LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 2/1 ts. 14-19
  • “Lo Nnè Tlhōahalō go Ganèlèla Tumèlō”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Lo Nnè Tlhōahalō go Ganèlèla Tumèlō”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boikuelo go Godisa Kutlwelo-botlhoko, Kagiso le Lorato
  • “Lo Nnè Tlhōahalō Go Ganèlèla”
  • Kgakololo e e Maatla ya Gompieno
  • “Baratwa, . . . Lo Nnè Lo Ipolokè mo Loratoñ Loa Modimo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Buka ya Bibela ya bo 65—Yude
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • ‘Tlhabanang Tlhabano ka Thata lo Tlhabanela Tumelo’!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Re Tshwanetse go Lwela go Nna mo Boammaaruring
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 2/1 ts. 14-19

“Lo Nnè Tlhōahalō go Ganèlèla Tumèlō”

“Baratwa, . . . ka patèlèlwa ke pelo gore ke lo kwalèlè go lo laea, gore lo nnè tlhōahalō go ganèlèla tumèlo e e sa leñ e neèlèlwa baitshepi rure.”—Yude 3.

1. Ke mabaka mangwe afe a ga Satane a a mosola go ene mo maitekong a gagwe a lefela a go leka go nyeletsa Bokeresete jwa boammaaruri?

BATLHANKA ba ga Jehofa ba tshwanetse go lwa ntwa e e matlho mahibidu ya tumelo ya boammaaruri. Mmaba wa bone, Diabolo, o batla ka pogiso e e mahehe le boferefere jwa “maano a a bonokwane” go senya botsalano jwa bone jo bo tlhokegang le Jehofa Modimo ka Jesu Keresete. (Baefesia 6:11, Kingdom Interlinear Translation; 1 Petere 5:8) Mo maitekong a lehela a ga Satane a go leka go phatlakanya Bokeresete jwa boammaaruri, ka dinako tse dingwe o ile a leka go bo nyatsa. Gareng ga mabaka a a bodisang a a ka direlang boikaelelo jono ke a: (1) Dithuto tsa maaka; (2) bopepe; (3) tlhaelo ya tumelo; (4) go tlhokomologa taolo e e tlhomilweng ya bomodimo; (5) go balabala le go ngongorega; le (6) go tlhaola batho ka go solofela thuso ya bogagapa.

2. Ke ditlhaloso dife tse di neelwang fano kaga lokwalo lwa ga Jude?

2 Jehofa o baakanyetsa ka se tota se tlhokafalang semoeng go sireletsa batlhanka ba gagwe le go tlhabantsha ka botlalo Motsietsi-mogolo. (Isaia 59:1) E nngwe ya dipaakanyetso tse di ntseng jalo ke lokwalo lo lo tlhotlheleditsweng la bomodimo lwa ga Jude. Go bonala fa morutwa Jude a ne a le kwala a le kwa Palasetine pele ga 66 CE, ka go bo a sa umake lefa e le tlhaselo ya ga Cestius Gallus kgatlhanong le Jerusalema mo ngwageng oo lefa e le go wela ga motse oo mo diatleng tsa Baroma kafa tlase ga ga Tito ka 70 CE.a

3. Ke ka ditsela dife lokwalo lo lo tlhotlheleditsweng lwa ga Jude le ka nnang lwa mosola o mogolo gompieno?

3 Lefa le ne la kwalwa makgolo a dingwaga a a fetileng, lokwalo lwa ga Jude lo na le mosola o mogolo go rona gompieno. Balebedi ba Bakeresete ba ba tlhophilweng ka moya ba ka ebile ba tshwanetse go lo dirisa jaaka motheo wa go neela kgakololo. Mo godimo ga moo, fa re ithuta lokwalo lono ka thapelo le ka boikokobetso, le ka re thusa ka borona. Se se ntse jalo bogolo fa re ela tlhoko bokotsi jo bogolo mo dithutong tsa maaka kana go hepisediwa mo boitsholong jo bomaswe, fa re lemoga gore tumelo ya rona e wela kwa tlase, kana fa re tshwaya mo pelong ya rona tshekamelo e e golang ya go tlhokomologa taolo e e tlhomilweng ya Modimo, re balabala ka go ngongorega kana go tlotlomatsa batho bangwe ba ba rileng e le fela gore re bone melemo ya bogagapa. Jaaka re tla bo re akanyetsa lokwalo lono lo lo tlhotlheleditsweng temana ka temana, kwa ntle le pelaelo re tla ikemisetsa go bona kafa re ka dirisang kgakololo ya lone e e nnelang ruri go rona le phuthegong.

Boikuelo go Godisa Kutlwelo-botlhoko, Kagiso le Lorato

4. Jude o ne a ikgetholola jang, mme o ne a kaya eng?

4 Jude o ne a simolola lokwalo lwa gagwe ka mantswe ano:

“Ke nna Yudasa, motlhanka oa ga Yesu Keresete, le monna Yakobe, ke kwalèla ba ba bidicweñ, ba ba ratègañ mo Modimoñ Rara, me ba bolokecwe Yesu Keresete.” (Yude 1)

Jaaka “motlhanka oa ga Yesu Keresete,” Jude o ne a se mo botlhankeng jo bo nyatsegang, jo bo tlhobosegileng. Go na le moo, ‘botlhanka’ jono bo ne bo theilwe mo ntlheng ya gore balatedi ba ga Jesu ba ne ba reketswe ka madi a gagwe a a tlhokegang tirelo ya gagwe e e bonolo, ba lebile botshelong jo bosakhutleng. Ba ne ba ntshitswe ditshwarwa ke lorato lwa ga Jesu mme ka boithatelo ba ineela go ene. (Mathaio 11:29-30; bapisa Baefesia 5:21-33.) Jude o ne a bolela gore ke “motlhanka” wa ga Keresete, “le monna Yakobe,” go lebega ekete Jakobe yo ke mongwe wa “maotwana” a semoya a phuthego ya Jerusalema le “monna Morèna.” (Bagalatia 2:9; 1:19; bapisa Ditiho 12:17; 15:13-21.) Ka jalo go bonala fa Jude e ne e le monnawe Jesu ka sebele, mme ka boikokobetso ga a ka a itlotlomatsa ka ntlha ya kamano ya gagwe ya bo-losika le Morwa Modimo.—Mareko 6:3.

5. (a) “Ba ba bidicweñ’’ e ne e le bomang? (b) “Ba ba bidicweñ” ba ne ba ‘boloketswe Keresete’ jang? (c) Ke go bomang, kwa ntle ga “ba ba bidicweñ,” lokwalo lwa ga Jude lo leng kgothatso?

5 Lokwalo lwa ga Jude lo no lo ikaeletswe go phatlaladiwa ka bophara. Lo no lo rometswe go “ba ba bidicweñ,” mo go raya gore, go bao ba biditsweng ke Modimo go ya bogosing jwa selegodimo jo bo galalelang jwa Morwawe. (Yohane 6:44; bapisa Ditiho 16:14.) Jehofa o ne a rata bano “ba ba bidicweñ,” mme go ne go mo kgatlha go ba fa bogosi fa ka bobone ba boloka boemo jo bo amogelesegang jwa bone jwa semoya. (Luke 12:32; Baroma 8:38, 39; bapisa Isaia 52:11.) Ba ne “ba bolokecwe Yesu Keresete” ka gore Jehofa Modimo o ne a ba boloka ka go bo ba ne ba le bangwefela le Morwawe, ba le maloko a mmele wa gagwe. Fa ba ikanyega, ba tla kopanela le Jesu mo bogosing jwa gagwe. (Baefesia 4:15, 16; 2 Timotheo 1:12; 1 Petere 1:3-5) Mme kgakololo e e molemo ya lokwalo lono ga e a lekanyediwa fela “ba ba bidicweñ.” E ka nna ya kgothatso e kgolo gape go ba “boidiidi yo bogolo” ba ba ikanyegang ba gompieno ba abalanang le “bonnake” ba semoya ba ga Keresete ka go nna batlhanka ba bogosi.—Mathaio 24:14; 25:34-40; Tshenolo 7:4, 9, 15.

6. Boutlwelo-botlhoko jwa Modimo bo supilwe ka ditsela dife go baobamedi-mmogo le Jude?

6 Se se latelang, Jude o tlhalosa maikutlo ano a a tswang mo pelong:

“A kutlwelō botlhoko e nnè le lona, lo bo lo totahalèlwè ke kagishō le loratō. (Yude 2)

Go bao lokwalo lwa ga Jude lo neng lo kwaletswe go bone ba ne ba filwe kutlwelo-botlhoko ya bomodimo, kagiso le lorato fa ba ne ba nna badumedi ba ba ineetseng mme ba amogela boitshwarelo jwa ga Jehofa jwa dibe ka Jesu Keresete. Kutlwelo-botlhoko ya Modimo e ne ya supiwa mo thekololong e a neng a e dira ka Jesu. (Tito 3:4-7) Tshupo e nngwe ya kutlwelo-botlhoko ya Modimo e ne e le ka go sa nne ga bone mo bokgobeng jwa molao wa ga Moshe, mekgweng e e seng ya dikwalo, boitshwarong jo bo sa tlotleng Modimo le tse di tshwanang. (Baroma 7:4; Bagalatia 5:13; 1 Petere 1:18, 19; bapisa Tshenolo 18:1-5.) E ne e le tsweletso ya boutlwelo-botlhoko mo karolong ya ga Jehofa fa a ne a ba bolokela Jesu Keresete, gore ba direle jaaka batlhanka ba gagwe, jaaka fa ba bolela “mahoko a a molemō.” (Mareko 13:10) Keletso ya ga Jude ya thapelo e ne e le gore baobamedi-ka-ene ba nne le boutlwelo-botlhoko jwa bomodimo ka mo go oketsegileng.

7. Ke ka ntlha yang ebile ke jang Bakeresete ba itemogelang kagiso?

7 Jude o ne a rapelela gape gore badumedi-ka-ene ba itemogele kagiso e e oketsegileng. Ka ntlha ya gore ba ineetse Modimo ka mo go sa etsaetsegeng, Basupi ba ga Jehofa gompieno ba na le kamano e e atamelaneng thata le ene. Ka gone ba mo kagisong le Jehofa mme gape ba na le “kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe,” thitibalo ya pelo le mogopolo e ba ba sa dumeleng ba sa e tlhaloganyeng. (Bafilipi 4:6, 7; Bakolosa 1:19, 20) Mo godimo ga moo, ba tlhagolela le go supa kagiso, loungo lwa moya wa Modimo, mme ba kgona go agisanya le batho-ka-bone. (Bagalatia 5:22, 23; Bahebera 12:14) Go tswa foo, gape, Bakeresete ba ba ikanyegang ga ba boife le fa e le isagwe kana loso ka bolone, mme ba mo kagisong, ba itse gore Jehofa o na le bone mme o dira gore ditiro tsa gagwe di dirisanye mmogo molemong wa ba ba mo ratang.—Mathaio 10:28; Baroma 8:28.

8. Lorato lwa ga Jehofa lo supilwe jang go rona?

8 Lorato lo lo golo lwa ga Jehofa lo no lwa supega ka go romela Morwawe “gore leha e le mañ eo o dumelañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” (Yohane 3:16) Fa re ne re sa ntse re le baleofi re sena kamano epe ya botho le Jehofa, o ile a re bontsha lorato lono. (Baroma 5:8) Mme, ka tumelo mo paakanyetsong eo ya thekololo, re tlhoka go ipoloka mo loratong lwa Modimo. Jude o ne a rapela gape gore lorato lo totahale tebang le bao lokwalo lo neng lo kwaletswe bone.

9. Ke ka ntlha yang fa badumedi-mmogo le Jude ba ne ba tlhoka kutlwelo-botlhoko, kagiso le lorato ka selekanyo se se oketsegileng?

9 Jude o ne a rapelela gore kutlwelobotlhoko ya Modimo, kagiso le lorato di totahale tebang le badumedi-ka-ene ba ba rategang ka ntlha ya gore bomoya jwa bone bo ne bo le kotsing. Ka jalo, ba ne ba tlhoka kutlwelo-botlhoko ya Modimo, kagiso le lorato ka letlotlo je legolo go na le e leng pele.

“Lo Nnè Tlhōahalō Go Ganèlèla”

10. Jude o ne a ikaeletse go kwala ka ga eng?

10 Kgatelelo e e latelang ya ga Jude e mo bomasising jwa dikgang, ka go re:

“Baratwa, e rile ke sa nntse ke tlhōahaletse go lo kwalèla kaga polokō e re e tlhakanetseñ, ka patèlèlwa ke pelo gore ke lo kwalèlè go lo laea, gore lo nnè tlhōahalō go ganèlèla tumèlō e e sa leñ e neèlèlwa baitshepi rure.” (Yude 3)

Tiriso ya ga Jude ya mafoko a lorato “Baratwa” e ne e tlhomamisetsa baobamedi-ka-ene lorato lwa gagwe go sa kgathalesege molaetsa wa gagwe o o nonofileng. (Yohane 13:35; bapisa Baroma 1:7; 3 Yohane 1, 2.) O ne a ikaeletse go kwala kaga ‘poloko e e tlhakanetsweng’ ke bao “ba ba bidicweñ” go ya bogosing jwa selegodimo. (Bagalatia 3:26-29) E ne e tsamaelana le tsholofelo e e tlhokafalang ya poloko e Bakeresete ba neng ba na le yone “kaha tumeloñ e re e tlhakanetseñ” mo malatsing a ga Jude.—Tito 1:4.

11. “Tumèlō e e sa leñ e neèlèlwa baitshepi rure” e ne e le efe?

11 “Tumèlō e e sa leñ e neèlèlwa baitshepi rure” e ne e le kakaretso ya ditumelo mo go Jehofa Modimo le bogosi jwa gagwe jaaka e ne ya neelwa Bakeresete ka Jesu le barutwa ba gagwe ba ba tlhotlheleditsweng. Ka mo go bonalang, e ne ya ‘neelelwa rure” ka kgopolo ya gore balatedi ba ga Jesu ba ba tloditsweng, “baitshepi,” ba ne ba e amogela dingwaga tse di makgolo a a lesome le boferabongwe tse di fetileng jaaka mafoko a a molemo a le esi fela a boammaaruri. E sala e ntse e le “tumèlō” e Basupi ba ga Jehofa gompieno ba lemogang gore ba tshwanetse ba e ngaparela ka mo go sa etsaetsegeng, jaaka e le gore ruri ga gona mafoko a a molemo ape a bogosi kana molaetsa wa poloko o o ka tlhokomelwang. (Bagalatia 1:6-8) Mme karolo e kgolo ya mafoko a a molemo ao ke gore Jesu Keresete o swetse lefatshe lotlhe la setho. Ke ka gone he a kgatlhisang thata go ba “boidiidi yo bogolo” ba “dinku di sele” mo malatsing a rona.—Yohane 10:16; 1 Yohane 2:1, 2; Tshenolo 7:9.

12. Ke ka ntlha yang Jude a ile a kwala go kgothatsa badumedi-ka-ene gore ba “nnè tlhōahalō go ganèlèla tumèlō”?

12 Mo motlheng wa ga Jude baruti ba maaka ba ba neng ba ithaya ba re ke Bakeresete ba ne ba gakaletse ka boferefere go tlisa se se lebegang ekete ke mafoko a a molemo mo bathong ba Modimo. Dithuto tse di ntseng jalo di ne di bopela tumelo le poloko ya bone. (Mathaio 24:13; 2 Bakorintha 11:3, 4) Ka jalo, go tlhabantsha tiragalo eno, mme jaaka a ne a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo le lorato, Yude o ne a “patèlèlwa” go kwala le go kgothatsa badumedi-ka-ene gore ba “nnè tlhōahalō go ganèlèla tumèlō.”

13. Go falola tsietso le tatlhegelo ya poloko, Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go dira eng gompieno?

13 Fa e le gore rona, jaaka basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa ba gompieno, re tla nna re ikanyega go Modimo le go falola tsietso le go latlhegelwa ke poloko, le rona, gape, re tshwanetse gore re “nnè tlhōahalō go ganèlèla tumèlō” kgatlhanong le mafoko a a molemo lefa e ka nna afe a lehela, ka tlhoafalo re ganana, re kampane kgatlhanong le maiteko a go oketsa kana go fokotsa thuto ya Lefoko je le ntlafaditsweng le go tlhotlhelediwa la ga Jehofa. (Duteronome 4:2; Diane 30:5, 6; Tshenolo 22:18, 19) Re tshwanetse go tlhatlhoba dithuto dingwe le dingwe tse dintšha kana tse di tswang ka kwa ntle mo leseding la Lefoko la Modimo lotlhe mme ka go tia re tshwarelele mo tumelong e e isang polokong.—Bahebera 1:1, 2; 2:3, 4.

14, 15. (a) Ke ka tsela efe Jude a ileng a tlhalosa lebaka la go fetola boikaelelo jwa lokwalo lwa gagwe? (b) Ke ka ntlha yang baruti ba maaka ba ka seke ba atlege mo go faposeng le go leswefatseng phuthego yotlhe ya Bokeresete?

14 E rile a tlhalosa ka go fetola boikaelelo jwa gagwe jwa go kwala, Jude o ne a tlhalosa ka gore:

“Gonne go na le batho bañwe ba ba kukunetseñ mo teñ, eboñ ba ba baakanyedicweñ tshekishō e, galè bogologolo; e le batho ba ba sa reñ Modimo sepè, ba hetola tshegōhaco ea Modimo oa rona bopèpè, ba itatola eo e leñ Muñ oa rona le Morèna oa rona eo o esi, eboñ Yesu Keresete.” (Yude 4)

Banna ba ba “kukunetseñ mo teñ” gareng ga Bakeresete ba boammaaruri ka boferefere ba ne ba ruta maaka. (Bapisa Bagalatia 2:4; 1 Yohane 2:19.) Jesu o ne a bolelela pele ka maikaelelo a mmaba a a baakanyeditseng go boduhatsa batho ba ga Jehofa, ka gobo a ile a bontsha gore Diabolo o tla jala “mohoka,” kana Bakeresete ba eseng bone, gareng ga “mabèlè,” kana balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete. (Mathaio 13:24-30, 36-43) Go nnile ga nna ka metlha le ditlhagiso tsa baaposetoloi ka botenegi, Petere ka papamalo o ne a umaka “baruti ba eseñ bōnè.”—2 Petere 2:1; Ditiho 20:29, 30; 2 Bathesalonia 2:3.

15 Lefa go ntse jalo, banna bao ba boikepo ga ba ketla ba atlega mo go sokamiseng kana go leswefatseng phuthego yotlhe. “Galè bogologolo,” le eleng pele ga Enoke yo o ikanyegang a ne a ka perofesa, banna ba ba ntseng jalo ba ne ba baakanyeditswe tshekiso e e botlhoko ya Modimo. (Genesise 3:15; 5:21-24; Yude 14:15) “Tshekishō e” go lebega e tlhagisiwa ke se se latelang mo lokwalong lwa ga Jude.

16. “Batho ba ba sa reñ Modimo sepè” ba ne ba le molato jang wa “go hetola tshegōhaco ea Modimo oa rona bopèpè,” mme phoso e ne e le fa kae mo go akanyeng ga bone?

16 Baruti bao ba maaka e ne e le ba ba “sa reñ Modimo sepè.” Ba ne ba leba batho ba ga Jehofa ba ba phepafaditsweng ka maikutlo a a itshekologileng le ka matlho a a seng phepa. Ka mo go fosagetseng, banna bao ba ba senang poifo ba ne ba feleletsa ka gore ereka Modimo o ne wa itshwarela ba pele e neng e le baakahadi, baobamedi ba medimo ya disetwa, bagokahadi, jalo le jalo, o tla nna kutlwelo-botlhoko e e lekanetseng go ka itshwarela motho yo ka bomo a tswelelang pele mo dibeng tse di ntseng jalo gape. Ka phoso ba ile ba akanya gore ba ka tlola melao ya Modimo ya boitsholo kwa ntle ga kotlhao, mme ba tsena mo seemong sengwe sa boikotlhao mme ba nne gareng ga batho ba ga Jehofa go fitlhelela nako e e tlang ba ya le dithato tsa boitlhapediso tsa sebe mme “ba hepise meōea e e akgakgègañ” ba e gogela mo boitsholong jo bo maswe. (2 Petere 2:14) Ka gone “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” ba ne ba le molato wa go “hetola tshegōhaco ea Modimo oa rona bopèpè.” Ele ruri ga ba a ka ba lemoga tota kana ba dumela gore boutlwelo-botlhoko jwa Modimo bo ne bo tlhapisa badumedi mo dibeng tsa bone mo mading a ga Keresete gore e tle e re morago ga moo ba latelele tsela e e siameng.—Baroma 6:11-23; 1 Bakorintha 6:9-11.

17. Ke ka tsela efe e gongwe bangwe ‘ba ka itatolang yo e leng ene Mong le Morena wa rona yo o esi,’ mme ba letetswe ke eng?

17 Fa ele gore mongwe wa rona, jaaka basupi ba ga Jehofa ba ba ineetseng, o ne a ka sala morago batho ba ba sa reng Modimo sepe mme ba nna batlhanka ba sebe go ikgotsofatsa mo keletsong ya bogagapa ya nama, re tla bo re “itatola” ene yo o re rekileng ka madi a a tlhokegang a gagwe. Re tla bo re tlhobosa Jesu Keresete jaaka Mong le Morena. (1 Bakorintha 7:22, 23) Ereka jaana tshenyego e letetse ba ba dirang seno, abo go le botlhokwa jang ne go ganela banna ba ba ntseng jalo ba ba boikepo!

Kgakololo e e Maatla ya Gompieno

18, 19. (a) Ke tsela nngwe efe ya sebe e bangwe ba ba ithayang ba re ke Bakeresete ba e latetseng? (b) Ba bangwe ba ile ba tlhotlhelediwa jang? (c) Ke kgakololo efe e e tlhotlheleditsweng e e tshwanetseng go thusa Bakeresete ba ba ikanyegang go tlhomelelwa ga botoka gore ba “nnè tlhōahalō go ganèlèla tumèlō”?

18 Gompieno ba se kae ba bao ba kopanelang le phuthego ya Basupi ba ga Jehofa ba ile ba batla go godisa dithuto tsa maaka le bopepe. Batho-ka-esi bano ba ba senang boitshwaro ba tlhokomologa maemo a Modimo a a siameng mme ele ruri ba diphatsa go Bakeresete ba ba ikanyegang.

19 Go a swabisa go bolela gore, balatedi ba ga Jesu Keresete ba ba dirang ka natla, ba ba ratang tshiamo ba ka tlhotlhelediwa ke dithuto tsa maaka le bopepe. Mme kgakololo ya ga Jude e e nonofileng e tla nonotsha ba ba ikanyegang gore ba seka ba ineela mo maitekong a a ntseng jalo a ga Satane go senya kamano ya bone le Jehofa Modimo. Mme jaanong jaaka re tswelela le kakanyetso ya lokwalo lo lo tlhotlheleditsweng lwa ga Jude, ekete re ka tlhomelelwa ga botoka gore re “nnè tlhōahalō go ganèlèla tumèlō.”

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona Aid to Bible Understanding, dits. 978, 979; “All Scripture Is Inspired of God and Beneficial,” dits. 259, 260, tse di gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

A o ka araba dipotso tseno?

◻ Lokwalo lwa ga Jude lo bua ka mabaka a fe a a ka senyang Bakeresete ba mmannete?

◻ Ke jang lokwalo lwa ga Jude lo leng mosola o montsi go rona gompieno?

◻ Ke ka ntlha yang bao Jude a neng a ba kwalela ba neng ba tla tlhoka boutlwelo-botlhoko, kagiso le lorato ka selekanyo se se oketsegileng?

◻ “Tumèlō e e sa leñ e neèlèlwa baitshepi rure” ke eng?

◻ Ke ka lebaka lefe Jude a ileng a kgothaletsa badumedi-ka-ene go ‘nna tlhoafalo go ganelela tumelo’?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

A wena, jaaka Bakeresete ba ba ikanyegang mo dipakeng tsotlhe, ka tsholofelo o ‘tlhoafaletse go ganelela tumelo’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela