A Letsatsi la Modimo la Pusoloso le Atametse?
“Ke letsatsi ya pusholoshō ea ga Yehofa.”—Isa. 34:8.
1. A Luke 21:25, 26 e a dira gompieno?
JESU KERESETE o boleletse-pele gore nako ya Modimo ya go ipusolosetsa e tla kgethololwa ka “pitlaganō ea merahe, e rarañwa” ka ntlha ya mathata a a kgoberang a mokgatlho wa motho. O boletse gore batho ba ne ba tla “idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ.” (Luke 21:25, 26) A ga re bone seno jaaka re tsenelela mo ngwageng wa 1981?
EE! ELERURI RE A SE BONA!
2. (a) Ke eng se se supang gore Tshenolo 11:15, 18 e simolotse go dirafala ka 1914? (b) Ditiragalo tseno di etelela-pele eng?
2 Tlalelo ya lefatshe ya jaanong ke kgolo ya mahutsana a a ntsifalang gareng ga setho esale merafe la ntlha e thulana ka ditlhogo mo ntweng ya kakaretso mo ngwageng wa 1914. Go ya ka boperofeti jwa Tshenolo kgaolo 11, ngwaga oo ha “dichaba [di ne] tsa tlala bogale”—1914—gape o tshwaile nako ya ha ka tshwanelo “Bogosi yoa lehatshe bo [direga] bogosi yoa Morèna [Jehofa] oa rona, le yoa ga Keresete oa gagwè.” (Tshen. 11:15, 18) Peo e ya ga Keresete mo setulong sa bogosi ka taolo ya go busa ke kgato e e etelelang-pele e e bulelang tiragatso ya pusoloso tsela.
3. Dikereke tsa La-Bodumedi di eme fa kae maloka le molaetsa wa Modimo wa pusoloso le kgomotso?
3 Gompieno, a go na le motho leha e le ofe yo o tlhomilweng ke moya wa Modimo go bolela letsatsi la pusoloso la ga Jehofa le go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng? Ee, mme ga se dikereke tsa La-Bodumedi. Ga di na molaetsa wa kgomotso ya sebele; leha e le gore di batla gore Jehofa e nne Modimo wa tsone. Mme eseng fela gore di tila go dirisa leina la ga Jehofa, mme di bogisa Bakeresete ba boammaaruri bao ba tlotlang leina leo.
4. Re na le mabaka afe a go itumela?
4 Lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go sikara leina la Modimo, le legolo go gaisa otlhe mo lobopong! Ba itumelela go bidiwa Basupi ba ga Jehofa. Ba ipela thata gobo, esale Bogosi bo tlhonngwa mo ngwageng wa ditiragalo wa 1914, ba ile ba nna le tshiamelo ya go bolela “letsatsi ya pusholoshō” la ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. Eleruri, ba ikemiseditse, jaaka Mika 4:5 e go tlhalosa, go “sepela ka leina ya ga Yehofa Modimo oa [bone], ka bosakhutleñ le ka bosaeenkae”! Mme ba ja monate gobo dimilione tsa ba ba hutsafetseng di reeditse molaetsa wa bone, mme di gomoditswe le go sailela mo letlhakoreng ja bogosi jo bo tlang jwa Modimo.
PUSOLOSO YA MODIMO—A E A TSHWANELA?
5. (a) ‘Metlha eno ya bofelo’ ke leungo la eng la bofelo? (b) Mo tirafatsong ya boperofeti jwa ga Paulo “mo metlheñ ea bohèlō,” ke maemo afe ao re a bonang jaanong go La-Bodumedi?
5 Lefa go ntse jalo, a lefatshe gompieno tota le bosula moo eleng gore le tshwanetswe go kgatlhantshiwa ke pusoloso ya Modimo? Reetsa mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga moaposetoloi Paulo. O rile: “Me itse seo se, go re, mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ.” Dipaka tseno tse di tlhokofatsang ke leungo la bofelo, phelelo ya go palelwa ga botho go arabela mo therong ya boammaaruri. (2 Tim. 2:23-26) Le eleng mo bogosing jwa La-Bodumedi jaanong re bona koketsego e e tshosang mo bokebekweng le mo bothubaking, go thubega ga thulaganyo ya lelapa, tlontlololo ya taolo, le tatlhegelo ya boitsholo. Kwa moding wa gotlhe mo ke bogagapa le bohula, tlhaelo ya lorato lwa sebele. Paulo o tswelela ka go re: “Batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, . . . e se barati ba molemō gopè, . . . e le barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo.” (2 Tim. 3:1-5) Mme kana, a re bona boperofeti jo bo dirafadiwa go kgabaganya lefatshe gompieno? Ee, eleruri. Bo dirafadiwa ka botlalo.
6. Go gola seemo sefe mo tirafatsong ya Mathaio 24:12?
6 Jesu ka boene, mo go perofeseng ka “seshupō . . . sa bokhutlō yoa lehatshe,” o boletse se: “E tla re ka boikèpō bo tla bo bo ntsihetse, loratō loa bontsi bogolo lo tla tsidihala.” (Math. 24:3, 12) Abo se se boammaaruri jang ka La-Bodumedi, gape le ka lefatshe lotlhe gompieno! Jaaka nako ya Keresemose mongwe le mongwe e atamela, go na le puo e ntsi kaga lorato, kaga kagiso le bopelontle gareng ga batho, mme a merafe ya La-Bodumedi e dirisa dilo tse di ntseng jalo? Mafoko a ga tona-kgolo ya Britani a botlhokwa, ao a builweng beke e le nngwe fela pele ga Keresemose wa 1979. O rile: “Re lebane le lesome la dingwaga le lesha—ke le biditse ‘lesome la dingwaga le le kotsi’—leo mo go lone dikgwetlho tsa polokesego ya rona le tsela ya rona ya botshelo, di ka nnang setlhogo thata go na le tsa bo-1970.”
7, 8. (a) Ke seemo sefe sa letsatsi la tshenyego seo re iphitlhelang mo go sone jaanong? (b) Jehofa o neela ditlhomamiso dife, mme tseno di akaretsa jang “loratō” le “pusholoshō”?
7 Merafe e arabela jang dikgwetlhong tse di ntseng jalo? Ka go totafatsa dipaakanyetso tsa yone tsa ntwa. Akanya kaga gone! Lefatshe le, la bopelotlhoi le senya ekane e le didolara di le sedikadike ka motsotso mo dibetseng, go feta didolara di le dibilione di le 500 ka ngwaga! Sotlhe se se akofisa seemo sa tshenyo seo lefatshe le se tlhokelang tharabololo. Go ya ka boikitsiso jo bo gatisitsweng ke setlhopha sa dingaka, baitseanape le ba bangwe go Times ya New York ya March 2, 1980, fa ntwa ya nuklea e ne e ka simolola ka moso, mo oureng e le nngwefela, e ne e ka senya ditshedi di le dintsi mo lefatsheng—dikete tsa didikadike tsa batho. Lefa go le jalo merafe e dira ka tlhoafalo yotlhe go tlhagisa le eleng dinamane tse ditona tsa dibetsa tse di maswe-maswe.
8 Jaanong, he, a Modimo o o lorato wa rona, Mmopi wa lefatshe le, le lentle, o tla letla merafe e e boikepo go le fisa go nna melora fela? Legoka! Gonne o tlhalosa ka bophepa mo Lefokong la gagwe: “Go bua yana Yehofa eo o tlhodileñ magodimo; ke èna Modimo; o o bopileñ lehatshe oa le diha; o no oa le tlhōmamisa, o no o se ka oa le tlhōlèla lehèla, oa le bopèla go uñwa: a re, Ke nna Yehofa; me ga go na opè o sele.” Leina la gagwe le le sa bapisegeng le eme jaaka tlhomamiso gore Ene, jaaka Mmopi yo o lorato le Molaodi Morena wa lobopo, gaa kitla a letla tshwahatso ya kgolokwe ya lefatshe la rona. Lorato lwa bomodimo lo mo tlhoka gore a ipusolosetse mo go bao ba itshekololang lefatshe la rona le bao ba ka ratang go nyeletsa batho ba a ba bopileng.—Isa. 45:18; Yer. 10:10-12.
9. Ereka merafe e gana go baya marumo fatshe, Jehofa o ikaeletse go dira eng, mme jang?
9 Esale ntwa ya lefatshe ya ntlha e simolola ka 1914, lefatshe leno le ile la kolobediwa ka madi a masome a didikadike tsa batho ba ba senang molato. Antsaana, Ntwa ya Lefatshe II e le yosi e bolaile batho ba le didikadike di le 55! Mme jaanong tebelelo ya pheretlhego ya nuklea ke e e boifisang thata. Ka jalo, ereka merafe e gana go baya marumo fatshe, he Modimo wa rona o o lorato o bolela gore o tloga o ba amoga tsone, ka tsela eo e dirang le ya go ya go ile. O re: “Tlañ, lo bōnè ditihō tsa ga Yehofa, eboñ dichwahaco tse o di dihileñ mo lehatshiñ. O khutlisa ditlhabanō le kwa bokhutloñ yoa lehatshe.” (Pes. 46:8, 9) Ee, ke boikaelelo jo bo lorato jwa ga Jehofa go dira seo merafe le ka motlha e neng e tla retelelwa go se dira—go senya didirisiwa tsotlhe tsa yone tsa ntwa, le eleng go tima dibolao tsotlhe tsa bone tsa nuklea. Jaaka Jehofa a re: “Pusholoshō ke ea me; ke tla duèla.” (Bar. 12:19; Seka. 3:8, 9) A tsholofetso ya Modimo wa rona o o lorato ya gore o tla ipusolosetsa e a re itumedisa? E tshwanetse!
MAHUTSANA AA NTSIFALA
10. Dintwa tsa lekgolo le la dingwaga di lerile matswela afe a a tshosang?
10 Dintwa tse di tlhabaneng go tswa ka 1914 di lerile matshwenyego a a boitshegang morago ga go fela ga tsone. Gareng ga ona ke botlhoka-taolego mo dikamanong tsa bonna le bosadi, go felela ka malwetsi a a welang batho botlhe le maithwalo a a sa batlegeng. Maithwalo ano a a sa batlegeng a tsile le lekhubu la go ntsha dimpa. Go lekanngwa gore jaanong, lefatshe ka bophara, ekane bana ba le didikadike di le 30 go ya go di le 40 ba ba sa tsalwang baa senngwa, baa bolawa, ngwaga nngwe le nngwe! Eo ke polao e e anameng thata ya bana ba ba senang molato eo lefatshe le kileng la e bona, e nyenyefatsa dintsho mo ngwageng o o feteletseng wa ntwa epe fela mo ditiragalong.
11. Ke ka ditsela dife ‘batho ba ba bosula ba sulafalelang pele’?
11 Gape, mo metlheng ya bosheng, re bone tshwakgolo ya diokobatsi, ditlhalano, boganana le boikepo tsa methale yotlhe mo selekanyong se se tshosang. Gompieno, motse wa basodoma o ikgantsha ka batshegetsi ba le didikadike di le 20 mo United States fela. Bosheng jaana, mosodoma yo mongwe o ile a tlhoma rekoto e e tshosang ka polao ya makawana a le 33 ao a ileng a a gobolola ka tsela ya bonna. Lefa go le jalo bosodoma ke ntlha e le nngwe fela ya boitsholo jo bo maswe e e dirisiwang thata go La-Bodumedi le go kgabaganya lefatshe. Go ntse fela jaaka Timotheo wa Bobedi kgaolo 3 e bolela kaga ‘metlha eno ya bofelo,’ gore ‘batho ba ba bosula ba tla nna ba sulafalela pele fela.’—Tem. 13.
12. Ke ditshupo dife tseo re nang natso gore lefatshe le, le le boikepo le gorogile mo bokhutlong jwa lone?
12 Re leba lefatshe la boitsholo jo bo maswe go re dikologa, re patelesega go kua: Abo le tshwana jang le motlha wa ga Noa! Abo le tshwana jang le nako ya Sodoma le Gomora! Abo le tshwana jang le Bakanana bao ba neng ba ole mo boitshwarong le Baiseraele ba ba boelang morago! Jaaka lefatshe la Jaanong le nwela kwa teng mo seretseng sa boitsholo jo bo maswe, re gopola tlhagiso ya ga moaposetoloi Paulo gore “ba ba dihañ yalo ba chwanetse go shwa.” (Bar. 1:18, 26-32) Nnya, Modimo o o lorato ga o kake wa itshokela boikepo jo bo kotlomatsang jwa tsamaiso e ya dilo ka lobaka lo loleele. Mo boemong jwa moo, o tla senya bao ba leswefatsang lefatshe le.
GO KGETHOLOLA “SEAKA SE SE TUMILENG”
13. Go kaiwang ka ‘boaka jwa semoya’?
13 Lefa go ntse jalo, Bibela gape e bua ka boitsholo jo bo maswe jwa semoya. jo bo dirisiwa ke bao ba iphakang go dirisa bodumedi jo bo itshekileng, mme ba itswakanya le dikgang tsa lefatshe la ga Satane. Bibela e re: “Basadi ba ba diaka ke lona, a ga lo itse ha botsalanō yoa lehatshe e le bobaba mo Modimoñ? Me ke gōna, eo o ratañ go nna tsala ea lehatshe, o itiha mmaba oa Modimo.” (Yak. 4:4) Botsalano jo bo ntseng jalo—boaka jwa semoya—mo letlhakoreng ja bao ba iphakang go nna batlhanka ba Modimo bo baakanyetsa ka lebaka le legolo la go ipusolosetsa ga ga Jehofa. Ka ntlhayang re rialo?
14. Kgetholola “seaka se se tumileng” le ‘metsi a mantsi’ ao se dutseng mo go ona.
14 Ka ntlha ya seo se boletsweng go Tshenolo kgaolo 17. Koo re bala ka “seaka se segolo se se dutseñ mo metsiñ a mantsi.” Seo se rayang? ‘Metsi a mantsi’ a kgethololwa ka bophepa mo temaneng ya 15 jaaka a a kayang “dichaba, le boidiidi yoa batho, le merahe, le dipuō.” Mme “seaka se segolo se” se se laolang ditšhaba ke mang? The Jerusalem Bible, thanolo e e amogelwang ya Katoliki, e se supa jaaka “seaka se se tumileng.” Se dirileng gore se bo se tume jaana? Tshenolo 17:5 e a re rarabololela ka go re: “Me mo phatleñ ea gagwè ga bo go kwadilwe leina, go twe, BOTEÑ, BABELONA O MOGOLO, MMA DIAKA, LE MMA MAKGAPHA A LEHATSHE.”
15. Go diragetseng ka Babilona, mme o tlogetse setlogelo sefe?
15 Ka jalo “seaka se se tumileng” se na le leina, “BABELONA O MOGOLO.” Se se se gokaganya le motse wa Babilona wa ditiragalo tsa bogologolo, mo nakong ya Kgosi Nebukadenesare, oo ditiragalo di senolang gore o ne o tletse ka kobamelo ya bonna le bosadi e e tlontlolegang le tshenyego. (Dan. 4:28-30) Gompieno, Babilona wa ga Nebukadenesare ga a yo. Lefelo la gagwe go Iraq wa segompieno ke tshwahalo, “yaka ha Modimo o no oa ribegetsa Sodoma le Gomora.” (Isa. 13:19-22) Lefa go ntse jalo, Babilona wa bogologolo o tlogeletse batho setlogelo. Ke eng sone seo? Kobamelo ya gagwe ya medimo ya disetwa—bodumedi jwa gagwe.
16. (a) Mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka o ile wa gola jang? (b) Ke katlholo efe eo Modimo o e leretsang Babilona yo Mogolo, mme ka ntlhayang?
16 Go tswa metlheng ya pele-pele morago ga Morwalela, Babilona o ile a kgethololwa ka bodumedi jwa maaka. E ne e le koo ha batho, mo kganetsong ya ga Jehofa, ba neng ba aga motse le tora ya bodumedi eo e neng e fitlha kwa magodimong. Mme ha Jehofa a ne a tlhakatlhakanya dipuo tsa bone, e ne e le go tswa Babilona ba ileng ba falalela mo lefatsheng lotlhe, ba tsamaya le bodumedi jwa bone jwa maaka. Mo lekgolong la bone la dingwaga, Bakeresete ba botenegi ba ile ba tlhakanya thuto ya motheo le tlwaelo ya mediro ya Babilona mo tsamaisong ya bodumedi eo e neng e le gone mo motlheng o mo makokong a a farologaneng a Bokatoliki le Boganetsa-Bokatoliki (Protestantism). Ka gone, go ile ga gola lefatshe la mmuso wa bodumedi jwa maaka, “Babelona o mogolo,” go akaretsa le ditumelo tsa “Bokeresete” le tseo eseng tsa Bokeresete. Ka ntlha ya go itlhakatlhakanya ga “Babelona o mogolo” mo dipogisong, bothubaking, mme le eleng mo dintweng tsa lefatshe tsa ditiragalo, Modimo o a mo atlhola, o re: “Me ga hitlhèlwa madi a baperofeti, le a baitshepi mo go ōna, le a botlhe ba ba bolailweñ mo lehatshiñ.”—Tshen. 17:5, 6; 18:24; Gen. 10:8-10; 11:1-9.
17. “Sebatana . . . se se mmala o bohibidu yo bo letlhōlōlō” ke eng, mme se dirafaditse boperofeti jang?
17 Boaka jwa “botsalanō yoa lehatshe” jwa ga Babilona yo Mogolo bo fetela le eleng kwa pejana. Bo akaretsa kamano ya gagwe e e laolang le “sebatana” sa tshwantshetso. Gonne o tlhalosiwa go Tshenolo 17:3 gape jaaka yo o ‘pagameng sebatana sa mmala o bohibidu jo bo letlhololo, se bile se tletse maina a tlhapatso.’ Mo Bibeleng, “ditshedi” gantsi di dirisediwa go tshwantsha merafe ya sepolotiki. (Dan. 7:2-8; 8:5-8, 20, 21; Tshen. 13:1-18) Mme mono boperofeti bo bua ka “sebatana” sa motswako o o gakgamatsang se le “ditlhōgō di shupa le dinaka di shomè.” Ditiragalo tsa segompieno di bontsha gore “sebatana” se sa ntlha se ile sa bonala ka 1920. E ne e le kopano ya merafe—lekgotla la Kgolagano ya Merafe. La nna le sa dire ka nakwana mo Ntweng ya Lefatshe II. Mme—mo tirafatsong ya boperofeti—la bonala gape jaaka lekgotla la Merafe e e Kopaneng ka 1945. Mme le tloga le “ea tatlhegoñ.”—Tshen. 17:8-11.
18. Dithatano tsa bodumedi-dipolotiki tsa Babilona yo Mogolo di tla khutla jang?
18 Bodumedi jwa maaka, “Babelona o mogolo,” bo ile jwa leka go kaela ka bobedi lekgotla la Kgolagano ya Merafe le lekgotla la Merafe e e Kopaneng. Mme Lefoko la Modimo le bontsha gore thatano yotlhe e e ntseng jalo ya bodumedi-dipolotiki ka bomopapa le baeteledipele ba ba bangwe ba bodumedi e tloga e khutla. Ka nako eo ha “seaka se se tumileng” se gopola gore se dutse monate, Modimo o tla dira gore “dinaka di shomè” tsa tshwantshetso tsa “sebatana” sa lekgotla la Merafe e e Kopaneng se retolosetse nonofo ya sone ya sesole kgatlhano le sone. Di tla se thankgolola mo mokwatleng wa tsone, di se senya, di se nyeleletsa ruri, jaaka ekete ke ka molelo.—Tshen. 17:16, 17.
“CWAÑ MO GO ÈNA, LONA BATHO BA ME”
19. Modimo jaanong o bontsha jang lorato lwa ona go batho botlhe ba ba ikanyegang ba bodumedi?
19 Jaaka oura eo ya katlholo e atamela, Modimo o bontsha lorato lwa ona jang? Ka tsela e: go Makatoliki otlhe a a ikanyegang, Baganetsa-Bokatoloki (Protestants), Ma-Buddha, Ma-Hindu—go batho ba ditumelo tsotlhe tsa maaka bao ba batlang go fetoga batho ba Modimo—Modimo o fetisetsa taletso e e potlakileng eo e kwadilweng go Tshenolo 18:4, 5: “Cwañ mo go [Babilona yo Mogolo], lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè: Gonne dibe tsa gagwè di ile go hitlha le kwa legodimoñ, me Modimo o gakologecwe maikèpō a gagwè.”
20. Ka ntlhayang e le nako ya botlhokwa go katoga Babilona yo Mogolo?
20 Go sa belaesege, tiragatso ya katlholo ya Modimo e ntse e atamela fela thata! Merafe eo eleng kgatlhano le bodumedi e setse e kgatikanya maatla a magolo mo lekgotleng la Merafe e e Kopaneng. Dinaga tsa sesole tse di bolaetsweng loukwane ke tlala di bopèla lefatshe la Ma-Moseleme gammogo le merafe eo e sa bolong go tsewa jaaka dithako tsa ditumelo tsa La-Bodumedi. Ke ka moo eleng nako ya botlhokwa ka barata-boammaaruri botlhe le tshiamo go katoga “seaka se se tumileng,” ee, go tshabela kwa bogosing jwa Modimo.
21. Hara-Magedona ke eng, mme merafe e iphitlhela teng koo leng?
21 Ke eng se se latelang tshenyo ya “Babelona o mogolo,” mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka? Dikwalo di senola gore “dinaka tse shomè” tsa “sebatana” di tla nna kgatlhano le bodumedi jwa boammaaruri jaaka bo emelwa ke Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng. Mme ha seo se diragala, merafe eo e tla iphitlhela e tlhabana le Modimo ka Hara-Magedona! Mme Hara-Magedona ga se sekhutlwana se se potlana sa lefatshe la Palestine. Bogolo, Hara-Magedona ke seemo sa lefatshe ka bophara seo se biletsang go ipusolosetsa kwa “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe,” namane e tona ya tlhabano eo e kileng ya nna gone!—Tshen. 16:14, 16; 17:12-14.
22. Dikwalo di bontsha jang gore Hara-Magedona ke ntwa ya tshiamo?
22 Bibela e bolela gore Modimo o dirisa Keresete Jesu ka masomosomo a legodimo go “atlhola, o bile o diha ntwa mo tshiamoñ.” Ee, Hara-Magedona e tla nna ntwa ya tshiamo. Ya tshiamo? Jang jalo? Ka gobo e tla lere pusoloso e e tshwanetseng mo merafeng le mo ditšhabeng tsa lefatshe tseo di tlhophileng go sa itse Modimo le tseo di ganetsang puso e e tshwanetseng ya ona. E tla nna phediso e e tlhaolang. E tla nyeletsa baikepi, mme e leretse ba ba ‘ineelang go utlwa mafoko a a molemo a Morena wa rona Jesu’ poloko jaaka moaposetoloi Paulo a umaka. Ka gone, Hara-Magedona e tla lekalekanya pusoloso ya Modimo le lorato lwa Modimo.—2 Bathes. 1:8; Pes. 145:20; Tshen. 19:11-21.
23. (a) Jehofa ke Modimo wa mofuta ofe, jaaka go bontshitswe ka Pesalema 145:17-21? (b) Ke ka ntlhayang, he, ‘Modimo wa lorato’ o lere pusoloso? (c) Re tshwanetse go tsaya kgato efe maloka le go atamela ga “letsatsi ya pusholoshō”?
23 A re lemoga, he, gore ke ka ntlhayang ‘Modimo wa lorato’ o tshwanetse gape go nna Modimo wa pusoloso? Ka gobo o rata tshiamo mme o ila boikepo, mme le rona re tshwanetse. (Pes. 145:17-21) Abo go tlhokega jang gore leina le legolo la ga Jehofa le maikaelelo di femelwe! Abo go tlhokega jang gore lefatshe la rona le phepafadiwe mo molatong otlhe wa madi, tshenyego le boitsholo jo bo maswe tse di leswefaditseng popo e, e ntle ya Modimo go ralala makgolo a dingwaga! E tla nna fela ka nako eo lefatshe le tla fetogang paradaise ya kgolokwe eo Modimo o nong o e ikaeleletse setho. Ka jalo, santlha, ‘Modimo wa lorato’ o o sa bapisiweng o tshwanetse go bula tsela ka go leretsa baba ba ona pusoloso. A ga re itumele ha e bo ne ne letsatsi la ona la pusoloso le atamela? Mme he, a re nneng gareng ga bao ba tla amogelang taletso e e lorato ya ga Jehofa: “Lona merahe, itumeleñ le batho ba gagwè; gonne o tla . . . ipusholosa mo babeñ ba gagwè.”—Dute. 32:43.
[Lebokoso mo go tsebe 22]
SEBOPEGO SA DILO MO LEFATSHENG
“LEA THULA: LEFATSHE. Ditshenyegelo tsa sesole di tswelela go gola ka mo go tshosang . . . mme jaanong . . . ke kakaretso e e menaganeng sebedi lesomeng la dingwaga le le fetileng. . . . Palo eo lefatshe le e sentseng mo go tlhomeleleng lesole lengwe le lengwe ka 1966 e ne e menagane ka makgetlo a le 60 palong eo e sentsweng go ruta ngwana mongwe le mongwe.”—“To the Point,” ya November 3, 1978
“. . . FORA E BONELA-PELE KUDUMEDI. Moya wa mathata le poifo wa isagwe ke wa sebele. Batho bangwe ba fitlheletse mo ntlheng ya go pepeduma kaga go wa ga itsholelo kana ntwa kana tsoo-pedi go re di tlhomamisegile go tla, mme ba bonala ba gololesega ka go nna le mogopolo wa gore ga go na sepe seo se ka dirwang fa e se fela go letela kudumedi eo e e tlang.”—“Times,” ya New York, November 17, 1979
“MAJEREMANE A BOPHIRIMA A BOIFA HARA-MAGEDONE. Boikutlo jo bo reregisang jwa ntwa bo boile go khidia Jeremane Bophirima jaaka seemo sa meraferafe se bonala se relela kontle ga go ka laolwa. . . . Ekane e le 60 lekgolong ya banni, go ya ka tlhotlhomiso ya bosheng, ba dumela gore ntwa e ka tsoga kana bobotlana e ka nna teng mo dingwageng di le tharo tse di tlang.”—“The Times,” ya London, April 23, 1980
“Lefatshe le senya go feta dibilione di le $500 mo ngwageng mo ditirong tsa sesole, kana ekane e le didolara di le sedikadike ka motsotso. Jaaka ekete namane eno e tona ya madi e ne e sa lekana, re tloga re bona tlhatlogo e kgolo mo tshenyegelong ya sesole.”—“World Press Review,” ya August, 1980
[Lebokoso mo go tsebe 26]
LEUNGO LA ‘MOTLHA WA BOFELO’
“Lephata la Mapodise la Los Angeles le begile gore basimane ba le 25 000 ba dingwaga tsa bo-17 bogolo kana ba babotlana mo motseng oo o le osi ba ile ba tsenngwa mo ditirong tsa bosodoma go baakanyetsa ka dikamano le banna ba ba godileng. Mosimanyana yo mongwe, wa dingwaga di le 12 fela, o tlhalositswe e le yo o dirang $1 000 ka letsatsi.”—“Indianapolis Sunday Star,” ya June 17, 1979
“Ekane go nnile le batshwarwa ba bapapatsi ba le 1 000 mo Denver ngogola, ba le 400 ba bone e ne e le banna. Rekoto eo e bonala ekete e tla fetwa ke ya monongwaga mme ka lekgetlo la ntlha palo ya bapapatsi ba senna ba ba tshwerweng e ka feta palo ya ba sesadi.”—“Rocky Mountain News,” ya July 8, 1979
“Kgotla-kgolo ya Kereke ya United Methodist e atlhotse ka go re mosodoma yo o ikanneng . . . a ka nna a nna moruti wa Kereke e e mo Washington Square mo Motseng wa New York.”—“Times,” ya New York, ya November 3, 1979
[Lebokoso mo go tsebe 27]
LEKGOTLA LA MERAFE E E KOPANENG KANA BOGOSI JWA MODIMO—GOFE?
Bodumedi bo santse bo leka go dula mo godimo ga lekgotla la Merafe e e Kopaneng le go laola melao ya lone. Tshikinyo ya bosheng jaana e nnile eo ya ga Mopapa John Paul II, yoo o ileng a bonala fa pele ga Phuthego ya Kakaretso ya Merafe e e Kopaneng ka October 2, 1979, gare ga pontsho e kgolo ya phatlalatso. Mopapa o boletse go re: “Lebaka la me la tlwaelo la tsenelelo gompieno ke, kontle ga pelaelo epe, sebofo se se kgethegileng sa tirisano-mmogo seo se golaganyang Baaposetsoloi le Mokgatlho wa Merafe e e Kopaneng. . . . Ke solofela gore lekgotla la Merafe e e Kopaneng le tla tswelela go nna kgotla e tona ya kagiso ya lefatshe le tshiamiso, sedulo sa sebele sa kgololesego ya ditšhaba le batho-ka-bongwe mo tlhologelelong ya bone ya isagwe e e botoka.” Mme mopapa a seka a go bona go tshwanela go umaka sengwe kaga sedirisiwa sa Modimo sa go tlhoma kagiso, tshiamiso le kgololesego—Bogosi joo malebana le jona Jesu a rapetseng Rraagwe ka go re: “Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Math. 6:10; Tshen. 11:15) Go gola ga maatla ao a leng kgatlhano le bodumedi mo lekgotleng la Merafe e e Kopaneng ga go bolelele-pele bokamoso jo bo molemo jwa ‘mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka.’—Tshen. 17:16, 17.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Go direla Thulaganyo e Ntšha sebaka e kgologolo e tshwanetswe go obolwa
[Mafoko a a mo go tsebe 28]
“Èna eo agileñ mo heloñ ha go sa itsiweñ ga Mogodimodimo, o tla nnèla rure ha tlhatse ga moruti oa Mothataeotlhe. Ke tla bua kaga Yehofa, ke re, Ke èna botshabèlō yoa me, le kagō ea me ea phemèlō: Modimo oa me, o ke o ikantseñ.”—Pes. 91:1, 2