ga Jehofa ba tshwanetse go e tila?
◻ Ke bomang ba ba neng ba “siana ka go phomègèla mo timeloñ ea ga Balaame,” mme ke ka ntlha yang o ka e bihela?
◻ Ke sekao sefe sa tlhagiso se re nang le sone mo kgannyeng ya ga Kora wa Molefi?
◻ “Batho ba ba sa reñ Modimo sepè” ba Jude a buang ka go bone ba ne ba tshwana jang le ditlhare tse di senang maungo “tse di shuleñ tsa ba tsa shwa” le go “khumolwa”?
◻ Enoke o ne a perofesa ka eng, mme mafoko a gagwe a tshwanetse gore tlhotlheletsa go dira eng?
◻ Mo motheong wa kgakololo ya ga Jude, ke boikutlo bofe jo re tshwanetseng go nna le jone tebang le go ngongorega le go “tlhaola batho ka go sholohèla thushō”?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Baruti ba batenegi ba ba sa ikwatlhaeng ba ne ba lebanwe ke tshenyego, fela jaaka ditlhare tsa maungo tse di sa ungweng di ne tsa khumolwa