Latela Lesedi la Lefatshe
“Eo o ntshalañ moragō . . . o tla nna le lesedi ya botshelō.”—YOHANE 8:12.
1. Lesedi le botlhokwa go le kana kang?
RE NE re ka dira eng kwantle ga lesedi? A o ko o akanye fela o tsoga letsatsi le letsatsi mme o kopantshiwa ke lefifi la diura tse 24 ngwaga otlhe. A ko o akanye fela ka lefatshe le sena mmala, ka gonne fa go sena lesedi mmala ga o nne gone. Eleruri fa go ka bo go sena lesedi, le rona re ka bo re seyo! Ka ntlha yang? Ka gonne dimela tse ditala di dirisa lesedi mo thulaganyong ya photosynthesis, go dira dijo tseo re di jang—dithoro, merogo, le maungo. Gone ke boammaaruri, ka dinako tse dingwe re ja nama ya diphologolo. Mme lefa go ntse jalo diphologolo tseo di a bo di jele dimela kana diphologolo tse dingwe tseo di neng di tshela ka dimela. Ka jalo, matshelo a rona a senama a ikaegile gotlhelele ka lesedi.
2. Go na le metswedi efe e e nonofileng ya lesedi, mme seno se re bontsha eng kaga Jehofa?
2 Lesedi le re nang le lone le tswa mo letsatsing, leo e leng naledi. Lefa letsatsi le re nang le lone le gasa lesedi le lentsintsi, lefa go ntse jalo, le santse e le naledi ya bogolo jo bo fa gare fela. Go na le tse dintsi tseo di le fetang thata ka bogolo. Mme lesagaripana la dinaledi leo re nnang fa gare ga lone la Milky Way, le na le dinaledi di feta dimilione di le makgolo a a sekete. Mo godimo ga moo, go na le masagaripana a le diketekete tsa dimilione a se kana ka sepe a dinaledi mo lobopong. Abo seno e le bontsi jo bo boitshegang jwa dinaledi! Abo di tlhagisa lesedi le lentsi jang ne! Abo Jehofa, ebong ene yo o tlhodileng dilo tsotlhe tseno e le motswedi yo o maatla jang ne wa lesedi! Isaia 40:26 e bolela jaana: “Kalèlañ matlhō a lona godimo, me lo bōnè eo o tlhodileñ dilō tse, eo o bolotsañ leshomōshomō ya cōna ka palō; o di bitsa cotlhe ka maina; ke ka bogolo yoa nonohō ea gagwè, le ka go bo a nonohile mo thateñ, ha go se sepè se se tlhōkahalañ.”
Mofuta O Mongwe wa Lesedi
3. Lesedi le le tswang kwa go Jehofa le botlhokwa go le kana kang?
3 Jehofa gape ke Motswedi wa mofuta o mongwe wa lesedi, leo le dirang gore re kgone go bona ka tsela ya semoya, re sedimoge semoyeng. Bukantswe nngwe e tlhalosa lefoko “enlighten,” (go sedimosa), jaana: “Go neela kitso: go kaela; go neela temogo ya semoya.” E tlhalosa “enlightened,” (sedimogile), e le: “go gololwa mo go tlhokeng kitso le mo go nneng le kitso e e latlhang.” Tshedimoso ya semoya e e tswang kwa go Jehofa e neelwa ka kitso e e tlhomameng kaga Lefoko la gagwe, Bibela. Ke sone seo se dirang gore re kgone go itse gore Modimo ke mang le gore maikaelelo a gagwe ke afe. “Ka e le Modimo o o rileñ, Lesedi le tla phatsima le cwa mo lehihiñ, ko ōna o o phatsimileñ mo dipeduñ tsa rona, go re naea lesedi ya kicō ea kgalalelō ea Modimo mo sehatlhogoñ sa ga Yesu Keresete.” (2 Bakorintha 4:6) Ka jalo, boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo bo re golola mo go tlhokeng kitso le mo go nneng le kitso e e latlhang. Jesu o ne a re: “Lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.”—Yohane 8:32.
4, 5. Kitso e e tswang kwa go Jehofa e direla jang jaaka lesedi mo matshelong a rona?
4 Jehofa, Motswedi wa tshedimoso ya boammaaruri ya semoya, o “boitekanèlō mo kicoñ.” (Yobe 37:16) Gape, Pesalema 119:105 e bolela jaana kaga Modimo: “Lehoko ya gago ke lobōnè loa dinaō tsa me, le lesedi ya tsela ea me.” Ka jalo ka tsela ya semoya, o ka se re bonesetse kgato e e latelang fela ya botshelo mme gape le tsela e e fa pele ga rona. Fa lesedi leo le ka bo le seyo, botshelo bo ne bo tla tshwana le go kgweetsa koloi mo tseleng e e itsoketsang ka thaba mo lefifing la bosigo go sena dipone mo koloing lefa e le gope fela go sele. Lesedi la semoya le le tswang kwa Modimong le ka bapisiwa le lesedi le le bonesiwang ke dipone tsa koloi. Lesedi leno le bonesa tsela gore re kgone go bona gore tota re ya kae.
5 Boperofeti jo bo mo go Isaia 2:2-5 bo bontsha gore mo motlheng wa rona Modimo o kokoanya batho ba merafe yotlhe ba ba batlang tshedimoso ya semoya gore ba tle ba ithute tsela eo ba ka obamelang ka boammaaruri ka yone ba bo ba e dirise. Temana 3 ya re: “O tla re ruta ditsela tsa gagwè, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwè.” Temana 5 e laletsa batho ba ba batlang boammaaruri jaana: “Ntloñ, me a re sepeleñ mo lesediñ ya ga Yehofa.”
6. Lesedi le le tswang kwa go Jehofa e tla re kgabagare le re gogele kae?
6 Ka jalo, Jehofa ke motswedi wa mefuta e mebedi ya lesedi le le tlhokafalang mo botshelong: le le bonalang le la semoya. Lesedi le le bonalang le thusa mebele ya rona gore e tswelele pele e tshela gone jaanong, gongwe dingwaga di ka nna 70 kana 80. Mme lefa go ntse jalo lesedi la semoya le gogela kwa botshelong jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Ke fela jaaka Jesu a ne a bolela jaana fa a rapela Modimo: “Me Botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.”—Yohane 17:3.
Lefatshe Le mo Lefifing la Semoya
7. Ke ka ntlha yang fa re tlhoka tshedimoso ya lesedi gone jaanong go feta lefa e le leng pele?
7 Gompieno re tlhoka lesedi la semoya go feta lefa e le leng pele. Boperofeti jo bo tshwanang le Mathaio kgaolo 24 le 2 Timotheo kgaolo 3 bo bontsha gore re gaufi le bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo. Boperofeti jono mmogo le jo bongwe bo ne bo bolelela pele ka dilo tseo di diragetseng mo nakong ya rona, bo re itsise gore re mo “metlheñ ea bohèlō.” Tumalanong le boperofeti joo, lekgolo leno la dingwaga le ile la nna le matlhomolapelo a a seng kana ka sepe. Bokebekwa le thubakanyo di ile tsa gola ka selekanyo se se boifisang. Dintwa di bolaile batho ba feta dimilione di le lekgolo. Malwetsi, a a tshwanang le bolwetsi jo bo boifisang jwa AIDS, a tshosetsa batho ba le dimilionemilione, ebile go setse go sule ba le 160- 000 kwa United States fela ba bolawa ke AIDS. Botshelo jwa lelapa bo a reketla mme boitsholo jo bontle jwa kafa dikobong bo lejwa bo siilwe ke nako.
8. Batho ba lebane le boemo bofe gone jaanong, mme ka ntlha yang?
8 Mokwaledimogolo wa pele wa Lekgotla la Merafe E E Kopaneng ebong Javier Pérez de Cuéllar o ne a bolela jaana: “Seemo sa lefatshe se supa gore kwantle ga pelaelo lehuma [le koafatsa] kutlwano ya ditšhaba.” O ne a umaka gore “batho ba feta [dimilione tse di sekete] jaanong ba mo lehumeng la nta ya tlhogo” le gore “seno se ile sa etleetsa dilo tseo di bakang bothubaki.” O ne a re “matshwenyego ano a a masisi a palela dilo tseo mebuso e lekang go di dirisa go a fedisa.” Mme tlhogo ya lekgotla lengwe le le reediwang thata o ne a gatelela jaana: “Bothata jwa konokono jo bo lebaganeng le setšhaba ke gore jaanong ga se laolege.” Abo mafoko a Pesalema 146:3 a le boammaaruri jang ne: “Lo se ka loa ikanya dikgōsana, leha e le ñwana oa motho, eo go senañ thushō epè mo go èna.”
9. Ke bomang ba ba nang le seabe se segolo mo go direng lefifi le le apesitseng batho, mme ke mang yo o ka re ntshang mo tlhotlheletsong eno?
9 Boemo jwa gompieno bo ntse fela jaaka Isaia 60:2 e ne ya bolelela pele: “Bōna, lehihi le tla bipa lehatshe, le lehihi ye lenchoncho le tla bipa dichaba.” Lefifi leno le le apesitseng bontsintsi jwa baagi ba lefatshe le bakiwa ke go bo ba sa amogele lesedi la semoya le le tswang kwa go Jehofa. Mme lebaka la konokono la go nna gone ga lefifi la semoya ke Satane Diabolo le badimona ba gagwe, baba ba bagolo ba lesedi la Modimo. Ke “babusi ba lehatshe ye le lehihi ye.” (Baefesia 6:12) Jaaka 2 Bakorintha 4:4 e bolela, Diabolo ke “modimo oa lehatshe yeno,” yo o “houhaditseñ megopolō ea ba ba sa dumeleñ, gore lesedi ya Mahoko a a Molemo a kgalalèlō ea ga Keresete eo e leñ sechwanō sa Modimo, le se ka ya ba phatsimèla.” Ga go na puso epe ya motho e e ka fedisang tlhotlheletso ya ga Satane mo lefatsheng. Modimo ke ene fela a ka kgonang.
“Lesedi ye Legolo”
10. Isaia o ne a bolelela pele jang gore mo motlheng wa rona lesedi le ne le tla bonesiwa mo bathong?
10 Lefa go ntse jalo, lefa lefifi le lenchoncho le apesitse bontsi jwa batho, Lefoko la Modimo gape le ne la bolelela pele jaana mo go Isaia 60:2, 3: “Me wèna, Yehofa o tla gu tlhabèla, le kgalalèlō ea gagwè e tla bōnala mo go wèna. Me merahe e tla tla lesediñ ya gago.” Seno se dumalana le Isaia kgaolo 2, eo e neng ya solofetsa gore kobamelo e e nang le lesedi, ya boammaaruri ya ga Jehofa e ne e tla tlhomiwa mo metlheng eno ya bofelo, jaaka ditemana 2 le 3 di bolela, “merahe eotlhe e tla oologèla kwa go eōna. Me dichaba di le dintsi di tla ea di re, Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa,” ke gore kwa kobamelong ya gagwe ya boammaaruri e e tlotlometseng. Ka jalo lefa lefatshe le laolwa ke Satane, lesedi le le tswang kwa Modimong le a bonesiwa mme le golola boidiidi jwa batho mo lefifing.
11. Ke mang yo o neng a tla tlhomologa thata ka go bontsha lesedi la ga Jehofa, mme Simeone o ne a mo tlhalosa jang?
11 Boperofeti jo bo mo go Isaia 9:2 bo ne jwa bolelela pele gore Modimo o ne a tla romela mongwe mo lefatsheng gore a tle a bonese lesedi la gagwe. Ya re: “Batho ba ba kileñ ba sepela mo lehihiñ ba bonye lesedi ye legolo; ba ba kileñ ba aga mo lehatshiñ ya moruti [o o lefifi, NW], lesedi le phatsimile mo go bōnè.” “Lesedi ye legolo” leno ke Mmueledi wa ga Jehofa, eleng Jesu Keresete. Jesu o ne a re: “Ke nna lesedi ya lehatshe: eo o ntshalañ moragō ga a ketla a tsamaea mo lehihiñ, me o tla nna le lesedi ya botshelō.” (Yohane 8:12) Bangwe ba ne ba itse seno lefa Jesu a santse a le ngwana yo monnye. Luke 2:25 e bolela gore monna mongwe yo go neng go twe Simeone o ne a “siame, a le morapedi oa Modimo” mme “Mōea o o Boitshèpō oa bo o le mo go ènè.” Fa Simeone a ne a bona ngwana yo mmotlana Jesu, o ne a bolela jaana fa a rapela Modimo: “Matlhō a me a bonye poloka ea gago, E u e baakantseñ ha pele ga sehatlhōgō sa dichaba cotlhe; Lesedi ye le bonesañ Badichaba.”—Luke 2:30-32.
12. Jesu o ne a simolola leng go bonesetsa batho mme o ne a dira seno jang?
12 Jesu o ne a simolola go bonesa ditšhaba moragonyana fela ga gore a kolobediwe. Mathaio 4:12-16 e re bolelela gore seno se ne se diragatsa Isaia 9:1, 2, eo e neng e bua kaga “lesedi ye legolo” leo le neng le tla simolola go bonesetsa batho ba ba neng ba tsamaya mo lefifing la semoya. Mathaio 4:17 ya re: “E sa le ka lobaka louō Yesu a simolola go rèra, le go re, Ikwatlhaeñ; gonne bogosi yoa legodimo bo atametse.” Ka go rera kaga mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo, Jesu o ne a sedimosa batho kaga maikaelelo a Modimo. O ne a “baea botshelō le bosaboleñ mo lesediñ ka Mahoko a a Molemō.”—2 Timotheo 1:10.
13. Jesu o ne a itlhalosa jang, mme ke ka ntlha yang fa a ne a ka dira jalo a tlhomamisega thata jaana?
13 Jesu o ne a bonesa lesedi la Modimo ka boikanyegi. O ne a re: “Ke tsile mo lehatshiñ ke le lesedi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go nna a se ka a nna mo lehihiñ. . . . Ga kea ipuisa hèla; me Rara eo o nthomileñ, ke èna eo o nneileñ taolō ea se ke tla se bolèlañ, le ea se ke tla se buañ. Me kea itse ha taolō ea gagwè e le botshelō yo bo sa khutleñ.”—Yohane 12:44-50.
“Mo Go Èna Go No Go Le Botshelō”
14. Jesu o tlhalosiwa jang mo go Yohane 1:1, 2?
14 Ee, Jehofa o ne a romela Morwawe mo lefatsheng gore a tle go nna lesedi gore a bontshe batho tsela e e isang botshelong jo bo sa khutleng. Ela tlhoko gore seno se tlhalosiwa jang mo go Yohane 1:1-16. Ditemana 1 le 2 di balega jaana: “E rile mo tshimologoñ Lehoko a bo a nntse a leeō, me Lehoko a bo a nntse a na le Modimo, me Lehoko ea bo e le . . . Modimo. Èna eouō o na a leeō mo tshimologoñ a nntse le Modimo.” Fano Johane o bitsa Jesu pele a nna motho ka sereto “Lehoko.” Seno se bontsha tiro eo a neng a e dira jaaka Mmueledi wa ga Jehofa Modimo. Mme fa Johane a bolela gore “mo tshimologoñ Lehoko a bo a nntse a leeō,” seno se raya gore Lefoko e ne e le ene wa ntlha mo dilong tse Jehofa a di bopileng, “tshimologō ea lobopō loa Modimo.” (Tshenolō 3:14) Boemo jwa gagwe jo bo kwa godimo thata mo dibopiweng tsa Modimo bo dira gore a tshwanelwe ke go bidiwa “modimo,” mothata. Isaia 9:6 e mmitsa “Modimo Mothata,” le mororo e se ene Modimo Mothatayotlhe.
15. Yohane 1:3-5 e re neela tshedimosetso efe e e oketsegileng kaga Jesu?
15 Yohane 1:3 e bolela jaana: “Dilō cotlhe di dihilwe ke èna; me kwa ntlè ga gagwè ga se ka ga dihwa sepè sa tse di dihilweñ.” Bakolosa 1:16 e bolela gore “dilō cotlhe di bopilwe mo go èna, tse di kwa magodimoñ, le tse di mo lehatshiñ.” Yohane 1:4 e bolela gore “mo go èna go no go le botshelō; me botshelō yo, e ne e le yōna lesedi ya batho.” Ka jalo dilo tse dingwe tsotlhe tse di tshelang di ne tsa bopiwa ka Lefoko; gape, Modimo o dira gore batho ba ba leofileng, ba ba swang ba kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng ka Morwawe. Eleruri Jesu ke ene mothata yo Isaia 9:2 e mmitsang “lesedi ye legolo.” Mme Yohane 1:5 ya re: “Lesedi le phatsima mo lehihiñ; me lehihi le se ka ya amogalana nayeō.” Lesedi le emela boammaaruri le tshiamo, go sa tshwane le lefifi, leo le emelang phoso le tshiamololo. Ka jalo Johane o bontsha gore lefifi ga le kitla le fenya lesedi.
16. Johane Mokolobetsi o ne a tlhalosa jang selekanyo sa tiro ya ga Jesu?
16 Go tswa foo Johane o baya mabaka jaana mo ditemaneng 6 go ya go 9: “Ga tla monna a romilwe ke Modimo, leina ya gagwè, go twe, Yohane [Mokolobetsi]. Ena eouō, a tla go shupa, gore a shupè kaga lesedi, gore botlhe ba dumèlè ka èna. [Johane] e ne e se èna lesedi, me a tla go shupa kaga lesedi [Jesu]. Ga bo go le lesedi ya amarure, eboñ lesedi ye le bonesañ motho moñwe le moñwe, me ya bo le tla mo lehatshiñ.” Johane o ne a bua kaga Mesia yo o neng a tla tla mme a lebisa balatedi ba gagwe kwa go Ene. Fa nako e ntse e ya, batho ba mefuta yotlhe ba ne ba neelwa sebaka sa gore ba amogele lesedi. Ka jalo Jesu ga a ka a tla go solegela Bajuda fela molemo mme o tletse go solegela batho botlhe molemo—bahumi kana bahumanegi, go sa kgathalesege gore ke ba mmala ofe.
17. Yohane 1:10, 11 e re bolelela eng kaga boemo jwa semoya jwa Bajuda ba motlha wa ga Jesu?
17 Ditemana 10 le 11 di tswelela jaana: “O na a le mo lehatshiñ, me lehatshe le ne le dihilwe ke èna, me lehatshe le se ka ya mo itse. O na a tla mo ga gabō ba se ka ba mo chola.” Pele ga gore Jesu a tle go tshela jaaka motho, e ne e le ene yo lefatshe la batho le neng le bopilwe ka ene. Mme lefa go ntse jalo, fa a le mo lefatsheng, o ne a ganwa ke bontsi jwa batho ba gaabo, Bajuda. Ba ne ba sa batle gore bomaswe jwa bone le boitimokanyi jwa bone di senolwe. Ba ne ba tlhopha go nna mo lefifing go na le go nna mo leseding.
18. Yohane 1:12, 13 e bontsha jang gore bangwe ba ne ba ka nna bana ba Modimo ba ba nang le boswa jo bo kgethegileng?
18 Johane o bolela jaana mo ditemaneng 12 le 13: “Me botlhe ba ba mo chotseñ, a ba naea tshiamèlō ea go nna bana ba Modimo, eboñ bōnè ba ba dumetseñ mo ineñ ya gagwè: E le ba ba se kañ ba tsalwa ke madi, leha e le ke go rata ga nama, leha e le ke go rata ga motho, ha e se ke Modimo.” Selo sa ntlha, ditemana tseno di bontsha gore balatedi ba ga Jesu e ne e se barwa ba Modimo. Pele Keresete a tla mo lefatsheng, batho ba ne ba ka seke ba nne barwa jalo, lefa e le gone go solofela go ya legodimong. Mme lefa go ntse jalo ka ntlha ya setlhabelo sa thekololo ya ga Keresete seo ba neng ba dumela mo go sone, batho bangwe ba ne ba tsewa go nna barwa mme ba kgona go nna le tsholofelo ya go tshela jaaka dikgosi le Keresete mo Bogosing jwa Modimo jwa selegodimo.
19. Ke ka ntlha yang fa Jesu a le mo boemong jo bo tshwanetseng go gaisa gore a ka bontsha lesedi la Modimo, jaaka fa go bontshitswe mo go Yohane 1:14?
19 Temana 14 e tlhalosa jaana: “Me Lehoko a tla a nna nama, me a aga mo go rona, me ra bōna kgalalèlō ea gagwè, ekete kgalalèlō ea eo o tsecweñ a le esi a cwa kwa go Rara.” Fa a le mo lefatsheng, Jesu o ne a bontsha kgalalelo ya Modimo ka tsela e e neng e ka dirwa ke Morwa wa Modimo yo o esi fela. Ka jalo, ka tsela e e tlhomologileng, o ne a tshwanelega go feta lefa e le mang gore a bontshe batho Modimo le maikaelelo a Gagwe.
20. Jaaka fa go bontshitswe mo go Yohane 1:15, Yohane Mokolobetsi o re bolelela eng kaga Jesu?
20 Go tswa foo, moaposetoloi Johane o kwala jaana mo go temana 15: “Yohane [Mokolobetsi] o shupa kaga gagwè, o kua, a re, Eo o tlañ moragō ga me, o bile o nntse pele ga me: gonne o na a leeō pele ga me.” Johane Mokolobetsi o tshotswe dikgwedi di ka nna thataro pele Jesu a tsholwa jaaka motho. Mme lefa go ntse jalo Jesu o ne a dira ditiro tse dintsi thata go feta Johane, mo eleng gore o ne a nna kwa pele ga ga Johane ka ditsela tsotlhe. Mme Johane o ne a dumela gore Jesu o nnile teng pele ga gagwe, ereka Jesu a ne a kile a nna teng pele a tla go nna motho.
Dimpho Tse Di Tswang kwa Go Jehofa
21. Ke ka ntlha yang fa Yohane 1:16 e bolela gore re amogetse “tshegōhaco mo godimo ga tshegōhaco”?
21 Yohane 1:16 e tlhalosa jaana: “Rotlhe re amogetse se se cwañ botlaloñ yoa gagwè, le tshegōhaco mo godimo ga tshegōhaco.” Lefa batho ba tsholwa ba leofile ka gonne ba ruile boleo mo go Adame, Jehofa o ikaelela go senya tsamaiso eno e e boikepo, go falotsa batho ba ba dimilione go ba tlisa mo lefatsheng le lesha, go tsosa baswi, le go tlosa sebe le loso, seo se tla felelang ka botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Masego ano otlhe ke a a sa tshwanelang, a a sa berekelwang ke batho ba baleofi. Ke dimpho tse di tswang kwa go Jehofa ka Keresete.
22. (a) Mpho ya Modimo e kgolo go di gaisa tsotlhe e dira gore go kgonege eng? (b) Re lalediwa go dira eng mo bukeng ya bofelo ya Bibela?
22 Mpho e kgolo go di feta tsotlhe e e dirang gore dilo tseno tsotlhe di kgonege ke efe? “Modimo o ratile lehatshe [le e leng batho] mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” (Yohane 3:16) Ka jalo, bao ba batlang lesedi la semoya le botshelo jo bo sa khutleng ba tlhoka go nna le kitso e e tlhomameng kaga Modimo le Morwawe, “Kgōsana ea botshelō.” (Ditihō 3:15) Ke gone ka moo buka ya bofelo ya Bibela e neelang botlhe bao ba ratang boammaaruri le ba ba batlang botshelo taletso eno: “Tla. Le eo o utlwañ, a a kè a re, Tla. Le eo o nyorilweñ a a tlè: eo o ratañ, a a tseè metse a botshelō, a a tseè hèla a sena thèkō.”—Tshenolō 22:17.
23. Batho ba sekadinku ba tla dira eng fa ba tla mo leseding?
23 Batho ba ba ikokobetsang, ba sekadinku ga ba ketla ba tla mo leseding la lefatshe fela mme gape ba tla le sala morago: “Dinku di mo [sala] moragō; gonne di itse [molodi wa boammaaruri mo lentsweng] ya gagwè.” (Yohane 10:4) Eleruri, ba itumelela go ‘tsamaya mo dikgatong tsa gagwe’ ka gonne ba itse gore go dira jalo go tla ba neela botshelo jo bo sa khutleng.—1 Petere 2:21.
O Ne O Ka Araba Jang?
◻ Ke mefuta efe e mebedi ya lesedi e e tswang kwa go Jehofa?
◻ Ke ka ntlha yang fa go sedimoga semoyeng go le botlhokwa jaana gompieno?
◻ Jesu e ne e le “lesedi ye legolo” ka tsela efe?
◻ Yohane kgaolo 1 e re bolelela eng kaga Jesu?
◻ Ke dimpho dife tse di yang kwa bathong ba ba latelang lesedi la lefatshe?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Simeone o ne a bitsa Jesu a re ke “lesedi ye le bonesañ Badichaba”