‘Lesedi le Tlhabetse Basiami’
“Lesedi le yalecwe [tlhabetse basiami; boipelō le yeōna bo yalecwe ba ba thōkgameñ mo peduñ.”—Pes. 97:11.
1. Ke eng se se farologanyang basiami le baikepi?
KE ENG se se farologanyang basiami le baikepi, batlhanka ba boammaaruri ba ga Jehofa Modimo le ba ba golegilweng ke moganetsi wa Modimo, e leng Satane Diabolo? Kwantle ga pelaelo mo dilong tsotlhe ba farologanngwa ke ntlha ya gore basiami, e leng batlhanka ba boammaaruri ba ga Jehofa, ba ipelela lesedi. Ruri ba ‘tlhabetswe ke lesedi.’ (Pes. 97:11) Fa e le ka baikepi, ba tsamaya mo lefifing. Ee, “tselana ea mosiami e nntse yaka lesedi ye le phatsimañ, ye le phatsimèlañ pele hèla go ea motshegariñ o mogolo. Tsela ea baikepi e nntse yaka lehihi: ga ba itse se se ba kgopañ.”—Dia. 4:18, 19.
2. Go oketsega ga lesedi mo tseleng ya basiami go ka tshwantshwanngwa jang?
2 Tlhokomela gore go phatsima ga lesedi mo tseleng ya mosiami go ka iketlo. Go ntse go ‘phatsimela pele fela.’ Re ka nna ra tshwantsha seno ka monna yo o tsogang pele letsatsi le tlhaba a bo a tsamaya ka dinao a ralala naga. O ka nna a bonela seriti sa kago nngwe kwa kgakajana, mme la ntlha gaa ne a lemoga gore ke sefala kana ke ntlo. Ka bonya jaaka letsatsi le ntse lee sa ebile a ntse a atamela o ka bona gore ke ntlo. Morago ga sebaka o kgona go lemoga gore ke ntlo e e dirilweng ka dikgong, e seng ka ditena. Mme, gape moragonyana, a ka bona mmala wa ntlo eo, jalo le jalo.
3. Go oketsega ga lesedi go ikaegile ka dintlha dife di le tharo?
3 Boitemogelo jwa batlhanka ba Modimo bo nnile fela jalo. Fa re leba dilo re le kgakajana mo nakong ebile selo seo se tlhabelwa ke lesedinyana, gantsi re bona dilo ka bontlhanngwe, mme ebile e se ka nepo. Mo maemong ao re ka tswa re ne re tlhotlheleditswe ke dipono tsa ba bangwe pele. Mme fa lesedi le ntse le phatsimela pele ebile re ntse re atamela ditiragalo gaufi thata, jalo kutlwisiso ya rona ya go diragala ga maikaelelo a Modimo e ntse e phepafalela pele. Dipolelelo-pele dia re senogela jaaka moya o o boitshepo wa ga Jehofa o ntse o di bonesa ka lesedi, le jaaka di ntse di dirafala mo ditiragalong tsa lefatshe kana mo maitemogelong a batho ba Modimo. A ga se yone tsela e Jehofa Modimo a dirisaneng le batlhanka ba gagwe mo metlheng ya pele ka yone? Eleruri ke yone!
Sekai sa ga Aberahame
4, 5. Modimo o nnile wa senolela Aberahame boikaelelo jwa gagwe kgato ka kgato jang?
4 Akanyetsa Aberahame, e leng monna wa tumelo yo Modimo o mmiditseng tsala ya ona. (Isa. 41:8; Yak. 2:23) Go sa kgathalesege gore o ne a tsalane thata jang le Jehofa Modimo, la ntlha gaa ka a utlwisisa maikaelelo a Modimo ka botlalo. Re ka bona seno mo ditiragalong di le mmalwa mo botshelong jwa ga Aberahame—kutlwisiso ya gagwe e ne ya tokafala ka iketlo. Modimo o no wa mmiletsa go tlogela naga ya gaabo, o mmolelela gore O ne o tla mo dira morafe o mogolo le gore ditshika tsotlhe tsa lefatshe di ne di tla itshegofatsa ka ene. Mme Aberahame gaa ka a itse dintlha tsotlhe; re bala gore o ne a dira jalo “a sa itse kwa o eañ gōna.” (Baheb. 11:8) Gape, lemororo Modimo o no o solofeditse Aberahame gore losika lwa gagwe lo ne lo tla neelwa lefatshe leo, o ne a sa itse gore go ne go tla diragala jang. Tota o bile a akanya gore Eliesere motlhanka wa gagwe o ne a ka rua ntlo ya gagwe boswa. Ke fa Jehofa a tlhalosa ka go raya Aberahame a re: “Èna eo o tla cwañ mo mmediñ oa gago o tla nna moya boshwa oa gago.” (Gen. 12:1-3, 7; 15:2-4) Ereka Sara mosadi wa ga Aberahame a ne a le moopa, o ile a mo kopa gore a lale le lelata la gagwe, e leng Hagare, yo o ileng a mmelegela Ishemaele. Moragonyana Modimo o no wa tlhalosetsa Aberahame gore moja-boswa wa tsholofetso o ne a tla belegwa ke Sara.—Gen. 17:15-17.
5 Ka jalo re ka lemoga gore, lemororo tsotlhe tse Jehofa a neng a di senolela Aberahame ka tlhamalalo e ne e le boammaaruri, fela Aberahame gaa ka a utlwisisa sentle ka moo Modimo o nong o tla diragatsa boikaelelo jono ka gone. Lefa go ntse jalo, o ile a tswelapele a na le tumelo mo go Jehofa ebile a mo letile, a ntse a amogela tshedimosetso e e oketsegileng fa nako e ntse e tswelela. Ka mo go tshwanang, fa Jehofa a ne a laola Aberahame go isa morwa wa gagwe Isake setlhabelo kwa thabeng ya Moria, o ne a sa itse sentlentle gore selo seno se ne se tla diragala jang. Mme o ne a dumela mo Modimong gore o no o tla tsosa peo ka Isake tota lefa Modimo o no o ka tshwanelwa ke go tsosa Isake mo baswing.—Baheb. 11:17-19.
Daniele le Baperofeti ba Bangwe
6, 7. (a) Ke mafoko afe a ga Daniele a a bontshang gore Modimo o senola dikgang ka nako ya Ona e e tshwanetseng fela? (b) Moaposetoloi Petere o neela bosupi bofe mo kgannyeng eno?
6 Mo baperofeting ba bantsi bao Jehofa a ba neileng ditshenolo ka tlhamalalo e ne e le Daniele, e leng “monna eo o ratwañ thata” ke Modimo. (Dan. 10:11, 19) Jehofa o mo neetse boikitsiso jo bontsi jo bo tlhamaletseng mabapi le nako ya gagwe mmogo le dinako tse di neng di santse di tla tla; fela Daniele gaa ka a tlhaloganya gotlhe mo go neng go akarediwa. Malebana le dingwe tsa diponatshegelo tse a di boneng, o rile: “Me ka utlwa, me ga kea ka ka tlhaloganya.” Erile a kopa gore a sedimosediwe mo go oketsegileng, ga twe: “Tsamaea hèla: gonne mahoko a cwalecwe, a kanelecwe go ea go hitlha mo motlheñ oa bokhutlō.” (Dan. 12:8, 9) Ka mo go tshwanang, Jehofa Modimo o nnile a senolela batlhanka ba gagwe ba baperofeti dinnete tse dintsi. Mme go ne go na le tse dintsi tse ba sa kang ba di tlhaloganya.
7 Ke ka moo moaposetoloi Petere a neng a ka kwala jaana: “E le polokō e baperofeti ba kileñ ba botsa, ba ba ba kèlèka ka tlhōahalō ka eōna, eboñ bōnè ba ba boleletseñ pele kaga tshegōhacō e e neñ e tla tla mo go Iona: Ba kèlèka kaga motlha, le kaha motlha ouō o tla nnañ ka gōna, o Mōea oa ga Keresete o o noñ o le mo go bōnè o o shupañ, ka o kaile galè dipogisègō tsa ga Keresete, le dikgalalèlō tse di tla di salañ moragō. Ga senolèlwa bōnè bauō ha ba sa itihele, me ba dihèla Iona ka dilō tseuō.” Ebile tota le baengele ba ne ba sa tlhaloganye ka botlalo gore maikaelelo a Modimo a ne a tla diragala jang.—1 Pet. 1:10-12.
8. Potso ya ga Johane Mokolobetsi e ne ya bontsha jang gore kutlwisiso ya gagwe e ne e sa itekanela?
8 Moperofeti wa bofelo mo baperofeting bao e ne e le Johane Mokolobetsi. Modimo o no wa mo dirisetsa go siamisa tsela fa pele ga ga Keresete, Jesu. (Luke 1:16, 17, 76-79) Johane o ile a segofadiwa thata ka go bona sesupo se se tswang kwa Modimong se supa Mesia, gammogo le ka go mo itsise Iseraele. (Yoh. 1:26-36) Lefa go ntse jalo, Johane gaa ka a tlhaloganya dintlha tsotlhe tse di mabapi le go tla ga ntlha ga ga Jesu ka botlalo. Seno se ka bonwa mo ntlheng ya gore fa Johane a ne a le mo kgolegelong o ile a romela barutwa ba gagwe go Jesu ka potso e e reng: “A ke wèna eo o tlañ, kgotsa a ke re lebèlèlè o sele?” Potso ya ga Johane e ne e sa bontshe go tlhaela tumelo mme e ne e bontsha keletso ya go tlhomamisediwa segolo-bogolo. Karabo ya ga Jesu, e e ileng ya supa ditiro tsa gagwe, kwantle ga pelaelo e ile ya gomotsa Johane.—Math. 11:2-6.
Jesu le Baaposetoloi ba Gagwe
9. Ke eng se se bontshang gore Jesu gaa ka a nna le kutlwisiso e e tletseng ka maikaelelo a ga Rraagwe?
9 Modimo o senolela batlhanka ba gagwe thato ya ona fela ka nako ya ona e e tshwanetseng, ebile go ne go ntse jalo tota le ka Jesu Keresete. Ga go belaesege gore Jesu o ne a neelwa boikitsiso ka tlhamalalo fa a ne a na le Rraagwe kwa legodimong. Mme le ene ka boene o ne a sa itse gore bokhutlo jwa tsamaiso ya jaanong ya dilo bo ne bo tla tla leng. Ke ka moo a ileng a ipolela a re: “Me kaga letsatsi yeuō, le nako euō, ga go itse opè, leha e le baengele ba legodimo, leha e le Morwa, ha e se Rara a le esi hèla.”—Math. 24:36.
10, 11. (a) Barutwa ba ga Jesu ba ile ba fitlhelela konelo efe e e phoso malebana le Bogosi? (b) Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a lekanyetsa seo a neng a se bolelela barutwa ba gagwe kaga isagwe, gammogo le kaga dikgang tse dingwe?
10 Jesu ka boene o ile a tsamaisana le molao-motheo o o umakilweng go Diane 4:18 fa a ne a dirisana le barutwa ba gagwe. O ne a ba bolelela mo gontsi kaga Bogosi: gore o ne a tla tsamaya le gore o ne a tla boa morago ga lobaka lo loleele a bo a ba tseela gae kwa go ene kwa magodimong. Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege gotlhe mo, baaposetoloi ba gagwe ba nnile ba ngaparela kgopolo ya gore bogosi jwa Bomesia e ne e tla nna bogosi jwa ga Dafide jo bo buseditsweng mo Jerusalema. Ke ka moo ba ileng ba botsa Jesu yo o tsositsweng ba re: “Morèna, a u bosetsa Iseraela bogosi ka baka lono?” Jesu o ile a ba bolelela gore go ne go na le dilo dingwe tse ba neng ba se kitla ba di tlhaloganya ka nako eo, ka go re: “Ga se ga Iona go itse metlha kgotsa dipaka, tse Rara o di ipeetseñ mo thatoñ ea gagwè.”—Dit. 1:6, 7.
11 Gore go na le nako e e tshwanetseng ya go utlwisisa dikarolo tse di rileng tsa maikaelelo a Modimo go bonala mo mafokong a ga Jesu a a neng a a bolelela baaposetoloi ba gagwe: “Ke sa na le dilō di le dintsi go di bua le Iona, me ga lo kake loa di ichokèla gompiyeno.” (Yoh. 16:12) Seno se bontsha gore Modimo o neela batlhanka ba ona kutlwisiso ya thato ya ona go ya ka kgono ya bone ya go tlhaloganya le ya go dirisa kutlwisiso eo. Ke boammaaruri, Jesu o boleletse barutwa ba gagwe gore moya wa Modimo o ne o tla ba gogela “mo boamarureñ yotlhe.” (Yoh. 16:13) Me a Yesu o ne a raya gore mo letsatsing leo ba amogetseng moya o o boitshepo ka lone ba ne ba tla tlhaloganya boammaaruri jotlhe, go sa tlhokafale gore ba bone kutlwisiso e e oketsegileng moragonyana? Dintlha di bontsha gore go ne go sa nna jalo.
Go Amogelwa ga Baditšhaba
12, 13. (a) Balatedi ba ga Jesu ba ile ba amogela temogo efe e e phepafetseng kwa Pentekoste, mme e ne ya ba tlhotlheletsa jang? (b) Lemororo Jesu a ne a ba romile gore ba dire batho ba merafe yotlhe barutwa, ba ile ba simolola go dira jalo leng la ntlha, mme ke ka ntlhayang fa ba ne ba simolola ka nako eo?
12 Ka letsatsi la Pentekoste ya 33 C.E. barutwa ba bile ba amogela moya o o boitshepo mme ka jalo ba amogela le temogo e e phepafetseng segolo ya boammaaruri jo bo malebana le tsogo ya ga Jesu, tlhatlogelo ya gagwe kwa legodimong le bokao jwa bogosi jwa Modimo. Kitso eno e ne ya ba tsenya tlhoafalo ya go bolelela ba bangwe “Mahoko a a Molemō.” Tota lefa Jesu a ne a ba reile a re ba dire batho ba merafe yotlhe barutwa, la ntlha ba ne ba rerela Bajuda le Baditšhaba ba ba sokologetseng Sejudeng fela mme morago, fa nako e ntse e ya, le Basamaria. Ga baa ka ba tlhaloganya gore ba ne ba tshwanetse go ya kwa Baditšhabeng ba ba sa rupang. (Math. 28:19, 20) Kwantle ga pelaelo Jehofa o ne a santse a sirile tshedimosetso eo, ka go bo boperofeti jwa ga Daniele bo ne bo umakile gore Mesia o ne a tla boloka kgolagano le Bajuda e ntse e dira go ya kwa bokhutlong jwa beke ya bo70.—Dan. 9:24-27.
13 Erile “weke” eo e khutla ka 36 C.E., Jehofa Modimo a tsaya bogato ka tlhamalalo mo go buleleng batho ba merafe “Mahoko a a Molemō.” Eleruri Petere o ne a tlhoka go thusiwa gore a fetole go akanya ga gagwe pele a ka tsena mo legaeng la Moditšhaba yo o sa rupang yo go ya ka Molao a neng a itshekologile. O ile a rutiwa jaana fa a ne a santse a le mo ponatshegelong: “Se Modimo a se ntlahaditseñ, u se ka oa se kaea selō hèla.” Ka jalo Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba patelesega go fetola pono ya bone mo kgannyeng eno. Petere o ne a dira jalo a bo a dirisiwa ke Modimo gore a bolelele Baditšhaba gore tsela e e yang kwa bogosing jwa selegodimo e ne e bulegile.—Dit. 10:9-43.
14. Bakeresete ba pele ba ne ba amogela lesedi lefe dingwaga-ngwaga morago kaga dipatlafalo tsa molao wa ga Moshe?
14 Lefa go ntse jalo, dingwaga di le 13 moragonyana, Bakeresete bangwe ba ne ba santse ba ganetsana ka go rupa. Go ile ga tlhokega gore Paulo le barutwa ba bangwe ba ye kwa Jerusalema go ya go begela baaposetoloi le bagolwane ba bangwe kgang eno, bao ka nako eo e neng e le setlhopha se se laolang sa diphuthego tsa Bokeresete. Setlhopha seno se ile sa reetsa Petere fa a ne a se bolelela ka go sokologa ga ga Korenele, sa ba sa reetsa le bosupi jwa ga Paulo kaga ditiro tse di maatla tseo Modimo o di diretseng Baditšhaba malebana le tirelo ya ga Paulo. Ke fa ba sekaseka seo se buiwang ke Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo kaga kgang eno. Ka thuso ya moya o o boitshepo ba ne ba fitlhelela phetso e e siameng, e leng ya gore lefa ditekanyetso tse dingwe tsa boitsholo di ne di tlhokega, go ne go sa tlhokafalele Baditšhaba gore ba rupisiwe le go boloka molao wa ga Moshe gore ba tle ba nne Bakeresete.—Dit. 15:1–16:5.
15, 16. (a) Ke mafoko afe a ga Paulo a a bontshang gore o ne a lemoga gore go senolwa ga boammaaruri go ne go tla kgato ka kgato? (b) Petere o ne a neela bosupi bofe jo bo tshwanang?
15 Mo e ka nnang dingwaga di le thataro morago ga pokano eno, Paulo o ne a kwalela Bakorintha lekwalo la gagwe la ntlha, leo mo go lone a umakileng jaana malebana le Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya ba nako ya gagwe a re: “Gonne re itse ka bontlha ñwe, re perofesa ka bontlha ñwe: Me e tla re se se itekanetseñ se tsile, se se emeñ ka bontlha ñwe se tla khutlisiwa. Gonne gompiyeno re bōna mo seiponiñ, go le lehichwana: me e tla re mo lobakeñ louō re tla bōna go lebanywe dihatlhōgō; gompiyeno ke itse ka bontlha ñwe; me e tla re mo lobakeñ louō, ke tla itse hèla yaka le nna ke itsilwe.” Ka jalo tota le mo nakong eno Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya, go akaretsa le moaposetoloi Paulo ka boene, moya o o boitshepo o ne o ise o ba gogele mo kitsong e e tletseng ya boammaaruri jotlhe. Kitso ya bone e ne e santse e le bontlhanngwe fela, ka selekanyo seo Modimo o ba neileng kutlwisiso go fitlha ka lobaka loo ka sona. Mme e ne e lekanetse ditlhokafalo tseo ba neng ba na natso ka nako eo.—1 Bakor. 13:9, 10, 12.
16 Dingwaga di le bofera-bongwe morago ga fa Paulo a sena go kwala dintlha tse di fa godimo, kana e ka ne e le ka ngwaga wa 64 C.E., Petere o ile a kwalela Bakeresete-ka-ene eng? Morago ga go tlotla go fetoga mmele ga ga Keresete moo go neng go tlhomamisa gore Jesu e ne e le Morwa Modimo, o ne a tswelapele ka go re: “Me re na le lehoko ya polèlèlo pele le rurehadicwe bogolo; ye lo tla boñ lo diha sentle ha lo le tlhōkōmèla, yaka ha e ka bo e le lobōnè lo lo phatsimañ mo heloñ ha go lehihi, go tlè go tsamaeè bosa boo sè, le naledi ea moshō e lo cwele mo dipeduñ.” (2 Pet. 1:16-21) Ka jalo Bakeresete ba ne ba santse ba tlhoka go sekaseka Dikwalo, ba tlhokomela lefoko la boperofeti thata, leo le neng le tla tshwana le lebone le le phatsimang mo lefelong la lefifi. Ba tshwanetse go tswelapele ba dira seno go fitlha ka nako ya fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba tla amogela tuelo ya bone fa Jesu Keresete a senolwa ka kgalalelo.
17. (a) Fa Bakeresete ba ne ba neelwa buka ya Tshenolo, ba ile ba itse dinnete dife tse disha? (b) Lesedi le lentsi le ne le tla phatsimela buka eno leng?
17 Dingwaga di le 32 morago ga fa Petere a sena go kwala lekwalo la gagwe la bobedi, kana e ka ne e le dingwaga di le 63 morago ga Pentekoste ya 33 C.E., moaposetoloi Johane o ne a amogela tatelano ya diponatshegelo tseo e leng buka ya Tshenolo mme a di kwala. Mo diponatshegelong tseno Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba ne ba senolelwa la ntlha dinnete di le mmalwa malebana le maikaelelo a Modimo. Ka sekai, ba ile ba ithuta gore banna le basadi ba le 144 000 ba ne ba tla rekiwa mo merafeng yotlhe gore e nne barua-boswa mmogo le Jesu Keresete mo legodimong le gore ba ne ba tla busa jaaka dikgosi, baperisiti le baatlhodi mo bogosing jwa Bomesia jwa lobaka lwa dingwaga di le 1 000. (Tshen., dikg. 7, 14 le 20) Mme tota le Bakeresete ba nako eo ya pele ga baa ka ba amogela kitso e e tletseng. Baithuti ba Lefoko la Modimo gompieno ba kgona go bona gore diponatshegelo tsa Tshenolo, lemororo di ka ne di ne di ruta Bakeresete ba motlha wa ga Johane le go ba kgothatsa, di na le botlhokwa jo bo kgethegileng go bao ba tshelang mo ‘letsatsing la Morena,’ moo re iphitlhelang teng jaanong. (Tshen. 1:10) Ka gone Tshenolo 5:1-14 ka go dirisa setshwantsho e tlhalosa momeno, o o nang le dikano tse di neng di tshwanetswe go kanololwa gore momeno o tlo o bulwe. Seno se bontsha gore ka nako ya tiragalo ya dipolelelo-pele tsa Tshenolo go tshwanetse ga nna le go bulwa ga iketlo ga kitso le kutlwisiso jaaka sekano sengwe le sengwe se ntse se kanololwa ka nako ya sone.
18. Ka jalo, Jehofa Modimo o nnile a senolela batlhanka ba gagwe mo dinakong tsa bogologolo le mo lekgolong la ntlha la dingwaga dinnete jang?
18 Ka gone re ka bona gore, malebana le batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba metlha ya pele ga Bokeresete gammogo le malebana le phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng ba lekgolo la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona o o Tlwaelegileng, botlhe ka go tshwana ba nnile le kitso le kutlwisiso tse di sa tlalang. Ba ne ba tshwanetse go nna ba ntse ba gatela-pele, ba fetola kutlwisiso ya bone jaaka ba ne ba lemoga le go bona go diragala ga iketlo ga maikaelelo a ga Jehofa. Mabapi le bone, tsela ya basiami ruri e nnile jaaka “lesedi ye le phatsimañ, ye le phatsimelañ pele hèla.” (Dia. 4:18) Jaaka lesedi le ne le ntse le oketsega, ba ile ba gola ka kitso, ba ntse ba itekanela segolo mo go lemogeng dinnete tse dikgolo tseo Jehofa a neng a ntse a di ba senolela.
19. Modimo o no wa raya moperofeti Daniele wa reng malebana le kitso le kutlwisiso mo “metlheñ ea bokhutlō”?
19 Mme go tweng ka batlhanka ba ga Jehofa mo motlheng wa bokhutlo? Moengele mongwe o reile Daniele a re: “Me wèna, Daniela, cwalèla mahoko, u kanèlè lokwalō, go ea go hitlha hèla kwa motlheñ oa bokhutlo: batho bantsi ba tla taboga tabogèla kwa le kwa [mo Lefokong la Modimo], me [ka ntlha ya moo] kicō e tla totahala.” (Dan. 12:4) Mo temaneng ya lesome, go santse go umakiwa jaana kaga batlhanka ba Modimo: “Batho bantsi ba tla iitshepisa, ba ichweuhatsa, me ba tla itshekisiwa; me baikepi ba tla diha ka boikèpō; me ga go na opè oa baikepi eo o tla tlhaloganyañ: me ba ba botlhale bōnè, ba tla tlhaloganya.” A tshedimosetso eno e ne e tla tla ka gangwe fela? Gore batlhanka ba Modimo ba kaiwe e le “ba ba botlhale” a ba ne ba tla tlhoka go nna le kitso le kutlwisiso tse di tletseng, ba itse dintlha tsotlhe, mo e leng gore ba ne ba se kitla ba tlhoka go baakanya kana go fetola dipono tsa bone mabapi le dithuto tse di rileng kana dintlha tse di rileng fa nako e ntse e tswelela? Dipotso tseno le tse dingwe di tla akanyediwa mo ditlhogong tse di latelang.
[Lebokoso mo go tsebe 20]
Ditirisano tsa ga Jehofa le batlhanka ba gagwe mo metlheng e e fetileng di bontsha gore go tlhaloganya maikaelelo a gagwe gantsi go tla ka iketlo.
Aberahame o ne a sa itse sentle-ntle gore tsholofetso ya Modimo malebana le “losika” e ne e tla diragala jang.
Daniele gaa ka a tlhaloganya matswela a bofelo a dipolelelo-pele tsa gagwe.
Johane Mokolobetsi, yo o neng a siamisetsa Mesia tsela, moragonyana o ile a kopa gore a sedimosetswe fa e le gore a o mongwe o ne a tla.
Jesu ka boene o ne a sa itse letsatsi le nako ya “sepitla se segolo.”
Baaposetoloi ba ile ba ithuta kgato ka kgato gore bogosi ke jwa selegodimo ebile Baditšhaba le bone ba ka bo rua.
Bakeresete ba pele ba ithutile gore puso ya ga Keresete e tla nna dingwaga di le 1 000 le gore o tla nna le babusi-mmogo ba le 144 000 fa ba amogela buka ya Tshenolo.
[Ditshwantsho mo go tsebe 16]
Fa motho a tsamaya mo mosong o bona dilo botoka fa a ntse a atamela lefa lefifi le ntse le fetoga lesedi ka iketlo