Bopelo-namagadi bo na le Maatla
MOKGWEETSI wa koloi ya mogobagoba o ne a emisa kara e e neng e tswa ntlheng e nngwe ya tsela. Mokgweetsi wa yone o ne a mo kalotse matlho ka tsela nngwe a ile a tlhokomologa go fokotsa bogale jwa dipone tsa kara ya gagwe. Mokgweetsi wa koloi ya mogobagoba a tsaya tshipi ka seatla mme a phatlakanya dipone tsa koloi ya modirisitsela-ka-ene yo o seng sego. Go tswa foo a itsamaela mesepele ya gagwe, a tlogela mokgweetsi wa batho wa kara kwa morago ka koloi e a neng a ka se tlhole a ka e kgweetsa. A tiragalo e e ntseng jalo ke e e tlwaelegileng go wena?
Go didikadike tsa batho bothubaki ke karabelo ya sengwe le sengwe se se fapaaneng le tshekamelo ya bone. Ba ka ne ba ka tlhaselana ka mafoko kana ba dirisa dikgoka. Tlhaela ya bopelo-namagadi e anama jaaka bolwetsi jo bo tshelanwang. Bontsi-ntsi jwa batho ba feleletsa ka gore ga gona mosola go nna pelonamagadi, ka go bo go nna ntwa-dumela go lebega go na le tswelelo e kgolo. A mme seno se boammaaruri?
Sekao Sa Ditiragalo
Monna o ne a le ka fa tlase ga kgatelelo e kgolo. Matshwititshwiti a batho bangwe ka ditšhaka le ka melamu ba ne ba tsile go ene go mo dira setshwarwa. Ka nako eo, tsala e e gaufi le ene ya ntsha tšhaka mme ya kgaola tsebe ya motho mongwe mo gare ga lesomo la baba. Seemo e ne e le tlhakantsuke. Monna yo o neng a tshwerwe o ne a tla dirang ka nako eno e e masisi?
Monna yoo e ne e le Jesu Keresete. Tlhokomela kafa o neng a itshwara ka teng. Go yo a neng a leka go mo tswa thuso, Jesu o ne a re: “Ba u shomèlè chaka ea gago mo bonnoñ yoa eōna: gonne botlhe ba ba tsaeañ chaka ba tla nyèlèla ka chaka. Kgotsa a ua itlhoma, go re, ke sa kake ka rapèla Rrè, me e re hèla yana a rome bogolo go mephatō e le shomè le bobedi ea baengele go nthusa?” (Mathaio 26:47-53) Go na le go bontsha tlhaelo ya bopelo-namagadi, Jesu o ne “a ama tsèbè ea gagwe [monna yo o gobaditsweng], a e hodisa.”—Luke 22:51.
A Bopelo-namagadi ke Seshupo sa Bokao?
Ele ruri, bopelo-namagadi jo bo neng jwa bontshiwa ke Jesu ga go ka ke gatwe ke jwa botho jo bo bokoa. Jesu e ne e le monna yo o pelo-kgale ka maatla a ga Rraagwe wa selegodimo a mo thusa, mme o ne a ema a nonofile mo go se se siameng. A o gakologelwa se o neng a se dira kwa tshimologong ya tirelo ya gagwe? O ne a tsena mo tempeleng kwa Jerusalema mme, fa a bona “ba ba rekisañ dikgomo, le dinku, le maphoi, le ba ba ananyañ madi ba dutse gōna,” o ne a tshopha seiteo sa megalo mme “a di lèlèkèla cotlhe kwa ntlè ga tempela, dinku le dikgomo.” (Yohane 2:14, 15; bona gape Mathaio 23:13-36.) Ga go na sesupo sa bokoa koo!
Ka sekao sa gagwe Jesu o bontshitse gore bobelo-namagadi ga se boiponatso fela ja bonolo jwa ka fa ntle mme ke tshupo ya botho jo bo nonofileng jwa Modimo mme bo le pelo-namagadi. Jehofa o nonofile mo go sa itshokeleng sebe. O se ila tota ebile go buiwa ka ga sone ka papamalo. (Diane 6:16-19) Lefa go le jalo, mo bopelo-namagading jwa gagwe, Modimo o baakanyeditse setho se se oleng tsela ya go letlanngwa le ene ka setlhabelo sa thekololo le ditirelo tsa boperesiti tsa ga Jesu Keresete. (Baroma 5:10; 1 Timotheo 2:5, 6; Bahebera 4:14-16) Bopelo-namagadi jwa ga Jehofa ka jalo bo gogela kwa tlhapisong e e tletseng ya sebe. (1 Yohane 1:9) Ka jalo bopelo-namagadi bo na le maatla, le eleng maatla a go boloka.
Bopelo-namagadi bo ka Bonwa Jang
Bakeresete ba ba sa itekanelang ba itse gore ka bobone bopelo-namagadi ga se tlhotlheletso e e nonofileng. Ka go tsalelwa mo sebeng jaaka karolo ya lelapa la ga Adame, rotlhe re na le ditshekamelo tsa nama tse di bokoa ebile re ne re arogantswe le botshelo jwa Modimo. (Baefesia 2:3; 4:17, 18) Re ne re tlhaela tumelo le tsholofelo, gongwe gape re ikutlwa re tshwenyegile le go sa bolokesege. Go motlhofo go bona kafa seemo se sa mogopolo se ka tsalang tlhaelo ya bopelo-namagadi. (Bapisa Diane 25:28.) Mme ka go ithuta ka ga ditsela tsa Modimo le go amogela boitshwarelo jwa gagwe jwa dibe, go ne ga diragalang? Re ne ra nonofela pele mo tumelong mme ra dira tswelelo pele mo go tlhagoleleng maungo a moya wa Modimo, a a kopanyeletsang bopelo-namagadi.—Bagalatia 5:22, 23.
Ka jalo ga se ka thata ya rona go bo ope wa rona a ka kgonang go nna le nonofo eno e e molemo. Bogolo, bopelo-namagadi bo nna gone ka go atamela Modimo jaaka motswedi wa rona wa nonofo. Keletso ya rona e e ikanyegang ya go etsa sekao sa ga Jesu e re thusa gape go dira ka bopelo-namagadi.
Jaaka go bontshitswe go 1 Petere 3:3, 4, bopelo-namagadi bo tsamaelana le “motho eo o sa bōnaleñ oa pelo,” e e leng nonofo ya mo teng. Ka tlholego ga se nonofo eo bogolo re e ruileng, mme e bapalwa jaaka loungo lwa moya wa Modimo le ka kitso ya boammaaruri le ka tiriso ya Lefoko la gagwe. Bopelo-namagadi ke karolo ya “motho eo mosha” yo o tshwanang le Jehofa Modimo. (Bakolosa 3:10) A mme bopelo-namagadi jwa bomodimo bo bapalwa ga motlhofo?
Ba Bangwe Ba Atlegile
“Nnyaa, ga go tle motlhofo fela,” ke karabo ya monna mongwe yo moleele, yo o maroka. “Ke ne ke le motlhabanela-sekgele. Mme ka kwa ntle ga mosako wa mabole, kwa toropong ya gaetsho, ke ne ke bidiwa ‘ntwa-dumela.’ Nonofo ya mmele wa me e ne ya nneela maikutlo a mogaka, mme ke ne ke na le kgatlhego ya go lwa mo mmileng. Gape, mo gae ke ne ke tlhaela boikgapo ele ruri. Ke gakologelwa ka nako nngwe fa mosadi wa me a ne a nkgopisa ke ne ka phatlakanya lebati la kwa pele le foriji ka go di raga gabedi fela. Ka dinako tse dingwe ke ne ke a tle ke tlhabiwe ke ditlhong, bogolo jang fa ke ne ke tagilwe ebile ke rapame mo segotlong, mo gare ga matlhatsa a me. Ka dinako tseo ke ne ka rapela Modimo gore o nthuse. Go tswa foo go amana ga me le Basupi ba ga Jehofa go ne ga gola. Ke ne ka nwa phahana ya me ya bofelo ya bojalwa dingwaga di roba bobedi tse di fetileng.
“Ke ne ka tshwaragana le bothata go fenya bopelo-khutshwane jwa me. Mme jaanong fa ke rera ka ntlo le ntlo, ke ka akantshana le batho mo boemong jwa go ba gakalela. Go bona lorato gareng ga bakaulengwe ba me ba semoya go nthusitse go tlhagolela moya wa bopelo-namagadi, lefa gone ke tshwanetse go tswelela ke tlhabantsha ditshekamelo tsa bogologolo. Jaaka mogolwane wa Mokeresete, ke ka kgona go tlhaloganya ba bangwe ba ba nang le ntwa e e tshwanang, mme ke itse gore go atlega go ka kgonagala.”
Kana, akanyetsa kgang ya mosadi mongwe wa Amboine. O ne a kile a bo a le pelo-mpe tota a bile a tsamaya a tsentse thipa mo bolaoseng jwa gagwe. Mo dikgakalong tsa gagwe o ne a golafaditse batho ba bantsinyana. Go tswa foo a lerediwa boammaaruri jwa Bibela mo botshelong jwa gagwe. Mme o reng jaanong, morago ga go nna mosupi wa Mokeresete wa ga Jehofa mo dingwageng tse di masome mabedi? “Ke ne ka lemoga gore ga ke kake ka obamela Jehofa ka pelo-mpe e e ntseng jalo. Ka jalo ka thuso ya gagwe ke ne ka fetoga, lefa gone ke sa ntse ke tshwanetse go itwantsha ka bonna go ritibala.”
Dikao tseno di supa gore motho yo o batlang go tlhagolela bopelo-namagadi o tshwanetse go ikeha mo go akanyeng mo go phoso le ditiro tseo di tlwaelegileng mo lefatsheng go re dikologa. Go ntse fela jaaka moaposetoloi Paulo a ile a bolela fa a ne a kwalela Bakeresete kwa Roma: “Lo se ka loa bopèga yaka lehatshe yeno: me lo hetolwè ke boshahaco yoa pelo tsa lona, gore lo lemogè mo e leñ go rata ga Modimo, mo go molemō, le mo go lebosègañ, le mo go itekanetseñ. Gonne ke raea moñwe le moñwe mo go lona, ka tshegōhaco e ke e neilweñ, ka re, A se ka a ikgopola bogolo go chwanèlō ea gagwè ea go ikgopola.” (Baroma 12:2, 3) Fa re sa ikgopole ka mo go sa tshwanelang, re tsaya ba bangwe ba le bagolo mo go rona, seno se re thusa go nna pelo-namagadi fa re dirisana le bone.—Bafilipi 2:3.
Maatla A Jone A Kae?
Mo ditirisanong tsa batho, bobelo-namagadi bo feta bopelo-e-thata kgakala ka maatla. Fa mongwe a tshwanetse go dirisana le boemo jo bo thata kana motho yo o galefileng, yo o tshwenyegileng kana yo o hutsafetseng thata, bobelo-namagadi bo tla bona matswela ka go bo bo ka ntsha karabelo e e tla bulang tsela go fenya bothata. Bibela e bolela ka gore: “Phetolō e e bonōlō e thibosa bogale.” Ee, “le loleme lo lo bonōlō lo tlo lo rōbe marapō.”—Diane 15:1; 25:15.
A bo bopelo-namagadi bo na le maatla jang ne! Ele ruri bo dira pharologano magareng a go tsosolosa ditirisanyo tsa kagiso le go dira maikutlo a a botlhoko, tlhoka-kutlwano le tshenyo e e ka se baakanngweng. Jaanong a re boneng gore seno se boammaaruri jang mo dikarolong tse di farologaneng tsa ditirisano tsa batho, le gore bo duela jang.
Mo Sedikong sa Lelapa
Ke boikaelelo jwa Modimo gore sediko sa lelapa se nne thulaganyo e e bothitho, e e lorato ya go utlwisisanya. Mme, ijo we, re bona jaanong tlalelo le tlhaelo ya boikgapo di dira malapa a mantsi madubedube! Kwa ntle le pelaelo, se se ntse jalo ka ntlha e nngwe ka go bo ba ba mo lapeng ba itsanye thata tota, ebile ka ntata ya bosaitekanelang mongwe le mongwe mo lapeng o tlamegile go dira diphoso. Tse di ka tlotlomadiwa kana tsa bipiwa ka lorato.
Akanyetsa John wa senatla fa a goroga mo gae morago ga tiro e e opisang tlhogo mo letsatsing leo. O lebeletse “kamogelo mo legaeng” e e bothitho mo mosading wa gagwe. Mo boemong, o akgela ka gore: “Ke tsere matsapa go founa ke go kopa go tla le dijo fa o tla gae. Ke ka ntlha yang o sa dira jalo?” John o ne a tla itshwara jang? O itse gore go itshwara ka bopelo-namagadi ke tsela ya Modimo, mme ka nako e e ntseng jalo go ka nna bokete go neela karabo e e pelo-namagadi. Ka mo go itumedisang, mo kgannyeng eno, o pega letsogo la gagwe mo legetleng la mosadi wa gagwe abo a re: “Moratiwa, ke lebetse. Ke maswabi tota. Ke tla ya kwa lebenkeleng gone jaanong mme ke tla boa mo metsotsong e sekae.” Tuelo ya gagwe ya nna maitseboa a a itumedisang.
Se se tshwanang se boammaaruri ka ditirisanyo tsa batsadi le bana ba bone. Bopelo-namagadi bo tla dira gore batsadi ba atamelesege. Gakologelwa Jesu. Bana ba ne ba rata go mo atamela. (Mathaio 19:14, 15) Ka ntlha yang? Ka go bo, fela jaaka ka boene a ne a re, o ne a le “bonōlō le boiñōtlō mo peduñ.” (Mathaio 11:29) Jaaka motsadi, a o bonolo, fela jaaka Jesu a ne a ntse?
Gotweng ka kamano ya lelapa fa rre e se Mokeresete mme mmè e le morutwa wa ga Jesu Keresete? Go molemo gore mosadi yo o dumelang a boloke boikutlo jo bo tlhamaletseng ka go bo fa nako e ntse e ya monna wa gagwe o ka nna a gapelwa mo boammaaruring. Lefa go ntse jalo, mo go se, tlhokomela botlhokwa jwa bopelo-namagadi mo letlhakoreng la mosadi. Moaposetoloi Petere o ne a kwala ka gore: “Lo nnè kutlō mo banneñ ba lona; e tle e re, leha bañwe ba sa utlwe lehoko, ba tlè ba kgōnwè kwa ntlè ga lehoko ke mokgwa o montlè oa basadi ba bōnè; . . . a [go kgaba ga lona] e nnè motho eo o sa bōnaleñ oa pelo, le ka diaparō tse di sa boleñ tsa mōea oa boikokobeco le tidimalō, e le gōna mo go kaiwañ go tlhokèga thata mo matlhoñ a Modimo.”—1 Petere 3:1-4.
Mo Phuthegong
Phuthego ya Bokeresete e tshwana le lelapa le legolo. (Bapisa 1 Timotheo 3:15.) Fa moya wa lelapa ele ruri o rena, go na le moya wa bopelo-namagadi mme diphoso di sa tlotlomadiwe mme di bipiwa ka lorato, botlhe mo phuthegong ba tla dira bojotlhe go nna bonolo mongwe go yo mongwe. Se se tla direla kagiso le kutlwano. Bogolo jang bao ba okametseng semoeng ba tshwanetse go nna le moya wa bopelo-namagadi, wa lorato wa lelapa go dirisanya le maloko-ka-bone a phuthego, ka go bo moaposetoloi Paulo o ne a kwala ka gore: “U se ka ua kgalemèla mogolwane, me u mo laeè yaka ha e ka bo e le rrago; le makau yaka bomonnao: Basadi ba ba godileñ u ba laeè yaka ha e ka bo e le bommago; le barweetsana yaka bokgantsadio, ka boitshèkō yotlhe.”—1 Timotheo 5:1, 2.
Kgakololo eno e e molemo-lemo e gatelela tlhokafalo ya balebedi go bontsha bopelo-namagadi jo bo tshwanang le jwa ga Keresete. Fa, pele a go lemoga, leloko la phuthego le dira phoso, ga go ne go tshwanela go kgalemela ka bopelo-e-thata motho yo o dirang phoso. Ka ntlha yang? Ka go bo bopelo-e-thata bo tla tlisa maikutlo a a botlhoko le go ka tlisa kgakalo. Jalo, bo a leleka. Ka gone he, balebedi ba tshwanetse go tsaya-tsia kgakololo e e tlhotlheleditsweng: “Ba ga echo, leha motho a chwerwe mo tloloñ ñwe, lona ba lo leñ ba semōea, shokololañ eo o nntseñ yalo ka mōea oa bonōlō; u nntse u ipōna, e se re kgotsa le wèna ua raèlwa.”—Bagalatia 6:1.
Fa re dira ka moya wa bopelo-namagadi, re etsa tsela ya Modimo ya go dirisana le rona. Paulo o ne a gakolola molebedi wa Mokeresete Tito go bontsha “boikokobeco yotlhe mo bathuñ botlhe.” Ka ntlha yang? “Gonne e rile galè le rona ra bo re le boeleele, re sa utlwe, re tsiediwa, re dihèla dithatō diñwe le diñwe le dikgatlhègō, re tshela ka peloetlhoi, le mo bopelo-tshètlheñ, re le ba ba ilègañ, re bile re ilana.” Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a re tswa thuso mme a re boloka “kaha kutlweloñ botlhoko ea ōna.”—Tito 3:2-7.
Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ‘lesedi ja bone le phatsime fa pele ga batho.’ (Mathaio 5:16) Batho ka kakaretso gantsi ba gogelwa ke eng? Ke bopelo-e-thata, kana ke bonolo le bopelo-namagadi? Boitemogelo jwa gago e nnile eng? Go bonala sentle fa rotlhe re tla dumalana le mafoko a ga Jesu a a reng: “Ke gōna, cotlhe tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona lo ba diheleñ hèla yalo.” (Mathaio 7:12) A seno ga se biletse bopelo-namagadi mo letlhakoreng ja rona?
Mo Ditirisanyong Le Baagelani ba Rona
Re ka nna ra kopana le kganetso go baagelani ba rona, gongwe fa re abalana mafoko a a molemo le bone. Ele ruri, tlase ga maemo a a ntseng jalo go botlhokwa gore re bontshe bopelo-namagadi, fela jaaka balebedi ba Bakeresete ba tshwanetse go dira jalo mo phuthegong. (Bapisa 2 Timotheo 2:23-26.) Ka ntlha ya bopelo-namagadi jwa rona, baganetsi ba pele kwa pheletsong ba ka nna ba arabela ka mo go itumedisang molaetseng wa bogosi.
Makgolo a dikete a batho go kgabaganya lefatshe a amogetse mafoko a a molemo. Ka go kopanela le Bakeresete ba ba tloditsweng, jaanong ke karolo ya bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe jo bo lorato. Ka gone “boidiidi yo bogolo yoa batho, . . . e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō” gompieno ba kaya fa poloka e le go Jehofa Modimo le go Kwana, Jesu Keresete. (Tshenolo 7:9, 10; 14:1) Bakeresete bano ba ba ineetseng ke tshupo e e tshelang gore bopelo-namagadi jwa ga Jehofa bo na le maatla a poloka. Mo karabelong ya kanaanelo, ba gakaletse go bontsha bopelo-namagadi jwa Modimo, mme ba fitlhela seno se duela tota. Ekete le wena o ka fitlhelwa gareng ga ba ba pelonomi bao ba ipelelang lesego la bomodimo.—Bapisa Mathaio 5:5.
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
“Moratiwa, ke lebetse. Ke maswabi tota”