Go Oketsega ga Lesedi mo Metlheng Eno
“Me tselana ea mosiami e nntse yaka lesedi ye le phatsimañ, ye le phatsimelañ pele hèla go ea motshegariñ o mogolo.”—Dia. 4:18.
1. Re setse re sekasekile bosupi bofe kaga go dirafala ga Diane 4:18?
REKOTO ya Bibela go tloga ka Genesise go ya go Tshenolo e bontsha gore tsela ya batlhanka ba ga Jehofa eleruri e nnile jaaka lesedi le le phatsimang leo le ntseng le phatsimela pele. (Dia. 4:18) Mo metlheng ya ga Jesu le ya baaposetoloi ba gagwe bontsi jwa dipolelelo-pele tse di amanang le Mesia di ne tsa tlhaloganyega, fela jaaka Mathaio le bakwadi ba bangwe ba Efangele ba tlhomamisitse jalo. Le go goromediwa ga moya wa Modimo ka Pentekoste le go isetsa Baditšhaba “Mahoko a a Molemō” go ne ga tsamaelana le go sedimosiwa mo go oketsegileng ga Lefoko la Modimo.—Dit. 2:14-36; 10:34-43; 15:6-21.
2. (a) Ke eng se se bakileng lobaka lwa lefifi le le khurumeditseng bao ba neng ba re ke balatedi ba ga Jesu Keresete? (b) Ke eng se se nnileng le seabe se segolo mo tirong ya go kgaoganya thobo?
2 Lefa go ntse jalo, morago ga loso lwa baaposetoloi lobaka lwa lefifi lo nnile lwa hupetsa bao ba neng ba re ke Bakeresete ka iketlo. “Diphiri tse di setlhogo” di ne tsa laola. (Dit. 20:29, 30) Go ne go ntse fela jaaka Jesu a boleletse-pele mo go sengwe sa ditshwantsho tsa gagwe. O ile a tshwantsha bogosi jwa legodimo le “motho eo o kileñ a yala peo e e molemō mo tshimoñ ea gagwè.” Mme “mmaba oa gagwè a tla a yala mohoka le ōna mo mabeleñ.” Ka ntlha ya moo, mofoka o ne o le ntletse-ntletse mo tshimong eo ya bodumedi ya lefatshe ka bophara ka makgolokgolo a dingwaga. Mme ka lobaka lwa thobo go a kgaoganngwa. Lobaka lwa thobo jaanong le mo go rona, ka go bo “thōbō ke bokhutlō yoa lehatshe.” Mo go itumedisang, setlhopha sa “mabèlè” sa Bakeresete ba boammaaruri se setse se phuthilwe. Dintlha di bontsha gore lesedi le le ntseng le phatsimela pele mo tselaneng ya Bakeresete bano le na le seabe se segolo thata mo go ba kgaoganyeng mo “mohokeñ” wa baikepi, bao bokhutlo jwa bone e leng go bolawa.—Math. 13:24-30, 36-43.a
Lesedi kaga Jehofa Modimo le Lefoko la Gagwe
3, 4. Diithuti tsa Bibela tsa pele di ile tsa ithuta go lemoga dintlha dife malebana le Mmopi, e leng Jehofa Modimo?
3 Mo tshimologong ya bo-1870 setlhopha sa Diithuti tsa Bibela tse di pelo-ephepa, tse di sosologileng se ile sa simolola go rakanela go ithuta Lefoko la Modimo kwantle ga go tlhotlhelediwa ke dikgopolo dipe. Mo boemong jwa gore ba gogiwe ke dithuto tsa La-Bodumedi, ba ile ba nta gore ba gogiwe ke Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. Botlhale, go utlwala, go tsamaisana mmogo le maatla a molaetsa wa Bibela di ne tsa phatsimela mo dipelong tsa bone. Ba ne ba kgotsofala—mo go fapaaneng le dithuto tse di neng di le gona tsa go sa dumele Modimo le tsa dithuto-tlhagelelo—ka nnete ya motheo ya gore tota go na le Mmopi yo o botlhale. Ba ile ba kgona go bona gore “ditiro di tshwanetse tsa kgonwa ka nonofo e e di lekaneng” le gore “bogolo jwa popo, tekatekano ya yone, bontle jwa yone, tolamo ya yone, go nyalana ga yone, mefuta-futa ya yone” di supa kaga Gagwe e le Mologa-maano yo mogolo.b (Bar. 1:20) Gape ba ne ba bona kutlwisiso e e phepafetseng ya botho jwa Mmopi, gore o na le dinonofo tse dikgolo kana tsa motheo di le nne, e leng botlhale jo bo sa khutleng, maatla a a senang selekanyetso, tshiamiso e e itekanetseng le lorato lo lo senang go bapisiwa.—Dute. 32:4; Pes. 62:11; Dia. 2:6, 7; 1 Yoh. 4:8.
4 Go feta moo, ba ile ba ithuta go lemoga gore Modimo “o cwa kwa bosasimologeñ le go ea kwa bosakhutleñ” le gore leina la ona ke Jehofa. (Pes. 83:18; 90:2) Ba ile ba lemoga gore thuto e kgolo ya La-Bodumedi—e leng thuto ya tharonngwe—ga e utlwale ebile ga e yo mo Dikwalong. Lesedi la Bibela le ne la ba bontsha gore Modimo ke “Yehofa o moñwe hèla,” gore Jesu ke Morwa Modimo (ene ka boene a ipolela gore Rraagwe ‘o mogolo bogolo go ena’) le gore moya o o boitshepo wa Modimo ke ‘maikatlapelo a Modimo ao o a dirisetsang go dira ditiro tse di farologaneng.’c—Mar. 12:29; Yoh. 14:28; Dit. 2:17, 18.
5. Barati bao ba boammaaruri ba ile ba ema kae malebana le Bibela?
5 Ka bopelokgale le ka tlhatswego-pelo ba ne ba rera gore Bibela ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng; le gore go ya ka dinonofo tsa Modimo go a utlwala go lebelela gore Mmopi o tla tlamela ka tshenolo ya bomodimo gore e goge motho. Ba ile ba tlhalosa Bibela jaaka “lebone la tlhabologo le la kgololesego.” Ke “buka ya bogologolo go di gaisa tsotlhe; e falotse ditsuatsue tsa dingwaga di le makgolo a le masome a mararo.” Go feta moo, “dibuka tsotlhe tse dingwe fa di kopantswe mmogo di reteletswe ke go tlisetsa lobopo lo lo fegelwang boipelo, kagiso le tshegofatso tseo Bibela e di tlisitseng.”d Diithuti tseno tse di pelo-e-phepa di ne tsa bona gore bakwadi ba Bibela ba ne ba na le maitlhomo a a itshekileng ka matshelo a bone a a seng bogagapa, a a intshang setlhabelo. Ka bokhutshwane, ba ile ba lemoga gore ‘Bibela e tlhalosa motswedi o o bakileng bosula sentle ebile ka go nyalana, le gore e bolela ka kalafi le matswela a bofelo; le gore e goga batlhanka ba ga Jehofa Modimo ebile e a ba nitamisa.’
Jesu Keresete le Bogosi
6. Diithuti tseno tsa Bibela di ile tsa lemoga dinnete dife malebana le Jesu Keresete?
6 Go tloga mo tshimologong, Diithuti tseno tsa Bibela tse di tlhoafetseng, jaaka ba ne ba ikaya jalo, ka phepafalo ba ile ba tlhaloganya dinnete tsa motheo malebana le Jesu Keresete. Ke “Morwa Modimo [yo o tsetsweng a le esi].” O ne a tshela pele ga fa a nna motho. O ile a neela botshelo jwa gagwe jaaka “thèkololō ea botlhe.” O ile a tsosiwa jaaka moya mme a tlhatlogela kwa legodimong jaaka moya, mme ebile o ne a tshwanetse go boa jaaka moya—e le Kgosi ya Bomesia e e sa bonaleng ya bogosi jwa Modimo. Eleruri kgang ya go tla ga bobedi ga ga Keresete ke ya botlhokwa tota: Ka ntlhayang, jang le gore leng?—Yoh. 3:16; 17:5; 1 Tim. 2:5, 6; 1 Pet. 3:18.
7. Lesedi le le oketsegang le ile la senola eng malebana le bogosi jwa Modimo gammogo le masego a jone?
7 Lesedi le le ntseng le oketsegela pele le ne la sedimosetsa Bakeresete bano kaga botlhokwa jwa bogosi jwa ga Jehofa jaaka e le kalafi e le yosi ya malwetsi a setho. Bogosi joo bo dirwa ke Jesu Keresete le bankane ba gagwe ba le 144 000, bao ba rekilweng mo bathong, ebile ba busa nae jaaka dikgosi le baperisiti ka dingwaga di le 1 000. Mo motheong wa setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete, Kgosi e tsosa botlhe ba ba rekolotsweng mo diphupung, ba na le tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Ka gone Bibela e bontsha gore go tla nna le diphelelo tse pedi go batho ba ba bolokilweng bao—e leng phelelo ya selegodimo ya “lecomanyane” la barua-boswa ba Bogosi, le botshelo mo lefatsheng jwa “dinku di sele” tsa ga Jesu, tseo di akaretsang “boidiidi yo bogolo” jwa bafalodi ba “sepitla se segolo” go gaisa mo lefatsheng gammogo le didikadike tse dintsi-ntsi tseo di leng mo diphupung tseo di tla tswang di tla go ipelela botshelo mo paradaiseng ya lefatshe.—Luke 12:32; Yoh. 5:28, 29; 10:16; Tshen. 7:9, 14; 14:1, 4; 20:6.
8. Go ile ga amogelwa kutlwisiso efe kaga moya wa motho le boemo jwa baswi?
8 Lesedi le le oketsegelang pele gape le senoletse diithuti tseno tsa Bibela tse di sosologileng gore dithuto tsa La-Bodumedi kaga sebopego sa moya wa motho le seemo sa baswi di fositse gotlhelele! Ba ile ba bona ka phepafalo gore fa Adame a ne a bopiwa o ile a nna ‘moya o o tshedileng,’ le gore fa a ne a boela mo mmung ka ntlha ya go tlhoka kutlo ga gagwe, o ile a swa jaaka moya, a sa tlhole a le teng fela. Ee, o ile a boela mo loroleng loo a tserweng mo go lone la ntlha. Mo seemong sa loso ga go na go ikutlwa gope, ga go na tiro epe. (Gen. 2:7; 3:19; Mor. 9:5, 10) “Maduō a boleo ke losho,” e seng tlhokofatso ya bosakhutleng. Dihele tse di fisang le pakatori e e tlhokofatsang di gona fela mo megopolong ya barata-bodumedi ba ba sa sedimosediwang sentle. Ereka motho tota a khutla go nna teng faa swa, ke ka moo go tlhokafalang gore o ka tsosiwa, gore a bone molemo mo setlhabelong sa ga Keresete.—Bar. 6:23.
Dipatelesego tsa Bokeresete
9. Bakeresete ba ba sedimoseditsweng bano ba ne ba ema kae malebana le boitshepo?
9 Bakeresete bano gape ba ne ba le masisi kaga seo Bibela e se bolelang kaga boitshepo jwa boammaaruri. Seno ga se a tshwanelwa go tlhakatlhakanngwa le boitekanelo kana boitshepo jo motho a itshemang a na najo. Ba ile ba lemoga gore ba tshwanetse ba tshela go dumalana le melao-metheo ya Bibela jaaka, “A nyalō e tlotlwè mo go botlhe, me a bolaō bo se leshwehadiwe: gonne Modimo o tla sekisa bagokahadi le baboaka.” (Baheb. 13:4) Ba ile ba lemoga gore ga baa tshwanela go budulalela ditlwaelo tse di etsang kgokafalo, boaka le bosodoma mo gare ga bone—tseo Bibela e di ganetsang. (1 Bakor. 6:9, 10) Ka mo go tshwanang, ba tshwanetse go tila go tlola molao ga mefuta yotlhe, ba ntshetsa “Kaesare dilō tse e leñ tsa ga Kaesare,” gammogo le “Modimo tse e leñ tsa Modimo.” Ba tshwanetse ba ikanyega mo go sengwe le sengwe se ba se dirang le ba bangwe, ba tshela ka molao wa Bokeresete o o reng: “Me hèla yaka lo rata batho ba lo dihèla, le Iona lo ba dihèlè hèla yalo.”—Math. 22:21; Luke 6:31.
10. Bakeresete bano ba ile ba lemoga boammaaruri bofe go sale gale kaga thomo ya Bokeresete?
10 Go bonala gore Bakeresete bano ba ne ba amegile segolo ka go tlhagolela botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete. Gape, ba ile ba bona go tlhokega gore ba neele bosupi ka Modimo le Jesu. Ba ile ba lemoga gore Mokeresete mongwe le mongwe, fa a setse a amogetse lesedi la boammaaruri, o ne a patelesegile go anamisetsa ba bangwe lesedi leo. Ba ile ba lemoga tlhokafalo ya go nna badihedi ba Modimo, ba phatsimisa lesedi la bone ka boitsholo jo bontle jwa Bokeresete gammogo le ka lefoko la molomo. (Math. 5:14-16) Tota-tota, go sa le gale thata go ile ga opiwa mokgosi o o reng: “Go Batlega Bareri ba le 1 000.” E ne e le boikuelo jo bo kgethegileng mo go bao ba senang maikarabelo a lelapa bao ba neng ba ka dirisa sephatlo kana go feta mo nakong ya bone gore ba anamise “Mahoko a a Molemō” ka dikgatiso.
11. Motho o ne a tshwanetse go tsaya dikgato dife gore a nne modihedi wa Mokeresete, mme ke ka ntlhayang fa go farologanngwa ga baruti mo bakereking go ile ga ganwa?
11 Gore mongwe le mongwe a nne modihedi wa Mokeresete, o tshwanetse go dumela Lefoko la Modimo, a ikwatlhaya, a sokologa a bo a dumela mo Modimong le mo go Jesu Keresete jaaka Morekolodi wa setho. Motho yoo o tshwanetse a nna “boitshèpō” go Modimo, gore a dire thato ya Ona le go kolobediwa ka go inwa ka botlalo mo metsing. (Dit. 3:19; Math. 28:19, 20) Ereka Bakeresete bano e ne e le badihedi botlhe, ba ile ba gana go nna le kgethololo ya baruti mo bakereking. Lefa go ntse jalo, mo Lefokong la Modimo ba bile ba lemoga tlhokafalo ya go tlhopha banna ba ba tshwanelegang jaaka “bagolwane” le “batlhanka ba bodihedi” gore ba tlhokomele ditlhokafalo tsa phuthego nngwe le nngwe.—Bafil. 1:1; 1 Tim. 3:1-10, 12, 13.
12. Bano ba ile ba ithuta boammaaaruri bofe kaga mekgatlho, mme go ile ga latela eng ka ntlha ya moo?
12 Jaaka lesedi le ne le ntse le oketsega, temogo ya bone ka botlhokwa jwa go anamisa leina la ga Jehofa gammogo le bogosi jwa gagwe jaaka tsholofelo ya setho e le yosi e ile ya oketsega segolo-bogolo. Gape ba ile ba bona gore go na le diphuthego di le pedi fela mo lobopong lotlhe le gore mongwe le mongwe o nna wa phuthego ya Modimo kana ya ga Satane, e le gore ya ga Satane yone mo lefatsheng e emelwa ke bagwebi ba bagolo, dipolotiki tse dikgolo le bodumedi jo bogolo. Phuthego ya selegodimo ya Modimo ya dibopiwa tse di ikanyegang tsa moya e emelwa mo lefatsheng ke basupi ba gagwe ba ba rulagantsweng sentle. (Bagal. 4:26; 2 Bakor. 4:4) Go phepafala gore Bakeresete ga baa tshwanela go itshunya mo dipolotiking kana ba kopanela mo go lweng ga merafe; tota-tota e bile ga ba ne ba nna le seabe mo go laoleng merafe. Batlhanka ba ga Jehofa Modimo ba tshegetsa bogosi jwa gagwe le go bo lwela, lemororo e se ka dibetsa tsa nama.—Math. 26:52; Yoh. 15:19; 18:36; 2 Bakor. 10:4; Yak. 1:27; 4:4.
13. Diithuti tseno tsa Bibela di ile tsa amogela leina la “Basupi ba ga Jehofa” ka ntlha ya go tlhaloganya ntlha efe e e tlhomologileng, mme ke ka ntlhayang fa le ne le tshwanetse?
13 Fa nako e ntse e ya batlhanka ba ba ikanyegang bano ba ga Jehofa ba bile ba lemoga gore go tlhatswiwa ga leina la ga Jehofa ke kgang e kgolo e e lebaneng le batho, le gore seno se botlhokwa-tlhokwa go gaisa tota le poloko ya dibopiwa tsa batho. Seno eleruri e ne e le phatsimo e kgolo thata ya lesedi, e phatsima thata go gaisa epe e e kileng ya tlhaloganngwa pele ga moo. Boammaaruri jo bo tlhomologileng jono bo ile jwa dira gore pharologano magareng a bodumedi jwa Bokeresete jwa boammaaruri le jwa maaka e bonale segolo. Erile fela boammaaruri jono jo bo bokete bo tlhaloganngwa, ga go a ka ga tsaya lobaka gore Bakeresete ba bone gore leina la bone (Diithuti tsa Bibela), lemororo le ne le se phoso, le ne le sa ba tlhaole ka mo go lekaneng. Ka go bo thomo ya bone e kgolo le boikaelelo mo botshelong e ne e se fela go nna baithuti ba Bibela mme gape le go nna basupi ba ga Jehofa. Ebile leina “Diithuti tsa Bibela” ga lea ka la ba farologanya mo dimilioneng tse dintsi tsa bao ba neng ba iphaka gore ba ithuta Bibela mme, lefa go ntse jalo, e le gore ba tlaleletsa mo phosong ya dingwao. Ka jalo ka maatla a a sedimosang a moya o o boitshepo wa Modimo ba ile ba bona gore leina le le neng le ba tlhaola sentle e bile ka go tlhomologa le ne le fitlhelwa go Isaia 43:10-12, e leng “Basupi ba ga Jehofa.” Ka 1931, ba ile ba amogela leina leno ka boipelo.
Lesedi kaga Dipolelelo-pele le Ditshwantsho
14. Lesedi le le oketsegang le ile la senola kutlwisiso efe malebana le dipolelelo-pele tsa pusetso?
14 Go fitlha mo nakong eno, batho ba bantsi ba ne ba kaya gore go boela ga Bajuda kwa nageng ya gaabo go ne go diragatsa boperofeti jwa Bibela. Mme nnya, dipolelelo-pele tseno tsa go busediwa tse dintle le tse di kgothatsang di ne tsa simolola go diragadiwa bogologolo mo lekgolong la borataro B.C.E. fa Bajuda ba ne ba boa go tswa kwa Babilona, ebile tirafatso ya tsone e kgolo e dirafala mo motlheng wa rona mo Iseraeleng wa semoya. Re bona tlhomamiso ya tiragatso ya tsone mo paradaiseng ya semoya eo “Iseraela oa Modimo” wa gompieno gammogo le bankane ba bone ba ba ikanyegang ba iphitlhelang mo go yone.—2 Bakor. 12:4; Bagal. 6:16.
15, 16. Lesedi le ile la phatsimela ditshwantsho tse pedi tsa ga Jehofa jang?
15 Le ditshwantsho tsa ga Jesu le tsone di ne tsa tlhaloganngwa sentle bogolo. Sekao se se tlhomologileng ke setshwantsho sa dinku le dipodi, se se kwadilweng go Mathaio 25:31-46. Ka lobaka lo loleele go ne go akanngwa gore setshwantsho seno se ne se tla diragadiwa ka nako ya puso ya ga Keresete ya dingwaga di le 1 000. Mme ka nako eo Basupi ba ga Jehofa ba ne ba lemoga gore tota se ne se se kitla se raya lobaka loo. Mo gare ga mabaka a mantsi go ne go na le la gore ka nako ya puso ya ga Keresete ya dingwaga di le sekete “bonnake” ba gagwe ba ne ba tla bo ba se mo lefatsheng, go sa buiwe ka go nna batlhoki ka ntlha ya go lwala kana go bogisiwa. Ka jalo se tshwanetse go diragadiwa jaanong, fa Jesu yo o beilweng mo setulong sa bogosi mo legodimong a phutha merafe gore a e atlhole. Seno se tlhomamisiwa ke dintlha tse di bonalang mo tiragatsong eno.
16 Ka mo go tshwanang, setshwantsho sa monna wa mohumi le Lasaro se ile sa sedimosiwa. Go ile ga lemogiwa gore monna wa mohumi o ne a sa emele morafe otlhe wa Bajuda, mme o ne a emela baeteledi-pele ba bodumedi ba ba humileng ba baitimokanyi ba motlha wa ga Jesu, mme gape le baruti ba La-Bodumedi ba ba tshwanang nabo ba motlha wa rona.—Luke 16:19-31.
17. Ba ile ba bona kutlwisiso efe e e tlhokomelesegang kaga buka ya Tshenolo?
17 Ka mo go tshwanang, lesedi le le oketsegileng le ne la dira gore batlhanka ba ga Jehofa ba lemoge gore tirafatso e e tlisang phetogo ya boperofeti jwa buka ya Tshenolo e ne e tla simolola ka “letsatsi ya Morèna,” ke gore, go tloga ka 1914, mme e sa dirafale mo ditiragalong tsotlhe tsa phuthego ya Bokeresete go tloga ka metlha ya Baaposetoloi go fitlha gompieno, jaaka go kile ga akanngwa. (Tshen. 1:10) Ba ile ba tlhaloganya gore go simolola ga “letsatsi ya Morèna” go tshwailwe ke ntwa kwa legodimong eo mo go yone Mikaele (e leng Jesu Keresete yo o mo setulong sa bogosi) le baengele ba gagwe ba ne ba ntsha Satane le baengele ba gagwe mo legodimong. (Tshen. 12:1-12) Batho ba ga Jehofa ba ile ba itumela thata fa ba lemoga gore tiro ya bone ya Bogosi e boleletswe-pele, bogolo jang mo go Tshenolo dikgaolo 2, 3, 6-11.
Thulaganyo ya Bolegodimo
18. Go ile ga ithutiwa eng kaga thulaganyo ya bolegodimo mo diphuthegong tsa Bokeresete, mme seno se ile sa dirisiwa jang?
18 Go ka neelwa dikai di le dintsi thata kaga go oketsega ga lesedi mo metlheng eno, mme sebaka se letlelela fela gore re ka umaka se le sengwe gape. Seno se amana le molao wa bolegodimo kana thulaganyo e e laolwang ke Modimo. Go ya kwa bokhutlong jwa dingwaga tsa lekgolo la bo-19, Diithuti tsa Bibela di ne di laola diphuthego tsa bone ka gore letsomane le tlhopha mang: ba ne ba batla go tlogela mokgwa wa gore setlhopha se se rileng se laole se le esi. Mme mo ngwageng wa 1938 ba ile ba lemoga gore thulaganyo eno ya gore letsomane le tlhophe e ne e sa tshegediwe ke Dikwalo. E ne e sa tsamaisane le thulagano ya bolegodimo, eo e leng taolo e e tswang go Modimo go ya kwa tlase, bogolo go go tswa mo bathong go ya kwa godimo. (Isa. 60:1, 17-19) Ka jalo mo metlheng ya bosheng jaana, ka go kaelwa ke moya o o boitshepo, “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale”e ke ene yo o tlhophang banna ba mo diphuthegong gore ba direle jaaka bagolwane le batlhanka ba bodihedi. (Dit. 20:28) Ba ne ba tshwanetse ba nna le ditshwanelego tsa Dikwalo tse di umakilweng go 1 Timotheo 3:1-13 le Tito 1:5-9.
19. Ke ka ntlhayang fa go ne go sa letlelelwa gore lesedi le le tletseng le ne le ka tla ka gangwe fela?
19 Eleruri, dintlha tsotlhe tse di fa godimo di bontsha gore tsela ya batho ba ga Jehofa e nnile ya tshwana le lesedi le le phatsimang leo le ntseng le phatsimela pele, ebile go santse go ntse jalo. (Dia. 4:18) Erile fa ba tswa mo lefifing le le kwenneng le le khurumeditseng “BabeIona o Mogolo,” e leng mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, go ne go sa lebelelwa gore ba ne ba tla bona dilo tsotlhe ka gangwe mo leseding la boammaaruri. (Tshen. 17:5) Go phatsima ga boammaaruri jo bo senotsweng go ka bo go ba foufaditse, kana ga ba kopanya ditlhogo ka tsela ya semoya. Seno se ka bapisiwa le motho yo o tswang mo kamoreng e e lefifi-fifi a tsena mo letsatsing la motshegare le le phatsimang tota. Go tla tlhoka nakonyana gore matlho a motho yoo a tlwaele lesedi la letsatsi le le phatsimang ka tshoganetso jaana.
20. (a) Lesedi le le oketsegang la boammaaruri le senotse dilo di le kana-kang? (b) Go santse go setse gore go arabiwe potso efe?
20 Ebile, jaaka re setse re bone, lesedi le le ntseng le oketsega la boammaaruri le amana le dilo tse dintsi. Go na le go tlhaloganngwa mo go tokafaditsweng thata kaga dithuto, dipolelelo-pele, boitsholo jwa Bokeresete le thomo ya Bakeresete, kaga bokao jwa ditshwantsho tsa ga Jesu, kaga go rulaganya phuthego sentle, jalo le jalo. Gotlhe mo go phepafetse mo go lekaneng. Mme ba bangwe ba ka nna ba botsa ba re: Ke ka ntlhayang fa go bonala ekete tsela ya Bakeresete ba boammaaruri ga e ye kwa pele e tlhamaletse? Go ka tlhalosiwa jang? Gore mmadi a bone dikarabo tsa dipotso tseno re re a bale setlhogo se se latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona ditsebe 102, 103 mo bukeng ya “Let Your Kingdom Come,” e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Studies in the Scriptures, Vol. 1, dits. 29-35.
c “The Watch Tower Reprints,” Vol. 1, dits. 369-371.
d Studies in the Scriptures, Vol. 1, p. 38.
e Jesu Keresete o boleletse-pele gore o ne a tla laodisa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” dilo tsotlhe tsa gagwe gore a neele balatedi botlhe ba gagwe dijo tsa semoya. Dintlha tse di fa godimo di bontsha gore “motlhanka” yo ke setlhopha se se kopaneng mme ebile se amana le basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa.—Math. 24:45-47.
[Lebokoso mo go tsebe 26]
Batlhanka ba metlha eno ba ga Jehofa ba ile ba tlhaloganya go sa le gale gore:
Jehofa ke Modimo o le esi wa boammaaruri mme Jesu Keresete ene ke Morwa wa gagwe yo o tsetsweng a le esi.
Moya o o boitshepo ke nonofo e e tlhagafetseng ya Modimo.
Moya o a swa mme tsholofelo ya baswi e mo tsogong.
Keresete o tla nna le babusi-mmogo ba le 144 000 kwa legodimong, fa setho sotlhe se se kutlo se tla amogela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise.
Fa nako e ntse e tswelela gape ba ile ba lemoga:
Gore Modimo o ile wa letlelela boikepo ka ntlha ya kganetsano kaga bolaodi jwa lobopo lotlhe.
Gore dipolelelo-pele tsa pusetso di ama Iseraele wa semoya.
Gore go diragadiwa ga Tshenolo go tla ka “letsatsi ya Morèna.”