LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w82 7/1 ts. 27-32
  • Ruri Tsela ya Basiami e Ntse e Phatsimela Pele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ruri Tsela ya Basiami e Ntse e Phatsimela Pele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thekololo le Leina la ga Jehofa
  • Boitsholo le Go Rera
  • Go Ikobela “Babusi ba Bagolo”
  • Ke Bomang ba e leng Badihedi?
  • Go Oketsega ga Lesedi mo Metlheng Eno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Modimo le Kaesare
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Go Gola mo Kitsong e e Tlhomameng ya Boammaaruri
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Go Phatsima ga Lesedi—Mo Gogolwane Le mo Go Potlana (Karolo 2)
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
w82 7/1 ts. 27-32

Ruri Tsela ya Basiami e Ntse e Phatsimela Pele

“Motho eo o busañ batho ka tshiamō, . . . o tla nna yaka lesedi ya bosa, ha letsatsi le tlhaba.”—2 Sam. 23:3, 4.

1. Samuele wa Bobedi 23:3, 4 e re gogela gore re lebelele eng, mme a seno se setse se diragetse?

LESEDI le le mo tselaneng ya batlhanka ba ga Jehofa go tloga mo metlheng ya bogologolo go fitlha gompieno le nnile la oketsega. Le oketsegile bogolo jang fa e sale ka ngwaga o o tlhokomelesegang wa 1914 fa “bogosi yoa lehatshe bo dihehile bogosi yoa Morèna oa rona [Jehofa], le yoa ga Keresete oa gagwè,” jaaka ditiragalo mo lefatsheng mono di bontshitse. (Tshen. 11:15) Lesedi le le tswang mo Lefokong la Modimo le ile la phatsima, fela jaaka go phatsima ga letsatsi “e le moshō o o senañ maru,” gore tsela eo batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetseng go tsamaya mo go yone e bonesiwe sentle-ntle.—2 Sam. 23:3, 4.

2. Re ka leba go siamisiwa ga gangwe le gape ga dipono jang?

2 Lefa go ntse jalo, bangwe ba ka ne ba bone ekete tsela eo ka metlha e ne e sa tlhamalala. Ka dinako dingwe ditlhaloso tse di neetsweng ke phuthego e e bonalang ya ga Jehofa di nnile tsa siamisiwa, go bonala ekete go boelwa kwa diponong tse di fetileng. Mme tota-tota ga goa ka ga nna jalo. Seno se ka bapisiwa le seo mo mesepeleng ya lewatle se bidiwang “go theetheela.” Fa bakgweetsi ba sekepe ba sotha-sotha diseile tsa sona, ba ka se dira gore se theele go tloga kafa go la moja go ya go la molema, kwa morago le kwa pele, mme ka dinako tsotlhe ba ntse ba gatela-pele go ya kwa loetong lwa bone go sa kgathalesege diphefo tse di ba tswang kafa pele. Mme mokgele o o lebilweng ke batlhanka ba ga Jehofa ke “magodimo a masha, le lehatshe ye lesha” tse di solofeditsweng ke Modimo.—2 Pet. 3:13.

3. Go na le bosupi bofe jwa gore Jehofa o ntse a segofatsa basupi ba gagwe?

3 Ga go na pelaelo ya gore Jehofa Modimo o ntse a tswelapele go segofatsa tiro ya kgolokwe ya basupi ba gagwe, jaaka e kaelwa ke “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” Seno se bonwa ka maungo. Gakologelwa gore Jesu o rile: “Setlhare señwe le señwe se se molemō se uñwa louñō lo lo molemō.” Mme ebile maungo a a siameng ao a ka bonwa fela mo bathong ba le bangwe gompieno mo merafeng yotlhe—e leng mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa ba ba kopaneng, ba merafe-rafe.—Math. 7:17.

4, 5. Mo godimo ga Lefoko la ga Jehofa le le tlhotlheleditsweng, o dirisa sedirisiwa sefe se sengwe gape mo go gogeng batho ba gagwe?

4 Go sa kgathalesege gore re tshela kae mo lefatsheng, Lefoko la Modimo e ntse e le lesedi la tsela ya rona le lebone la tselana ya rona kaga boitsholo le ditumelo tsa rona. (Pes. 119:105) Mme Jehofa Modimo o ile a tlamela ka phuthego ya gagwe e e bonalang, e leng “motlhanka [wa gagwe] eo o boikañō le eo o botlhale,” a bopiwa ke ba ba tloditsweng ka moya, gore a thuse Bakeresete mo merafeng yotlhe mo go utlwisiseng Bibela sentle le go e dirisa mo matshelong a bone. Fa fela re sa amane le mosele ono wa tlhaeletsano o Modimo o o dirisang, ga re ne re tswelapele mo tseleng ya botshelo, go sa kgathalesege gore re bala Bibela go le kana-kang.—Bapisa Ditihō 8:30-40.

5 Malebana le mosele wa Modimo wa tlhaeletsano, Jesu o rile “motlhanka [yo] eo o boikañō le eo o botlhale” o tla neela balatedi botlhe ba gagwe dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng le gore o tla laodisa “motlhanka” dilo tsotlhe tsa gagwe. (Math. 24:45-47) Goa tlhokomelesega gore moaposetoloi Paulo, go Baefesia 4:11-16 o ile a bontsha gore phuthego ya Bokeresete e ne e sa tlhoke fela didirisiwa tse di tlhotlheleditsweng jaaka baaposetoloi le baperofeti mme gape e ne e tlhoka bareri, badisa le barutisi gore ba thuse Bakeresete mo go fitlheleleng bongwefela jwa tumelo le kitso ya boammaaruri kaga Morwa Modimo, le go fitlhelela bogodi jo bo tletseng jwa semoya.—Bona gape le 1 Bakorintha 1:10; Bafilipi 1:9-11.

6. Ka dinako dingwe go nnile ga tlhokafala gore go sekasekiwe dipono ka ntlha ya mabaka afe?

6 “Motlhanka [yo] eo o boikañō le eo o botlhale,” yo o amanang le Basupi ba ga Jehofa, eleruri o nnile a dirisiwa ke Jehofa Modimo gore a goge batho ba gagwe, a ba nitamise le go ba kaela. Ke boammaaruri, ereka lesedi le phatsima ka iketlo, le gore go nnile le diphoso ka ntlha ya go sa itekanela ga batho le bokoa jwa bone, Bakeresete bano ka dinako dingwe ba ile ba tshwanelwa ke go sekaseka dipono le dithuto. Mme a seno ga se a felela ka go phepafala mo go solegelang bone molemo? Akanyetsa dikai di se kae.

Thekololo le Leina la ga Jehofa

7. Thuto ya thekololo e ile ya tlotlomadiwa ke Diithuti tsa Bibela ka ntlhayang ebile ka motheo ofe?

7 Ka 1878, Charles T. Russell, yo morago a nnileng mookamedi wa ntlha wa Watch Tower Society, o ne a kgaola dikamano tsa gagwe le morulaganyimmogo wa The Herald of the Morning, e leng N. H. Barbour, ka ntlha ya kganetsano ka thekololo. Morena Barbour o ne a ganetsa go dumela mo maatleng a setlhabelo sa ga Jesu a go tlosa dibe. Ka dingwaga-ngwaga morago ga moo Diithuti tsa Bibela, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ipitsa jalo ka nako eo, ba ne ba kaya gore thekololo ke thuto ya setlhogo mo Bibeleng. Mme ebile ga go na potso ka gore poloko ka go dumela mo thekololong ya ga Keresete e a gatelelwa mo Lefokong la Modimo. (Yoh. 3:16; Dit. 4:12; Baheb. 5:9; Tshen. 7:10) Setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo se ile sa tshwantshediwa-pele ka boperofeti fa Aberahame a isa Isake setlhabelo gammogo le ditlhabelo tsa mo molaong wa ga Moshe. Baperofeti le bone ba ile ba se bolelelapele. Ka jalo Diithuti tsa Bibela di ile tsa gatelela thata seo Jesu a se diretseng batho.—Luke 24:25-27, 44.

8. (a) Ka nako eo ke eng seo se neng se kaiwa se le botlhokwa-tlhokwa? (b) Seno se ile sa gogelwa kae, mme mo dingwageng tsa bolesome tse di latetseng go ile ga dirwa paakanyo efe?

8 Lefa go ntse jalo, Bibela e bontsha gore go na le selo se se botlhokwa go gaisa bogolo go poloko ya rona fela. Ke kganetsano e kgolo eo e amanang le bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe, eo Satane a ileng a e tsosa ka nako ya botsuolodi jwa kwa Edena. (Gen. 3:15; 1 Bakor. 15:24, 25; Tshen. 11:15; 12:10) E tlhoka gore leina la ga Jehofa le tlhatswiwe. Eleruri, setlhogo sotlhe sa Bibela, go tloga go Genesise go ya go Tshenolo, ke bogosi jwa Bomesia, joo bo tla tlhatswang Leina le le galalelang leo, bo le tsholetsa go ya go ile! Mo e ka nnang makgetlo a le 75 mo Bibeleng re bala ka boipolelo jwa Modimo a re: ‘Ba tla itse fa ke le Jehofa.’a Fa nako e ntse e ya basupi ba gagwe ba ile ba lemoga gore dibopiwa di ne di ka lopa Jehofa ka motheo wa gore leina la gagwe lea kopanyelediwa le gore “leha e le mañ eo o tla bitsañ leina ya [ga Jehofa] o tla bolokwa.” (Bar. 10:13; Yoele 2:32; Sefa. 3:9) Ka jalo ka dingwaga tse dintsinyana leina la ga Jehofa le go tlhatswiwa ga Iona go ne ga tlotlomadiwa thata mo e leng gore banyatsi ba Basupi ba ile ba ba latofatsa ka go re ga ba dumele mo go Jesu Keresete. Lefa go ntse jalo, e ne e le kgang fela ya go tlotlomatsa ntlha thata. Jaaka babadi ba ka metlha ba Tora ya Tebelo mo masomeng a dingwaga a morago ba lemoga sentle, basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa eleruri ba nnile ba tlotla seabe sa ga Jesu ka tshwanelo mo go diragaleng ga maikaelelo a Modimo. Eleruri, Lefoko la boperofeti la ga Jehofa le tlotlomatsa Jesu jaaka ‘Mosimolodi wa poloko’ wa Modimo.—Baheb. 2:10; 12:2; Tshen. 19:10.

9. Ke molao ofe o o laolang go gatela-pele ga boitseanape o o bonalang o dirisiwa fano?

9 Ditshiamiso tseo go ka twe di latela molao o go nnilweng ga twe o laola kgatelo-pele ya nnete ya boitseanape. Ka bokhutshwane, o dira jaana: La ntlha go dirwa kakgelo eo e tla ganetsanwang. E na le kgono ya go ka sedimosa thata kana ya dirisiwa mo botshelong. Mme fa nako e ntse e tswelapele e bo e lemogiwa e na le diphoso kana makoa mangwe. Ka jalo tlwaelo ke gore go iwe kwa kakgelong e nngwe e e ganetsang ya pele. Morago go fitlhelwa gore boemo joo le jone ga bo senole boammaaruri jotlhe, mme ka jalo go kopanngwa dintlha tse di tshwanetseng mo dikakgelong tse pedi tseno. Gangwe le gape molao ono o dirile fela ka tsela eo Diane 4:18 e nnileng ya diragadiwa ka yone.b

Boitsholo le Go Rera

10, 11. Ka go refosana, go ne ga gatelelwa maemo afe a mabedi, mme ka matswela afe a bofelo?

10 Akanyetsa sekai se sengwe sa go tlhaloganya kgato ka kgato: Mo e ka nnang dingwaga di le 40 Diithuti tsa Bibela di ile tsa gatelela botlhokwa jwa go tlhagolela botho jo bo molemo jwa Bokeresete, moo ba neng ba go bitsa “go tokafatsa mofuta wa motho.” Go ne ga gatelelwa thata ka go bo go ne go tlhokomologilwe mo go La-Bodumedi. Ke boammaaruri, Bakeresete gape ba ne ba tshwanetse go neela bosupi ka go bolelela ba bangwe kaga maikaelelo a Modimo, mme seno e ne ekete ke sa bobedi ka botlhokwa. Moragonyana, erile batho ba Modimo ba lemoga botlhokwa jwa leina la ga Jehofa le gore ba ne ba tshwanetse go neela bosupi ka leina la gagwe le bogosi jwa gagwe, seno se ne sa tlotlomadiwa, mo e leng gore ba ne ba sa tlhokomele thata go tlhagolela botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete. Go ne ga ganetsanwa gore mo godimo ga tsotlhe Jesu o ne a tletse go neela bosupi le gore go rera ke gona ga botlhokwa-tlhokwa. Go ne go tlhokega gore go nne le tekatekano mo dintlheng tse pedi tseno.—Bar. 10:10; Bagal. 5:22, 23.

11 Fa nako e ntse e ya, go ile ga fitlhelelwa tekatekano e e itumedisang eo. Bakeresete ba tshwanetse go tlhagolela loungo lwa moya wa Modimo gammogo le go supela Jehofa ka botlhoka-poifo le ka boikanngo. Dipatlafalo tse pedi tseno di botlhokwa. Ga re ne re tlhokomologa e nngwe re re re dira e nngwe. Moaposetoloi Paulo o rile: “Go ka bo go latlhèga nna, ha ke sa rere Mahoko a a Molemō.” Mme gape o rile: “Ke ikgōba mmele, ke o baea mo taoloñ: e se re kgotsa ka mokgwa moñwe, e tla re ke sena go rèrèla ba bañwe Mahoko a a Molemō, nna ka nosi ka tla ka ganwa.”—1 Bakor. 9:16, 27.

Go Ikobela “Babusi ba Bagolo”

12, 13. (a) La ntlha “babusi ba bagolo” go Baroma 13:1 ba ne ba tlhaloganngwa jang? (b) Seno se ile sa isa kwa ntlheng efe e e kwa kgakala, mme ka molemo ofe o o bonetseng?

12 Go fitlhelela mo kutlwisisong e e tshwanetseng ya Baroma 13:1-7 go neela gape sekao se sengwe sa “go theetheela” mo phefong go ya kwa ponong e e siameng. Diithuti tsa Bibela tsa pele ka tshwanelo di tlhalogantse gore “babusi ba bagolo” e ne e le babusi ba mebuso ya lefatshe leno. Mo motheong wa kutlwisiso eo ba ile ba konela ka gore fa Mokeresete a ne a ka kwadisiwa mo bosoleng ka nako ya ntwa o ne a tshwanetse go nna lesole, a apare diaparo tsa ntwa le go tsena mo ntweng. Mme go ne go letleletswe gore, bogolo go go bolaya mong-ka-ena o ne a tshwanetse go thuntshetsa mo moyeng.

13 Lefa go ntse jalo, go ne go bonala sentle thata gore moaposetoloi Paulo o ne a se kitla a buelela tsela ya mofuta oo. Potso e ne ya tsoga e re: A jaanong “babusi ba bagolo” ke Jehofa Modimo le Jesu Keresete? Ka nakwana, batho ba Modimo ba ile ba nna le pono eo. Mme mo dingwageng tse di tsubutlang tsa Ntwa ya Lefatshe II seno bobotlana se ile sa ba nitamisetsa go ‘utlwa Modimo bogolo go batho,’ jaaka ba ne ba ntse ba aga pego e ntle ya boitlhaodi jwa bopelokgale jwa Bakeresete mo lefatsheng lotlhe. (Dit. 5:28, 29) Ga go ise go ke go nne le pelaelo epe ya gore Bakeresete ba tshwanetse go neela kobamelo ya bone e kgolo go Molaodi Morena Jehofa le Kgosi ya gagwe ya Bomesia, e leng Jesu Keresete. Mme a bano ka nako e e tshwanang e ntse e le “babusi ba bagolo” bao re tshwanetseng go ‘ba naya lekgetho, sehuba le tlotlo’?—Bar. 13:7.

14. Kgang ya go ineela go babusi ba mebuso ya lefatshe la bofelo e ne ya bonwa mo leseding la yone la boammaaruri jang?

14 Ka mo go itumedisang, ka ngwaga wa 1962, Jehofa o ile a gogela batho ba gagwe kwa kutlwisisong ya molao-motheo wa boineelo jo bo lekanyeditsweng. Go ile ga lemogiwa gore Bakeresete ba ba ineetseng ba tshwanetse go ikobela babusi ba lefatshe jaaka “babusi ba bagolo,” ka boitumelo ba ba lemoga jaaka “modihedi [kana motlhanka] oa Modimo” yo o ba solegelang molemo. (Bar. 13:4) Lefa go ntse jalo, fa “babusi” ba ne ba ba kopa gore ba tlole melao ya Modimo, go ne go tla tweng he? Go fitlhela mo ntlheng eo Bakeresete ba ne ba ntse ba obamela taolo e e mo go Baroma 13:1: “A motho moñwe le moñwe a ineèlè mo go utlweñ babusi ba bagolo.” Mme seno se tlhaolwa sentle ke mafoko a ga Jesu, jaaka a kwadilwe go Mathaio 22:21: “Ke gōna ntshetsañ Kaesare dilō tse e leñ tsa ga Kaesare; lo bo lo ntshetse Modimo tse e leñ tsa Modimo.” Ka jalo fa “Kaesare” a lopa Bakeresete gore ba dire dilo tse di tlhabanang le thato ya Modimo, ba tshwanetse ba baya molao wa ga Jehofa fa pele ga wa ga “Kaesare.” Seno se fapaana le seo se tlwaetsweng mo go La-Bodumedi ka kakaretso. Ba bantsi bao go tweng ke Bakeresete ba tshwenyega go le gonnye fela kaga go tlola melao ya Modimo fa ba laetswe jalo ke Kaesare. Morata-naga mongwe o bile a tlhalosa ka mokgwa ono: “Naga ya rona! . . . a ka metlha e nne e nepile; mme e le naga ya rona, e nepile kana e fositse.” Mme ga goa nna jalo ka basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa! Fa ba laolwa go fapaana le thato ya Modimo, ba boeletsa mafoko a baaposetoloi ba ga Jesu, a a reng: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.”—Dit. 5:29.

Ke Bomang ba e leng Badihedi?

15, 16. (a) Ka lobaka lo loleele go ile ga utlwisisiwa jang kaga gore ke bomang ba e leng badihedi ba Modimo? (b) Go ile ga dirwa paakanyo efe, mme ka ntlhayang? (c) Paakanyo eno e ile ya nna le makoa afe?

15 Fa re umaka sekao se sengwe gape sa go sedimosediwa kgato ka kgato, go na le potso ya gore a Bakeresete botlhe ba ba ineetseng ka pelo yotlhe ke badihedi kana nnya, go sa kgathalesege bogolo le bong jwa bone. Ka dingwaga tse dintsi Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tsaya gore botlhe ba ba ikwatlhaileng, ba sokologa, ba dumela mo Modimong le mo go Keresete, ba ineela go Jehofa gore ba dire thato ya gagwe jaaka e senotswe ke Keresete, ba bo ba kolobediwa, ruri e ne e le badihedi. Mme jalo ba bangwe ba simolola go ganetsa. Babusi ba mmuso gantsi ba ne ba sa tlhaloganye boemo jo. Gape go ne ga ganetsanwa gore dipuo tse dintsi di ne di sena lefoko le le emelang “minister” mme ka jalo ga le a tshwanelwa go dirisiwa ka tsela ya bodumedi ke bao dipuo tsa bone di neng di na le lone. Gape, go ile ga ganetsanwa gore kolobetso e ne e se kitla e nna modiro o o lekanetseng go tlhomiwa mo bodiheding. Mme, a mabaka a a utlwalang ano a ne a lekanyetsa fela leina “modihedi” go bao ba tlhophetsweng tiro mo phuthegong, e leng bagolwane le batlhanka ba bodihedi?

16 Ntlha ke gore molao wa naga gantsi o letlelela mokgatlho mongwe le mongwe wa bodumedi tshiamelo ya go ikakanyetsa gore motho o ka nna modihedi wa bone jang. Fa ba bangwe ba sa lemoge boemo jwa bone kana ba sa dumalane najo, mo ga go kaye sepe. Le gona gore dipuo tse dintsi ga di na lefoko le le emelang “minister” ga go reye sepe. Seo ga se a tshwanela go thibela bao dipuo tsa bone di nang nalo—e leng Seesemane, Setadiana, Sepanishe le tse dingwe—mo go le diriseng fa le direla boikaelelo jwa lone jo bo tshwanetseng.

17, 18. Ke bomang bao tota go ka tweng ke “badihedi,” mme ba tshwanetse go leba “bodihedi” jwa bone jang?

17 Lefoko “minister” ke le le botlhokwa thata, ka go bo le kaya mofuta o o kgethegileng wa “motlhanka,” yo o nang le kabelo ya tirelo e e tlotlometseng, e e kgethegileng. Mongwe le mongwe, go sa kgathalesege dingwaga le bong jwa gagwe, yo o kgonang go bontsha gore o utlwisisa sentle ka thato ya Modimo le maikaelelo a ona ka batho, ebile a dumalanya botshelo jwa gagwe le melao-metheo ya Bibela, ebile gape a ineetse a bo a kolobediwa mo tumalanong le taolo ya ga Jesu go Mathaio 28:19, 20, eleruri ke mongwe wa badihedi ba Modimo. Tota-tota, go ka twe motho yoo o tshwanelega bogolo gore o ka buelela Modimo go na le ope wa bao ba ileng kwa dikolong tsa boruti mme ba sa tlhaloganye maikaelelo a Modimo ebile ba ka ne ba sa dumalanya matshelo a bone le ditekanyetso tse di siameng tsa Modimo. Bao ruri ba direlang Modimo ba ka buela gongwe le moaposetoloi Paulo ba re: “Ke tlotla tihèlō [ministry] ea me.”—Bar. 11:13.

18 Go tshwanetswe ga gatelelwa gore lefoko “minister” ga se tlotla mme ke tlhaloso. (Bapisa Mathaio 20:28.) Ga go a lekana gore motho a gate dikgato tse di mo tshwanegedisang gore a kolobediwe jaaka motlhanka wa ga Jehofa Modimo. Motho yoo o tshwanetse a dira gore bodihedi, e leng “tihèlō [ya gagwe e e boitshepo]” go Jehofa Modimo, e nne boitlhomo jo bogolo mo botshelong jwa gagwe. Go seng jalo, go sa kgathalesege gore o ka ne a dirisa nako e le kana-kang mo bodiheding jwa gagwe ka ntlha ya maemo ao a sa kgoneng go a laola, gaa ne a tshwanela go ipitsa modihedi kana a tsewa ke ba bangwe jaaka mongwe wa badihedi ba Modimo.—Bar. 12:1; 2 Tim. 4:5.

19. (a) Go tokafadiwa jalo ga kutlwisiso go feleletse ka eng, mme baikanyegi ba segofadiwa jang? (b) Thulaganyo ya ga Jehofa ya go aba dijo tsa semoya ke efe, mme ke ka ntlhayang fa e tshwanetse ya nna tlhopho ya rona ka metlha?

19 Legale, go tokafadiwa ga kutlwisiso eno, mo go akaretsang se go tweng ke “go theetheela,” gantsi go diretse jaaka teko ya boikanyegi go bao ba kopanelang le “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” Lefa go ntse jalo, go ntse go iwa kwa temogong e e tletseng ya “Mahoko a a Molemo” le gotlhe mo a go kayang. Go nnile ga direga gore dipotso le dilo tse di sa tlhaloganngweng motlhofo tsa bao ba ngaparetseng phuthego ya Modimo di sedimoge fa nako e ntse e ya. Mme jaaka lesedi le ntse le phatsima ka bogolo thata, abo tsela e itshupa e le e e thutafatsang pelo le e e kgotsofatsang jang ne! Go ntse fela jaaka Petere a tlhalositse fa barutwa ba bangwe ba ne ba kgopisiwa ke go ruta ga ga Jesu, a re: “Morèna, ana re ka ea kwa go mañ? wèna u na le mahoko a botshelō yo bo sa khutleñ.” (Yoh. 6:68) Morena Jesu Keresete o santse a na le “mahoko” ao, ebile o a aba ka phuthego e le nngwe ya “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” eo a e dirisang gompieno mo lefatsheng. E tshwana le “setlhare se se molemō” se Jesu a rileng se ntsha “louñō lo lo molemō.” (Math. 7:17) Kwantle ga seno, tlhopho e le yosi fela ke go kopanela le “sebatana” sa bopolotiki gammogo le “Babelona o Mogolo,” e leng mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka tsa ga Satane. (Tshen. 13:1; 17:5) Ga go Mokeresete ope yo o ineetseng yo o neng a tla batla go boela koo!—2 Pet. 2:22; Yoh. 14:6.

20. (a) Ke ka ntlhayang fa jaanong re ka ikanya ‘lesedi le le phatsimelang pele’ bogolo-segolo? (b) Bao ba tlhophang tsela ya lesedi ye le oketsegang ba lebeletse isagwe efe e e itumedisang?

20 Eleruri, ‘lesedi le tlhabetse basiami.’ (Pes. 97:11) Diane 4:18 e a diragadiwa, ka go bo “tselana ea mosiami” e tshwana le lesedi le le ntseng le phatsimela pele. Fa ka dinako dingwe go tlhokega go siamisa mo go rileng, ka dinako tsotlhe go felela ka boemo jo bo tokafaditsweng. Go tokafatsa ga goa direlwa lefela. Ereka Keresete jaanong a busa, tshedimosetso eo e bonwang ke batho ba ga Jehofa e ntse jaaka “lesedi ya bosa, ha letsatsi le tlhaba.” (2 Sam. 23:3, 4; Math. 25:31) Eleruri bao ba direlang ka boikanyegi le phuthego ya “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” e leng sedirisiwa se se bonalang sa ga Jehofa sa tlhaeletsano, ba segofaditswe thata! Ba tlhophile tlhopho e e botlhale, ka go bo tsela ya bone e ba isa kwa mokgeleng o o tlhotlhwa-kgolo wa botshelo jo bo sa khutleng mo thulaganyong e ntšha eo Jehofa a e bopang.—Isa. 65:17, 18; 66:22.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go tlhagelela ga-60 mo bukeng ya Esekiele fela; gape go Ekosodo 6:7; Duteronoma 29:6; Isaia 49:23; Yoele 3:17, le ditemana tse dingwe.

b Seno se bidiwa thesis (kakantsho), antithesis (kganetso ya kakantsho eo) le synthesis (go kopanya kakantsho le kganetso ya yone).

[Lebokoso mo go tsebe 31]

Batlhanka ba ga Jehofa ka go ithuta le maitemogelo jaanong ba bona dintlha tse di latelang ka tekatekano e e siameng:

Gore go tlhatswiwa ga leina la ga Jehofa ke ga botlhokwa bogolo go go bolokwa ga dibopiwa.

Gore go tlhoafalela bosupi le go tlhagolela loungo lwa moya di lekana ka botlhokwa.

Gore go ineela ga Mokeresete go balaodi ba lefatshe ke boineelo jo bo lekanyeditsweng.

Boemo jwa bone jo bo tlotlegang jaaka badihedi, bao ka boammaaruri ba emelang Jehofa, go sa kgathalesege ka moo bangwe ba ba lebang ka teng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela